Lefatshe Le Lesha Le Gaufi!
BOPORESIDENTE ba dinaga ba buile go le gontsi ka thulaganyo e ntšha ya lefatshe e ba tlileng go e itirela. Ba bolela ka go tlosa poifo mo lefatsheng le go tlosa dilo tse di thibelang merafe le dinaga go dirisana mmogo. Mme a batho ba tla kgona go tlisa lefatshe le lesha?
Motho o ile a nna le makgolokgolo a dingwaga a gore a tlise kagiso le polokesego mo lefatsheng. Kwantle ga pelaelo, ba bantsi ba ne ba tlhoafetse tota ka maiteko a bone. Lefa go ntse jalo, go sa kgathalesege gore ke mofuta ofe wa puso o batho ba neng ba akanya gore o ka fitlhelela maikaelelo ao, mafoko ano a Bibela a ile a itshupa a le boammaaruri: “Ga goeō mo mothuñ eo o tsamaeañ ka dinaō go siamisa dikgatō tsa gagwè.”—Yeremia 10:23.
Lefatshe Le Lesha Le Le Solofeditsweng
Lefa go le jalo, lone Lefoko leo le le tlhotlheleditsweng la Modimo le re tlhomamisetsa gore go tlile go nna le lefatshe le lesha. Fa a sena go bolelela pele bokhutlo jwa tsamaiso e kgologolo eno ya dilo, moaposetoloi wa Mokeresete Petere o ne a bolelela pele jaana: “Re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go ōna.”—2 Petere 3:10-13.
Ke mang yo o solofetsang jaana yono? Ga se ope fela fa e se Jehofa ‘Mogodimodimo yo o okameng lefatshe lotlhe.’ (Pesalema 83:18) O tlile go dira dilo tse batho ba sa kgoneng go di dira. Ee, Jehofa Modimo o tla tlisa lefatshe le lesha. Mme leng?
Lefatshe Le Lesha Le Gaufi!
Pele lefatshe le lesha le le solofeditsweng la Modimo le nna teng eleruri, “lefatshe” la jaanong, kana “tsamaiso ya dilo,” le tshwanetse go khutla. Barutwa ba ga Jesu Keresete ba ne ba botsa jaana mabapi le seno: “Re bolelele gore dilo tseno di tla diragala leng? le gore sesupo sa go tla ga gago e tla nna eng, le sa bokhutlo jwa lefatshe?” (Mathaio 24:3, King James Version) Barutwa ba ga Jesu ba ne ba botsa jaana jaaka New World Translation e e tlhomameng thata e baya seo jaana: “Re bolele, Dilo tse di tla tla leng, le sesupo sa go nna gone ga gago le sa bokhutlo jwa tsamaiso eno ya dilo e tla nna eng?”
Fa a araba, Jesu o ne a bolelela pele dikarolo tse dintsi tsa sesupo seo se tla bontshang gore o teng mme a sa bonale jaaka motho wa moya a busa mo Bogosing jwa legodimo. (1 Petere 3:18) Ka sekai o ne a bolela jaana: “Gonne morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi: me go tla nna meshwèle, le dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe.” Go tloga fela fa “botlhoko yoa pèlèga” bo simolola ka 1914, “losika lo” loo Jesu a neng a bua ka lone lo ile lwa itemogela dintwa tse di sa feleng, ditlala, le dithoromo tsa lefatshe jaaka sesupo sa gore o teng mme a sa bonale.—Mathaio 24:7, 8, 34.
Kokomana eno e ile ya tlhaselwa ke dintwa ka tsela e e sa tshwaneng le epe fa esale ka ngwaga wa 1914. Ntwa ya Lefatshe I e ne ya bolaya matshelo a a fopholediwang go a le dimilione di le 14. Ka Ntwa ya Lefatshe II, go ne ga bolawa dimilione di le 55 tsa masole le batho fela. Aitsane, fa e esale go tloga ka 1914 go na le batho ba ba fetang dimilione di le 100 ba ba suleng mo dintweng! Eleruri, seno se supa karolo ya sesupo sa gore Jesu o teng.
Dinaga tse dintsi di ne tsa nna le ditlala morago ga ntwa nngwe le nngwe ya tse pedi tseno fela jaaka fa Keresete a ne a bolelela pele. Lemororo saense e gatetse pele thata, mo e ka nnang kwatara ya baagi ba lefatshe gompieno e mo tlaleng. Ngwaga mongwe le mongwe, dimilione tsa bana le batho ba bangwe ba a swa ka ntlha ya go sa bone dijo tse di nang le dikotla tse di lekaneng. The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Bontsi jwa merafe e e tlhabologang e e mo Afrika, Asia, le Latin Amerika ga e na dijo tse di lekaneng go fepa batho ba yone. Dimilione tse di mo dinageng tseno di bolawa ke tlala. Fa thobo ya dijo tse di lengwang e wela kwa tlase kana go sa kgonwe go bonwa tse dingwe go tswa kwa dinageng tse dingwe ka lebaka lepe fela, leuba le ka nna la tlhasela mme diketekete kana dimilione tsa batho di ka nna tsa swa.”
Dithoromo tsa lefatshe di ile tsa bolaya batho ba bantsi mo kokomaneng eno e e tshwayang ‘motlha wa bokhutlo.’ (Daniele 12:4) Dipalo tse di fopholediwang tsa batho ba ba bolailweng ke thoromo ya lefatshe di a farologana. Mme tshenyo ya dithoromo tsa lefatshe e ile ya oketsega mo lefatsheng lotlhe fa esale ka 1914, mme di ile tsa bolaya makgolokgolo a diketekete tsa batho. Fa e akgela ka di le pedi tsa tseno, Yorkshire Post ya October 19, 1989, e ne ya bolela jaana: “Thoromo ya lefatshe e ne ya bolaya batho ba le 180 000 kwa perofensing ya China ya Jiangsu ka 1920, mme ka July 28, 1976, China e ne ya itewa ke thoromo e e maswe go gaisa ya lefatshe mo hisitoring ya yone ya bosheng. Go ne ga swa bobotlana ba le 240 000 fa motsemogolo o o kwa bokonebotlhaba wa Tangshan o ne o batla o nyelediwa gotlhelele ke thoromo ya lefatshe ya selekanyo sa 7,8 mo selekanying se se sa tlhomamang sa Richter.” Pampiri eo e ya dikgang e ne e kwadile dithoromo tse dingwe gape tse dikgolo di feta 30 tse di diragetseng mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga.
Tiro ya go rera ka Bogosi e ne ya bolelelwa pele gore e tla nna nngwe ya dikarolo tsa sesupo se se tla bontshang gore Jesu o teng mme a sa bonale. O ne a bolelela barutwa bao ba gagwe ba ba neng ba botsa gore: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Fela jaaka Jesu a ne a perofesa, Basupi ba ga Jehofa ba ba fetang 4 000-000 ba dira tiro eno ya go rera jaanong mo lefatsheng lotlhe mo dinageng di le 212.
Go diragadiwa ga boperofeti jono le jo bongwe mo motlheng ono wa gompieno go supa gore eleruri re tshela mo “metlheñ ea bohèlō.” (2 Timotheo 3:1-5) Jesu Keresete o ne a bolelela pele gape le “sepitla se segolo” se se leng fela fa gaufi. Se tla felela ‘ka ntwa ya letsatsi le legolo la Modimo, Mothatayotlhe’ ka Hara–Magedona, mme se tla nyeletsa tsamaiso ya jaanong e e boikepo ya dilo. (Mathaio 24:21; Tshenolō 16:14-16) Morago ga foo go tla tla lefatshe le lesha le le solofeditsweng la Modimo.a
a Bona dikgaolo 17 le 18 tsa buka O Ka Tshelela Ruri Mo Lefatsheng la Paradaise, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
Masego A Batho Ba Ka Se Kang Ba A Lere
Boporesidente ba dinaga ba bua ka boikgogomoso ka tsamaiso e ntšha ya lefatshe e ba tla e itirelang. Mme, Jehofa, Modimo wa legodimo le lefatshe, ga a ise a kope batho gore ba tlise lefatshe le lesha mo boemong jwa tsamaiso ya jaanong. O tla dira seo ka boene le ka nako e e itsiweng ke ene fela. (Mathaio 24:34, 36) Moaposetoloi yo o tsofetseng Johane o ne a bonela pele seno se go seng motho ope yo a ka se dirang, fa e se Modimo fela:
“Me ka bōna legodimo ye lesha le lehatshe ye lesha; gonne legodimo ya ntlha le hetile, le lehatshe ya pele; le lewatlè ga le tlhole le leeō. Me ka bōna motse o o boitshèpō, Yerusalema o mosha, o hologa mo legodimoñ o cwa kwa Modimoñ, o etleedicwe yaka monyadwi eo o kgabetseñ monna oa gagwè. Me ka utlwa lencwe ye legolo le cwa mo setuloñ sa bogosi, le re, Bōnañ, boagō yoa Modimo bo mo bathuñ, me o tla aga nabō, me ba tla nna batho ba ōna, le Modimo ka osi o tla nna nabō, me o tla nna Modimo oa bōnè. Me o tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a bōnè; me ga go ketla go tlhōla go le loshō; le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko: dilō tsa pele di hetetse rure. Me eo o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, a re, Bōnañ, dilō cotlhe ke di diha sesha. Me a re, Kwala: gonne mahoko a, a boikañō, le boamarure.”—Tshenolō 21:1-5.
“Legodimo ye lesha” ke Bogosi jwa ga Jesu Keresete jwa selegodimo. “Lehatshe ye lesha” ga se kgolokwe e nngwe gape ya lefatshe, mme ke kokomana e ntšha ya batho ba ba tla nnang gone mo polaneteng eno—bao botlhe e tla bong e le babusiwa ba ba boikobo ba Bogosi jwa ga Keresete, ba ba sa kgaoganang ka lotso, morafe, kana ka dipuo. (Bapisa Pesalema 96:1.) Legodimo le lefatshe la jaanong la tshwantshetso—tsamaiso ya ga Diabolo ya dilo le mefuta ya yone ya dipuso e e tlhotlhelediwang ke Satane le badimona ba gagwe—e tla senngwa. (1 Yohane 5:19) Lemororo mawatle a mmatota a tla sala, lewatle le le kgaphaselang la tshwantshetso ebong batho ba ba boikepo ba tla bo ba ile. Babusi ba selegodimo ba ba tla busang mmogo le Jesu ba dira Jerusalema O Mosha mme bone mmogo le ene ba bopa moshate wa phuthego e e tla busang batho bao ba ba siameng. Modimo o tla “aga” le batho ba ba boikobo bao fa ba ntse ba letlanngwa le ene ka Keresete mo Letsatsing leo la Katlholo la dingwaga tse di sekete.—Tshenolō 14:1-4; 20:6.
Go tla nna le mabaka a mantsi a go itumela fa Bogosi joo bo busa. Khutsafalo, selelo, botlhoko joo bo bakwang ke bolwetsi, kutlobotlhoko, le dilo tse di tshwanang le tseo e tla bo e le dilo tsa nako e e fetileng. Le eleng lone loso lo lo neng lwa anamela mo bathong ka motsadi wa rona wa ntlha, Adame wa moleofi, ga le kitla le tlhola le nna teng. (Baroma 5:12) Abo go tla nna le boitumelo jang ne fa selo seno se se bakang dikeledi mo lefatsheng lotlhe se ile ka bosakhutleng!
Ke Modimo eseng motho yo o swang oo o re tlhomamisetsang gore re tla bona masego ano. Ke Ene yo o bolelang jaana: “Bōnañ, dilō cotlhe ke di diha seha.” Ee, mme Jehofa Modimo o ne a raya moaposetoloi Johane a re: “Kwala: gonne mahoko a, a boikañō, le boamarure.”
Dilo Tse Di Tlhokwang tsa Motheo Di A Bonwa
Kgabagare lefatshe e tla nna paradaise mo lefatsheng le lesha la Modimo. Seno se ntse fela jalo, ka go bo Jesu o ne a solofetsa modiradibe yo a neng a utlwile botlhoko ka ntlha ya boleo jwa gagwe yo a neng a bapotswe fa thoko ga gagwe jaana: “U tla nna le nna kwa Paradaisa gompiyeno.” (Luke 23:43) Mo maemong ao a paradaise, dilo tse di tlhokwang ke batho jaaka dijo le matlo di tla bonwa ka botlalo.
Ditlala di bolaya batho ba le dimilione gompieno. Lemororo go dirwa maiteko a magolo thata go fepa ba ba bolailweng ke tlala, bogagapa le dilo tse dingwe di thibela motho go rarabolola mathata a a ntseng jalo. Ka sekai, Saturday Star, pampiri ya dikgang ya kwa Gauteng, kwa Afrika Borwa, e bega jaana: “Ditatalalano tsa dipotolotiki, ditlhwatlhwa tse di oketsegileng tsa peterole le go tshwenyega ka kakaretso fela ka dintwa tsa mo Afrika tse di lebegang di sa khutle di kopana fela go diegisa kgololesego . . . Kwa Sudan eleng nngwe ya dinaga tse di iteilweng thata ke seno, go na le batho ba ba fa gare ga dimilione di le 5 le di le 6 ba ba tlileng go bolawa ke tlala ka 1991.” Mme tlala e tla lebalwa mo lefatsheng le lesha la Modimo. “Go tla nna le letlōtlō ya mabèlè mo lehatshiñ, mo ditlhoeñ tsa dithaba: louñō loa aōna lo tla ebelèga” fa Bogosi joo bo busa.—Pesalema 72:16.
Matlo ke nngwe ya selo se batho ba se tlhokang mo metlheng ya rona mme bontsi jwa batho ga bo kitla bo a bona. Dimilione tse dintsi di nna fela mo matlonyaneng a a sa itumediseng kana ga di na magae gotlhelele. Go ya ka The New York Times, kwa nageng nngwe kwa Botlhaba, “kwa khampaning nngwe ya maranyane a eleketroniki . . . , modiri wa dingwaga tse 20 o tsena mo lenaneng le le nang le dingwaga tse 73 la ba ba batlang matlo,” mme pego nngwe ya ga goromente e supa gore batho ba bangwe ba nna mo “go beelwang dilwana gone, mo diofising kana mo matlong a boitiketso.” Mme abo go tlile go farologana jang ne mo lefatsheng le lesha! Mo Paradaiseng e e tlang, “ba tla aga matlo, ba nna mo go aōna: ba tla tlhōma masimo a mafine, ba ya mauñō a ōna. Ga ba ketla ba aga, me go nne o sele; ga ba ketla ba tlhōma me go ye o sele: gonne yaka malatsi a setlhare a nntse, malatsi a batho ba me a tla nna yalo, me baitshenkedwi ba me ba tla ya tihō ea diatla tsa bōnè ka monate, ka lobaka lo lolele.”—Isaia 65:21, 22.
Ga go kitla go nna le mathata a go senngwa ga dilo tsa tlholego mo lefatsheng le lesha le Modimo o le solofeditseng. Kgotlelo ya moya e e tshosetsang boitekanelo le go senya dijalo e tla bo e seyo. Kgotlelo le go swa ga ditshedi goo go tshosetsang dijalo tse dintsi le mefuta e mengwe ya diphologolo ga e kitla e tlhola e boifisa ka nako eo. Mme dilo tse di tshwanang le go senyega ga ozone ga di kitla di tshosetsa botshelo mo lefatsheng. Re ka tlhomamisega gore Jehofa Modimo o tla rarabolola mathata ano, ka go bo Lefoko la gagwe le re tlhomamisetsa gore o tla tloga a “senya ba ba senyañ lehatshe.”—Tshenolō 11:18.
Mo lefatsheng le lesha, ntwa e tla bo e seyo mme e se gonne boporesidente ba dinaga ba kgonne go dira gore merafe e latlhe dibetsa tsa yone. Go na le moo, Modimo o tla tsaya kgato a dira seo se paletseng babusi ba dipolotiki. O tla tlisetsa batho ba ba kutlo kagiso a dira tumalanong le mafoko ano a ga mopesalema: “O khutlisa ditlhabano le kwa bokhutloñ yoa lehatshe; o rōba bora, o putlaganya lerumō ka bogare; o hisa dikara tsa tlhabanō mo moleloñ.” (Pesalema 46:8, 9) Batho ga ba kitla ba tlhola ba lwa mme ba tla itumelela kagiso le polokesego mo lefatsheng le lesha le le solofeditsweng la Modimo le le setseng le le gaufi thata.—Mika 4:2-4.
A O Tla Nna Teng Koo?
O ka solofela lefatshe le lesha le Jehofa Modimo a le solofeditseng eleruri. Ga a ke a aka. (Bahebera 6:17, 18) Lefoko la gagwe ebong Bibela le boammaaruri mme seo a se solofetsang se a diragala ka metlha.—Yohane 17:17.
Basupi ba ga Jehofa ba leka go bolelela batho ba ba dipelo di ikanyegang mafoko a a molemo a masego a a molemolemo a a tlileng go bonwa ke batho ba ba kutlo. O tshwanetse wa dira maiteko jaanong gore o itse ka boikaelelo jwa Modimo, mme o tseye kgato ka ditsholofetso tse di fitlhelwang mo Dikwalong Tse Di Boitshepo. Kgato eno e ka dira gore o bone botshelo jo bo sa khutleng, ka go bo Jesu o ne a bolela jaana: “Botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” (Yohane 17:3) He o tla bona tshiamelo ya go ipelela dinako tse di itumedisang tota tse di tla tlogang di tla, ka go bo lefatshe le lesha la Modimo le gaufi!