Basha ba Bakeresete—Nnang lo Nonofile mo Tumelong
“MONGWE le mongwe o tshwanetse go nna teng.” Go ne ga itsisiwe jalo. Baithuti botlhe kwa sekolong sengwe sa kwa Japane ba ne ba tshwanela go nna teng kwa kokoanong ya kakaretso kwa holong. Moithuti mongwe yo mmotlana wa Mokeresete o ne a sa dumalane le dikgopolo tsa pina nngwe ya sekolo. “Aitsane,” o ne a akanya jalo, “ke a itse gore pina eno ya sekolo e tlile go opelwa. Mme ga nkitla ke nna le mathata. Ke tla nnela fela kwa morago jaaka ka gale.”
Lefa go ntse jalo, fa Mosupi yo mmotlana yono wa ga Jehofa a tsena mo holong, o ne a fitlhela gore barutisi botlhe ba lephata leo ba ntse botlhe kwa ditilong tse di kwa morago. Ka gone, o ne a tshwanela go nna fa pele ga bone. Fa barutwana ba bangwe ba ne ba ema go opela pina ya sekolo, o ne a sala a ntse fa fatshe ka tlotlo. Mme barutisi ga ba a ka ba rata seno. Ba ne ba leka go mo pateletsa go ema ka dinao. A o ka kgona go ikakanya o le mo seemong se se ntseng jalo? O ne o ka bo o dirile eng?
Lebaka la Go Bo go Tlhokega Tumelo E E Nonofileng
Go ne go ka nna molemo fa batho ba ne ba ka se ka ba tshwenya Bakeresete mme ba ba letla go tshela go ya kafa digakolodi tsa bone tse di katisitsweng ka Bibela di ba kaelang ka gone. Lefa go ntse jalo, gantsi, Bakeresete ba tshwanela go lebana le maemo a a tshwenyang tota. Seno ga se a tshwanela go re gakgamatsa, ka go bo Morwa yo e leng wa Modimo, Jesu Keresete, o ne a bolela jaana: “Ha ba mpogisitse, le lona ba tla lo bogisa.” (Yohane 15:20) Kwantle ga go bogisiwa ka tlhamalalo, tumelo ya batlhanka ba ga Jehofa e lekwa ka ditsela tse dingwe gape tse di farologaneng.
Basha ba Bakeresete ba tlhoka go nna le tumelo e e nonofileng gore ba kgone go lebana le diteko tsa kwa sekolong. Ba ka nna ba tshwanela go kopana le bankane bao ba tsenang le bone sekolo bao ba buang puo e e leswe kana ba na le maikutlo mangwe a a sa tlotleng Modimo. Bakeresete ba babotlana ba ka nna ba kopana le batho bao ba gatelelang bomorafe le go gatelelwa go tsena mo ditlhopheng tsa boitlosobodutu, kana dipolotiki tsa sekolo, kana ditiro dingwe tseo di ka nnang tsa senya semoya sa bone. Barutabana le baithuti ba bangwe ba ka nna ba gatelela Bakeresete ba babotlana gore ba tlogele melaometheo e ba e rutilweng. Ka gone, basha ba bomodimo ba tshwanetse go ikaega ka moya wa ga Jehofa gore o kgone go ba naya tumelo e ba e tlhokang gore ba kgone go lwela tsholofelo ya bone.—Mathaio 10:19, 20; Bagalatia 5:22, 23.
‘Iketleeletse go Fetola’
Kgakololo ya ga moaposetoloi Petere e tshwanetse Bakeresete ba bannye le ba bagolo. O ne a bolela jaana: ‘Lo nne lo iketleeditse ka metlha yotlhe go fetola motho mongwe le mongwe yo o lo botsang kaga tsholofelo e e mo go lona gore e tswa kae, lefa go ntse jalo e nne ka boikokobetso le poifo.’ (1 Petere 3:15) Motho o tshwanetse go dira eng gore a kgone go nna a iketleeditse go bua jalo a iphemela? Sa ntlha, o tshwanetse wa tlhaloganya seo Dikwalo di se rutang. O tshwanetse wa bo o tlhaloganya lebaka la go bo Bakeresete ba tsaya boemo joo mme o bo o dumela seo tota gore o kgone go tsaya boemo jo bo nonofileng kwa sekolong ka dikgang tsa bomorafe, dipolotiki, go sa diriseng diokobatsi sentle, kana boitsholo.
Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Bakeresete ka ene jaana: “Lo se ka loa tsietsèga: Go ikōpanya le ba ba boshula, go tlo go bodise mekgwa e mentlè.” (1 Bakorintha 15:33) A o dumalana le seo? Jaaka Paulo a supile, go motlhofo thata gore o ka tsietsega mo kgannyeng ya ditsala. Motho a ka nna a lebega a le botsalano ebile a dumalana le wena. Mme fa a sa amege ka Jehofa jaaka wena kana le eleng go dumela ditsholofetso tsa Bibela, ke tsala e e bosula. Ka ntlha yang? Gonne botshelo jwa gagwe bo kaelwa ke melaometheo e mengwe, mme dilo tse di botlhokwa thata mo Mokereseteng di ka nna tsa bo di sa kae sepe mo go ene.
Seno ga se gakgamatse, ka go bo Jesu o ne a bolela jaana ka balatedi ba gagwe: “Ga se ba lehatshe, hèla yaka nna ke se oa lehatshe.” (Yohane 17:16) Ga go kake ga kgonega gore motho e nne Mokeresete wa boammaaruri a bo a nne karolo ya lefatshe leno, leo Satane e leng modimo wa lone. (2 Bakorintha 4:4) A o bona kafa go ikgaoganya le lefatshe go sireletsang Mokeresete ka gone gore a se ka a senyega ebile go mo sireletsa gape le mo mathateng a a tlhasetseng ba bantsi gompieno? Fa go ntse jalo, he o ka tlhaloganya lebaka la go bo o tshwanetse go nna o kgaogane le bone, le eleng lefa seno se kaya gore ga o kake wa tsena mo metshamekong mengwe ya sekolo.a
Botlhokwa jwa go nna o nonofile mo tumelong le go baya dilo tse di manang le Bogosi kwa pele mo botshelong jwa gago bo ne jwa bontshiwa mo kgannyeng ya mosetsana mongwe yo mmotlana wa Mokeresete. (Mathaio 6:33) Fa go ne go itsisiwe letsatsi leo ba tlileng go ikatisa kafa ba tlileng go dira ka gone fa ba alosiwa kwa sekolong, o ne a fitlhela gore letsatsi leo le lebagane le kopano ya potologo ya Basupi ba ga Jehofa eo a neng a batla go ya kwa go yone. O ne a kwala lokwalo ka tlotlo a tlhalosa lebaka la go bo a tla bo a se teng fa go ikatisiwa jalo mme a le naya morutisi pele tlelase e simolola. Fa tlelase eo e fela, morutabana o ne a mmiletsa fa thoko mme a mo kopa gore a tlhalose gape lebaka la go bo a se kitla a nna teng kwa ikatisong. Mosetsana o bolela jaana: “O ne a batla go itse gore a mafoko a ke tla a buang a a tshwana. A ke kafa ke neng ke ikutlwa ka gone ka namana kana a e ne e le mafoko a ga mmè? Fa a sena go bona kafa ke tlhatswegileng pelo ka gone ka kgang eno, ga a ka a nkganetsa.”
‘Fetolang Mongwe le Mongwe’
Basha ba Bakeresete ba fitlhela gore fa ba boleletse barutisi ba sekolo le baithuti boemo jwa bone pele go tsoga dikgang, ga ba ke ba ba gatelela thata jaaka fa go setse go na le mathata. Mokeresetse mongwe yo mmotlana wa kwa Japane o anela gore fa a ne a na le dingwaga di le 11, baithuti botlhe ba ne ba laetswe kwa sekolong gore ba tshwanetse go ya kwa moletlong wa Keresemose. Baithuti ba thuto e e kwa godingwana ga ya gagwe ba ne ba mo gatelela gore a nne le seabe, mme o ne a se ka a nna teng, mme morutisi wa gagwe a tlhaloganya boemo jwa gagwe. Ka ntlha yang? Gonne fa ngwaga o sena go simologa, Mosupi yono le batsadi ba gagwe ba ne ba kopana le morutabana mme ba tlhalosa dikarolo tse di farologaneng tsa boemo jwa bone jwa Bokeresete.
Fa ba le mo bodiheding jwa tshimo, Bakeresete ba bangwe ba babotlana ba tshaba go kopana le bankane ba bone ba sekolo kana barutisi ba bone. A o ikutlwa ka tsela eno? Fa go ntse jalo, ke eng o sa ba etelele pele mme o bolelele bankane ba gago ba sekolo gore o rera ka ntlo le ntlo le lebaka la go bo o dira jalo. Mosupi mongwe wa ga Jehofa wa dingwaga di le 14 o ne a bega jaana: “Mongwe le mongwe kwa sekolong o itse boemo jwa me gore ke Mokeresete. Eleruri, ba itse sentle mo e leng gore fa ke kopana le monkane wa me fa ke le mo bodiheding jwa tshimo ga nke ke tlhabiwa ke ditlhong. Gantsi baithuti ba bangwe ba reetsa, mme ba tlhola ba tsaya dikgatiso tsa Bibela.” Yo mongwe wa dingwaga tse 12 o bega gore o nna a lebile pele go kopana le ba a tsenang le bone tlelase e le nngwe fa a le mo bodiheding. Go na le go tshwenyega ka seno, o nna ka metlha a boeletsa seo a tla se buang fa go ka diragala. Ka gone, o nna a iketleeditse ka metlha go ntsha mabaka a a utlwalang ka tumelo ya gagwe.
Kwa dikolong tse dintsi, metshameko ya morago ga sekolo e tshamekiwa fela ke ba ba ratang. Mme kafa go ntseng ka teng, barutabana le baithuti ba gatelela ba bangwe gore ba tsene mo metshamekong eno. Mokeresete mongwe wa dingwaga tse 20 o ne a bona tsela e e molemo ya kafa a ka dirang ka gone gore a se ka a fekeediwa fa a gatelelwa. O bolela jaana: “Ke ne ka dira jaaka mmulatsela yo o thusang fa ke le mo sekolong se segolo. Mongwe le mongwe o ne a itse gore ke ne ke tshwaregile thata ka ditiro tsa bodumedi jwa me mme ke sena nako ya go dira sepe se sengwe.” Kgaitsadia Mosupi yo mmotlana yono le ene o ne a dira se se tshwanang. Basha bangwe ba Bakeresete fa ba fetsa sekolo ba tsena mo tirong ya bobulatsela jwa ka metlha ka tlhamalalo ba direla jaaka baboledi ba Bogosi ba nako e e tletseng fela fa ba tswa mo tirelong ya bobulatsela jo bo thusang jo ba neng ba bo dira fa ba ne ba ntse ba tsena sekolo.
O se ka wa tlhokomologa le ka motlha kafa boitsholo jwa gago le go naya bosupi ka bopelokgale go ka amang ba bangwe ka tsela e e molemo ka gone. Go na le gore o didimale fela, ke ka ntlha yang fa o sa itshupe gore o na le tumelo e e nonofileng ka go bua ka tlotlo mme o le pelokgale? Ke seo se neng sa dirwa ke mosetsanyana wa Moiseraele yo a neng a gapilwe mme a ne a nna mo ntlong ya molaodi wa masole wa Moasiria ebong Naamane. (2 Dikgosi 5:2-4) Leina la ga Jehofa le ne la galalediwa gonne mosetsanyana yono a ne a tsaya kgato. Fa o ka supa tumelo e e tshwanang o ka lere tlotlo mo Modimong mme o ka thusa ba bangwe gore ba galaletse leina la gagwe.
Ntlha ke gore ga re kake ra latlha tumelo ya rona mme ra sala re le Bakeresete. Jesu o ne a bolela jaana: “Ke gōna moñwe le moñwe eo o tla impolèlañ ha pele ga batho, le nna ke tla ipolèla èna ha pele ga Rrè eo o kwa legodimoñ.” (Mathaio 10:32, 33) Go nna o nonofile mo tumelong jaaka molatedi wa ga Jesu ke boikarabelo jo bo masisi tota, a ga go jalo?
Thuso E E Leng Teng
O tlhoka go nna le tumelo e e nonofileng gore o eme o nonofile jaaka mongwe wa Basupi ba ga Jehofa. O tshwanetse wa ithuta Bibela ka botlhaga, o ye kwa dipokanong tsa Bokeresete o bo o nne le seabe mo bodiheding jwa tshimo gore o kgone go nna le yone. Ke eng seo o ka se dirang fa o santse o ikutlwa gore o a tlhaela? Morutwa Jakobe o ne a bolela jaana: “Ha moñwe oa lona a tlhōka botlhale, a a lōpè Modimo, o o naeañ botlhe ka bogolo, me o sa kgobe; me o tla bo nèwa.” (Yakobe 1:5) Bolelela Jehofa bothata jwa gago ka thapelo; a ka go nonotsha fa o lebane le diteko kana fa tumelo ya gago e lekwa.
Ke eng se sengwe gape se Mokeresete yo mmotlana a ka se dirang? Buka ya Diane e re bolelela jaana: “Reetsa rrago eo o gu tsetseñ, u bo u se ka ua nyatsa mmago ha a cohetse.” (Diane 23:22) Moaposetoloi Paulo o ne a otlelela kgakololo eno, ka go bo o ne a bolela jaana: “Bana, utlwañ batsadi ba lona mo diloñ cotlhe, gonne mo e be e le mo go kgatlhañ mo Moreneñ.” (Bakolosa 3:20) Batsadi ba Bakeresete ba ka go thusa gore o nne le tumelo e e nonofileng. Reetsa seo ba go akantshang gore se molemo go se dira. Dira gore ba go thuse mme o batlisise mo Dikwalong le mo dikgatisong tse di thailweng mo Bibeleng, o batla dikgopolo, kgakololo le maitemogelo. Wena mmogo le batsadi ba gago lo tla itumelela seno, mme se tla go thusa go fenya go tlhoka bopelokgale le go boifa.—2 Timotheo 1:7.
Dirisa dilo tse Jehofa Modimo a re neileng tsone ka phuthego ya gagwe ya Bokeresete ka botlalo. Ipaakanyetse dipokano sentle. Bua le bagolwane ba ba tlhophilweng le ba bangwe bao ba kileng ba diragalelwa ke mathata a a tshwanang le a o lebaneng le one. Solomone o ne a bolela jaana: “Gore motho eo o botlhale a utlwè, a totahalè mo go ithuteñ; le gore motho oa tlhaloganyō a eè go chwara dikgakololō tse di itekanetseñ.” (Diane 1:5) Ka jalo ithute mo bathong ba ba godileng bano. O ka ithuta gape le mo basheng ba bangwe ba Bakeresete bao ba ileng ba atlega mo go fenyeng mathata a a tshwanang le a gago.
Boikanyegi Bo Lere Masego
Fa o nna o nonofile mo tumelong, o tla bo o dirisa kgakololo eno ya ga Paulo e e reng “lo tlhōmamè, lo nitamè, lo nntse lo totahetse mo tihoñ ea Morèna.” (1 Bakorintha 15:58) Jehofa o a itse ebile o tlhaloganya mathata a o lebanang le one. O ile a nonotsha ba bantsi bao ba kileng ba lebana le mathata a a tshwanang, mme o tla go nonotsha le wena. Fa o ikaega ka Modimo, o tla go tshegetsa, ka go bo mopesalema o ne a bolela jaana: “Latlhèla morwalō oa gago mo go Yehofa, me o tla gu kokotletsa: ga a ketla a leseletsa mosiami gopè go tshikiñwa.”—Pesalema 55:22.
Petere o ne a kwala jaana: “Lo le segakolodi se se siameñ, gore e tle e re mo go se se boshula se ba se buañ kaga lona, bōnè ba ba kgalañ go tshela sentlè ga lona mo go Keresete ba bè ba tlhaywè ke ditlhoñ.” (1 Petere 3:16) Lo tla nna le segakolodi se se molemo, seo e leng selo sa botlhokwa tota se se tswang mo go Jehofa, fa lo gana go ineela go latlha melao e e siameng ya Modimo le melaometheo ya gagwe. Mo godimo ga moo, lo tla tlhomela basha ba Bakeresete ba ba ka tswang ba le bokoa mo tumelong sekao se se molemo. (1 Timotheo 4:15, 16) Boitsholo jwa lona bo ka ba kgothatsa gore ba dire maiteko a go tlhomama mo tumelong mme ba kgone go emelana le diteko.
Lo ka thusa gape le bao ba tlogang fela ba ganetsa boemo jwa lona jwa Bokeresete. Gakologelwa mafoko a a nayang tsholofelo ano: “Mo moshoñ u yalè peo ea gago, me mo maitsiboeeñ u se ka ua ikgogona lecōgō: gonne ga u itse e e tla tlhōmamañ, eno, kgotsa ele, kgotsa a di tla nna molemō coopedi tsa chwana hèla.” (Moreri 11:6) Ke mang yo o itseng gore fa o jala peo e e molemo ka ditiro tsa gago tsa boikanyegi o tla bona matswela a a molemo?
Mo masegong a magolo a o tla a bonang o tla amogelwa ke Jehofa. Kwa bokhutlong, go tlhomama ga gago mo tumelong go tla felela ka botshelo jo bo sa khutleng. (Yohane 17:3; bapisa Yakobe 1:12.) Go sa bogisiwe ka lobakanyana fela ka ntlha ya go bo o ne wa ineela ke selo se sennye tota fa se bapisiwa le mpho eo.
Go tweng ka mosha yo o neng a umakiwa kwa tshimologong ya setlhogo seno? Gone, o ile a itshokela se se neng sa mo diragalela. Fa kokoano eo ya sekolo e sena go khutla, o ne a leka go tlhalosetsa barutisi boemo jwa gagwe ka botlhale. Lemororo ba ne ba se ka ba mo tshwara ka tsela e e siameng, o ne a kgotsofalela go itse gore o itumedisitse pelo ya ga Jehofa. (Diane 27:11) O ne a tswelela a lwela tumelo ya gagwe go fitlha a bo a fetsa sekolo. Morago ga foo, o ne a nna mmulatsela. Ekete go itshoka ga gago o ikanyega le gone go ka felela ka tsela e e tshwanang e e itumedisang. Go tla nna fela jalo fa o ka tlhomama mo tumelong.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Dintlha tse di oketsegileng tse di kaga seno le melaometheo eo ya Bibela o ka di bona mo bukeng ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Lebokoso mo go tsebe 25]
THUSO E E LENG TENG
◻ Reetsa botlhale jo o bo newang ke batsadi ba gago ba ba boifang Modimo.
◻ Dirisa dilo tsa semoya tse re di newang mo phuthegong ya Bokeresete.
◻ Bua le bagolwane ba ba tlhophilweng le ba bangwe ba ba ka kileng ba nna le mathata a a tshwanang le a gago.
◻ Bua le Bakeresete ba bangwe ba babotlana ba ba kgonang go fenya mathata a a tshwanang.