A Modimo O Araba Dithapelo tsa Gago?
“GA KE ise ke ko ke itumelele go bona dithapelo tsa me di arabiwa,” go ne ga bolela jalo mosadi mongwe yo o nnang kwa Hokkaido, kwa Japane. Ga se ene fela a ikutlwang jalo. Batho ba bantsi ba ikutlwa gore dithapelo tsa bone ga di ke di arabiwa. Ebile tota, o tshwanetse wa o bo o ipotsa gore a ruri Modimo o araba dithapelo tsa gago.
Dimilione tsa batho di rapela medingwana e e senang palo. Ke ka ntlha yang fa go lebega ekete dithapelo tse dintsi ga di arabiwe jaana? Go bona karabo, a re sekasekeng pele mefuta ya dithapelo tse di rapelwang.
Ke Eng Seo Batho Bangwe Ba Se Kopang mo Thapelong?
Mo setlheng sa Ngwaga O Mosha, bobedi borarong jwa baagi ba Japane, kana mo e ka nnang batho ba le dimilione di le 80, ba rapela mo ditempeleng tsa Shinto kana tsa Babuda. Ba ntsha madi a tshipi jaaka ditlhabelo mme ba rapelela gore malapa a bone a bone masego le go sireletsega.
Ka January le February—pele ga fa ba kwala ditlhatlhobo tse di thata tsa makgaolakgang—baithuti ba thologela kwa ditempeleng tse di tshwanang le e e kwa Tokyo e e itsegeng thata ka modimo wa yone wa thuto. Ba kwala dilo tse ba di eletsang ba di kwalela mo dipapetlaneng tsa lepolanka ba bo ba di kgwagetsa mo dikoteng tsa logong tse di fa fatshe mo lefelong la ditempele tseno. Mo e ka nnang bobotlana dipapetlana di le 100 000 tsa tseno di ne di kgabisitse tikologo ya tempele e e itsegeng thata eno ya kwa Tokyo ka setlha sa ditlhatlhobo sa 1990.
Batho ba bantsi ba rapelela gore ba itekanele mo mmeleng. Kwa tempeleng nngwe kwa Kawasaki, kwa Japane, batho ba rapelela gore ba sirelediwe gore ba se ka ba tsenwa ke AIDS. “Botlhokwa jwa go rapelela gore o se ka wa tsenwa ke AIDS,” go ne ga tlhalosa jalo moperesiti wa kwa tempeleng eo, “ke gore go tla dira gore batho ba itshware ka tsela e e botlhale.” Mme a ruri seo ke boikaelelo jwa thapelo?
Kwa tempeleng e nngwe, mosadimogolo mongwe o ne a rapelela gore a “swe ka bonako.” Ka ntlha yang? Gonne o ne a batla go tila go bogisiwa ke go lwala ka lobaka lo loleele ebile a sa batle gore e nne mokgweleo mo go balelapa la gagwe.
Mo nageng nngwe e go tweng ke ya Bokeresete, moeteledipele wa setlhopha sa kgwele ya dinao o ne a rapelela gore setlhopha sa gagwe se fenye motshameko le gore se sirelediwe gore se se ka sa gobala. Bakatoliki ba ba kwa Poland ba rapelela gore ba itekanele sentle mme ba kgabisa Madonna wa bone ka dibenyane mme ba dumela gore dithapelo tsa bone di a utlwiwa. Batho ba bantsi ba thologela kwa dikerekeng jaaka Guadalupe e e itsegeng thata ya kwa Mexico City, le Lourdes e e kwa Fora, ba rapelela gore ba fodisiwe malwetsi ka kgakgamatso.
Batho ba ba nnang kwa dinageng tse di kwa Botlhaba kana kafa Bophirima ba rapelela dilo tse di farologaneng. Go phepafetse gore ba batla gore dithapelo tsa bone di utlwiwe di bo di arabiwe. Lefa go ntse jalo, a go a utlwala tota go lebelela gore dithapelo tsotlhe di tla utlwiwa mme di arabiwe? Go tweng ka dithapelo tsa gago ka namana? A di a arabiwa? Mme tota, a Modimo o araba dithapelo?