Ke Ka Ntlha Yang Fa Modimo O Nnile Pelotelele Lobaka Lo Loleele Jaana?
A O KE o bone fela sefatlhego se se hutsafetseng sa ngwana yo o bolailweng ke tlala. A o ko o lebe fela mmele wa gagwe o o otileng le dimpa tse di gogomogileng tsele. A o ke o akanye fela ka tsela eo a tlhokang dijo ka yone, mme o bone sejana se se senang sepe se a se tshwereng sele. Gongwe mmaagwe o lebega a na le matlho a a wetseng mo dikgapeng fela jalo le ene, mo sefatlhegong sa gagwe go bonala fela gore ga a na tsholofelo. Mme o leke go dira gore o se ka wa utlwisiwa botlhoko ke gone—ee, o se ka wa rothisa keledi.
Pono eno e boaboelediwa ga makgetlho a le dimilionemilione mo karolong e e nteilweng ke leuba ya disekwere kilometara di le dimilione di le 6 eo e bidiwang Sahel. E tswelela jalo dikilometara tse di fetang 4 800 go kgabaganya Afrika kafa borwa jwa Sekaka sa Sahara, go tswa kwa Senegal kafa Lobopong lwa Atlantic go ya kwa Ethiopia kafa Lewatleng Le Lehibidu. Gone ke boammaaruri gore, go na le matshosetsi a gore matshutitshuti a batho ba bangwe a ka bolawa ke leuba le mo dinageng tse dingwe. World Health Organization e bega gore mo e ka nnang batho ba le dimilione di le dikete di le 1,1 go dikologa lefatshe lotlhe ba lwala mo go sa jeseng di welang kana ga ba fepiwe ka tsela e e tshwanetseng.
Gone ke boammaaruri gore tlala ke e nngwe fela ya dilo tse di bogisang motho. Motho o kgotlela lefatshe, mme rotlhe re a amega. Ditsamaiso tsa sepolotiki di dumalana le tshiamololo yotlhe le dintwa tse di utlwisang ba le bantsi botlhoko le go ba bolaya. Ke ka ntlha yang fa Modimo o letla dilo tseno? A o a amega ka rona?
Modimo O A Amega!
Mmopi wa rona o amega ka rona. Go na le dilo di le dintsi tse di bontshang seno le tse di bontshang gore o kgona go dira gore dilo di dire mmogo gore di re solegele molemo le gore di utlwane mo popong yotlhe ya gagwe. Ka sekai, a o ke o bone setshwantsho se se fano sa notshe e ya kwa sethunyeng mo setlhareng sa leungo. Notshe eno e thusiwa ke sethunya seno gore e bone matute ao e a tlhokang gore e kgone go ja. Mme, setlhare sone se tlhoka modula o mmele wa notshe eno e tlang e o tshwere go tswa kwa setlhareng se sengwe se se tshwanang le sone. Ka go dira jalo, sethunya seno se tshelwa modula ono gore se tle se ungwe leungo. Ga se ditlhare tsotlhe tse di tshelwang modula ka tsela eno, mme eleruri Modimo o rulagantse go dirisana mmogo go go sa tlwaelegang gore go direge mo ntlheng eno. Mme molemo ono wa gagwe o felela ka gore go nne le leungo leo re ka kgonang go le ja re itumetse re solegelwe molemo ke lone.
Notshe ka boyone ke karolo ya motshitshi o o rulagantsweng sentle wa dinotshe tse di fetang 30 000. Tse dingwe di dira tiro ya go disa legae la dinotshe, mme tse dingwe di dira tiro ya go le phepafatsa kana go le dira gore le nne le moya o o phepa. Mme tse dingwe di boloka matute le modula, di jesa diboko tsa dinotshe, kana di batla mafelo a mangwe ao go ka bonwang matute mo go one. Modimo ka boone o rulagantse dilo jalo e le gore re solegelwe molemo fa dinotshe tse di dirang ka natla tseno di ntsha tswina le mamepe a a otlang a a monate.
Kgakgamatso e e dirwang ke go dirisana mmogo mo gare ga dinotshe le dijalo le mo gare ga ditshenekegi tse dingwe ka botsone ke bosupi bo le bongwe fela mo go bo le bontsintsi jo bo bontshang gore Mmopi o kgona sentle go dira gore dilo tse di tshelang di dirisane mmogo. Ebile gakologelwa gore, “Modimo ga se Modimo oa tlhakatlhakanyō, ha e se oa kagishō hèla.” (1 Bakorintha 14:33) Mme jaanong ke ka ntlha yang fa a letleletse setho gore se tshele mo maemong a a senang tirisanommogo ano, ao a felelang ka gore batho ba le bantsi jaana ba utlwe botlhoko? Fa e le gore Modimo o a amega ka rona, ke ka ntlha yang fa a letile lobaka lo loleele jaana gore a siamise boemo? Ee, ke ka ntlha yang fa Modimo o itshokile lobaka lo loleele jaana?
Lefoko la Modimo, eleng Bibela, le araba dipotso tse di tshwanang le tseno. Buka eno e e leng ya mofuta wa yone fela e re bolelela gore Jehofa Modimo o nnile a nna pelotelele ka lobaka lo loleele ka lebaka le le utlwalang. Lebaka leo ke lefe? Mme bopelotelele jono jwa Modimo bo santse bo tlile go tsaya lobaka lo loleele go le go kana kang?
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]
Cover photo: Frilet/Sipa