Ikanye Letsogo le le Bolokang la ga Jehofa
“Yehofa, . . . a ko u nnè lecōgō ya [rona] ka meshō eotlhe, le poloka ea rona mo metlheñ ea tlalèlō.”—ISAIA 33:2.
1. Jehofa o na le letsogo le le maatla ka kgopolo efe?
JEHOFA o na le letsogo le le maatla. Gone ke boammaaruri gore, ereka ‘Modimo e le moya,’ ga se letsogo la nama. (Yohane 4:24) Mo Bibeleng, letsogo la tshwantshetso le emela kgono e motho a nang le yone go dirisa maatla. Ka gone, Modimo o golola batho ba one ka letsogo la gagwe. Ee, ‘jaaka modisa, Modimo o disa letsomane la gagwe, o phuthela dikwanyana mo lecogong ya gagwe, a di gara mo sehubeng sa gagwe.’ (Isaia 40:11; Pesalema 23:1-4) Abo batho ba ga Jehofa ba ikutlwa ba bolokesegile jang ne mo letsogong la gagwe le le lorato!—Bapisa Duteronome 3:24.
2. Ke dipotso dife tse re tshwanetseng ra di sekaseka fano?
2 Letsogo la ga Jehofa le ile la boloka batho ba gagwe jang, mo nakong e e fetileng le mo nakong ya jaanong? Modimo o ba thusa jang jaaka phuthego? Mme ke ka ntlha yang fa batho ba one ba ka ikanya letsogo la gagwe le le bolokang ka nako ya fa ba le mo mathateng?
Letsogo la Modimo Le Le Bolokang Le A Dira
3. Dikwalo di bolela gore ke mang yo o golotseng Baiseraele go tswa kwa Egepeto?
3 Pele a golola Baiseraele mo botshwarong jwa kwa Egepeto dingwaga di le 3 500 tse di fetileng, Modimo o ne wa bolelela moperofeti wa gagwe ebong Moshe jaana: “Ke gōna, bua le bana ba Iseraela, u re, Ke nna Yehofa, ke tla lo ntsha tlhatse ga merwalō ea Baegepeto, ke tla lo tlogedisa kgolègō ea bōnè, ke tla lo rekolola ka lecōgō ye le otlologileñ, le ka ditshekishō tse dikgolo.” (Ekesodo 6:6) Go ya ka moaposetoloi Paulo, Modimo o ne wa tlosa Baiseraele mo Egepeto “ka lecōgō ye le choletsegileñ.” (Ditihō 13:17) Barwa ba ga Kora ba ne ba tlhalosa gore Lefatshe la Tsholofetso le thopilwe ka ntlha ya thuso ya Modimo, ba bolela jaana: “Gonne ga baa ka ba tsaea lehatshe go le rua ka chaka ea bōnè, le gōna lecōgō ya bōnè ga lea ka ya ba boloka: ha e se seatla sa gago se segolo, le lecōgō ya gago, le lesedi ya sehatlhōgō sa gago, ka go bo u nu u le ntlheñ ea bōnè.”—Pesalema 44:3.
4. Go ikanya letsogo le le bolokang la ga Jehofa go ne ga duelwa jang ka nako ya fa Baasiria ba ne ba dikaganyeditse motse?
4 Gape letsogo la ga Jehofa le ne la tla go thusa batho ba gagwe ka nako ya fa Baasiria ba ne ba ba tlhasela. Ka nako eo moperofeti Isaia o ne a rapela jaana: “Yehofa, a u ko u nnè pelochweu go rona: re nntse re gu lebeletse: a ko u nnè lecōgō ya bōnè ka meshō eotlhe, le poloka ea rona mo metlheñ ea tlalèlō.” (Isaia 33:2) Thapelo eo e ne ya arabiwa ka nako ya fa moengele wa Modimo a ne a bolaya batho ba le 185 000 mo bothibelelong jwa Asiria, a tlosa Kgosi Senakaribe “ka ditlhoñ” mo Jerusalema. (2 Ditihalō 32:21; Isaia 37:33-37) Go ikanya letsogo la ga Jehofa le le bolokang ka metlha go a duela.
5. Letsogo le le maatla la Modimo le ne la direla Bakeresete ba ba neng ba bogisiwa eng fa Ntwa ya Lefatshe I e ne e khutla?
5 Letsogo la Modimo le le maatla le ne la boloka Bakeresete ba ba tloditsweng ba ba neng ba bogisiwa fa Ntwa ya Lefatshe I e ne e khutla. Ka 1918 ntlokgolo ya Setlhopha Se Se Laolang e ne ya tlhaselwa ke baba ba bone, mme bakaulengwe ba ba neng ba itsiwe sentle ba ne ba tshwarwa. Ereka ba ne ba boifa mebuso ya lefatshe, ba ba tloditsweng bano ba ne ba batla ba emisa tiro ya bone ya go neela bosupi. Mme ba ne ba rapelela gore e tsosolosiwe le gore ba phepafadiwe boleo jwa go se tlhole ba dira le leswe la go boifa. Modimo o ne wa araba ka go dira gore bakaulengwe ba ba neng ba tswaletswe mo kgolegelong ba gololwe, mme ka bonakonyana fela morago ga moo ba ne ba fitlhelwa ba sena molato. Ka ntlha ya boammaaruri jo bo neng jwa bolelwa mo kopanong ya bone ka 1919 le go tshelwa ga moya wa Modimo o o neng o dira gore ba tsene mo tirong, batlodiwa ba ne ba tsosolositswe gore ba direle Jehofa ba sa boife sepe e le fa go diragadiwa Yoele 2:28-32 kgabagare.—Tshenolō 11:7-12.
Thuso mo Phuthegong
6. Re itse jang gore go a kgonega gore re itshokele maemo a a lekang mo phuthegong?
6 Jaaka fa Modimo a tshegetsa phuthego ya gagwe ka kakaretso, letsogo la gagwe le tshegetsa batho ba ba mo go yone. Gone ke boammaaruri gore, maemo ga a itekanela mo phuthegong nngwe le nngwe ka gonne batho botlhe ga ba itekanela. (Baroma 5:12) Ka jalo batlhanka bangwe ba ga Jehofa ka dinako tse dingwe ba ka nna ba bona maemo mangwe a a lekang mo phuthegong. Ka sekai, lemororo Gaio a ne a “diha tihō ea boikañō” ka go amogela bakaulengwe ba ba etileng ka lorato, Dioterefese o ne a sa ba amogele ebile o ne a leka go leleka ba ba ba amogelang a ba leleka mo phuthegong. (3 Yohane 5, 9, 10) Lefa go ntse jalo, Jehofa o ne a thusa Gaio le ba bangwe gore ba tswelele ba bontsha go amogela baeng gono e le fa ba ema tiro ya go rera ka Bogosi nokeng. Go rapela Modimo le go mo ikanya go tshwanetse ga re thusa go nna re dira ditiro tsa boikanngo mme re ntse re letetse ene gore a siamise maemo ao a ka nnang a bo a leka tumelo ya rona.
7. Bakeresete ba ba ikanyegang ba ne ba tshela tumalanong le boineelo jwa bone mo Modimong lefa go ne go na le maemo afe mo phuthegong ya Korintha?
7 A re re gongwe o ne o le mo phuthegong ya lekgolo la ntlha la dingwaga ya Korintha. Ka nako nngwe, dikgang di ne tsa tshosetsa go utlwana go go leng gone, le go letla boitshwaro jo bo sa siamang go tshosetsa go ela ga moya. (1 Bakorintha 1:10, 11; 5:1-5) Badumedi ba ne ba isana kwa dikgotlatshekelong tsa lefatshe, mme bangwe ba ganetsana ka dilo tse dingwe tse di farologaneng. (1 Bakorintha 6:1-8; 8:1-13) Dikgang, go nna lefufa, go galefa, le go sa direng dilo ka thulaganyo go ne go dira gore botshelo bo nne bokete. Bangwe ba ne ba bo ba belaela gore a Paulo o na le taolo ebile ba nyatsa kgono ya gagwe ya go bua. (2 Bakorintha 10:10) Lefa go ntse jalo, batho ba ba ikanyegang ba ba neng ba le mo phuthegong eo ba ne ba tshela tumalanong le boineelo jwa bone mo Modimong mo nakong eo e e lekang.
8, 9. Re tshwanetse ra dira eng fa re lebane le boemo jo bo lekang mo phuthegong?
8 Fa go tsoga bothata bongwe jo bo lekang, re tshwanetse ra ngaparela batho ba Modimo thata. (Bapisa Yohane 6:66-69.) A re itshokelane, re lemoge gore mo bathong ba bangwe go tsaya sebaka se seleele go gaisa ba bangwe gore ba apare ‘botho jo bosha’ mme ba apare boutlwelobotlhoko, molemo, le boikokobetso mo mogopolong, bonolo, le bopelotelele. Ereka batlhanka ba Modimo le bone ba tshela mo maemong a a farologaneng, rotlhe re tshwanetse ra bontsha lorato le go itshwarela ba bangwe.—Bakolosa 3:10-14.
9 Mokaulengwe mongwe morago ga gore a direle Jehofa ka dingwaga di le dintsi, o ne a bolela jaana: “Fa go na le selo se se neng se le botlhokwa mo go nna, e ne e le kgang ya go nna ke atamalane le phuthego ya ga Jehofa e e bonalang. Se ke se boneng ka nako ya fa ke ne ke santse ke gola se ne sa nthuta kafa go sa utlwaleng ka gone gore ke ikaege ka tsela ya motho ya go akanya. Fa mogopolo wa me o setse o baakantswe mo ntlheng eo, ke ne ke ikemisetsa go nnela ruri mo phuthegong eno e e ikanyegang. Motho a ka bona jang go ratwa ke Jehofa le go segofadiwa ke ene ka tsela e nngwe e sele?” A le wena o anaanela tshiamelo e o nang le yone ya go direla Jehofa le batho ba gagwe ba ba itumetseng? (Pesalema 100:2) Fa e le gore go ntse jalo, ga o kitla o letla sepe gore se go gogele kgakala le phuthego ya Modimo kana gore o senye kamano ya gago le Yo letsogo la gagwe le bolokang bao ba mo ratang.
Thuso ka Nako ya Fa Re Raelwa
10. (a) Thapelo e thusa batho ba Modimo jang gore ba lebane le thaelo? (b) Paulo o ne a neela tlhomamisetso efe mo go 1 Bakorintha 10:13?
10 Jaaka batho ba ba ikanyegang bao ba leng mo phuthegong ya Modimo, o a re thusa ka nako ya fa re raelwa. Ka sekai, o re thusa gore re boloke bothokgami jwa rona mo go ene fa re raelwa. Gone ke boammaaruri gore, re tshwanetse ra rapela tumalanong le mafoko ano a ga Jesu: “A u ko u se ka ua re isa mo thaeloñ, me u re gololè mo go eo o boshula,” ebong Satane Diabolo. (Mathaio 6:9-13) Tota gone re a bo re kopa Modimo gore a se ka a re letla gore re palelwe fa re raelwa gore re se ka ra mo utlwa. Gape o arabela dithapelo tsa rona fa re mo kopa gore a re neele botlhale jwa gore re fenye diteko. (Yakobe 1:5-8) Mme batlhanka ba ga Jehofa ba ka tlhomamisega gore o tla ba thusa, ka gonne Paulo o ne a bolela jaana: “Ga loa wèlwa ke thaèlō epè e e sa kakeñ ea ichōkèlwa ke motho: me Modimo o boikañō o o se ketlañ o lo lesa loa raèlwa ka mo go hetañ nonohō ea lona; me o tla re mo thaeloñ o lo baakanyetse kgōrō ea phalolō le eōna, gore lo tlè lo bōnè go e ichokèla.” (1 Bakorintha 10:13) Thaelo e e ntseng jalo e tswa kae, mme Modimo o dira jang kgoro ya phalolo?
11, 12. Baiseraele ba ne ba ineela mo dithaelong dife, mme re ka solegelwa molemo jang ke seo se neng sa ba diragalela?
11 Thaelo e tswa mo maemong ao a ka nnang a re raela gore re se ka ra ikanyega mo Modimong. Paulo o ne a bolela jaana: “Me yana dilō tse e ne e le dikaèlō tsa rona, gore re se ka ra eletsa dilō tse di boshula, yaka [Baiseraele] ba kile ba di eletsa. Le gōna lo se ka loa nna baōbamedi ba medimo ea disètwa, yaka bañwe ba bōnè; yaka go kwadilwe, ga twe, Batho ba ne ba dulèla go ya le go nwa, me ba nanoga ba tshameka. Le gōna a re se diheñ boaka, yaka bañwe ba bōnè ba kile ba diha, me ba shwa ka letsatsi le le leñwe hèla ba le bothousanda ba ba mashomè mabedi le boraro. Le gōna a re se lekeñ Morèna, yaka bañwe ba bōnè ba kile ba mo leka, me ba bolawa ke dinōga. Le gōna lo se ka loa ñōñōrèga, yaka bañwe ba bōnè ba kile ba ñōñōrèga, me ba nyèlèdiwa ke mosenyi.”—1 Bakorintha 10:6-10.
12 Baiseraele ba ne ba eletsa dilo tse di sa siamang fa ba ne ba itetla go raelwa ke thaelo ya go nna bogagapa fa ba phutha le fa ba ne ba ja makutikweo ao ba neng ba a neilwe ke Modimo ka kgakgamatso. (Dipalō 11:19, 20, 31-35) Nakonyana pele ga moo ba ne ba nna baobamedi ba medimo ya disetwa fa ka go bo ba ne ba sa bone Moshe ba ne ba raelesege go obamela namane. (Ekesodo 32:1-6) Ba le diketekete ba bone ba ne ba swa ka gonne ba ne ba ineela go raelwa mme ba akafala le basadi ba Moaba. (Dipalō 25:1-9) Fa Baiseraele ba ne ba ineela go raelwa mme ba ngongorega fa Kora, Dathane, Abirame, le ditsala tsa bone tse di botsuolodi di ne di senngwa, ba le 14 700 ba ne ba swa ka sebetso se se tswang kwa Modimong. (Dipalō 16:41-49) Re ka solegelwa molemo ke maitemogelo a a tshwanang le ano fa re lemoga gore ga go na epe ya dithaelo tseno eo e neng e le kgolo mo eleng gore Baiseraele ba ne ba ka se ka ba kgona go emelana le yone. Ba ne ba ka kgona go emelana le yone fa ba ne ba na le tumelo, fa ba ne ba ka bo ba lebogela tlhokomelo e e lorato ya Modimo, lefa ba ne ba ka bo ba ile ba lemoga kafa Molao wa gagwe o siameng ka gone. Fa ba ka bo ba dirile jalo letsogo la ga Jehofa le ka bo le ba bolokile, fela jaaka le ka kgona go re boloka.
13, 14. Jehofa o baakanyetsa jang kgoro ya phalolo fa batlhanka ba gagwe ba lebane le thaelo?
13 Jaaka Bakeresete, re lebana le diteko tse motho a ka kgonang go di itshokela. Lefa go ntse jalo, re ka kgona go nna re ntse re ikanyega mo Modimong ka go rapela gore a re thuse mme re dire ka natla go emelana le thaelo. Modimo o a ikanyega, ebile ga a kitla a re letla gore raelwe go feta kafa re ka kgonang go itshoka ka gone. Fa re ikanyega mo go Jehofa, ga re kitla re go leba e le selo se se sa kgonegeng gore re dire thato ya gagwe. O re direla kgoro ya phalolo ka go re nonotsha gore re emelane le thaelo. Ka sekai, fa re bogisiwa, re ka nna ra raelwa gore re ineele ka gonne re solofela gore ga re kitla re tlhokofadiwa kana re swa. Mme fa re ikanya letsogo la ga Jehofa le le maatla, thaelo ga e ke e bo e fitlha kwa a ka se kang a nonotsha tumelo ya rona mme a re neela nonofo e e lekaneng ya gore re boloke bothokgami jwa rona. Jaaka fa moaposetoloi Paulo a ne a bolela: “Rea pitlèlèlwa ka ntlha cotlhe, leha go nntse yalo ga rea pitlagana; rea akabadiwa, leha go nntse yalo e be e se mo go re tlhobosañ. Rea khukhèlwa, leha go nntse yalo ga rea latlhwa; re thubanyediwa ha hatshe, leha go nntse yalo ga rea senyèga.”—2 Bakorintha 4:8, 9.
14 Jehofa gape o nonotsha batho ba gagwe ka go dirisa moya wa gagwe jaaka mogakolodi le morutisi. O re dira gore re gakologelwe dintlha dingwe tsa Dikwalo mme o re thusa gore re lemoge tsela eo re tshwanetseng ra di dirisa ka yone e le gore re kgone go emelana le thaelo. (Yohane 14:26) Batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa ba itse gore ke eng se se akarediwang mo thaelong mme ga ba tsiediwe gore ba latele tsela e e phoso. Modimo o dirile kgoro ya phalolo ka go ba dira gore ba itshoke go fitlha ba bo ba swa kwantle ga gore ba ineele gore ba raelwe. (Tshenolō 2:10) Kwantle ga go thusa batlhanka ba gagwe ka moya wa gagwe, Jehofa o dirisa baengele ba gagwe mo boemong jwa phuthego ya gagwe.—Bahebera 1:14.
Thuso mo Dilong Tse Di Amang Motho ka Boene
15. Re ka bona thuso efe e e re amang ka namana mo go Sehela sa Dihela?
15 Ba ba mo phuthegong ya ga Jehofa o a ba thusa mo dilong tse di amang bone ka namana. Ka sekai, bangwe ba ka nna ba bo ba batla molekane wa Mokeresete. (1 Bakorintha 7:39) Fa e le gore o ile a go swabisa, go ka nna ga nna molemo gore o akanyetse kgosi ya Baiseraele ebong Solomone. O ne a palelwa ke go dira gore lekgarebane la Moshulama le amogele gore a le nyale ka gonne le ne le ratana le modisa wa maemo a a kwa tlase. Pego ya kgosi ka ntlha eno e ka nna ya bidiwa Pina ya Lorato Lo Lo Gannweng lwa ga Solomone. Re ka nna ra bo ra lela fa maiteko a rona a go ratana le motho a itaya sefololetse mo mabakeng mangwe, mme Solomone o ne a kgona go fenya go swaba thata goo mme le rona re ka kgona. Moya wa Modimo o ka nna wa re thusa go bontsha boikgapo le dinonofo tse dingwe tsa Modimo. Lefoko la gagwe le re thusa go amogela ntlha e gantsi e nnang botlhoko ya gore motho ga a ka ke a ratana le mongwe le mongwe fela. (Sehela sa Dihela 2:7; 3:5) Lefa go ntse jalo, Sehela sa Dihela se bontsha gore go ka nna ga kgonega gore re bone modumedi yo mongwe yo o re ratang thata. Se se botlhokwa le go feta, ‘sefela seno sa difela’ se diragadiwa mo loratong lo Modisa Yo O Molemo, ebong Jesu Keresete, a nang le lone go “monyadiwa” wa balatedi ba gagwe ba ba tloditsweng ba ba 144 000.—Sehela sa Dihela 1:1; Tshenolō 14:1-4; 21:2, 9; Yohane 10:14.
16. “Pitlaganō mo nameñ” eo e itemogelelwang ke Bakeresete ba ba nyalaneng e ka nna ya akaretsa eng?
16 Tota le eleng le bao ba nyetseng modumedi ba na le “pitlaganō mo nameñ.” (1 Bakorintha 7:28) Go tla nna le matshwenyego ao a amang monna le mosadi le bana ba bone. (1 Bakorintha 7:32-35) Bolwetsi bo ka nna jwa lere mathata le kutlobotlhoko. Pogiso kana mathata a tsa itsholelo di ka nna tsa dira gore go nne thata mo go rre wa Mokeresete go tlamela lelapa la gagwe ka dilo tse ba di tlhokang mo botshelong. Batsadi le bana ba ka nna ba kgaoganngwa ka go tshwarwa mo kgolegelong, mme bangwe ba ka nna ba bo ba tlhokofatswa tota le eleng le go bolawa. Mme mo maemong ao otlhe, re ka nna ra emelana le thaelo ya gore re itatole tumelo ya rona fa e le gore eleruri re ikanya letsogo le le bolokang la ga Jehofa.—Pesalema 145:14.
17. Ke mathata afe a lelapa ao Modimo o neng wa dira gore Isake le Rebeka ba kgone go a itshokela?
17 Re ka nna ra tshwanelwa ke gore re itshokele diteko dingwe lobaka lo loleele. Ka sekai, morwa a ka nna a dira gore batsadi ba gagwe ba ba ineetseng ba utlwe botlhoko ka go nyala motho yo o sa dumelang. Go ne ga direga selo se se ntseng jalo mo lelapeng la tlhogo ya losika ebong Isake le mosadi wa gagwe ebong Rabeka. Morwa wa bone yo o nang le dingwaga di le 40 ebong Esau o ne a nyala basadi ba le babedi ba Bahita bao e neng e le “kutlwishō botlhoko mo peduñ ea ga Isake le ea ga Rebeka.” Tota ebile, “Rebeka a raea Isake, a re, Ke lapisicwe ke botshelō yoa me ka ntlha ea bomorwadia Hethe: ha Yakobe [morwa yo mongwe wa bone] a tsaea mosadi mo go bomorwadia Hethe, ba ba etsañ ba, ba bomorwadia lehatshe ye, botshelō yoa me bo tla nna le molemō oa eñ mo go nna.” (Genesise 26:34, 35; 27:46) Ka mo go bonalang ka gone, moya o o siameng wa ga Rebeka o ne o bogisiwa ke bothata jono jo bo nnetseng ruri. (Bapisa 2 Petere 2:7, 8.) Lefa go ntse jalo, letsogo la ga Jehofa le ne la thusa Isake le Rabeka, le dira gore ba itshokele teko eno mme ba nntse ba na le kamano e e nonofileng le Ene.
18. Ke teko efe eo C. T. Russell a neng a e itshokela a thusiwa ke Modimo?
18 Go utlwisa botlhoko fa leloko le le kolobeditsweng la lelapa le boela kwa morago mo go direleng Modimo. (Bapisa 2 Timotheo 2:15.) Lefa go ntse jalo, ba bangwe ba ne ba bo ba itshokela go latlhegelwa le ke balekane ba bone tota semoyeng, jaaka fa go ne ga nna ka Charles T. Russell, ebong mookamedi wa ntlha wa Watch Tower Society. Mosadi wa gagwe o ne a kgaola dikamano tsa gagwe le Mokgatlho mme a mo tlogela ka 1897, morago ga mo e ka nnang dingwaga di le 18 ba ntse ba nyalane. Ka 1903 o ne a leka go kgaogana le ene semolao, mme o ne a kgona go kgaogana le ene semolao ka 1908. Go ne ga bonala sentle gore o ne a utlwile botlhoko fa a ne a mmolelela jaana mo lekwalong la gagwe leo a le kwadileng morago fela ga gore ba kgaogane: “Ke ile ka rapela thata gore Morena a go thuse. . . . Ga ke kitla ke go tshwenya ka go go bolelela ka kutlobotlhoko ya me, ebile ga ke kitla ke leka go kgobera maikutlo a gago ka go go tlhalosetsa ka botlalo tsela e ke ikutlwang ka yone, fa ke ntse ke bona nako le nako diaparo tsa gago le dilo tse dingwe tse di dirang gore ke gakologelwe sentle tsela eo o neng o le ka yone pele—o tletse lorato tota ebile o le kutlwelobotlhoko le go nna molemo—o bontsha moya wa ga Keresete. . . . Ao, ke kopa gore o akanyetse ka thapelo seo ke tla tlogang ke se bua. Mme o tlhomamisege gore selo se se nkutlwisang botlhoko thata, tsela e se tlileng go nkama ka yone mo maikutlong, ga se go nna ke le esi mo botshelong jotlhe jwa me jo bo setseng, mme ke go wa ga gago, moratiwa, go latlhegelwa ga gago ka bosakhutleng, go ya kafa ke bonang ka gone.” Lefa Russell a ne a utlwile botlhoko jaana, Modimo o ne wa mo tshegetsa go fitlha kwa bokhutlong jwa botshelo jwa gagwe jwa mo lefatsheng. (Pesalema 116:12-15) Jehofa o tshegetsa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang ka metlha.
Go Tswa mo Kutlobotlhokong
19. Ke eng se re tshwanetseng ra se gakologelwa fa mathata a a tshwenyang maikutlo tota a re gatelela?
19 Batho ba ga Jehofa ba mo itse e le “Modimo oa dikgololō,” Ene yo o “rwalañ merwalō ea rona ka malatsi.” (Pesalema 68:19, 20) Ka gone, jaaka batho ba ba ineetseng ba ba leng mo phuthegong ya gagwe e e mo lefatsheng, mma re se ka le ka motlha ra bo ra tsamaya ra fenngwa ke kutlobotlhoko fa mathata a ntse a tswelela. Gakologelwa gore “Modimo ke botshabèlō yoa rona le thata, thushō e e gauhi thata mo tlaleloñ.” (Pesalema 46:1) Ka metlha fa re mo ikanya re a duelwa. “Ka batla Yehofa, me a nkaraba,” go ne ga rialo Dafide, “me a nkgolola mo dipoihoñ tsa me cotlhe hèla. . . . Mohumanegi eo, o na a bitsa, mme Yehofa a mo utlwa, a mo golola mo ditlaleloñ cotlhe tsa gagwè.”—Pesalema 34:4-6.
20. Ke potso efe e e santseng e tlhoka go sekasekiwa?
20 Ee, Rraarona wa selegodimo o boloka batho ba gagwe mo ditlalelong tsotlhe. O tshegetsa phuthego ya gagwe e e mo lefatsheng, o neela thuso mo dilong tse di malebana le phuthego le mo go tse di amang motho ka boene. Ee, “Yehofa ga a ketla a latlha batho ba gagwè.” (Pesalema 94:14) Mme a re sekaseke ditsela tse dingwe tseo Jehofa a thusang batho ba gagwe ka namana mo go tsone. Rraarona wa selegodimo o thusa jang batlhanka ba gagwe bao ba lwalang, bao ba utlwileng botlhoko mo mogopolong, bao ba utlwisitsweng botlhoko thata ke go bo ba latlhegetswe ke baratiwa ba bone ka loso, kana bao ba utlwisitsweng botlhoko ke diphoso tsa bone? Jaaka fa re tla bona, le mo mabakeng ano, re na le lebaka la go ikaega ka letsogo le le maatla la ga Jehofa.
O Ne O Ka Araba ka Jang?
◻ Letsogo la ga Jehofa le ile la boloka jang mo dinakong tse di fetileng?
◻ Jehofa o thusa batho ba gagwe jang mo phuthegong gompieno?
◻ Modimo o neela thuso efe mo dilong tse di amang motho ka boene?
◻ Re tshwanetse ra dirang fa mathata a a dirang gore re tlalelwe a tswelela?
[Setshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Modimo o ne wa ntsha Baiseraele kwa Egepeto ‘ka letsogo le le goletsegileng’