Tsela ya Konokono ya go Bona Bokeresete jwa Mmatota Ke Efe?
GOMPIENO, batho ba le bantsi ba bolela gore ke Bakeresete go gaisa setlhopha sepe se sengwe sa bodumedi. Mme ditumelo tsa batho bano ba ba itshemang e le Bakeresete di a ikganetsa, ga ba utlwane, mme ebile ka dinako tse dingwe ba a bolaana. Ka mo go utlwalang, batho ba le bantsi ga se Bakeresete ba mmatota. Jesu o ne a bolela gore mo motlheng wa rona, batho ba le bantsi ba ne ba tla mo raya ba re, “Morèna, Morèna,” ka mafoko a mangwe, ba bolela gore ke Bakeresete, mme lefa go ntse jalo o ne a tla ba raya a re: “Ga ke e se nke ke lo itse gopè; tlogañ ha [go] nna, lona ba lo dihañ tshiamololō.” (Mathaio 7:21, 23) Eleruri, ga go na ope wa rona yo o neng a ka rata go nna mo go bone! Ka jalo re ka itse jang gore a re Bakeresete ba mmatota kana nnyaa?
Boammaaruri ke gore, go na le dilo di le dintsi tse di tlhokegang gore motho e nne Mokeresete wa mmatota. Mokeresete wa mmatota o tshwanetse a nna le tumelo e e nonofileng ka gonne “kwa ntlè ga tumèlō go reteletse rure go . . . kgatlha [Modimo].” (Bahebera 11:6) Tumelo e e maatla eo e tshwanetse ya bo e na le ditiro tse di siameng. Morutwa Jakobe o ne a tlhagisa gore “tumèlō ha e tlhalanye le ditihō e shule.” (Yakobe 2:26) Mo godimo ga moo, Mokeresete o tshwanetse a lemoga taolo eo “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” a nang le yone. (Mathaio 24:45-47) Mme selo se segolo se se batlegang mo Bokereseteng jwa mmatota ke sengwe se se farologaneng le dilo tseno.
Selo sa konokono ke eng? Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa mo lekwalong la gagwe la ntlha leo a neng a le kwalela Bakorintha jaana: “Ha ke bua dipuō tsa batho le tsa baengele, me ha ke sena loratō, ke be ke etsa kgōtlhō e e gogomañ, kgotsa dimatla tsa tshipi tse di ōpañwañ hèla. Me ha ke na le nèō ea go ranola, me ke bile ke itse masaitsiweñ aotlhe le kicō eotlhe; ha ke na le tumèlō eotlhe, e le e e lekanyeñ go hudusa dithaba, me ha ke sena loratō, ke be ke se sepè hèla. Me ha ke ntsha dilō cotlhe tsa me ke otla bahumanegi ka cōna, me ha ke ntshetsa mmele oa me go hisiwa, me ha ke sena loratō, ga go nthuse sepè.”—1 Bakorintha 13:1-3.
Ka jalo lorato ke sone selo sa konokono mo Bokereseteng jwa mmatota. Tumelo, ditiro, le ditsala tse di siameng di botlhokwa, di a tlhokega. Mme fa lorato lo seo, ga go bonale seo di se dirang. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo?
Totatota, ke ka ntlha ya mofuta wa Modimo o re o obamelang. Moaposetoloi Johane o ne a tlhalosa Jehofa, ebong Modimo wa Bokeresete jwa mmatota, ka mafoko ano: “Modimo o loratō.” (1 Yohane 4:8) Jehofa Modimo o na le dinonofo tse dingwe tse dintsi, tse di tshwanang le maatla, tshiamiso, le botlhale, mme ereka thatathata e le Modimo wa lorato, o ne a tla batla gore baobamedi ba gagwe e nne batho ba mofuta mang? Eleruri, o ne a tla batla batho ba ba mo etsang le ba ba tlhagolelang lorato.—Mathaio 5:44, 45; 22:37-39.
Boikutlo Jo Bo Siameng
Ee, lorato lo dira gore Bakeresete ba tshwane le Modimo o ba o obamelang. Go bolela gore boikutlo jwa bone bo tshwana le jwa Modimo. Ke boikutlo bofe thatathata jo bo neng jwa tlhotlheletsa Jehofa Modimo gore a romele Jesu mo lefatsheng go re neela tshono ya gore re bone botshelo jo bo sa khutleng? Ke lorato. “Gonne Modimo o ratile lehatshe mo go kalo kalo, oa ntsha Morwa ōna eo o tsecweñ a le esi, gore leha e le mañ eo o dumèlañ mo go èna a se ka a nyèlèla, me a bōnè botshelō yo bo sa khutleñ.” (Yohane 3:16) Mme he boikutlo jwa rona e tshwanetse ya nna eng fa re dira thato ya Modimo. Gape, ke lorato. “Gonne lo ke lōna loratō loa Modimo, gore re bolokè ditaolō tsa ōna.”—1 Yohane 5:3.
A go a kgonega go direla Modimo ka boikutlo jo bo phoso? Ee. Paulo o ne a umaka bangwe mo metlheng ya gagwe bao ba neng ba direla ka ntlha ya go fufega le go gaisana. (Bafilipi 1:15-17) Seno se ne se ka nna sa direga le mo go rona. Lefatshe leno le tletse thata ka go gaisana, mme one moya oo o ka nna wa re ama. Re ka nna ra tswa re ikgantsha ka go akanya gore re dibui tse di botoka tsa phatlalatsa kana gore re kgona go tsamaisa dibuka tse dintsi go gaisa ba bangwe. Re ka nna ra bapisa ditshiamelo tsa rona tsa tirelo le tseo di ipelelwang ke mongwe o sele mme ra ikgantsha—kana ra eletsa tsa yo mongwe. Mogolwane a ka nna a tswa a le lefufa ka boemo jwa gagwe le ka taolo ya gagwe, a bo a ye ntlheng ya gore a kgoreletse mokaulengwe yo o santseng a le mosha yo o nang le bokgoni gore a se ka a dira kgatelopele. Go eletsa go bona dilo tse di oketsegileng ka borona go ka nna ga re tlhotlheletsa gore re tlhagolele botsala le Bakeresete ba ba humileng mme re itlhokomolose ba ba humanegileng.
Dilo tseno di ka nna tsa direga ka gonne re sa itekanela. Lefa go ntse jalo, fa—fela jaaka Jehofa—re dira gore lorato e nne sone selo se segolo se se re tlhotlheletsang, re tlile go lwantshana le ditshekamelo tseno. Bogagapa, go eletsa go ikgalaletsa, kana boikgodiso di ka nna tsa fekeetsa lorato, gore re se ka ra ‘thusega ka sepe.’—Diane 11:2; 1 Bakorintha 13:3.
Lorato mo Lefatsheng Le Le Nang le Bogagapa
Jesu o ne a bolela gore balatedi ba gagwe ba ne ba se kitla ‘ba nna karolo ya lefatshe.’ (Yohane 17:14) Re ka tila jang gore re se ka ra fenngwa ke tlhotlheletso ya lefatshe le le re dikologileng? Lorato lo tla thusa. Ka sekai, gompieno batho ke “barati ba dikgatlhègō, bogolo go go nna barati ba Modimo.” (2 Timotheo 3:4) Johane o ne a re tlhagisa gore re se ka ra nna jalo. O ne a bolela jaana: “Se rateñ lehatshe, leha e le dilō tse di mo lehatshiñ. Ha motho a rata lehatshe, loratō loa Rara ga loeō mo go èna. Gonne cotlhe tse di mo lehatshiñ, eboñ thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, le mabela a botshelō, ga se ga Rara, me ke ga lehatshe.”—1 Yohane 2:15, 16.
Lefa go ntse jalo, ga go bonolo go gana “thatō ea nama” le “kgatlhègō ea matlhō” gotlhelele. Dilo tseno di a ratega thatathata e le ka gonne di ikuela thata mo nameng. Mo godimo ga moo, go na le dilo di le dintsi gompieno tse di farologaneng tse di itumedisang go gaisa tse di neng di le gone ka motlha wa ga Johane, ka jalo fa e le gore kgatlhego ya matlho e ne e le bothata ka nako eo, ke bothata tota le gompieno.
Ka mo go kgatlhisang, menate e le mentsi ya segompieno eo lefatshe le e neelang ga e phoso ka boyone. Ga go na sepe se se phoso ka go nna le ntlo e kgolo, sejanaga sa mabonobono, thelebishene, kana radio ya setirio. Ebile ga se go roba molao wa Bibela go tsaya maeto a maleele, a a kgatlhisang le go tsaya malatsi a boikhutso a a itumedisang. Mme jaanong he, tlhagiso ya ga Johane e ne e bolela eng? Gone ke boammaaruri gore, fa e le gore dilo tse di ntseng jalo di nna botlhokwa thata mo go rona, di dira gore re nne le moya wa bogagapa mo go rona, go rata dilo tse di bonalang, le go ikgodisa. Mme boiteko jwa gore re batle madi a gore re nne le tsone bo ka nna jwa re kgoreletsa mo tirelong ya rona mo go Jehofa. Tota le eleng le go ipelela dilo tse di ntseng jalo go tsaya nako, mme lemororo go iketla ka selekanyo se se rileng go lapolosa, nako ya rona e nnye, ka ntlha ya boikarabelo jo re nang le jone jwa gore re ithute Bibela, re kopane le Bakeresete mmogo le rona gore re obamele, mme re rere mafoko a a molemo a Bogosi.—Pesalema 1:1-3; Mathaio 24:14; 28:19, 20; Bahebera 10:24, 25.
Mo motlheng ono wa go rata dilo tse di bonalang, go tlhokega gore motho a bo a ikemiseditse go ‘baya Bogosi jwa Modimo kwa pele’ mme a ganane le go ‘dirisa lefatshe leno ka botlalo.’ (Mathaio 6:33; 1 Bakorintha 7:31) Tumelo e e maatla e tla thusa. Mme segolobogolo, lorato lwa mmatota mo go Jehofa le go rata baagelani go tla re nonotsha gore re emelane le dithaelo tseo, lemororo di se phoso ka botsone, di ka nnang tsa re kganela go ‘swetsa bodihedi jwa rona ka botlalo.’ (2 Timotheo 4:5) Fa re sena lorato lo lo ntseng jalo, bodihedi jwa rona bo ka nna jwa fetoga selo se re se dirang go diragatsa molao fela.
Lorato mo Phuthegong
Jesu o ne a tlotlomatsa kafa lorato lo leng botlhokwa ka gone fa a ne a bolela jaana: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.” (Yohane 13:35) Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba tshwanetse ba dirisa nako e ntsi jaana ba disa Bakeresete mmogo le bone le go ba thusa fa ba ne ba sa ba rate? Ke ka ntlha yang fa phuthego e tshwanetse ya itshokela makoa a bankabone—go akaretsa le bagolwane—fa e ne e se ka ntlha ya lorato? Lorato lo tlhotlheletsa Bakeresete gore ba thusane ka tsela ya senama fa ba utlwa gore ba bangwe ba a tlhoka. (Ditihō 2:44, 45) Ka dinako tsa pogiso, Bakeresete ba a sireletsana ebile ba swela ba bangwe. Ka ntlha yang? Ka ntlha ya lorato.—Yohane 15:13.
Ka dinako tse dingwe dilo tse dikgolo tse di bontshang lorato lono di tla ka dilonyana tse dinnye. Mogolwane, yo o lapileng ka ntlha ya tiro e e boima, a ka nna a atamelwa ke Mokeresete mmogo le ene yo gape a lerileng ngongorego eo e lebegang e se botlhokwa go le go kalo mo mogolwaneng yono. A mogolwane yono o tshwanetse a galefa? Mo boemong jwa gore a letle seno gore e nne selo se se bakang dikgaogano, o dirisana le mokaulengwe wa gagwe ka bopelotelele le ka tsela e e bonolo. Ba tlotle kgang eno mmogo, mme gape e nonotsha botsala jwa bone. (Mathaio 5:23, 24; 18:15-17) Mo boemong jwa gore mongwe le mongwe a ganelele mo ditshwanelong tsa gagwe, botlhe ba tshwanetse ba leka go tlhagolela bopelotelele jo Jesu a neng a bo tlhalosa fa bo le molemo, ba iketleeditse go itshwarela bakaulengwe ba bone ‘ga masome a supa le bosupa.’ (Mathaio 18:21, 22, NW) Ka gone, Bakeresete ba leka thata ga ikapesa lorato, “lo e leñ lōna sebōhō sa boitekanèlō.”—Bakolosa 3:14.
Go Nonotsha go Ratana ga Rona
Ee, lorato ke boikutlo jo bo molemo jwa go direla Jehofa. Lorato lo tla re nonotsha gore re nne re kgaogane le lefatshe, mme lorato lo tla re tlhomamisetsa gore phuthego e nna e le ya Bokeresete eleruri. Lemororo lo sa dire gore re se ka ra nna ba re dirang dilo ka tsela e e seng molemolemo, lo tla thusa bao ba eteletseng pele gore ba se ka gagamalela go dira dilo ka matsetseleko mo e leng gore ba lebala le go nna pelonomi le bonolo fa ba dirisana le ba bangwe. Lorato lo re thusa rotlhe gore re ‘utlwe ba ba re laolang, mme re ba ineele.’—Bahebera 13:17.
Moaposetoloi Petere o ne a re kgothaletsa gore re nne le ‘lorato lo lo tseneletseng’ mo go ba bangwe ka gonne “loratō lo tlo lo bipe bontsi yoa dibe.” (1 Petere 4:8) Re ka dira seno jang? Motho o ne a bopiwa mo setshwanong sa Modimo mme ka ntlha ya moo o na le kgono eo ya tlholego ya go rata. Mme mofuta wa lorato o re buang ka one fano o batla sengwe se se oketsegileng. Tota ebile, ke lone leungo le legolo la moya wa Modimo. (Bagalatia 5:22) Ka ntlha ya moo, go tlhagolela lorato, re tshwanetse ra itetla gore re nne le moya wa Modimo. Jang? Ka go ithuta Bibela, e e tlhotlheleditsweng ke moya wa ga Jehofa. (2 Timotheo 3:16) Ka go rapelela moya wa ga Jehofa gore o agelele lorato lwa rona mo go Jehofa le mo bakaulengweng ba rona. Le ka go ikopanya le phuthego ya Bokeresete, eo moya ono o elelang o sa kgorelediwe ke sepe mo go yone.
Gape re tshwanetse ra itlhatlhoba gore re bone gore a ga re dire ditiro dipe tse di senang lorato kana megopolo epe e e senang lorato mo go yone. Gakologelwa gore, lorato ke selo se se tswang mo pelong, ebile “pelo e boherehere bogolo go dilō cotlhe, e botlhoko thata.” (Yeremia 17:9) Go sa kgathalesege thuto yotlhe eo Jehofa a re neelang yone, ka dinako dingwe re tla dira dilo ka tsela e e senang lorato. Re ka nna ra bua ka tsela e e bogale go ne go sa tlhokege mo Bakereseteng ka rona, kana re ka nna ra kgopisiwa ke sengwe se se boletsweng. Ka ntlha ya moo, re tla bo re dira sentle go boeletsa mafoko ano a thapelo ya ga Dafide: “Modimo, a u ko u mphukutsè, u bo u itse pelo ea me: nteka, me u itse megopolō ea me: Me u bōnè ha go na le mokgwa moñwe oa boikèpō mo go nna; me u nkgōgè mo tseleñ e e sa khutleñ.”—Pesalema 139:23, 24.
Jaaka fa Bibela e bolela, “loratō ga lo ko lo tlhaèla gopè.” (1 Bakorintha 13:8) Fa re ratana, ga re kitla re bo re fitlhelwa re tlhaela ka nako ya fa re lekwa. Lorato lo lo leng gone mo gare ga batho ba Modimo lo na le go le gontsi go lo go dirang mo paradaiseng ya semoya eo e leng gone gompieno. Ke fela bao ba ratanang tota go tswa mo pelong bao ba tla bonang boitumelo jwa go tshela mo lefatsheng le lesha. Ka ntlha ya moo, etsa Jehofa ka go bontsha lorato lono mme ka go dira jalo o nonotshe sebofo sa kutlwano. Tlhagolela lorato, mme o nne le selo sa konokono se se batlegang mo Bokereseteng jwa mmatota.