LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 10/1 ts. 29-31
  • “Lo Se Ka Loa Rumola Bana ba Lona go Ba Gakatsa”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “Lo Se Ka Loa Rumola Bana ba Lona go Ba Gakatsa”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seo ‘go Ba Rumola’ go Se Bolelang
  • Go Godisetsa Bana mo Kwatlhaong ya Modimo
  • Bontsha Bana ba Gago Gore O a Ba Kgatlhegela
    Tsogang!—2005
  • Thapisa Ngwana wa Gago go Tloga Boseeng
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
  • Batsadi—Thapisang Bana ba Lona ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • A Baebele E ka Go Thusa go Thapisa Bana ba Gago?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 10/1 ts. 29-31

“Lo Se Ka Loa Rumola Bana ba Lona go Ba Gakatsa”

“BORRA bana, lo se ka loa rumola bana ba lona go ba gakatsa.” Go ne ga bolela jalo moaposetoloi Paulo. (Baefesia 6:4) Mo dinageng tsa Bophirima, koo batsadi ba nnang ba tshwenyegile ebile ba lapile ka ntlha ya go dira ka thata, ga se ka metlha go leng motlhofo mo go bone gore ba nne bonolo mo baneng ba bone. Ebile go godisa bana ke kgwetlho e kgolo mo dinageng tse di santseng di gola. Gone ke boammaaruri gore, lobelo lwa botshelo le ka nna la nna bonya go gaisa la kwa Bophirima. Mme ditlwaelo le dingwao di ka nna tsa tlhotlheletsa batsadi gore ba dirisane le bana ba bone ka ditsela tseo e leng gore di ka swabisa bana le go ba gakatsa.

Bana mo dinageng dingwe tse di santseng di tlhabologa ga ba tsewe e le ba sepe ebile ga ba tlotliwe. Mo dingwaong tse dingwe bana ba buisiwa ka go newa ditaolo fela le go tshosediwa fela le go gatelelwa, ba omanngwa le go utlwisiwa botlhoko. Go ka nna ga nna selo sa sewelo go utlwa motsadi a bua le ngwana ka tsela e e bonolo, ebile o batla o sa utlwe mafoko a a molemo a a tshwanang le “tsweetswee” le “ke a leboga.” Borre ba ikutlwa gore ba tshwanetse ba bontsha taolo ya bone ka go itaya bana; mafoko a a botlhoko a gatelelwa ka thupa e e botlhoko.

Mo dingwaong dingwe tsa Afrika, go bile go tsewa gore ke selo se se sa siamang gore ngwana a dumedise motho yo o godileng pele. Go tlwaelegile go bona basha, ba rwele merwalo e e boima mo ditlhogong tsa bone, ba letile ka bopelotelele gore ba newe tetla ya go dumedisa setlhopha sa bagolo. Batho ba ba godileng bano ba tla tswelela ba itlotlela fela, ba itlhokomolosa basha bano ba ba santseng ba letile go fitlha ba tlhopha go ba letla gore ba ba dumedise. Ke fela morago ga gore go dumedisiwe jalo bana ba tla letlwang go feta.

Khumanego ke selo se sengwe se se ka nnang sa utlwisa bana botlhoko. Batho ba ba santseng ba le basha ba dirisiwa ka tsela e e sa siamang jaaka badiri ba santse ba le bannye, se se dirang gore ba se ka ba itekanela sentle mo mmeleng le gore ba se ka ba tsena sekolo. Ditiro tse di boima thata di ka nna tsa newa bana tota le mo gae. Mme fa malapa a a leng mo dinagamagaeng a romela bana ba bone kwa ditoropong tse dikgolo gore ba ye go tlhokomelwa ke balosika fa ba ntse ba tsena sekolo, gantsi ba tsholwa fela jaaka batlhanka. Eleruri tsela eno e e sa siamang ya go tshola bana e tshwenya bana!

Seo ‘go Ba Rumola’ go Se Bolelang

Batsadi bangwe ba tlhotlheletsega bonolo fela gore ba laolwe ke tsela e e tlwaetsweng e e fetofetogang ya lefatshe ya go godisa bana kwantle ga gore ba akanyetse se se ka nnang sa direga. Lefa go ntse jalo, go molemo go bo Lefoko la Modimo le kgothatsa batsadi gore ba se ka ba rumola bana ba bone go ba gakatsa. Lefoko la ntlha la Segerika leo le ranotsweng jaaka ‘lo se ka lwa ba rumola go ba gakatsa’ totatota le bolela “lo se ka lwa ba gakatsa gore ba galefe.” (Kingdom Interlinear) Mo go Baroma 10:19, lone lediri leo le ranotswe jaaka go “shakgatsa.”

Ka gone Today’s English Version e bolela jaana: “Lo se ka lwa tshwara bana ba lona ka tsela e e leng gore e a ba galefisa.” The Jerusalem Bible le yone e bolela jaana: “Lo se ka lwa dira gore bana ba lona ba kgopisege.” Ka jalo Bibela ga e bue fela ka go ba rumolanyana go gonnye go motsadi a ka nnang a go dira mo ngwaneng wa gagwe a sa lemoge e le ka ntlha ya go sa itekanela, ebile ga e nyatse kotlhao e e neelwang ka tshwanelo. Go ya ka Lange’s Commentary on the Holy Scriptures, temana eno ya Bibela e bua ka “go tshwara bana ka tsela e e tshwenyang, e e makgwakgwa, e e fetofetogang, mo e leng gore . . . ba ikutlwa ba le kgakala le batsadi mme ba raelesega go nna kgatlhanong, ba gwetlha ba bo ba nne pelo botlhoko.”

Jaaka fa morutisi J. S. Farrant a ne a tlhokomela: “Ntlha ke gore bana ke batho. Ga ba arabele fela ka tsela e e sa bonaleng jaaka fa dijalo di dira mo tikologong eo di leng mo go yone. Ba a arabela.” Mme gantsi go arabela ka ntlha ya go bo a tshwarwa ka tsela e e sa siamang go felela ka gore ngwana a senyege semoyeng le mo maikutlong. Moreri 7:7 e bolela jaana: “Gonne boikgagapèlèlō bo hetola motho eo o botlhale seeleele.”

Go Godisetsa Bana mo Kwatlhaong ya Modimo

Batsadi ba ba ratang gore bana ba bone ba tsamaye mo boammaaruring ga ba a tshwanela go letla ditlwaelo tse di dirisiwang mo lefelong la bone le dingwao gore e nne tsone fela dilo tse di laolang gore ba tshwanetse ba godisa jang bana ba bone. (Bapisa 3 Yohane 4.) Morago ga gore a tlhagise batsadi gore ba se ka ba rumola bana ba bone go ba gakatsa, Paulo o ne a oketsa jaana: “Me lo ba godisetsè mo koatlhaoñ le mo taoñ ea Morèna.” (Baefesia 6:4) Ka jalo ditekanyetso tsa ga Jehofa di feta dingwao tseo di dirisiwang mo lefelong la lona le tsela eo batho ba ga lona ba lebang dilo ka yone.

Lemororo go ka nna ga bo go tlwaelegile mo mafatsheng mangwe gore bana ba tshwarwe jaaka batho ba ba kwa tlase le jaaka badiri ba batlhanka, Bibela e bolela jaana mo go Pesalema 127:3: “Bōna, bana ke boshwa yoa ga Yehofa: le louñō loa sebopèlō, ke tuèlō ea gagwè.” A motsadi o ne a ka nna le kamano e e molemo le Modimo fa a ne a tshola boswa jwa gagwe ka tsela e e sa siamang? Legoka. Ebile ga o a tshwanela go akanya gore bana ba gone fela gore ba kgone go dira seo batsadi ba se tlhokang. Mo go 2 Bakorintha 12:14 Bibela e re gakolola jaana: “Gonne bana ga baa chwanèla go beèla batsadi ba bōne, ha e se batsadi go beèla bana.”

Eseng gore bana ga ba a tshwanela go nna le seabe mo ditirong tsa legae le ditiro tse dingwe. Mme a ga go a tshwanela gore go akanyediwe seo se ka dirwang gore ngwana yono a bone se se molemo le go feta? Ka sekai, fa Yaa, ebong mosetsana mongwe wa Mokeresete kwa Afrika, a ne a bodiwa gore o ne a ka rata gore batsadi ba gagwe ba mo direleng thata, o ne a araba ka gore: “Ke eletsa ekete ditiro tsa me tsa lelapa di ka fokodiwa ka malatsi a ke nang le thulaganyo ya go ya tirelong ya tshimo ka one.” Ka jalo fa ngwana a go fitlhela go le boima gore a nne mo sekolong ka nako kana a se ka a nna gone kwa dipokanong ka ntlha ya tiro e e boima ya legae, a go ne go se kitla go nna molemo gore go dirwe diphetogo dingwe?

Gone ke boammaaruri gore, batho ba basha go ka nna ga nna boima gore motho a ka dirisana le bone. Batsadi ba ka dira jang gore ba kgone go dirisana le bone ka tsela eo eseng makgwakgwa kana eo e seng ya go ba rumola? Diane 19:11 e bolela jaana: “[Temogo, NW] ea motho e mo diha gore a nnè bonya go galeha.” Ee, sa ntlha o ka nna wa leka go tlhaloganya ngwana wa gago jaaka motho. Ngwana mongwe le mongwe o itshwanela a le esi fela, o na le dilo tse eleng tsa gagwe fela tse a di ratang, dikgono tsa gagwe fela, le dilo tse eleng tsa gagwe fela tse a di tlhokang. Tsone ke dife? A o kile wa ipha nako ya go ithuta ngwana wa gago mme o bone karabo ya potso eno? Go dira mmogo le go obamela mmogo, go itlosa bodutu jaaka lelapa—dilo tseno di neela batsadi ditshono tsa gore ba atamalane thata le bana ba bone.

Mo go 2 Timotheo 2:22, Paulo o ne a tlhalosa ntlha e nngwe e e kgatlhisang fa a ne a bolelela Timotheo jaana: “U tshabè dithatō tsa bokau.” Ee, Paulo o ne a tlhaloganya gore bosha e ka nna nako e e tshwenyang thata. Mo go yone go nna le diphetogo tse dikgolo tsa mo mmeleng le mo maikutlong. Go kgatlhegela batho ba bong bo sele go a gola. Ka nako eno, basha ba tlhoka kaelo ya bagolo le e e lorato gore ba kgone go tila dirai tse dikgolo. Mme ga ba a tshwanela go tshwarwa jaaka ekete ga ba itshware sentle. Morwadi mongwe yo o neng a utlwile botlhoko wa monna mongwe wa Mokeresete o ne a khutsa jaana: “Fa ke sa dira boaka, mme rre a ntatofatsa ka gore ke bo dirile, go raya gore ke ka nna ka bo dira.” Mo boemong jwa gore o mo latofatse ka dilo tse di sa siamang, bontsha ngwana wa gago gore o a mo tshepa. (Bapisa 2 Bathesalonia 3:4.) Mo boemong jwa gore o a ge o mmona molato fela, nna motho yo o lemogang dilo ka tsela e e lorato le e e tlhomameng.

Lefa go ntse jalo, mathata a le mantsi a ka nna a tlosiwa, fa batsadi ba tlotla e sa le pele kaga dikotsi tsa boitshwaro tse ngwana a lebaneng le tsone. Gakologelwa gore, Modimo o neile batsadi boikarabelo jwa gore ba katise bana ba bone ka Lefoko la Modimo ba bo ba le ba rute. (Duteronome 6:6, 7) Seno se ka nna sa bo se tlhoka nako e ntsinyana le boiteko. Sebe sa phiri ke gore, batsadi bangwe ba palelwa ke go dira kabelo eno ya bone ya go ruta ka gonne ga ba pelotelele. Go palelwa ke go bala, go e leng bothata jo bogolo thata mo dinageng di le dintsi tse di santseng di tlhabologa, go dira gore batsadi ba bangwe ba se ka ba kgona go ruta bana.

Mo mabakeng a mangwe Mokeresete yo o godileng a ka nna a kopiwa gore a thuse. E ka nna ya nna fela selo sa gore go gakololwe batsadi ba ba senang boikarabelo. (Diane 27:17) Kana e ka nna ya nna selo se se akaretsang go thusa ka go tshwara thuto ya lelapa ka boyone. Mme seno ga se golole motsadi mo boikarabelong jwa gagwe jwa go ruta bana ba gagwe Lefoko la Modimo. (1 Timotheo 5:8) A ka nna a dira boiteko jwa gore a bereke le bana ba gagwe mo bodiheding jwa tshimo le go tlotla ka dilo tsa semoya ka nako ya dijo kana ka dinako tse dingwe tse di tshwanelang.

Mosha yo o atamelang nako ya go nna mogolo a ka nna a nna le keletso e e tlwaelegileng fela ya go batla go itaola. Gantsi seno se tsewa ka tsela e e phoso jaaka go sa ineele kana go sa utlwe. Abo go utlwisa botlhoko jang ne fa batsadi ba gagwe ba ne ba ka batla go mo tshwara jaaka ngwana yo monnye thata mme ba gana go mo neela kgololesego e e oketsegileng mo dilong tse a di dirang! Gape go ne go tla bo go tshwenya ka tsela e e tshwanang fa ba ne ba ka mo direla ditshwetso mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo jwa gagwe—thuto, tiro, lenyalo—kwantle ga gore ba tlotle dilo tseno le ene ka tsela e e bonolo le e e tlotlegang. (Diane 15:22) Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete mmogo le ene gore ba ‘se ka ba nna banyana mo tlhaloganyong.’ (1 Bakorintha 14:20) A batsadi ga ba a tshwanela go eletsa gore bana ba bone ba gole—mo maikutlong le mo dilong tsa semoya? Lefa go ntse jalo, ‘maikutlo’ a mosha a ka katisiwa fela ka ‘go dira.’ (Bahebera 5:14) Gore a kgone go a dirisa o tshwanetse a neelwa selekanyo se se rileng sa go itlhophela ka boene se a se ratang.

Go godisa bana mo metlheng eno e e boima ga go bonolo. Mme batsadi ba ba latelang Lefoko la Modimo ga ba rumole bana ba bone go ba gakatsa kana ba ba utlwisa botlhoko “gore ba se ka ba shulahala pelo.” (Bakolosa 3:21) Mo boemong jwa seo, ba leka go ba tshwara ka tsela e e lorato, ya go ba tlhaloganya, le e e nang le seriti. Bana ba bone ba a kaelwa, ga ba patelediwe; ba a tlhokomelwa, ga ba itlhokomolosiwe; ba tlhotlhelediwa go rata, eseng go gakadiwa gore ba galefe kana go ba utlwisa botlhoko.

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Go tshameka “oware,” motshameko wa mo legaeng wa kwa Ghana, go neela batsadi bano tshono ya go tlwaelana le bana ba bone

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela