LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 10/15 ts. 5-7
  • A Tlholelo e Tlhoma Kafa Isagwe ya Gago e Tla Nnang ka Teng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Tlholelo e Tlhoma Kafa Isagwe ya Gago e Tla Nnang ka Teng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Maikaelelo a Modimo ka Isagwe
  • Go Tlhomamisa Isagwe ya Gago
  • Go Tlhopha Botshelo
  • Go na Le Nako ya Sengwe le Sengwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • A Baebele e Ruta Gore re Dumele Tlholelo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
  • A Botshelo Jwa Rona bo Laoletswe Go sa Le Gale?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • A ke Tlholelo Kana go Itiragaletse Fela?
    Tsogang!—1999
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 10/15 ts. 5-7

A Tlholelo e Tlhoma Kafa Isagwe ya Gago e Tla Nnang ka Teng?

FA O ne o ka falola go bolawa ke kotsi, a o ne o tla akanya gore tlholelo e ne e sa laola jalo? Kana go na le moo a o tla lebogela fela go bo o ne o le fa lefelong le le siameng ka nako e e siameng?

Monna yo o botlhale Solomone o ne a bolela jaana: “Ka boea, me ka bōna tlhatse ga letsatsi, go re, go siana ga go heñwe ke ba ba lobelō, leha e le ntwa ke ba ba thata, leha e le diyō ke ba ba botlhale, leha e le khumō ke batho ba ba nañ le tlhaloganyō, leha e le botsalanō ke batho ba ba dicwiriri; me ba dihalèlwe botlhe ke motlha le bowèlō.” (Moreri 9:11) Abo dilo tse di sa lebelelwang di diragala gantsi jang ne! Motabogi yo o ratwang thata o a gobala, go bo go fenya motho fela yo o seng lobelo. Ka tshoganyetso fela kotsi nngwe e dira gore rakgwebo yo o ikanyegang a latlhegelwe ke madi a gagwe otlhe, seo se letla gore mongwe yo o gaisanang le ene yo o sa ikanyegeng a hume. Mme a Solomone o ne a bolela fa dilo tseno tse di sa tlwaelegang di bakiwa ke tlholelo? Le eseng. Tseno di diragala fela ka ntlha ya “motlha le bowèlō.”

Jesu Keresete o ne a akgela ka tsela e e tshwanang. Fa a ne a umaka tiragalo eo ka phepafalo bareetsi ba gagwe ba neng ba e itse sentle, Jesu o ne a botsa jaana: “Kgotsa ba ba shomè le bohèra mebedi bale, ba kagō e e godileñ e ba wetseñ, ea ba bolaea mo Siloama, a lo itlhoma, go re, e ne e le baleohi go heta batho botlhe ba ba agileñ mo Yerusalema?” (Luke 13:4) Jesu ga a ka a re ditiragalo tseno tse batho ba suleng mo go tsone di ne di bakilwe ke tlholelo e e sa tlhaloganngweng kana thato ya Modimo, kana gone go dumela gore batho ba ba suleng bao ba ne ba le molato go gaisa batho ba bangwe. Tiragalo e e botlhoko eo e ne e le sekai fela sa fa kotsi e diragala ka ntlha ya nako le maemo a a sa lebelelwang.

Ga go gope koo Bibela e tshegetsang kgopolo ya gore Modimo o setse a tlhomile nako e re tla swang ka yone. Moreri 3:1, 2 e bua boammaaruri fa e re: “Señwe le señwe se na le motlha oa shōna, le boikaèlèlō boñwe le boñwe tlhatse ga legodimo bo na le motlha oa yōna: Go na le motlha oa go tsalwa, le motlha oa go shwa; motlha oa go tlhōma, le motlha oa go khumola shōna se se tlhomilweñ.” Lefa go ntse jalo, Solomone o ne a tlotla fela ka modikologo o o tswelelang wa botshelo le loso oo o amang batho ba ba sa itekanelang. Re a tsholwa, mme fa motlha o tla, fa re fitlha mo selekanyong se se tlwaelegileng sa botshelo—gantsi morago ga dingwaga di le 70 kana 80 kana fela foo—re a swa. Lefa go le jalo, Modimo ga o tlhome nako ya go swa go sa le gale go tshwana le jaaka molemi a tlhoma nako ya go ‘jala’ kana ya go ‘khumola se se jadilweng.’

Ebile tota, moragonyana Solomone o bontsha gore motho a ka nna a swa ka bonako, fa a ne a bolela jaana: “U se ka ua nna boikèpō yoa mo go heteletseñ, le gōna u se nne boeleele: ana u ka bo u shwelañ e e se e nne motlha oa gago.” (Moreri 7:17) A kgakololo eno e ka bo e utlwala fa e le gore nako ya motho ya go swa e tlhomilwe ebile e ka se ka ya fetolwa? Ke gone ka moo Bibela e ganetsang kgopolo ya tlholelo. Baiseraele ba batenegi bao ba neng ba dumela kgopolo eno ya seheitane ba ne ba kgalwa ke Modimo tota. Isaia 65:11 e bolela jaana: “Me lona ba lo tlogèlañ Yehofa, ba lo lebalañ thaba ea me e e boitshèpō, ba lo baakanyetsañ modimo oa Mashwalō lomati loa boyèlō, le ba lo thèlèlañ modimo oa Ditaolèla boyalwa yoa mofine yo bo cwaisicweñ.”

Abo go se botlhale jang ne go bolela gore dikotsi di bakiwa ke tlholelo kana, se se maswe le go feta, ke Modimo ka boone! “Modimo o loratō,” Bibela e bolela jalo, mme go mo pega molato wa gore ke ene motswedi wa matlhotlhapelo a a diragalelang batho go ganetsa boammaaruri jono jwa motheo ka tlhamalalo.—1 Yohane 4:8.

Maikaelelo a Modimo ka Isagwe

Go tweng he, ka go lebelela ga rona poloko? A ntlha ya gore tlholelo e e ka se kang ya tilwa e laola matshelo a rona e kaya gore re ka tshela fela re se na boikaelelo bope mo botshelong? Gotlhelele nnyaa, ka go bo Modimo o setse a laotse kafa isagwe ya batho ka kakaretso e tlileng go nna ka teng. Bibela e bua ka go bopiwa ga “lehatshe ye lesha” le ‘go tla agang tshiamo mo go lone.’—2 Petere 3:13.

Go fitlhelela seno, Modimo o tlile go tsenelela ka tlhamalalo fela mo dikgannyeng tsa batho. O ka nna wa tswa o rapeletse selo seno gore se diragale o sa itse ka go boeletsa thapelo e e reng: “Bogosi yoa gago a bo tlè. Go rata ga gago a go dihwè mo lehatshiñ yaka kwa legodimoñ.” (Mathaio 6:10) Bogosi jono ke puso ya mmatota e e tlhomilweng kwa magodimong. Fa o rapelela gore bo tle, o rapelela gore Bogosi joo bo tle go tsaya taolo mo dipusong tse di busang gompieno.—Daniele 2:44.

Go Tlhomamisa Isagwe ya Gago

Tsela eo ditiragalo tseno tse di kgatlhang thata di tla amang isagwe ya gago ka yone e tla ikaega eseng ka tlholelo kana ka nako le maemo a a sa lebelelwang, mme e tla nna ka tsela eo o swetsang go e latela. Akanya ka kotsi e e neng ya diragala kwa toreng ya Siloame. Jesu o ne a dirisa tiragalo e e botlhoko eo go ruta thuto e e boteng tota. Batho ba ba neng ba bolawa ke tora e e neng ya wa eo ba ne ba se ka ba kgona go falola se se ba diragaletseng. Kafa letlhakoreng le lengwe, bareetsi ba ga Jesu ba ne ba ka kgona go tila tshenyego e e neng e tla tla ka ntlha ya go se itumedise Modimo. Jesu o ne a ba tlhagisa jaana: “Me ha lo sa ikwatlhaee, le lona lotlhe lo tla nyèlèla hèla yalo.” (Luke 13:4, 5) Go ne go phepafetse gore ba ne ba ka kgona go itlhophela gore ba batla isagwe e e ntseng jang.

Le rona gompieno re newa tshono e e tshwanang—go tlhomamisa ka borona gore re tla bolokwa. (Bafilipi 2:12) Modimo o eletsa gore “batho botlhe ba kè ba . . . hitlhè mo kicoñ ea boamarure.” (1 Timotheo 2:4) Mme lemororo mongwe le mongwe wa rona a amiwa ka tsela nngwe ke dilo tse a di ruileng le tsela e re godisitsweng ka yone, Modimo o re file nonofo ya gore re kgone go itlhophela—nonofo ya go tlhopha gore re batla go tshela matshelo a rona jang. (Mathaio 7:13, 14) Re ka dira se se siameng kana se se phoso. Re ka kgona go amogelwa ke Jehofa Modimo mme ra bona botshelo, kana re ka nna kgatlhanong nae mme ra swa.

Ba bantsi ba tlhopha go itshelela fela ba sa laolwe ke Modimo. Ba dirisa matshelo a bone ba batla fela dilo tse di bonalang, menate kana go itsege thata. Mme Jesu o ne a tlhagisa jaana: “Tlhokomèlañ lo bo lo itisè mo bopelotshetlheñ: gonne botshelō yoa motho ga boa èma mo le[t]lotlong la dilō tse o nañ nacō.” (Luke 12:15) He, matshelo a rona a ikaegile ka eng? Bibela e tlhalosa jaana mo go 1 Yohane 2:15-17: “Se rateñ lehatshe, leha e le dilō tse di mo lehatshiñ . . . Cotlhe tse di mo lehatshiñ, eboñ thatō ea nama, le kgatlhègō ea matlhō, le mabela a botshelō, ga se ga Rara, me ke ga lehatshe. Me lehatshe leha heta, le thatō ea yeōna: me eo o dihañ go rata ga Modimo o nnetse rure ka bosakhutleñ.”

Go Tlhopha Botshelo

O ka tlhomamisega jang gore ruri o dira se Modimo o se ratang? Jesu o ne a bolela jaana: “Botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.” (Yohane 17:3) Kitso e e tlhomameng e e tswang mo Bibeleng e re naya motheo wa go nna le tumelo. “Me kwa ntlè ga tumèlō go reteletse rure go o kgatlha: gonne eo o tlañ Modimoñ o na le go dumèla ha o leeō, ebile e le ōna moduedi oa ba ba o batlañ.” (Bahebera 11:6) Kitso eo o tshwanetseng wa e batla e bonwa motlhofo. Basupi ba ga Jehofa ba ile ba thusa dimilione go e bona ka thuto ya Bibela ya ka metlha.a

O tla tshwanela gore o dire diphetogo dingwe gore o itumedise Modimo. Go ka nna ga tswa go na le mekgwa mengwe e e bosula e e tshwanetseng go fenngwa kana le eleng ditiro dingwe tsa boitsholo jo bo sa siamang tseo di tshwanetseng tsa tlogelwa. O se ka wa itlhoboga, jaaka ekete o ka se ka wa kgona go fetoga. Kgopolo ya gore dilo di ka se ka tsa fetoga ke e e tswang mo thutong ya maaka ya tlholelo. Jehofa a ka thusa mongwe le mongwe gore a ‘fetole pelo ya gagwe’ mme a apare “motho eo mosha.” (Baroma 12:2; Baefesia 4:22-24) Maiteko a o a dirang go itumedisa Modimo ga a kitla a nna fela a sa lemogiwe. O nna a iketleeditse go segofatsa ba ba dirang thato ya gagwe.

Re tshwanetse go dumela gore go ithuta Bibela ga go kitla go rarabolola mathata otlhe a gago. Batlhanka ba Modimo ba mmatota ba tlhagelwa ke dikotsi le maemo a mangwe a a boitshegang, fela jaaka mongwe le mongwe. Lefa go ntse jalo, Modimo a ka re naya botlhale jwa go itshokela mathata. (Yakobe 1:5) Motho o itumelela gape go itse gore o na le kamano e e molemo le Modimo. “Eo o ikanyañ Yehofa, oa ba a le segō,” go bolela jalo Diane 16:20.

Mo Paradaiseng e e tsosolositsweng ke Bogosi jwa Modimo, ga re kitla re tlhola re tshoga go welwa ke motlha le ditiragalo tse re neng re sa di lebelela. Eleruri, Modimo o tla tlosa dilo tsotlhe tseo jaanong di kgoreletsang motho gore a itumele. “O tla phimola dikeledi cotlhe mo matlhoñ a [rona]; me ga go ketla go tlhōla go le losho, le gōna ga go ketla go tlhōla go le bohutsana, leha e le selelō, leha e le botlhoko,” Bibela e solofetsa jalo. (Tshenolō 21:4) Batho ba bantsi ba ba bolailweng ke dikotsi ba tla tsosiwa mo baswing.—Yohane 5:28, 29.

A o tlile go bona isagwe eno e e itumedisang? Moshe o ne a bolelela Baiseraele jaana fa ba ne ba setse ba tla tsena mo Lefatsheng Le Le Solofeditsweng: “Ke beile botshelō le losho ha pele ga gago, tshegōhacō le phucō: ke gōna itshenkèlè botshelō, gore u tshele, wèna le losika loa gago: Gore u ratè Yehofa Modimo oa gago, go inèla go utlwa lencwe ya gagwè, le go mo ñaparèla: gonne ke èna botshelō yoa gago, le bolele yoa malatsi a gago.”—Duteronome 30:19, 20.

Nnyaa, ga re bathonyana fela bao ba laolwang ke tlholelo e e senang kutlwelobotlhoko. Boitumelo jwa gago jwa isagwe, eleruri isagwe ya gago e e sa khutleng, e mo diatleng tsa gago. Re go kgothaletsa gore o tlhophe botshelo.

[Ntlha e e kwa tlase]

a O ka rulaganyediwa go bona thuto e e ntseng jalo ka go kwalela bagatisi ba makasine ono.

[Mafoko a a mo go tsebe 5]

Modimo o ne o kgala Baiseraele ba batenegi bao ba neng ba na le kgopolo ya seheitane ya tlholelo fela thata

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela