LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 10/15 ts. 15-20
  • Aparang Bonolo!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Aparang Bonolo!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhokega Badisa Ba Ba Bonolo
  • Bonolo Bo Kaela Mogakolodi Yo O Botlhale
  • Botlhokwa jwa Bagakolodi Ba Bantsi
  • Go Neela Bosupi ka Bonolo
  • Botlhe Ba Tlhoka go Nna Bonolo
  • Abo ba ba Bonolo ba Itumela Jang Ne!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Bontsha “Bonolo Jotlhe mo Bathong Botlhe”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Bonolo—Nonofo e e Botlhokwa mo Bakereseteng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
  • Bonolo—Bo re tswela mosola jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 10/15 ts. 15-20

Aparang Bonolo!

“Me ke gōna, yaka ba ba itshenkecweñ ke Modimo, yaka ba ba itshepileñ, le ba ba ratègañ, lo aparè pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobeco, le bonōlō, le bopelotelele.”—BAKOLOSA 3:12.

1-3. Ke eng seo moaposetoloi Paulo a neng a se bolela kaga bonolo le dinonofo tse dingwe tsa bomodimo mo go Bakolosa 3:12-14?

JEHOFA o naya batho ba gagwe diaparo tse di gaisang thata tsa tshwantshetso. Ebile tota, botlhe ba ba batlang a ba amogela ba tshwanetse go apara diaparo tse di dirilweng ka ditlhale tse di thata tsa bonolo. Nonofo eno e a gomotsa gonne e dira gore motho a se ka a tshwenyega thata fa a le mo maemong a a botlhoko. Gape e a sireletsa ka go bo e thibela dikgogakgogano.

2 Moaposetoloi Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete ba bangwe ba ba tloditsweng jaana: “Me ke gōna, yaka ba ba itshenkecweñ ke Modimo, yaka ba ba itshepileñ, le ba ba ratègañ, lo aparè pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobeco, le bonōlō, le bopelotelele.” (Bakolosa 3:12) Paka ya lefoko la Segerika le le ranotsweng jaaka “lo aparè” e supa kgato e e tshwanetseng go tsewa ka bonako. Batlodiwa ba ba neng ba tlhophilwe, ba le boitshepo ebile ba ratwa ke Modimo, ba ne ba sa tshwanela go diega go nna le dinonofo tse di jaaka bonolo.

3 Paulo o ne a oketsa jaana: “Lo iphapaanyanè moñwe le eo moñwe, lo ichwarèlanè, ha motho moñwe a na le ñōñōrègō kaga eo moñwe; hèla yaka Morèna a lo ichwaretse, le lona lo dihè hèla yalo. Me mo godimo ga dilō cotlhe tse lo aparè loratō, lo e leñ lōna sebōhō sa boitekanèlō.” (Bakolosa 3:13, 14) Lorato, bonolo, le dinonofo tse dingwe tsa bomodimo di dira gore Basupi ba ga Jehofa ba kgone go “aga mmōgō ka pelo ñwe hèla.”—Pesalema 133:1-3.

Go Tlhokega Badisa Ba Ba Bonolo

4. Seaparo sa tshwantshetso seo Bakeresete ba boammaaruri ba se aparang se dirilwe ka dinonofo dife?

4 Bakeresete ba boammaaruri ba leka ka natla go ‘bolaya ditokololo tsa bone tse di ganelelang mo boakeng, le mo bomasweng, le dithato, le keletso e e bosula, le mo bopelotshetlheng,’ mme ba dira gore ba apole seaparo sa bogologolo se se dirilweng ka bogale, kgakalo, kilo, kgalo, le dipuo tsa botlhabisaditlhong. (Bakolosa 3:5-11) Ba apola “motho oa bogologolo” (totatota, “motho yo ba neng ba le ene pele”) ba bo ba apara “motho eo mosha” (kana, “motho yo mongwe gape yo mosha”), diaparo tse di tshwanetseng. (Baefesia 4:22-24) Diaparo tsa bone tse disha, tse di logilweng ka lorato, bopelonomi, boikokobetso, bonolo, le bopelotelele, di ba thusa go rarabolola mathata le go tshela matshelo a bomodimo.—Mathaio 5:9; 18:33; Luke 6:36; Bafilipi 4:2, 3.

5. Ke tsela efe eo phuthego ya Bokeresete e dirang ka yone eo e dirang gore go nne monate go nna karolo ya yone?

5 Banna ba ba lejwang jaaka ba ba gatetseng pele mo lefatsheng leno gantsi ga ba akanyetse ope, ebile ba setlhogo. (Diane 29:22) Abo go farologane ka tsela e e lapolosang jang ne mo bathong ba ga Jehofa! Phuthego ya Bokeresete ga e dire go tshwana le kafa batho ba tsamaisang kgwebo ka teng—ka tsela e e matsetseleko mme e le setlhogo thata mo e ka nnang ya dira gore batho ba se ka ba itumela. Lefa go ntse jalo, go itumedisa tota go nna karolo ya phuthego. Lebaka le lengwe ke gore go ritibala maikutlo ke karolo nngwe ya botlhale joo Bakeresete ka kakaretso ba bo bontshang mme segolobogolo banna ba ba tshwanelang sentle go ruta badumedi ba bangwe. Ee, kaelo le kgakololo tse di newang ke bagolwane ba ba tlhophilweng bao ba rutang ka “bonōlō yoa botlhale” di lere boitumelo.—Yakobe 3:13.

6. Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go nna bonolo?

6 Moya oo, kana boikutlo jo bo laolang joo jwa batho ba Modimo bo batla gore banna ba ba abetsweng go okamela mo phuthegong ba nne bonolo, ba lekalekane, le go kgona go tlhaloganya. (1 Timotheo 3:1-3) Batlhanka ba ga Jehofa ba tshwana le dinku tse di bonolo, eseng dipodi tse di tlhogoethata, kana dipitse tse di bodipa, kana diphiri tse di gagolakang. (Pesalema 32:9; Luke 10:3) Ereka e le batho ba ba tshwanang le dinku, ba tlhoka gore go dirisanwe le bone ka bonolo le ka go ba neneketsa. (Ditihō 20:28, 29) Ee, Modimo o lebeletse gore bagolwane ba nne bonolo, pelonomi, lorato, le pelotelele mo dinkung tsa gagwe.—Esekiele 34:17-24.

7. Bagolwane ba tshwanetse go kaela ba bangwe kana ba tshwanetse go thusa jang ba ba lwalang semoyeng?

7 Jaaka “motlhanka oa Morèna,” mogolwane o tshwanetse go “nna bonōlō hèla mo go botlhe, a le secwiriri sa go ruta, a le boiphapaanyō, A le boikokobeco, a shokolola ba ba ikgantshañ; e tle e re kgotsa Modimo oa ba naea boikwatlhaō yoa go hitlha mo kicoñ ea boamarure.” (2 Timotheo 2:24, 25) Badisa ba Bakeresete ba tshwanetse go akanyetsa thata fa ba leka go thusa ba ba lwalang semoyeng, ka go bo dinku ke tsa Modimo. Bagolwane ga ba a tshwanela go ba tshwara fela jaaka bahiriwa mme ba tshwanetse go nna bonolo mo go bone jaaka Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete.—Yohane 10:11-13.

8. Go ne ga diragala eng ka Moshe yo o bonolo, mme ka ntlha yang?

8 Ka dinako tse dingwe mogolwane a ka fitlhela go le bokete gore a nne bonolo. “Moshe, a bo a le boikokobeco thata, go heta batho botlhe ba ba neñ ba le mo lehatshiñ.” (Dipalō 12:3) Lefa go le jalo, fa Baiseraele ba ne ba sena metsi a a lekaneng kwa Kadesha, ba ne ba lwa le Moshe ba bo ba mo pega molato wa go bo a ba ntshitse kwa Egepeto mme a ba isitse mo nageng e e omeletseng. Lemororo Moshe a ne a na le dilo tse dintsi tse a neng a ile a di itshokela ka boikokobetso, o ne a bua a gatelela, a galefile. Ene le Arone ba ne ba ema fa pele ga batho mme Moshe o ne a dira gore batho ba solofele mo go bone a bolela jaana: “Utlwañ yana, bacuolodi ke lona; a re tla lo ntshetsa metse mo lehikeñ ye?” Moshe o ne a itaya lefika ka thobane ya gagwe gabedi, mme Modimo o ne a dira gore ‘metsi a tswe a le matona’ gore batho ba kgone go nwa le diphologolo tsa bone. Jehofa ga a ka a itumelela seo gonne Moshe le Arone ga ba a ka ba Mo galaletsa, ka jalo Moshe ga a ka a bona tshiamelo ya go etelela Baiseraele pele go ba tsenya mo Lefatsheng Le Le Solofeditsweng.—Dipalō 20:1-13; Duteronome 32:50-52; Pesalema 106:32, 33.

9. Go nna bonolo ga mogolwane go ka nna ga lekwa jang?

9 Go nna bonolo ga mogolwane wa Mokeresete go ka nna ga lekwa ka ditsela tse dintsi. Ka sekai, Paulo o ne a tlhagisa Timotheo gore go ka nna ga tla mongwe yo a ‘ikgogomositseng’ ebile a “kgweleancwe ke dipocō le dikganetsanyō tsa mahoko.” Paulo o ne a oketsa jaana: “Tse go cwañ bopelotshètlha mo go cōna, le kgañ, le dikgalō, le dipateleco, Le ditatalalanō tsa batho ba ba bodileñ mogopolō, le ba ba latlhagecweñ ke boamarure.” Molebedi Timotheo o ne a sa tshwanela go nna bogale mme o ne a tshwanetse go “tshaba dilō tse,” ebile o ne a tshwanetse gore a “latèlè tshiamō; le poihōmodimo, le tumèlō, le loratō, le bopelotelele, le bopelonōlō.”—1 Timotheo 6:4, 5, 11.

10. Tito o ne a tshwanetse go gakolola diphuthego kaga eng?

10 Lemororo bagolwane ba tshwanetse go nna bonolo, ba tshwanetse ba emela dilo tse di siameng ba nonofile. Tito o ne a ntse fela jalo, a gakolola ba ba neng ba kopanela le phuthego ya Kereta gore ba “se ka ba bua boshula kaga motho opè, ba se nne dikgañkgañ, ba nnè bonōlō, ba le boikokobeco yotlhe mo bathuñ botlhe.” (Tito 3:1, 2) Tito o ne a tshwanetse go ba bolelela gore Jehofa o ne a le pelonomi le lorato mo go bone, gore a kgone go ba bontsha lebaka la go bo Bakeresete ba ne ba tshwanetse go nna bonolo mo go botlhe. Modimo o ne a sa boloka badumedi gonne ba ne ba dirile ditiro dingwe tse di siameng mme e ne e le ka kutlwelobotlhoko ya gagwe ka Jesu Keresete. Bonolo le bopelotelele jwa ga Jehofa bo kaya gore re tla bolokwa. Ka gone, fela jaaka Tito, bagolwane ba motlha wa segompieno ba tshwanetse go gakolola diphuthego gore di ikobele Modimo, di Mo etse ka go dirisana le ba bangwe ka bonolo.—Tito 3:3-7; 2 Petere 3:9, 15.

Bonolo Bo Kaela Mogakolodi Yo O Botlhale

11. Kgakololo e tshwanetse go newa jang go ya ka Bagalatia 6:1, 2?

11 Go tweng fa nku ya tshwantshetso e dirile phoso? Paulo o ne a bolela jaana: “Ba ga echo, leha motho a chwerwe mo tloloñ ñwe, lona ba lo leñ ba semōea, shokololañ eo o nntseñ yalo ka mōea oa bonōlō; u nntse u ipōna, e se re kgotsa le wèna ua raèlwa. Rwadisanyañ merwalō, me lo dihatsè molaō oa ga Keresete yalo.” (Bagalatia 6:1, 2) Kgakololo e nna mosola thata fa e newa ka moya wa bonolo. Lemororo bagolwane ba leka go gakolola motho yo o shakgetseng, ba tshwanetse go ikgapa, ba lemoga gore “loleme lo lo bonōlō lo tlo lo rōbe marapō.” (Diane 25:15) Motho yo botho jwa gagwe bo leng thata jaaka lerapo a ka nna a nolofadiwa ke polelo e e bonolo, mme a ka nna bonolo.

12. Go nna le moya o o bonolo go thusa motho yo o nayang kgakololo jang?

12 Jehofa ke Mokaedi yo o bonolo, mme tsela ya gagwe e e bonolo ya go ruta e thusa phuthego thata. Seno se ntse jalo segolobogolo fa bagolwane ba bona go le molemo go gakolola bao ba tlhokang thuso ya semoya. Morutwa Jakobe o ne a kwala jaana: “E mañ eo o botlhale le tlhaloganyō mo go lona? a a kè a shupè ditihō tsa gagwè ka bonōlō yoa botlhale.” Bonolo bo nna teng fa go na le tlotlo le go batla go lebogela “botlhale yo bo cwañ kwa godimo,” bo kopane le fa motho a lemoga ka boikokobetso fa kgono ya gagwe e felelang teng. Moya o o bonolo le wa boikokobetso o sireletsa motho yo o gakololang gore a se ka a akgela kana a dira diphoso tse di utlwisang botlhoko mme o dira gore kgakololo ya gagwe e kgonwe go amogelwa bonolo fela.—Yakobe 3:13, 17.

13. “Botlhale jwa bonōlō” bo ama tsela e kgakololo e newang ka yone jang?

13 “Bonōlō yoa botlhale” bo thibela motho yo o gakololang gore a se ka a bua fela a sa akanyetse kana a le bogale. Lefa go le jalo, go amega ka botsalano kana go batla go ratiwa ke motho ga go a tshwanela go tlhotlheletsa mogolwane go bua dilo tse boikaelelo jwa tsone e leng go itumedisa go na le go naya kgakololo e e tlhamaletseng e e theilweng mo Lefokong la Modimo ka bonolo. (Diane 24:24-26; 28:23) Kgakololo eo Amenone a neng a e newa ke ntsalae e ne ya mo kgotsofatsa, mme o ne a swa ka ntlha ya yone. (2 Samuele 13:1-19, 28, 29) Ka gone, bagolwane ba motlha wa segompieno ba tshwanetse gore ba se ka ba tlhofofatsa melaometheo ya Bibela gore segakolodi sa motho yo mongwe se ritibale, ka go bo go dira jalo go tla baya botshelo jwa gagwe mo kotsing. Jaaka Paulo, bagolwane ga ba a tshwanela go ikgogona go bolelela ba bangwe “kgakololō eotlhe ea Modimo.” (Ditihō 20:26, 27; 2 Timotheo 4:1-4) Mogakolodi yo o godileng sentle wa Mokeresete o supa fa a boifa Modimo mme o ntsha kgakololo e e siameng ka bonolo jo bo supiwang ka botlhale.

14. Ke ka ntlha yang fa mogolwane a tshwanetse go nna kelotlhoko thata gore a se ka a direla ba bangwe ditshwetso tse ba tshwanetseng go di itirela?

14 Bonolo jo bo supiwang ka botlhale jwa selegodimo bo tla thibela mogolwane gore a batle dilo ka go pateletsa. O tshwanetse go lemoga gape gore ga go botlhale ebile ga a tshwanela go direla motho yo mongwe ditshwetso tse a tshwanetseng go di itirela ka boene. Mogolwane o tla pegwa molato wa seo ditshwetso dipe tse a ka di direlang ba bangwe se ka felelang ka sone, mme le ene o tla nna le molato fa seo se ka felela ka sepe fela se se bosula. Mogolwane o tshwanetse go dira gore a tlhokomele se Bibela e se bolelang, mme fa go sena molao ope wa Dikwalo o o amang kgang eo, tsela e motho a atlholang ka yone le segakolodi sa gagwe di tshwanetse tsa tlhomamisa gore o tlile go dira eng kana ga a ne a dira eng. Ke fela jaaka Paulo a ne a bolela jaana: “Gonne motho moñwe le moñwe o tla ithwalèla morwalō oa gagwè.” (Bagalatia 6:5; Baroma 14:12) Lefa go ntse jalo, mogolwane a ka thusa motho yo o botsang go dira tshwetso e e siameng ka go mmotsa dipotso tse di tla thusang motho yoo gore a kgone go bona mabaka a dikwalo tse di amanang le tsela eo a ka nnang a e tsaya e e ka tswang e le teng.

15. Go tshwanetse ga dirwa eng fa mogolwane a sa itse karabo ya potso nngwe?

15 Fa mogolwane a sa itse gore a ka araba potso nngwe jang, ga a tshwanela go araba fela e le go dira gore motho yoo a nne a ntse a mo tlotla. Bonolo jo bo supiwang ka botlhale bo tla mo thibela gore a se ka a fopholetsa gongwe a naya karabo e e phoso eo moragonyana e ka tsosang matshwenyego. Go na le “motlha oa go didimala, le motlha oa go bua.” (Moreri 3:7; bapisa Diane 21:23.) Mogolwane o tshwanetse go “bua” fela fa a itse karabo ya potso kana a dirile patlisiso e e lakaneng gore a ka kgona go araba ka tlhomamo. Go botlhale go tlogela dipotso tse di batlang go fopholediwa di sa arabiwa.—Diane 12:8; 17:27; 1 Timotheo 1:3-7; 2 Timotheo 2:14.

Botlhokwa jwa Bagakolodi Ba Bantsi

16, 17. Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba tshwanetse go kopana le ba bangwe?

16 Thapelo le go ithuta di tla thusa bagolwane go araba dipotso le go rarabolola mathata a a bokete, mme go tshwanetse ga gakologelwa gore “mo bontsiñ yoa bagakolodi [maikaelelo] a tla a tlhōmame.” (Diane 15:22) Go kopana le bagolwane ba bangwe go dira gore ba kgone go kopanya botlhale jwa bone. (Diane 13:20) Bagolwane ga ba lekane botlhe ka boitemogelo le kitso ya Bibela. Ka gone, bonolo jo bo supiwang ka botlhale bo tshwanetse go tlhotlheletsa mogolwane yo o senang boitemogelo gore a kopane le bagolwane ba bangwe ba ba nang le kitso e kgolwane le boitemogelo jo bogolwane, segolobogolo fa go na le kgang nngwe e e masisi e e tshwanetseng go rarabololwa.

17 Fa bagolwane ba tlhophiwa gore ba rarabolole kgang nngwe e e masisi, le bone ba santse ba ka batla thuso kwa thoko. Moshe o ne a tlhopha “banna ba ba nonohileñ, ba ba boihañ Modimo, banna ba boamarure, ba ba ilañ papadi e e sa siamañ,” gore ba mo thuse go atlhola Baiseraele. Lemororo e ne e le bagolwane, ba ne ba sena kitso le boitemogelo jo bo lekanang le jwa ga Moshe. Ka gone “mahoko a a thata ba a ise kwa go Moshe, me mahoko a mabōtlana ba a atlhole ka bosi.” (Ekesodo 18:13-27) Fa go tlhokega he, bagolwane bao ba rarabololang kgetsi e e thata gompieno ba ka kopa thuso mo balebeding ba ba nang le boitemogelo, lemororo tshwetso e tshwanetse go dirwa ke bone.

18. Ke dilo dife tse di laolang tse di tlhomamisang gore go dirwa ditshwetso tse di siameng mo dikgannyeng tsa katlholelo?

18 Mishnah ya Sejuda e bolela gore kwa Iseraeleng bao ba neng ba dira dikgotla tsa metse ba ne ba farologana ka palo go ya kafa kgetsi eo e neng e le bokete ka teng. Bagakolodi ba bantsi ba botlhokwa eleruri, lemororo bontsi jwa bone fela bo sa tlhomamise gore ba tla dira tshiamo, ka go bo le batho ba bantsi ba ka nna ba nna phoso. (Ekesodo 23:2) Dikwalo le moya wa Modimo ke tsone tse di tla laolang kgang di tlhomamisa gore go dirwe ditshwetso tse di siameng. Botlhale le bonolo di tla dira gore Mokeresete a di letle gore di mo kaele.

Go Neela Bosupi ka Bonolo

19. Bonolo bo thusa batho ba ga Jehofa go neela ba bangwe bosupi jang?

19 Bonolo gape bo thusa batlhanka ba ga Jehofa gore ba neele batho ba maikutlo a a sa tshwaneng bosupi. (1 Bakorintha 9:22, 23) Batho ba ba kwa tlase ba ne ba sa boife Jesu jaaka ba ne ba boifa baeteledipele ba bone ba ba bogale ba bodumedi, gonne ene o ne a ba ruta ka bonolo. (Mathaio 9:36) Ke boammaaruri gore ditsela tsa gagwe tse di bonolo di ne di atametsa “dinku” kwa go ene eseng “dipodi” tse di boikepo. (Mathaio 25:31-46; Yohane 3:16-21) Lemororo Jesu ene a ne a bua a gagametse tota le baitimokanyi bao ba sekadipodi, Basupi ba ga Jehofa ba tshwanetse go nna bonolo fa ba bolela melaetsa ya Modimo ya katlholo gompieno gonne ba sena temogo le thata eo Jesu a neng a na nayo. (Mathaio 23:13-36) Fa ba utlwa molaetsa wa Bogosi o rerwa ka bonolo, “botlhe ba ba laolecweñ botshelō yo bo sa khutleñ ba dumèla,” fela jaaka batho ba sekadinku ba ba neng ba reetsa Jesu ba ne ba dira.—Ditihō 13:48.

20. Moithuti wa Bibela o solegelwa molemo jang fa a rutiwa ka bonolo?

20 Re bona matswela a a molemo ka go neela bosupi le ka go kaela ba bangwe ka bonolo le go ikuela re dirisa mabaka a a utlwalang, melaometheo ya Bibela, le boammaaruri. “Me lo itshepisè Keresete mo dipeduñ tsa lona e le ena Morèna,” Petere o ne a kwala jalo, “lo nntse lo iketleeditse ka metlha eotlhe go hetola motho moñwe le moñwe eo o lo botsañ kaga cholohèlō e e mo go lona, gore, e cwa kae? leha go nntse yalo e nnè ka boikokobeco le poihō.” (1 Petere 3:15) Moithuti yo o rutiwang ka tsela e e bonolo o tlhokomela thata se a se rutiwang go na le go itewa tsebe kana gone go kgopisiwa ke mokgwa o o seng bonolo, wa go rata go tatalala. Jaaka Paulo, badihedi ba ba kaelang ka bonolo ba ka nna ba bolela jaana: “Re sa kgopise mo go sepè, gore tihèlō ea rona e tle e se ke ea beèwa molato.” (2 Bakorintha 6:3) Le eleng bone baganetsi ba arabela sentle mo go bao ba ba kaelang ka bonolo.

Botlhe Ba Tlhoka go Nna Bonolo

21, 22. Bonolo bo solegela batho botlhe ba ga Jehofa molemo jang?

21 Bonolo jwa Bokeresete ga bo a tshwanela go aparwa fela go kgatlha batho ba ba kwa ntle ga phuthego ya ga Jehofa. Nonofo eno e botlhokwa gape mo ditirisanong tsa batho ba Modimo. (Bakolosa 3:12-14; 1 Petere 4:8) Diphuthego di kgona go agiwa semoyeng fa bagolwane ba ba bonolo le batlhanka ba bodihedi ba dira sentle ka kutlwano. Go botlhokwa gore motho mongwe le mongwe wa ga Jehofa a supe bonolo le dinonofo tse dingwe tsa bomodimo gonne di kafa tlase ga ‘molao o le mongwe fela.’—Ekesodo 12:49; Lefitiko 24:22.

22 Bonolo bo dira gore batho ba Modimo ba nne le kagiso ba bo ba itumele. Ka gone, bo tshwanetse go nna karolo ya ditlhale tsa dinonofo tse di dirang diaparo tse di aparwang ke botlhe mo legaeng la Bokeresete, mo phuthegong le kwa gongwe gape. Ee, batlhanka botlhe ba ga Jehofa ba tlhoka go apesiwa bonolo.

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ Ke ka ntlha yang fa bagolwane ba Bakeresete ba tshwanetse go nna bonolo?

◻ Bonolo bo kaela mogakolodi yo o botlhale jang?

◻ Bagakolodi ba bantsi ba botlhokwa ka tsela efe?

◻ Ke ka ntlha yang fa go le mosola go naya bosupi ka bonolo?

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Batho ba ga Jehofa ba tshwana fela le dinku mme ba tshwanetse go tshwarwa ka bonolo

[Motswedi wa Setshwantsho]

Garo Nalbandian

[Setshwantsho mo go tsebe 19]

Bonolo bo thusa batho ba ga Jehofa gore ba kgone go neela batho ba maikutlo a a farologaneng bosupi

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela