LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 10/15 ts. 29-30
  • “O Tla Nna le Nna kwa Paradaiseng”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “O Tla Nna le Nna kwa Paradaiseng”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Paradaise
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • “Re Tla Kopana Kwa Paradaiseng!”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • “O Tla Nna le Nna mo Paradaiseng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2022
  • Re ka Ithuta Eng mo Sekebekweng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 10/15 ts. 29-30

“O Tla Nna le Nna kwa Paradaiseng”

FA SENOKWANE se ntse se kaletse jalo mo koteng e se neng se bolaelwa mo go yone, se swa loso lo lo botlhoko jalo, se kopa monna yo o fa thoko ga sone jaana: “Jesu, u nkgopole fa o tsena mo bogosing jwa gago.” Jesu o ne a araba jaana, lemororo le ene a ne a swa loso lo lo botlhoko: “Ammaaruri ke a go bolelela gompieno, O tla nna le nna kwa Paradaiseng.” (Luke 23:42, 43, NW) A tsholofetso e e gomotsang jang ne e e neng e ka solofediwa motho yo o swang!

Lefa go le jalo, a o ne wa lemoga gore New World Translation—thanolo e e tsopotsweng mo serapeng se se fetileng—e baya phegelwana fa morago ga lefoko “gompieno” fa e ranola mafoko ao a ga Jesu? Seno se re naya kgopolo ya gore le mo letsatsing leo Jesu a suleng ka lone, o ne a santse a kgona go solofetsa senokwane seo go tshela mo Paradaiseng. Kafa letlhakoreng le lengwe, The New English Bible yone e kgaoganya mafoko a ga Jesu ka tsela eno: “Ke go bolelela jaana: gompieno o tla nna le nna kwa Paradaiseng.” Dithanolo tse dingwe tse dintsi di dumalana le The New English Bible, di naya kgopolo ya gore Jesu le senokwane se se neng se swa seo ba ne ba tla ya kwa Paradaiseng mo go lone letsatsi leo. Ke ka ntlha yang fa di farologana? Mme ke tsela efe e e siameng ya go tsenya matshwao a puo?

Ebile tota, mekwalo ya ntlha ya Segerika sa ntlhantlha ya Bibela e ne e sena matshwao a puo. Ka gone, fa go ne go simololwa go dirisiwa matshwao a puo, bakwalolodi mmogo le baranodi ba Bibela ba ne ba tshwanela go tsenya matshwao a puo go ya kafa ba neng ba tlhaloganya boammaaruri jwa Bibela ka teng. A mokgwa o seno se ranolwang ka one ka tlwaelo o siame? A Jesu le moikepi yoo ba ne ba ya kwa Paradaiseng mo letsatsing le ba neng ba swa ka lone?

Nnyaa, go ya ka Bibela, ba ne ba ya kwa lefelong leo ka Segerika le bidiwang Haʹdes mme ka Sehebera le bidiwa Sheʹol, ao bobedi jwa one a rayang lebitla le le tlwaelegileng la motho. (Luke 18:31-33; 24:46; Ditihō 2:31) Bibela e bolela jaana ka bao ba leng kwa lefelong leo: “Me bashwi ga ba itse sepè . . . Ga go na tihō, leha e le maanō, leha e le kicō, leha e le botlhale mo Bobipoñ [Sehebera, Sheʹol; Segerika, Haʹdes], kwa u eañ gōna.” Eleruri e ne e se kwa paradaiseng!—Moreri 9:5, 10.

Jesu o ne a nna malatsi a le mararo a ise a tsosiwe mo Hades. Morago, mo e ka nnang ka dibeke di le thataro o ne a tlhaga mo barutweng ba gagwe ka makgetlo a le mmalwa mo tikologong ya Palesetina. Jesu o ne a bolelela Maria jaana mo go lengwe la makgetlo ao: “Ga ke e se ke tlhatlogele kwa go Rara.” (Yohane 20:17) Ka jalo, le eleng ka nako eo o ne a ise a fitlhe kwa lefelong lepe fela leo le neng le ka bidiwa paradaise.—Tshenolō 2:7.

Mo lekgolong la boraro la dingwaga C.E.—fa go kopanngwa ga dithuto tsa Bokeresete le botlhale jwa Bagerika go ne go diragala ka lobelo—Origen o ne a tsopola mafoko a ga Jesu a re: “Gompieno o tla nna le nna mo Paradaiseng ya Modimo.” Mo lekgolong la bone la dingwaga C.E., bakwadi ba kereke ba ne ba tatalala kgatlhanong le go tsenya phegelwana fa morago ga “gompieno.” Seno se bontsha gore go bala mafoko ano a ga Jesu ka tsela e e tlwaelegileng go na le lobaka lo loleele go ntse jalo. Mme gape go bontsha gore le eleng mo lekgolong la bone la dingwaga C.E., mafoko a ga Jesu a ne a balwa ka tsela eo a ranotsweng ka yone mo go New World Translation.

Gompieno le gone, lemororo dithanolo tse dintsi di tsenya matshwao a puo mo go Luke 23:43 go ya ka ngwao ya kereke, tse dingwe di tsenya matshwao a puo fela jaaka New World Translation. Ka sekai, mo thanolong ya Sejeremane ya ga Porofesa Wilhelm Michaelis, mafoko a ga Jesu a balega jaana: “Ka boammaaruri, ke go tlhomamisetsa jaana gone gompieno: (letsatsi lengwe) re tla nna mmogo kwa Paradaiseng.”

Moikepi yoo o ne a tlhaloganya mafoko a ga Jesu jang? A ka nna a tswa a ne a utlwile go ntse go bolelwa gore Jesu ke Kgosi e go neng go solofeditswe gore e tla tla. Kwantle ga pelaelo o ne a setse a utlwile kaga leina “kgosi ea Bayuda” leo Pilatwe a neng a laetse gore le kwalwe le bo le pegiwe fa godimo ga tlhogo ya ga Jesu. (Luke 23:35-38) Lemororo baeteledipele bao ba bodumedi ba ne ba gana Jesu ka botlhogoethata, senokwane se se ikwatlhaileng seno se ne sa itshupa fa se na le tumelo ka go bolela jaana: “Jesu, o nkgopole fa o tsena mo bogosing jwa gago.” O ne a sa lebelela gore o tla busa le Jesu, mme o ne a batla go bona melemo mo pusong ya ga Jesu. Ka gone, le eleng mo go lone letsatsi le le thata leo, Jesu o ne a solofetsa moikepi yoo gore o tla nna le ene kwa Paradaiseng.

Mo paradaiseng efe? Mo Bibeleng, Paradaise ya ntlhantlha e ne e le tshimo ya sekaparaka ya Edena e e neng ya latlhegela batsadi ba rona ba ntlha. Bibela e solofetsa gore Paradaise eo ya selefatshe e tla busediwa gape fa Bogosi jwa Modimo joo Jesu e leng Kgosi ya jone bo busa. (Pesalema 37:9-11; Mika 4:3, 4) Ka gone, Jesu o tla bo a na le moikepi yoo le ba bangwe gape ba ba senang palo ba ba suleng fa a tla bo a ba tsosa mo mabitleng go tla go tshela mo lefatsheng la paradaise le go ba naya tshono ya go ithuta go dira se Modimo o se ratang le go tshelela ruri.—Yohane 5:28, 29; Tshenolō 20:11-13; 21:3, 4.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela