Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
◼ Fa mongwe a swa, a go siame gore Bakeresete ba ka naya lelapa leo dithunya kana ba di romela kwa legaeng leo phitlho e tla tshwarelwang kwa go lone?
Mo dinageng tse dingwe go tlwaelegile go dira jalo. Mme go dirisa dithunya kwa diphitlhong ka dinako tse dingwe go kaya sengwe mo bodumeding. Ka jalo a re sekasekeng kgang eno ka botlalo, segolobogolo ka go na le dingwao tse dingwe tse di ka lebegang di amana le bodumedi jwa maaka. A o ko o ele tlhoko dikakgelo tse di tswang go The Encyclopedia of Religion (1987):
“Dithunya di tshwaraganngwa le lefelo la tsone le le boitshepo ka go amana ga tsone le medimo le medimo ya sesadi. Flora ebong modimo wa sesadi wa Baroma wa dikgakologo le dithunya, o ntlafatsa dithunya le go di naya lonko lo lo monate . . . Medingwana e ka itumedisiwa ya bo ya obamelwa . . . ka go newa dijo le dithunya.
“Go amanngwa ga dithunya le ditiro tse di dirwang kwa losong go tletsetletse mo lefatsheng lotlhe. Bagerika le Baroma ba khurumetsa baswi le mabitla a bone ka dithunya. Meya ya Babuda ba ba swang kwa Japane e isiwa kwa godimo ka dithunya, mme matlapa a mabitla kwa diphuphung a ka nna a bewa mo dithunyeng tse di gabilweng mo lejeng . . . Ba-Tahiti ba tlogela dingata tsa dithunya tse di phuthetsweng ka patadikgagane fa thoko ga setopo morago ga loso ba bo ba tshela senkgisamonate sa dithunya mo setopong gore se kgone go fetela mo botshelong jo bo boitshepo jwa morago ga loso motlhofo fela . . . Ka dinako tse dingwe dithunya di ka nna teng ka dinako tse di boitshepo e le maswalo kana senkgisamonate.”
Ereka ba lemoga gore dithunya di ile tsa dirisiwa mo ditumelong tsa maaka, Bakeresete ba bangwe ba ile ba ikutlwa gore ga ba a tshwanela go ntsha kana go romela dithunya kwa diphitlhong. Boikutlo joo jwa bone bo ka nna jwa supa fa ba eletsa go tila dingwao tsa selefatshe, ereka balatedi ba ga Jesu e “se ba lehatshe.” (Yohane 15:19) Lefa go ntse jalo, ditemana tse di lebaneng le seno tsa Bibela mmogo le dilo tse di dirwang ka tlwaelo mo lefelong la lona di ama kgang eno.
Dithunya ke karolo ya dineo tse di molemo tsa Modimo tseo a batlang batshedi ba di itumelela. (Ditihō 14:15-17; Yakobe 1:17) Bontle jo a bo dirileng jwa dithunya bo ile jwa dirisiwa mo kobamelong ya gagwe ya boammaaruri. Setlhomo sa lobone se se neng se le kwa motlaaganeng se ne se kgabisitswe ka “dithunya tsa thamane . . . le dithunya.” (Ekesodo 25:31-34) Matlapa a a gabilweng a a neng a le mo tempeleng a ne a akaretsa dithunya le ditlhare tsa motlhware. (1 Dikgosi 6:18, 29, 32) Ka phepafalo he, lebaka la go bo baheitane ba ne ba dirisa dithunya kana dithunya tse di tshophilweng le ne le sa reye gore baobamedi ba boammaaruri ba ne ba tshwanetse go tila go di dirisa gotlhelele.—Ditihō 14:13.
Lefa go ntse jalo, go tweng he ka kgang e e boteng ya go latela dingwao, jaaka dingwao tsa phitlho? Bibela e umaka dingwao tse dintsi, dingwe tsa tsone ga di a tshwanela baobamedi ba boammaaruri, dingwe tsa tsone di ne di latelwa ke batho ba Modimo. Dikgosi wa ntlha 18:28 e tsopola “ngwao” ya baobamedi ba ga Baale ya go ‘goa thata le go itshegaka’—ngwao eo baobamedi ba boammaaruri ba neng ba ka se ka ba e latela. Kafa letlhakoreng le lengwe, Ruthe 4:7 ga e ganane le ‘mokgwa wa gale mo Iseraele wa go rekolola.’
Dingwao dingwe tse Modimo o di amogelang di ka nna tsa tswa di simologile mo dilong tse e leng tsa bodumedi. Fa Modimo o ne o bolela gore moletlo wa Tlolaganyo o dirwe jang, ga wa ka wa umaka gore go dirisiwe beine, mme mo lekgolong la ntlha la dingwaga, go ne go tlwaelegile go dirisa beine. Jesu le baaposetoloi ba gagwe ga ba a ka ba gana ngwao eno ya bodumedi. Ba fitlhetse e se phoso, mme ba ne ba e latela.—Ekesodo 12:6-18; Luke 22:15-18; 1 Bakorintha 11:25.
Go tshwana fela le ka dingwao tse dingwe tsa bodumedi. Baegepeto ba ne ba tlwaetse go tshasa baswi ba bone ka dinkgisamonate. Tlhogo e e ikanyegang ya lotso Josefa ga e a ka ya bua jaana, ‘Eno ke ngwao ya baheitane, ka jalo rona Bahebera re tshwanetse go e tila.’ Go na le moo, o ne a “laola batlhanka ba gagwè ba e leñ diñaka, gore ba omisè rragwè ka boñaka,” ka phepafalo fela e ne e le gore Jakobe a tle a fitlhwe kwa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng. (Genesise 49:29–50:3) Moragonyana Bajuda ba ne ba nna le dingwao tse di farologaneng tsa go fitlha batho, jaaka go tlhapisa setoto le go se fitlha mo letsatsing le motho a suleng ka lone. Bakeresete ba pele ba ne ba latela dingwao tse di ntseng jalo tsa Bajuda.—Ditihō 9:37.
Lefa go ntse jalo, go tweng fa ngwao nngwe e lejwa jaaka eo e kayang sengwe seo se theilweng mo thutong e e phoso ya bodumedi, jaaka go dumela gore moya ga o swe? Gakologelwa gore saetlopedia e ne ya bolela gore ba bangwe ba “tlogela dingata tsa dithunya di phuthetswe ka patadikgagane di beilwe fa thoko ga setopo morago ga loso go bo go tshelwa senkgisamonate sa dithunya mo setopong gore se kgone go fetela bonolo mo botshelong jo bo boitshepo morago ga loso.” Lebaka la go bo go na le dingwao tse di ntseng jalo ga le reye gore batlhanka ba Modimo ba tshwanetse go tila go dira selo se se tshwanang. Lemororo Bajuda ba ne ba sa dumele gore motho “o fetela mo botshelong jo bo boitshepo morago ga loso,” Bibela e bolela jaana: “Ba tsaea setoto sa ga Yesu, ba se phuthèla mo letseleñ ya leloba, le ka malaō yaka e le tlwaèlō ea phitlhō ea Bayuda.”—Yohane 12:2-8; 19:40.
Bakeresete ba tshwanetse go tila dilo tse di tlwaetsweng go dirwa tse di thulanang le boammaaruri jwa Bibela. (2 Bakorintha 6:14-18) Lefa go le jalo, dilo tsa mefuta yotlhe, tsa dibopego tsotlhe, le ditlwaelo dingwe, ka nako nngwe kana kwa lefelong lengwe di ile tsa tlhalosiwa ka tsela e e phoso kana di ile tsa amanngwa le dithuto tse eseng tsa Dikwalo. Go ile ga obamelwa ditlhare, popego ya pelo e ile ya lejwa e le boitshepo, mme maswalo a ile a dirisiwa mo meletlong ya seheitane. A seno se raya gore Mokeresete le ka motlha a se a ka dirisa maswalo, kana a kgabisa ditlhare ka tsela epe fela, kana a se ka a apara dibenya tsa sebopego sa pelo?a Eo ga se konelo e e siameng.
Mokeresete wa mmatota o tshwanetse go akanyetsa seno: A fa ke latela ngwao e e rileng mo go ba bangwe go tla raya gore ke latela ditumelo le go dira ditiro tse di ganwang ke Dikwalo? Lobaka lwa nako le lefelo le ka ama karabo. Ngwao (kana tiro nngwe) e ka tswa mo dimileniamong tse di fetileng e ne e kaya sengwe sa sedumedi kana e ka nna ya kaya sengwe se se ntseng jalo kwa nageng nngwe e e kwa kgakala. Mme pele o ka dira patlisiso e e tla go jelang nako, ipotse jaana: ‘Seno se lejwa jang fela ka tlwaelo fa ke nnang teng?’—Bapisa 1 Bakorintha 10:25-29.
Fa go itsege gore ngwao (kana mokgabisa mongwe, jaaka sefapaano) e kaya sengwe mo bodumeding jwa maaka, e tile. Ka gone Bakeresete ga ba kake ba romela dithunya tse di dirilweng sefapaano, kana pelo e khibidu fa e le gore seo se lejwa se kaya sengwe mo bodumeding. Kana go ka nna le ditsela tse dingwe tseo dithunya di dirisiwang ka tsone kwa phitlhong kana kwa mabitleng tseo di kayang sengwe mo bodumeding mo lefelong la lona. Seo le sone Mokeresete o tshwanetse go se tila. Lefa go ntse jalo, ga ga reye gore go isa ngata ya dithunya kwa phitlhong kana go naya tsala e e kwa kokelong dithunya go tshwanetse ga lejwa jaaka tiro nngwe ya bodumedi e e tshwanetseng go tilwa.b
Go farologana le seo, mo dinageng tse dintsi ngwao ya go ntsha dithunya e tletsetletse ebile e lejwa jaaka go supa bopelonomi. Dithunya di ka kgabisa ebile di ka dira gore fa batho ba phuthegile ka kutlobotlhoko ba kgone go itumela. Di ka nna tsa supa kutlwelobotlhoko le go amega. Kwa mafelong a mangwe ngwao eo e ka nna ya supa fa e le tiro nngwe ya go supa bopeloephepa, jaaka go naya ba ba lwalang le ba ba hutsafetseng dijo. (Gakologelwa kafa ba bangwe ba neng ba amega ka teng ka Dorekase gonne o ne a bontsha batho gore o a ba kgatlhegela le gore o amega ka bone. [Ditihō 9:36-39]) Fa go dira jalo go sa amane ka gope le ditumelo tsa maaka, bangwe ba Basupi ba ga Jehofa ba tlwaetse go naya ditsala tsa bone tse di kwa dikokelong dithunya ka boitumelo kana fa go na le loso. Gape ba ka nna ba supa kgatlhego ya bone le kafa ba ikutlwang ka teng ka ditiro tse dingwe.—Yakobe 1:27; 2:14-17.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Baheitane ga ba bolo go dirisa maswalo a lonko lwa dithunya mo meletlong ya bone, mme batho ba Modimo ba ne ba se phoso fa ba ne ba dirisa maswalo mo kobamelong ya boammaaruri. (Ekesodo 30:1, 7, 8; 37:29; Tshenolō 5:8) Bona gape le “Are They Idolatrous Decorations?” mo go Awake! ya December 22, 1976.
b Go tshwanetse ga akanyediwa seo lelapa le batlang go se dira, ka go bo ba bangwe ba itsise gore fa go na le mongwe yo o eletsang go romela dithunya, mo boemong jwa seo a ntshe moneelo kwa phuthegong kana a o neye mokgatlho mongwe wa batlhoki.