LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 11/1 ts. 5-7
  • Letsatsi la Modimo la Ipusolosetso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Letsatsi la Modimo la Ipusolosetso
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Ka Ntlha Yang Fa go Na le Letsatsi la Ipusolosetso?
  • Letsatsi la Modimo la Ipusolosetso le Tla Fitlhelela Eng?
  • O Tla Dira Eng?
  • A go Ipusolosetsa go Phoso?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • ‘Rraalona o Kutlwelobotlhoko’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Merafe Yotlhe e Tloga e Bona Tshiamo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 11/1 ts. 5-7

Letsatsi la Modimo la Ipusolosetso

JAAKA re bone mo setlhogong se se fetileng, go na le mabaka a le mmalwa a go bo go le phoso gore re ipusolosetse. Go phoso ka gonne kwa bokhutlong, ga go rarabolole sepe. Go phoso ka gonne go nonotsha bobaba go na le gore go nonotshe botsala. Gape go phoso ka gonne go kotsi mo mothong yo o nnelang go akanya ka go ipusolosetsa.

Lefa go ntse jalo, lebaka le le botlhokwa go gaisa la go bo go ipusolosetsa ga batho go le phoso le bonwa mo mafokong ano a Moshe a neng a a kwalela Baiseraele: ‘Jehofa Modimo wa gago ke Modimo o o kutlwelobotlhoko.’ (Duterenome 4:31) Ereka Modimo o le kutlwelobotlhoko, re tshwanetse go nna kutlwelobotlhoko fela jaaka ene. Jesu o ne a bolelela balatedi ba gagwe jaana: “Lo nnè kutlwèlō botlhoko, hèla yaka Rra lona le èna a le kutlwèlō botlhoko.”—Luke 6:36.

Lefa go ntse jalo, Bibela gape e tlhalosa Jehofa jaaka “Modimo o pusholoshō e leñ ea [gagwe].” (Pesalema 94:1) Moperofeti Isaia o bua kaga “ñwaga o o lebosègañ oa ga Yehofa” le kaga “letsatsi ya pusholoshō ya Modimo oa rona.” (Isaia 61:2) Modimo a ka nna kutlwelobotlhoko a bo a ipusolosetsa jang? Fa e le gore re tshwanetse go etsa kutlwelobotlhoko ya Modimo, ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go mo etsa ka go ipusolosetsa?

Go araba potso ya ntlha, Modimo o kutlwelobotlhoko gonne o rata batho, mme o itshwarela tota gore a neye batho tshono ya go baakanya ditsela tsa bone. Batho ba bantsi, ba ba tshwanang le mopoasetoloi Paulo ba ne ba dirisa kutlwelobotlhoko eno ka tsela e e molemo. Mme Modimo gape o a ipusolosetsa—ka tlhaloganyo ya gore o dira gore tshiamo e nne teng—gonne kutlwelobotlhoko e e ntseng jalo e ka tswelela fela ka lobaka lo lo rileng. Fa batho bangwe ba supa gore ga ba kitla ba fetola ditsela tsa bone, Modimo o tla tlisa katlholo mo letsatsing leo le bidiwang letsatsi la gagwe la ipusolosetso.

Karabo ya potso ya bobedi ke gore nnyaa, ga re a tshwanela go ipusolosetsa gonne Modimo ke ene a ipusolosetsang. Tshiamiso ya ga Jehofa e itekanetse. Batho bone ga ba a nna jalo. Modimo o kgona go bona dikarolo tsotlhe tsa kgang ebile o dira tshwetso e e siameng ka metlha. Ga re kake ra ikanngwa gore re tla dira selo se se tshwanang. Ke ka ntlha ya moo Paulo a neng a gakolola jaana: “Baratwa se ipusholosetseñ, me lo thibogèlè bogale; gonne go kwadilwe, ga twe, Pusholoshō ke ea me; ke tla duèla, go bua Morèna.” (Baroma 12:19) Re tshwanetse go lesa Jehofa gore a ipusolosetse gore re se ka ra tsena mo kotsing.

Ke Ka Ntlha Yang Fa go Na le Letsatsi la Ipusolosetso?

Lefa go ntse jalo, mo mafelong a mantsi Bibela e dumela gore batho ba ba dirang diphoso ba sa ikwatlhae ba tlhoka go sekisiwa. Ka sekai, moaposetoloi Paulo o ne a bolelela pele gore Modimo o tlile go dirisa Jesu, go tla go “itehetsa mo go ba ba sa itseñ Modimo, le mo go ba ba sa ineeleñ go utlwa Mahoko a a Molemō a Morèna oa rona Yesu.” (2 Bathesalonia 1:8) Re na le lebaka le le molemo la go tsaya mafoko ao a le masisi. Ka ntlha yang?

Selo se segolo ke go bo bontsi jwa batho gompieno bo tswelela go nyatsa boloadi jwa Mmopi, bo tlhokomologa melao ya gagwe ya tshiamo. Go sa kgathalesege gore ba dumela Modimo kana nnyaa, boitsholo jwa bone bo supa ka phepafalo fela gore ga ba ikutlwe ba ikarabelela mo Modimong ka gope. Mafoko ano a ga mopesalema a dira mo bathong botlhe ba ba ntseng jalo: “Ana moikèpi o nyaletsañ Modimo; a ithaea mo peduñ, a re, Ga u ketla u go lehetsa?” (Pesalema 10:13) Eleruri, Jehofa ga a kitla a tlogela fela gore a kgobiwe ka tsela eno goyagoile. Lemororo e le Modimo o o lorato, gape ke Modimo wa tshiamiso. O tla reetsa dilelo tsa bao eleruri ba amegileng ka gore tshiamiso e dirwe: “Tloga u èmè, Yehofa; Modimo, choletsa lecōgō ya gago: u se ka ua lebala bahumanegi.”—Pesalema 10:12.

Mo godimo ga moo, batho ba ba tlolang molao ba senya lefatshe le re nnang mo go lone. Ba kgotlela moya, naga, le metsi; mme ba tlatsa lefatshe ka ditiro tse di sa siamang le bosetlhogo. Mme ba kgobokanya ditlhabano tsa dikhemikale, nuklea, le tse dingwe tse di bolayang tseo di tshosetsang botshelo jwa batho. Modimo o tlhoka go dira sengwe go tlhomamisa gore batho ba ba siameng ba bone isagwe e e bolokesegileng. (Tshenolō 11:18) Kgato eno e e tla tsewang ke yone eo Isaia a ileng a e bitsa letsatsi la ipusolosetso.

Letsatsi la Modimo la Ipusolosetso le Tla Fitlhelela Eng?

Go ya ka Vine’s Expository Dictionary of Old and New Testament Words, mo Dikwalong tsa yone tsa Segerika, lefoko ipusolosetso, fa le dirisiwa go umakiwa Modimo, totatota le kaya “‘se se diragalang ka ntlha ya tshiamiso,’ eseng ka ntlha ya go bo a utlwile botlhoko kana fela ka gonne a galefile, jaaka fa gantsi go ntse ka go ipusolosetsa ga motho.” Ka gone, go ipusolosetsa ga Modimo kgatlhanong le baba ba gagwe ga go kitla e nna nako ya go tsholola madi ka tsela e feteletseng, jaaka fa batho ba mekamekana ba lwa. Bibela e re bolelela gore, “Morèna o itse go golola badumedi mo thaeloñ, le go cwalèla basiamolodi mo pecoñ, go tlo go tsamaeè letsatsi ya tshekishō le bè le ba hitlhèlè.”—2 Petere 2:9.

Batlhanka ba Modimo ba lebeletse pele letsatsi la Modimo la ipusolosetso jaaka nako ya fa boitsholo jo bo siameng bo tla bo bo tseelwa kwa godimo le ya fa batho ba ba siameng ba tla bo ba gololwa mo go gatelelweng ke baikepi. Seno ga se reye gore ba eletsa go ba bona ba boga kana ba batla go ipusolosetsa. “Eo o itumèlèlañ tshenyègèlō ga a ketla a tlhōka pecō,” Bibela e tlhagisa jalo. (Diane 17:5) Kafa letlhakoreng le lengwe, ba tlhagolela kutlwelobotlhoko le lorato, ba tlogelela Modimo gore o dire tshwetso ya go ipusolosetsa.

Ka boammaaruri, ga go motlhofo mo mothong yo o galefileng go dira ka tsela eo. Mme go a kgonega, ebile ba bantsi ba ile ba dira jalo. Ka sekai, Pedro o ne a sa bona kgodiso e e siameng ebile gantsi mogolowe o ne a tlhola a mo itaya. Ka jalo, o ne a nna motho yo o ratang ntwa, a tlhola a tshwerwe ke mapodisi mme a tshwara mosadi wa gagwe le bana ka tsela e makgwakgwa ka ntlha ya bogale jo a neng a na najo ka ntlha ya ga morwarraagwe. Kgabagare o ne a reetsa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme moragonyana a simolola go ithuta Bibela. “Jehofa o ne a nthusa,” o anela jalo, “ke ne ka fetoga, mme jaanong, go na le gore ke lwe le batho, ke ba thusa jaaka mogolwane wa Mokeresete.” Bibela le moya o o boitshepo di ile tsa thusa batho ba bangwe ba bantsi go se tlhole ba eletsa go bona ba bangwe ba boga kana ba batla go ipusolosetsa mme ba rate ba bangwe le go nna pelotelele le bone.

O Tla Dira Eng?

Go nna re gakologetswe letsatsi la Modimo le le tlang la ipusolosetso go tla re thusa gore re dire gore re solegelwe molemo ke bopelotelele jwa ga Jehofa. Mme ditshono tsa go dira jalo ga di dintsi. Letsatsi leo le tla tloga le tla. Moaposetoloi Petere o ne a bontsha lebaka la go bo le ise le tle jaana: “Morèna ga a bonya kaga polèlō ea gagwè ea choloheco, yaka bañwe ba tle ba kaee bonya; me o pelotelele mo go lona, a sa rate gore opè a shwè, ha e se gore botlhe ba tlè mo boikwatlhaoñ.”—2 Petere 3:9.

Ka gone re tshwanetse go direla ka bonako go ipakaanyetsa letsatsi la Modimo la katlholo ka go ithuta Dikwalo le go dirisa kgakololo ya tsone. Seno se tla re thusa go sala mafoko ano a ga mopesalema morago: “Bakèla bogale, u lesè kgakalō: u se ka ua ichwenya, ka go ichwenya go tlo go ise kwa boshuleñ. Gonne badiha boshula ba tla kgaolwa; me ba ba lebeletseñ mo go Yehofa, ba tla rua lehatshe.”—Pesalema 37:8, 9.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Morago ga letsatsi la Modimo la ipusolosetso, “ba ba lebeletseñ mo go Yehofa, ba tla rua lehatshe”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela