LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 11/1 ts. 13-18
  • Go Siana Lobelo ka Boitshoko

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Siana Lobelo ka Boitshoko
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Itumela Ba Ba Itshokang!
  • Go Bona Kemonokeng go Tswa mo Lefokong Le Le Kgothatsang la ga Jehofa
  • Gore Ba Bangwe Ba Bolokwe
  • Go Tswelela Re Tlhomame mo Tshianong
  • O ka Itshoka go Fitlha Kwa Bokhutlong
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Sianang Lobelo ka Boitshoko
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • ‘Sianang ka Tsela e e Ntseng Jalo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • ‘Taboga Lobelo go ya Bofelong’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2020
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 11/1 ts. 13-18

Go Siana Lobelo ka Boitshoko

“A re sianeñ ka [boitshoko, “NW”] tshianō e re e beilweñ pele.”—BAHEBERA 12:1.

1. (a) Ke eng se se bewang fa pele ga rona fa re ineela mo go Jehofa Modimo? (b) Mokeresete o tshwanetse go ipaakanyetsa mofuta ofe wa tshiano?

FA RE bua ka tsela ya tshwantshetso, Modimo o ne wa baya tshiano fa pele ga rona fa re ne re ineela mo go Jehofa ka Jesu Keresete. Kwa bokhutlong jwa tshiano eno, botlhe ba ba tla atlegang go e wetsa ba tla newa sekgele. Sekgele sefe? Botshelo jo bo sa khutleng! Mosiani wa Mokeresete o tshwanetse go ipaakanyetsa go siana tshiano ya sekgala se seleele, eseng fela e khutshwane e e sianiwang ka lobelo lo logolo, fa a batla go gapa sekgele seno se se molemo thata. Ka jalo o tla tlhoka boitshoko. O tla tshwanela go itshokela tiro e lobelo lo e batlang le dikgoreletsi tse a tla kopanang le tsone mo tshianong.

2, 3. (a) Ke eng seo se tla re thusang go siana tshiano ya Bokeresete go fitlha kwa bokhutlong? (b) Boitumelo bo ne jwa thusa Jesu jang go siana tshiano ka boitshoko?

2 Ke eng se se tla re thusang go siana tshiano eo re bo re e fetsa? Gone mme, ke eng seo se neng sa thusa Jesu go itshoka fa e ne e santse e le motho mo lefatsheng? O ne a kgona go nna le maatla ka go nna le nonofo ya boitumelo. Bahebera 12:1-3 e balega jaana: “Me ke gōna, ereka re dikanyedicwe ke boidiidi yo bo kalo kalo yoa bashupi, a le rona re latlheñ bokete boñwe le boñwe, le boleo yo bo bohehō go re rareètsa, me a re sianeñ ka [boitshoko, NW] tshianō e re e beilweñ pele, Re nntse re lebile kwa go Yesu, mosimolodi le mowetsi oa tumèlō ea rona, eo e rileñ ka boitumèlō yo o bo beecweñ pele a ichokèla mokgōrō, a nyatsa ditlhoñ, me a dula kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo ya setulō sa Modimo sa bogosi. A lo ko lo akanyeñ èna eo o ichoketseñ kganèlō e e kalo kalo ea baleohi ba ba ikganetsañ, gore lo tlè lo se ka loa lapa, loa ñodièga mo meoeñ ea lona.”

3 Mo bodiheding jotlhe jwa gagwe jo bo itsegeng thata, Jesu o ne a kgona go nna a ntse a siana tshiano gonne a ne a itumedisa Jehofa. (Bapisa Nehemia 8:10.) Boitumelo jo a neng a na najo bo ne jwa mo thusa go itshokela le loso lo lo tlhabisang ditlhong mo koteng ya pogisetso, leo morago ga lone a neng a bona boitumelo jo bo ka se kang jwa tlhalosiwa jwa go tsosiwa mo baswing le go tlhatlogela kwa letsogong le legolo la ga Rraagwe, koo a neng a tla dira tiro ya Modimo teng go fitlha e wela. O ne a tshwarelela mo tshiamelong ya gagwe ya go bona botshelo jo bo sa khutleng ka go nna a itshokile a le fa thoko ga Modimo. Ee, Luke 21:19 e bolela jaana: “Lo tla ipolokèla meōea ea lona ka [boitshoko, NW] yoa lona.”

4. Ke sekao sa mofuta ofe se Jesu a se tlhometseng basiani ka ene, mme re tshwanetse go boloka dikgopolo tsa rona mo go eng?

4 Jesu Keresete o ne a tlhomela basiani ka ene sekao se se molemo go gaisa mme sekao sa gagwe se re tlhomamisetsa gore le rona re ka fenya. (1 Petere 2:21) Re ka kgona go dira seo Jesu a re kopang gore re se dire. Re ka kgona go itshoka fela jaaka ene. Mme fa re nna re tlhomame mo go mo etseng, re tshwanetse ra nna re gakologetswe mabaka ao ka one re tshwanetseng go itumela. (Yohane 15:11, 20, 21) Boitumelo bo tla re nonotsha gore re tswelele re ntse re siana tshiano mo tirelong ya ga Jehofa go fitlha re bona sekgele se se galalelang sa botshelo jo bo sa khutleng.—Bakolosa 1:10, 11.

5. Re ka itumela le go nonofela tshiano e re e beilweng pele eno jang?

5 Jehofa o re naya maatla a a fetang a re ka nnang le one ka tlwaelo go re thusa go tswelela ka tshiano. Fa re bogisiwa, maatla ao le go itse lebaka la go bo re na le tshiamelo ya go bogisiwa di a re nonotsha. (2 Bakorintha 4:7-9) Sengwe le sengwe se se re diragalelang ka ntlha ya go batla go tlotla leina la Modimo le go tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe se re naya lebaka la go bona boitumelo joo go senang ope yo o ka bo re amogang. (Yohane 16:22) Seno se re bontsha lebaka la go bo baaposetoloi ba ne ba itumelela go bo “ba kailwe chwanèlō ea go tlotlololwa ka ntlha ea Leina,” fa ba sena go itewa ka taolo ya Lekgotla la Sanehederine ya Bajuda mabapi le go bolela dilo tse di molemo tseo Jehofa Modimo a neng a di dirile ka Jesu. (Ditihō 5:41, 42) Boitumelo jwa bone e ne e se ka ntlha ya pogiso ka boyone mme ka ntlha ya go ikutlwa ba kgotsofetse tota ka go itse gore ba itumedisa Jehofa le Jesu.

6, 7. Ke ka ntlha yang fa mosiani wa Mokeresete a ka itumela le eleng lefa a le mo dipitlaganong, mme go ka felela jang?

6 Maatla a mangwe a a re tshegetsang mo botshelong jwa rona ke tsholofelo e Modimo o e re beileng pele. Ke fela jaaka Paulo a ne a bolela jaana ka yone: “A re nneñ le kagishō mo Modimoñ ka Morèna oa rona Yesu Keresete; Eo re bileñ re bonye ka èna go tsèna ka tumèlō mo tshegōhacoñ e re emeñ mo go eōna; me a re itumeleñ mo choloheloñ ea kgalalèlō ea Modimo. Me e señ gōna gosi, me a re itumeleñ le mo dipitlaganoñ tsa rona: ka re itse ha pitlaganō e tle e cose pelotelele: Me pe[l]otelele e cose boitekō; me boitekō bo cose cholohèlō; Me cholohèlō ga e tlhabise ditlhoñ.”—Baroma 5:1-5.

7 Pitlagano ka boyone ga e monate, mme maungo a kagiso ao e a ungwang one a a itumedisa. Maungo ano ke boitshoko, go ratiwa, tsholofelo, le go bona se o se solofeditsweng. Fa re itshoka re tla amogelwa ke Modimo. Fa Modimo o re amogela, re ka solofela fela ka tlhomamo gore re tla bona dilo tse a di re solofeditseng. Tsholofelo eno e re boloka re ntse re le mo tseleng ya rona ebile e a re kgothatsa fa re le mo pitlaganong go fitlha re bona se re se solofeditsweng.—2 Bakorintha 4:16-18.

Go Itumela Ba Ba Itshokang!

8. Ke ka ntlha yang fa lobaka lo lwa go leta e se go senya nako?

8 Go na le diphetogo dingwe tse re di bonang fa re santse re letile nako e Modimo o e tlhomileng e a tlileng go abela basiani dikgele ka yone. Tsone ke fa re ntse re tokafatsa semoya sa rona, mme di dira gore Modimo o re rate thata. Di supa seo re leng sone mme di re naya tshono ya go dirisa dinonofo tse dintle tse di tshwanang le tse di neng tsa supiwa ke batho bangwe ba bogologolo ba ba ikanyegang, segolobogolo tse Motlhomasekao wa rona, Jesu Keresete, a neng a di supa. Morutwa Jakobe o bolela jaana: “Ba ga echo, lo kaeè ha e le boitumèlō hèla, mogañ lo wèlañ mo ditekoñ di le dintsi; Lo nntse lo itse ha go lekwa ga tumèlō ea lona go tlo go cose bopelotelele. Me lo mmè bopelotelele bo dihè tihō ea yōna e e tletseñ, gore lo tlè lo nnè botlalō le boitekanèlō, lo sa tlhaele mo go sepè.” (Yakobe 1:2-4) Ee, re ka lebelela gore re tla lekwa ka ditsela tse di farologaneng, mme tseno di tla re thusa fela gore re tlhagolele dinonofo tse di siameng. Ka go dira jalo re tla bo re bontsha gore re tla nna mo tshianong eno go fitlha re gapa sekgele, lemororo re ka kopana le dikgoreletsi tse di ntseng jang.

9, 10. (a) Ke ka ntlha yang fa bao ba itshokelang diteko ba itumela, mme re tshwanetse go lebana le diteko jang? (b) Ke bomang bao ba neng ba itumela bogologolo, mme re ka dira jang gore re akarediwe mo go bone?

9 Ga go gakgamatse he go bo Jakobe a ne a bolela jaana: “[Go itumela, NW] motho eo o ichōkèlañ ditekō: gonne o tla re a sena go lekwa a lebogwe, a bōne serwalō sa botshelo, se Morèna o se sholoheditseñ ba ba mo ratañ”! (Yakobe 1:12) A ka metlha re neng re ntse re lebane le diteko re sa boele kwa morago, re na le dinonofo tsa bomodimo tseo di tla re nonotshang gore re di fenye.—2 Petere 1:5-8.

10 Gakologelwa gape gore tsela eo Modimo o dirisanang le rona ka yone ga e ntšha kana ga se e a iseng a dirisane le ope ka yone pele. O ne a dirisana le “boididi yo bo kalo kalo yoa bashupi” ba bogologolo ka tsela e e tshwanang fa bo ntse bo supa fa bo ikanyega mo Modimong. (Bahebera 12:1) Tsela e Modimo o neng o ba amogela ka yone e kwadilwe mo Lefokong la gagwe, mme re bolela fa ba itumela gonne ba nna ba ntse ba nonofile fa ba lekwa. Yakobe o bolela jaana: “Ba ga echo, lo ipeèlè sekaō sa boichōkō le bopelotelele ka baperofeti ba ba kileñ ba bua mo ineñ ya Morèna. Bōnañ, rea tle re re, go [itumela, NW] ba ba kileñ ba nna ba ichōka: lo utlwile kaga bopelotelele yoa ga Yobe, me lo bonye bohèlèlō yoa Morèna yaka Morèna a tletse bopelotlhomogi, me a le boutlwèlō botlhoko.” (Yakobe 5:10, 11) Go ne ga bolelelwa pele gore mo metlheng e e botlhoko eno ya bofelo, go tla nna le bangwe mo lefatsheng bao ba neng ba tla direla Jehofa ba thokgame, fela jaaka baperofeti bao ba ne ba dira mo dingwageng tse di makgolokgolo tsa bogologolo. A ga re itumelele go bo e le rona ba ba dirang jalo?—Daniele 12:3; Tshenolō 7:9.

Go Bona Kemonokeng go Tswa mo Lefokong Le Le Kgothatsang la ga Jehofa

11. Lefoko la Modimo le ka re thusa jang gore re itshoke, mme ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go nna jaaka mmu o o matlapa wa setshwantsho sa ga Jesu?

11 Paulo o ne a umaka sengwe gape seo se thusang go itshoka fa a ne a bolela gore “ka go itshoka ka bopelotelele, le kgothatso e re e bonang mo Dikwalong, re kgona go tshwarelela mo tsholofelong ya rona.” (Baroma 15:4, The Twentieth Century New Testament) Boammaaruri eleng Lefoko la Modimo bo tshwanetse jwa bo bo nwetse thata mo go rona go re dira gore re tseye kgato e e siameng ka dinako tsotlhe. Ga re bone molemo ope ka go nna jaaka mmu o o tletseng matlapa o o tlhalosiwang jaana mo setshwantshong sa ga Jesu sa mojadi: “Me yalo le bōnè ba ba yadilweñ ha go matlapa, ke ba ea reñ ba sena go utlwa lehoko, ba akohe ba le chole ka boitumèlō; Me ga ba na mocwe mo go bōnè ka bosi, me ba tla ba ème ka lobakanyana hèla; me e re mogañ go cogañ patikègō, kgotsa pogishō ka ntlha ea lehoko, ba akohe ba kgopiwe.” (Mareko 4:16, 17) Boammaaruri jwa Lefoko la Modimo ga bo tsenelele thata mo go ba ba ntseng jalo; ka gone, ka nako ya mathata, ga ba kgone go itshegetsa ka bone jaaka motswedi wa boammaaruri wa nonofo le tsholofelo.

12. Ke eng seo re sa tshwanelang go itsietsa ka sone fa re amogela mafoko a a molemo?

12 Mongwe le mongwe yo o amogelang mafoko a a molemo a Bogosi ga a tshwanela go nna a tlaletswe ka gore go tlile go latela eng. O tsaya tsela ya botshelo e e nang le pitlagano kana pogiso. (2 Timotheo 3:12) Mme o tshwanetse go go leba e le “boitumèlō hèla” go bona tshiamelo ya go lekwa ka ditsela tse di farologaneng ka go bo a kgomarela Lefoko la Modimo le go le bolelela ba bangwe.—Yakobe 1:2, 3.

13. Ke jang le gone ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a itumelela Bakeresete ba kwa Thesalonika?

13 Mo lekgolong la ntlha la dingwaga, baganetsi ba ne ba tsosa kgoberego kwa Thesalonika ka go bo Paulo a ne a rera koo. Fa Paulo a ya kwa Berea, babogisi bao ba ne ba mo sala morago fela gore ba tsose mathata a mangwe. Moaposetoloi yo a neng a bogisiwa yoo o ne a kwalela bao ba neng ba setse kwa Thesalonika jaana: “Re na le go leboga Modimo ka metlha eotlhe kaga lona, ba ga echo, hèla yaka go chwanetse, ka go bo tumèlō ea lona e nntse e gola thata, le go ratana ga lona lotlhe go totile thata; E bile le rona ka rosi re belahala ka lona mo diphuthegoñ tsa Modimo ka bopelotelele yoa lona le tumèlō lo le mo dipogishoñ cotlhe tsa lona, le mo dipitlaganoñ tse lo di ichoketseñ; Tse e leñ seshupō se se bōnalañ sa katlholō e e siameñ ea Modimo, sa gore lo kaiwè lo chwanetse bogosi yoa Modimo, yo lo bileñ lo bo bogèlañ botlhoko.” (2 Bathesalonia 1:3-5) Lemororo ba ne ba bogisiwa ke baba, Bakeresete ba kwa Thesalonika ba ne ba gola thata mo go tshwaneng le Keresete le dipalo tsa bone di ne tsa oketsega. Seo se ne sa kgonega jang? Gonne ba ne ba inonotsha ka Lefoko le le kgothatsang la ga Jehofa. Ba ne ba reetsa ditaolo tsa Morena le go siana tshiano ka boitshoko.—2 Bathesalonia 2:13-17.

Gore Ba Bangwe Ba Bolokwe

14. (a) Ke ka mabaka afe re salang re ntse re itumetse mo bodiheding le fa re tshwenyega? (b) Ke eng seo re se rapelelang, mme ka ntlha yang?

14 Re itshokela mathata le dipogiso ka boikanyegi ebile re sa ngongorege segolobogolo gore Modimo a tlotlomadiwe. Mme go na le lebaka le lengwe leo ka go tlhoka bogagapa re ineelang fela ka borona mo dilong tse di ntseng jalo ka lone: gore re kgone go bolelela ba bangwe mafoko a Bogosi gore baboledi ba Bogosi jwa Modimo ba oketsege mme ba ‘dire boipolelo jo bo isang polokong ka melomo ya bone.’ (Baroma 10:10) Bao ba leng mo tirelong ya Modimo ba tshwanetse go rapelela gore Mong wa thobo a segofatse tiro ya bone ka go lere baboledi ba ba oketsegileng ba Bogosi. (Mathaio 9:38) Paulo o ne a kwalela Timotheo jaana: “Me dilō tse u di utlwileñ mo go nna mo gare ga bashupi ba le bantsi, cōna tseuō u di neèlè batho ba ba ikanyègañ, ba ba tla nonohañ le go di ruta ba bañwe. U tlhakanèlè bothata le nna, yaka motlhabani eo o molemō oa ga Keresete Yesu.”—2 Timotheo 2:2, 3.

15. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go itshwara jaaka masole le bao ba neng ba ‘tsena ba leka mo metshamekong’?

15 Lesole ga le tshele botshelo jo bo gololesegileng jo bo tshelwang ke motho yo e seng lesole. Ka tsela e e tshwanang ga re a tshwanela go ipharafara ka dilo tsa batho bao ba seng mo mophatong wa Morena, bao totatota, ba leng kgatlhanong le rona. Ke gone ka moo Paulo a neng a kwalela Timotheo gape jaana: “Ga go motlhabani opè eo o reñ a le mo ntweñ a be a itlhakatlhakantse le dilō tsa botshelō yono; e be e le gore a kgatlhè èna eo o mo kwadileñ motlhabani. Me le gōna ha motho a tsèna a leka mo ditshamekoñ, ga a ke a rwesiwa, ha a se ka a leka kaha molaoñ.” (2 Timotheo 2:4, 5) Fa ba ntse ba lwela go fenya mo tshianong ya go gapa “serwalō sa botshelō,” basiani ba tshwanetse ba ikgapa le go tila go rwala merwalo e e sa tlhokegeng le dilo tse di ka nnang tsa ba tshwara. Fa ba dira ka tsela eno ba ka kgona go ganelela thata mo go isetseng ba bangwe mafoko a a molemo a poloko.—Yakobe 1:12; bapisa 1 Bakorintha 9:24, 25.

16. Ke eng se se ka se kang sa golegwa, mme fa re itshoka ke mang yo o solegelwang molemo?

16 Re itumelela go itshokela dilo tse dintsi gore re kgone go fitlhelela ba bangwe ka mafoko a a molemo a poloko gonne re rata Modimo le batho ba sekadinku bao ba mmatlang. Baba ba ka nna ba re golega ka go bo re rera Lefoko la Modimo. Mme Lefoko la Modimo lone ga le kake la golegwa, mme go le bolela gore ba bangwe ba bolokwe go ka se ka ga golegwa. Paulo o ne a tlhalosetsa Timotheo lebaka la go bo a ne a iketleeditse go tsena mo tekong jaana: “Gakologèlwa Yesu Keresete, ha a cogile mo bashwiñ, e le oa losika loa ga Dafide, kaha Mahokuñ a a Molemō a me: A ke chwereñ bothata mo go aōna, ke ba ke tsèna mo dikgoleñ yaka modihadibe; me lehoko ya Modimo yeōna ga lea golegwa. Me ke gōna, ke ichōkèlañ dilō cotlhe ka ntlha ea ba ba itshenkecweñ, gore le bōnè ba amogèlè polokō e e mo go Keresete Yesu, le kgalalèlō e e sa khutleñ.” (2 Timotheo 2:8-10) Gompieno ga re akanye fela ka masalela a mannye a a tlileng go bona Bogosi jwa selegodimo mme gape le ka boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele tsa Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete ebong boidiidi jo bogolo joo bo tla nnang mo lefatsheng la Paradaise mo Bogosing jwa ga Keresete.—Tshenolō 7:9-17.

17. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tlogela tshiano, mme ke matswela afe a re tla a bonang fa re tswelela mo tshianong eno go fitlha kwa bokhutlong?

17 Fa re ne re ka tlogela, re ne re se kitla re kgona go ithusa kana re thusa ope fela gore a bolokiwe. Fa re itshoka mo tshianong ya Bokeresete, lefa re kopana le dikgoreletsi dipe fela, re nna ka metlha re siametse go bona sekgele le go thusa ba bangwe ka tlhamalalo fela gore ba bolokwe, re ntse re le sekao se se nonofileng thata se se nonotshang ba bangwe. Lefa re ka tswa re na le tsholofelo efe, ya selegodimo kana ya selefatshe, boikutlo jo bo molemo jwa ga Paulo jwa go ‘lekela ka thata kwa sekaong, re ya go tsaya sekgele’ bo molemo tota gore re bo etse.—Bafilipi 3:14, 15.

Go Tswelela Re Tlhomame mo Tshianong

18. Go gapa sekgele go ikaegile ka eng, mme motho o tshwanetse go tila eng gore a itshoke go fitlha kwa bokhutlong?

18 Go wetsa tsela ya rona ya Bokeresete jaaka bafenyi re tlotlomatsa Jehofa le go gapa sekgele seo a se re beetseng go ikaegile ka gore a re tla tswelela go siana tshiano yotlhe go fitlha kwa bofelong re ntse re tlhomame. Ka gone, ga re kake ra bo ra itshoka go fitlha kwa bofelong fa re ithwesa morwalo wa dilo tse di senang molemo ope mo go direng tshiamo. Le eleng lefa re latlhile dilo tse di ntseng jalo, dilo tse di batlegang di santse di batla go le gontsi thata gore re dirise maatla otlhe a re ka a kgonang. Ke gone ka moo Paulo a gakololang jaana: “A le rona re latlheñ bokete boñwe le boñwe, le boleo yo bo bohehō go re rareètsa, me a re sianeñ ka bopelotelele tshianō e re e beilweñ pele.” (Bahebera 12:1) Jaaka Jesu ga re a tshwanela go godisa thata tsela e re tla bogisiwang ka yone mme re tshwanetse go akanya thata ka tuelo e nnye e re tla e duelang gore re bone sekgele se se itumedisang seo.—Bapisa Baroma 8:18.

19. (a) Paulo o ne a bua a tlhomame jang fa a setse a tla swa? (b) Fa re ntse re atamela kwa bokhutlong jwa tshiano ya rona ya boitshoko, re tshwanetse go tlhomamisega jang ka tuelo e re e solofeditsweng?

19 Paulo o ne a kgona go bolela jaana fa a ne a setse a tla swa: “Ke tlhabanye ntwa e e molemō, ke digetse sebaka sa tshianō, ke bolokile tumèlō: Go tloga hano ke setse ke beecwe serwalō sa tshiamō.” (2 Timotheo 4:7, 8) Re siana mo tshianong eno e e batlang boitshoko go bona sekgele sa botshelo jo bo sa khutleng. Fa re ka felelwa ke boitshoko fela ka gonne lobelo lo le loleele go feta jaaka re ne re lebeletse fa re simolola, re tlile go palelwa lemororo re setse re le gaufi jaana le go bona tuelo e re e solofeditsweng. O ka tlhomamisega gore go tla nna jalo. Ga go na pelaelo ya gore tuelo yone e teng.

20. Re tshwanetse go iketleetsa go dira eng go fitlha re wetsa tshiano?

20 Ka jalo a matlho a rona a se ka a lapa fa re ntse re lebeletse gore sepitla se segolo se simolole, go tla go nyeletsa Babelona o Mogolo le phuthego yotlhe e nngwe ya ga Diabolo. (2 Petere 3:11, 12) Ka ntlha ya ditshupo tsotlhe tse di bonalang sentle tse di re dikologileng, a re lebeng kwa pele ka tumelo. A re bofeng matheka a maatla a rona a go itshoka, mme a re tsweleleng ka bopelokgale mo tshianong eo Jehofa Modimo a e re beileng pele, go fitlha kwa bokhutlong le go fitlha re bona sekgele, re tlotlomatsa Jehofa ka Jesu Keresete.

O Ne O Tla Araba Jang?

◻ Bakeresete ba tshwanetse go ipaakanyetsa mofuta ofe wa tshiano?

◻ Ke ka ntlha yang fa boitumelo bo le botlhokwa thata jaana mo go sianeng tshiano?

◻ Ke ka mabaka afe a magolo re nnang re ntse re le mo bodiheding lemororo re na le mathata?

◻ Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go tlogela tshiano e Modimo o e beileng fa pele ga rona?

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Bakeresete ba tshwanetse go itshoka fela jaaka ekete ba mo tshianong ya sekgala se seleele

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Basiani ba tshwanetse go ikgapa fa ba ntse ba sianela go bona “serwalō sa botshelō”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela