“Lefa go le Jalo Le A Dikologa!”
“BIBELA e re ruta gore go iwa jang kwa legodimong eseng gore magodimo a kgona jang go dira jaaka a dira,” go ne ga bolela jalo rasaense le moribolodi wa Motadiana wa lekgolo la bo 16 la dingwaga Galileo Galilei. Dilo tse di ntseng jalo tse a neng a di dumela di ne tsa dira gore a gogagogane le Kereke ya Roma Katoloki, eo e neng ya mo tshosetsa ka gore e tla mmogisa le go mo latlhela mo kgolegelong. Dingwaga tse di ka nnang 350 moragonyana, kereke e ne ya akanya gape ka tsela e e neng ya tshwara Galileo ka yone. Seo se neng sa diragala mo motlheng wa ga Galileo se ile sa bidiwa “ntwa fa gare ga saense e e neng e ikaegile fela ka boitemogelo le dilo tse di bonweng le go gagamalela dilo ka go sa akanye.”
Gompieno, batho ba ba batlang boammaaruri ba ka ithuta sengwe mo boitemogelong jwa ga Galileo. Mme ke ka ntlha yang fa go ne ga gogagoganwa jalo? Go sekaseka dikgopolo tsa saense tsa motlha wa gagwe go tla re naya karabo.
Mo bogareng jwa lekgolo la bo 16 la dingwaga, go ne go akanngwa gore lefatshe ke bogare jwa lobopo. Go ne go akanngwa gore dipolanete di ne di dikologa mo ditselaneng tse di tshekeletsa. Lemororo seno se ne se sa tlhomamisiwe ke mekgwa epe fela ya saense, dikgopolo tseno di ne di dumelwa gore di boammaaruri. Eleruri, saense ka “dikgopolo tsa yone tsa masaitseweng” e ne e sa kgaogana le bodumedi.
Galileo o ne a tsholelwa mo lefatsheng le le ntseng jalo ka 1564, a tsholelwa mo lelapeng le le neng le tlotlega kwa Pisa. Rraagwe o ne a batla gore a ithutele kalafi, mme mosimane yo a neng a rata go itse dilo yono o ne a kgatlhwa ke dipalo thata. Fa nako e ntse e tsamaya, jaaka porofesa wa saense, o ne a ribolola melaometheo mengwe ya metsamao ya dilo. Fa a ne a utlwela kafa dibonelakgakala tsa Se-Dutch di neng di ntse ka teng, o ne a tokafatsa tsela e di neng di dirilwe ka yone a bo a ikagela sedirisiwa sa gagwe se se di fetang. O ne a se lebisa kwa legodimong a bo a gatisa seo a se ithutileng mo bukeng ya gagwe ya ntlha, Sidereus Nuncius (Morongwa yo o Tletseng Dinaledi), a itsise kokomana ya gagwe ka ngwedi e mene ya Jupiter. O ne a bilediwa kwa Roma ka 1611, koo a neng a bolelela Jesuit Collegio Romano (Kholeje ya Roma) seo a neng a se ithutile. Ba ne ba mo tlotla ka go bitsa kokoano e mo go yone go neng go tlotlomadiwa dilo tse a neng a di ribolotse.
Dithuto Tse Di Ganediwang Ke Kereke
Ka tsela e e neng e tla mo tlhagisetsa kotsi, Jesuit mongwe yo o nang le tlhotlheletso thata ebong Mokadinale Bellarmine o ne a tlhotlheletsa gore dithuto tsa ga Galileo di sekasekiwe pele Galileo a tloga kwa Roma. Galileo o ne a dumela gore popo e laolwa ke melao eo batho ba ka e itseng ka go e ithuta. Kereke ya Katoliki e ne e gana kgopolo eno.
Le eleng baithutadinaledi bangwe ba ne ba ganetsa kgopolo ya ga Galileo. Ba ne ba dumela gore sebonelakgakala se ne se ka se ka sa kgona go supa dilo tsa mmatota le gore selo se a se ribolotseng seo e ne e le maanonyana fela a go tsietsa. Moperesiti mongwe o ne a bolela gore dinaledi tse di neng di bonwe di ne di ageletswe mo lenseng eo! Fa Galileo a sena go bona dithabana tsa ngwedi, a tlhomamisa gore dinaledi tsa legodimo di ne di se kgolokgwe ka botlalo, moperesiti Clavius o ne a ganetsa seo ka gore ngwedi o ne o le mo teng ga kerisetale, mo e leng gore lemororo motho a ne a a ka bona go phunyeletsa dithaba ka kwa, e ne e santse e le bolo e e itekanetseng sentle! “Seno,” go ne ga bolela Galileo fa a araba, “ke selo se sentle seo se ikakanyeditsweng fela.”
Go kgatlhegela ga ga Galileo go bala “Buka ya Tlholego,” jaaka a ne a bitsa go ithuta ka popo, go ne ga dira gore a bale dibuka tsa moithuti mongwe wa dinaledi wa Mo-Poland Nicolaus Copernicus. Ka 1543, Copernicus o ne a setse a gatisitse buka e e neng e buelela ntlha ya gore lefatshe le ne le dikologa letsatsi. Galileo o ne a tlhomamisa fa seno se ntse jalo. Lefa go ntse jalo, seo se ne sa dira gore Galileo a nne kgatlhanong le saense, dipolotiki, le mekgatlho ya ditumelo tsa motlha wa gagwe.
Lemororo Kereke ya Katoliki e ne e dirisa bolepadinaledi jwa ga Copernicus go tlhoma matlha, jaaka Easter, dikgopolo tsa ga Copernicus di ne di sa dumelelwa semolao. Balaodi ba kereke ba ne ba tshegetsa thuto ya ga Aristotle ya gore lefatshe e ne e le bogare jwa lobopo. Lefa go ntse jalo, dikgopolo tse disha tsa ga Galileo di ne di gwetlha tsela eo ba neng ba itsege ba dira dilo ka yone mmogo le thata e ba neng ba na nayo.
Lemororo borasaense bangwe ka bobone go ralala Yuropa ba ne ba dira go leka go tlhomamisa fa thulaganyo ya dilo ya ga Copernicus e ne e le boammaaruri, ba ne ba kgotsofalela go tlotla ka yone fela mo gare ga barutegi ba ba tshwanang le bone. Kereke ya Katoliki e ne ya ba tlogela fela ka ntlha ya lebaka leo. Galileo o ne a sa kwale ka Selatini mme o ne a kwala ka Setadiana se se tlwaelegileng mme ka gone dilo tse a di ribolotseng di ne tsa itsiwe thata. Baruti ba ne ba akanya gore o ne a sa gwetlhe bone fela mme le Lefoko la Modimo.
Ga Se Buka ya Tshupiso ya Saense
Gone mme, go bona dintlha kaga lobopo ruri ga go gwetlhe Lefoko la Modimo. Baithuti ba Lefoko ba lemoga gore Bibela ga se buka ya tshupiso ya saense, lemororo e tlhomame fa e bua ka dikgang tsa saense. E ne e kwaletswe gore badumedi ba gole semoyeng, eseng go ba ruta physics kana saense nngwe ya tlholego. (2 Timotheo 3:16, 17) Galileo o ne a dumela. O ne a bolela gore go na le mefuta e mebedi ya dipuo: mareo a a tlhomameng a saense le mafoko a a tlwaelegileng a bakwadi ba ba tlhotlheleditsweng. O ne a kwala jaana: “Go a tlhokega mo Dikwalong . . . go phepafatsa dilo tseno gore batho fela ba ba tlwaelegileng ba di tlhaloganye, go bolela dilo tse dintsi tseo di lebegang di sa tshwane (ka bokao jwa mafoko) le boammaaruri jo bo tlhomameng.”
Go na le dikao tsa seno mo ditemaneng tse di farologaneng tsa Bibela. Nngwe ya tsone ke Yobe 38:6, koo Bibela e buang gone ka lefatshe gore le na le “metheō” le “lencwè ya kgōkgōchō.” Bangwe ba ne ba dirisa seno ka tsela e e sa tshwanelang jaaka bosupi jwa gore lefatshe ga le dikologe. Dipolelo tse di ntseng jalo ga di a kwalelwa go tlhalosa lefatshe ka tsela ya saense, mme, go na le moo, ka tsela ya poko di tshwantsha tsela e lefatshe le bopilweng ka yone le kago nngwe, eo Jehofa e leng Moagi wa yone o Mogolo.
Jaaka mokwadi wa bayokerafi L. Geymonat o supa jaana mo bukeng ya gagwe e e bidiwang Galileo Galilei: “Baithutabodumedi ba ba sa akanyetseng dilo sentle ba ba neng ba batla go dira gore saense e bue ka tsela e ba neng ba akanya gore ke ya Bibela ba ne ba sa dire sepe fa e se go dira gore Bibela e se ka ya tsewa fa e le boammaaruri ebile e tlhomame.” Batho ba ba ditlhogo di thata ba ne ba dira jalo ka mabaka a a kgotsofatsang bone fela. Go ne ga romelwa lokwalo kwa Ofising e e Boitshepo gore Galileo a sekasekiwe.
Ka February 19, 1616, baruti ba Katoliki ba ne ba bolelelwa dikakantsho tse pedi tseno: (1) “letsatsi ke lone bogare jwa lobopo” le gore (2) “lefatshe ga se lone bogare jwa lobopo.” Ka February 24 ba ne ba bolela gore dikgopolo tseno ke tsa boeleele ebile ga se tsa bomodimo. Galileo o ne a bolelelwa gore a latlhe dithuto tseno kana a se ka a di ruta.
Galileo o ne a didimadiwa. E ne e se Kereke ya Katoliki fela e e neng e le kgatlhanong nae, ditsala tsa gagwe le tsone di ne di sa kgone go mo thusa ka gope. O ne a ineela fela mo go direng dipatlisiso. Fa go ne ga se ka ga nna le mopapa yo mongwe ka 1623 re ka bo re se kile ra utlwela gape ka ene. Lefa go ntse jalo, mopapa yo mosha ebong Urban VIII, o ne a rutegile ebile a tshegetsa Galileo. Galileo o ne a utlwela gore mopapa o ne a se kitla a gana buka ya gagwe e ntšha. O ne a nna fa fatshe le mopapa ba bua. Morago ga seno se se neng se lebega ekete mopapa o dumalana le dikgopolo tsa gagwe, Galileo o ne a e simolola.
Lemororo Dialogue Concerning the Two Chief World Systems e e kwadilweng ke Galileo e ne e gatisitswe la ntlha ka tetla ya Bakatoliki ka 1632, botlhaga jwa bomopapa bo ne jwa fela ka bonako. Fa a na le dingwaga di le 70 Galileo o ne a bolelelwa gore a tlhage gape lekgetlo la bobedi fa pele ga Kgotlatshekelo ya go Lwantsha Boikeodi. Tatofatso ya go belaelwa gore ke moikeodi e ne e tlhoka gore kereke e tlhalose pele lebaka la go bo e ne ya letla gore buka eo e phasaladiwe, mme go ne ga gatelelwa gore Galileo o ne ka bonokwane a fitlhile kganelo e e neng ya dirwa la ntlha ya gore go se rutiwe dithuto tsa ga Copernicus. Ereka Dialogue e ne e tshwantsha dithulaganyo tsa saense ya dinaledi, go akaretsa le tsa ga Copernicus, go ne ga gatelelwa gore e ne e tlotse thibelo e e neng e dirilwe.
Galileo o ne a araba ka gore buka ya gagwe e ne e ganetsa Copernicus. E ne e le tsela e e bokoa thata ya go itshireletsa, ka go bo buka eo e ne e tlhatswa pelo tota e buelela Copernicus. Mo godimo ga moo, mafoko a mopapa a neng a a bua mo bukeng eno a ne a buisiwa motshameki mongwe yo o seng botlhale ebong Simplicio, ka gone a galefisa Mopapa Urban VIII.
Galileo O Atlholelwa Boikeodi
Galileo o ne a bonwa molato. Ereka a ne a setse a lwala ebile a tshoseditswe ka gore o tlile go bogisiwa fa a ne a sa bue phatlalatsa gore o gogela mafoko a gagwe kwa morago, o ne a dira fela jalo. O ne a ikana jaana a khubame ka mangole: “Ke gogela mafoko a me kwa morago . . . diphoso le boikeodi tse di bolelwang . . . Ga nkitla ke di bua gape . . . dilo tse di ntseng jalo tse di ka dirang gore ke belaelwe gape ka tsela e e tshwanang.” Se se kgatlhang ke gore ditlhamane di bolela gore fa a ema ka dinao, o ne a itaya lefatshe a bo a ngunanguna a re, “Eppur si muove! [Mme lefa go le jalo le a dikologa!]”
O ne a atlholwa ka go tsenngwa mo kgolegelong le go gore o tshwanetse go nna a ipolela gore o a ikwatlhaya go fitlha a swa, mme o ne a swa dingwaga di le robong moragonyana. Lekwalo le a neng a le kwala ka 1634 le ne le bolela jaana: “Dikgopolo tsa me ga se tsone di simolotseng ntwa eno, mme ke go ilwa ke bo-Jesuit.”
Dibuka tsa gagwe di ne tsa bulelwa gape ka 1822. Mme ke moragonyana fela jaana ka 1979 fa Mopapa John Paul II a ne a tsosolosa kgang eo a dumela gore Galileo o ne a “bogisiwa thata . . . ke banna ba Kereke le makgotla a yone.” Mo pampiring ya dikgang ya Vatican eleng L’Osservatore Romano, Mario D’Addio, leloko le le itsegeng thata la lekgotla la patlisiso leo le neng la tlhongwa ke Mopapa John Paul II go tlhatlhoba gape tatofatso ya ga Galileo ya 1633 o ne a bolela jaana: “Seo go neng go twe ke boikeodi jwa ga Galileo ga go lebege se na le motheo ope, e le mo bodumeding kana mo melaong ya baruti.” Go ya ka D’Addio, Kgotlatshekelo ya go Lwantsha Boikeodi e ne ya itseela molao mo diatleng—dithuto tsa ga Galileo di ne di sa ganetse karolo epe fela ya tumelo. Pampiri eo ya Vatican e ne ya dumela gore go ne go se motheo ope o Galileo a neng a ka atlholelwa boikeodi ka one.
Ke eng seo re se ithutang ka boitemogelo jwa ga Galileo? Mokeresete o tshwanetse a lemoga gore Bibela ga se buka ya go ithuta saense. Fa go lebega Bibela e sa dumalane le saense, ga a tshwanela go leka go rarabolola “pharologano” eo. Ebile tota, tumelo ya Bokeresete e thailwe mo ‘lefokong la ga Keresete,’ eseng mo dilong tse di bolelwang ke saense. (Baroma 10:17) Kwantle ga moo, saense e ntse e fetoga. Thuto epe fela e e lebegang e ganetsa Bibela ebile e ratiwa thata gompieno e ka nna ya bonwa phoso ka moso ya bo ya ganwa.
Lefa go le jalo, fa go supiwa kgetsi ya ga Galileo go bonala gore bodumedi bo ne bo dira gore saense e se ka ya itsiwe ke batho, go tla nna molemo gore borasaense ba gakologelwe gore dilo tseo Galileo a neng a di ribolola di ne tsa se ka tsa amogelwa ke makgotla a dipatlisiso a motlha wa gagwe. Go farologana le seo batho ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe ba neng ba se akanya, Bibela e ne e dumalana le boammaaruri joo. Lefoko la Modimo le ne le sa tlhoke go fetolwa. Selo se se neng sa baka bothata joo e ne e le tsela e e phoso e Kereke ya Katoliki e neng e tlhalosa Bibela ka yone.
Mongwe le mongwe o tshwanetse a kgatlhiwa ke kafa e utlwanang sentle ka teng le melao ya tlholego ya lobopo gore a anaanele Mmopi, Jehofa Modimo, ka tsela e kgolwane. Galileo o ne a botsa jaana: “A Tiro ya gagwe e itsege go le gonnye go na le Lefoko la gagwe?” Moaposetoloi o araba jaana: “Dilō tse di sa bonaleñ tsa [Modimo], eboñ nonohō ea ōna . . . di sa le di bōnala sentlè galè mo tlholegoñ ea lehatshe.”—Baroma 1:20.