LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w91 12/15 ts. 25-28
  • A le Wena O Ka Dihela?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A le Wena O Ka Dihela?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tlhokega ga Badihedi
  • Bodihedi jwa Bokeresete
  • A E Tshwanetse ya Nna Tiro ya Gago?
  • Dirang Gore le Dire Bodihedi ka Botlalo
  • ‘Mafoko a a Molemo A Na le go Rerwa Pele’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Ke Bomang ba e Leng Badiredi ba Modimo Gompieno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • A o Direla Jehofa ka Botlalo?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2019
  • “Nnang lo Batle Pele Bogosi”
    Obamela Modimo yo o Esi wa Boammaaruri
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
w91 12/15 ts. 25-28

A le Wena O Ka Dihela?

JEHOFA o re bontshitse bopelotshweu jwa gagwe ka go re neela lefatshe ka phepafalo gore re ipelele botshelo mo go lone. Ka bopelotshweu o ne a letla gore dimpho tseno di nnele ruri le eleng morago ga fa Adame le Efa ba sena go tsuologa. Mo godimo ga moo, o ile a bontsha lorato lwa gagwe lo logolo ka go romela Morwawe go tla go golola batho ba ba dumelang mo matlhotlhapelong a boleo.—Mathaio 5:45; Yohane 3:16.

Re ka arabela jang mo loratong lo lo ntseng jalo? Jesu o ne a bolela gore re tshwanetse ra rata Jehofa Modimo wa rona ka pelo yotlhe ya rona, ka moya otlhe wa rona, ka tlhaloganyo yotlhe ya rona, le ka thata yotlhe ya rona. Seno se akantsha gore re tshwanetse ra mo neela kobamelo ya rona le go mo ikanya le gore re tshwanetse ra tshela matshelo a rona tumalanong le thato ya gagwe.—Mareko 12:30; 1 Petere 4:2.

Mme lefa go ntse jalo go dira go rata ga Modimo go akaretsa eng? A go na le tirelo nngwe e re ka kgonang go e mo direla eleng bodihedi jo re tshwanetseng ra nna le seabe mo go jone?

Go Tlhokega ga Badihedi

Dikereke di ile tsa tlhakanya batho tlhogo malebana le kafa ba ka obamelang le go direla Modimo ka gone. Lefa go ntse jalo, Bibela e bontsha gore go na le bodumedi bo le bongwe fela jwa boammaaruri, “go Morèna a le moñwe hèla, tumèlō e le ñwe hèla, kolobeco e le ñwe hèla, Modimo o le moñwe hèla, le Rara oa botlhe.” Jesu o ne a re: ‘Baobamedi ba boammaaruri ba tla obamela Rara ka moya le ka boammaaruri.’ Ke gone ka moo ba gakololwang jaana: “Lo nnè puō ñwe hèla lotlhe, . . . go se nne dikgaoganō mo go lona.”—Baefesia 4:3-6; Yohane 4:23; 1 Bakorintha 1:10.

Tlhakatlhakano e e malebana le gore bodumedi jwa boammaaruri ke bofe e ne ya simolola kwa Edena ka nako ya fa Satane a ne a gwetlha tshwanelo ya ga Jehofa ya go nna molaodi ka go tshwaya phoso tsela e Modimo o neng o busa ka yone. (Genesise 3:1-6, 13) Jaanong Satane o tsweletsa kganetso eno ya Modimo ka dithuto tse eseng tsone tse di neng tsa anamisiwa ke baruti ba ba tsietsang ba bodumedi bao ‘ba itshwantshang le batlhanka ba tshiamo.’ Ka jalo Bibela e bolela jaana: “Baratwa, lo se ka loa dumèla mōea moñwe le moñwe hèla . . . ka baperofeti ba le bantsi ba e señ bōnè ba cwetse mo lehatshiñ.”—2 Bakorintha 11:14, 15; 1 Yohane 4:1.

Se se itumedisang ke gore Modimo o ile a tsaya dikgato gore a rarabolole kgangkgolo eno ya bobusi. Ereka a setse a rometse Morwawe go tla go rekolola setho, jaanong o setse a tlhomile Jesu jaaka Kgosi ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo, o mo file le thata ya go bolaya Satane mmogo le baperofeti ba gagwe, kana badihedi ba gagwe. Seno se tla tlhomamisa gore thato ya Modimo e dirwe mo lefatsheng, gore batho botlhe ba ba kutlo ba bone masego a goyagoile.—Daniele 7:13, 14; Bahebera 2:9.

Satane o ile a dira gore boammaaruri jono bo se ka jwa bonala. (2 Bakorintha 4:4) Ka gone, go tlhokega gore re direle jaaka badihedi ba Modimo, re senola maaka a ga Satane mme re neele bosupi jwa boammaaruri. Jehofa ga a re pateletse go tsenelela mo tirelong eno. Fela jaaka Jesu a ne a dira, o batla gore re intshe setlhabelo ka go rata ka go bo re mo anaanela le go anaanela seo a se re diretseng.—Pesalema 110:3; Bahebera 12:1-3.

Bodihedi jwa Bokeresete

Jesu o ne “a tsamaea a ea le metse le metsana eotlhe, a rèra, a bolèla Mahoko a a Molemō a bogosi yoa Modimo.” (Luke 8:1) Gape o ne a katisa barutwa ba gagwe go nna badihedi jaaka ene mme o ne a ba roma go ya go rera. (Mathaio 10:1-14, 27) Moragonyana, o ne a ba laela gore ba tsweletse bodihedi jono go ya fela kwa bokhutlong jwa lefatshe.—Mathaio 28:19, 20; Ditihō 1:8.

Taelo eno e mo magetleng a Bakeresete ba boammaaruri, mme moya wa Modimo o ba tlhotlheletsa gore ba rere. Fela jaaka go ne ga direga ka Pentekosete ya 33 C.E., botlhe ba ba amogelang mafoko a a molemo ba tsaya boikarabelo jono jwa go bolela tumelo ya bone phatlalatsa.—Ditihō 2:1-4, 16-21; Baroma 10:9, 13-15.

Lefa go le jalo, batho ba le bantsi ga ba bone ba ka nna badihedi. Peter, yo eleng mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o bolela jaana: “Gantsi banna kwa Jeremane ba bona go bua ka bodumedi go ba nyenyefatsa. ‘Eo ke tiro ya baruti,’ ba bolela jalo.” Go ya ka Tony, yo o saleng ka a nna morongwa ka masomesome a dingwaga, batho kwa Engelane ba ile ba re: “Seo lo se bolelang se molemo, ebile ke akanya gore Basupi ba ga Jehofa ke batho ba ba molemo. Mme lefa go ntse jalo go tsamaya ka ntlo le ntlo ke rera—ga se mo nna nka go dirang.” Ben o ne a ithuta Bibela ka lobakanyana le monna mongwe wa Mo-Nigeria yo a neng a mmolelela jaana: “Ga nkake ka dira gore ke bonwe phatlalatsa ke ntse ke rera ka ntlo le ntlo; mme ke ne nka kgona go ntshetsa phuthego ya lona madi e le go thusa bao ba ratang go dira jalo.” Ee, batho ba le bantsi ga ba na tumelo ebile ga ba a tlhatswega pelo tota gore ba ka nna badihedi ba Bakeresete.

Lefa go ntse jalo, go rera phatlalatsa ke boikarabelo jwa botlhe mo phuthegong ya Bokeresete, go sa kgathalesege dingwaga kana bong. Ga se boikarabelo jwa bagolwane le batlhanka ba bodihedi fela, bao ‘ba re laolang,’ mme gape ke jwa Bakeresete ka kakaretso. Rotlhe re kgothadiwa jaana: “A re nneñ re isetsè Modimo chupèlō ea pakō ka èna ka metlha eotlhe, eboñ louñō loa melomo e e ipolèlañ leina ya gagwè. . . . Utlwañ ba ba lo laolañ.”—Bahebera 13:15, 17.

Fa a ne a bua le boidiidi jwa batho jo bo kopaneng mo Thutong ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu o ne a re: “Ga se go re, moñwe le moñwe eo o nthaeañ, a re, Morèna, Morèna, o tla tsèna mo bogosiñ yoa legodimo: ha e se eo o dihañ go rata ga Rrè eo o kwa legodimoñ.” Mo tiragalong e nngwe o ne a bontsha gore go rata ga Modimo go akaretsa go rerela ba ba sa dumeleng. Barutwana ba gagwe ba ne ba mo rotloetsa gore a tlogele go rerela Basamaria ba bangwe gore a je, mme lefa go ntse jalo o ne a bolela jaana: “Seyō sa me ke go diha go rata ga eo o nthomileñ, le go wetsa tihō ea gagwè.”—Mathaio 7:21; Yohane 4:27-38.

A E Tshwanetse ya Nna Tiro ya Gago?

Gantsi batho ba itlhophela go batla dijo le dikhumo. Mme pelenyana mo Thutong ya kwa Thabeng, Jesu o ne a gakolola bareetsi ba gagwe gore ba se ka ba tlhobaela ka dilo tse di ntseng jalo ba di batla. O ne a re: “Me iphutheleñ dikhumō kwa legodimoñ . . . Batlañ pele bogosi yoa [Modimo], le tshiamō ea gagwè.”—Mathaio 6:20, 33.

Go batla Bogosi pele go raya gore re se ka ra letla dikgatlhego tse dingwe go hupetsa bodihedi jwa rona. Lefa go ntse jalo, go dira seno ga go reye gore re tlhokomologe sengwe le sengwe fela. Ka sekai, Bibela e re kgothaletsa gore re se ka ra tlhokomologa maikarabelo a mmatota a lelapa. Batho botlhe ba na le maikarabelo a a ntseng jalo a re nang le one. Go a itlhokomolosa ke go tsaya tsela e e kgatlhanong le tumelo ya Bokeresete. (1 Timotheo 5:8) Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go dira bojotlhe jo re ka bo kgonang mo bodiheding fa re ntse re dira maikarabelo a mangwe ka tsela ya go lekalekanya dilo.

Jesu o ne a re: “Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa . . . go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.” (Mathaio 24:14) Ditemana tse di dikologileng boperofeti joo di supa fa bo diragadiwa mo motlheng wa rona. Fa esale ka 1914 mafoko a a molemo ke a gore Bogosi bo setse bo neetswe marapo a go tlotlomatsa bolaodi jwa ga Jehofa le go nyeletsa Satane mmogo le lefatshe la gagwe. (Tshenolō 11:15-18) Re tshwanetse go akanya ka tsela e e masisi gore seno se raya eng. Bokhutlo bo tla tla, mme re tshwanetse gore re wetse tiro ya go rera pele bo tla. Matshelo a batho a mo kotsing; mme re ka thusa go boloka ba le bantsi ba bone.

Dirang Gore le Dire Bodihedi ka Botlalo

Basupi ba ga Jehofa ba le bantsi ba senya diura di le lesome kana go feta kgwedi le kgwedi ba abelana le ba bangwe mafoko a a molemo. Diketekete tsa bone di senya diura di le pedi kana go feta ka letsatsi ba rera jaaka babulatsela ba ba thusang, mme ba bangwe ba direla jaaka babulatsela ba ka metlha le ba ba kgethegileng ka dinako tsotlhe. Ba lemoga gore tiro eno e potlakile mme ba batla go nna le seabe ka botlalo kafa ba ka kgonang ka teng gore tiro eno e wediwe pele ga bokhutlo jwa lefatshe leno le le sa itumediseng bo tla.

A o setse o le Mosupi yo o tlhaga wa ga Jehofa? He dira gore o nne le seabe ka botlalo mo tirelong eno. Tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go rera le jwa go ruta, o leka go bona matswela a a oketsegileng mo bodiheding. Fa o kgona go nna mmulatsela, dira jalo. Fa tota maemo a gago a sa go letle go dira jalo, he kgothaletsa bao ba ka kgonang go dira tirelo eno.

Fa o ise o nne Mosupi wa ga Jehofa yo o ineetseng, o se ka wa bolela gore bodihedi jono ga bo go ame. Monna mongwe yo o bidiwang Peter, moenjeneri yo o baakanyang le metšhini, o ne a gana mo go botlhoko gore mosadi wa gagwe a abelane le ba bangwe mafoko a a molemo. “Nka letla mosadi wa me jang gore a rere ka ntlo le ntlo?” O ne a tle a botse jalo. Morago ga dingwaga a ntse a lebeletse kafa a dumelang gore Lefoko la Modimo le boammaaruri ka tsela e e nonofileng ka teng, le ene o ne a swetsa ka gore a ithute Bibela. Jaanong, ke modihedi yo o ineetseng, yo o kolobeditsweng wa mafoko a a molemo, fela jaaka mosadi wa gagwe.

Ka jalo o se ka wa ikgogona go bona tshiamelo eno ya go direla Jehofa. Re go kgothaletsa gore o ithute Bibela le go kopanela le Bakeresete ba boammaaruri kwa dipokanong tsa bone. Seno se tla go thusa go tshela botshelo jwa gago tumalanong le tshiamo ya Modimo le go nna le tumelo e e nonofileng mo maikaelelong a gagwe. Fa o bontsha botswelelopele mo go seno, le wena o tla tshwanelega go nna modihedi wa Modimo. Go tswa foo o tla bona tshiamelo ya go nna le seabe mo go direng taelo eno ya ga Jesu: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, . . . lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ.”—Mathaio 28:19, 20.

Ee, go na le bodihedi jo o ka nnang le seabe mo go jone, mme o tshwanetse wa direla ka bonako gore o nne le seabe mo go jone.

[Lebokoso mo go tsebe 25]

Mooki mongwe yo o nang le lelapa le a le tlhokomelang o bolela jaana: “Ke tsamaya lobaka lo lo fetang ura letsatsi le letsatsi ke ya kwa kokelong e ke berekang kwa go yone ka jalo ke ne ke akanya gore nka se kgone go tsaya bobulatsela jo bo thusang. Mme lefa go ntse jalo ke ne ka rulaganya ditiro tsa me ka kelotlhoko gore ke nne le seabe mo tirelong ya tshimo go sale mo mosong mongwe le mongwe pele ke ya go bereka, ka dinako tsa mmereko tsa go ikhutsa, le mo malatsing a ke sa berekeng ka one. Abo ke ne ka itumela jang ne fa, mo bofelong jwa kgwedi e le nngwe fela, ke sentse diura di le 117 mo go rereng! Ke ne ka tsamaisa dimakasine di le 263, dipeeletso tsa dimakasine di le 22 ebile ke ne ka kgona go simolola dithuto tse 3 tsa Bibela.”

[Lebokoso mo go tsebe 27]

Michael o na le bana ba babotlana ba le supa, mme o dira tiro ya boitshediso kwa kholetšheng ya Nigeria. Gape ke mogolwane mo phuthegong ya Bokeresete. O na le kgopolo e diketekete tsa Basupi di nang le yone:

“Ke leba bodihedi jaaka tiro ya me mme ka metlha ke gakologelwa gore Paulo o ne a bolela jaana: ‘Nna ka jala, Apolose a nosa; mme Modimo wa ungwisa.’ Nna le mosadi wa me re a ‘jala’ fa re tlotla ka bokhutshwane ka ntlo le ntlo ka mafoko a a molemo. Re a ‘nosetsa’ ka go boela kwa go bao ba bontshang kgatlhego gore re ba rute go tswa mo Bibeleng, jaaka Jesu a ne a bolela gore re tshwanetse go dira. Dithuto tsa Bibela tsa legae tse re di tshwarang beke le beke di ile tsa thusa batho ba le bantsi—mo makgetlong a mangwe di thusitse botlhe mo lelapeng—go bona kitso ya boammaaruri.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela