LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 1/1 ts. 5-7
  • Go Phutha Baobamedi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Phutha Baobamedi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “Kwa Lehatshiñ Yeotlhe”
  • ‘Tumo ya Bone E Dule’
  • “Kwa Dikhutloñ tsa Lehatshe”
  • Karolo 4—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Karolo 5—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 1/1 ts. 5-7

Go Phutha Baobamedi

MOAPOSETOLOI Johane o ne a bontshiwa ponatshegelo ya ditiragalo tse di tshikinyang lefatshe tseo di neng di tla diragala “ka letsatsi ya Morèna.” O ne a bona Morena wa selegodimo Jesu Keresete a tswa a palame a ya go tlhabana ntwa ya tshiamo, e e tshwantshediwang ke pitse e tshweu—“a cwa a henya, a ba a cwèlèla pele go henya.” Selo sa ntlha seo a se dirang ke go ntsha mmaba yo mogolo wa Modimo, Satane, kwa magodimong mme o mo latlhela mo lefatsheng. Satane o ipusolosetsa ka go itaya batho ka polao e e iseng e ko e diragale pele, ka leuba, le bolwetsi, tse di tshwantshediwang ke bapalami le dipitse tsa bone—e khibidu, e ntsho, le e khunou. (Tshenolō 1:10; 6:1-8; 12:9-12) Mahutsana ano a ne a tlhagoga la ntlha ka ngwaga wa 1914 mme a ile a gola fa esale ka nako eo. Go ise go ye kae, a tla konelwa ka seo Jesu a se tlhalositseng jaaka “sepitla se segolo . . . , se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè.”—Mathaio 24:3-8, 21.

Baobamedi ba ga Jehofa ba tla dira jang ka nako eo? Tshenolō kgaolo 7, ditemana 1 go ya go 10, e bolela ka setlhopha sa baengele ba ‘ba tshwereng’ diphefo tsa tshenyo go fitlha baobamedi bano ba phuthiwa. Mo lobakeng lwa nako lwa go tloga ka 1914, go ne ga phuthiwa ba bofelo ba Iseraele wa semoya ba ba mo lefatsheng ba palo ya bone e leng 144 000. Mme he “bōnañ, boidiidi yo bogolo yoa batho, yo go señ motho opè eo o ka bo balañ, e le ba morahe moñwe le moñwe, le ba dicō cotlhe, le batho le dipuō.” Boidiidi jo bogolo bo setse bo tshwara dimilione ka palo. Ba eme fa pele ga setulo sa Modimo ba tshwanelega ka go bo ba bontsha tumelo mo mading a thekololo a ga Jesu, yo o neng a bolawa jaaka kwana e e senang molato. “Me ba thèla loshalaba lo logolo, ba re, Poloka e nnè go Modimo oa rona o o dutseñ mo setuloñ sa bogosi, le go Kwana.” Baobamedi bano ba ba tlhaga ba tswelela pele ba ntse ba gapa ba bangwe ba re “Tla,” bao e reng go tswa foo ba phuthiwe gore ba falodisiwe “sepitla se segolo.”—Tshenolō 7:14-17; 22:17.

“Kwa Lehatshiñ Yeotlhe”

Go ka bolelwa jaana ka baobamedi bano ba ba ineetseng: “Tumō ea bōnè e cwetse kwa lehatshiñ yeotlhe, le mahoko a bōnè kwa dikhutloñ tsa lehatshe.” (Baroma 10:18) Go dira ga bone ka natla go segofaditswe ka maungo a a bonalang eleruri. Ka sekai:

Mexico jaanong e bega baobamedi ba ba tlhagafetseng ba ga Jehofa ba le 335 965 koketsego ya mo e batlileng e le dikete tse tharo mo dingwageng tse tharo fela! Ke ka ntlha yang fa go na le koketsego e kgolo jaana? Pego e e latelang e ka nna ya re thusa go tlhalosa seno. Lekawana lengwe le le bidiwang Aurelio le ne le tlhokomela kamore e mo go yone go bewang didirisiwa tse di boitshepo le e baruti ba neng ba aparela mo go yone mo kerekeng ya Katoliki. Nako le nako fa Basupi ba ga Jehofa ba etetse motsana oo, o ne a letsa ditloloko tsa kereke go kgoba mongwe le mongwe marapo gore a se ka a ba reetsa. Kgabagare o ne a reka Jerusalem Bible ya Katoliki a bo a simolola go e bala mme lefa go ntse jalo o ne a sa e tlhaloganye. Ka letsatsi lengwe morago ga foo o ne a bona tsala nngwe e patisitse sekaelo sa New World Translation mo legwafeng. Aurelio o ne a kgalemela tsala ya gagwe mme o ne a mo isa kwa legaeng la gagwe go ya go mmontsha Bibela ya “mmatota,” a ntse a mmolelela gore Bibela ya gagwe ga e bue boammaaruri. Tsala ya gagwe e ne ya mmolelela jaana: “O bale Ekesodo 20,” mme go tswa foo e ne ya tsamaya.

Lekawana leno le le tlhokomelang kamore e mo go yone go bewang didirisiwa tse di boitshepo le e baruti ba neng ba aparela mo go yone le ne la bala Ekesodo go simolola ka kgaolo 1 go fitlha le tsena mo go kgaolo 20, temana ya 4 le 5. O ne a gakgamadiwa ke seo Bibela ya gagwe ya Katoliki e se bolelang ka ditshwantsho. Sontaga se se latelang morago ga Mmisa, o ne a ikopanya le moruti malebana le ditemana tseno tse di buang ka ditshwantsho. La ntlha moruti yono o ne a bolela gore ene ditshwantsho tseno o di tlotla fela; o ne a sa di obamele. Fa a bona gore seno se ne se sa kgotsofatse Aurelio, moruti yono o ne a mo latofatsa ka gore o tshwanetse a bo a ithuta le Basupi ba ga Jehofa. Aurelio o ne a latola seno mme o ne a oketsa ka go re, “Jaanong ke tlile go ithuta le bone!”

Nako e e latelang fa Basupi ba ne ba tlile mo motseng oo gape, Aurelio o ne a ikopanya le bone mme o ne a simolola go ithuta Bibela le bone. O ne a tlogela tiro ya gagwe ya kwa kerekeng mme mo dikgweding tse tharo o ne a tshwanelega go nna le seabe mo bodiheding jwa phatlalatsa le Basupi ba ga Jehofa. Ntlo ya ntlha eo a neng a tsena mo go yone e ne e le ya moruti yoo, yo e neng ekete o a lora fa a ne a bona motho yo pele a kileng a bo a tlhokomela kamore mo go yone go bewang didirisiwa tse di boitshepo le e baruti ba neng ba aparela mo go yone e setse e le moreri wa Bogosi. Moruti yono o ne a mo tshosetsa ka gore o tla mo kgaola mo kerekeng, mme Aurelio o ne a mmolelela gore seno se ne se tla bo se sa tlhokege ereka jaana ene a setse a tlogetse kereke. Tsela ya bopelokgale e a neng a dira ka yone e ne ya kgothatsa baagi ba le bantsi ba motse oo bao ba neng ba setse ba ithuta le Basupi ba ga Jehofa. Aurelio mmogo le ba bangwe ba mo motseng oo ba le 21 ba ne ba kolobediwa mo kopanong ya kgaolo e e neng ya latela. Go ne go na le koketsego e e bofefo tota mo karolong eno mo e leng gore go ne go na le mogolwane a le mongwe fela yo o neng a boeletsa dipotso tsa ba ba yang kolobetsong le setlhopha seno.

‘Tumo ya Bone E Dule’

Ga go na gope kwa o ka tshabelang thero ya Bogosi gone. Mokatoliki mongwe wa kwa Italy o ne a tlhola a kgopisiwa ke go bona Basupi ba ga Jehofa ba mo etela. Ka jalo ka nako ya fa khampani ya gagwe e mo fudusetsa go ya go dira kwa Singapore, o ne a ikutlwa gore jaanong o falotse go tlhola ba mo tshwenya. Mme o ne a gakgamadiwa ke go bona Basupi ba le teng koo. Ka jalo o ne a rua dintša tse pedi tse di bogale tse di neng di tla tlhasela Basupi ba bangwe ba ba neng ba tla tla morago ga bao. Fa Basupi bangwe ba babedi ba tsena mo legaeng la gagwe, dintša tseno di ne tsa tlolela kwa ntle. Ereka basadi bano ba ne ba tshogile ba ne ba tlhanola direthe ba iphalotsa, ba ne ba tsaya ditsela tse di farologaneng kwa ditsela di kopanelang teng. Ereka a ne a tlaletswe, mongwe wa Basupi bano o ne a phamola diboroutšhara di le pedi mo bekeng ya gagwe mme a di katela mo leganong le le atlhameng la ntša, jaaka nngwe ya dintša tseno e ne e mo tshwara. Fa a sena go dira jalo, e ne ya se ka ya tlhola e mo alola, e ne ya retologa, mme ya boela gae e tshematshema.

Beke e e latelang, bone Basupi bano ba babedi ba ne ba boela mo ntlong nngwe ka kwa ga seterata seno. Mong wa dintša tseno o ne a le mo tshingwaneng ya gagwe, mme o ne a gakgamatsa basadi bano fa a ba dumedisa le go ba laletsa go tsena mo ntlong ya gagwe. O ne a ba bolelela gore o ne a ise a ke le ka motlha a buisane le Basupi ba ga Jehofa kana go bala dikgatiso dipe tsa bone. Mme lefa go ntse jalo o ile a gakgamadiwa ke go fitlhela diboroutšhara tseno mo leganong la nngwe ya dintša tsa gagwe. O ile a bala diboroutšhara tseno mo go one maitseboa ao me di ne di mo itumedisitse eletota. O ne a bolela fa a eletsa go ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa, lemororo e sale e le Mokatoliki botshelo jwa gagwe jotlhe.

Ereka monna yono a ne a busediwa go ya go dira gape kwa Italy, go ne ga dirwa dithulaganyo le Basupi ba ga Jehofa gore ba ithute le ene koo. Jaaka ene mmogo le mosadi wa gagwe ba ne ba simolola go ya kwa dipokanong, moruti wa kereke o ne a ikopanya le bone a galefile a ba tshosetsa. Banyalani bano ba ne ba se ka ba tlhola ba ya kerekeng fa mongwe a sena go tshuba tshingwana ya bone. Jaanong monna yono o bolela jaana: “Ke ne ke setse ke ntse ke neela bontsi jwa maloko a lelapa la me bosupi ka go bo ke batla gore ba itse gore Jehofa ke ene fela Modimo wa boammaaruri.”

“Kwa Dikhutloñ tsa Lehatshe”

Boitemogelo jo bongwe jo bo tswang kwa sekhutlong sengwe sa lefatshe bo bontsha tsela e molaetsa wa Bogosi o amogelwang ka yone le kafa o thusang go fetola matshelo a batho ka gone. Mosupi mongwe kwa Australia o ne a kopana le mosadi mongwe yo o neng a na le mekgwa e mentsi e e maswe, yo o neng a gana le eleng gone go latlha motsoko fa a le moimana, fa ba ntse ba tsena ditlelase tsa pele ba ka tshola bana. Mosupi yono o ne a tshwentswe ke mokgwa wa gagwe. Go ne ga diragala gore ba tshole bana ka nako e le nngwe fela ebile ba le mo kamoreng mmogo, ka jalo ba ne ba na le tshono ya go tlotla. Go ne go lebega gore mosadi yono o ne a ile a nna le mathata a le mantsi mo bongwaneng jwa gagwe, mme jaanong lenyalo la gagwe le ne le setse le tla thubega. Ka jalo, Mosupi yono o ne a etela mosadi yono mme o ne a simolola thuto ya Bibela le ene morago ga gore ba tswe kwa kokelong, a dirisa buka ya Go Dira Botshelo jwa Lelapa la Gago go Itumedisa.

Monna wa mosadi yono o ne a ntse a rapela Modimo gore ekete a ka bona bodumedi jwa boammaaruri, o ne a oketsa ka mafoko ano a a neng a lekanyetsa jaana: “Fa fela e se Basupi ba ga Jehofa!” Lefa go ntse jalo, fa a ne a lemoga gore mosadi wa gagwe o ne a ithuta le Basupi, o ne a simolola go botsa dipotso mme o ne a lalediwa go kopanela mo thutong eno. O ne a dira seno, mme go ise go ye kae o ne a simolola go ya dipokanong tsa phuthego. Jaanong, monna mmogo le mosadi boobabedi, ba setse ba kolobeditswe, mme kwantle ga pelaelo boemo jwa lenyalo la bone bo ile jwa tokafala fela thata.

Dithuto tsa Bibela tsa magae tse di thailweng mo dibukeng tse di ntseng jalo di ne tsa felela ka go phuthiwa ga baobamedi ba le bantsi ba basha. Mo dinageng tse mo go tsone Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba thulana le diphetogo tsa dipolotiki, dintwa tsa maraganela teng a bana ba mpa, kana dithibelo tsa dipuso, go ile ga tshwarwa dithuto tse di oketsegileng tsa magae tsa Bibela. Kwa Angola ntwa ya maraganela teng a bana ba mpa e ne ya tswelela ka bosetlhogo ka dingwaga di le dintsi, mme Basupi ba ne ba bogisiwa setlhogo le go sotlega tota. Kwa tshimologong ya ngwaga o o fetileng dipego di ne di bontsha gore, ka kakaretso, mmoledi mongwe le mongwe o ne a tshwara dithuto tsa Bibela tsa magae di ka nna tharo, mme lefa go ntse jalo baboledi bano ba ne ba na le dibuka tsa Bibela di sekaenyana fela. Balebedi ba ba etang ba ne ba etela setlhotswana se le sengwe letsatsi le letsatsi, ba rulaganyetsa tirelo ya tshimo motshegare mme dipokano di nne maitseboa mangwe le mangwe. Abo e ne ya nna boitumelo jang ne fa dintwa di ne di khutla mme ditone di le 42 tsa dibuka tsa Bibela tse di neng di tlhokwa tota di ne di goroga go tswa kwa Afrika Borwa! Eleruri, lorato lwa bakaulengwe bao lo tla ‘totafala bogolo bogolo mo kitsong le mo temogong,’ jaaka jaanong ba kgona ‘go dumalana le dilo tse di molemo.’ (Bafilipi 1:9, 10) Abo go kgothatsa jang ne bao ba nang le letlotlo la dikgatiso tse di thusang go ithuta Bibela tseo Jehofa a di re fileng ka bopelonomi jaana gore ba di dirise ka botlalo!—1 Timotheo 4:15, 16.

Boitumelo jwa baobamedi bano ba ba ikanyegang bo re gopotsa mafoko ano a ga Jesu a Thuto ya kwa Thabeng: “Go segō ba ba humanegileñ mo moeñ: gonne bogosi yoa legodimo ke yoa bōnè. . . . Go segō ba ba bogisedicweñ tshiamō: gonne bogosi yoa legodimo ke yoa bōnè. . . . Itumeleñ, lo bo lo ipelè thata: gonne tuèlō ea lona e kgolo kwa legodimoñ.” (Mathaio 5:3-12) Abo go setse go phuthiwa thobo e kgolo jang ne kwa Angola!

Gape go thibelwa ga tiro ya Basupi ba ga Jehofa go setse go ntse go fokotsega kana go tlosiwa gotlhelele mo dikarolong tse dingwe tsa lefatshe. Jesu o ne a akgela jaana mo motlheng wa gagwe: “Thōbō e kgolo rure, me barobi ba bannye.” (Mathaio 9:37) Abo seno se le boammaaruri jang ne gompieno! Go nna go ntse go tlhokega barobi ba ba oketsegileng. Re itumelela go bo kobamelo ya rona e amana le go phutha mo thobong eno. Ga go na sepe se se itumedisang mo lefatsheng gompieno go feta tirelo ya rona e e ungwang thata eno e re ineetseng gore re tla e direla Jehofa Modimo.

Gone mme, ke eng seo se rotloetsang baobamedi ba ga Jehofa go supa boitumelo le go nna tlhaga ka tsela e e ntseng jalo? A re boneng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela