LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 1/15 ts. 3-5
  • Morwalela O O Ka Se Kang wa Lebalwa

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Morwalela O O Ka Se Kang wa Lebalwa
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Pego ya Bibela ya Morwalela
  • Go Tsomiwa ga Araka
  • A ba Bone Araka ya ga Noa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Morwalela o Mogolo
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • Batho ba le Robedi ba Falola Morwalela
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Araka ya ga Noa le go Agiwa ga Dikepe
    Tsogang!—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 1/15 ts. 3-5

Morwalela O O Ka Se Kang wa Lebalwa

MORWALELA o o senyang o ne wa apesa lefatshe mo e ka nnang dingwaga tse 4 300 tse di fetileng. O ne wa padimola gangwe fela mme wa nyeletsa mo e ka nnang setshedi sengwe le sengwe. O ne o le mogolo thata mo batho ba se kitlang ba o lebala, mme kokomana nngwe le nngwe e ne e bolelela e e latelang polelo eno.

Mo e ka nnang dingwaga tse 850 morago ga Morwalela, mokwadi wa Mohebera ebong Moshe o ne a kwala pego kaga Morwalela wa lefatshe lotlhe. E ile ya bolokiwa mo bukeng ya Bibela ya Genesise, koo re ka balang dintlha tsa one tse di phepafetseng sentle mo kgaolong 6 go ya go 8.

Pego ya Bibela ya Morwalela

Genesise e re neela dintlha tseno, mme ka phepafalo di bolelwa ke mongwe yo o di boneng ka matlho: “Ka ñwaga oa makgolo a marataro oa botshelō yoa ga Noa, ka kgwedi ea bobedi, ka letsatsi ya leshomè le boshupa, ka letsatsi yeuō hèla mecwedi eotlhe ea boteñ yo bogolo yo bo teñteñ ea phunyèka, le dithoba tsa legodimo tsa bulèga. Morwalèla oa nna ka malatsi a mashomè a le manè; me metse a kokomoga, a choletsa ntlo; me ea choletsèga godimo ga lehatshe. Me metse a hupetsa thata thata mo lehatshiñ: me mayè a a godileñ aotlhe hèla, a a kwa tlhatse ga legodimo yeotlhe hèla a khurumetsèga.”—Genesise 7:11, 17, 19.

Bibela e bolela jaana malebana le kafa Morwalela ono o neng wa ama ditshedi ka gone: “Nama eotlhe e e tsamaeañ mo lehatshiñ ea shwa, dinōnyane, le dikgomo, le diphōlōhōlō le dibatana, le señwe le señwe se se gagabañ ha hatshe, le batho botlhe.” Lefa go ntse jalo, Noa le batho ba bangwe ba supa ba ne ba bolokiwa, mmogo le phologolo nngwe le nngwe tse di neng di tlhophetswe go emela tse dingwe, dinonyane, le sengwe se se gagabang fa fatshe. (Genesise 7:21, 23) Di ne tsa bolokiwa tsotlhe mo arakeng e kgolo e e kokobalang e e neng e le boleele jwa dimetara di ka nna 133, bophara jwa dimetara di ka nna 22, le bogodimo jwa dimetara di ka nna 13. Ereka maikaelelo a araka e ne e le fela gore e se ka ya tsena metsi le gore e kokobale, e ne e se kgolokwe kwa tlase, karolo e e kwa pele ya araka e ne e se motswi, e ne e se na didirisiwa tsa go e kgorometsa kana didirisiwa tsa go e kgweetsa. Araka ya ga Noa e ne e le sekepe fela se se khutlonnè, se se tshwanang le lebokoso.

Dikgwedi tse tlhano fa Morwalela o sena go simologa, araka eno e ne ya tla go ema mo dithabeng tsa Ararata, tse gompieno di leng mo Turkey e e kafa botlhabatsatsi. Noa le lelapa la gagwe ba ne ba tswa mo arakeng ngwaga o le mongwe morago ga fa Morwalela o sena go simolola ba gata naga e e omileng mme ba ne ba simolola go tshela botshelo jo bosha jo bo tlwaelegileng. (Genesise 8:14-19) Fa nako e ntse e tsamaya batho ba ile ba oketsega mo ba neng ba ka simolola go aga motse wa Babela le setlhoa sa one se se makgapha gaufi le Noka ya Euferatese. Fa go ntse go ya batho ba ne ba phatlalalela kwa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe ba tswa teng fa Modimo o ne o tlhakatlhakanya puo ya bone. (Genesise 11:1-9) Mme lefa go ntse jalo go ne ga diregang ka araka?

Go Tsomiwa ga Araka

Fa esale lekgolo la bo 19 la dingwaga le simolola, go ile ga dirwa maiteko a le mantsi a go batla araka mo dithabeng tsa Ararata. Dithaba tseno di na le ditlhoa tse pedi tse di bonalang sentle, e nngwe e bogodimo jwa dimetara di le 5 165 mme e nngwe e bogodimo jwa dimetara di le 3 914. E e leng kwa godimo thata go feta e nngwe mo go tse pedi tseno e nna ka metlha e khurumeditswe ke semathana. Go ise go ye kae araka e ka tswa e ile ya khurumediwa ke kgapetlakedi ka ntlha ya go fetoga ga tlilemate go go neng ga nna morago ga Morwalela. Babatlisisi bangwe ba dumela tota gore araka e santse e le teng koo, e khurumeditswe thata ke kgapetlakedi. Ba bolela gore go ile ga nna le dinako tse mo go tsone dikgapetla di ileng tsa gakologa ka mo go lekaneng mme bontlhanngwe jwa araka jwa bonala ka nakwana fela.

Buka ya In Search of Noah’s Ark e tsopola George Hagopian, wa kwa Armenia, yo o neng a bolela gore o ne a palama Thaba ya Ararata mme o ne a bona araka ka 1902 a bo a e bona gape le ka 1904. O ne a bolela gore mo loetong lwa ntlha tota o ne a palame mo godimo ga araka. “Ke ne ka ema ka dinao ke tlhamaletse mme ke ne ka latlhela matlho gongwe le gongwe godimo ga sekepe seno. Se ne se le seleele. Bogodimo jwa sone bo ne bo ka nna [dimetara di le 12].” O ne a bolela jaana malebana le se a se boneng mo loetong lwa gagwe lwa bobedi: “Ke ne ka se ka ka bona digogoropo dipe. E ne e sa tshwane le mokoro ope o nkileng ka o bona. E batlile e tshwana le mokoro mongwe o kwa tlase o leng sepapetla.”

Go tloga ka 1952 go ya go 1969, Fernand Navarra o ne a iteka makgetlo a le manè go batla bosupi ka araka. Mo loetong lwa gagwe lwa boraro kwa Thabeng ya Ararata, o ne a epa fa go phatlogileng mo kgapetlakeding, koo a neng a bona karolwana nngwe ya logong lo lontsho lo hupeditswe ke dikgapetla. “Lo tshwanetse lwa bo lo ne lo le loleele,” o ne a bolela jalo, “mme ka gongwe le ne le santse le patagane le dikarolo tse dingwe tsa letlhomeso la sekepe. Ke ne ka kgaola fela mo tshikeng ya logong go fitlha ke phatlola karolwana ya boleele jwa [dimetara di ka nna 1,5].”

Porofesa Richard Bliss, yo e leng mongwe wa baitseanape ba le mmalwa ba ba neng ba tlhatlhoba logong lono, o ne a re: “Karolwana eno ya logong la ga Navarra ke kota e e agang mme e ne e tletse ka sekontiri se se nang le baetomene. Se na le fa kota e nngwe e kopantsweng le e nngwe ka go e tsenya e nngwe fa gare. Mme kwantle ga pelaelo di ne tsa kgaolwa ka diatla mme tsa dirwa dikhutlo tse nnè.” Go fopholediwa gore logong lono lo ka tswa lo ne lo ka nna dingwaga di le dikete tse nnè kana tse tlhano.

Lemororo go ile ga dirwa maiteko a go batla araka mo Thabeng ya Ararata, go na le bosupi jo bo tlhomameng jo bo kwadilweng ka tiragalo eo mo bukeng ya Bibela ya Genesise jwa gore e ne ya dirisediwa go falola Morwalela o o senyang. Go tlhomamisiwa ga gore rekoto eo e boammaaruri go ka bonwa mo ditlhamaneng tse dintsintsi tsa morwalela tsa batho ba bogologolo mo lefatsheng lotlhe. Ela tlhoko bosupi jwa bone mo setlhogong se se latelang.

[Setshwantsho mo go tsebe 4, 5]

Araka eno e ne e kgona go rwala morwalo o o lekanang le o o rwalwang ke diterena tsa dithoto di le 10 tse nngwe le nngwe ya tsone e rweleng dikoloi tsa Seamerika tsa dithoto di le 25!

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela