LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 1/15 ts. 5-8
  • Seo Se Bolelwang ka Morwalela mo Ditlhamaneng tsa Lefatshe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Seo Se Bolelwang ka Morwalela mo Ditlhamaneng tsa Lefatshe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Tshwana Go Go Tlhomologileng
  • Ditlhamane tsa Bogologolo tsa Morwalela
  • Ditlhamane tsa kwa Botlhaba Jo Bo Kgakala
  • Kwa Amerika
  • Pacific Borwa le Asia
  • Di Tswa Motsweding O O Tshwanang
  • A Kgang ya Morwalela wa ga Noa ke Tlhamane Fela?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Lefatshe je le Neng la Senngwa
    Go Falolela mo Lefatsheng je Lesha
  • Lefatshe Lotlhe Le ne La Fedisiwa!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Kgang ya ga Noa le Morwalela—Ke Boammaaruri, ga se Tlhamane Fela
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 1/15 ts. 5-8

Seo Se Bolelwang ka Morwalela mo Ditlhamaneng tsa Lefatshe

MORWALELA wa motlha wa ga Noa e ne e le morwalela o o senyang eletota o le ka motlha batho ba ka se kang ba o lebala. Dingwaga tse di fetang 2 400 moragonyana, Jesu Keresete o ne a o umaka jaaka sengwe se se diragetseng mo hisitoring. (Mathaio 24:37-39) Tiragalo eno e e boifisang e ne ya tlogela lotso lwa motho lo ikutlwa ka tsela e lo ka se kang lwa e lebala mo go nang le ditlhamane ka one lefatshe lotlhe.

Mo bukeng ya Myths of Creation, Philip Freund o fopholetsa gore merafe le mefuta ya batho ba ba fetang 250 ba na le ditlhamane tsa Morwalela tse di fetang 500. Jaaka go ne go ka solofelwa, fa makgolokgolo a dingwaga a ntse a feta, ditlhamane tseno di ile tsa natefisiwa thata ka ditiragalo ga bo ga umakiwa batho bangwe ba ba ikakanyeditsweng fela. Lefa go ntse jalo, go na le go tshwana gongwe ga motheo go go fitlhelwang mo go tsone tsotlhe.

Go Tshwana Go Go Tlhomologileng

Morago ga Morwalela fa batho ba falalela kwa Mesopotamia, ba ne ba tsamaya le dipolelo tseno tsa namane e tona ya tshenyo go ya kwa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe. Ka gone, baagi ba Asia, ditlhaketlhake tsa South Pacific, Amerika Bokone, Amerika Bogare, le Amerika Borwa ba na le dikinane tsa tiragalo eno e e ka se kang ya lebalwa. Le pele batho bano ba ka itse Bibela go ne go setse go na le bontsi jwa ditlhamane tsa Merwalela. Lefa go ntse jalo, ditlhamane tseno di na le dintlha tsa motheo tse di neng di tshwana le pego ya Bibela ya Morwalela.

Ditlhamane dingwe di umaka diganka tse di ratang thubakanyo tse di neng tsa tshela mo lefatsheng pele ga Morwalela. Fa go tshwantshiwa le se Bibela e se supang sa gore pele ga Morwalela baengele ba ba senang kutlo ba ne ba ikapesa mebele ya senama, ba ne ba aga le basadi, mme ba tshola lotso lwa diganka tse di neng di bidiwa Banefilimo.—Genesise 6:1-4; 2 Petere 2:4, 5.

Gantsi ditlhamane tsa Morwalela di supa gore go na le monna a le mongwe fela yo o neng a tlhagisiwa ka morwalela o o neng o tla tlisiwa ke Modimo. Go ya ka Bibela, Jehofa Modimo o ne a tlhagisa Noa gore O ne a tla senya batho ba ba boikepo le ba ba ratang thubakanyo bao. Modimo o ne a bolelela Noa jaana: “Bokhutlō yoa nama eotlhe bo hitlhile ha pele ga me; ka lehatshe le tletse thubakanyō ka ntlha ea bōnè: me bōna, ke tla senya bōnè le lehatshe nabō.”—Genesise 6:13.

Ka kakaretso fela ditlhamane tse di buang ka Morwalela di supa gore o ne wa senya lefatshe lotlhe. Ka mo go tshwanang, Bibela ya re: “Metse a hupetsa thata thata mo lehatshiñ: me mayè a a godileñ aotlhe hèla, a a kwa tlhatse ga legodimo yeotlhe hèla a khurumetsèga. Cotlhe tse go hèma ga mōea oa botshelō go leñ mo dinkoñ tsa cōna, tsa tse di mo komeleloñ, tsa shwa.”—Genesise 7:19, 22.

Bontsi jwa ditlhamane tsa Morwalela di bolela gore monna mongwe o ne a falola Morwalela a na le mongwe kana le batho ba bangwe ba ba oketsegileng. Ditlhamane di le dintsi di mmolela fa a ne a tshabela mo mokorong o a neng a o dirile, mme ba ne ba o emisa mo thabeng. Fa go tshwantshiwa, Dikwalo di bolela gore Noa o ne a aga araka. Di bolela jaana gape: “Ga sala Noa a le esi hèla, le ba o nañ nabō mo tluñ e e kokobalañ.” (Genesise 6:5-8; 7:23) Go ya ka Bibela, morago ga Morwalela ono “ntlo e e kokobalañ [e ne] ea èma mo dithabeñ tsa Ararata,” koo Noa le lelapa la gagwe ba neng ba tswa mo go yone teng. (Genesise 8:4, 15-18) Gape ditlhamane di supa gore bao ba neng ba falola Morwalela ba ne ba simolola go tlatsa lefatshe ka batho, jaaka Bibela e bontsha gore lelapa la ga Noa le ne la dira jalo.—Genesise 9:1; 10:1.

Ditlhamane tsa Bogologolo tsa Morwalela

Re ntse re akantse ka dintlha tse di umakilweng fa godimo, a re sekasekeng dingwe tsa ditlhamane tsa Morwalela. A gongwe re simolole ka batho ba Ba-Sumer, batho ba bogologolo bao ba neng ba agile kwa Mesopotamia. Polelo ya bone kaga Morwalela e ne ya fitlhelwa mo letlapanakwalelong la mmopa le le neng la epololwa mo matlotleng a Nippur. Letlapanakwalelo leno le bolela gore medimo ya Ba-Sumer ebong Anu le Enlil e ne ya swetsa gore e nyeletse batho ka morwalela o mogolo. Ziusudra le lelapa la gagwe ba ne ba kgona go o falola ka mokoro o mogolo, gonne modimo Enki a ne a ba tlhagisa ka one.

Epic of Gilgamesh ya kwa Babelona e tshotse dintlha di le dintsi. Go ya ka lone, Gilgamesh o ne a etela rremogologolwane wa gagwe ebong Utnapishtim, yo o neng a setse a neetswe botshelo jo bo sa khutleng morago ga gore a falole Morwalela. Mo puisanong eo e neng ya latela, Utnapishtim o ne a tlhalosa fa a ne a boleletswe gore a dire sekepe mme a tsenye dikgomo, diphologolo tsa naga, le lelapa la gagwe mo go sone. O ne a dira sekepe seno e le lebokoso le legolo la dimetara di le 60 letlhakore lengwe le lengwe, le na le matlhatlaganyane a le marataro. O ne a bolelela Gilgamesh gore sefefo seno se ne sa nna gone ka malatsi a le marataro le masigo a le marataro, mme go tswa foo a bo a re: “Mo letsatsing la bosupa, sefefo sa kgwanyape, Morwalela, ntwa e e neng ya tla ka tshoganetso, tse di ileng tsa tlhasela jaaka mophato, di ne tsa khutla. Lewatle le ne la simolola go ritibala, matsubutsubu a diphefo a ne a nyelela, Morwalela o ne wa khutla. Ke ne ka latlhela matlho mo lewatleng mme medumo ya mantswe e ne e sa utlwale. Mme batho botlhe ba ne ba fetogile seretse fela.”

Morago ga gore sekepe seno se eme mo Thabeng ya Nisir, Utnapishtim o ne a ntsha lephoi leo le neng la se ka la bona fa le ka kotamang gone mme la boela kwa mokorong. Le ne la latelwa ke peolwane e le yone e neng ya boela kwa mokorong. Go tswa foo go ne ga ntshiwa mohukubu, mme erile o sa boe, o ne a itse gore metsi a setse a kgadile. Go tswa foo Utnapishtim o ne a ntsha diphologolo mme a dira setlhabelo.

Ka mokgwa mongwe tlhamane eno ya bogologolo e tshwana le pego ya Bibela ya Morwalela. Lefa go ntse jalo, e tlhoka dintlha tse di tlhalosang sentle ka phepafalo le tse di motlhofo tse di tshwanang le tsa pego ya Bibela ebile ga e bolele bogolo jo motho a ka bo dumelang jwa araka kana gone go bolela lobaka lwa nako lo lo supiwang mo Dikwalong. Ka sekai, Epic of Gilgamesh e ne ya bolela gore pula eno ya diphefo e ne ya tsaya malatsi a le marataro le masigo a le marataro, fa Bibela yone e bolela gore “pula ea na mo lehatshiñ ka malatsi a le mashomè manè, le masigo a le mashomè manè”—e le pula e kgolo e e neng e sa kgaotse mo kgabagare metsi a neng a khurumetsa lefatshe lotlhe.—Genesise 7:12.

Lemororo Bibela e umaka gore batho ba le robedi ba ne ba falola Morwalela, mo tlhamaneng ya Segerika go ne ga falola Deucalion a le esi mmogo le mosadi wa gagwe, Pyrrha. (2 Petere 2:5) Tlhamane eno e bolela gore pele ga Morwalela lefatshe le ne le nniwa ke batho ba ba ratang thubakanyo ba ba neng ba bidiwa gore ke banna ba mmala wa boronse. Modimo ebong Zeus o ne a swetsa ka gore a ba nyeletse ka morwalela o mogolo mme o ne a bolelela Deucalion gore a age lebokoso le legolo mme a tsene mo go lone. Ka nako ya fa morwalela o ne o khutla, lebokoso leno le ne la ema mo Thabeng ya Parnassus. Deucalion le Pyrrha ba ne ba fologa mo thabeng mme ba dira batho gape.

Ditlhamane tsa kwa Botlhaba Jo Bo Kgakala

Kwa India, go na le tlhamane ya Morwalela e mo go yone motho yo o neng a falola e neng e le Manu. O itsalanya le tlhapi e potlana e e golang e bo e nna kgolo mme e mo tlhagisa ka morwalela o o tlileng go senya. Manu o dira mokoro, oo tlhapi eno e o gogang go fitlha o ema mo go nngwe ya dithaba tsa Himalaya. Fa morwalela o khutla, Manu o fologa thaba mme a na le Ida, yo o emelang setlhabelo sa gagwe, o tsala lotso lwa motho.

Go ya ka tlhamane ya morwalela ya kwa China, modimo wa ditladi o naya bana ba babedi ebong Nuwa le Fuxi, leino. O ba laela gore ba le jale mme ba le tsenye mo segwaneng seo le neng le tla mela mo go sone. Ka bofefo fela leino leno le ne la mela setlhare mme sa dira leraka le legolo. Bana bano ba ne ba palama leraka leno fa modimo wa ditladi o ne o nesa pula ya matsorotsoro. Lemororo morwalela o o nnileng gone o ne wa kgama baagi botlhe ba lefatshe, Nuwa le Fuxi ba a falola mme ba ntsifatsa batho gape mo lefatsheng.

Kwa Amerika

Baindia ba kwa Amerika Bokone ba na le ditlhamane tse di farologaneng tse di nang le setlhogo se se tshwanang sa morwalela o o nyeletsang batho botlhe mme o tlogela batho ba sekaenyane fela. Ka sekai, Ba-Arikara, ba ba tswang kwa Caddo, ba bolela gore lefatshe le kile la bo le nniwa ke lotso la batho lo lo nonofileng tota mo eleng gore ba ne ba sotla medimo. Modimo yo neng o bidiwa Nesaru o ne wa nyeletsa diganka tseno ka morwalela mme lefa go ntse jalo o ne wa boloka batho ba one, diphologolo, le mmidi, mo legageng. Batho ba Ba-Havasupai ba bolela gore modimo ebong Hokomata o ne wa tlisa morwalela o o neng wa nyeletsa batho. Lefa go ntse jalo, monna yono Tochopa o ne a boloka morwadie ebong Pukeheh ka go mo kanela mo letshwagong la kota.

Baindia ba kwa Amerika Bogare le ba kwa Amerika Borwa ba na le ditlhamane tsa morwalela tse di tshwanang thatathata. Ba-Maya ba kwa Amerika Bogare ba ne ba dumela gore noga e kgolo ya pula e ne ya nyeletsa lefatshe ka morwalela wa metsi. Polelo ya Ba-Chimalpopoca ba kwa Mexico e bolela gore morwalela o ne wa khurumetsa dithaba. Modimo ebong Tezcatlipoca o ne wa tlhagisa monna yo go tweng Nata, yo a neng a dira letshwago mo koteng nngwe e a neng a tshabela mo go yone mmogo le mosadi wa gagwe ebong Nena go fitlha metsi a kgala.

Kwa Peru Ba-Chincha ba na le tlhamane ya morwalela o o neng wa tsaya malatsi a le matlhano o o neng wa nyeletsa batho botlhe mme ga sala motho a le mongwe fela yo phologolo nngwe e e buang ya sekakamela e neng ya mo gapela kwa thabeng. Ba-Aymara ba kwa Peru le Bolivia ba bolela gore modimo ebong Viracocha o ne wa tswa mo Letsheng la Titicaca mme o ne a bopa lefatshe mmogo le banna ba bogolo jo bo boitshegang, ba ba nonofileng. Viracocha o ne a ba nyeletsa ka morwalela gonne lotso lwa bone lwa ntlha lo ne lo mo kgopisa.

Baindia ba Ba-Tupinamba ba kwa Brazil ba ne ba bolela ka nako nngwe e mo go yone go neng ga nna le morwalela o mogolo o o neng wa kgama borremogologolwane ba bone botlhe mme ga falola bao ba neng ba le kwa mekorong kana bao ba neng ba le mo dikaleng tsa ditlhare tse dileele. Bangwe ba merafe mengwe e mentsi e e nang le ditlhamane tsa morwalela ke Ba-Cashinaua ba kwa Brazil, Ba-Macushi ba Guyana, Ba-Cariba ba Amerika Bogare, le Ba-Ona le Ba-Yahgan ba kwa Tierra del Fuego kwa Amerika Borwa.

Pacific Borwa le Asia

Ditlhamane tsa morwalela tseo mo go tsone go falolang batho ba sekaenyane fela di tlwaelegile kwa South Pacific yotlhe. Ka sekai, kwa Samoa go na le tlhamane ya morwalela o o neng wa nyeletsa mongwe le mongwe bogologolo mme ga falola Pili le mosadi wa gagwe. Ba ne ba tshabela mo lentsweng, mme morago ga morwalela ba ne ba tlatsa lefatshe ka batho gape. Mo Ditlhaketlhakeng tsa Hawaii modimo ebong Kane o ne wa simolola go kgopisiwa ke batho mme wa tlisa morwalela gore o ba nyeletse. Ke Nuʹu fela a neng a falola ka mokoro o mogolo o kgabagare o neng wa ema mo godimo ga thaba.

Mo Mindanao, kwa Philippines, batho ba Ba-Ata ba ne ba bolela gore lefatshe le kile la khurumediwa ke metsi a a neng a nyeletsa mongwe le mongwe mme go ne ga falola banna ba le babedi le mosadi. Batho ba Ba-Iban ba kwa Sarawak, kwa Borneo, ba bolela gore ke batho ba sekaenyana fela ba ba neng ba falola morwalela ka go tshabela kwa dithabaneng tse di kwa godimo thata. Mo tlhamaneng ya Ba-Igorot ba kwa Philippines, go ne ga falola bana ba motho wa mosimane le wa mosetsana ka go tshabela kwa Thabeng ya Pokis.

Ba-Soyot ba kwa Siberia, kwa Russia, ba bolela gore letlametlo le legolo, le le neng le tshegeditse lefatshe, le ne la suta mme la dira gore lefatshe le gogolwe ke morwalela. Monnamogolo mongwe le lelapa la gagwe ba ne ba falola ka go palama kota e e kokobalang e a neng a e dirile. Fa metsi a ne a kgala, kota eno e e kokobalang e ne ya ema mo godimo ga thaba e e kwa godimo. Gape batho ba ba buang Se-Ugaria ba Siberia e e kwa bophirima le ba kwa Hungary le bone ba bolela gore batho ba ba neng ba falola morwalela ba ne ba dirisa dikota tse di kokobalang mme lefa go ntse jalo di ne tsa kgokgwaetsegela kwa dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe.

Di Tswa Motsweding O O Tshwanang

Re ka swetsa ka go reng malebana le ditlhamane tse dintsi tseno tsa Morwalela? Lemororo dintlha tsa tsone di farologana thata, di na le dikarolo dingwe tse di tshwanang. Tseno di supa gore di tswa mo morwaleleng o mogolo thata le o o ka se kang wa lebalwa. Lemororo dipolelo tseno di ne tsa fetofetoga mo makgolokgolong a dingwaga a a fetileng, setlhogo sa tsone sa konokono se tshwana le tlhale e e di tshwaraganyetsang go tiragalo e le nngwe fela e kgolo—Morwalela wa lefatshe o begwa mo Bibeleng ka tsela e e motlhofo ebile e sa okediwa ka gope.

Ereka ka kakaretso ditlhamane tsa Morwalela di ne tsa fitlhelwa mo bathong bao ba neng ba sa itse melaetsa ya Bibela go fitlha le mo makgolong a dingwaga a bosheng jaana, go ne go tla bo go le phoso go tatalala ka gore ba tlhotlheleditswe ke pego eno ya Dikwalo. Mo godimo ga moo, The International Standard Bible Encyclopedia e bolela jaana: “Gantsi dipolelo tsa morwalela tsa lefatshe lotlhe di tsewa jaaka bosupi jo bo bontshang fa batho ba kile ba senngwa ke morwalela o o neng o le mo lefatsheng lotlhe . . . Mo godimo ga moo, dipolelo dingwe tsa bogologolo di ne tsa kwalwa ke batho ba ba neng ba le kgatlhanong thatathata le ngwao ya Bokeresete ya Sehebera.” (Bolumo 2, tsebe 319) He re ka swetsa re tlhomamisegile gore ditlhamane tseno tsa Morwalela di tlhomamisa ntlha ya gore pego ya Bibela e boammaaruri.

Jaaka re tshela mo lefatsheng le le tletseng thubakanyo le boitsholo jo bo maswe jwa tlhakanelodikobo, re dira sentle go bala pego eno ya Bibela ya Morwalela, jaaka e kwadilwe mo go Genesise kgaolo 6 go ya go 8. Fa re tlhatlhanya ka lebaka la go bo go ne ga nna le Morwalela oo wa lefatshe—le go bo go ne ga dirwa se se neng se le bosula mo matlhong a Modimo—re tla lemoga tlhagiso e e botlhokwatlhokwa mo go lone.

Go ise go ye kae Modimo o tla atlhola tsamaiso ya jaanong ya dilo e e bosula ka tsela e e botlhoko. Lefa go le jalo, se se itumedisang ke gore go tla nna le bafalodi. O ka nna gareng ga bone fa o ka tlhwaela tsebe mafoko ano a ga moaposetoloi Petere a a reng: “Aōna a lehatshe ya [ga Noa] le senyegileñ ka aōna, ka le penologèlwa ke metse: Me magodimo a gompiyeno a beecwe molelō, le lehatshe, e nntse e le ka yeōna lencwe yeuō, ka a letisiwa letsatsi ya tshekishō le ya tshenyègō ea baikepi. . . . Me ereka yana dilō tse cotlhe di nnetse go nyèrèga, ana lona lo chwanetse loa bo lo le batho ba ba nntseñ yañ mo go tsheleñ gotlhe ka boitshèpō le ka poihōmodimo, Lo nntse lo lebeletse, lo bile lo tlhologelecwe go tla ga letsatsi ya Modimo.”—2 Petere 3:6-12.

A o tla nna o akantse thata ka go tla ga letsatsi la ga Jehofa? Fa o dira jalo ebile o dira tumalanong le thato ya Modimo, o tla ipelela masego a magolo. Bao ba itumedisang Jehofa Modimo ka tsela eo ba tshwanetse go nna ba dumela gore lefatshe le lesha leo Petere a lebisitseng go lone le tla tla jaaka a oketsa ka go re: “Rona, kaha poleloñ ea [Modimo] ea choloheco, re lebeletse magodimo a masha, le lehatshe ye lesha, a go tla agañ tshiamō mo go aōna.”—2 Petere 3:13.

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Ditlhamane tsa morwalela tsa Sebabelona di ne tsa fetisediwa mo kokomaneng e nngwe go ya go e nngwe

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

A o tlhwaela tsebe tlhagiso ya ga Petere ka go nna o akantse thata ka letsatsi la ga Jehofa?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela