Go Obamelwa ga Ditshwantsho—Ke Kgang E go Ganetsanwang ka Yone Thata
MONNA mongwe yo o nnang felo gongwe kwa Poland o setse a ipaakantse sentle go tsena mo loetong. Lefa go ntse jalo, o santse a tshwanelwa ke gore a dire sengwe se se botlhokwa thata. O khubama ka mangole fa pele ga setshwantsho sa ga Jesu, a bo a ntsha tshupelo, a bo a rapelela gore a sirelediwe mo maetong a gagwe.
Kwa Bangkok kwa Thailand e e bokgakala jwa dikilometara di le diketekete, o ka bona fa go ketekiwa moletlo wa ntlha wa e e tshwarwang ngwaga le ngwaga wa Sebuda, e e ketekiwang ka setlha sa ngwaga sa dikgakologo. Ka nako ya moletlo ono setshwantsho sengwe sa Babuda se a tsholediwa fa go dirilwe mokoloko go tsamaiwa mo mebileng.
O tshwanetse wa bo o lemogile gore kobamelo e e sa tswang go tlhalosiwa ya ditshwantsho e tletsetletse. Dibilione tsa batho di obamela ditshwantsho. Ditshwantsho di ile tsa lejwa e le tsela e e botlhokwa thata ya go atamalana le Modimo ka dimileniamo tse dintsi.
O akanya eng kaga go dirisiwa ga ditshwantsho mo kobamelong? A go obamela ditshwantsho go siame kana ga go a siama? Modimo o ikutlwa jang mabapi le gone? A go na le bosupi bope jwa gore o amogela kobamelo e e ntseng jalo? O ka tswa o ise o ko o akanyetse dipotso tse di ntseng jalo thata. Lefa go ntse jalo, fa e le gore o bona go le botlhokwa gore o atamalane le Modimo, he, o tlhoka gore o itse dikarabo tsa tsone.
Re tshwanetse go dumela gore batho ga ba kgone go rarabolola kgang eno motlhofo. Ebile tota, e ile ya nna kgang e go ileng ga gogagoganwa ka yone thata ebile ka dinako tse dingwe e ile ya tsosa dikganetsano tse go neng go lowa thata mo go tsone ka diketekete tsa dingwaga. Ka sekai, bogologolo ka ngwaga wa 1513 B.C.E., moeteledipele wa Mohebera ebong Moshe o ne a thubaganya setshwantsho sengwe sa namane ya gouta ebile o ne a bolaya ka tšhaka batho ba ba ka nnang 3 000 bao ba neng ba se obamela.—Ekesodo, kgaolo 32.
Bajuda ga se bone fela ba ba neng ba le kgatlhanong le go dirisiwa ga ditshwantsho tsa bodumedi. Boraditiragalo ba bogologolo ba lefatshe ba ile ba kwala tlhamane eno ya ga Takhmūrūp ebong mmusi mongwe wa Moperesia yo go bolelwang gore o ile a ntsha matsholo a batlhabanelatumelo go lwa kgatlhanong le kobamelo ya ditshwantsho makgolokgolo a dingwaga pele ga Moshe. Kwa China kgosi nngwe e go bolelwang e ne ya tshela bogologolo go bolelwa gore e ile ya ntsha letsholo la masole go senya ditshwantsho tse di tlhomilweng tsa medimo e e farologaneng. Fa ditshwantsho di sena go senngwa, o ne a bolela gore ke boeleele go obamela medimo e e dirilweng ka letsopa. Moragonyana, fa Muhammad e ne e santse e le ngwana, go ne go na le Maarabia a a neng a le kgatlhanong le tiriso ya ditshwantsho mo kobamelong. Tsela e ba neng ba tlhotlheletsa Muhammad ka yone e ne ya ama kafa a neng a leba kobamelo ya ditshwantsho ka teng dingwaga morago ga foo. Mo go Koran, Muhammad o ruta gore go obamela medimo ya disetwa ke boleo jo bo ka se kang jwa itshwarelwa, gore baobamedi ba medimo ya disetwa ga ba a tshwanelwa go rapelelwa, le gore ope a se ka a nyalana le baobamedi ba medimo ya disetwa.
Le mo go Labokeresete tota, baeteledipele ba bodumedi ba ba itsegeng thata ba lekgolo la bobedi, la boraro, la bone, le la botlhano la dingwaga C.E., ba ba jaaka Irenaeus, Origen, Eusebius wa kwa Caesarea, Epiphanius le Augustine, ba ne ba le kgatlhanong le go dirisiwa ga ditshwantsho mo kobamelong. Mo e ka nnang mo tshimologong ya lekgolo la bone la dingwaga C.E., kwa Elvira, kwa Spain, setlhopha sa bobishopo bangwe se ne sa tlhama maitlamo a a botlhokwa a le mmalwanyana kgatlhanong le kobamelo ya ditshwantsho. Council of Elvira e e itsegeng thata e ne ya swetsa ka gore ditshwantsho di tlosiwe mo dikerekeng le gore go bewe melao e e gagametseng thata kgatlhanong le batho ba ba obamelang ditshwantsho.
Bao Ba Senyang Ditshwantsho tsa Bodumedi
Ditiragalo tseno di ne tsa betlela kgang nngwe e go neng ga ganetsanwa ka yone thata mo hisitoring: kgang ya go senngwa ga ditshwantsho tsa bodumedi e e neng ya lara mo lekgolong la borobedi le la borobong la dingwaga. Raditiragalo mongwe o bolela gore “kgang eno e e neng e sa jese monate e ne ya tsaya lekgolo la dingwaga le sephatlo, mme batho ba ne ba boga botlhoko tota” ebile “e ne ya nna nngwe ya dilo tse di neng tsa dira gore dipuso tsa Botlhaba di kgaogane le tsa Bophirima.”
Maiteko ano a a rulagantsweng a go senya ditshwantsho a ne a akaretsa go tlosiwa le go thubaganngwa ga ditshwantsho mo Yuropa yotlhe. Go ne ga tlhongwa melao mengwe e e neng e tlile go nyeletsa go dirisiwa ga ditshwantsho mo kobamelong. Go obamelwa ga ditshwantsho e ne ya nna kgang e go neng go gogagoganwa ka yone ya sepolotiki e e neng ya lere ntwa ya sedumedi fa gare ga babusi le bomopapa, bajenerale le bobishopo.
Mme eno e ne e se ntwa ya molomo fela. Cyclopedia of Biblical, Theological, and Ecclesiastical Literature, e e kwadilweng ke McClintock le Strong, e bolela gore morago ga fa Emperor Leo III a sena go ntsha taolo ya gore go se ka ga tlhola go dirisiwa ditshwantsho mo dikerekeng, batho “ba ne ba tsogologa ka bontsi kgatlhanong le taolo eo, mme go ne ga nna le dikhuduego tse go neng go lowa mo go tsone, segolobogolo kwa Constantinople,” di ne di nna letsatsi le letsatsi. Dintwa fa gare ga masole a mmuso le batho di ne tsa felela ka go bolawa le go ganyaolwa ga batho. Baitlami ba banna ba ne ba bogisiwa setlhogo tota. Dingwaga tse di makgolokgolo moragonyana, mo lekgolong la bo 16 la dingwaga, batho ba ne ba ganetsana phatlalatsa ka kgang ya go nna teng ga ditshwantsho mo dikerekeng kwa Zurich, kwa Switzerland. Go ne ga felela ka gore go tlhongwe molao o o neng o pateletsa gore go tlosiwe ditshwantsho tsotlhe mo dikerekeng. Balweladiphetogo bangwe ba ne ba itsiwe thata ka go nyatsa kobamelo ya ditshwantsho ga bone ka tsela e e gagamatseng gantsi ebile ba lwa.
Le eleng gompieno baithutabodumedi ba bantsi ba segompieno ba santse ba sa utlwane tota fa go tla mo go dirisiweng ga ditshwantsho mo kobamelong. Setlhogo se se latelang se tla go thusa go sekaseka gore a ditshwantsho eleruri di ka thusa motho go atamalana le Modimo.