Beke Eo E Neng Ya Fetola Lefatshe
“Go bakwè eo o tlañ ka leina ya Morèna.”—MATHAIO 21:9.
1. Ke ditlhopha dife tse pedi tse di farologaneng tseo di neng tsa amiwa ke ditiragalo ka August o o fetileng?
“MALATSI A MARARO A MATLHOTLHAPELO AO A NENG A REKETLISA LEFATSHE.” Ka August 1991, ditlhogo tse dikgolo tsa dikgang tse di tshwanang le seno di ne tsa gatelela ntlha ya gore dilo di ka tlhakatlhakana mo lefatsheng ka malatsi a sekae fela. Eleruri, malatsi a bofelo a August a ne a le botlhokwa eseng fela mo lefatsheng mme gape le mo setlhopheng sengwe seo Jesu a boletseng jaana kaga sone: “[Ga] se ba lehatshe.” Setlhopha seno gompieno se bidiwa Basupi ba ga Jehofa.—Yohane 17:14.
2, 3. (a) Kgololesego e ne ya bonala jang kwa Zagreb go sa kgathalesege matshosetsi a ntwa? (b) Tumelo e e nonofileng e ne ya duelwa jang kwa Odessa?
2 Kopano ya Basupi ba ga Jehofa ya ntlha ya meraferafe e e kileng ya rulaganyediwa go tshwarwa kwa Yugoslavia e ne e rulaganyeditswe go tshwarwa ka August 16 go ya go 18. Go ile ga felela e le gore, gape e ne e tla bo e le yone kopano ya ntlha e kgolo ya batho ba ga Jehofa go tshwarwa mo morafeng o o tlogang o nna le ntwa ya maraganateng a bana ba mpa. Basupi ba mo lefelong leo, mmogo le batho ba ba neng ba ithaopile go tswa mo dinageng tse di fa gaufi ba ne ba dirile ka lobaka lwa dikgwedi di le pedi ba tlhabolola setadiamo sa HAŠK Građanski sa kgwele ya dinao sa kwa Zagreb. Se ne se le phepa tota, e le lefelo le le tshwanetseng Kopano ya “Batho Ba Ba Ratang Kgololesego ya Bomodimo.” Baemedi ba merafe e e farologaneng ba le diketekete ba ne ba rulaganyeditse go tla, go akaretsa ba le 600 go tswa kwa United States. Fa go ntse go nna le matshosetsi a ntwa ya maraganateng, batho ba ne ba nnela go re: “Baamerika ga ba kitla ba tla.” Mme ba ne ba bo ba tla, mmogo le baemedi ba dinaga tse dingwe tse dintsi. Go ne go solofetswe gore go ne go tla tla batho ba le 10 000, lefa go ntse jalo ka letsatsi la bofelo go ne go na le batho ba le 14 684! Botlhe ba ne ba segofadiwa thata ka gonne ga ba a ka ba ‘bakela go phuthega ga bone mmogo.’—Bahebera 10:25.
3 Mo malatsing a mararo morago ga kopano ya Zagreb, go ne ga lekwa go thankgola puso mme ga se ka ga atlegwa kwa Soviet Union. Ka nako eo, batho ba ba ratang kgololesego ya bomodimo ba ne ba dira dipaakanyo tsa bofelo tsa kopano ya bone ya kwa Odessa kwa Ukraine. A go ne go tla kgonega gore kopano e tshwarwe? Ka tumelo e e nonofileng bakaulengwe ba ne ba feleletsa go tlhabolola setadiamo, mme batlakopanong ba ne ba ntse ba thelesegela. Go thankgolwa goo ga puso go ne ga fela, jaaka ekete go ne go diragetse ka kgakgamatso. Kopano e e itumedisang e ne ya tshwarwa ka August 24, 25, go tlile batho ba le 12 115 mme ba le 1 943—16 lekgolong ya tlhora ya batho bao ba neng ba le gone—ba ne ba kolobediwa! Basupi bano ba basha, mmogo le babolokabothokgami ba ba setseng ba na le lobaka lo loleele, ba ne ba ipelela gore ba ne ba tlile kopanong ba ikantse Jehofa ka botlalo.—Diane 3:5, 6.
4. Basupi ba kwa Yuropa Botlhaba ba ntse ba latela sekao sefe se se tlhomilweng ke Jesu?
4 Basupi bano ba ba ikanyegang ba ne ba latela sekao seo re se tlhometsweng ke Motlhomasekao wa rona ebong Jesu Keresete. Le ka motlha ga a ise a ko a tlhoke go nna gone kwa meketeng eo e neng e laotswe ke Jehofa, le fa ebile Bajuda ba ne ba batla go mmolaya. Fa a ne a ya Jerusalema go ya go ja Tlolaganyo ya gagwe ya bofelo, ba ne ba eme mo tempeleng, ba botsa ba re: “Lo gopolañ? A ke go re ga a ketla a tla mo modihoñ?” (Yohane 11:56) Mme o ne a bo a tla! Seno e ne e le tshimologo ya beke eo e neng ya re e fela ya fetola tsela eo ditiragalo tsa hisitori ya motho di tsamayang ka yone. A jaanong re ka tlhatlhoba dingwe tsa ditiragalo tsa botlhokwa tsa beke eo—Nisane 8 go ya go 14 mo khalendareng ya Sejuda?
Nisane 8
5. Jesu o ne a itse eng fa a ne a ya kwa Bethania ka Nisane 8, 33 C.E.?
5 Ka letsatsi leno Jesu le barutwa ba gagwe ba goroga kwa Bethania. Fano, Jesu o tlile go nna masigo a le marataro mo legaeng la tsala ya gagwe e e rategang Lasaro, yo a sa tswang go mo tsosa mo baswing. Bethania e gaufi le Jerusalema. Jesu o setse a boleletse barutwa ba gagwe jaana mo sephiring: “Bōnañ, re tlhatlogèla kwa Yerusalema; me Morwa Motho o tla neèlwa baperisiti ba bagolo le bakwadi; me ba tla atlhola gore a shwè; Me ba tla mo neèla Badichaba go shotlwa, le go seolwa, le go bapolwa: me e tla re ka letsatsi ya boraro o tla cosiwa.” (Mathaio 20:18, 19) Jesu o itse sentle gore jaanong o tshwanetse a lebana le diteko tse di botlhoko. Lefa go ntse jalo, jaaka nako eo ya go lekwa ga gagwe thata e atamela, o leka ka bojotlhe gore a direle bakaulengwe ba gagwe ka lorato. Ekete le rona re ka nna le “pelo [eno] . . . e e neñ e le mo go Keresete Yesu le èna.”—Bafilipi 2:1-5; 1 Yohane 3:16.
Nisane 9
6. Mo maitseboeng a Nisane 9, Maria o ne a dira eng, mme Jesu o ne a raya Judase a reng?
6 Fa letsatsi le sena go phirima, jaaka fa Nisane 9 e simologa, Jesu o ja kwa legaeng la ga Simone yo e kileng ya bo e le molepero. Ke gone fano koo kgaitsadia Lasaro ebong Marea a tshelang setlolo se se tlhotlhwakgolo se se nkgang monate mo tlhogong le mo dinaong tsa ga Jesu teng a bo ka boikokobetso a mo phimola dinao ka moriri wa gagwe. Fa Judase a sa dumalane le seno, Jesu a re: “Lo mmè a se bolokèlè letsatsi ya phitlhō ea me.” Fa baperesiti ba bagolo ba utlwela gore Bajuda ba le bantsi ba ya kwa Bethania ebile ba dumela mo go Jesu, ba loga segwenegwene sa go mmolaya mmogo le Lasaro.—Yohane 12:1-7.
7. Mo mosong wa Nisane 9, leina la ga Jehofa le ne la tlotliwa jang, mme Jesu o ne a bolelela pele kaga eng?
7 Ka mahube a naka tsa kgomo, Jesu o tsaya loeto go ya kwa Jerusalema. Boidiidi jwa batho bo ya go mo kgatlhantsha, ba tshotse matlhare a mokolane ka diatla ba goa ba re: “Hosana! Go bakwè eo o tlañ mo ineñ ya ga Yehofa, eboñ Kgosi ea Iseraela.” Go tswa foo Jesu o diragatsa boperofeti jo bo mo go Sekaria 9:9 ka go palama eselana go ya kwa motseng. Fa a atamela motse wa Jerusalema, o a o lelela, a bolelela pele gore Baroma ba ne ba tla o thekeletsa ka dikota tse di motsu ba bo ba o senya gotlhelele—e le boperofeti jo bo neng bo tla diragadiwa ka tsela e e tlhomologileng dingwaga di le 37 morago ga foo. (Seno gape se bontsha gore Labokeresete o tlile go tsena mo mathateng, ereka a ile a tsaya kgato ya botenegi jaaka Jerusalema wa bogologolo.) Balaodi ba Bajuda ga ba batle gore Jesu e nne kgosi ya bone. Ba bua jaana ka bogale: “Aitsane, lehatshe le ile go mo sala moragō.”—Yohane 12:13, 19.
Nisane 10
8. Ka Nisane 10, Jesu o ne a bontsha jang gore o tlotla ntlo ya ga Jehofa ya thapelo ka tsela e e boteng, mme go ne ga latela eng?
8 Jesu o etela kwa tempeleng gape. Jaanong e le lekgetlho la bobedi, o koba babapatsi ba ba bogagapa le batho ba ba anayang madi. Go bapatsa—“go rata madi”—ga go a tshwanela go nna selo se segolo mo ntlong ya ga Jehofa ya thapelo! (1 Timotheo 6:9, 10) Jesu o tloga a swa. O tshwantsha seno ka go bua ka go jalwa ga peo. Peo ya ntlha e a swa, mme lefa go ntse jalo e a mela e tlhogisa kala eo e ungwang peo e ntsi. Ka mo go tshwanang, loso lwa ga Jesu lo tla felela ka gore bontsintsi jwa batho ba ba dumelang mo go ene ba bone botshelo jo bo sa khutleng. Ereka a tshwenyegile ka ntlha ya loso lwa gagwe lo lo ntseng lo atamela, Jesu o rapelela gore leina la ga Rraagwe le galalediwe. Go arabela thapelo eo, lentswe la Modimo le utlwala ka modumo o mogolo le utlwiwa ke botlhe ba ba leng gone le re: “Ke le galaleditse, me ke tla ba ke le galaletsa gapè.”—Yohane 12:27, 28.
Nisane 11—Letsatsi la Ditiragalo
9. (a) E ne ya re go sale mo mosong ka Nisane 11, Jesu o ne a dirisa ditshwantsho jang go kgala Bajuda ba batenegi? (b) Go dumalana le setshwantsho sa ga Jesu, ke bomang bao ba ileng ba latlhegelwa ke tshiamelo e e molemolemo?
9 Jesu le barutwa ba gagwe ba boa gape ba tswa mo Bethania go ya go dira teng letsatsi lotlhe. Jesu o dirisa ditshwantsho di le tharo go bontsha gore ke ka ntlha yang fa Bajuda ba batenegi ba kgalwa. O ne a hutsitse setlhare sengwe se se sa ungweng sa mofeige mme jaanong fa se setse se swabile se tshwantshetsa morafe o o sa ikanyegeng, o o sa ungweng wa Bajuda. Fa a tsena mo tempeleng, o tlhalosa kafa balemi ba ba senang mosola ba mong wa tshimo ya mofine ba feleletsang ba bolaile le eleng morwa le moruaboswa wa mong wa bone ka gone—seo se neng se tshwantshetsa kafa Bajuda ba latlhang seo ba se neetsweng ke Jehofa gore ba se tlhokomele ka gone, e le tiro eo e neng ya felela ka gore ba bolaye Jesu. O tlhalosa ka mokete wa lenyalo o o neng o rulagantswe ke kgosi—Jehofa—yo baeng bao a ba laleditseng (Bajuda) ba ba boikgodiso ba ganang go tla mo go one. Ka jalo, go lalediwa ba ba kwantle—Baditšhaba—mme bangwe ba bone ba a tla. Mme lefa go ntse jalo monna mongwe yo o senang seaparo sa lenyalo o a kobiwa. O emela Bakeresete ba e seng bone ba Labokeresete. Bajuda ba le bantsi ba motlha wa ga Jesu ba ne ba lalediwa ‘mme ga itshenkelwa ba palo e potlana’ gore ba nne gare ga ba ba 144 000 ba ba kannweng bao ba tlileng go rua Bogosi jwa legodimo.—Mathaio 22:14; Tshenolō 7:4.
10-12. (a) Ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a kgalemela baruti ba Bajuda, mme o ne a kgala baitimokanyi bao jang ka tsela e e botlhoko? (b) Bajuda ba batenegi ba ne ba feletsa ba atlhotswe jang?
10 Baruti ba baitimokanyi ba Bajuda ba senka phatlha ya gore ba tshware Jesu, mme o araba dipotso di le mmalwa tse ba lekang go mo tshwara ka tsone a bo a ba tlogela ba tseanye fa pele ga batho. Abo Bajuda bao ba badumedi e le batenegi jang ne! Abo Jesu a ba kgala jang ne a sa potapotote! Ba eletsa maemo, diaparo tse di ba tlhaolang, go bidiwa ka maina a a tlotlometseng, a a tshwanang le “Rabi” le “Rara,” go tshwana fela le baruti ba bantsi ba motlha wa rona. Jesu o bolela se se mo molaong: “Leha e le mañ eo o tla ikgodisañ, o tla ñōtlahadiwa; me eo o iñōtlahatsañ o tla godisiwa.”—Mathaio 23:12.
11 Jesu o kgala baeteledipele bao ba bodumedi ka tsela e e botlhoko. O bolela jaana ga supa: “A bo go latlhèga lona!” a ba bitsa bagogi ba ba difofu le baitimokanyi. Mme nako le nako o neela lebaka le le utlwalang la go bo a ba kgala. Ba thibile tsela e e tsenang mo Bogosing jwa magodimo. Fa ba gapa mongwe yo o sa tswang go sokologa, jaanong o lebanwa ke go ya Gehenna go menagane gabedi, go lebega a ne a ntse a tlile go senngwa ka ntlha ya boleo jo a neng a bo dirile gale jo bo masisi kana ka ntlha ya go feteletsa dilo. “Masilo le dihohu ke lona,” go bolela Jesu, ka gonne Bafarasai ba lebile fela gouda e e mo tempeleng go na le go obamela ka tsela e e itshekileng mo go yone. Ba itlhokomolosa tshiamiso, kutlwelobotlhoko, le boikanyegi fa ba ntse ba ntsha karolo ya bolesome ya menta, anise, le kumina, mme ba itlhokomolosa dintlha tsa botlhokwa tsa Molao. Go itlhapisa go ba go dirang jaaka ngwao ga go ketla go tlosa leswe la bone la kafa teng—pelo e e tlhapisitsweng ka tumelo mo setlhabelong sa ga Jesu se se atamelang ke yone fela e ka dirang jalo. Boitimokanyi jwa bone jwa kafa teng le boikepo jwa bone bo supa fa bokafantle jwa bone jo bo “shweuhadicweñ” e le boitimokanyi fela.—Mathaio 23:13-29.
12 Ee, eleruri go latlhega Bafarasai, bao tota e leng “bana ba batho ba ba bolaileñ baperofeti” ba bogologolo! Ke dinoga, lotsalo lwa dishaushawane, bao ba lebanweng ke go ya kwa Gehenna, ka gonne ga ba ne ba bolaya Jesu fela mme ba tla bolaya gape le bao a ba romang. Eno ke katlholo eo e tla “wèlañ losika lo.” Seo se ne sa diragadiwa fa Jerusalema e ne e senngwa gotlhelele dingwaga di le 37 moragonyana.—Mathaio 23:30-36.
13. Mafoko a ga Jesu kaga meneelo kwa tempeleng a bonala mo ditiragalong dife gompieno?
13 Pele a tswa mo tempeleng, Jesu o akgola motlholagadi wa mohumanegi yo o latlhelang madinyana a le mabedi mo letloleng—“gotlhe mo o tshèlañ ka gōna.” A pharologanyo ruri le bahumi ba ba bogagapa, bao ba ntshang meneelo go ikgolola fela! Jaaka motlholagadi yoo wa mohumanegi, Basupi ba ga Jehofa gompieno ba iketleetsa go dirisa nako, maatla, le madi go tshegetsa le go atolosa tiro ya Bogosi mo lefatsheng lotlhe. Abo seno se farologana jang ne le bareri ba thelebishene ba boitsholo jo bo sa siamang ba ba tsietsang matsomane a bone gore ba ipolokele dikhumo di se kana ka sepe!—Luke 20:45–21:4.
Jaaka Nisane 11 E Ela Bokhutlong
14. Jesu o ne a bontsha go hutsafalela eng, mme o ne a araba jang dipotso tse dingwe tsa balatedi ba gagwe?
14 Jesu o lelela Jerusalema le batho ba yone a bo a re: “Ga lo ketla lo tlhōla lo mpōna, go tlo go tsamaeè lo re, A go bakwè èna eo o tlañ mo leineñ ya ga Yehofa.” (Mathaio 23:37-39) Moragonyana fa ba ntse mo Thoteng ya Lotlhware barutwa ba ga Jesu ba a ba ratang thata ba mmotsa kaga seno, mme fa Jesu a ba araba o tlhalosa sesupo seo se tla tshwayang go nna gone ga gagwe mo thateng ya Bogosi le bokhutlo jwa tsamaiso e e bosula ya dilo ya ga Satane.—Mathaio 24:1–25:46; Mareko 13:1-37; Luke 21:5-36.
15. Jesu o ne a neela sesupo sefe malebana le go nna gone ga gagwe gore a tle go atlhola, mme se ile sa diragadiwa go tloga leng?
15 Jesu o bua kaga katlholo ya ga Jehofa eo e tlogang e diragadiwa mo tempeleng, a bontsha gore e tshwantshetsa ditiragalo tsa botlhokwa tsa kwa bofelong jwa tsamaiso yotlhe ya dilo. Nako eo ya go nna gone ga gagwe e tla tshwaiwa ke dintwa tse dintsi ka selekanyo se se sa lebelelwang, mmogo le ditlala, dithoromo tsa mafatshe, malwetsi a maroborobo, mmogo le go tlhoka lorato le go itaola. Abo seno se nnile boammaaruri jang ne go tloga ka 1914 mo lefatsheng leno la rona la lekgolo la bo 20 la dingwaga!
16, 17. Jesu o ne a tlhalosa ditiragalo dife tsa lefatshe, mme Bakeresete ba tshwanetse ba arabela jang mo boperofeting jono?
16 Konelo ya gone e tla nna fa go nna le “sepitla se segolo . . . se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè.” Ereka se tla bo se senya fela jaaka Morwalela wa motlha wa ga Noa, Jesu o tlhagisa kgatlhanong le go tsenelela thata mo dilong tsa lefatshe. “Ke gōna, disañ: gonne ga lo itse letsatsi ye Morèna oa lona o tla tlañ ka yeōna.” Abo re ka itumela jang ne go bo Mong a tlhomile “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale” yo o tloditsweng go ntsha tlhagiso le go aba dijo tse dintsi tsa semoya mo letsatsing leno la go nna gone ga gagwe!—Mathaio 24:21, 42, 45-47.
17 Mo lekgolong la rona la bo 20 la dingwaga, re ile ra bona “mo lehatshiñ pitlaganō ea merahe, e rarañwa . . . Le batho ba idibadiwa ke poihō le tebèlèlō ea dilō tse di tlañ mo lehatshiñ.” Mme lefa go ntse jalo Jesu o re bolelela jaana: “E tla re dilō tse di simologa go dihala, hoñ lo lelalè, lo choletsè ditlhōgō tsa lona; ka gonne thekololō ea lona e tla bo e atamèla.” Mme o re tlhagisa jaana: “Lo itlhōkōmèlè, gore e se re kgotsa dipelo tsa lona tsa imahadiwa ke go kgora bobe, le ke go tagwa, le ke ditlhodiègèlō tsa botshelō yono, me letsatsi yeuō ya lo wèla ka choganeco yaka seru.” Re ka kgona go nna re amogelwa ke Jesu, “Morwa Motho,” ka nako ya fa a tla bo a le teng ka go nna re thantse fela.—Luke 21:25-28, 34-36.
18. Re ka kgothadiwa jang ke setshwantsho sa ga Jesu sa makgarebane a a lesome le sa ditalenta?
18 Fa a konela tshobokanyo ya gagwe ya ditiragalo tsa motlha wa gompieno, Jesu o neela ditshwantsho di le tharo. Sa ntlha, mo setshwantshong sa makgarebane a a lesome, o boa gape a gatelela kafa go tlhokegang ka gone go ‘nna re disitse.’ Go tswa foo, mo setshwantshong sa batlhanka le ditalenta, o bontsha gore go bereka ka natla go felela ka gore motho a lalediwe ‘go tsena mo boitumelong jwa Mong.’ Bakeresete ba ba tloditsweng, bao go bolelelwang pele kaga bone mo ditshwantshong tseno, mmogo le dinku di sele ba ka kgothadiwa thata ke ditshwantsho tseno tse di utlwalang sentle.—Mathaio 25:1-30.
19, 20. Ke kamano efe e e itumedisang ya motlha wa segompieno eo e bontshiwang ke setshwantsho sa ga Jesu sa dinku le dipodi?
19 Setshwantsho sa boraro se bua ka go nna gone ga ga Jesu mo thateng ya Bogosi fa a sena go nna mo setulong sa gagwe se se galalelang kwa legodimong. Ke nako ya go atlhola merafe le go kgaoganya batho ba ba mo lefatsheng go nna ditlhopha tse pedi, se sengwe e le sa batho ba ba siameng ba seka dinku mme se sengwe, e le sa ba ba tlhogoethata ba seka dipodi. Ba seka dinku ba dira gotlhe go ba go kgonang go tshegetsa bomonnaa Kgosi—batlodiwa ba ba santseng ba setse mo lefatsheng ka nako eno ya bokhutlo jwa lefatshe. Dinku tseno di duelwa ka botshelo, fa dinku tse di sa anaaneleng di ya tshenyegong e e sa khutleng.—Mathaio 25:31-46.
20 Abo go na le kamano e e molemolemo jang ne fa gare ga dinku di sele le bomonnaa Kgosi kwa bokhutlong jwa tsamaiso ya dilo! Le mororo masalela a a tloditsweng a ne a na le boikarabelo jo bogolo jwa tiro kwa tshimologong ya go nna gone ga Kgosi, dimilione tse dintsi tsa dinku di sele tse di matlhagatlhaga di setse di dira palo ya 99,8 lekgolong ya batlhanka ba Modimo mo lefatsheng. (Yohane 10:16) Mme le bone ba itshupile ba iketleeditse go itshokela ‘tlala, lenyora, bosaikategang, bolwetsi, le go golegwa’ jaaka ditsala tsa batlodiwa ba ba bolokang bothokgami.a
Nisane 12
21. Ke eng seo se ileng sa direga ka bofefo ka Nisane 12, mme seno se ne sa direga jang?
21 Segwenegwene sa go bolaya Jesu se tswelela pele. Judase o etela baperesiti ba bagolo kwa tempeleng, a bo a dumela go oka Jesu ka tuelo ya dikgapetlana tsa selefera di le 30. Tiragalo eno le yone e ne e boleletswe pele.—Sekaria 11:12.
Nisane 13
22. Go ne ga baakanyediwa eng ka Nisane 13?
22 Jesu, yo o salang kwa Bethania, gongwe a salela go rapela le go tlhatlhanya, o romela barutwa ba gagwe kwa Jerusalema go ya kwa go mongwe yo a reng ke “Molèbè.” Ba baakanyetsa Tlolaganyo mo tlung ya monna yono, mo kamoreng e e kwa godimo. (Mathaio 26:17-19) Fa letsatsi le phirima ka Nisane 13, Jesu o kopanela le bone koo mo moletlong o o nang le ditiragalo tsa botlhokwa go gaisa yotlhe e e kileng ya nna mo hisitoring yotlhe. Jaanong ke eng se se tla diragalang ka Nisane 14? Setlhogo sa rona se se latelang se tla tlhalosa.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Setlhogo se se latelang se tshwanetse sa re thusa go tlhaloganya botoka kamano e e gaufi fa gare ga batlodiwa ba letsomanyane le dinku di sele.
O Ne O Ka Sobokanya Jang?
◻ Batho bangwe ba ne ba bontsha jang gore ba amogela Jesu ka Nisane 8 go ya go 10?
◻ Jesu o ne a senola baruti ba baitimokanyi jang ka Nisane 11?
◻ Jesu o ne a bolela boperofeti bofe jo bogolo, mme bo diragadiwa jang gompieno?
◻ Ditiragalo di ne tsa gogela kwa konelong ya tsone jang ka Nisane 12 le 13?
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Jesu o akgola motlholagadi wa mohumanegi yo o ntshitseng madinyana a le mabedi—e le gotlhe mo a neng a na le gone