Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
Bahebera 9:16 e bolela gore motho yo o dirileng kgolagano o tshwanetse a swa gore kgolagano e tle e dire. Mme lefa go ntse jalo Modimo o ne wa dira kgolagano e ntšha, a bo a sa swe. Ka jalo temana eno re ka e tlhaloganya jang?
Re bala jaana mo go Bahebera 9:15-17 (NW): “Ka jalo ke gone ka moo [Keresete] a leng motsereganyi wa kgolagano e ntšha, e le gore, ka go bo mongwe a sule gore ba gololwe ka setlhabelo mo melatong e ba e dirileng kafa tlase ga kgolagano ya pele, ba ba biditsweng ba tle ba amogele tsholofetso ya boswa jo bo sa khutleng. Ka gonne koo go nang le kgolagano, [motho] yo o dirang kgolagano o tshwanetse go swa. Gonne kgolagano e dira fa bangwe ba setse ba sule, ereka e sa dire ka nako epe fela fa [motho] yo o dirileng kgolagano a santse a tshela.”a
Jehofa ke ene Modiri wa kgolagano e ntšha. Mo go Yeremia 31:31-34, Modimo o ne wa bolela ka tlhamalalo gore ene ka boene o ne a tla dira kgolagano e ntšha le batho ba gagwe. Moaposetoloi Paulo o tsopola lokwalo lono mo go Bahebera 8:8-13, eo e bontshang gore Paulo o ne a lemoga gore Modimo e ne e le one ka boone o neng o tlhomile kgolagano eno ya bomodimo.
Lefa go ntse jalo, mo go Bahebera kgaolo 9, Paulo o tswelela pele a bua kaga ditiro tse di farologaneng tseo di neng di dirwa ke Jesu tse di malebana le kgolagano e ntšha. Keresete o ne a tla e le Moperesiti yo Mogolo wa kgolagano eno. Kafa letlhakoreng le lengwe, Jesu e ne e le setlhabelo sa kgolagano e ntšha; “madi a ga Keresete” ke one fela a ka kgonang go “tlhapisa segakolodi sa [rona] a tlosa ditihō tse di shuleñ.” Keresete gape e ne e le Motsereganyi wa kgolagano eno fela jaaka Moshe e ne e le motsereganyi wa kgolagano ya Molao.—Bahebera 9:11-15.
Paulo o ne a umaka gore go ne go tlhokega gore mongwe a swe gore dikgolagano fa gare ga Modimo le batho di dire. Kgolagano ya Molao ke sekao sa seno. Moshe e ne e le motsereganyi wa yone, ene yo o neng a tla dira tumalano eno fa gare ga Modimo le Iseraele wa senama. Ka jalo Moshe o ne a nna le seabe sa botlhokwa mme e ne e le ene motho yo o neng a dirisana le Baiseraele ka nako ya fa ba ne ba tsena mo kgolaganong. Ka jalo Moshe o ne a ka lejwa jaaka motho yo o dirileng kgolagano ya Molao eo e neng e tswa kwa go Jehofa. Mme lefa go ntse jalo a Moshe o ne a tshwanelwa ke go tsholola madi a botshelo jwa gagwe gore kgolagano ya Molao e simolole go dira? Nnyaa. Go na le moo go ne go neelwa diphologolo, madi a tsone a emisetsa madi a ga Moshe.—Bahebera 9:18-22.
Go tweng ka kgolagano e ntšha fa gare ga Jehofa le morafe wa Iseraele wa semoya? Jesu Keresete o ne a nna le karolo e e galalelang ya go tsena fa gare, go nna Motsereganyi fa gare ga Jehofa le Iseraele wa semoya. Le mororo Jehofa a ne a simolola kgolagano eno, e ne e ikaegile ka Jesu Keresete. Kwantle ga go nna Motsereganyi wa kgolagano eno, Jesu o ne a dirisana ka tlhamalalo a le mo nameng le bao ba neng ba tla tsenngwa pele mo go yone. (Luke 22:20, 28, 29) Mo godimo ga moo, o ne a tshwanela go ka ntsha setlhabelo seo se neng se tlhokega gore kgolagano e dire. Setlhabelo seno e ne e se sa diphologolo fela tse di sa reng sepe mme e ne e le sa botshelo jwa motho yo o itekanetseng. Ka jalo Paulo o ne a ka bitsa Keresete gore ke motho yo o dirileng kgolagano e ntšha. Kgolagano e ntšha e ne ya simolola go dira fa ‘Keresete a sena go tsena mo go je e leng legodimo tota, go tla a bonalela rona jaanong fa pele ga sefatlhego sa Modimo.’—Bahebera 9:12-14, 24.
Fa Paulo a ne a bua kaga Moshe le Jesu jaaka batsereganyi ba batho, o ne a sa reye gore ope wa bone o ne a simolotse dikgolagano tseo, e le tse tota di dirilweng ke Modimo. Go na le moo, batho bao ba babedi ba ne ba na le seabe se segolo mo go direng dikgolagano tseo ba direla jaaka batsereganyi. Mme mo lekgetlong lengwe le lengwe, go ne go tlhokega gore mongwe kana sengwe se swe—diphologolo tseo di neng di emela Moshe, le Jesu a ntsha madi a botshelo jwa gagwe a a ntshetsa bao ba leng mo kgolaganong e ntšha.
[Ntlha e e kwa tlase]
a Mafoko a mabedi a Segerika a a dirisitsweng fano go raya “lwa yo o dirileng kgolagano” ka tlhamalalo a raya “lwa (ene) yo o itiretseng kgolagano” kana “lwa [ene] yo o dirang kgolagano.”—The Kingdom Interlinear Translation of the Greek Scriptures, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc., le The Interlinear Greek-English New Testament, e e kwadilweng ke Dr. Alfred Marshall.