Losika lwa Ngwaga wa 1914—Ke Ka Ntlha Yang Fa Lo Le Botlhokwa?
“Batho ba ba balang makasine wa rona ba a itse gore re feditse dingwaga di le mmalwa re lebeletse gore Motlha ono o khutle ka nako e e boifisang ya dipharagobe, ebile re lebeletse gore o simolole ka ponyo ya leitlho le gone ka nonofo eseng nako e telele morago ga October, 1914.”—Go tswa mo go The Watch Tower and Herald of Christ’s Presence ya May 15, 1911.
FA ESALE go tloga ka ngwaga wa 1879 makasine o ka nako eo o neng o itsiwe jaaka The Watch Tower and Herald of Christ’s Presence (oo gone jaanong o itsiweng jaaka Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi jwa ga Jehofa) o ne wa nna wa lebisa gangwe le gape go ngwaga wa 1914 jaaka ngwaga e e itsegeng thata mo boperofeting jwa Bibela. Jaaka fa ngwaga eno e ne e ntse e atamela, batho ba ba balang makasine ono ba ne ba gakololwa gore go ne go ka nna ga lebelelwa “nako e e boifisang ya dipharagobe.”
Tshedimosetso eno e ne ya phasalalediwa gongwe le gongwe ke Bakeresete, bao ba neng ba e theile mo tseleng eo ba neng ba tlhaloganya “metlha e shupa” le “metlha ea Badichaba” eo e umakwang mo Bibeleng ka yone.a Ba ne ba tlhaloganya gore lobaka lono lwa nako ke dingwaga di le 2 520—e leng nako e e simolotseng ka go thankgololwa ga bogosi jwa bogologolo jwa ga Dafide kwa Jerusalema mme ya khutla ka October 1914.b—Daniele 4:16, 17; Luke 21:24, King James Version.
Ka October 2, 1914, Charles Taze Russell, yoo e neng e le poresidente wa Watch Tower Bible and Tract Society ka nako eo, o ne a itsise jaana ka bopelokgale: “Metlha ya Baditšhaba e fedile, dikgosi tsa bone di feletswe ke nako.” Abo mafoko a gagwe a ile a itshupa a le boammaaruri jang ne! Ka October 1914 go ne ga diragala tiragalo nngwe kwa legodimong eo e se kileng ya bonwa ke batho eo botlhokwa jwa yone bo amang lefatshe lotlhe. Jesu Keresete ebong Moruaboswa yo o nnetseng ruri wa “setulō sa bogosi sa ga Dafide,” o ne a simolola go busa jaaka Kgosi mo godimo ga setho sotlhe.—Luke 1:32, 33; Tshenolō 11:15.
‘Mme,’ o ka nna wa botsa jalo, ‘fa e le gore Keresete o simolotse go busa ka ngwaga wa 1914, ke ka ntlha yang fa maemo mo lefatsheng a ile a nnela maswe go ya kwa pele?’ Ke ka ntlha ya gore mmaba yo o sa bonaleng wa setho ebong Satane o ne a santse a le gone. Go fitlha ka ngwaga wa 1914, Satane o ne a kgona go tsena kwa legodimong. Seemo seo se ne sa fetoga ka nako ya fa Bogosi jwa Modimo bo ne bo tlhongwa ka ngwaga wa 1914. “Ga nna ntwa mo legodimoñ.” (Tshenolō 12:7) Satane le badimona ba gagwe ba ne ba fenngwa mme ba latlhelwa mo lefatsheng, ka diphelelo tse di setlang pelo mo sethong. Bibela e ne ya bolelela pele jaana: “A bo go latlhèga lehatshe le lewatlè! ka diabolo a hologetse kwa go lona, a tletse bogale, ka a itse ha lobaka loa gagwè lo setse lo le lokhutshane.”—Tshenolō 12:12.
Mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E., Jesu o ne a bolela gore go nna gone ga gagwe a sa bonale jaaka Kgosi e ntšha ya lefatshe go ne go tla lemogiwa ka sesupo seo batho ba kgonang go se bona. O ne a bodiwa jaana: “Seshupō e tla nna eñ sa go tla ga gago, le sa bokhutlō yoa lehatshe?” O ne a araba ka go reng? “Morahe o tla cogologèla morahe, le bogosi bo cogologèle bogosi: me go tla nna meshwèle, le dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe. Me dilō cotlhe tse, e be e le tshimologō ea botlhoko yoa pèlèga.”—Mathaio 24:3, 7, 8.
Ka gone, ntwa eo e neng ya runya ka ngwaga wa 1914 e ne e patilwe ke tlhaelo e e seng kana ka sepe ya dijo, ereka selekanyo se se tlwaelegileng seo dijo di neng di tlhagisiwa ka sone se ne sa kgoreletsega ka dingwaga tse di fetang di le nne. Go tweng ka “dithoromō tsa lehatshe mo maheloñ mañwe le mañwe”? Mo dingwageng di le lesome tseo di neng tsa latela morago ga ngwaga wa 1914, dithoromo tse di senyang tsa lefatshe tse di fetang di le some di ne tsa bolaya batho ba ba fetang 350 000. (Bona lebokoso.) Ke boammaaruri gore losika lwa ngwaga wa 1914 lo ne lwa welwa ke “tshimologō ea botlhoko yoa pèlèga.” Ebile fa esale go tloga ka yone nako eo, botlhoko jwa pelega bo ne jwa tlhasela ka metlha ka sebopego sa dikudumedi tsa tlholego, mauba, le ka dintwa tseo di seng kana ka sepe.
Lefa go ntse jalo, dikgang tseo di leng malebana le go tlhongwa ga Bogosi jwa Modimo ka ngwaga wa 1914 ke dikgang tse di itumedisang ka gonne Bogosi joo bo tla boloka lefatshe leno gore le se ka la senngwa. Jang? Bo tla tlosa ditumelo tsotlhe tsa maaka, tsa boitimokanyi, dipuso tse di bosula, le tlhotlheletso e e bosula ya ga Satane. (Daniele 2:44; Baroma 16:20; Tshenolō 11:18; 18:4-8, 24) Mo godimo ga moo, bo tla tlisa lefatshe le lesha leo “go tla agañ tshiamō” mo go lone.—2 Petere 3:13.
Ka bonako fela morago ga Ntwa ya Lefatshe I, Diithuti tse di tlhoafetseng tsa Bibela, jaaka fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba itsiwe jalo ka nako eo, di ne tsa simolola go lemoga tshiamelo eo di neng di na nayo malebana le karolo e nngwe ya sesupo sa go nna gone ga ga Jesu jaaka Kgosi. Jesu Keresete o ne a bolelela pele jaana: “Me Mahoko a a Molemō a, a bogosi, a tla rèrwa mo lehatshiñ yeotlhe, go nna chupō mo merahiñ eotlhe; hoñ ke gōna bokhutlō bo tla tlañ.”—Mathaio 24:14.
Ka nako ya fa tiro e ne e santse e le potlana ka ngwaga wa 1919, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba tswelela pele go anamisa “mahoko a a molemo” ba sa kgaotse. Ka ntlha ya gone moo, jaanong go phuthilwe batho ba le dimilione go tswa mo mafatsheng a a fetang 200 jaaka babusiwa ba Bogosi jwa Modimo. Mme abo babusiwa bano ba emetswe ke masego a le mantsi jang ne! Bogosi jono bo tlile go fedisa ntwa, leuba, bokebekwa, le kgatelelo. Ebile bo tlile go fedisa bolwetse le loso!—Pesalema 46:9; 72:7, 12-14, 16; Diane 2:21, 22; Tshenolō 21:3, 4.
Tiro ya go rera ka Bogosi e tla bo e fitlheletse boikaelelo jwa yone pele ga fa losika lwa ngwaga wa 1914 lo feta. “Gonne,” Jesu o ne a bolelela pele jalo, “go tla nna sepitla se segolo mo metlheñ euō, se se e señ se ke se nne, e sa le ka tshimologō ea lehatshe go tla nakoñ eno; nya, le gōna go se ketla go tlhōla go nna yalo gopè. Me ha e ka bo metlha euō e se ka ea khutshahadiwa, e ka bo ne ne hano motho opè a se nka a bolokwa: me e tla re ka ntlha ea baitshenkedwi metlha euō e tla khutshadiwa.”—Mathaio 24:21, 22.
O se ka wa dira phoso eo e neng ya dirwa ke losika lo lo neng lo le gone pele ga ngwaga wa 1914. Dilo ga di kake tsa nna tsa tswelela pele di ntse ka tsela eo di ntseng ka yone gone jaanong. Go santse go tla diphetogo tse di gakgamatsang. Mme bao ba dirang dilo ka botlhale, ba na le ditebelelo tse di molemolemo.
Jaanong he, a o ke o reetse mafoko a moperofeti wa bogologolo a a reng: “Batlañ Yehofa, lona bakgōbaladi botlhe ba lehatshe . . . batlañ tshiamō, batlañ kgōbalalō; e ka tla ea re goñwe loa shuywa mo letsatsiñ ya bogale yoa ga Yehofa.” (Sefania 2:3) Re ka dirisa jang kgakololo eno? Ditlhogo tse di latelang di tla re thusa go araba potso eo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Setlhogo se se kafa ntle sa buka ya 1914 e e bidiwang Scenario of the Photo-Drama of Creation.
b Go bona dintlha tse di oketsegileng, bona kgaolo 16 ya buka e e bidiwang O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Tšhate mo go tsebe 7]
Dithoromo Tsa Lefatshe Mo Dingwageng Di Le Lesome Tseo Di Salang Ngwaga wa 1914 Morago
Letlha: Lefelo: Dintsho:
January 13, 1915 Avezzano, kwa Italy 32 600
January 21, 1917 Bali, kwa Indonesia 15 000
February 13, 1918 Porofense ya
Kwangtung, kwa China 10 000
October 11, 1918 Puerto Rico
(ka fa bophirima) 116
January 3, 1920 Veracruz, kwa Mexico 648
September 7, 1920 Reggio di Calabria,
kwa Italy 1 400
December 16, 1920 Porofense ya
Ningsia, kwa China 200 000
March 24, 1923 Porofense ya
Szechwan, kwa China 5 000
May 26, 1923 Iran
(ka fa bokonebotlhaba) 2 200
September 1, 1923 Tokyo-Yokohama,
kwa Japane 99 300
Go Tswa mo Lenaaneng Le Le Nang le Setlhogo Se Se Reng “Dithoromo Tse Di Boitshegang tsa Lefatshe tsa mo Lefatsheng Lotlhe” se se mo bukeng e e bidiwang Terra Non Firma, e e kwadilweng ke James M. Gere le Haresh C. Shah.