Jehofa—A Ke Mongwe Yo O Mo Itseng Fela Kana Ke Tsala ya Gago?
“JOHN, a nka go itsise tsala ya me? Yo ke—intshwarele, kana o rile leina ke mang?”
A o kile wa utlwa go tlaila go go ntseng jaana mo puisanong? Ke sekai sa kafa batho bangwe ba sa diriseng lefoko “tsala” sentle ka gone. Totatota ba a bo ba kaya “mongwe yo ba mo itseng fela” fa gongwe ba sa reye le sone seo tota. O ka nna wa itse Rre Modise yo o nnang ka kwa ga mmila; mme go nna tsala ya gagwe ke sengwe se se farologaneng gotlhelele.
Dikišinare nngwe e tlhalosa “mongwe yo o mo itseng fela” e le “motho yo lo kileng lwa kopana mme lefa go ntse jalo o sena lorato lo lo boteng mo go ene.” Go kaya “go sa tlwaela motho thata, go sa nne motho yo o gaufi le ene, go sa itise le ene thata, le go sa mo eleletse molemo thata jaaka TSALA.”
Go sa nne le lorato lo lo boteng gono go thusa go tlhalosa lebaka la go bo gantsi re sa ele tlhoko thata seo se diragalelang batho ba re ba itseng fela, le mororo re tsenelela ka botsalano mo matshelong a ditsala tsa rona. Re itumela le bone re bo re hutsafale le bone, re letla gore dilo tse di ba itumedisang kana tse di ba hutsafatsang di re ame tota. Gone mme, re tshwanetse ra ela tlhoko gore re se ka ra letla maikutlo a rona gore a re gogele mo mokgweng wa go itshunya nko mo dikgannyeng tsa bone tsa sephiri.—1 Petere 4:15.
Go rata ditsala tsa rona ka lorato lo lo boteng gape go tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa gantsi re leka go ba itumedisa. Fa mongwe yo re mo itseng fela a fitlhela boitshwaro jwa rona bo sa kgatlhe kana bo sa tshwanela, lebaka la go bo a sa itumelele seo re se dirang ga se gantsi le ka re tlhotlheletsang gore re fetoge. Mme lefa go ntse jalo tsala e ka re tlhotlheletsa fela thata, lefa e ka nna malebana le kapari, boitshwaro, kana tsela eo re ikutlwang ka yone kaga sengwe.
Gore o kgone go tshepha, go bontsha lorato, go tlotla, le go ikanyega, fa o nna tsala ya mongwe go tlhoka boikarabelo jo bogolwane go feta fa o mo itse fela. Motho yo o kopang go nna tsala mme a sa tseye matsapa ape, tota o batla go itsane fela le wena, eseng go nna tsala. Ditsala tse di atamalaneng di itumelela go diragatsa maikarabelo ao a akarediwang mo go rateng motho ka mo go boteng, ba lemoga gore maikarabelo ao a ba neela tshono ya gore ba supe botsala jwa bone.
Go Nna Tsala ya Modimo
Jaaka Mmopi, Jehofa ke Rre wa setho wa selegodimo mme o tlhoka go ratiwa, go obamelwa, le go tlotliwa. Mme lefa go ntse jalo o batla gore batho ba dire jalo ka ntlha ya lorato lo lo boteng, eseng ba dira fela ka go bo ba tshwanetse go dira jalo. (Mathaio 22:37) Gape o batla gore ba mo rate jaaka Tsala. (Pesalema 18:1) Ereka “o re ratile pele,” ke ene a ileng a thaya motheo o o itekanetseng wa botsala joo ka boene.—1 Yohane 4:19.
Batsadi ba rona ba ntlha, Adame le Efa, ba ne ba itse Jehofa. Potso e ne ya nna gore: A ba ne ba tla amogela kopo ya gagwe ya gore ba nne ditsala? Ka maswabi, ga ba a ka ba dira jalo. Lebaka la go bo ba ile ba batla ka bopelotshetlha go tswa kafa tlase ga taolo ya Modimo le bontsha gore ba ne ba sa mo rate ka mo go boteng. Ba ne ba rata go amogela masego a botsala joo bo neng bo tla ka one, mme ba ne ba sa iketleetsa go diragatsa boikarabelo jwa jone. Go ne go ntse jaaka ekete ba batla go itumelela legae le le manobonobo le le sireletsegileng la Paradaise mme ba sa iketleetsa go duela rente.
Rotlhe re ruile moya ono wa go sa anaanele wa go rata go itaola, mme bangwe ba o ruile ka selekanyo se segolwane go feta ba bangwe. (Genesise 8:21) Ka sekai, basha bangwe ba ile ba letla keletso ya bone ya tlholego ya go batla go itaola gore e ba dire gore ba se ka ba anaanela batsadi ba bone. Seno se ile sa fedisa botsala jo bo tlhwatlhwakgolo go gaisa jo bo tshwanetseng go nna gone fa gare ga bone le batsadi ba bone botshelo jwa bone jotlhe. Lefa go ntse jalo, lefa seno se hutsafatsa jaana, go ka nna masisi le go gaisa fa botsala jwa rona le Rraarona wa selegodimo bo ka fela. Ebile tota, go ka felela ka loso!
Dilo Tse Di Tlhokegang Gore O Nne Tsala
Ga go na kamano epe eo e ka nnelang ruri kwantle ga go tshepana, e ka tswa e le kamano fa gare ga batho ka bobone kana le Modimo. Tlhogo ya lotso Aberahame o ne a tlhaloganya seno, ebile ke gone ka moo a neng a bontsha kgapetsakgapetsa gore o tshepa Modimo ka pelo yotlhe. Bala Genesise 12:1-5 le 22:1-18, mme o bone dikai di le pedi tse di tlhomologileng tsa kafa a neng a tshepa Jehofa ka gone. Ee, “Aberahame [o ne] a dumèla Modimo, me a go balèlwa e le tshiamō.” Ke gone ka moo a ileng “a bidiwa tsala ea Modimo.”—Yakobe 2:23.
Selo se sengwe gape se se tlhokegang gore motho a nne tsala ya Modimo ke gore a diragatse boikarabelo joo bo akarediwang mo botsaleng jono. Ka ntlha ya boemo jwa rona jo bo kwa tlase fa bo bapisiwa le jwa ga Jehofa, go a utlwala gore maikarabelo ano a bo a le magolo thata go feta a go nna tsala le motho yo mongwe. A feta go batla ga rona go mo itumedisa mo dilong dingwe—jaaka go ntse fa o na le tsala ya motho. A akaretsa gore re batle go mo itumedisa mo dilong tsotlhe. Jesu, yo eleng Morwa Modimo ebile e le tsala ya gagwe e ba atamalaneng thata, o ne a bontsha seno fa a ne a bolela jaana kaga Jehofa: “Ke diha ka metlha eotlhe dilō tse di mo kgatlhañ.”—Yohane 8:29.
Ka jalo, go nna tsala ya ga Jehofa, kana ya ga Morwawe, ga go tle fela kwantle ga boikarabelo bope; go ikaegile ka gore re dire dilo tse ba di tlhomileng tse di tlhokegang gore re nne ditsala tsa bone. (Bona Pesalema 15:1-5.) Jesu o ne a bontsha seno ka phepafalo fa a ne a buisana le barutwa ba gagwe. “Lona lo ditsala tsa me,” o ne a ba bolelela, “ha lo diha dilō tse ke di lo laolèlañ.”—Yohane 15:14.
Selo se sengwe se se tlhokegang go nna tsala le motho ke gore lo buisane ka phuthologo ebile lo sa fitlhelane sepe. Ka letsatsi le Jesu a neng a swa ka lone, o ne a bolelela baaposetoloi ba gagwe ba ba ikanyegang a re: “Ga ke tlhole ke lo bitsa batlhanka; gonne motlhanka ga a itse se morèna oa gagwè o se dihañ: me ke lo biditse ditsala; gonne dilō cotlhe tse ke di utlwileñ mo go Rrè, ke di lo itsisitse.” (Yohane 15:15) Jesu ka go bolelela ditsala tsa gagwe megopolo ya gagwe, o ne a latela sekao sa ga Rraagwe wa selegodimo yo Amose 3:7 e bolelang jaana ka ene: “Rure Morèna Modimo o tla bo a sa dihe sepè, ha e se ka go senolèla batlhanka ba gagwè baperofeti leōma ya gagwè.”
A seno ga se a tlwaelega mo ditsaleng? Re ka nna ra se ka ra ikutlwa re tlhotlheletsega gore re bolelele Rre Modise yo o nnang go pota mmila ka kwa kaga dilo tse di re diragalelang. Ebile se se tlhomamisegang le go feta re ne re ka se ka ra batla go mmolelela dikakanyo tsa rona tse di boteng kana maikutlo a rona. Kana gone, re mo itse fela. Mme lefa go ntse jalo, fa e le ka ditsala gone, gantsi re šwegašwega go ba bolelela dilo tse di ntseng jalo!
Go ntse fela jalo le ka botsala jwa rona le Modimo. Re šwegašwega go mo atamela ka thapelo, re mmolelela dilo tseo re di tlhokang, tseo re di eletsang, le maikutlo a rona a a kwa tengteng. Gone ke boammaaruri, fa mo botsalanong go tlotla motho a le mongwe fela, go ise go ye kae bo tla fela. Ka jalo le rona re tshwanetse gore re bo re iketleeditse go letla Modimo gore o bue le rona. Re dira seno ka go reetsa ka kelotlhoko Lefoko la gagwe leo a le kwadileng, re tlhatlhanya kaga kgakololo ya gagwe, go tswa foo re bo re e dirisa thata ka mo re ka kgonang ka gone.
Go Nna Tsala ya ga Jehofa Go Botlhokwa Go Le Kana Kang Mo Go Wena?
Go go thusa go araba potso eno, ela tlhoko mofuta mongwe o o kgethegileng wa botsala fa gare ga batho. Fa e le gore o motho yo mosha, gongwe o kgatlhegela botsala jo bo ka gogelang kwa lenyalong. Gone ke boammaaruri, o lemoga gore go itsane fela le motho yo o tla nyalanang nae ga se motheo o o tshwanetseng wa lenyalo. Go itsane fela le ene go tshwanetse gore pele go fetolwe e nne botsala. Go tswa foo botsala jono bo ka tlhagolelwa jwa bopiwa go nna kamano e e atamalaneng thata eo e tla reng kgabagare e nne motheo o o tshwanetseng wa lenyalo le le itumetseng.
Jaanong ela tlhoko. Bontsi jwa batho bo dira boiteko jo bo kana kang go tlhagolela mofuta ono wa botsala? Ba dirisa nako le madi a a kana kang go bo simolola le go bo boloka bo le gone? Ba dira dithulaganyo go ya bokgakaleng bofe—kana ba bontsha gore ba iketleeditse go fetola dithulaganyo go ya bokgakaleng bofe—ka maikaelelo a go tokafatsa kana go tshegetsa kamano eno?
Go tswa foo ipotse jaana: ‘Maiteko a ke a dirang go tlhagolela botsala le Mmopi wa me kana go bo tokafatsa le go bo nonotsha a ntse jang fa a bapisiwa le seno? Ke dirisa nako e e kana kang go dira jalo? Ke akanya go le kana kang kaga botsala jwa me le Jehofa? Ke dira dithulaganyo go ya bokgakaleng bofe—kana ke iketleetsa go fetola dithulaganyo go ya bokgakaleng bofe—gore ke tokafatse ke bo ke tshegetse kamano eno?’
Bakeresete ba basha ba tshwanetse go lemoga ka botlalo gore botsala jo ba tlhokang go nna le jone le Mmopi wa bone bo botlhokwa go gaisa botsala bope jo ba ka nnang le jone le batho, go akaretsa le jo e reng kgabagare bo bo bo gogela kwa lenyalong. Ke gone ka moo ba kgothadiwang jaana mo go Moreri 12:1: “U bo u gakologèlwè Mmopi oa gago mo metlheñ ea bokau yoa gago.” Batho ba le bantsi ba dira seno ka go direla phatlalatsa jaaka badihedi ba Modimo, bangwe ba bone ba palo ya bone e ntseng e oketsega ba direla jaaka bareri ba nako e e tletseng, kana babulatsela.
Bano ba buelela Jehofa ka bopelokgale fa ba utlwa a sotliwa kana a latofadiwa ka maaka, le mororo kganetso le go sa rate bodumedi go ntse go gola go ba dikologa. A seno ga se sone se Jehofa a nang le tshwanelo ya go se solofela mo ditsaleng tsa gagwe? A seno ga se sone seo re neng re ka solofela gore ditsala tsa rona di se dire? A mme go ne go ka se ke go itumedise dipelo tsa rona fa re lemoga gore ditsala tsa rona di dira jalo ka tlhagafalo le ka go ititaya sehuba?—Bapisa Diane 27:11.
Ee, go nna tsala ya Modimo—fela jaaka go nna tsala ya batho—go na le maikarabelo ao a tshwanetseng a dirwa gore botsala bo se ka jwa fela. Motho yo o sa batleng go sikara maikarabelo ano, kana a ise a siamele go ineela mo Modimong le go diragatsa boineelo joo, a ka nna a bo a itse Jehofa tota. Lefa go ntse jalo o santse a tshwanela go itemogela kafa go leng monate ka teng go nna Tsala ya Gagwe.
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Aberahame o ne a ikanya Modimo mme ka jalo o ne a bidiwa tsala ya ga Jehofa