Go Tshwara Batho mo Metsing a Lefatshe Lotlhe
“Gonne ha ke rèra Mahoko a a Molemō, ga ke na sepè se ke se ikgantshetsañ; gonne kgorobèlèlō e mo go nna; gonne go ka bo go latlhèga nna, ha ke sa rere Mahoko a a Molemō.”—1 BAKORINTHA 9:16.
1, 2. (a) Ke bomang ba ba ileng ba dira go ya fela kafa mafoko a a bolelwang mo go 1 Bakorintha 9:16 a ba laelang ka teng, mme ke ka ntlha yang fa o araba jalo? (b) Basupi ba ga Jehofa ba ile ba rwala maikarabelo a go dira eng?
KE BOMANG mo lekgolong leno la bo 20 la dingwaga bao ka boammaaruri ba ileng ba dira fela jaaka mafoko a a fa godimo a ga Paulo a gwetlhang ka teng? Ke bomang ba ba neng ba tswela mo lefatsheng ba le dimilione go ya go tshwara banna le basadi ba ba “humanegileñ mo moeñ” jaaka ditlhapi? (Mathaio 5:3) Ke bomang ba ba ileng ba ipaya mo kotsing ya go tsenngwa mo kgolegelong le go bolawa, ebile ke bomang bao ba ileng ba bogisiwa thata mo dinageng tse dintsi, fela ka gonne ba dira taolo ya ga Keresete e e mo go Mathaio 24:14?
2 Pego e araba jaana: Ke Basupi ba ga Jehofa. Mo ngwageng e e fetileng fela Basupi ba ba fetang dimilione di le nne ba ne ba tsamaya ka ntlo le ntlo ba ‘rera mafoko a a molemo’ mo dinageng le mafelo a le 211 le ka dipuo tse di fetang 200. Bano e ne e se fela setlhopha sa ditswerere tsa barongwa ba ba katisitsweng. Nnyaa, Basupi botlhe ba ga Jehofa ba go tsaya e le boikarabelo jwa bone go rera le go ruta ka ntlo le ntlo ka nako nngwe le nngwe fela e e tshwanetseng. Ke ka ntlha yang fa ba utlwa go le botlhokwa jalo go bolelela ba bangwe ka dilo tse ba di dumelang? Gonne ba lemoga gore go itse ga bone go ba rwesa boikarabelo.—Esekiele 33:8, 9; Baroma 10:14, 15; 1 Bakorintha 9:16, 17.
Go Tshwara Batho, Kgwetlho E E Leng mo Lefatsheng Lotlhe
3. Tiro ya go tshwara ditlhapi e tshwanetse ya dirwa ka selekanyo se se kana kang?
3 Tiro e kgolo eno ya go tshwara ditlhapi, jaaka go ne go ka tualo, ga e dirwe fela mo nokeng kana mo letsheng kana mo lewatleng lengwe fela le le rileng. Nnyaa, fela jaaka Jesu a ne a laela, e tshwanetse ya dirwa mo ‘merafeng yotlhe.’ (Mareko 13:10) Jesu o ne a bolelela barutwa ba gagwe jaana pele a tlhatlogela kwa go Rraagwe: “Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō; Lo ba rutè go tlhōkōmèla dilō cotlhe tse ke di lo laoletseñ: me bōnañ, ke bo ke nntse ke na le lona ka metlha eotlhe, le go ea bokhutloñ yoa metlha.”—Mathaio 28:19, 20.
4. (a) Ke eng se se tshwanetseng sa bo se ne sa gakgamatsa balatedi ba ga Jesu ba pele ba Bajuda? (b) Go ya kafa Basupi ba ga Jehofa ba lebang dilo ka gone ba tshwanetse ba dira tiro eno ya go rera ka selekanyo se se kana kang?
4 Thomo eo e tshwanetse ya bo e ne ya gakgamatsa balatedi bao ba ga Jesu ba Bajuda. O ne a bolelela barutwa ba gagwe ba Bajuda gore jaanong ba ne ba tshwanetse go ya kwa go Baditšhaba ba ba “sa itshèkañ” ba merafe yotlhe mme ba ba rute. Ba ne ba tlhoka go fetola megopolo ya bone gore ba kgone go itshokela tsela e e nonofileng eo ba neng ba amega maikutlo ka yone mme ba dire tiro eo. (Ditihō 10:9-35) Mme lefa go ntse jalo go ne go sena tsela epe e nngwe; Jesu o ne a ba boleletse mo setshwantshong gore “tshimo ke lehatshe.” Ka gone, Basupi ba ga Jehofa gompieno ba leba lefatshe lotlhe jaaka lefelo le ba tshwanetseng go tshwara ditlhapi mo go lone. Ga go na “molelwane wa metsi” o o ba thibileng go dira jaaka Modimo o ba romile. Ka dinako tse dingwe ba tlhoka go akanyetsa dilo ka botlhale koo ba sa kgoneng go obamela ba gololesegile teng. Lefa go ntse jalo, ba tshwara ditlhapi ba itlhaganetse. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Gonne ditiragalo tsa lefatshe le go diragadiwa ga boperofeti jwa Bibela di bontsha gore re mo karolong ya bofelo ya tiro eno ya go tshwara ditlhapi mo lefatsheng lotlhe.—Mathaio 13:38; Luke 21:28-33.
Go Gatela Pele mo Tirong ya go Tshwara Ditlhapi mo Lefatsheng Lotlhe
5. Ke batho ba mofuta ofe ba ba tsayang kgato ka tiro ya go tshwara ditlhapi e e dirwang mo lefatsheng lotlhe?
5 Bontsi jwa baruaboswa ba ba tloditsweng ba Bogosi ba ne ba “tshwarwa jaaka ditlhapi” go tswa mo merafeng pele ga 1935, ka jalo palo ya bone e e tletseng e setse e feletse. Ke gone ka moo, Basupi ba ga Jehofa ba ileng ba nna ba batla batho ba ba boikokobetso bao ba ka tlhalosiwang jaaka ‘ba bapelonomi’ bao ba tlileng go “rua lehatshe,” segolobogolo go tloga ka 1935. (Pesalema 37:11, 29) Bano ke batho ba ba “hegelwañ, le ba ba shonèlèlañ dilō cotlhe tse di makgapha tse di dihwañ.” Ba tsaya kgato ya go ema mo letlhakoreng la puso ya Bogosi jwa Modimo pele “sepitla se segolo” se tla go itaya tsamaiso eno ya dilo e e tletseng boitsholo jo bo maswe le e e senyegileng ya ga Satane yo ebileng baobamedi ba gagwe ba atlholetsweng go ya kwa “bokepishoñ yoa molelō” koo ba tla bolaelwang ruri teng.—Esekiele 9:4; Mathaio 13:47-50; 24:21.
6, 7. (a) Ke dikgato dife tse di neng tsa tsewa ka 1943 mabapi le tiro ya go rera? (b) Seno se ile sa felela ka eng?
6 A tiro ya go tshwara ditlhapi e ile ya atlega go fitlha jaanong? A dintlha di arabe. Bogologolo ka 1943 ka nako ya fa Ntwa ya Lefatshe II e ne e ntse e fagile, bakaulengwe ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng kwa ntlongkgolo ya lefatshe ya Basupi ba ga Jehofa kwa Brooklyn, kwa New York, ba ne ba bonela pele gore go tlile go tshwanela gore go dirwe tiro e kgolo ya go tshwara ditlhapi mo lefatsheng lotlhe. Ka jalo, go ne ga tsewa dikgato dife?a—Tshenolō 12:16, 17.
7 Ka 1943 Mokgatlho wa Watchtower o ne wa simolola sekolo sa barongwa se se bidiwang sa Gileade (ka Sehebera, “Sehikancwe Se Ke Seshupō”; Genesise 31:47, 48) se se neng sa simolola go katisa barongwa ba le lekgolo dikgwedi dingwe le dingwe tse thataro gore ba tle ba romelwe jaaka batshwari ba ditlhapi ba tshwantshetso mo lefatsheng lotlhe. Bogologolo ka nako eo, go ne go na le Basupi ba le 126 329 fela ba ba neng ba tshwara batho jaaka ditlhapi mo dinageng di le 54. Mo dingwageng di le lesome fela dipalo tseo di ne di ile kwa godimo e le Basupi ba le 519 982 mo dinageng tse 143! Eleruri Sekolo sa Gileade se ne se ntsha barongwa ba banna le basadi ba batshwari ba ditlhapi ba ba pelokgale, ba ba iketleeditseng go ya kwa bathong ba dingwao di sele le go ithuta go tshwara ditlhapi mo metsing a masha. Go ne ga felela ka gore diketekete tsa batho di tseye kgato. Barongwa bao, mmogo le Basupi ba mo mafelong ao ba ba neng ba dira le bone, ba ne ba thaya motheo wa go oketsega go go gakgamatsang go jaanong re go bonang.
8, 9. (a) Ke dikao dife tse di tlhomologileng tse di ka bolelwang tsa tiro ya borongwa? (b) Barongwa ba ile ba bona koketsego e kgolo mo ditshimong tsa bone jang? (Bona gape 1992 Yearbook of Jehovah’s Witnesses.)
8 Bontsi jwa bangwe ba bogologolo ba ba ikanyegang ba ba neng ba ya kwa ditlelaseng tseo tsa Gileade tsa ntlha ba santse ba dira mo mafelong a ba neng ba abetswe go ya kwa go one a dinaga di sele, le eleng lefa jaanong ba na le dingwaga tse di fetang 70 kana ba na le eleng di le 80. Sekai sengwe se se tshwantshang bontsi jwa bao ke sa ga Eric Britten yo o nang le dingwaga di le 82 le mosadi wa gagwe Christina ba ba neng ba aloga kwa Gileade mo tlelaseng ya bo 15 ka 1950 mme ba santse ba dira kwa Brazil. Fa ba ne ba ya go dira kwa Brazil, go ne go na le Basupi ba ka nna 3 000 mo nageng eo. Gompieno go na le ba ba fetang 300 000! Eleruri, ‘yo monnye o nnile morafe o o thata’ mo Brazil, gonne tiro ya go tshwara ditlhapi e ile ya nna le matswela tota.—Isaia 60:22.
9 Mme ke eng se re ka se bolelang ka barongwa ba mo Afrika? Bontsi jwa bone bo ne jwa ithuta go dira dilo ka tsela e e farologaneng mme bo ile jwa rata batho ba Afrika. Ba ba tshwanang le bano ke barwa ba motho John le Eric Cooke le basadi ba bone, Kathleen le Myrtle, bao gompieno ba dirang mo Afrika Borwa. John le Eric ba ne ba aloga mo tlelaseng ya borobedi ka 1947. Ba ne ba dira kwa Angola, Zimbabwe, Mozambique, le Afrika Borwa. Barongwa bangwe ba ne ba swela mo Afrika ka ntlha ya malwetsi, mme ba bangwe ba sule ka ntlha ya ntwa le go bogisiwa, jaaka Alan Battey le Arthur Lawson bao ba neng ba swa mo ntweng ya bosheng jaana ya semorafe kwa Liberia. Lefa go ntse jalo, metsi a Afrika a ile a itshupa a tshotse ruri. Jaanong go na le Basupi ba ba fetang 400 000 ba ba gasaneng le kontinente e kgolo eno.
Botlhe Ba Nna le Seabe
10. Ke ka ntlha yang fa babulatsela ba dira tiro e e molemo le gone ba e dira ka ditsela dife?
10 Lefa go ntse jalo, go tshwanetse ga lemogiwa gore le mororo barongwa ba ba kwa mafatsheng a sele ba balwa ka diketekete, baboledi le babulatselab ba mo dinageng tseo bone ba ile ba nna dimilione. Ke bone ba dirang karolo e kgolo ya tiro ya go rera mo lefatsheng lotlhe. Ka 1991 go ne go na le palogare ya babulatsela le badihedi ba ba etang ba feta 550 000. Abo palo eo e kgatlha jang ne fa re akanya ka Basupi bano botlhe ba ba ikanyegang ba ba dirang maiteko a a kgethegileng go nna le seabe mo tirong e kgolo eno ya go tshwara ditlhapi, ba dira palogare ya diura tse di tlogang go 60 go ya go di le 140 kgwedi le kgwedi. Bontsi bo intsha setlhabelo ka namana mmogo le go dirisa madi a mantsi a bone gore ba kgone go dira seno. Mme gone ke ka ntlha yang fa ba dira jalo? Gonne ba rata Jehofa Modimo wa bone ka dipelo tsa bone, ditlhaloganyo tsa bone, meya, le nonofo yotlhe ya bone, ebile ba rata baagelani ba bone jaaka ba ithata.—Mathaio 22:37-39.
11. Ke bosupi bofe jo bo tlhomameng jo bo leng teng jwa gore moya wa ga Jehofa o a dira mo bathong ba gagwe?
11 Ke eng se re ka se bolelang ka Basupi ba ba fetang dimilione di le tharo le sephatlo ba ba seng mo tirelong ya nako e e tletseng mme lefa go ntse jalo ba direla Jehofa Modimo ka botlalo, go ya ka maemo a bone? Bangwe ke basadi ba ba nyetsweng, le bommè ba ba nang le bana ba bannye ba ba ba tlhokomelang, mme lefa go ntse jalo ba dirisa karolo nngwe ya botlhokwa ya nako ya bone mo tirong e e dirwang mo lefatsheng lotlhe ya go tshwara ditlhapi. Ba bantsi ke banna ba ba nyetseng kana borrabana ba ba dirang tiro ya boitshediso ka nako e e tletseng; lefa go ntse jalo ba beela nako kwa thoko ka mafelobeke le maitseboa go ruta batho bao ba sa ba itseng boammaaruri. Gape go na le boidiidi jo bogolo jwa banna le basadi ba ba seng mo lenyalong le ba bangwe gape ba babotlana ba ba nnang le seabe mo go rereng bao ba buelelang boammaaruri ka boitsholo jwa bone. Ke setlhopha sefe sa bodumedi se se nang le baithaopi ba ba sa duelweng ba ba rerang mafoko a a molemo a puso ya Bogosi jwa Modimo kgwedi le kgwedi? Eleruri seno se supa gore moya wa ga Jehofa o a dira!—Pesalema 68:11; Ditihō 2:16-18; bapisa Sekaria 4:6.
Dikarolo Dingwe Tse Di Rotloetsang Koketsego
12. Ke ka ntlha yang fa batho ba tsaya kgato ya go tsena mo boammaaruring le gone ba dira jalo ka dipalo tse di kana kang?
12 Tiro e kgolo eno ya go rera e tlisa matswela a magolo thata ngwaga le ngwaga. Go ne ga kolobediwa basupi ba basha ba ba fetang 300 000 mo metsing ka 1991. Seo se lekana le diphuthego tse di fetang 3 000 tse nngwe le nngwe ya tsone e nang le Basupi ba le 100! Dilo tseno tsotlhe di kgonwa go dirwa jang? A re gakologelweng gore Jesu o ne a bolela jaana: “Ga go motho opè eo o ka tlañ mo go nna, ha Rara eo o nthomileñ a sa mo goge . . . Go kwadilwe mo baperofetiñ, ga twe, Me ba tla rutwa ke Modimo botlhe hèla. Moñwe le moñwe eo o utlwileñ mo go Rara, me a ithutilè, o tla mo go nna.” Ka gone, motho ga a tseye kgato fa go ntse go tshwarwa ditlhapi mo lefatsheng lotlhe fela ka ntlha ya matsapa a a tsewang ke batho. Jehofa o kgona go lemoga boemo jwa pelo ya motho a bo a gogela ba ba tshwanelang mo go ene.—Yohane 6:44, 45; Mathaio 10:11-13; Ditihō 13:48.
13, 14. Basupi ba bantsi ba ile ba supa boikutlo bofe jo bo siameng?
13 Lefa go ntse jalo, batho ba ba tshwarang ditlhapi ke didirisiwa fela tse Jehofa a di dirisang go gogela batho mo go ene. Ka gone, tsela e ba lebang batho le lefelo le ba tshwarang ditlhapi mo go lone ka yone e botlhokwa thata. Abo go kgothatsa jang ne go bona bontsi joo bo ileng jwa tseela mafoko ano a Paulo a neng a a kwaletse Bagalatia pelong: “A re se lapeñ mo go diheñ molemō: gonne re tla rōba mo motlheñ o e leñ ōna, ha re sa ñodiege.”—Bagalatia 6:9.
14 Basupi ba bantsi ba ba ikanyegang ba ile ba rera ka masomesome a dingwaga, mme ba ntse ba lebile dilo tse di diragalang mo lefatsheng. Ba ile ba bona Bo-Nazi, Bokgokgontshi, le ditsamaiso tse dingwe tse di gatelelang di simolola di bo di wa. Bangwe ba ne ba bona dintwa tse dintsi di lowa go tloga ka 1914. Ba ile ba bona baeteledipele ba lefatshe ba ikanya Lekgotla la Meraferafe go tswa foo ba bo ba ikanya Lekgotla la Merafe E E Kopaneng. Ba ile ba bona tiro ya ga Jehofa e thibelwa mme moragonyana e dumelelwa semolao mo dinageng tse dintsi. Fa go ntse go diragala dilo tseno tsotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba se ka ba tlogela go dira se se molemo, go akaretsa le go dira jaaka batshwari ba batho. Abo ba ile ba itirela rekoto e e tlhomologileng jang ne ya boikanyegi!—Mathaio 24:13.
15. (a) Re ile ra thusiwa jang go inaakanya le dilo tse di tlhokegang mo mafelong a rona mo lefatsheng ka bophara? (b) Dikgatiso di ile tsa thusa jang kwa lo dirang teng?
15 Go na le dilo tse dingwe gape tse di neng tsa dira gore go kgonege gore go nne le koketsego eno e e mo lefatsheng lotlhe. Nngwe ya tsone ke go fetofetoga le maemo ga batshwari ba batho go ya ka seo se tlhokegang mo tshimong ya bone. Ereka batho ba dingwao, ditumelo, le dipuo tse di farologaneng ba fudugela kwa mafelong a mangwe, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba kgona go tlhaloganya go feta ditsela tse dintsintsi tse batho bano ba lebang dilo ka tsone. Mme phuthego ya lefatshe lotlhe e ile ya thusa thata ka go kwala dibuka tsa Bibela le Dibibela ka dipuo tse di fetang 200. New World Translation of the Holy Scriptures e bonwa e feletse kana e le karolo ya yone ka dipuo di le 13 go akaretsa le Se-Czech le Se-Slovak. Boroutšhara jwa Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng! jaanong bo bonwa ka dipuo di le 198, go simolola Se-Albania go felela ka Se-Zulu, mme go gatisitswe dikopi tsa yone di le dimilione di le 72. Buka ya Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng ba Tshela e setse e ranoletswe mo dipuong di le 69. Matsapa A A Tserweng Ke Motho go Batla Modimo, e e ranoletsweng mo dipuong di le 29 e bolela kaga koo ditsamaiso tse dikgolo tsa bodumedi tsa lefatshe di simologileng teng le dilo tse di dumelwang mo go tsone mme e itshupa e le sedirisiwa se se sa tshwaneng le sepe se se thusang thata mo go tshwareng ditlhapi mo lefatsheng lotlhe.
16. Bangwe ba ile ba tsaya kgato efe ka dilo tse di tlhokwang mo dinageng tse dingwe?
16 Ke eng gape se se neng sa tsweledisa tiro ya go tshwara ditlhapi mo lefatsheng lotlhe? Diketekete di ile tsa itshupa gore di batla go reetsa ‘pitso ya Makedonia.’ Fela jaaka Paulo a ne a iketleeditse go fuduga kwa Asia Minor a fudugela kwa Makedonia kwa Yuropa, a bidiwa ke Modimo, Basupi ba bantsi le bone ba ile ba fudugela kwa dinageng le kwa mafelong ao go tlhokegang bareri ba ba oketsegileng ba Bogosi teng mmogo le kwa go tlhokegang teng bagolwane le batlhanka ba bodihedi. Ba ile ba tshwana le batshwari ba ditlhapi tota bao fa ba bona metsi a lefelo la bone a sa tlhole a na le sepe ba tswelang kwa metsing ao a senang mekoro e mentsi mme a na le ditlhapi tse dintsi.—Ditihō 16:9-12; Luke 5:4-10.
17. Re na le dikao dife tsa bao ba ileng ba arabela ‘pitso ya Makedonia’?
17 Mo ditlelaseng tsa bosheng tsa sekolo sa Gileade sa barongwa go ne go na le baithuti ba ba tswang kwa dinageng tse di farologaneng tsa Yuropa bao ba ileng ba ithuta Seesemane mme morago ba ile ba ithaopela go ya go direla kwa dinageng di sele le kwa bathong ba dingwao di sele. Ka tsela e e tshwanang, bakaulengwe ba bantsi ba ba sa nyalang ba ile ba katisiwa thata ka dikgwedi tse pedi mo Sekolong sa Bodihedi sa Katiso mme jaanong ba romelwa kwa merafeng e mengwe go ya go nonotsha diphuthego le dipotologo. Mafelo mangwe a a sa tshwaneng le ape a go tshwara ditlhapi a mo mafelong a jaanong a ntseng a bulega a kwa Yuropa Botlhaba le direpaboliki tseo pele e neng e le tsa Soviet.—Bapisa Baroma 15:20, 21.
18. (a) Ke ka ntlha yang fa babulatsela ba atlega ka metlha mo bodiheding? (b) Ba ka thusa ba bangwe ba ba mo phuthegong jang?
18 Sengwe gape se se thusang mo tirong eno e e dirwang lefatshe ka bophara ya go tshwara ditlhapi ke Sekolo sa Tirelo ya Bobulatsela seo babulatsela ba nako e e tletseng ba yang kwa go sone. Ba tokafatsa bokgoni jwa bone jaaka badihedi ka go sekaseka buka ya Go Phatsima Jaaka Masedi mo Lefatsheng ka dibeke di le pedi ka go sekaseka ditlhogo tse di tshwanang le “Go Latelela Tsela ya Lorato,” “Go Latela Jesu Jaaka Sekao,” le “Go Nna le Botswerere jwa go Ruta.” Abo diphuthego tsotlhe di leboga jang ne go nna le ditlhopha tseno tsa batshwari ba ditlhapi ba ba tshwanelang sentle bao ba kgonang go katisa ba bantsi mo tirong e kgolo eno ya go tshwara ditlhapi!—Mathaio 5:14-16; Bafilipi 2:15; 2 Timotheo 2:1, 2.
A Re ka Tokafatsa?
19. Re ka tokafatsa bodihedi jwa rona jaaka moaposetoloi Paulo jang?
19 Fela jaaka Paulo, re batla go nna le boikutlo jwa go lebelela dilo tse di molemo le go nna re amegile thata ka isagwe. (Bafilipi 3:13, 14) O ne a inaakanya le batho ba mefuta yotlhe le maemo otlhe. O ne a itse go dira batho gore ba tlhaloganye dilo jaaka ene gape o ne a kgona go bua le batho a ikaegile ka boikutlo jwa bone le dingwao tsa bone. Re ka simolola dithuto tsa Bibela ka go ela tlhoko thata tsela e mong wa ntlo a ikutlwang ka yone ka molaetsa wa Bogosi mme morago re bo re fetola se re tlileng go bua ka sone re bua ka seo motho a tlhokang go se itse. Ereka re na le dilo tse dintsi jaana tse di re thusang go ithuta Bibela, re ka naya motho se se tshwanetseng tsela e a lebang dilo ka yone. Tsela e re fetofetogang le maemo ebile re le podimatseba ka yone e botlhokwa thata fa re batla go tshwara ditlhapi tse dintsi.—Ditihō 17:1-4, 22-28, 34; 1 Bakorintha 9:19-23.
20. (a) Ke ka ntlha yang fa tiro ya rona ya go tshwara ditlhapi e le botlhokwa thata jaana gompieno? (b) Re na le boikarabelo bofe jaanong ka namana?
20 Ke ka ntlha yang fa tiro eno e e sa tshwaneng le epe ya go tshwara ditlhapi e le botlhokwa thata jaana jaanong? Gonne go ya ka boperofeti jwa Bibela jo bo bonwang mo ditiragalong tse di setseng di diragetse le tse di diragalang jaanong, go bonala sentle gore tsamaiso ya lefatshe ya ga Satane e lebile kwa bokhutlong jwa yone jo bo kotsi. Ka jalo, rona Basupi ba ga Jehofa re tshwanetse ra bo re dira eng? Ditlhogo tse tharo tsa thuto tse di mo makasineng ono di ile tsa gatelela boikarabelo jwa rona jwa go nna ba ba dirang ka natla le ba ba tlhaga mo tirong ya go tshwara ditlhapi mo karolong e re dirang mo go yone ya metsi a lefatshe. Re tlhomamisegile sentle go tswa mo Bibeleng gore Jehofa ga a kitla a lebala tsela e e tlhaga e re tshwarang ditlhapi ka yone. Paulo o ne a bolela jaana: “Gonne Modimo ga o tshiamololō ea go re, o ka lebala tihō ea lona, le go rata leina ya ōna mo lo go bonyweñ, ka lo nntse lo dihèla baitshepi, me lo sa nntse lo ba dihèla le gompiyeno. Me re eletsa gore moñwe le moñwe oa lona a kè a bōnwè a le tlhōahalō euō, go ea go hitlha mo botlaloñ yoa cholohèlō le go hitlha bokhutloñ.”—Bahebera 6:10-12.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Bona gape Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo E Atametse!, tsebe 185 le 186, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b “Mmoledi wa mmulatsela . . . Modiri wa nako e e tletseng wa Mosupi wa ga Jehofa.”—Webster’s Third New International Dictionary.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlha yang fa Basupi ba ga Jehofa ba leba lefatshe lotlhe jaaka lefelo le ba tshwanetseng go tshwara ditlhapi mo go lone?
◻ Sekolo sa barongwa sa Gileade se ile sa itshupa se le mosola thata mo tirong ya go tshwara ditlhapi jang?
◻ Ke dilo dife tse di ileng tsa dira gore Basupi ba ga Jehofa ba atlege?
◻ Re ka kgona go tokafatsa bodihedi jwa rona jwa Bokeresete motho ka namana jang?
[Tšhate mo go tsebe 24]
MATSWELA A TIRO YA GO TSHWARA DITLHAPI MO MERAFENG YOTLHE
Ngwaga Dinaga Basupi
1939 61 71 509
1943 54 126 329
1953 143 519 982
1973 208 1 758 429
1983 205 2 652 323
1991 211 4 278 820
[Setshwantsho mo go tsebe 25]
Batshwari ba ditlhapi ba kwa Galilea ba santse ba dira tiro ya go neela bosupi