LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 8/1 ts. 1-11
  • ‘A Botswelelopele jwa Gago Bo Bonatshege’

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • ‘A Botswelelopele jwa Gago Bo Bonatshege’
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nako ya go Itlhatlhoba
  • “Dilō tsa Bonyana”
  • Kafa Botswelelopele Bo Bonatshegang ka Gone
  • A o Mokeresete yo o “Godileng ka Botlalo”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • Dira Gore Botswelelopele Jwa Gago bo Bonatshege
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • Nna o Dire Botswelelopele
    Solegelwa Molemo ke Thuto ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • ‘Go Bua Lefoko la Boammaaruri ka Tshiamo’
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1996
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 8/1 ts. 1-11

‘A Botswelelopele jwa Gago Bo Bonatshege’

“Yanoñ ka ke le monna, ke latlhile dilō tsa bonyana.”—1 BAKORINTHA 13:11.

1. Go gola go bontsha jang kafa dilo tse di bopilweng di gakgamatsang ka gone?

LERUARUA le ka kgona go gola go tswa mo leeng le lennye mo e leng gore le ka bonwa fela ka maekorosekopo, le gole go nna phologolo e e boleele bo fetang dimitara tse 30 mme e le bokete jo bo fetang ditone tse 80. Fela jalo setlhare se segolo sa sequoia se ka gola go tswa mo peong eo e leng nngwe ya dipeo tse dinnye go di feta tsotlhe se gole go nna boleele jo bo fetang dimitara tse 90. Eleruri, go gola ke sengwe sa dilo tse di gakgamatsang mo botshelong. Jaaka moaposetoloi Paulo a ne a bolela, re ka jala ra bo ra nosetsa, mme ‘Modimo ke ene yo o [godisang, NW].’—1 Bakorintha 3:7.

2. Bibela e ne ya bolelela pele ka go gola ga mofuta ofe?

2 Lefa go ntse jalo, go na le mofuta o mongwe o o gakgamatsang fela jalo wa go gola. Ke o o neng wa bolelelwa pele jaana ke moperofeti Isaia: “Eo monnye o tla tla a nna makgolo a le shomè, le eo mmōtlana a nna morahe o o thata: Nna Yehofa ke tla go akohisa mo motlheñ oa gōna.” (Isaia 60:22) Boperofeti jono bo bolela kaga tsela eo batho ba Modimo ba oketsegang ka yone, mme bo diragadiwa thata mo motlheng wa rona.

3. Pego ya ngwaga ya tirelo ya 1991 e ne ya bontsha jang gore Jehofa o akofisa tiro ya batho ba gagwe?

3 Pego ya ngwaga wa tirelo wa 1991 ya tiro ya Basupi ba ga Jehofa lefatshe ka bophara e bontsha gore palo ya baboledi ba Bogosi e ne ya fitlha go tlhora e ntšha ya ba le 4 278 820, le palogotlhe ya bao ba neng ba kolobediwa ka one ngwaga oo e ne ya nna ba le 300 945. Ereka go tsena batho ba basha ba le bantsi jaana, go ne ga tlhomiwa diphuthego tse disha di le 3 191, mmogo le palo e e tlhokegang ya dipotologo le dikgaolo tse disha. Go tlhomiwa diphuthego tse disha di feta 8 ka letsatsi, mo e batlileng e le potologo e ntšha e le nngwe malatsi mangwe le mangwe a mabedi. Abo e le kgolo e e gakgamatsang jang ne! Go phepafetse gore Jehofa o akofisa dilo, ebile o segofatsa maiteko a batho ba gagwe.—Pesalema 127:1.

Nako ya go Itlhatlhoba

4. Jaaka fa re ntse re lebelela pele kwa isagweng ke dipotso dife tse di tshwanetseng go sekasekiwa?

4 Le mororo go segofadiwa ka tsela eno go itumedisa, gape go tla le maikarabelo mangwe. A go tla bo go na le batho ba ba lekaneng ba ba godileng ebile ba iketleeditse go tlhokomela dilo tsa semoya tseo di tlhokwang ke batho bano botlhe ba basha? Fa re ntse re lebile pele kwa isagweng, go a akabatsa go akanya ka palo ya babulatsela, batlhanka ba bodihedi, bagolwane, le balebedi ba potologo bao go tla tlhokegang gore ba tlhokomele batho ba ba oketsegileng bano le go ata gono, mmogo le palo ya badiri ba ba ithaopang bao ba tlhokegang mo dikantorong tsa makala le mo Magaeng a Bethele a a mo lefatsheng lotlhe go tshegetsa tiro eo. Palo e kgolo eno ya batho e tla tswa kae? Kwantle ga pelaelo thobo e kgolo. Mme lefa go ntse jalo ke bomang gompieno bao ba ka tlhokomelang badiri botlhe bao go tlhokegang gore ba robe mo thobong eno?—Mathaio 9:37, 38.

5. Ka ntlha ya go gola ka bofefo, seemo ke sefe mo mafelong mangwe?

5 Ka sekai, go ile ga begiwa gore, mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, go na le diphuthego tse di nang le baboledi ba Bogosi ba ka nna lekgolo bao ba thusiwang ke mogolwane a le mongwe fela mmogo le motlhanka a le mongwe fela wa bodihedi kana ba le babedi. Ka dinako tse dingwe mogolwane o tlamega gore a direle mo diphuthegong di le pedi. Mo mafelong a mangwe badihedi ba ba tshwanelegang ba Bakeresete bao ba ka tshwarang dithuto tsa magae tsa Bibela ba tlhokega thata mo e leng gore ba basha ba tshwanetse go kwalwa mo lenaaneng ba emetse mongwe yo o tla ithutang le bone. Mo mafelong a mangwe gape, go tlhomiwa diphuthego tse disha ka bofefo mo e leng gore diphuthego tse tharo, tse nne, kana le e leng tse tlhano di tlamega go dirisa Holo ya Bogosi e le nngwe fela. Gongwe le mo lefelong la lona go na le koketsego e e ntseng jalo.

6. Ke ka ntlha yang fa go le mo nakong gore re itlhatlhobe?

6 Tshedimosetso e e fa godimo eno e re bolelela eng? Gore ka ntlha ya dinako tse re leng mo go tsone, rotlhe re tlhoka go tlhatlhoba maemo a rona go bona gore a re dirisa nako ya rona le dilwana tsa rona sentle ka mo go ka kgonegang ka gone gore re kgone go dira sengwe fa go tlhokega. (Baefesia 5:15-17) Moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Bakeresete ba Bahebera ba lekgolo la ntlha la dingwaga a re: “Gonne, ha e le kaga lobaka, lo bo lo chwanetse loa bo ne ne hano lo le baruti, me lo bile lo sa nntse lo tlhōka gore bañwe ba lo rutè ditlhaka tsa tshimologō tsa mahoko a Modimo; lo bile gapè lo ba ba chwanecweñ ke mashi, e señ ke diyō tse di loileñ.” (Bahebera 5:12) Jaaka mafoko ao a bontsha Mokeresete mongwe le mongwe o tshwanetse go gola ka boene. Mme go na le kotsi e e ka diregang ya gore mongwe a ka nnela ruri mo bongwaneng jwa semoya a sa gatele pele go fitlha mo bogoding jwa Bokeresete. Tumalanong le seno, Paulo o re kgothatsa jaana: “Itekeñ ka losi bo lo mo tumeloñ; itlhotlhomiseñ rure.” (2 Bakorintha 13:5) A o itlhatlhobile go bona gore a o ntse o gola semoyeng fa e sale ka nako ya fa o ne o kolobediwa? Kana a o ntse o eme felo go le gongwe? Gone mme, motho o ka bona jang?

“Dilō tsa Bonyana”

7. Re tshwanetse ra dira eng gore botswelelopele bo bonatshege?

7 “E rile ke le ñwanyana, ka bua yaka ñwanyana, ka ikutlwa yaka ñwanyana, ka akanya yaka ñwanyana: me yanoñ ka ke le monna, ke latlhile dilō tsa bonyana,” go ne ga rialo moaposetoloi Paulo. (1 Bakorintha 13:11) Rotlhe re kile ra ne re akanya le go dira dilo jaaka bana fa re ntse re gatela pele semoyeng. Lefa go ntse jalo, gore botswelelopele bo bonatshege, re tshwanetse gore re latlhe “dilō tsa bonyana,” jaaka Paulo a ne a bolela. Dingwe tsa dilo tseno ke dife?

8. Go ya ka mafoko a ga Paulo a a mo go Bahebera 5:13, 14, mongwe wa mekgwa ya motho yo o santseng e le ngwana semoyeng ke ofe?

8 Selo sa ntlha, ela tlhoko mafoko ano a ga Paulo a a mo go Bahebera 5:13, 14: “Gonne moñwe le moñwe eo o hecwañ ka mashi ga a na tlwaèlanō le lehoko ya tshiamō; gonne ke ñwanyana hèla. Me diyō tse di loileñ ke tsa banna ba ba godileñ, eboñ bōnè ba ea reñ ka ba nntse ba diha, maikutlō a bōnè a tlwaediwe go lemoga molemō le boshula.” A o ‘tlwaelane le lefoko la tshiamo’? A o itse Lefoko la Modimo eleng Bibela sentle mo e leng gore o ka kgona go “lemoga molemō le boshula”? Paulo o ne a bolela gore batho ba ba godileng ba kgona go dira jalo ka gonne ba ja “diyō tse di loileñ” ka metlha. Ka jalo, tsela e motho a eletsang ka yone dijo tse di loileng tsa semoya ke yone e supang sentle gore a motho o godile semoyeng kana o santse a le ngwana semoyeng.

9. Tsela e motho a eletsang dijo tsa semoya ka yone e bontsha jang gore a o gatela pele semoyeng?

9 Jalo he, o eletsa dijo tsa semoya ka selekanyo se se kana kang? O leba jang dijo tse dintsintsi tsa semoya tse Jehofa a di re neelang ka metlha a dirisa dikgatiso tse di theilweng mo Bibeleng le dipokano le dikopano tsa Bokeresete? (Isaia 65:13) Kwantle ga pelaelo o itumela tota fa go gololwa dikgatiso tse disha kwa dikopanong tsa kgaolo tsa ngwaga le ngwaga. Mme lefa go ntse jalo o dira eng ka tsone fa o sena go fitlha kwa gae? O dira eng fa tokololo e ntšha ya makasine wa Tora ya Tebelo kana Tsogang! e goroga? A o ipha nako ya gore o bale dikgatiso tseno, kana a o di phetlhaphetlha fela go bona dintlhakgolo go tswa foo o bo o di baya le tse dingwe mo shelofong ya dibuka? Dipotso tse di ntseng jalo di ka bodiwa gape malebana le dipokano tsa Bokeresete. A o nna gone kwa dipokanong tsotlhe ka metlha? A o a di baakanyetsa mmogo le go nna le seabe mo go tsone? Go bonala gore bangwe ba wetse mo mekgweng ya go sa je dijo tsa semoya sentle, ba bala maoko fela ba le mo lobelong. Abo go ne go farologane jang ne ka mopesalema, yo o neng a re: “Ana ke rata molaō oa gago yañ! Ko ōna go tlhatlhanya ga me ka letsatsi yeotlhe.” Mo godimo ga moo, Kgosi Dafide o ne a re: “Ke tla gu ntshetsa malebogō mo phuthegoñ e kgolo; ke tla gu baka mo bontsiñ yo bogolo yoa batho.” (Pesalema 35:18; 119:97) Go phepafetse gore, tsela eo re anaanelang ka yone dilo tsa semoya tseo re di fiwang e bontsha gore re gatela pele jang semoyeng.

10. Baefesia 4:14 e tlhagisa mokgwa ofe wa motho yo o santseng e le ngwana semoyeng?

10 Paulo o ne a bolela ka sengwe gape se se bonwang mo mothong yo e leng ngwana semoyeng fa a ne a tlhagisa jaana: “Re se ka ra tlhōla re le banyana ba go heheutlèlwa kwano le kwa, le go kgarakgatshiwa ke phehō ñwe le ñwe ea thutō, ka boherehere yoa batho, ka bohelepa yo bo latedisañ timèlō.” (Baefesia 4:14) Jaaka batsadi ba itse, bana ba batla go itse sengwe le sengwe. Seno se molemo ka tsela nngwe ka gonne se dira gore ba kgone go lemoga dilo tse dintsi le go ithuta le gore ka iketlo ba gole e nne batho ba ba godileng. Lefa go ntse jalo, kotsi ke gore ba kgona go itewa tsebe ke sengwe le sengwe se se tlang. Se se maswe go gaisa, ka ntlha ya go tlhoka boitemogelo, go rata go itse dilo jalo gantsi go ba tsenya mo mathateng a a masisi, le eleng go itsenya mo kotsing ka bobone mmogo le go tsenya ba bangwe mo kotsing. Go ntse fela jalo le ka batho ba e leng bana semoyeng.

11. (a) Paulo o ne a akantse eng fa a tla dirisa polelwana “phehō ñwe le ñwe ea thutō”? (b) Re lebane le ‘diphefo’ dife gompieno?

11 Lefa go ntse jalo, Paulo o ne a akantse eng fa a ne a bolela gore bao e leng bana semoyeng ba kgarakgatshiwa ke “phehō ñwe le ñwe ea thutō”? Fano, lefoko “phehō” le ranotswe go tswa mo lefokong la Segerika aʹne·mos, leo International Critical Commentary e bolelang gore go bonala le “tlhophilwe ka gonne le tshwanela mogopolo wa go fetoga bonolo.” Seno se tlhalosiwa sentle ke mafoko a ga Paulo a a reng, “ka boherehere yoa batho.” Lefoko “boherehere” mo puong ya ntlhantlha tota le raya “ditaese” kana “go tshameka ditaese,” ke gore, motshameko wa go iteka lesego. Ntlha ke gore ka metlha re kopana le megopolo e mesha le dilo tseo re ka di batlang tseo di ka lebegang di se kotsi, di gogela, ebile di le botlhokwa. Mafoko a ga Paulo a lebisitse thata mo dilong tse di amang tumelo ya rona—makgotla a a lekang go kopanya dikereke tsa lefatshe lotlhe, makgotla a tsa loago le a bopolotiki, jalo le jalo. (Bapisa 1 Yohane 4:1.) Mme lefa go ntse jalo molaomotheo ono o ntse o boammaaruri malebana le difeshene tsa lefatshe tse di nnelang go fetofetoga—mekgwa ya go dira dilo, boitlosobodutu, dijo, ditsela tsa go nna le pholo e ntle kana tsa go itshidila mmele, jalo le jalo. Motho yo e leng ngwana semoyeng a ka nna a itewa tsebe thata ke dilo tse di ntseng jalo ka gonne a sena boitemogelo e bile a sa lebe dilo sentle, mme ka jalo a ka nna a kgoreletsega gore a se ka a gatela pele semoyeng le go dira dilo tse di botlhokwa thata tseo a tlamegang go di dira jaaka Mokeresete.—Mathaio 6:22-25.

12. Bana ba bannyennyane ba farologane le bagolo jang malebana le boikarabelo?

12 Mokgwa o mongwe wa bana ba bannyennyane ke go nna ba batla go thusiwa le go tlhokomelwa. Ga ba lemoge gore go na le maikarabelo ebile ga ba amege ka one; nako ya bongwana ke nako ya botshelo eo ka yone mo e batlileng e le sengwe le sengwe e leng go ja mokaragana. Jaaka Paulo a ne a bolela, ba ‘bua jaaka ngwanyana, ba ikutlwa jaaka ngwanyana, ba akanya jaaka ngwanyana.’ Ba tsaya fela gore ba bangwe ba tla ba tlhokomela. Go ka bolelwa se se tshwanang le ka ngwanyana wa semoya. Fa mongwe yo mosha a neela puo ya gagwe ya ntlha ya Bibela kana a simolola mo bodiheding jwa tshimo, motsadi wa semoya o itumelela go mo thusa ka sengwe le sengwe. Go diregang fa yo mosha yono a tswelela pele go ikaega ka thuso e e ntseng jalo mme a sa kgone go sikara boikarabelo jwa go itlhokomela? Go phepafetse gore seo se ne se tla supa go sa tsenye marapo dinameng.

13. Ke ka ntlha yang fa mongwe le mongwe a tshwanetse go ithuta go sikara morwalo wa gagwe?

13 Malebana le kgang eno gakologelwa kgakololo ya ga moaposetoloi Paulo ya gore lefa gone re tshwanetse go ‘rwadisanya merwalo,’ mme gone “motho moñwe le moñwe o tla ithwalèla morwalō oa gagwè.” (Bagalatia 6:2, 5) Gone ke boammaaruri, go ithuta go sikara maikarabelo a gago a Bokeresete go tsaya nako ebile go tlhoka boiteko, mme go ka nna ga tlhoka gore o itime dilo dingwe. Lefa go ntse jalo, e ne e tla bo e le phoso e e masisi go itetla gore o tsene ka tlhogo mo menateng ya botshelo, e ka nna boitlosobodutu, mesepele, dithoto, kana le eleng go latelela tiro ya boitshediso go sa tlhokege, mo e leng gore motho o emela kgakala, jaaka go ka tualo, a sa eletse go oketsa seabe seo a nnang le sone mo tirong ya go dira barutwa kana go dira ka natla gore a gatele pele semoyeng le go sikara maikarabelo a gone. “Lo nnè badihi ba lehoko, e señ bautlwi hèla, lo iphora hèla,” go ne ga kgothatsa jalo morutwa Jakobe.—Yakobe 1:22; 1 Bakorintha 16:13.

14. Ke ka ntlha yang fa re sa tshwanela go kgotsofalela go nna le mekgwa ya motho yo o santseng e le ngwana semoyeng?

14 Ee, go na le dilo tse dintsi tse di bonalang motlhofo tseo di bontshang pharologano fa gare ga ngwana le mogolo. Lefa go ntse jalo, selo sa botlhokwa, jaaka Paulo a ne a bolela, ke gore ka iketlo re latlhe dilo tsa bongwana mme re gole. (1 Bakorintha 13:11; 14:20) Go seng jalo, re ka golafala semoyeng. Mme lefa go ntse jalo motho a ka gatela pele jang? Go tlhokega eng gore motho a ipoloke a ntse a gola go fitlha a nna motho yo o godileng?

Kafa Botswelelopele Bo Bonatshegang ka Gone

15. Dikgato tsa konokono ke dife mo go goleng?

15 Ebu, ka tlholego go gola go direga jang? “Sengwe le sengwe se simolola go tshela e le sele e le nngwe fela,” go tlhalosa jalo The World Book Encyclopedia. “Sele eno e tsaya dijo e di fetola diporoteine le dikhemikale tseo e di tlhokang gore e gole. Ka jalo, sele eno e nngwe fela e gola go tswa kafa teng. Sele eno e ka intsifatsa ya bo ya ikgaoganya go bopa disele tse dingwe. Tiragalo eno ya go aga, go intsifatsa, le go ikgaoganya ke go gola.” Ntlha e e tshwaegang fano ke gore go gola go direga go tswa kafa teng. Fa go jewa dijo tse di tshwanetseng, di silwa, di bo di dirisiwa, seno se felela ka go gola. Seno se bonala sentle mo ngwaneng yo o sa tswang go tsholwa. Jaaka fa re itse, ngwana yo o sa tswang go tsholwa o ja dijo tse di nnang di le teng tse di nang le metswako e e kgethegileng tse e leng maši, ao a nang le 2mafura le diporoteine, dilo tse di tlhokegang gore a gole. Seno se felela ka eng? Selekanyo se ngwana a golang ka sone mo ngwageng wa gagwe wa ntlha ka boima le ka boleele ga se lekane le sa ngwaga ope wa nako ya fa a gola fela ka mo go tlwaelegileng botshelo jwa gagwe jotlhe.

16. Bontsi jwa baithuti ba basha ba Bibela ba gola ka tsela efe, mme ba dira seno jang?

16 Re ka ithuta dilo di le dintsi thata go tswa mo go goleng gono ga tlholego tseo re ka di dirisang mo go gateleng pele semoyeng go tswa mo dilong tsa motheo go fitlha mo bogoding. Selo sa ntlha, go tlhokega thulaganyo e e nnang e le teng ya go iphepa. Akanya ka nako ya fa o ne o simolola go ithuta Bibela. Fa e le gore o tshwana le bontsi jwa batho ba bangwe, o tshwanetse wa bo o ne o sa itse lefa e le sepe ka Lefoko la Modimo. Mme lefa go ntse jalo beke le beke o ne o baakanyetsa dithuto tsa gago o bo o nna le thuto ya gago ya Bibela, mme mo nakong e khutshwanyane fela, o ne wa simolola go tlhaloganya dithuto tsotlhe tsa motheo tsa Dikwalo. Seo ruri e ne e le go gola mo go gakgamatsang, le wena tota o ka bolela jalo, mme gotlhe mo e ne e le ka ntlha ya go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha!

17. Ke ka ntlha yang fa go iphepa ka metlha semoyeng go tlhokega thata?

17 Lefa go ntse jalo go tweng ka gone jaanong? A o santse o latela thulaganyo ya go iphepa ka metlha? Motho ga a tshwanela go akanya le ka motlha gore fela ka gonne a kolobeditswe, ga go tlhole go tlhokega gore a nne le thuto e e rulagantsweng sentle ya go iphepa ka dijo tse di agang tsa semoya. Lefa Timotheo e ne e le molebedi yo o godileng wa Mokeresete, Paulo o ne a mo kgothatsa jaana: “U tlhōahalè mo diloñ tse; u ineèlè mo go cōna ka boyotlhe yoa gago; gore bocwèlèlō pele yoa gago bo bōnatshègè mo go botlhe.” (1 Timotheo 4:15) Abo mongwe le mongwe wa rona a tlhoka go dira jalo jang ne! Fa e le gore o batla go dira gore botswelelopele jwa gago jwa semoya bo bonatshege, o tlhoka go dira maiteko a a ntseng jalo.

18. Motho o bontsha jang gore o tsweletse pele semoyeng?

18 Go dira gore botswelelopele jwa motho bo bonatshege ga go reye gore a dire boiteko jo bo kgethegileng jwa gore a bontshe batho se ene a se itseng, kana gore a leke go kgatlha ba bangwe. Jesu o ne a bolela jaana: “Ke lona lesedi ya lehatshe. Motse o o beilweñ mo godimo ga thaba ga o kake oa hitlhèga” a bo a re, “molomo o bua se se cwañ mo botlaloñ yoa pelo.” (Mathaio 5:14; 12:34) Fa dipelo tsa rona le megopolo di tletse ka dilo tse di molemo tsa Lefoko la Modimo, ruri re tla bontsha seo ka dilo tseo re di dirang le tseo re di buang.

19. Re tshwanetse ra ititaya sehuba go dira eng malebana le kgatelopele ya rona semoyeng, mme re ka solofela go bona matswela afe?

19 Ka jalo potso ke eno: A ka metlha o ithuta Bibela le go nna gone kwa dipokanong tsa Bokeresete go ya go ja dijo tse di agang tseo di ka dirang gore o gole kafa teng, semoyeng? O se ka wa kgotsofalela go nna motho yo o lebelelang fela a sa dire sepe fa go tla mo go gateleng pele semoyeng. Tsaya dikgato tse di tshwanetseng go tlhomamisa gore o dirisa ka botlalo dijo tsa semoya tse Jehofa a di neelang. Fa e le gore o mongwe yo ‘go itumela ga gagwe go leng mo molaong wa ga Jehofa, me o bala molao wa gagwe motshegare le bosigo,’ gape go ka buiwa jaana ka wena: “O tla nna yaka setlhare se se tlhomilweñ mo dinokaneñ tsa metse, se se uñwañ louñō loa shōna mo motlheñ oa shōna, se lekakaba ya shōna, le yeōna, le se keñ le shwaba; me leha e le eñ se o se dihañ se tla segōhala.” (Pesalema 1:2, 3) Lefa go ntse jalo, go ka dirwa eng go tlhomamisa gore o tla tswelela pele o gatela pele semoyeng? Re tla tlotla ka seno mo setlhogong se se latelang.

A O Ka Araba?

◻ Ke ka ntlha yang fa go le mo nakong go sekaseka gore a re gatela pele semoyeng?

◻ Go gola semoyeng go amana jang le go eletsa dijo tsa semoya?

◻ Go tewa eng fa go twe “phehō ñwe le ñwe ea thutō”?

◻ Ke ka ntlha yang fa motho mongwe le mongwe a tshwanetse go sikara morwalo wa gagwe?

◻ Motho a ka tswelela pele semoyeng jang?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

A o ipha nako ya go bala dikgatiso tseo di theilweng mo Bibeleng?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela