Se Labokeresete E Se Robileng mo Afrika
GO ELETSA ga ga Charles Lavigerie go fetolela Algeria go nna “morafe wa Bokeresete” go ne ga itshupa e le—toro fela. Gompieno, 99 lekgolong ya baagi ba Algeria ke Bamoselema, mme Labokeresete e ile ya nna bokoa mo dikarolong di le dintsi tsa Bokone jwa Afrika. Mme lefa go ntse jalo go tweng ka kontinente yotlhe?
Dr. J. H. Kane o ne a bolela mo go A Concise History of the Christian World Mission a re: “Bokeresete bo ile jwa sokolola Bantsho ba Afrika ba le bantsi go feta batho ba Dinaga Tse Di Iseng Di Tlhabologe mo lefatsheng lotlhe di kopane.” Lefa go ntse jalo, a batho bano ba ba sokolotsweng go nna badumedi ba tota ruri ke Bakeresete? Dr. Kane o bolela jaana a dumela: “Selo sengwe se se kotsi thata mo kerekeng ya mo Afrika, ke go tlhakanya mekgwa le ditlwaelo tsa Bokeresete le tsa boheitane.” Gape polelwana ya gagwe e e reng “kereke ya mo Afrika” e phoso. Totatota, go na le diketekete tsa dikereke mo Afrika, nngwe le nngwe e na le tsela ya yone ya go obamela. Ka ntlha yang?
Go Jala Peo ya go Tlhoka go Utlwana
Peo ya go tlhoka go utlwana e ne ya jalwa le pele barongwa ba simolola loeto lwa bone go ralala lewatle ba tla mo Afrika. London Missionary Society e ne ya tsaya maloko go tswa mo dikerekeng tse di farologaneng, mme barongwa ba ba neng ba le mo loetong ka sekepe ba lebile kwa ba rometsweng teng ba ne ba ganetsana thata ka dithuto tsa bone. Go ne go bonala sentle gore ntwa e ne e tlile go gakala morago ga fa ba sena go aga mo mafelong a bone a borongwa.
Porofesa Robert Rotberg o kwala jaana mo bukeng ya gagwe Christian Missionaries and the Creation of Northern Rhodesia 1880-1924: “Barongwa ba ne ba lwa ntwa e e matlho mahibidu gape ba ne ba lwa le bakaedi ba bone ba ba kwa moseja ga mawatle, gantsi seno se ne se senya maikaelelo a bone a go rera efangele. . . . Go ne go bonala ekete barongwa ba ne ba senya nako le nonofo tse di lekanang le tse ba neng ba di senya mo go sokololeng batho, ba kwala ka dilo tseo ba neng ba sa utlwane ka tsone.”
Ka dinako dingwe, go sa utlwane ga barongwa go ne go felela ka gore go nne le barongwa bangwe ba ba gaisanang. Bakatoliki le Baporotesetanta, ba ne ba gaisana mo go botlhoko ka go sokololela batho mo ditumelong tsa bone. Go tlhoka go utlwana goo go ne go tlile go bonala le mo bathong bao ba ba sokololetseng mo bodumeding jwa bone. Morago ga lobaka lo loleele dimilione tsa batho ba Afrika di ne di tsa tlogela dikereke tsa tsone.
Mokwadi wa hisitori ya barongwa Dr. Kane o ne a kwala jaana: “Dikereke Tse Di Ikemetseng ka Nosi tsa Batho ba Afrika di fitlhelwa mo Afrika yotlhe . . . Fa di tlhakanngwa di dira ditlhopha di le dikete di le supa tse di sa tshwaneng mo mokgatlhong ono.” Go gaisana ga barongwa ba ba dumelang dilo tse di sa tshwaneng ga se gone fela go bakileng seo. Mo bukeng ya gagwe The Missionaries, Geoffrey Moorhouse o tlhalosa gore lebaka le lengwe le le dirileng gore “batho ba bantsho ba lwele diphetogo” e ne e le “go sa rate ga bone go bo basweu ba ipeile kwa godimo.”
A E Ne E Le Bakeresete Kana E Ne e le Batho ba Yuropa Ba Ba Tlhaolang Batho ka Mmala?
Dr. Kane o dumela jaana: “Barongwa ba ne ba itseetse kwa godimo.” Adrian Hastings o bolela mo bukeng ya gagwe African Christianity jaana: “Ba ne ba dumela gore tumelo ya Bokeresete e tshwanetse go tsamaisana le setso sa Yuropa le go etelelwa pele ke batho ba Yuropa.”
Monna wa Mofora Charles Lavigerie e ne e le moeteledipele wa morongwa yo o neng a akanya ka tsela eno. Yo mongwe e ne e le John Philip mookamedi wa mafelo a barongwa a a mo borwa jwa Afrika a London Missionary Society. Ka 1828 o ne a bolela jaana ka go ikgantsha: “Barongwa ba rona ba . . . dira dilo go solegela Boritane molemo, go atolosa puso ya Boritane, le go oketsa mafelo a a busiwang ke Boritane. Gongwe le gongwe kwa morongwa a simololang go sokolola batho mo morafeng mongwe o o iseng o tlhabologe teng, letlhoo la bone mo pusong ya dikolone le a nyelela; go ikaega ga bone ka kolone eo go oketswa ke go bona dilo tse motho a di tlhokang thata; . . . madirelo, kgwebo, temothuo, di simololwa ka bonako; mme motho mongwe le mongwe wa bone yo o sokologileng ka boammaaruri . . . o nna tsala ya puso eo ya bokolone.”
A go a gakgamatsa go bo dipuso tsa Yuropa di ne tsa bona barongwa bao e le didirisiwa tsa botlhokwa mo go atoloseng dikolone? Barongwa ka bobone ba ne ba etleetsa go gapiwa ga Afrika gore e dirwe dikolone. Ba ne ba itsise jaana ka 1910 kwa Kokoanong ya Lefatshe ya Barongwa kwa Edinburgh: “Ga go kake . . . ga bo ga kgonega le ka motlha go supa pharologano fa gare ga maikaelelo a morongwa le maikaelelo a Puso.”
Ba Ne Ba Busa Jaaka Dikgosi mo Afrika
Gore ba tle ba gatelele gore ba na le thata, barongwa bangwe ba ne ba ikaega ka maatla a sesole a kolone. Ditoropo tse di fa thoko ga lewatle ka dinako dingwe di ne di thuntshiwa ka dikanono tsa dikepe tsa ntwa tsa Borithane gonne batho ba metse eo ba ne ba gana go laolwa ke barongwa. Ka 1898, morongwa wa molatedi wa ga Wesley kwa Afrika Bophirima, Dennis Kemp o ne a bolela “a tlhatswegile pelo tota gore a Masole a Boritane a a lwang mo Lefatsheng le a a lwang mo Lewatleng gompieno a dirisiwa ke Modimo go fitlhelela maikalelo a Gagwe.”
Morago ga fa barongwa ba sena go dira gore ba amogelwe, ka dinako dingwe ba ne ba tle ba tseele dikgosi tsa merafe puso ya tsone. Porofesa Rotberg o kwala jaana: “Barongwa ba Lontone gantsi ba ne ba dirisa maatla gore melao ya bone e ba neng ba re ke ya bomodimo e ikobelwe. Selo se segolo se ba neng ba rata thata go se dirisa go supa fa ba sa rate sengwe e ne e le cikoti, seo e ne e le seme se se neng se dirilwe ka letlalo le le sugilweng la kubu. Ba ne ba betsa batho ba Afrika ka sone ka lebaka lengwe le lengwe fela.” David Lamb o kwala jaana mo bukeng ya gagwe The Africans: “Motho mongwe wa mo Afrika yo ba neng ba mo sokolotse o gakologelwa morongwa wa Anglican kwa Uganda yo a neng a bidiwa Bwana Botri yo o neng a tlhola a fologa serala ka nako ya tirelo go tla go betsa batho ba ba neng ba goroga thari ba Baafrika.”
Ereka a ne a tshositswe ke ditiro tse di ntseng jalo, morongwa, James Mackay o ne a ngongorega kwa bakaeding ba London Missionary Society. O ne a ba tlhagisa jaana: “Go na le gore ba re tseye jaaka banna ba basweu bao ba ba tlisetsang melaetsa e e molemo ya lorato lwa Modimo, re a itsege ebile re a tshajwa.”
Dintwa tsa Lefatshe
Buka ya The Missionaries e bolela jaana: “[Batho ba Afrika] ba ne ba bolelelwa ka dingwaga di le lekgolo kana go feta gangwe le gape ebile go gatelelwa gore ntwa le mekgwa yotlhe e e bosula e e bakiwang ke go lwa e ne e tsewa jaaka e e sa thuseng sepe ebile e le bosula.” Morago ga foo, go ne ga tlhagoga Ntwa ya Lefatshe I ka 1914 fa gare ga merafe ya Yuropa e e neng e itsege jaaka ya Bokeresete.
Moorhouse o tlhalosa jaana: “Barongwa ba ba neng ba tswa mo e ka nnang morafe mongwe le mongwe ba ne ba kopiwa gore ba tsenelele mo Ntweng E Kgolo.” Se se botlhoko ke gore barongwa ba ne ba bolelela batho ba Afrika bao ba ba sokololetseng mo bodumeding jwa bone gore ba eme mo letlhakoreng lefe. Barongwa ba bangwe ba bile ba etelela pele masole a Afrika go ya kwa ntweng. Matswela a ntwa eno a tlhalosiwa sentle ke Porofesa Stephen Neill mo go History of Christian Missions jaana: “Merafe ya Yuropa e ne ya bolela ka mantswe a a kwa godimo gore ke yone fela e e kgonang go laola Bokeresete le tlhabologo mme e ne ya itatlhela fela ka tlhogo le ka go sa akanye mo ntweng ya selegae e e neng ya ba tlogela ba humanegile mo go tsa itsholelo ebile ba sena lefa e le thata epe.” Neill o tswelela jaana: “Ntwa ya Bobedi ya Lefatshe, e ne e ya feleletsa fela se se neng se setse se dirilwe ke ya ntlha. Go iphaka ga batho ba Bophirima gore ba itse se se siameng le se se sa siamang kaga boitshwaro go ne ga itshupa e le maaka; ‘Labokeresete’ e ne e ya senolwa gore ke tlhamane fela. Go ne go sa tle go kgonega gore go ka buiwa ka ‘Bokeresete jwa Bophirima.’”
Go tlhaloganngwa sentle gore go lwela diphetogo ga batho ba bantsho go ne ga oketsega morago ga Ntwa ya Lefatshe I. Mme lefa go ntse jalo go tweng ka batho ba Afrika ba ba neng ba se ka ba tlogela dikereke tsa Labokeresete? A morago ga foo ba ne ba rutiwa boammaaruri jo bo tswang mo Bibeleng?
Ditumelo tsa Batho ba Afrika Tse Ba Di Tsereng mo Bagologolwaneng ba Bone
Barongwa ba Labokeresete ba ne ba kgala ditiro tsa tumelo ya batho ba Afrika, jaaka go ya kwa baitseanapeng gore ba dire gore bagologolwane ba bone ba ba suleng ba se ka ba ba tshwenya. Mme barongwa e ntse e le bone gape, ba ne ba gatelela gore meya ya batho botlhe ga e swe. Gape ba ne ba dira gore go tlotlwe Maria le “baitshepi.” Dithuto tseno di ne tsa gatelela se batho ba Afrika ba neng ba se dumela gore bagologolwane ba bone ba ba suleng ba ne ba tshela. Gape, barongwa ba ne ba supetsa batho ba Afrika gore go siame fela go dirisa dipheko go itshireletsa kgatlhanong le meya e e bosula, ka go tlotla ga bone ditshwantsho tsa bodumedi tse di jaaka sefapaano.
Porofesa C. G. Baëta o tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe Christianity in Tropical Africa: “Moafrika o kgona go opela ka boitumelo mo Kerekeng a re, ‘Ga ke na botshabelo bope kwantle ga Modimo,’ mme a santse a tshotse pheko mo go ene, kana a kgone gore a ye kwa moitseanapeng wa gagwe fela fa a tswa mo Kerekeng, go sena sepe se se mo dirang gore a ikutlwe gore o tlola molaomotheo mongwe.”—Bapisa Duteronome 18:10-12 le 1 Yohane 5:21.
Barongwa ba le bantsi ba ne ba bolelela batho ba mo Afrika gore bagologolwane ba bone ba baheitane ba ne ba bogisiwa kwa molelong wa dihele le gore le bone ba ne ba tla diragalelwa ke selo se se tshwanang fa ba gana go amogela dithuto tsa barongwa. Mme lefa go ntse jalo thuto ya go bogisiwa ka bosakhutleng e thulana le dipolelo tse di tlhamaletseng tse di mo teng ga yone Bibela e barongwa ba neng ba tsaya matsapa a magolo ba e ranolela mo dipuong tsa mo Afrika.—Genesise 3:19; Yeremia 19:5; Baroma 6:23.
Ebile tota, Bibela e tlhalosa gore meya ya batho ba ba leofang e a swa le gore “bashwi ga ba itse sepè.” (Moreri 9:5, 10; Esekiele 18:4) Fa e le kaga batho ba Afrika ba ba ileng ba se ka ba kgona go utlwa boammaaruri jwa Bibela, ba lebeletse go nna gareng ga batho ba ba tla nnang teng ‘fa go tsosiwa basiami le basiamolodi.’ (Ditihō 24:15) Batho bao ba ba tsositsweng mo baswing ba tla rutiwa ka tsela eo Modimo o re baakanyeditseng go bolokiwa ka yone. Morago ga foo fa ba tsaya kgato ba anaanela lorato lwa Modimo, ba tla duelwa ka botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la paradaise.—Pesalema 37:29; Luke 23:43; Yohane 3:16.
Go na le gore Labokeresete e rute thuto eno e e molemo ya Bibela, e ile ya timetsa batho ba mo Afrika ka dithuto tsa maaka le ka boitimokanyi jwa yone jwa bodumedi. Eleruri seabe se Labokeresete e nnileng le sone mo go gapiweng ga Afrika fa e dirwa dikolone ga se tshegediwe ke Bibela le eseng. Go fapaana le seo, Jesu o ne a bolela gore Bogosi jwa gagwe “ga se yoa lehatshe yeno” le gore balatedi ba gagwe ba boammaaruri le bone ka tsela e e tshwanang ‘ba ne ba se kitla e nna ba lehatshe.’ (Yohane 15:19; 18:36) Bakeresete ba pele e ne e le baemedi ba ga Jesu Keresete, eseng ba dipuso tsa lefatshe.—2 Bakorintha 5:20.
Ka tsela e e ntseng jalo, seo Labokeresete e se robileng mo Afrika yotlhe ga se itumedise, go tlhoka kutlwano, go sa tshepane, le “Bokeresete jwa yone jo bo tlhakaneng le boheitane” di a boifisa. Go lwa go go nnileng teng mo dikarolong tse dintsi tse e leng tsa “Bokeresete” tsa Afrika eleruri ga go dumalane le dithuto tsa “Kgōsana ea Kagishō.” (Isaia 9:6) Matswela a tiro ya Labokereste mo Afrika a itshupile ka mo go tlhamaletseng gore a farologana le mafoko a Jesu a neng a a bolela kaga balatedi ba gagwe ba boammaaruri. Fa a ne a rapela Rraagwe wa selegodimo, Jesu o ne a kopa gore “ba dihwè boitekanèlō mo boñweheleñ gore lehatshe le itse ha u nthomile.”—Yohane 17:20, 23; 1 Bakorintha 1:10.
A seno se raya gore tiro yotlhe ya borongwa mo Afrika ga e a atlega? Ga go a nna jalo. Go tlile go tlotliwa ka maungo a a molemo a tiro ya barongwa ba Bakeresete ba boammaaruri mo Afrika le mo lefatsheng lotlhe mo ditlhogong tse di simololang mo tsebe 10.
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Baeteledipele ba barongwa ba lekgolo le le fetileng la dingwaga, jaaka bo John Philip, ba ne ba dumela gore go tlhabologa ga batho ba Yuropa mmogo le Bokeresete go ne go tshwana fela
[Motswedi wa Setshwantsho]
Cape Archives M450
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Barongwa ba Labokeresete ba ile ba kgothaletsa batho ba Afrika go dumela dilo tse di neng di dumelwa ke bagologolwane ba bone ka go anamisa dithuto tse e seng tsa Bibela, jaaka ya gore moya ga o swe
[Motswedi wa Setshwantsho]
Courtesy Africana Museum, Johannesburg