LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 10/1 ts. 26-29
  • Ithute go Nna Kutlo ka go Amogela Kgalemelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ithute go Nna Kutlo ka go Amogela Kgalemelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Kafa Modimo O Lebang go Bontsha Kutlo ka Gone
  • E Tshwanetse go Ithutiwa—Ka Ntlha Yang le Gone Jang
  • Ruta Kutlo ka go Nna Kutlo
  • “Utlwañ . . . mo Diloñ Cotlhe”
  • Leba go Nna Kutlo ka Leitlho Le Le Siameng
  • A Go Nna Kutlo—Ke Thuto e e Botlhokwa mo Baneng?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
  • “Bana, Utlwang Batsadi ba Lona”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • “O ne A Ithuta Kutlo”
    ‘Tla o Nne Molatedi wa Me’
  • Jehofa o Tsaya go le Botlhokwa Gore o Nne Kutlo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 10/1 ts. 26-29

Ithute go Nna Kutlo ka go Amogela Kgalemelo

AKANYA fela o le mo setlhoeng sa thaba e e goletseng kwa godimodimo o na le boikutlo jwa gore ruri ke wena ke wena. Abo e le boikutlo jo bo itumedisang jang ne jwa kgololesego!

Go ntse go le jalo kgololesego eno ya gago eleruri ke e e lekanyeditsweng fela thata. Molao wa maatlakgogedi a lefatshe o ka go kganela go dira sengwe le sengwe seo o ka ratang go se dira; fa o ka relela fela go ka felela ka masetlapelo. Kafa letlhakoreng le lengwe, abo go itumedisa jang ne go itse gore one molao oo wa maatlakgogedi a lefatshe o go thusa gore o se ka wa kgokgoetsegela kwa godimo mo lefaufaung. Ka gona go a bonala he gore maikaelelo a molao ono ke go solegela wena molemo. Go ikobela melelwane eo o go segetseng yone kwa godimo ga setlhoa sa thaba koo go mosola, ebile go ka boloka botshelo.

Ee, ka dinako dingwe melao le go e utlwa go ka lekanyetsa kgololesego ya rona, lefa go le jalo a seno se dra gore go bontsha kutlo e nne selo se se sa itumediseng?

Kafa Modimo O Lebang go Bontsha Kutlo ka Gone

Jaaka “Mmopi Yo Mogolo,” Jehofa ke “mocwedi oa botshelō.” Ke ka lone lebaka leno dibopiwa tsotlhe tsa gagwe di tshwanetseng tsa mo ikobela. Mopesalema o ne a kwala jaana a bontsha boikutlo jo bo tshwanetseng: “A lo ko lo tleeñ, re ōbamè, re inamè: a re khubameñ ha pele ga Yehofa, Mmopi oa rona: Gonne ke èna Modimo oa rona, me rona re batho ba bohulō yoa ōna, le dinku tsa seatla sa ōna.”—Moreri 12:1, NW; Pesalema 36:9; 95:6, 7.

Go tloga fela kwa tshimologong Jehofa o sale a ntse a batla gore dibopiwa tsa gagwe di mo ikobele. Gore Adame le Efa ba tswelele pele ba ntse ba tshela mo Paradaiseng go ne go ikaegile ka kutlo ya bone. (Genesise 2:16, 17) Ka tsela e e tshwanang go ne go lebeletswe gore le baengele ba nne le kutlo, le eleng lefa ba ne ba na le boemo jwa botshelo jo bo kwa godingwana go na le jwa batho. Ka gonne bangwe ba dibopiwa tseno tsa semoya ba ile ba “gana go utlwa, yale ka bopelotelele yoa Modimo bo ba lebeletse mo metlheñ ea ga Noa,” ba ile ba otlhaiwa ka go tswalelwa mo “meletiñ e e lehihi, go tla ba letisiwa motlha oa tshekishō.”—1 Petere 3:19, 20; 2 Petere 2:4.

Fa re bua puophaa fela, Modimo o leba kutlo jaaka selo seo o ka kgonang go gapa kamogelo ya gagwe ka sona. Re bala jaana: “A Yehofa o ka itumèlèla dichupèlō tse di hisiwañ le ditlhabèlō, yaka a itumèlèla [go ikobela] lencwe ya ga Yehofa? Bōna, go utlwa go molemō bogolo go go isa chupèlō, le go reetsa bogolo go mahura a diphelehu.”—1 Samuele 15:22.

E Tshwanetse go Ithutiwa—Ka Ntlha Yang le Gone Jang

Kutlo e ka felela ka gore motho a nne le boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo, ka jalo abo go patelesega jang ne gore re e ithute! Jaaka go ithuta puo ya seeng, motho a ka kgona go ithuta go tlwaela go nna kutlo go tloga a sa le mmotlana. Ke gone ka moo Bibela e gatelelang gore bana ba thapisiwe ba sa le masea.—Yoshue 8:35.

Batho bangwe ba segompieno ba ganetsa ntlha eno ya Bibela, ba bolela gore go batla gore bana ba nne le kutlo ke selo se se tshwanang fela le go betelela tlhaloganyo. Ba re bana ba tshwanetse go newa tshono ya go nna le maikutlo ao eleng a bone ka namana le ditekanyetso tseo ba tshelang ka tsone kwantle ga gore batsadi ba ba tshwenye.

Lefa go le jalo ka bo 1960 ka nako ya fa batsadi ba le bantsi ba ne ba leba dilo ka tsela eno, Wilhelm Hansen, yo e neng e le motlhatlheledi, mokwadi, le moporofesara wa thutotlhaloganyo, o ne a ganana le seno. O ne a kwala jaana: “Ka nako ya fa ngwana a sa le monnye, ka nako ya fa kamano ya gagwe le batsadi ba gagwe e ise e tlhomame sentle, motsadi o mo kganela go dira ‘bosula’ mme o rata a dira se se ‘molemo’ kana o mo akgolela sona. Ka gona, kutlo ka boyona, e goga ngwana go tsamaya mo tseleng ya boitshwaro jo bo molemo le ya dinonofo tse di eletsegang tseo e leng tsone motheo wa gore e tla nna motho yo o ntseng jang.”—Bapisa Diane 22:15.

Lefoko la Modimo le gatelela botlhokwa jwa go ithuta go nna kutlo. Re bala jaana: “Ke a itse, MORENA wa me gore ditselana tsa motho ga di a ikaega ka ene; kana gone gore motho a ka kgona go tlhomamisa tsela ya gagwe ya botshelo.” (Yeremia 10:23, The New English Bible) Hisitori e tletse ka dikai tseo mo go tsona batho ba ileng ba itlhophela go itsamaisetsa botshelo jwa bona go ya ka ditekanyetso tsa bona ka namana mme ka ntlha ya seno ba wela mo mathateng a a seng kana a sepe. Ke ka ntlha yang fa seno se diragala nako le nako jaana? Ke ka gonne batho ba sena kitso, botlhale, le tlhaloganyo ya go itsamaisetsa tsela ya botshelo jwa bone kwantle ga go thusiwa. Se se maswe le go feta, ke gore ba na le tshekamelo eo ba tsetsweng ba na nayo ya go dira ditshwetso tse di phoso. Ka bonakonyana fela morago ga Morwalela, Jehofa o ne a re ka ga motho: “Go akanya ga pelo ea motho go . . . boshula, go cwa bokauñ yoa gagwè.”—Genesise 8:21.

Ka ntlha ya seno, ga go na ope yo o tsetsweng a na le tshekamelo ya go ikobela Jehofa. Re tshwanelwa ke go e jalelela mo baneng ba rona le go tswelela pele re ntse re e ithuta mo botshelong jotlhe jwa rona. Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go tlhagolela pelo e e tshwanang le ya ga Kgosi Dafide, yo o ileng a kwala jaana: “Nchupetsa metlhala ea gago, Yehofa; u bo u nthutè ditsela tsa gago. Ntsamaisa mo boamarureñ yoa gago, u bo u nthutè; gonne ke wèna Modimo oa polokō ea me; ke lebèlèla mo go wèna ka letsatsi yeotlhe.”—Pesalema 25:4, 5.

Ruta Kutlo ka go Nna Kutlo

Mmagwe Jesu le rragwe yoo e neng e se rragwe ka tsalo ba ne ba tlhaloganya boemo jwa go tsalwa ga ga Jesu sentle. Ka gone ba ne ba itse sentle gore o ne a tla nna le seabe se segolo mo go diragadiweng ga maikaelelo a ga Jehofa. (Bapisa Luke 1:35, 46, 47.) Mo kgannyeng ya bone mafoko a a reng “Bōna, bana ke boshwa yoa ga Yehofa” a ne a na le bokao jo bo tlhomologileng. (Pesalema 127:3) Ba ne ba tlhaloganya boikarabelo jo bogolo jwa bone sentle mme ka gone ba ne ba le bonako go ikobela dikaelo tsa bomodimo, tse di ntseng jaaka fa ba ne ba laelwa go tshabela kwa Egepeto kana fa moragonyana ba ne ba laelwa go ya Galalea.—Mathaio 2:1-23.

Batsadi ba ga Jesu gape ba ne ba tlhaloganya maikarabelo a bone malebana le go mo ruta. Ke boammaaruri gore, ka nako ya pele ga fa a tla go tshela jaaka motho, Jesu o ne ka dinako tsotlhe a le kutlo. Lefa go le jalo fa a ne a le mo lefatsheng, o ne a ithuta go nna kutlo kafa tlase ga maemo a a farologaneng gotlhelele. Kgang ke gore, o ne a tshwanelwa ke gore a ikobele batsadi ba ba sa itekanelang ka gonne le eleng ngwana yo o itekanetseng o tlhoka kotlhao ka tsela ya go neelwa ditaelo le go rutwa. Dilo tseno batsadi ba gagwe ba ne ba mo tlamela ka tsona. Kafa letlhakoreng le lengwe, go mo otlhaya ka go mo kgwathisa, go ne go sa tlhokafale. Jesu o ne a le kutlo ka dinako tsotlhe; le ka motlha o ne a se tlhogo e thata. Re bala jaana: “Mme a ya gae le bone [batsadi ba gagwe] kwa Nasaretha mme a nna a ntse a le kutlo mo go bone.”—Luke 2:51, Phillips.

Josefa le Maria ba ne gape ba itse kafa ba ka rutang Jesu ka gone ka tsela ya go mo tlhomela sekao. Ka sekai, re bala jaana, gore “batsadi ba gagwè, ba ne ba tle ba ee Yerusalema ka dinyaga cotlhe, ba ea modihoñ oa Tlolaganyō.” (Luke 2:41) Ka go rulaganyetsa gore a tsamaye mmogo le lelapa la gagwe, Josefa o ne a bontsha gore o ne a kgatlhegela bomoya jwa bone le gore o ne a leba kobamelo ya ga Jehofa ka tsela e e masisi. Ka ditsela tse di tshwanang, gompieno batsadi ba ka ruta bana ba bone go nna kutlo ka gore bone ka bobone ba bontshe kutlo mo dilong tsa kobamelo.

Ka ntlha ya gore Josefa le Maria ba ne ba mo otlhaya ka tsela e e molemo ya tshiamo, “Yesu a cwèlèla mo botlhaleñ le mo go goleñ, le mo go ratweñ ke Modimo le batho.” Abo e le sekao se sentle jang ne go ka latelwa ke batsadi ba Bakeresete gompieno!—Luke 2:52.

“Utlwañ . . . mo Diloñ Cotlhe”

“Bana, utlwañ batsadi ba lona mo diloñ cotlhe, gonne mo e be e le mo go kgatlhañ mo Moreneñ.” (Bakolosa 3:20) Jesu o ne a ka nna kutlo mo dilong tsotlhe go batsadi ba gagwe gonne kutlo ya bone go Jehofa e ne e ba thibela go batla gore Jesu—kana bomogoloe le bokgaitsadie ka mmagwe—ba dire sepe fela seo se thulanang le thato ya ga Jehofa.

Batsadi ba le bantsi gompieno le bone ba atlega mo go ruteng bana ba bone go nna kutlo mo dilong tsotlhe. Utlwa borre ba bararo, bao, ereka ba setse ba feditse maikarabeo a bone a go godisa bana, gone jaanong jaana ba direlang kwa lekaleng la Mokgatlho wa Watch Tower.

Theo o tlhalosa kafa ene le mosadi wa gagwe ba godisitseng basimane ba bone ba batlhano ka gone. A re: “Go botlhokwa thata go dira gore kwa tshimologong fela bana ba itse gore le rona batsadi re dira diphoso. Se se utlwisang botlhoko ke gore, re a tle re nne re di boaboeletse mme re tshwanelwa ke go tswelela pele ka metlha re kopa Rrarona wa selegodimo go re itshwarela le go re thusa. Re ne re dira ka boomo gore bana ba rona ba lemoge gore fela jaaka ba ne ba kgaratlha le matshwenyego a bosha, le rona re ne re kgaratlha le matshwenyego a bogodi.”

Gore ngwana a ke a kgone go ithuta go nna kutlo, kamano e e lorato gareng ga gagwe le batsadi ba gagwe e botlhokwa tota. Hermann o riana ka mosadi wa gagwe: “E ne e se fela mmaagwe basimanyana, mme gape e ne e le tsala ya bone. Ba ne ba anaanela seno, ka gone e ne se selo se se boima ka bone go nna kutlo.” Mme fa a umaka kgakololo e nngwe gape e e molemo ya kafa go ka tokafatswang kamano fa gare ga bana le batsadi ka gone, a re: “Ka boomo fela mo dingwageng di le mmalwa re ne re tlhatswa dijana re sa dirise motšhine wa go di tlhatswa, e le gore re ke re tlhatswe dijana le go di phimola ka matsogo. Barwa ba rona e ne e nna bona bao ba di phimolang, ba tla ba refosana. Go ne go sena nako e e molemo ya go buisana le bone re iketlile jaaka eno.”

Kamano e e lorato ya ngwana le motsadi ke sekai sa mofuta wa kamano eo Mokeresete a tshwanelwang ke go nna le yone le Jehofa. Rudolf o tlhalosa kafa ene le mosadi wa gagwe ba neng ba dira ka gone go thusa basimane ba bone ba babedi go nna le kamano e e ntseng jalo: “Motheo wa rona e ne e le thuto ya ka metlha ya lelapa. Re ne re abela bana palonyana e e rileng ya ditlhogo tse di maleba gore ba dire patlisiso ka tsone. Re ne gape re dira mmalo wa rona wa Bibela mmogo mme morago re tlotle ka seo re se ithutileng. Barwa ba rona ba ne ba kgona go lemoga gore Jehofa o lebeletse gore le batsadi ba bontshe kutlo mo go ene, eseng gore e bontshiwe ke bana fela.”

Batsadi ba Bakeresete ba itse gore temana eno e e tlhotlheleditsweng “Dikgalemō tsa thutō ke tsela ea botshelō” e dira mo baneng ba bone mmogo le mo go bone. Ka gone jaaka fa bana ba lebanwe ke gore ba nne kutlo mo batsading mo dilong tsotlhe, batsadi le bone ba tshwanetse go nna kutlo mo dilong tsotlhe tseo Jehofa a di tlhokang mo go bone. Mo godimo ga go tiisa kamano gare ga batsadi le bana, batsadi le bana ba tla batla gape go tiisa kamano ya bone le Modimo.—Diane 6:23.

Leba go Nna Kutlo ka Leitlho Le Le Siameng

Abo re ka itumela thata jang ne go bo Lefoko la Modimo le na le dikgakololo tse di mosola thata jaana tse di malebana le go godisa bana! (Bona lebokoso.) Bana bao ba ithutang go nna kutlo go tswa mo batsading bao ba ba simegang ka tshiamo eleruri ke motswedi wa boipelo go bokaulengwe jotlhe jwa Bokeresete.

Ka jaana go utlwa Modimo go kaya botshelo, re tshwanetse ra tila le eleng go akanya fela go tlola melelwane eo ditaelo tsa Modimo di re e beelang mo kgololesegong eo re nang le yona ka namana—tota le eleng ka nako e khutshwanyane fela. Ka sekai, a o ko o akanye fela fa re ne re ka kgona go emisa molao wa maatlakgogedi a lefatshe go se go kae. Abo go ne go tla re itumedisa jang ne go kgona go tlolela kwa godimodimo kwa lefaufaung go sena sepe seo se kgoreletsang kgololesego eno ya rona! Lefa go le jalo go ne go tla diragalang fa dilo di boela mo mannong? Akanya fela ka tsela eo re tlileng go ruthagana ka yona fa fatshe!

Go ithuta kutlo ka go itetla gore ba bangwe ba re simege go thusa mo go direng gore re tlhagolele go nna le botho jo bo lekalekaneng ebile go re thusa go itse dilo tseo re kgonang go di dira le tseo re sa kgoneng go di dira. Go re thusa go tila go batla dilo ka dikgoka le go sa kgathale ka ditshwanelo tsa batho ba bangwe le dilo tse ba di tlhokang. Go re thusa go sa nne batho ba ba sa tlhomamisegeng. Ka boripana fela re ka re, go re leretse boitumelo.

Ka gona e ka tswa e le gore o mogolo kana o ngwana, ithute go nna kutlo ka go itetla gore ba bangwe ba go simege e le gore “go tlè go nnè molemō mo go wèna” le gore “u tshelè ka bolele mo lehatshiñ.” (Baefesia 6:1-3) Ke mang wa rona yo o ratang gore a latlhegelwe ke ditebelelo tsa gagwe tsa go tshelela ruri ka go retelelwa ke go ithuta kutlo ka gore a seka a amogela kgalemelo?—Yohane 11:26.

[Lebokoso mo go tsebe 29]

BATSADI, RUTANG KUTLO KA GO KGALEMELA KA TSHIAMO

1. Kgalemela o theile seo mo melaong ya Dikwalo le mo melaometheong ya tsone.

2. Kgalemela e seng fela ka go batla gore o neelwe kutlo mme ka gore o tlhalose gore ke ka ntlha yang fa kutlo e le tsela ya botlhale.—Mathaio 11:19b.

3. Kgalemela e seng ka go tlala bogale kana ka go goeletsa.—Baefesia 4:31, 32.

4. Ba gakolole ka moya wa lorato le kamano e e molemo.—Bakolosa 3:21; 1 Bathesalonia 2:7, 8; Bahebera 12:5-8.

5. Thapisa bana go tswa boseeng.—2 Timotheo 3:14, 15.

6. Ba gakolole nako le nako o sa kgaotse.—Duteronome 6:6-9; 1 Bathesalonia 2:11, 12.

7. Ikgalemele ka bowena mme ka go dira jalo o ba rute ka go tlhoma sekao.—Yohane 13:15; bapisa Mathaio 23:2, 3.

8. Ba gakolole o ikaegile gotlhelele ka Jehofa, o kope thuso ya gagwe ka thapelo.—Baatlhodi 13:8-10.

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

“Dikgalemō tsa thutō ke tsela ea botshelō”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela