LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 11/15 ts. 7
  • A Sefapaano—Ke Lotshwao lwa Bokeresete?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Sefapaano—Ke Lotshwao lwa Bokeresete?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • A Ruri Jesu o Swetse mo Sefapaanong?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Ke Eng fa Basupi ba ga Jehofa ba sa Dirise Sefapaano mo Kobamelong ya Bone?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
  • Lebaka La go Bo Bakeresete ba Boammaaruri ba sa Dirise Sefapaano mo Kobamelong
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Seo se Kaiwang ke go Rata Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1989
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 11/15 ts. 7

A Sefapaano—Ke Lotshwao lwa Bokeresete?

BONTSINTSI jwa batho bo ile jwa tsaya sefapaano jaaka lotshwao lwa Bokeresete ka makgolokgolo a dingwaga. Mme a ruri ke lone? Bontsi jwa bao ba neng ba dumela ka tlhoafalo gore go ntse jalo ba gakgamala tota fa ba tla go itse gore sefapaano ga se dirisiwe ke Labokeresete fela. Go farologana le seo, se ile sa dirisiwa thata mo ditumelong tse eseng tsa Bokeresete mo lefatsheng lotlhe.

Ka sekai, fa dingwaga tsa bo1500 di ne di simolola, fa Hernán Cortés le masole a gagwe a “Bakeresete” a ne a ipaakanyetsa go tlhasela Mmusomogolo wa Ba-Aztec, ba ne ba tshotse difolaga tse di neng di re, “A re lateleng lotshwao lwa Sefapaano Se Se Boitshepo re na le tumelo tota, ka go bo re tla fenya ka lotshwao lono.” Ba tshwanetse ba bo ba ne ba gakgamadiwa ke go bo baba ba bone ba baheitane ba ne ba tlotla setshwantsho se se tshwanang fela le sa bone. Buka ya Great Religions of the World e bolela jaana: “Cortés le balatedi ba gagwe ba ne ba ferosiwa sebete ke go ntsha batho ditlhabelo ga Ba-Aztec le dilo tsa bosatane tse e neng ekete di etsa Bokeresete: . . . ba tlotla matshwao a a jaaka difapaano a modimo wa phefo le wa pula.”

Mo pampiring ya dikgang eleng La Nación mokwadi José Alberto Furque o bontsha gore mo karolong ya bobedi ya lekgolo la bo18 la dingwaga, go ne ga simologa “go ganetsana ka mafoko go go botlhoko le go go kgatlhang fa gare ga baithutabotshelo le baithutamarope ba ganetsana ka gore matshwao a difapaano a simologile kae le gore ke eng se se kaiwang ke matshwao ao a difapaano” ao ba neng ba a bona thata kwa Amerika Bogare le Amerika Borwa. Go lebega bangwe ba ne ba le tlhaga thata go sireletsa maemo a sefapaano jaaka lotshwao lo e leng lwa “Bokeresete” fela mo ba ileng ba bolela gore ka tsela nngwe Baamerika ba ne ba setse ba reretswe efangele pele ga loeto lo lo tseelwang kwa godimo thata lwa ga Columbus! Kgopolo eno e e pateleditsweng e ne ya tlogelwa go twe ga e boammaaruri.

Fa nako e ntse e tsamaya, dilo tse di neng tsa bonwa tse di amanang le kgang eno di ne tsa rarabolola go gogagogana goo. Furque o akgela jaana: “Mo bukeng e e neng ya phasaladiwa ka 1893 ke Smithsonian Institution go ne ga bolelwa gore sefapaano se ne se setse se tlotliwa thata . . . bogologolo pele batho ba ntlha ba Yuropa ba goroga kwa Amerika Bokone, seo se tlhomamisang thuto ya gore . . . lotshwao lo lo ntseng jalo lo ne lo le teng mo bathong botlhe jaaka karolo ya kobamelo ya maatla a a dirileng gore botshelo bo nne teng.”

Bibela e bontsha gore Jesu o ne a sa bolaelwa mo sefapaanong ka gope, mme go na le moo, e ne e le mo koteng fela, kana stau·rosʹ. Lefoko leno la Segerika le le tlhagelelang mo go Mathaio 27:40, totatota le kaya kota kana pale e e tlhamaletseng, jaaka eo e dirisiwang fa go thewa motheo wa kago. Ka gone, sefapaano ga se ise se ko se tsamaye se emele Bokeresete jwa boammaaruri. Jesu Keresete o ne a bolela letshwao la mmatota, ‘sesupo,’ se se tla bontshang gore Bakeresete ba boammaaruri ke bomang ka nako ya fa a ne a raya balatedi ba gagwe a re: “Batho botlhe ba tla itse ha lo le barutwa ba me ka mo, ha lo ratana.”—Yohane 13:35.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela