“E Mañ Eo O Chwanañ le Yehofa Modimo oa Rona?”
“E mañ eo o chwanañ le Yehofa Modimo oa rona, eo setulō sa gagwè se kwa godimoñ?”—PESALEMA 113:5.
1, 2. (a) Basupi ba ga Jehofa ba leba Modimo le Bibela jang? (b) Ke dipotso dife tse di tshwanetseng go sekasekiwa?
BATHO ba ba bakang Jehofa ba lesego eleruri. Abo e le tshiamelo e kgolo jang ne go nna mongwe wa boidiidi jo bo itumetseng jono! Jaaka Basupi ba gagwe, re amogela kgakololo ya gagwe, melao, dithuto, dilo tse a di solofetsang, le boperofeti jo bo mo Lefokong la Modimo, Bibela. Re itumelela go ithuta go tswa mo Dikwalong le go “rutwa ke Yehofa.”—Yohane 6:45.
2 Basupi ba ga Jehofa ba ka botsa jaana gonne ba tlotla Modimo thata: “E mañ eo o chwanañ le Yehofa Modimo oa rona?” (Pesalema 113:5) Mafoko ao a ga mopesalema a supa go nna le tumelo. Mme lefa go ntse jalo ke ka ntlha yang fa Basupi ba na le tumelo e e ntseng jalo mo Modimong? Mme ke ka ntlha yang fa ba baka Jehofa?
Tumelo le Pako Di A Tshwanela
3. Dipesalema tsa Hallel ke eng, mme ke ka ntlha yang fa di bidiwa jalo?
3 Re tshwanetse go dumela mo go Jehofa gonne ke Modimo o o sa tshwaneng le ope. Seno se gatelelwa mo go Dipesalema 113, 114, le 115, karolo ya Dipesalema tse thataro tsa Hallel. Go ya ka Sekolo sa borabi sa Hillel, Dipesalema 113 le 114 di ne di opelwa fa go jewa dijo tsa Tlolaganyo ya Bajuda fa go sena go tshelwa kopi ya bobedi ya beine le fa go sena go tlhalosiwa kafa moletlo o neng o le botlhokwa ka teng. Dipesalema tsa 115 go ya go 118 di ne di opelwa morago ga fa go sena go tshelwa kopi ya bonè ya beine. (Bapisa Mathaio 26:30.) Di bidiwa “Dipesalema tsa Hallel” gonne di dirisa Haleluja! kgapetsakgapetsa—“Bakang Jehofa!”
4. Lereo “Haleluja” le kaya eng mme le tlhaga ka makgetlo a le makae mo Bibeleng?
4 “Haleluja!” ke mafoko a a tserweng fela jaaka a ntse a polelwana ya Sehebera e e tlhagelelang makgetlo a le 24 mo Dipesalemeng. Kwa gongwe gape mo Bibeleng, a tlhagelela a le ka sebopego sa Segerika ka makgetlo a le manè fa go buiwa kafa go tla itumelwang ka teng fa Babelona O Mogolo a senngwa, mmuso wa lefatshe wa bodumedi jwa maaka, mmogo le fa go buiwa ka boitumelo jwa fa Jehofa Modimo a tla bo a simolola go busa jaaka Kgosi. (Tshenolō 19:1-6) Fa re sekaseka Dipesalema tse tharo tsa Hallel jaanong, re ka nna ra ikakanya rona ka borona re opela dipina tseno tse di bakang Jehofa.
Bakang Jehofa!
5. Pesalema 113 e araba potso efe, mme taolo e e mo go Pesalema 113:1, 2 e ama le bomang segolobogolo?
5 Pesalema 113 e araba potso eno, Ke ka ntlha yang fa Jehofa a tshwanetse go bakiwa? E simolola fela ka go laela jaana: “Bakañ Yehofa. Bakañ, lona batlhanka ba ga Yehofa, bakañ leina ya ga Yehofa. A go bakwè leina ya ga Yehofa, go tloga hano gompiyeno le go ea bosakhutleñ.” (Pesalema 113:1, 2) “Haleluja!” Ee, “Bakañ Yehofa!” Mafoko ao a dira segolobogolo mo bathong ba Modimo mo ‘motlheng ono wa bokhutlo.’ (Daniele 12:4) Leina la ga Jehofa le tla tlotlomadiwa mo lefatsheng lotlhe jaanong le ka bosakhutleng. Basupi ba gagwe jaanong ba bolela gore Jehofa ke Modimo, Keresete ke Kgosi, le gore Bogosi bo tlhomilwe kwa legodimong. Satane Diabolo le phuthego ya gagwe ga ba kake ba thibela gore Jehofa a bakwe.
6. Jehofa o bakiwa jang “go cwa botlhabatsatsi, go ea bophirimoñ yoa yeōna”?
6 Pina eno ya pako e tla tswelela go fitlha Jehofa a dira gore e tlale lefatshe. “Go cwa botlhabatsatsi, go ea bophirimoñ yoa yeōna, leina ya ga Yehofa le na le go bakwa hèla.” (Pesalema 113:3) Seno se kaya gore dibopiwa tsa selefatshe di tshwanetse go dira se se fetang go mo obamela fela letsatsi le letsatsi. Letsatsi le tlhaba kwa botlhaba le bo le phirima kwa bophirima le apesa lefatshe lotlhe. Gongwe le gongwe koo letsatsi le phatsimang teng, batho botlhe ba ba golotsweng mo bokgobeng jwa bodumedi jwa maaka le mo phuthegong ya ga Satane ba tla tloga ba baka leina la ga Jehofa. Ebile tota, pina eno e e se kitlang e khutla jaanong e opelwa ke Basupi ba ba tloditsweng ba ga Jehofa le bao e tla nnang bana ba selefatshe ba Kgosi ya gagwe, Jesu Keresete. Abo ba na le tshiamelo e kgolo jang ne go bo e le batho ba ba bakang Jehofa!
Jehofa Ga A Kake A Tshwantshiwa le Ope
7. Ke dilo dife tse pedi tse di supang bogolo jwa ga Jehofa tseo di umakiwang mo go Pesalema 113:4?
7 Mopesalema o oketsa jaana: “Yehofa o godimodimo, godimo ga merahe eotlhe, le kgalalèlō ea gagwè godimo ga magodimo.” (Pesalema 113:4) Seno se akaretsa dintlha tse pedi kaga bogolo jwa Modimo: (1) Mo go Jehofa, Yo Mogolo, ‘yo o godimodimo ga merafe yotlhe,’ ba tshwana le lerothodi mo nkgong le jaaka lerole mo sekaleng; (Isaia 40:15; Daniele 7:18) (2) kgalalelo ya gagwe e feta ya magodimo a re a bonang, ka go bo baengele ba dira go ya ka taolo ya thata ya gagwe jaaka molaodi.—Pesalema 19:1, 2; 103:20, 21.
8. Ke ka ntlha yang le gone Jehofa o ikokobetsa jang gore a bone dilo tse di kwa legodimong le tse di mo lefatsheng?
8 Mopesalema o ne a bolela jaana a tlhotlhelediwa ke bogolo jwa Modimo: “Emañ eo o chwanañ le Yehofa Modimo oa rona, eo setulō sa gagwè se kwa godimoñ? Eo o ikokobetsañ gore a bōnè dilō tse di kwa legodimoñ le mo lehatshiñ.” (Pesalema 113:5, 6) Modimo o tlotlometse mo e leng gore o tshwanetse go ikokobetsa gore a kgone go bona dilo tse di diragalang kwa legodimong le mo lefatsheng. Le mororo Jehofa a se mmotlana mo go ope kana a se kafa tlase ga taolo ya ga ope, o a ikokobetsa fa a supetsa baleofi kutlwelobotlhoko le bopelotlhomogi. Go ntsha Morwawe, Jesu Keresete jaaka “seletlanyō se se ntshedicweñ dibe” tsa Bakeresete ba ba tloditsweng le tsa lefatshe lotlhe la batho ke sesupo sa gore Jehofa o a ikokobetsa.—1 Yohane 2:1, 2.
Jehofa O Pelotlhomogi
9, 10. Modimo o ‘tsholetsa motlhoki a mmaya mo dikgosaneng’ jang?
9 Mopesalema o gatelela gore Modimo o pelotlhomogi ka go oketsa ka gore Jehofa o “kakatlolola mohumanegi mo loroleñ, a choletse motlhoki a mo tlose mo thotoboduñ; Gore a tlè a nnè mo dikgōsaneñ, eboñ mo dikgōsaneñ tsa batho ba gagwè. O diha gore mosadi eo o moopa a nnè le motse, le go nna mma bana eo o itumèlañ. Bakañ Yehofa.” (Pesalema 113:7-9) Batho ba ga Jehofa ba dumela gore a ka kgona go golola batho ba ba thokgameng ba ba tlhokang, a fetola boemo jwa bone, mme a ba naya dilo tse ba di tlhokang thata le tse ba di eletsang. ‘Eo o godimo le yo o godileng thata o rudisa moya wa ba ba ikokobetsang, le go rudisa pelo tsa ba ba pelo e ngomogileng.’—Isaia 57:15.
10 Jehofa o ‘tsholetsa jang motlhoki a mmaya mo dikgosaneng’? Fa Modimo o rata o baya batlhanka ba gagwe mo maemong a a tlotlegang a a lekanang fela le a dikgosi. O ne a dira jalo ka Josefa, yoo a neng a nna molaodi wa dijo kwa Egepeto. (Genesise 41:37-49) Go nna le dikgosi kana banna ba ba nang le taolo mo bathong ba ga Jehofa kwa Iseraele, e ne e le tshiamelo e e neng e itumelelwa. Fela jaaka bagolwane ba Bakeresete gompieno, Modimo o ne o thusa banna ba ba ntseng jalo ebile o ba segofatsa.
11. Ke ka ntlha yang fa go ka bolelwa gore Pesalema 113:7-9 segolobogolo e dira mo bathong ba ga Jehofa ba metlha ya segompieno?
11 Go tweng kaga go dira ‘mosadi yo o moopa mmabana yo o itumelang’? Modimo o ne wa naya Hana yo o moopa morwa—Samuele, yoo a neng a mo mo naya gore a Mo direle. (1 Samuele 1:20-28) Se se botlhokwa go feta foo, mosadi wa Modimo wa tshwantshetso, Sione wa selegodimo, o ne a simolola go tshola bana ba semoya go simolola ka Jesu le ka nako ya fa a ne a tshololela barutwa ba gagwe moya o o boitshepo ka Pentekosete ya 33 C.E. (Isaia 54:1-10, 13; Ditihō 2:1-4) Mme fela jaaka Modimo o ne wa busetsa Bajuda kwa legaeng la bone fa ba sena go nna batshwarwa kwa Babelona, o ne a golola masalela a a tloditsweng a “Iseraela oa Modimo” go tswa mo botshwarong jwa Sebabelona ka 1919 mme o ne a ba segofatsa tota mo eleng gore mafoko a Pesalema 113:7-9 a dira mo go bone. (Bagalatia 6:16) Jaaka Basupi ba ba ikanyegang ba ga Jehofa, masalela a Iseraele wa semoya le ditsala tsa bone tse di nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba tsaya kgato go tswa mo pelong ka mafoko ano a bofelo a Pesalema 113: “Bakañ Yehofa.”
Bosupi jwa Gore Jehofa Ga A Tshwane le Ope
12. Pesalema 114 e bontsha jang gore Jehofa ga a tshwane le ope?
12 Pesalema 114 e supa gore Jehofa ga a tshwane le ope ka go umaka ditiragalo tse di amang Baiseraele. Mopesalema o ne a opela jaana: “E rile Iseraela a cwa mo Egepeto, le ntlo ea ga Yakoba mo bathuñ ba puō e sele. Yuda a tla a nna helō ga gagwè ga boitshèpō, le Iseraela bogosi yoa gagwè.” (Pesalema 114:1, 2) Modimo o ne wa golola Baiseraele mo go nneng makgoba a Baegepeto bao ba neng ba sa utlwe puo ya bone. Go gololwa ga batho ba ga Jehofa, ba ba neng ba bidiwa Juda le Iseraela fa ba tshwantshiwa ka tsela ya poko, go bontsha gore Modimo a ka golola batlhanka botlhe ba gagwe gompieno.
13. Pesalema 114:3-6 e bontsha jang gore Jehofa o mogolo ebile e dira jang mo dilong tse di neng tsa diragalela Baiseraele ba bogologolo?
13 Mafoko ano a bontsha gore Jehofa ke molaodi mo popong yotlhe: “Lewatlè ya go bōna, ya tshaba; Yoredane a kgarametsegèla kwa moragō. Dithaba tsa ya mokaragana yaka diphelehu, dithotana yaka dikwanyana. Ua bo u reñ, wèna lewatlè ha e bo nene u tshaba yana? Wèna Yoredane ha e bo nene u boèla kwa moragō yana? Lona dithaba, loa reñ, ka e le ha lo ya mokaragana yaka diphelehu? lona dithotana yaka dikwanyana?” (Pesalema 114:3-6) Lewatle le Lehibidu le ne “ya tshaba” ka nako ya fa Modimo o ne o bulela batho ba gagwe tsela. Baiseraele ba ne ba bona fa letsogo le legolo la ga Jehofa le itaya Baegepeto ba ba neng ba bolawa ke metsi a a neng a boa. (Ekesodo 14:21-31) Fa maatla a Modimo a ne a supiwa gape ka tsela e e tshwanang, Noka ya Joredane e ne ya “boèla kwa moragō,” e letla Baiseraele go tshelela kwa Kanana. (Yoshue 3:14-16) ‘Dithaba di ne tsa ja mokaragana jaaka diphelehu’ fa Thaba ya Sinai e ne e kua mosi le go roroma fa go ne go tlhomiwa kgolagano ya Molao. (Ekesodo 19:7-18) Ereka a ne a fitlhile kwa konelong ya pina ya gagwe, mopesalema o ne a bua a botsa dipotso, gongwe a akantsha gore lewatle, dinoka, dithaba, le dithota tse di sa tsheleng di ne tsa boifa fa Jehofa a ne a supa maatla a gagwe ka ditsela tseno.
14. Maatla a ga Jehofa a ne a dira eng kwa Meriba le kwa Kadesha, mme seno se tshwanetse sa ama batlhanka ba gagwe ba segompieno jang?
14 Mopesalema o ne a opela gape jaana a ntse a umaka maatla a ga Jehofa: “Roroma, wèna lehatshe, ha pele ga Yehofa, ha pele ga Modimo oa ga Yakoba; Eo o hetotseñ lehika ya nna mogobe oa metse, le legakwa ya nna mocwedi oa metse.” (Pesalema 114:7, 8) Mopesalema o bontsha ka tsela ya tshwantshetso gore batho ba tshwanetse go boifa Jehofa, Morena le Mmusi wa Lobopo wa lefatshe lotlhe. E ne e le “Modimo oa ga Yakoba,” kana Iseraele, fela jaaka e le wa Iseraele wa semoya le ditsala tsa bone tsa selefatshe. Jehofa o ne a supa maatla a gagwe kwa Meriba le mo nageng kwa Kadesha ka go naya Baiseraele metsi ka kgakgamatso, ‘a fetola lefika mogobe wa metsi, le legakwa motswedi wa metsi.’ (Ekesodo 17:1-7; Dipalō 20:1-11) Dilo tse di ntseng jalo tse di re gakololang ka maatla a a boitshegang a ga Jehofa le tlhokomelo ya gagwe e e lorato di naya Basupi ba gagwe mabaka a a utlwalang a go dumela mo go ene ba sa belaele.
Go Farologana le Medimo ya Disetwa
15. Pesalema 115 e ka tswa e ne e opelwa jang?
15 Pesalema 115 e re kgothaletsa go baka Jehofa le go mo ikanya. E bolela gore ke ene a segofatsang ebile o a thusa mme e supa gore medimo ya disetwa ga e thuse sepe. Pesalema eno e ka tswa e ne ya opelwa ba bangwe ba etla ba araba. Ke gore, lentswe le lengwe le ne le ka opela jaana: “Lona ba lo boihañ Yehofa, ikanyeñ Yehofa.” Phuthego e ka tswa e ne ya araba jaana: “Ke èna thushō ea bōnè le thèbè ea bōnè.”—Pesalema 115:11.
16. Jehofa o farologana jang le medimo ya disetwa ya merafe?
16 Ga re a tshwanela go ikgalaletsa mme re tshwanetse ra galaletsa leina la ga Jehofa, Modimo o o bopelonomi jo bo lorato, kana o o ikanyegang, le o o boammaaruri. (Pesalema 115:1) Baba ba ka nna ba botsa jaana ba sotla: “Ana . . . Modimo oa bōnè oa bo o le kae?” Mme lefa go ntse jalo batho ba ga Jehofa ba ka araba jaana: ‘Modimo wa rona o kwa magodimong o dira kafa o ratang ka gone.’ (Temana 2, 3) Lefa go ntse jalo, medimo ya disetwa ya merafe ga e kgone go dira sepe ka go bo ke ditshwantsho tse di tlhomilweng tse di dirilweng ke batho ka selefera le gauta. Le mororo e na le melomo, matlho, le ditsebe, ga e bue, e foufetse ebile ga e utlwe. E na le dinko mme ga e dupe, e na le maoto mme ga e kgone go tsamaya, e na le memetso mme ga e kgone go ntsha modumo ope. Bao ba dirang medimo ya disetwa e e senang maatla mmogo le bao ba e ikanyang ba tla swa fela jaaka yone.—Ditemana 4-8.
17. Ereka baswi ba ka se ka ba baka Jehofa, re tshwanetse go dira eng, mme re ka lebelela eng?
17 Morago ga foo go kgothadiwa gore go ikanngwe Jehofa jaaka Mothusi le Thebe ya Baiseraele, ya baperisiti ba ntlo ya ga Arone, le botlhe ba ba boifang Modimo. (Pesalema 115:9-11) Jaaka bao ba boifang Jehofa, re tlotla Modimo wa rona fela thata ebile re boifa go dira sepe se a sa se rateng. Ebile re dumela gore “eo o dihileñ legodimo le lehatshe” o segofatsa baobamedi botlhe ba gagwe ba ba ikanyegang. (Ditemana 12-15) Magodimo ke lefelo la setulo sa gagwe sa bogosi, mme lefa go ntse jalo Modimo o ne wa dira lefatshe legae la bosakhutleng la batho ba ba ikanyegang le ba ba utlwang. Ereka baswi ba ba sa bueng le ba ba sa ikutlweng ba ka se ka ba baka Jehofa, rona ba ba tshelang, re tshwanetse ra dira jalo re ineetse ebile re ikanyega ka botlalo. (Moreri 9:5) Bao ba bakang Jehofa ke bone fela ba ba tla itumelelang botshelo jo bo sa khutleng mme ba kgona go “baka Yehofa” ka bosakhutleng ba bua dilo tse di molemo ka ene ka “go ea bosakhutleñ.” Ka gone a re emeng re ikanyega le bao ba tla utlwang kgothatso eno: “Bakañ Yehofa.”—Pesalema 115:16-18.
Dinonofo Tse Di Molemolemo tsa ga Jehofa
18, 19. Dinonofo tsa ga Jehofa di mo farologanya le medimo ya maaka jang?
18 Go farologana le ditshwantsho tse di setilweng tse di sa tsheleng, Jehofa ke Modimo o o tshelang, oo o supang dinonofo tse di molemolemo. Ke lorato ka boene ebile ‘o tletse bopelotlhomogi, o tsalano, o bonya go galefa, ebile o letlotlo la boutlwelobotlhoko le boammaaruri.’ (Ekesodo 34:6; 1 Yohane 4:8) Abo a farologana thata jang ne le modimo o o setlhogo wa Bakanana ebong Moleke, oo o neng o isediwa ditlhabelo tsa bana! Go bolelwa gore setshwantsho sa modimo ono se ne se bopegile jaaka motho mme se na le tlhogo ya poo. Go begwa gore modimo ono wa disetwa o ne o gotediwa gore o nne bolelo, mme bana ba ne ba latlhelwa mo mabogong a one a a butsweng, ba wela mo molelong o o kwa tlase. Mme lefa go ntse jalo, Jehofa o lorato ebile o kutlwelobotlhoko mo kgopolo e e ntseng jalo ya gore batho ba ntshiwe ditlhabelo e iseng e ko e ‘tsoge mo pelong ya [gagwe].’—Yeremia 7:31.
19 Dinonofo tse dikgolo tsa ga Jehofa gape di akaretsa go nna tshiamo ka botlalo, botlhale, le go nna yo o maatla otlhe. (Duteronome 32:4; Yobe 12:13; Isaia 40:26) Go tweng ka medingwana ya ditlhamane? Medimo ya Bababelona e ne e rata go ipusolosetsa go na le gore e dire tshiamo. Medingwana ya Baegepeto e ne e se botlhale thata mme lefa go ntse jalo e ne e supiwa e na le makoa a a tshwanang le a batho. Seo ga se gakgamatse gonne medimo le medimo ya sesadi ya maaka e dirilwe ke batho ‘ba ba ithamakang’ batho ba ba bolelang gore ba botlhale. (Baroma 1:21-23) Medingwana ya Bagerika go bonala e ne e logelana maano a a bosula. Ka sekai, mo ditlhamaneng, Zeus o ne a dirisa maatla a gagwe ka tsela e e sa tshwanelang mme a tlosa rraagwe ebong Cronus mo setulong sa bogosi, yoo le ene a neng a tlositse rraagwe ebong Uranus mo setulong sa bogosi. Abo e le lesego jang ne go direla le go galaletsa Jehofa, Modimo o o tshelang wa boammaaruri, yoo a supang lorato, tshiamo, botlhale, le maatla a a tletseng!
Jehofa O Tshwanelwa Ke go Bakiwa ka Bosakhutleng
20. Kgosi Dafide o ne a ntsha mabaka afe a go bo a ne a baka leina la ga Jehofa?
20 Jaaka Dipesalema tsa Hallel di bontsha, Jehofa o tshwanetse go bakiwa ka bosakhutleng. Ka tsela e e tshwanang, ka nako ya fa Dafide le Baiseraele ba bangwe ba ne ba ntsha meneelo ya go aga tempele, o ne a bolela jaana fa pele ga phuthego: “A go bakwè wèna Yehofa, Modimo oa Iseraela, rra echo, ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae. Bogolo ke yoa gago, Yehofa, le thata, le kgalalèlō, le phenyo, le borèna: gonne cotlhe tse di kwa legodimoñ le tse di mo lehatshiñ ke tsa gago; bogosi ke yoa gago, Yehofa, me u goledicwe u le tlhōgō mo godimo ga cotlhe. Khumō le eōna tlotlō di cwa mo go wèna, me u busa botlhe hèla; me mo seatleñ sa gago go na le nonohō le bonatla; le go godisa go mo seatleñ sa gago, le go abèla botlhe thata. Me ke gōna yana, Modimo oa rona, rea gu leboga, re baka leina ya gago ye le galalèlañ.”—1 Ditihalō 29:10-13.
21. Tshenolō 19:1-6 e re naya bosupi bofe jwa gore Jehofa o bakiwa ke masomosomo a selegodimo?
21 Jehofa gape o tlile go galalediwa le go bakiwa ka bosakhutleng kwa magodimong. Moaposetoloi Johane o ne a utlwa “boidiidi yo bogolo yoa batho mo legodimoñ” bo re: “Haleloya! Poloka le kgalalèlō, le thata, ke tsa Modimo oa rona: Gonne dikatlholō tsa ōna di boamarure le tshiamō; gonne o sekisitse seaka se segolo [Babelona O Mogolo], se se kileñ sa bodisa lehatshe ka kgokahalō ea shōna, me o leheditse madi a batlhanka ba ōna mo seatleñ sa shōna. Mme ba bolela gape ba re: “Haleloya!” “Bagolwane ba ba mashomè mabedi le bonè, le ditshidi tse nnè,” le bone ba dira fela jalo. Lentswe le le tswang mo setulong sa bogosi le ne la re: “Bakañ Modimo oa rona, lona lotlhe batlhanka ba ōna, lona ba lo o boihañ, bannye le bagolo.” Morago ga foo Johane o ne a oketsa jaana: “Me ka utlwa ekete loshalaba loa boidiidi yo bogolo yoa batho, lo bile lo nntse yaka moshumō oa metse a le mantsi, lo bile lo nntse yaka ditumō tse dikgolo tsa maru, lo re, Haleloya! gonne Morèna Modimo oa rona, Mothataeotlhe, oa busa.”—Tshenolō 19:1-6.
22. Jehofa o tlile go bakiwa jang mo lefatsheng la gagwe le lesha le a le solofeditseng?
22 Abo go tshwanela jang ne go bo masomo a selegodimo a galaletsa Jehofa! Mo lefatsheng la gagwe le lesha le jaanong le leng gaufi, ba ba ikanyegang ba ba tla bong ba tsositswe mo baswing ba tla baka Jehofa le ba ba falotseng fa tsamaiso eno e senngwa. Dithaba tse di kwa godimo di tla tsholetsa ditlhogo tsa tsone di opela di baka Modimo. Dithaba tse ditalana le ditlhare tsa maungo di tla opela dipako tsa gagwe. Aitsane, sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang ebile se hema se tla baka leina la ga Jehofa mo pineng e kgolo ya Haleluja! (Pesalema 148) A lentswe la gago le tla utlwala mo boidiiding joo jo bo itumetseng? Le tla utlwala fa o direla Jehofa ka boikanyegi le batho ba gagwe. Seo e tshwanetse go nna boikaelelo jwa gago mo botshelong, ka go bo ke mang yo o tshwanang le Jehofa Modimo wa rona?
O Ne O Tla Araba Jang?
◻ Ke ka ntlha yang fa Jehofa Modimo a tshwanetse go bakiwa?
◻ Ke ka ditsela dife Jehofa a ka se kang a bapisiwa le sepe?
◻ Ke eng se se supang gore Jehofa o pelotlhomogi?
◻ Jehofa o farologana jang le medimo ya disetwa e e sa tsheleng le medingwana ya maaka?
◻ Ke ka ntlha yang fa re ka bolela gore Jehofa o tla bakiwa ka bosakhutleng kwa legodimong le mo lefatsheng?
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Dipesalema tsa Hallel di ne di opelwa fa go jewa dijo tsa Tlolaganyo