Bagolwane Sokololang Ba Bangwe ka Moya wa Bonolo
PELO ya Mokeresete wa mmatota e ka tshwantshiwa le tshimo ya semoya e e ungwang maungo a a molemo. Lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, bonolo, boikgapo, gantsi di tla tlhoga mo go yone. Go ka tla jang gore go se ka ga nna jalo? Gone mme ano ke maungo a moya o o boitshepo o o abiwang ke Jehofa Modimo a o naya batlhanka ba gagwe ba ba ineetseng. (Bagalatia 5:22, 23) Lefa go ntse jalo, Mokeresete mongwe yo o batlang go tshola tshingwana ya pelo ya gagwe e le lefelo le le itumedisang Rraagwe wa selegodimo o tshwanetse go tswelela a lwa ka natla kgatlhanong le mofero wa boleo jo re bo ruileng.—Baroma 5:5, 12.
Nako le nako go na le sengwe se se sa itumediseng seo se golang mo pelong e e sa itekanelang ya motho wa bomodimo. A ka tswa a na le rekoto e ntle thata ya semoya. Mme lefa go ntse jalo, go tlhaga bothata joo gongwe bo bakiwang ke go nna le ditsala tse di sa siamang kana mo go direng ditshwetso tse di seng botlhale. Bagolwane ba phuthego ba ka thusa motho yo o ntseng jalo jang semoyeng?
Kgakololo ya Seaposetoloi
Bagolwane ba tshwanetse go latela kgakololo eno ya ga moaposetoloi Paulo fa ba thusa Bakeresete ba ba dirileng diphoso: “Ba ga echo, leha motho a chwerwe mo tloloñ ñwe, lona ba lo leñ ba semōea, shokololañ eo o nntseñ yalo ka mōea oa bonōlō; u nntse u ipōna, e se re kgotsa le wèna ua raèlwa.” (Bagalatia 6:1) Fa modumedi yo mongwe a “chwerwe mo tloloñ ñwe” bagolwane ba na le boikarabelo jwa go mo thusa ka bonako jo bo ka kgonegang.
Paulo o bolela gore “motho” o tsaya kgato e e sa siamang. Lefa go ntse jalo, lefoko le le dirisitsweng fano la Segerika (anʹthro·pos) le ka kaya monna kana mosadi. Mme ke eng se se kaiwang kaga go ‘sokolola’? Lereo leno la Segerika (ka·tar·tiʹzo) le kaya “go dira gore selo se lebagane sentle.” Lefoko le le tshwanang le dirisediwa go roka matloa. (Mathaio 4:21) Le dira gape fa o dira gore leoto la motho yo o robegileng le boele mo mannong. Ngaka e dira seno ka kelotlhoko go tila go utlwisa molwetsi botlhoko go sa tlhokege. Ka tsela e e tshwanang go thusa mokaulengwe kana kgaitsadi gore a boele gape mo boemong jwa gagwe jwa semoya go tlhoka gore o nne kelotlhoko, botlhale, le kutlwelobotlhoko.
Bagolwane ba supa bomoya jwa bone ka go supa moya wa bonolo fa ba leka go sokolola mongwe. Eleruri Jesu yo o bonolo o ne a tla rarabolola dikgang tse di ntseng jalo ka bonolo. (Mathaio 11:29) Bagolwane ba tshwanetse go supa nonofo eno mo batlhankeng ba ga Jehofa ba ba tsereng kgato e e phoso gonne bone ka bobone ba ka nna ba dira boleo, go fapaana le seo dipelo tsa bone di ikaeletseng go se dira. Seno se ka diragala mo isagweng fa e le gore ga se a diragala mo nakong e e fetileng.
Banna bano ba ba tshwanelegang sentle semoyeng ba tshwanetse go ‘rwala merwalo’ ya baobamedi ba bangwe. Eleruri dipelo tsa bagolwane di batla go thusa mokaulengwe kana kgaitsadi mo go lweng le Satane, diteko, makoa a nama le matlhoko a a bakiwang ke boleo. Eno ruri ke nngwe ya ditsela tseo balebedi ba Bakeresete ba ‘diragatsang molao wa ga Keresete’ ka yone.—Bagalatia 6:2.
Banna ba ba tshwanelegang sentle semoyeng ba boikokobetso, ba lemoga gore “ha motho a ithaea, a re, o señwe, le morōrō a se sepè, oa itsietsa.” (Bagalatia 6:3) Lefa bagolwane ba ka leka ka natla jang go dira se se siameng le go thusa, ba tla nna ba tlhaela go nna kutlwelobotlhoko le lorato ka botlalo jaaka Morwa Modimo, Jesu Keresete. Mme lefa go ntse jalo seo ga se lebaka la gore ba se ka ba dira bojotlhe.
Bagolwane ba itse gore go tla bo go le phoso go bolela gore modumedi o phoso ba ikgogomositse, ba bua ka tsela ya gore bone ba botoka thata mo go ene! Eleruri Jesu o ne a ka se ka a dira jalo. Ka go bo, o ne a se ka a swela fela ditsala tsa gagwe mme gape le baba ba gagwe! Bagolwane ba leka go supa lorato ka tsela e e tshwanang fa ba leka go thusa bakaulengwe kana bokgaitsadi gore ba tswe mo bothateng mme ba ba atametse gaufi le Rraabone wa selegodimo le melao ya gagwe e e siameng. Ke dikgato dife tse di ka thusang bagolwane gore ba sokolole badumedi ka bone?
Dikgato Dingwe Tse Di Mosola
Ikaege ka Jehofa ka thapelo fa o ntse o bua le go dira ka tsela e e bonolo. Jesu o ne a le bonolo, a rapela Rraagwe wa selegodimo ka tlhoafalo gore a mo kaele, mme o ne a dira dilo tse di Mo itumedisang ka metlha. (Mathaio 21:5; Yohane 8:29) Bagolwane ba tshwanetse ba dira fela se se tshwanang fa ba leka go sokolola motho yo o tsereng kgato e e phoso. Jaaka modisa yo mmotlana yo o bonolo, mogolwane o tla kgothatsa le go aga ka puo ya gagwe a sa tshose motho. Fa go ntse go tlotliwa, o tla dira gore Mokeresete yo o tlhokang thuso a ikutlwe a gololesegile go bolela se a se akanyang. Thapelo e e rapelwang go tswa mo pelong e ka thusa thata gore go fitlhelelwe seo. Motho yo o newang kgakololo ka bonolo o tla bula pelo ya gagwe fa a itse gore, yoo a mo gakololang o batla go dira dilo tse di kgatlhang Modimo fela jaaka Jesu. Thapelo e e konelang e tla gatelela mo mothong yono gore go botlhokwa gore a dirise kgakololo e a e filweng ka lorato, ka bonolo.
Fa go sena go rapelwa akgola motho yoo ka tlhoafalo. O ka nna wa bua ka dinonofo tse di molemo tsa motho yono, jaaka go nna pelonomi, gore a ka ikanngwa kana gore ke senatla. Go ka nna ga umakiwa kafa a ileng a direla Jehofa ka teng ka boikanyegi, gongwe ka lobaka lwa dingwaga tse dintsi. Ka tsela eno re supa gore re a amega le gore re leba motho fela jaaka Keresete a mo leba. Jesu o ne a simolola molaetsa wa gagwe o o neng o ya kwa phuthegong ya Thiatira ka go e akgola a re: “Kea di itse ditihō tsa gago, le loratō loa gago, le tumèlō, le tihèlō le bopelotelele, le go re, ditihō tsa gago tsa moragō di heta tsa ntlha.” (Tshenolō 2:19) Mafoko ao a ne a tlhomamisetsa maloko a phuthego eo gore Jesu o ne a itse ditiro tse di molemo tse ba di dirang. Le mororo phuthego eo e ne e na le diphoso—e ne e mpampetsa tlhotlheletso ya ga “Yesebele”—gore e ne e dira sentle mo dikarolong tse dingwe, le gore Jesu o ne a batla gore bakaulengwe bao le bokgaitsadi ba itse gore ditiro tse ba neng ba di dira ka botlhaga di ne di ile tsa bonwa. (Tshenolō 2:20) Bagolwane ba tshwanetse go akgola ba bangwe ka tsela e e tshwanang fa go tshwanela.
O se ka wa leba kgato e e phoso e le masisi go feta kafa maemo a letlang ka teng. Bagolwane ba tshwanetse go sireletsa letsomane la Modimo mme ba tshole phuthego ya gagwe e le phepa. Mme lefa go ntse jalo dikgato dingwe tse di phoso tsa semoya tseo di tlhokang kgakololo e e gagametseng di ka rarabololwa go ya kafa motho a le mongwe kana ba babedi ba di bonang ka teng go sa bidiwe komiti ya katlholelo. Mo makgetlong a mantsi Mokeresete o ne a tsaya kgato e e phoso ka ntlha ya bokoa fela jwa gore ke motho eseng ka gore o ne a dira bosula ka boomo. Bagolwane ba tshwanetse go dirisana le letsomane ka bonolo mme ba gakologelwe seno: “Katlholō ga e na kutlwèlō botlhoko mo go èna eo o se kañ a ichupa kutlwèlō botlhoko: kutlwèlō botlhoko e belahalèla [“fenya,” NW] katlholō.” (Yakobe 2:13; Ditihō 20:28-30) Go na le go godisa dikgang, bagolwane ba tshwanetse go dirisana le badumedi ka bone ba ba ikwatlhayang ka bonolo, fela jaaka Modimo wa rona Jehofa a le pelotlhomogi le kutlwelobotlhoko.—Baefesia 4:32.
Supa gore o tlhaloganya dilo tse di ka tswang di bakile gore go tsewe kgato e e phoso. Bagolwane ba tlhoka go reetsa ka kelotlhoko fa modumedi ka bone a ba bolelela se se leng mo pelong ya gagwe. Ereka ‘Modimo o sa nyatse pelo e e phatlogileng le e e ngomogileng,’ le bone ga ba a tshwanela go dira jalo. (Pesalema 51:17) Gongwe go sa tshegediwe ke molekane mo maikutlong ke one modi wa bothata. Go tshwenyega thata mo maikutlong ebile e le ka lobaka lo loleele go ka tswa go ile ga koafatsa kafa a neng a nonofile ka teng mo maikutlong kana go dirile gore go nne bokete tota go dira ditshwetso tse di botlhale. Bagolwane ba ba lorato ba tla ela dintlha tse di ntseng jalo tlhoko, ka go bo le mororo Paulo a ne a kgothatsa bakaulengwe gore ba ‘tlhagise ba ba fuduang,’ o ne a ba kgothatsa gape jaana: “Pepetletsañ ba ba bokōa, lo nnè pelotelele mo go botlhe.” (1 Bathesalonia 5:14) Lefa gone bagolwane ba sa tshwanela go repisa melao e e siameng ya Modimo, ba tshwanetse go tsaya tsia dilo tse di supang fa kgang e se masisi fela jaaka Modimo a dira.—Pesalema 103:10-14; 130:3.
Tila go nyenyefatsa kafa Mokeresete yo mongwe a itlotlang ka teng. Ga re batle gore mokaulengwe kana kgaitsadi wa rona a ikutlwe a sena seriti kana go mo dira gore a ikutlwe gore ga se sepe. Go na le moo, go tlhomamisetsa motho gore re tshepha gore o na le dinonofo tsa Bokeresete le gore o rata Modimo go tla mo kgothatsa gore a baakanye phoso. Go lebega gore Bakorintha ba ne ba kgothalediwa gore ba nne pelotshweu ka nako ya fa Paulo a ne a bolelela ba bangwe a tlotlometse kaga “go iketleetsa” le “tlhōahalō” ya bone mo ntlheng eno.—2 Bakorintha 9:1-3.
Supa gore bothata bo ka fenngwa ka go ikanya Jehofa. Ee, leka go thusa motho ka tlhoafalo go bona gore go ikanya Modimo le go dirisa kgakololo ya Lefoko la Gagwe go tla mo thusa gore a sokologe. Puo ya rona e tshwanetse ya bo e ikaegile ka Dikwalo le dikgatiso tsa Bibela gore re kgone go dira seo. Mokgele wa rona o gabedi: (1) go thusa yoo a tlhokang thuso go bona le go tlhaloganya kafa Jehofa a lebang dilo ka teng le (2) go bontsha motho gore o ile a itlhokomolosa kana a palelwa go latela dikaelo tseno tsa bomodimo.
Gakolola ka Dikwalo o bo o botse dipotso tse di pelonomi mme di tlhamaletse. Seno se ka thusa thata mo go fitlheleleng pelo. Jehofa o ne a dirisa potso go dira gore batho ba Gagwe ba tlhaloganye gore ba ne ba fapogile jang mo tseleng a dirisa moperofeti wa gagwe Malaki. “A motho o ka thukhutha Modimo?” o ne a botsa jalo, a bo a oketsa jaana: “Leha go nntse yalo loa nthukhutha.” (Malaki 3:8) Go palelwa ga Baiseraele go ntsha karolo ya bolesome ya dijalo tsa bone jaaka ba ne ba laetswe mo Molaong wa ga Moshe go ne go tshwana fela le go thukhutha Jehofa. Go baakanya bothata jono, Baiseraele ba ne ba tshwanetse go dira seo ba neng ba tshwanetse go se dira mo kobamelong e e itshekileng ba dumela gore Modimo o ne a tla ba segofatsa thata. Bagolwane ba ka dirisa dipotso tse di dirang gore motho a akanye le tseo di akanyetsang go gatelela gore go dira selo se se siameng go akaretsa go ikanya Rraarona wa selegodimo le go mo ikobela. (Malaki 3:10) Go tsenya seo mo pelong ya motho go tla thusa mokaulengwe wa rona thata gore a ‘direle dinao tsa gagwe ditsela tse di siameng.’—Bahebera 12:13.
Gatelela melemo e e bonwang fa motho a amogela kgakololo. Kgakololo e e molemo e akaretsa go tlhagisa motho gore go latela tsela e e phoso go tla felela jang le go mo gakolola melemo e e bonwang fa motho a baakanya dilo. Fa Jesu a sena go naya phuthego ya kwa Laodikea e e neng e sule semoyeng kgakololo e e neng e e tlhoka thata o ne a ba tlhomamisetsa gore fa ba ne ba ka ikwatlhaela tsela ya bone ya pele mme ba nna barutwa ba ba tlhoafetseng, ba ne ba tla bona ditshiamelo tse di tlhomologileng, go akaretsa le go lebelela go busa le ene kwa magodimong.—Tshenolō 3:14-21.
Supa gore o kgatlhegela go bona gore a kgakololo e a dirisiwa. Fela jaaka ngaka e e molemo e tlhatlhoba nako le nako go bona gore a lerapo le e le buseditseng mo mmanong a lone le setse le siame, bagolwane ba tshwanetse go leka go bona gore a kgakololo ya Dikwalo e a dirisiwa. Ba ka nna ba ipotsa jaana: A o tlhoka go thusiwa go ya kwa pele? A kgakololo e tshwanetse go boelediwa gape, gongwe ka tsela e nngwe? Jesu o ne a tshwanela go gakolola barutwa ba gagwe kgapetsakgapetsa gore ba ikokobetse. O ne a leka go sokolola kafa ba neng ba akanya ka teng ka lobaka lo loleele, ka go ba gakolola, ka ditshwantsho, le ka go ba ruta ka dilo tse ba neng ba di bona. (Mathaio 20:20-28; Mareko 9:33-37; Luke 22:24-27; Yohane 13:5-17) Bagolwane ka tsela e e tshwanang ba ka thusa go tlhomamisa gore mokaulengwe kana kgaitsadi o sokologile tota ka go rulaganyetsa gore ba nne ba tlotle le ene ka Dikwalo morago ga foo e le gore motho a kgone go gatela pele gore a itekanele gape ka botlalo semoyeng.
Akgola motho mo dilong dipe fela tse a di baakantseng. Fa motho yo a neng a tsaya kgato e e phoso a leka go dirisa kgakololo ya Dikwalo ka tlhoafalo, mo akgole ka lorato. Seno se tla gatelela kgakololo ya kwa tshimologong ebile se ka nna sa mo kgothatsa gore a nne a baakanye. Paulo mo lokwalong lwa gagwe lwa ntlha lo a neng a lo kwalela Bakorintha, o ne a tshwanela go ba naya kgakololo e e gagametseng mo dikgannyeng di le mmalwa. Ka bonako fela fa Tito a sena go bolelela moaposetoloi ka dikgato tse di siameng tse di neng tsa tsewa ka ntlha ya lokwalo lwa gagwe, Paulo o ne a ba kwalela a ba akgola. “Yanoñ kea itumèla,” o ne a bolela jalo, “e señ ka go bo lo kile loa hutsahadiwa, me e le ka go bo lo hutsahadicwe loa ba loa ikwatlhaea: gonne lo hutsahadicwe kaha mokgweñ o o chwanetseñ poihomodimo.”—2 Bakorintha 7:9.
Lebaka la go Itumela
Ee, Paulo o ne a itumela fa a ne a utlwa gore kgakololo ya gagwe e ne e thusitse Bakorintha. Ka tsela e e tshwanang bagolwane ba metlha ya segompieno ba itumela thata fa modumedi ka bone a tlogela tsela e e phoso gonne a ne a tsaya kgato e e siameng fa ba ne ba mo thusa ka lorato. Eleruri ba ka itumelela go thusa Mokeresete yo o ikwatlhayang go khumola mefero e e mebitlwa ya boleo mo pelong ya gagwe gore maungo a bomodimo a kgone go tlhoga a le mantsi.
Fa bagolwane ba kgona go sokolola motho mongwe yo o neng a tsere kgato e e phoso, a ka nna a busiwa gore a tswe mo tseleng e e neng e tla senya bomoya jwa gagwe. (Bapisa Yakobe 5:19, 20.) Motho yo o thusitsweng ka tsela eo o tshwanetse go leboga Jehofa Modimo. A ka nna a bolela fa a lebogela ka boammaaruri thuso e e lorato, kutlwelobotlhoko, le go bo bagolwane ba ne ba mo tlhaloganya. Mme fa a sena go fola sentle semoyeng, botlhe ba ba amegang ba ka itumelela gore o ne a sokololwa ka moya wa bonolo.