LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 11/15 ts. 30
  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipotso Tse Di Tswang go Babadi
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu Keresete E ne E le Moperofeti yo o Tshwanang le Moshe ka Tsela Efe?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
  • Moshe—Kafa Botshelo Jwa Gagwe bo go Amang ka Teng
    Tsogang!—2004
  • Etsa Tumelo ya ga Moshe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2014
  • Go Anaanela Moshe yo Mogolwane
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 11/15 ts. 30

Dipotso Tse Di Tswang go Babadi

A Moshe mo go Bahebera 11:26 [NW], o bolelwa gore ke “Keresete,” kana a e ne e le Jesu Keresete wa mofuta mongwe?

Fa a ne a bolela ka tumelo ya ga Moshe, moaposetoloi Paulo o ne a bolela gore Moshe o ne a “tsaya go kgobiwa jaaka Keresete e le selo se se fetang dikhumo tsa Egepeto kgakala; ka go bo a ne a lebile fela tuelo.” (Bahebera 11:26, NW) Go lebega ekete Paulo o ne a bolela ka Moshe jaaka ekete ke “Keresete,” kana yo o tloditsweng ka tsela nngwe.

Re tshwanetse go dumela gore Moshe o ne a tlhoma sekao sa Mesia yo o tlang mo dikarolong tse dintsi. Le mororo Moshe ka boene e ne e le moperofeti, o ne a bolelela pele gore go tla tla moperofeti yo mogolwane ‘yo o tshwanang le ene.’ Bajuda ba bantsi ba ne ba lemoga gore Jesu e ne e le “moperofeti,” eleng seo balatedi ba gagwe ba neng ba tlhomamisa gore se ntse jalo. (Duteronome 18:15-19; Yohane 1:21; 5:46; 6:14; 7:40; Ditihō 3:22, 23; 7:37) Moshe gape e ne e le motsereganyi wa kgolagano ya Molao, mme lefa go ntse jalo Jesu o ne a amogela “tihèlō e e gaisañ” jaaka “motsereganyi oa kgōlaganō e e molemō bogolo,” kgolagano e ntšha e e galalelang. (Bahebera 8:6; 9:15; 12:24; Bagalatia 3:19; 1 Timotheo 2:5) Ka jalo mo dikarolong tse dingwe go ka bolelwa gore Moshe o ne a supa kafa Mesia yo o tlang a neng a tla nna ka teng.

Lefa go ntse jalo seo ga se sone selo se segolo seo se kaiwang ke Bahebera 11:26. Ga go na sepe se se supang gore Moshe o ne a itse dilo tse di amang Mesia, gore fa a ne a bolela dilo tse a neng a di boga kwa Egepeto o ne a bua a itse gore e ne e le ka ntlha ya Mesia kana gone gore o ne a Mo emela.

Batho bangwe ba ile ba akantsha gore mafoko a ga Paulo a a mo go Bahebera 11:26 a ne a kaya se se tshwanang le se se kaiwang ke mafoko a a neng a akgela ka one a gore Bakeresete ba ne ba ‘bogisediwa Keresete.’ (2 Bakorintha 1:5) Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba itse gore Jesu Keresete o ne a boga le gore fa ba ne ba ‘bogisiwa nae ba ne ba tla galalediwa nae’ kwa legodimong. Mme lefa go ntse jalo Moshe o ne a sa itse gore Mesia yo o tlang o ne a tla boga, ebile Moshe o ne a sa solofela gore o tla ya kwa legodimong.—Baroma 8:17; Bakolosa 1:24.

Go na le tsela e e motlhofo ya go tlhaloganya kafa Moshe a neng ‘a leba go kgobiwa jaaka Keresete e le khumo’ ka teng.

Ka nako ya fa Paulo a kwala “Keresete” mo go Bahebera 11:26, o ne a dirisa lefoko la Segerika Khri·stouʹ, leo le kayang selo se le sengwe fela le la Sehebera Ma·shiʹach, kana Mesia. “Mesia” mmogo le “Keresete” di kaya selo se le sengwe ebong “motlodiwa.” Ka jalo Paulo o ne a kwala gore Moshe ‘o ne a bogisiwa jaaka yo o tloditsweng.’ A Moshe a ka bidiwa “motlodiwa”?

Ee. Mo metlheng ya Bibela motho o ne a ka nna a newa maemo a a kgethegileng ka go mo tlotsa ka oli mo tlhogong. “Samuele a tsaea kurwana ea loukwane, a lo tshèla mo tlhogoñ ea ga Saule.” “Samuele a tsaea lonaka loa loukwane, a mo tlotsa [Dafide] mo gare ga bana ba ga rragwè: me mōea oa ga Yehofa oa tla mo go Dafide ka thata.” (1 Samuele 10:1; 16:13; bapisa Ekesodo 30:25, 30; Lefitiko 8:12; 2 Samuele 22:51; Pesalema 133:2.) Lefa go ntse jalo, bangwe jaaka moperofeti Elisha le kgosi ya Siria ebong Hasaele, ba bolelwa gore ke “batlodiwa” le eleng lefa go sena bosupi jwa gore ba ne ba tshelwa oli. (1 Dikgosi 19:15, 16; Pesalema 105:14, 15; Isaia 45:1) Ka gone, motho o ne a ka nna “motlodiwa” ka go tlhophiwa kana ka go romiwa ka tsela e e kgethegileng.

Ka tsela eno Moshe le ene e ne le motlodiwa wa Modimo, ebile Dibibela tse dingwe di ranola mafoko a a mo go Bahebera 11:26 ka mafoko a a tshwanang le “Motlodiwa wa Modimo” kana “Yo o Tloditsweng.” Moshe o ne a romilwe jaaka moemedi wa ga Jehofa le yo a neng a tla etelela Baiseraele pele go tswa mo Egepeto. (Ekesodo 3:2-12, 15-17) Le mororo Moshe a ne a goletse mo dikhumong le mo tlotlomalong ya Egepeto, o ne a tseela go tlhophiwa ga gagwe kwa godimo go go feta, mme o ne a go amogela a bo a go diragatsa. Go ne go tshwanetse he gore Paulo a kwale gore Moshe “o ne a tsaya go kgobiwa jaaka Keresete e le selo se se fetang dikhumo tsa Egepeto kgakala.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela