Totatota Efangele Ke Eng?
KA NAKO ya Keresemose batho mo dinageng di le dintsi ba utlwa le eleng go bua kaga Efangele bone ka bobone. Lefoko leno le tlwaelegile thata, mme a le na le bokao jo bo fetang jo ba le bantsi ba akanyang gore le na le jone? A Efangele e ka bolela sengwe se se molemo fela thata mo go wena le mo go ba o ba ratang?
“Efangele” e bolela “mafoko a a molemo,” mme tota mafoko a a molemo a amogelwa nako nngwe le nngwe mme eseng ka nako ya Keresemose fela. Mme lefa go ntse jalo, Efangele ya mmatota ga se mafoko mangwe le mangwe fela a a molemo. Ke mafoko a a molemo a a kgethegileng a a tswang motsweding mongwe o o tlhomameng ao a buang ka setlhogo se se rileng. Mme tota, ke molaetsa oo Modimo o rulagantseng gore o bolelelwe batho botlhe.
Mobishopomogolo Eugênio Salles, wa kwa Rio de Janeiro, kwa Brazil, o ne a bua kaga one mafoko a a molemo ao fa a ne a kgothatsa jaana: “Re tshwanetse go dira tumalanong le Efangele eseng go ya kafa rona re akanyang ka gone.” Mobishopomogolo o ne a opile kgomo lonaka. Lefa go ntse jalo, go dira tumalanong le Efangele go tlhokega gore re itse gore Efangele e raya eng. Re ka ithuta seo jang? Mme go dira tumalanong le Efangele go tla re thusa jang?
Efangele Ke Eng?
Gantsi ga go tlhaloganngwe sentle gore Efangele ke eng. Ka 1918 Federal Council of the Churches of Christ kwa Amerika e ne ya bitsa Lekgotla la Kgolagano ya Merafe le jaanong le sa tlholeng le le gone ba re ke letshwao la bopolotiki le le emelang Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng mme ba bile ba bontsha gore le ne le “thailwe mo Efangeleng.” Lekgotla leno le ile la palelwa ka tsela e e kgobang marapo go fitlhelela mokgele wa lone wa go boloka kagiso. Ka mo go phepafetseng, lekgotla leno le ne le iteile sefololetse. Lekgotla la Kgolagano ya Merafe le ne le sa amane ka gope le Efangele.
Mo dingwageng tsa bosheng jaana batshegetsi ba thutabodumedi ya kgololesego ba ile ba umaka Efangele ba gololesegile fela fa ba ntse ba bua ka diphetogo tseo ba akanyang go di dira mo dipolotiking kana tseo ba tla di direlang batho. Ka go dira jalo ba ne ba tlhokomologa Efangele e e leng ya mmatota. Makasine mongwe wa Brazil eleng Veja o ne wa akgela jaana: “Kereke ya Katoliki e ne ya simolola go rata puso ya motho, mme e tlhokomologa dilo tsa semoya tse di tlhokwang ke maloko a yone a bodumedi. Bao ba neng ba batla lefoko Modimo fa go rerwa gantsi ba ile ba fitlhela go buiwa fela mafoko a magolo a a leng kgatlhanong le go sa tshwarwe sentle ga batho.”
Go tokafadiwa ga maemo a botshelo kana phetogo nngwe mo mekgatlong ya bopolotiki e ka nna ya bo e le mafoko a a molemo mo go ba bangwe. Lefa go ntse jalo, ano ga se one mafoko a a molemo, Efangele ya mmatota. Fa mobishopo mongwe a ne a dumela ka moo kereke ya gagwe e paletsweng ka teng go rera Efangele e e leng ya mmatota o ne a bolela jaana: “Fa e sale re itlhokomolosa go ruta maloko a rona a bodumedi dilo tsa semoya ka bo1960 ka go bo thuto ya rona e kgorelediwa ke dilo tse di bonalang.”
Pego nngwe go tswa mo makasineng wa dikgang wa Time wa kwa U.S. e ne e bontsha gore Maporotesetanta le bone ba setse ba tlhokomologa Efangele. Makasine oo o akgela jaana: “Mekgatlho ya bodumedi e e latelang melao e e rileng ga e palelwe fela go dira gore melaetsa ya yone e tlhaloganngwe; ba nna ba sa tlhomamisege gore molaetsa oo ke eng.” Molaetsa wa bone o tshwanetse wa bua ka eng? Efangele ke eng?
Go Tlhalosa Efangele
Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary e tlhalosa “Efangele” jaaka “molaetsa o o buang ka Keresete, bogosi jwa Modimo, le ka poloko.” Lefoko “efangele” gape le tlhalosiwa jaaka “go ranolwa ga molaetsa wa Bokeresete (efangele ya batho)”; “molaetsa kana dithuto tse di rutiwang ke morutisi wa bodumedi.” A ditlhaloso tseno tsotlhe di siame? Nnyaa, eseng fa re bua ka Efangele ya mmatota. Efangele ya mmatota e thailwe mo Bibeleng; ka jalo ditlhaloso tsa ntlha tse tharo ke tsone fela tseo di siameng. Tse pedi tsa bofelo di bontsha fela tsela eo lefoko leno “efangele” le ntseng le dirisiwa ka yone gompieno.
Go dumalana le kgopolo eno, Vine’s Expository Dictionary of New Testament Words e bolela gore mo Dikwalong tsa Bokeresete tsa Segerika (“Tesetamente E Ntšha”), Efangele ya mmatota “e bua ka mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo le ka poloko e e tla tlang ka Keresete, eo e tla bonwang ke bao ba bontshang tumelo e e thailweng mo losong lwa Gagwe lo lo letlanyang.” Go botlhokwa go tlhaloganya seno ka gore go tlhaloganya mafoko a a molemo a boammaaruri sentle go amana thata le gore re itumele gone jaanong le mo isagweng.
Molaetsa O O Farologaneng
Jaaka fa go bontshitswe mo bukeng ya tshupiso fa godimo, Efangele e amana thata le Jesu Keresete—seno se ntse jalo mo e leng gore dipego tse nne tse di leng mo Bibeleng tse di buang kaga botshelo jwa gagwe jwa fa a ne a le mo lefatsheng di bidiwa dikwalo tse nne tsa Efangele. Go tswa fela kwa tshimologong ya botshelo jwa gagwe jaaka motho, dikgang tse di kaga Jesu e ne e le mafoko a a molemo. Moengele o ne a bolela jaana fa a ne a itsise gore o tshotswe: “Bōnañ, ke lo lereditse mahoko a a molemō [kana, efangele], a boitumèlō yo bogolo, yo bo tla dihalèlañ batho botlhe. Gonne, gompiyeno, . . . lo tsalecwe Mmoloki, eo e leñ Keresete Morèna.”—Luke 2:10, 11.
Jesu yo o neng a sa tswa go tsholwa o ne a tla gola go nna Keresete ebong Mesia yo o solofeditsweng. O ne a tla senola seo boikaelelo jwa Modimo ka poloko e leng sone, o ne a tla ntshetsa batho botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng, o ne a tla tsosiwa, mme morago ga moo a tlhophiwe jaaka Kgosi ya Bogosi jwa Modimo. Abo e le mafoko a a molemo eleruri! Ke ka ntlha ya moo molaetsa o o buang kaga gagwe o bidiwang Efangele.
Ka nako e khutshwane ya bodihedi jwa gagwe mo lefatsheng, Jesu o ne a rera mafoko a a molemo a tlhagafetse thata. Re bala jaana mo lokwalong lwa Efangele lwa ga Mathaio: “Me Yesu a tlhatlologanya metse le metsana eotlhe, a èta a ruta mo matluñ a bōnè a thutō, a rèra Mahoko a a Molemō a bogosi.” (Mathaio 9:35) O ne a sa rerele batho gore ba ikutlwe botoka. Mareko o bega fa Jesu a ne a bolela jaana: “Lobaka lo hitlhile, e bile bogosi yoa Modimo bo atametse: ikwatlhaeeñ, lo dumèlè Mahoko a a Molemō.” (Mareko 1:15) Ee, bao ba neng ba arabela mme ba utlwa mafoko a a molemo ba ile ba lemoga gore a ile a fetola matshelo a bone.
Fa Jesu a sena go swa, balatedi ba gagwe ba ile ba tswelela ba ntse ba rera Efangele. Ga ba a ka ba bua kaga Bogosi fela mme ba ile ba oketsa seo ka dikgang tse di itumedisang tsa gore Jesu o ne a tsositswe gore a ye go nna kafa letsogong le legolo la Modimo kwa legodimong le gore o ne a duetse tlhwatlhwa ya botshelo jwa gagwe jo bo itekanetseng jo a bo ntsheditseng batho. Jaaka yo o neng a tlhophilwe ke Modimo gore a buse mo lefatsheng lotlhe jaaka Kgosi ya Bogosi jwa Modimo, o ne a tla nna Moemedi wa Modimo yo o tla bolayang baba ba Modimo le go busetsa lefatshe go nna paradaise gape.—Ditihō 2:32-36; 2 Bathesalonia 1:6-10; Bahebera 9:24-28; Tshenolō 22:1-5.
Gompieno, mafoko a a molemo a akaretsa tshedimosetso e nngwe e e botlhokwa. Go ya ka bosupi jo bo leng teng jwa go diragadiwa ga boperofeti, Jesu jaanong o setse a tlhomilwe jaaka kgosi mme re tshela mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo. (2 Timotheo 3:1-5; Tshenolō 12:7-12) Nako ya gore Bogosi bo tseye kgato kgatlhanong le baba ba Modimo e ntse e akofa thata. Ke mafoko afe a a molemo go gaisa ano a a ka nnang teng?
Re tla bona mo setlhogong se se latelang ka moo Efangele e leng maatla ka teng. E ne ya thusa mosadi mongwe yo o neng a na le bothata jwa tirisabadimo mme a bona kgololesego. E ne ya thusa monna mongwe yo o neng a le kwa kgolegelong ka ntlha ya go thukutha gore a bone boitumelo. Mme le wena e ka go solegela molemo thata—fa o ka reetsa le go dira se mafoko a a molemo a go laelang go se dira.