LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w92 12/15 ts. 8-13
  • Jehofa, Modiri wa Dilo Tse Di Gakgamatsang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jehofa, Modiri wa Dilo Tse Di Gakgamatsang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • O A Bogisiwa Mme Lefa Go Ntse Jalo O A Itshoka
  • Go Atamalana Thata le Jehofa
  • Bomolemo jwa ga Jehofa
  • Ditiro Tse Di Sa Tshwaneng le Dipe tsa ga Jehofa
  • Bogolo jwa ga Jehofa
  • Go Tsamaya ka Pelo E E Kitlaneng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Jehofa O Tshwanetse go Bakiwa ka Bosakhutleng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
  • Jehofa—Sekao se Segolo Thata sa Bomolemo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Jehofa O na Le Bopelonomi jo Bogolo Jwa Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
w92 12/15 ts. 8-13

Jehofa, Modiri wa Dilo Tse Di Gakgamatsang

“Gonne u mogolo, me u diha ditihō tse di gakgamatsañ: U Modimo o osi.”—PESALEMA 86:10.

1, 2. (a) Dilo tse motho a di ribolotseng di amile lefatshe jang? (b) Ke kae koo re ka bonang tsholofelo ya dilo tse di molemo teng?

BATHO ba segompieno ba ka ipelafatsa ka dilo tse di gakgamatsang tse ba di dirileng—dilo tse di dirisang motlakase, megala ya ditlhaeletsano, di-video, dikoloi, mesepele ya dijete, le boranyane jwa dikhomputara. Seno se dirile gore lefatshe le nne selo se le sengwe fela. Mme abo le le selo se le sengwe jang ne! Batho ba tlhasetswe ke dintwa, bokebekwa, borukhutli, kgotlelo, malwetsi, le go humanega, mo ba ka bong ba na le kagiso, ba gatela pele, ebile botlhe ba na le dilo tse ba di tlhokang. Le mororo palo ya dibetsa tsa nuklea tse di tletsetletseng mo lefatsheng e sa tlhole e le kwa godimo, dibetsa tseo di santse di ka nyeletsa losika lwa motho. Babapatsi ba loso, eleng ba ba rekisang dibetsa, ba santse ba na le kgwebo e kgolo go gaisa tsotlhe tse di mo lefatsheng. Bahumi ba nnela go humela pele, mme bahumanegi ba humanegela pele. A go na le motho yo a ka rarabololang seno?

2 Ee! Ka go bo go na le Mongwe yo o tlhomamisang gore a ka ba golola, “eo o godimo ga eo o godimo,” Jehofa Modimo. (Moreri 5:8) O ne a tlhotlheletsa gore go kwalwe dipesalema tse di gomotsang thata le tseo di gakololang ka botlhale fa motho a ngomogile pelo. Nngwe ya tsone ke Pesalema 86, e kwa godimo e kwadilweng mafoko a a motlhofo a a reng: “Morapèlō oa ga Dafide.” Ke thapelo e le wena o ka e rapelang.

O A Bogisiwa Mme Lefa Go Ntse Jalo O A Itshoka

3. Mo metlheng eno ya rona, Dafide o re tlhomela sekao sefe se se kgothatsang?

3 Dafide o ne a kwala pesalema eno ka nako ya fa a ne a bogisiwa. Rona bao gompieno re tshelang “mo metlheñ ea bohèlō” ya tsamaiso eno ya ga Satane, mo ‘dipakeng tse di tlhokofatsang,’ re tlile go lekwa ka tsela e e tshwanang. (2 Timotheo 3:1; bona gape Mathaio 24:9-13.) Fela jaaka rona, Dafide o ne a tlhobaela le go tshwenyega thata mo maikutlong ka ntlha ya mathata a a neng a mo tlela. Mme lefa go ntse jalo ga a ka a letla diteko tse di ntseng jalo go koafatsa kafa a neng a ikanya Mmopi wa gagwe ka teng. O ne a tlhaeletsa jaana: “Sekèga tsèbè ea gago, [Jehofa wa me, NW], me u nkarabe: gonne ke humanegile, kea tlhōka. Dibèla mōea oa me: gonne ke moetsa Modimo: wèna Modimo oa me, boloka motlhanka wa gago eo o gu ikantseñ.”—Pesalema 86:1, 2.

4. Re ka supa jang gore re a mo tshepa?

4 Re ka tlhomamisega fela jaaka Dafide gore “Modimo oa kgomoco eotlhe,” Jehofa, o tla sekegela tsebe ya gagwe mo lefatsheng mme a reetse dithapelo tsa rona tse di rapelwang ka boikokobetso. (2 Bakorintha 1:3, 4) Re ka latela kgakololo eno ya ga Dafide re ikantse Modimo wa rona tota: “Latlhèla morwalō oa gago mo go Yehofa, me o tla gu kokotletsa: ga a ketla a leseletsa mosiami gopè go tshikiñwa.”—Pesalema 55:22.

Go Atamalana Thata le Jehofa

5. (a) Dithanolo dingwe tse di ranolang ka kelotlhoko di ile tsa fetola diphoso tsa bakwadi ba Bajuda jang? (b) Pesalema ya 85 le ya 86 di tlotlomatsa Jehofa jang? (Bona ntlhanyana e e kwa tlase.)

5 Mo Pesalemeng ya 86, Dafide o bolela polelwana eno “Jehofa wa me,” (NW) ka makgetlo a le 11. Abo thapelo ya ga Dafide e le e e tswang mo pelong jang ne mme abo a atamalane thata le Jehofa jang ne! Moragonyana, go dirisa leina la Modimo ka tsela eo e e supang gore ba atamalane thata e ne ya nna sengwe seo bakwadi ba Bajuda ba neng ba sa se rate, segolobogolo ba Sopherim. Ba ile ba tsenya batho poifo ya tumelabotlhodi ya gore ba se ka ba dirisa leina leo ka tsela e e sa tshwanelang. Ba ne ba tila go bolela dinonofo tsa Modimo tse le batho ba nang le tsone, ka ntlha ya go itlhokomolosa ntlha ya gore motho o ne a dirilwe mo setshwanong sa Modimo. Ka jalo mo makgetlong a le 7 mo go a le 11 ao leina la Modimo le tlhagelelang ka one mo ditemaneng tsa Sehebera tsa pesalema eno fela, ba ne ba emisetsa leina YHWH (Jehofa) ka lereo ʼAdho-naiʹ (Morena). Re tshwanetse go leboga tota go bo New World Translation of the Holy Scriptures, mmogo le dithanolo tse dingwe tse di ranolang dilo ka kelotlhoko di ile tsa busetsa leina la Modimo fa le tshwanetseng go nna teng mo Lefokong la Modimo. Seno se felela ka gore kamano ya rona le Jehofa e gatelelwe jaaka e tshwanetse.a

6. Re ka supa ka ditsela dife gore leina la ga Jehofa le botlhokwa thata mo go rona?

6 Thapelo ya ga Dafide e tswelela jaana: “Nkutlwèla botlhoko, [Jehofa wa me, NW] gonne ke tlhōla ke biletsa kwa go wèna letsatsi yeotlhe hèla. Itumedisè mōea oa motlhanka oa gago; gonne ke choleletsa mōea oa me koñ go wèna, Yehofa.” (Pesalema 86:3, 4) Ela tlhoko gore Dafide o ne a bua le Jehofa “letsatsi yeotlhe hèla.” Eleruri o ne a tlhola a rapela bosigo jotlhe jaaka ka nako ya fa a ne a kgarakgatshega mo nageng. (Pesalema 63:6, 7) Ka tsela e e tshwanang le gompieno, Basupi bangwe ba ile ba lela ba goela kwa go Jehofa fa ba ne ba tshosediwa gore ba tla betelelwa kana ba tlhaselwa ke dinokwane. Ka dinako tse dingwe ba ile ba gakgamadiwa ke go bona matswela a a itumedisang.b Leina la ga Jehofa le botlhokwa thata mo go rona, fela jaaka le ne le le botlhokwa mo go “Yesu Keresete, morwa Dafide,” ka nako ya fa a ne a le mo lefatsheng. Jesu o ne a ruta barutwa ba gagwe gore ba rapelele gore leina la ga Jehofa le itshepisiwe a bo a ba itsise gore leina leo le kaya eng.—Mathaio 1:1; 6:9; Yohane 17:6, 25, 26.

7. Ke dikao dife tse re nang le tsone tseo di supang gore Jehofa o ne a itumedisa meya ya batlhanka ba gagwe, mme re tshwanetse ra dira eng?

7 Dafide o ne a itumedisa moya wa gagwe, ene ka boene o ne a itumela mo go Jehofa. O re kgothaletsa gore re dire se se tshwanang ka go bolela jaana mo go Pesalema 37:5: “Pitikèla tsela ea gago mo go Yehofa; u bo u mo ikanyè, me o tla go dihatsa.” Ka gone Jehofa o tla re araba fa re mo kopa gore a dire gore meya ya rona e itumele. Batlhanka ba bantsi ba ba bolokang bothokgami ba ga Jehofa ba tla tswelela ba itumela mo tirelong ya gagwe—le mororo ba na le mathata, ba bogisiwa, ebile ba lwala. Bakaulengwe ba rona ba ba nnang mo dikarolong tse di kgautlhantsweng ke ntwa tsa Afrika, Angola, Liberia, Mozambique, le Zaire, ba ile ba tswelela ba baya go direla Jehofa kwa pele mo matshelong a bone.c Eleruri o ile a dira gore ba itumelele go roba dilo tse dintsi tsa semoya. Re tshwanetse go itshoka fela jaaka bone. (Baroma 5:3-5) Re tlhomamisediwa jaana fa re ntse re itshoka: “Gonne pōnatshègèlō e sa nntse e na le lobaka lo lo laocweñ, me e be e itlhaganèlèla bokhutlō . . . ga e ketla e dièga.” (Habakuke 2:3) A le rona re ‘itlhaganeleleng kwa bokhutlong’ re tshepa Jehofa ebile re mo ikanya.

Bomolemo jwa ga Jehofa

8. Re ka kgona go atamalana le Jehofa jang, mme o ile a itshupa jang gore o molemo?

8 Dafide o kopa gape jaana a tlhoafetse a le tlhaga: “[Jehofa wa me, NW] u molemō, u iketleeditse go ichwarèla; u bile u letlōtlō ya boutlwèlō botlhoko mo go botlhe ba ba gu bitsañ. [Jehofa wa me, NW] beèla morapèlō oa me tsèbe; u bo u reetsè lencwe ya mekokotlèlō ea me, Ke tla re mo letsatsiñ ya tlalèlō ea me ke gu bitse; gonne u tla nkaraba.” (Pesalema 86:5-7) “Jehofa wa me”—polelwana eno e e supang go atamalana e tsosa maikutlo a rona gangwe le gape! Ke go atamalana go go ka tlhagolelwang ka metlha ka thapelo. Dafide o ne a rapela jaana ka nako nngwe: “U se ka ua gakologèlwa maleo a yale ke sa le lekau, leha e le ditlolō tsa me: u nkgakologelwè kaha bopelonomiñ yoa gago yoa loratō, ka ntlha ea molemō oa gago, Yehofa.” (Pesalema 25:7) Jehofa o molemo tota, o ne a supa seo ka go ntsha Jesu jaaka thekololo, ka go supetsa baleofi ba ba ikwatlhayang kutlwelobotlhoko, le ka go supetsa Basupi ba gagwe ba ba ikanyegang le ba ba anaanelang bopelonomi jo bo lorato.—Pesalema 100:3-5; Malaki 3:10.

9. Baleofi ba ba ikwatlhaileng ba tshwanetse go akanyetsa mafoko afe a a ba tlhomamisetsang?

9 A re tshwanetse go tshwenyega thata mo maikutlong ka diphoso tse re kileng ra di dira mo nakong e e fetileng? Fa e le gore gompieno re tlhamalatsa ditsela tsa rona, re tla nna le se se re tshegetsang fa re gakologelwa mafoko a ga moaposetoloi Petere a a neng a tlhomamisetsa ba ba ikwatlhaileng gore Jehofa o tla ba naya “metlha ea thudishō.” (Ditihō 3:19) A re nneng re atamalane le Jehofa ka go mo rapela ka Morekolodi wa rona Jesu, yoo a neng a bolela jaana ka lorato: “Tlañ kwano go nna lotlhe ba lo lapileñ, ba lo imèlwañ, me ke tla lo lapolosa. Ipeleseñ yokwe oa me, lo ithutè ga me, gonne ke bonōlō le boiñōtlō mo peduñ: me lo tla bōnèla meōea ea lona tapologō.” Jaaka fa Basupi ba ba ikanyegang gompieno ba rapela Jehofa ka leina le le tlotlegang la ga Jesu, eleruri ba a lapolosiwa.—Mathaio 11:28, 29; Yohane 15:16.

10. Buka ya Dipesalema e tlotlomatsa bopelonomi jo bo lorato jwa ga Jehofa jang?

10 Buka ya Dipesalema e bolela kaga “boutlwèlō botlhoko” jwa ga Jehofa ka makgetlo a a fetang lekgolo. Boutlwelobotlhoko jo bo ntseng jalo eleruri bo bogolo thata! Mo ditemaneng tsa yone tse nne tsa ntlha, Pesalema ya 118 e ikuela mo batlhankeng ba Modimo gore ba leboge Jehofa, e boeletsa ka makgetlo a le mane gore “boutlwèlō botlhoko yoa gagwè bo eme ka bosakhutleñ.” Pesalema ya 136 e umaka nonofo ya gagwe e e dirang gore re mo rate ya “boutlwèlō botlhoko” ka makgetlo a le 26. Lefa re ka dira diphoso ka ditsela dife—le jaaka Yakobe 3:2 e bolela, “re tle re kgocwe rotlhe mo diloñ di le dintsi”—a re nneng re ntse re iketleeditse go kopa Jehofa gore a re itshwarele, re tlhomamisegile gore o tla re tlhomogela pelo le go re utlwela botlhoko. Kutlwelobotlhoko ya gagwe e supa gore o re rata thata. Fa re tswelela re dira thato ya Modimo ka boikanyego, o tla re supetsa lorato lwa gagwe lo lo ikanyegang ka go re nonotsha gore re kgone go itshokela teko nngwe le nngwe.—1 Bakorintha 10:13.

11. Kgato e e tsewang ke bagolwane e ka thusa go tlosa maikutlo a go ikutlwa molato jang?

11 Ka dinako tse dingwe re ka nna ra kgopisiwa ke ba bangwe. Bangwe bao ba ileng ba sotliwa mo maikutlong kana mo mmeleng ka nako ya fa e ne e le bana ba santse ba ikutlwa ba le molato kana ba ikutlwa e se batho ba sepe. Motho yo o kileng a diragalelwa ke dilo tseo a ka bolelela Jehofa, a tlhomamisegile gore o tla mo araba. (Pesalema 55:16, 17) Mogolwane yo o pelonomi a ka nna a thusa motho yo o ntseng jalo gore a dumele ntlha ya gore e ne e se molato wa gagwe. Morago ga foo, mogolwane yoo a ka thusa motho yo o ntseng jalo ka go nna a mo leletsa mogala go fitlha fa kwa bokhutlong a kgona go “ithwalèla morwalō oa gagwè.”—Bagalatia 6:2, 5.

12. Go ngomoga pelo go ile ga oketsega jang, mme lefa go ntse jalo re ka kgona go go itshokela jang?

12 Go na le maemo a mangwe gape a mantsi a a ngomolang pelo ao a tlhagelang batho ba ga Jehofa gompieno. Lefatshe leno le ile la tlhaselwa ke matlhotlhapelo a magolo go tloga ka Ntwa ya Lefatshe I ka 1914. Jaaka fa Jesu a ne a bolelela pele e ne e le “tshimologō ea botlhoko yoa pèlèga.” Dilo tse di ngomolang pelo di ile tsa oketsega jaaka re ntse re tsenelela thata mo metlheng eno ya “bokhutlō yoa lehatshe.” (Mathaio 24:3, 8) ‘Lobaka lo lokhutshwane’ lo lo saletseng Diabolo le lebile fela kwa bokhutlong jwa lone jwa makgaolakgang. (Tshenolō 12:12) Jaaka “tau e e dumañ” e e batlang se e ka se jang, Mmaba wa rona o mogolo o dirisa maano gore a re ntshe mo letsomaneng la Modimo mme a re bolaye. (1 Petere 5:8) Mme ga a kitla a atlega! Ka go bo rona fela jaaka Dafide, re ikantse Modimo oa rona o o osi, Jehofa, ka botlalo.

13. Batsadi le bana ba ka dira gore ba solegelwe molemo ke bomolemo jwa ga Jehofa jang?

13 Ga go na pelaelo gore Dafide o ne a tlhotlheleditse pelo ya morwawe ebong Solomone gore a kgone go bona gore go botlhokwa gore a ikaege ka bomolemo jwa ga Jehofa. Ke gone ka moo Solomone le ene a neng a bolelela morwawe jaana: “U ikanyè Yehofa ka pelo eotlhe ea gago, me u se ua ikaèga tlhaloganyō ea gago hèla: Mo ditseleñ cotlhe tsa gago u ipolèlè èna, me o tla siamisa ditselana tsa gago. U se ka ua nna botlhale mo matlhoñ a gago; boiha Yehofa, u bo u kgaoganè le boshula.” (Diane 3:5-7) Ka tsela e e tshwanang gompieno batsadi ba tshwanetse go ruta bana ba bone kafa ba ka rapelang Jehofa ka teng ba mo ikanya le kafa ba ka itshokelang go tlhaselwa ke lefatshe leno le le setlhogo ka teng—jaaka go emelana le go gatelelwa ke bankane kwa sekolong le go raelwa go dira boitsholo jo bo sa siamang. Go dirisa melaometheo ya boammaaruri mo botshelong le bana ba gago letsatsi le letsatsi go ka gatelela mo dipelong tsa bone gore ba rate Jehofa tota mme ba ikaege ka ene ka thapelo.—Duteronome 6:4-9; 11:18, 19.

Ditiro Tse Di Sa Tshwaneng le Dipe tsa ga Jehofa

14, 15. Ke ditiro dife tse dingwe tsa ga Jehofa tse di ka se kang tsa bapisiwa le dipe?

14 Dafide o bolela jaana a tlhatswegile pelo tota: “Ga go na opè o o chwanañ nau mo medimoñ [Jehofa wa me, NW], le gōna ga go na ditihō dipè tse di chwanañ le ditihō tsa gago.” (Pesalema 86:8) Ditiro tsa ga Jehofa di dikgolo, di molemo thata, di tlotlometse go feta kafa motho a ka akanyang ka teng. Fa lobopo lo lo tlhodilweng lo lejwa ka dilo tsa segompieno tsa saense—lo ile lwa itshupa ka bogolo jwa lone, go dira ga lone ka thulaganyo, bontlentle jwa lone gore lo logolo thata go feta jaaka Dafide a ne a akanya. Lefa go ntse jalo, o ile a tlhotlheletsega go bolela le eleng jaana: “Magodimo a bolèla kgalalèlō ea Modimo; phuthologō e shupa tihō ea diatla tsa ōna.”—Pesalema 19:1.

15 Dilo tse Jehofa a di dirileng di supiwa gape gore di molemo thata ka tsela e a di beileng ka yone le kafa a dirileng lefatshe ka teng, a bo a dira gore go nne le motshegare le bosigo, go nne ditlha, go nne nako ya go jala peo le ya go roba, mmogo le dilo tse dintsintsi tse motho a tla di itumelelang mo isagweng. Mme abo rona ka borona re dirilwe ka tsela e e gakgamatsang ebile re neilwe dilo tse di molemolemo jang ne, mo e leng gore re kgona go itumelela dilo tse di re dikologileng tse Jehofa a di dirileng!—Genesise 2:7-9; 8:22; Pesalema 139:14.

16. Jehofa o supa bomolemo jwa gagwe ka tsela efe e kgolo, mme seo se dira gore a dire ditiro dife gape tse di ka se kang tsa tshwantshiwa le dipe?

16 Fa batsadi ba rona ba ntlha ba sena go tlola molao wa Modimo, ba ile ba dira gore lefatshe le simolole go nna le matlhotlhapelo a a santseng a le teng le go fitlha gompieno, Jehofa o ne a tlhotlhelediwa ke lorato go dira tiro e e molemolemo ya go romela Morwawe mo lefatsheng gore a tle go bolela ka Bogosi jwa Modimo le go swa jaaka thekololo ya batho. A kgakgamatso ya dikgakgamatso! Go tswa foo Jehofa o ne a tsosa Keresete gore a tle a buse mmogo le ene jaaka mongwe yo a mo tlhophetseng go nna Kgosi mo nakong e e tlang. (Mathaio 20:28; Ditihō 2:32, 34) Modimo o ile wa tlhopha “sebopiwa se sesha” mo bathong ba ba ikanyegang go tla go busa le Keresete jaaka “legodimo ye lesha” le le tla busang “lefatshe ye lesha” le le tla bong le akaretsa dibilione tsa batho ba ba tla bong ba tsositswe mo mabitleng. (2 Bakorintha 5:17; Tshenolō 21:1, 5-7; 1 Bakorintha 15:22-26) Dilo tse Jehofa a di dirileng jaanong di tla konelwa ka go galalediwa! Eleruri re ka tlhaeletsa jaana: “[Jehofa wa rona, NW] ana molemō oa gago o mogolo yañ, o u o beetseñ ba ba gu boihañ.”—Pesalema 31:17-19.

17. Pesalema 86:9 e diragadiwa jang jaanong mabapi le ditiro tsa ga Jehofa?

17Dilo tse Jehofa a di dirang mo motlheng wa jaanong di akaretsa seno se Dafide a se tlhalosang mo go Pesalema 86:9: “Merahe eotlhe e u e dihileñ e tla tla, e ōbama ha pele ga gago; [Jehofa wa me, NW] ke tla galaletsa leina ya gago.” Fa a sena go tlhopha ba ba neng ba santse ba setse ba sebopiwa se sesha go tswa mo bathong ebong “lecomanyane” la baruboswa ba Bogosi, Jehofa o ile a tswelela a phutha go tswa mo ‘morafeng mongwe le mongwe’ “boidiidi yo bogolo” jwa “dinku di sele,” dimilione tse di dumelang mo mading a a tsholotsweng a ga Jesu. Bano o ile a ba dira phuthego e e tlhaga, eo e leng yone fela setlhopha se se leng mo kgolokweng yotlhe se se ratang kagiso mo lefatsheng gompieno. Fa a bona seno, masomosomo a legodimo a ikoba fa pele ga Jehofa a bolela jaana: “Pakō, le kgalalèlō, le botlhale, le malebogō, le tlotlō, le nonohō, le thata, di nnè go Modimo oa rona ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” Boidiidi jo bogolo le jone bo galaletsa leina la ga Jehofa, bo mo direla “motshegare le bosigo,” bo solofetse go falola fa lefatshe leno le nyelediwa mme bo tshelela ruri mo lefatsheng la paradaise.—Luke 12:32; Tshenolō 7:9-17; Yohane 10:16.

Bogolo jwa ga Jehofa

18. Jehofa o ile a supa jang gore ene ke “Modimo o osi”?

18 Morago ga foo Dafide o bolela gore Jehofa ke Modimo o o ntseng jang, a re: “Gonne u mogolo, me u diha ditihō tse di gakgamatsañ: U Modimo o osi.” (Pesalema 86:10) Jehofa o ile a nna a supa gore eleruri ke “Modimo o osi” go tloga bogologolo. Faro wa kwa Egepeto ke ene yoo a neng a gwetlha Moshe jaana a le pelokgale: “Yehofa e be e le mañ, ha ke ka reetsa lencwe ya gagwè ka lesa Baiseraela ba tsamaea? ga ke itse Yehofa.” Mme lefa go ntse jalo o ile a itse gore Jehofa o mogolo go le kana kang ka bonakonyana fela! Modimo Mothatayotlhe o ne wa nyenyefatsa medimo ya Baegepeto le baperesiti ba bone ba ba dirang dikgakgamatso ka go romela dipetso tse di neng tsa felela ka matlhotlhapelo, di bolaya barwa ba maitibolo ba Baegepeto, le go bolaela Faro le masole a gagwe a a nonofileng mo Lewatleng Le Lehibidu. Eleruri ga go na ope yo o tshwanang le Jehofa mo medimong yotlhe!—Ekesodo 5:2; 15:11, 12.

19, 20. (a) Pina e e mo go Tshenolō 15:3, 4 e tla opelwa thata leng? (b) Re ka nna le seabe jang mo tirong ya ga Jehofa le gone jaanong?

19 Ereka e le ene Modimo fela, Jehofa o ne a tswelela a dira dilo tse di gakgamatsang a golola baobamedi ba gagwe ba ba kutlo go tswa mo go Egepeto wa segompieno—lefatshe la ga Satane. O ile a dira gore dikatlholo tsa gagwe tsa bomodimo di bolelwe mo lefatsheng lotlhe jaaka bosupi ka letsholo le legolo go a gaisa otlhe la go rera mo hisitoring, ka go dira jalo a diragatsa boperofeti jwa ga Jesu jo bo mo go Mathaio 24:14. “Bokhutlō” bo tshwanetse go tla ka bonako, yone nako eo Jehofa a tla itshupang ka yone gore o mogolo ka selekanyo se segolo thata ka go nyeletsa boikepo jotlhe jo bo mo lefatsheng. (Pesalema 145:20) Morago ga foo pina ya ga Moshe le pina ya Kwana di tla fitlha kwa setlhoeng sa tsone jaana: “Ditihō tsa gago di dikgolo di bile di kgakgamaco, Morèna, Modimo, Mothataeotlhe; ditsela tsa gago di tshiamō le boamarure, Kgosi ea metlha. Morèna, emañ eo o se ketlañ a boiha a galaletsa leina ya gago? gonne u boitshèpō u le wesi.”—Tshenolō 15:3, 4.

20 A re nneng tlhaga go bolelela ba bangwe ka maikaelelo ano a magolo a Modimo. (Bapisa Ditihō 2:11.) Jehofa o tla tswelela a dira dilo tse dikgolo le tse di gakgamatsang mo motlheng ono wa rona le mo isagweng jaaka setlhogo sa rona se se latelang se tla tlhalosa.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a Buka nngwe ya 1874 e e akgelang ka Bibela e tsopola seno se se neng sa bolelwa ke Andrew A. Bonar jaana: “Go na le go le gontsi tota goo go neng ga senolwa kaga tsela e e sa tlwaelegang e Modimo o ntseng ka yone, leina la gagwe le le galalelang, kwa bofelong jwa Pesalema ya bofelo ya [85]. Seno se re naya lebaka la go bo e latelwa ke e nngwe, ‘Thapelo ya ga Dafide,’ e e batlang e tletse ka tsela e e tshwanang ka dipolelo tse di bolelang kafa Jehofa a ntseng ka teng. Leina la ga Jehofa ke lone ntlha ya konokono e e umakiwang mo Pesalemeng eno ya [86].”

b Bona tsebe 28 ya tokololo ya Awake! ya June 22, 1984, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

c O ka bona dintlha ka go leba tšhate ya “Pego ya Basupi ba ga Jehofa ya Lefatshe ka Bophara ya Ngwaga wa Tirelo wa 1992,” e e tla tlhagelelang mo tokololong ya January 1, 1993 ya Tora ya Tebelo.

A O A Gakologelwa?

◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go rapela thapelo e e mo go Pesalema 86?

◻ Re ka kgona go atamalana le Jehofa jang?

◻ Jehofa o re bontsha jang gore o molemo?

◻ Ditiro dingwe tse di ka se kang tsa bapisiwa le dipe tsa ga Jehofa ke dife?

◻ Ke jang go ka tweng Jehofa ke “Modimo o osi” fa go buiwa ka bogolo?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Ditiro tse di gakgamatsang tsa ga Jehofa mo ‘lefatsheng le lesha’ le le tlang di tla tswelela di supa gore o a galalela le gore o molemo

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela