Boleng jwa Nash Papyrus
O KA kgona jang go supa ka tlhomamo nako eo mokwalo wa bogologolo wa Bibela ya Sehebera o kwdilweng ka yone? Seo e ne e le bothata joo Dr. John C. Trever a neng a lebane najo ka 1948 fa a ne a bona Momeno wa Lewatle Le Le Suleng wa ga Isaia la ntlha. Tsela e ditlhaka tsa Sehebera di ntseng ka yone e ile ya kgatlha thata. O ne a itse gore ditlhaka tseno di ne di ka supa gore momeno ono o leng, lefa go le jalo o ne a ka bapisa ditlhaka tseno le eng? Ka tshwanelo, o ile a swetsa jaana: O ne a ka di bapisa fela le mokwalo wa Nash Papyrus. Ka ntlha yang? Mokwalo ono ke eng, mme o tswa kae?
Nash Papyrus e na le dikgapetlana di le nne tsa mela e le 24 tsa tshedimosetso ya Sehebera, mme e boleele le bophara jwa disentimetara di le 7,5 le 12,5. E ile ya bidiwa jalo ka leina la ga W. L. Nash, yo e neng e le mokwaledi wa Mokgatlho wa Biela wa Boithutamarope, yo o neng a e bona mo morekising mongwe wa Moegepeto ka 1902. E ile ya gatisiwa ke S. A. Cooke mo ngwageng o o neng wa latela oo mo kgatisong ya mokgatlho oo ya Proceedings mme ya abelwa Laeborari ya Yunibesithi ya Cambridge, kwa Engelane, koo e saleng e ntse e le teng go fitlha le jaanong. Boleng jwa kgapetlana eo ya sekwalelo sa koma bo nyalanngwa le dingwaga tsa yone. Bakanoki ba ile ba bolela fa e ile ya kwalwa mo lekgolong la ntlha kgotsa la bobedi la dingwaga B.C.E., ka gone e ne e le mokwalo wa ntlhantlha wa Sehebera mo go yotlhe e e kileng ya bonwa.
Ka nako ya fa Dr. Trever a ne a tshantsha Nash Papyrus le momeno o o neng o le fa pele ga gagwe oo, o ile a leba ka kelotlhoko tsela eo ditlhaka tsa mekwalo e mebedi eno di neng di lebega ka teng le ka tsela eo e neng e bopegile ka teng. Kwantle ga pelaelo, e ne e tshwana tota. Lefa go le jalo, mo go ene e ne e le selo se se gakgamatsang tota gore mokwalo ono o mogolo, o o neng o sa tswa go bonwa o ne o ka tswa o nnile gone bogologolo jalo jaaka Nash Papyrus. Lefa go le jalo, e ne ya re fa nako e ntse e ya, tsela eo a neng a akanya ka yone e ile ya itshupa e le boammaaruri. Momeno wa Isaia wa lewatle Le Le Suleng o ne o nnile gone mo lekgolong la bobedi la dingwaga B.C.E.!
Diteng tsa Nash Papyrus
Fa go sekasekiwa ditemana tsa Nash Papyrus go senoga gore mela yotlhe ya yone e 24 ga e a felela, go fitlhelwa go na le mafoko kana ditlhaka tseo di seong kwa matlhakoreng oomabedi a yone. Mo go yone go fitlhelwa bontlhanngwe jwa Melao E E Lesome go tswa go Ekesodo kgaolo 20, mmogo le ditemana dingwe go tswa go Duteronome Kgaolo 5 le 6. Ka gone mokwalo ono e ne e se mokwalo o o tlwaelegileng wa Bibela mme go na le moo e ne e le ditemana tse di tswakaneng tsa Bibela go dirilwe jalo ka boikaelelo jo bo kgethegileng. Go lebega e ne e le ditaelo tseo di neng di kopantswe mmogo go gakolola Mojuda kaga ditiro tseo a neng a tshwanetse go di direla Modimo. Karolo ya lokwalo lo lo simololang ka Duteronome 6:4, lo lo bidiwang Shema, lo ile lwa boaboelediwa kgapetsakgapetsa. Temana eno e balega jaana: “A u ko u utlwè, wèna Iseraela, Yehofa Modimo oa rona ke Yehofa eo moñwe hèla.”
Mo temaneng eno, lefoko la ditlhaka di le nne eleng YHWH, “Yehofa,” le tlhagelela gabedi mo moleng wa bofelo wa sekwalelo sa koma, mme gape le tlhagelela ga tlhano mo mafelong a mangwe. Mme gape le tlhagelela gangwe fela le tlhaela tlhaka ya lone ya ntlha.
Maikaelelo a Shema eno totatota e ne e le go gatelela gore “Modimo o mongwe fela.” Go ya ka Talmud ya Sejuda (Berakoth 19a), lefoko le le konelang la yone, ʼE·chadhʹ (“Mongwe”), “le tshwanetse totatota la bo le ne le gatelela fa go ne go tlhalosiwa tlhaka nngwe le nngwe ya lone.” (W. O. E. Oesterley le G. H. Box) Malebana le Modimo, ʼE·chadhʹ eno e e lelefaditsweng gape e tlhalosa gore o tlhomologile.
Gompieno, Nash Papyrus e na le ditlhaka di le dintsi, segolobogolo gareng ga memeno eo e fitlhetsweng mo legageng gaufi le lobopo lwa Lewatle Le Le Suleng gaufi le Qumrun. Dintlha tse di tseneletseng tseo di ileng tsa sekasekiwa di ile tsa tlhomamisa gore bontsi jwa mekwalo eno e ile ya kwalwa mo lekgolong la ntlha la dingwaga B.C.E.a Lefa gone Nash Papyrus e sa tlhole e le one fela mokwalo o o itsiweng o kwadilwe bogologolo thata go e gaisa yotlhe wa Sehebera, gone o santse o kgatlha tota. E santse e le mokwalo wa Bibela wa Sehebera wa bogologolo go gaisa yotlhe o o ileng wa fitlhelwa kwa Egepeto.
[Ntlha e e kwa tlase]