LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 1/1 ts. 26-30
  • Modimo Ga O Lebale “go Rata Leina ya Ōna mo Lo Go Bonyweñ”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Modimo Ga O Lebale “go Rata Leina ya Ōna mo Lo Go Bonyweñ”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dinaga Tse Pele Di Neng Di Bopa Soviet Union
  • Kwa Romania
  • Dinaga tsa Kwa go Se Pele E Neng E Le Yugoslavia
  • Karolo 5—Go Neela Bosupi go Fitlha kwa Dintlheng Tsotlhe tsa Lefatshe
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 1/1 ts. 26-30

Modimo Ga O Lebale “go Rata Leina ya Ōna mo Lo Go Bonyweñ”

“MODIMO ga o tshiamololō ea go re, o ka lebala tihō ea lona, le go rata leina ya ōna mo lo go bonyweñ, ka lo nntse lo dihèla baitshepi, me lo sa nntse lo ba dihèla le gompiyeno.” (Bahebera 6:10) Mafoko ano a ga Moaposetoloi Paulo a boammaaruri mo Basuping ba ga Jehofa ba ba kwa Yuropa Botlhaba. Ba ntse ba direla ka boikanyego mo dikgannyeng tse di amang leina la Modimo ba ile ba fetsa masomesome a dingwaga ba bereka ka bokete le ka bothata ka lobaka lo loleele kafa tlase ga thibelo e e neng e tlhomilwe ke mebuso e e neng e laolwa ke Soviet. Jehofa o gopola ditiro tsa bone tse di molemo mme o ba tshololela masego a Bogosi. Ka sekai, a re lebeng pego ya ngwaga wa tirelo o o fetileng go tswa mo dikgaolong tseo tse tharo fela.

Dinaga Tse Pele Di Neng Di Bopa Soviet Union

Dinaga tse pele di neng di bopa Soviet Union di bega gore ka nako ya ngwaga wa tirelo wa 1992, tlhora ya palo ya baboledi ba Bagosi e ile ya oketsega ka diperesente di le 35—go tloga mo go 49 171 go ya go 66 211! Mme ga se gone gotlhe, ereka baboledi bao ba ne ba ntse ba le matlhagatlhaga thata, jaaka go ile ga itshupa ka koketsego e ntle mo go tsamaiseng dibuka tsa Bibela, go akaretsa le dimakasine. Ba ile ba dirisa gape diboroutšhara le dibukana ka tsela e e molemo ka go tsamaisa di le 1 654 559 tsa tsone. Seo ke palo e e fetang ya ngwaga e e fetileng ya 477 235 go menagane gararo! Matswela e ile ya nna afe a go tsamaisa dibuka tseno? Palo ya dithuto tsa Bibela e ile ya imena sebedi. Gone jaanong go tshwarwa dithuto tsa Bibela di le 38 484.

Gape, palo ya ba ba neng ba tsaya karolo mo tirelong ya bobulatsela jo bo thusang e ne ya tlhatloga ka diperesente di le 94. Kwantle ga pelaelo seno se ne sa dira gore go nne le palo e e tlhomologileng ya barutwa ba ba sa tswang go kolobediwa ba le 26 986, fa e bapisiwa le palo ya ngwaga e e fetileng ya ba le 6 570, e leng koketsego e e gakgamatsang tota ya diperesente di le 311!

Go tlile jang gore bangwe ba ba sa tswang go kolobediwa ba kgatlhegele mafoko a a molemo la ntlha fela fa ba simolola go utlwa ka one? Ka dinako tse dingwe seno e ne e le ka ntlha ya mokgwa o Mosupi yo o tshwarang thuto a ineetseng mo tirong ya gagwe ka teng. Molebedi mongwe yo o okamelang wa kwa Moldova o bolela jaana:

“Nna le mosadi wa me re ne ra etela mosadi mongwe yo o kileng a bontsha kgatlhego mo boammaaruring jwa Bibela mo nakong e e fetileng. Re ne ra simolola thuto ya Bibela le ene. Lefa go ntse jalo, monna wa gagwe o ne a sa bontshe kgatlhego gotlhelele. Ka letsatsi lengwe fa re ne re le mo tseleng ya go mo etela go ya go tsweledisa thuto, go ne go le tsididi thata ebile go ole semathane. O ne o ka tshogana o bona motho a tsamaya mo mebileng, mme lefa go ntse jalo re ne ra ya go fitlha kwa go ene fela ka nako e re neng re e beile. O ne a raya monna wa gagwe a re: ‘A o bona ka mokgwa o batho bano ba amegang ka rona ka teng? Ga ba fose nako ya bone lefa gone semathane se ole.’ Tiragalo eno e ne ya dira gore monna wa gagwe a akanye. O ne a fetola mogopolo wa gagwe mme a kopanela le rona mo thutong, mme gone jaanong ene le mosadi wa gagwe ke Basupi ba ba kolobeditsweng.”

Ka dinako tse dingwe tsela e e bonolo e Mosupi a itshwarang ka yone e ka dira gore motho a kgatlhegele mafoko a a molemo. Mogolwane mongwe, yo le ene a tswang kwa Moldova, o ne a nna le maitemogelo ano:

“Ke ne ka etela monna mongwe mo tshimong e ke neng ke rera mo go yone mme o ne a sena kgatlhego mo Basuping ba ga Jehofa. O ne a mpolelela gore o tsena kereke ya Orthodox, fela jaaka rraagwe le rraagwemogolo. Ka jalo, o ne a nkopa gore ke mo tswele ka ntlo. Lefa go ntse jalo, pele ga ke tsamaya, o ne a mpha tshono ya gore ke mmolelele seo ke neng ke mo etetse ka sone. Ke ne ka mo supetsa lokwalo lwa Mathaio 28:19, le le reng: ‘Ke gōna tsamaeañ, lo dihè merahe eotlhe barutwa, lo ba kolobetsè mo ineñ ya Rara, le ya Morwa, le ya Mōea o o Boitshèpō.’ Morago ga moo ke ne ka mo naya aterese ya lefelo la rona leo re neng re kopanela kwa go lone mme ka tsamaya. Morago ga beke monna yono o ne a tla mo dipokanong tsa rona, mme ke ne ka gakgamala tota! O ne a dula go fitlhelela thulaganyo e fela. O ne a ntlhalosetsa gore o ne a ikutlwa a le molato beke yotlhe ka ntlha ya go sa ntshware sentle. Ke ne ka simolola go mo tshwarela thuto ya Bibela gone fela ka nako eo, mme gone jaanong ke mongwe wa bakaulengwe ba rona.”

Kgang nngwe e e tlhomologileng ya ngwaga wa tirelo ke tsela e e gakgamatsang e go ileng ga arabelwa ka yone mabapi le go thusa bakaulengwe ba rona kwa lefelong leo ka dilo tse ba di tlhokang. Mo nakong ya mariga a 1991/92, go ne ga romelwa ditone di ka nna 400 tsa dijo le thoto e ntsi ya diaparo tsa banna, basadi, le bana kwa go bao ba di tlhokang. Dithoto tseno di ne tsa romelwa mo e batlileng e nna dikarolo tsotlhe tse pele di neng di bopa naga ya Soviet Union, le e leng go ya bokgakaleng jwa kwa Irkutsk mo Siberia le Khabarovsk, gaufi le Japane. Ruri seo ene e le sesupo se se kgatlhisang sa gore Jehofa ga a a lebala tsela e bakaulengwe ba rona ba e bontshitseng ya gore ba rata leina la gagwe! Tsela eno e e supang gore lorato la bokaulengwe lo tlhotlheletswa ke moya wa ga Jehofa gape e ile ya ba dira gore ba nne selo se le sengwe le lelapa la bone la lefatshe ka bophara. Ka sekai, kgaitsadi mongwe kwa Ukraine o ne a kwalela ofisi ya lekala ka go re:

“Tsela e lo re thusitseng ka yone e ile ya re ama maikutlo tota. Re ne ra itsheka dikeledi mme ra leboga Jehofa Modimo go bo a ile a se ka a re lebala. Ke boammaaruri gore gone jaanong re na le mathata a dilo tsa senama, mme lefa go ntse jalo re lebogela thuso e e neng e tswa kwa bakaulengweng ba kwa Bophirima, re bone gape dilo tsa senama tse re neng re di tlhoka. Jaanong ka ntlha ya thuso ya lona, lelapa la rona le tla kgona go dirisa nako e e oketsegileng mo tirelong ya ga Jehofa. Fa Jehofa a rata, nna le morwadiake re tla tsaya bobulatsela jo bo thusang mo dikgweding tsa selemo.”

Mo godimo ga moo, maiteko a a dirilweng a go namola a ile a dira gore le batho ba e seng Basupi ba lemoge boammaaruri ka ntlha ya gore bone batho ba ba lebileng seo se diragalang ba kgona go bona gore Basupi ba bontsha lorato ka ditiro tsa bone. Lelapa lengwe go tswa kwa phuthegong e nngwe le ne la kwala jaana: “Re amogetse dilo tsa senama tseo le re thusitseng ka tsone jaaka dijo le diaparo. Ke tse dintsi tota! Tsela e le re tshegetsang le go re nonotsha ka yone e re rutile gore le rona ka go tshwana re tshwanetse go direla ba bangwe molemo. Lorato lo lo re lo bontshitseng le ile la bonwa le ke batho ba ba sa dumeleng, mmogo le batho ba ba kgatlhegang le malapa a bone; seno e ile ya nna bosupi jo bogolo mabapi le bokaulengwe jwa boammaaruri.”

Dikopano tse tlhano tsa kgaolo le kopano e le nngwe ya boditšhabatšhaba tse di ileng tsa tshwarwa mo dikgweding tse di fetileng tsa June le July ka setlhogo se se neng se re “Batshodi ba Lesedi,” e ne e le sengwe gape se se neng sa supa tsela e Jehofa a neng a segofatsa tiro e e neng e dirwa ka natla ke Basupi ba gagwe le lorato lo ba lo bontshitseng ka go dira gore leina la gagwe le itsiwe. Palo ya ba ba neng ba le teng kwa dikopanong tseo e ne e le batho ba le 91 673, mme go ne ga kolobediwa ba le 8 562. St. Petersburg e ne e le yone e ileng ya nna le palo e e kwa godimo ya batlakopanong, e leng koo go neng go tshwaretswe kopano ya boditšhabatšhaba gone, koo palo ya bone e neng e le 46 214—go akaretsa baemedi ba ba neng ba tswa kwa mafatsheng a a ka nnang 30 go dikologa lefatshe—ba ne ba phuthegile kwa Setadiamong sa Kirov.

Kwa Siberia monna mongwe yo o neng a ka nna dingwaga di le 60 o ne a ya kwa lebaleng la kopano kwa Irkutsk go ya go leba fela gore go ne go diragala eng. O ne a re: “Batho botlhe ba ba tlileng ba apere sentle, ka difatlhego tse di nang le monyenyo, mme ba bontshana bopelonomi. Batho bano ba tshwana le lelapa le le lengwe le le kopaneng. Motho a ka ikutlwa gore ga se ditsala fela kwa setadiamong mme gape le mo botshelong. Ke amogetse dibuka tsa Bibela tse di molemo thata mme ke ithutile ka tsela e e botoka thata gore phuthego eno ke ya mofuta mang. Ke batla go nna ke ikgolagantse le Basupi ba ga Jehofa gore ke ithute Bibela le bone.”

Kwa go yone kopano eo ya kwa Irkutsk, koo go neng go tlile batho ba le 5 051, mosadi mongwe yo o kgatlhegang go tswa kwa Yakut Republic, mo Siberia, o ne a akgela jaana: “Ke leba batho mme ke batla go lela ka ntlha ya boitumelo. Ke leboga Jehofa thata go bo a nthusitse gore ke itse batho ba go nna jalo. Gone mono mo kopanong, ke amogetse dibuka, mme ke batla go bolelela le ba bangwe ka tsone. Ke batla tota go nna moobamedi wa ga Jehofa.”

Molaodi wa Central Stadium kwa Alma Ata, mo Kazakhstan, koo batho ba ba neng ba tlile kopanong ba neng ba le 6 605, o ne a bua mafoko ano: “Ke itumeletse thata tsela e le itshwarang ka yone. Jaanong ke tlhatswegile pelo tota gore lotlhe, bannye le bagolo, lo batho ba ba tlotlegang. Ga nkake ka re ke dumela mo Modimong, mme lefa go ntse jalo, ke dumela mo dilong tse di boitshepo tse di supiwang ke bokaulengwe jwa lona, le tsela e lo itshwarang ka yone mo dilong tse di tlhokafalang tsa semoya le tsa senama.”

Lepodise lengwe kwa kopanong ya kwa Alma Ata le ne la tlhalosa jaana: “Ke amane le lona ka makgetlo a le mabedi, mo lekgetlong lengwe le lengwe e ne e le kwa kopanong. Go itumedisa ka mo go feteletseng tota go dira le Basupi ba ga Jehofa.”

Kwa Romania

Mo godimo ga moo, Jehofa ga a ka a lebala lorato lo bakaulengwe ba kwa Romania ba le bontshitseng ka ntlha ya leina la gagwe. Basupi ba bone ditiragalo tse dintsi tse di ba itumedisang tota mo ngwageng wa tirelo o o fetileng. Sa ntlha, go ile ga tlhomiwa gape ofisi ya lekala kwa Bucharest. Tiro ya bofelo e e letleletsweng ka fa molaong e ne ya khutla ka 1949. Ofisi e na le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba ka nnang 20 ba ba dirang mo kagong eno e e ntšha. Ofisi ya lekala e tlhokomela baboledi ba le 24 752—e leng tlhora e e kwa godimo go di feta tsotlhe e e ileng ya fitlhelelwa ka April e leng koketsego ya diperesente di le 21 mo godimo ga palogare ya ngwaga o o fetileng.

Morago ga dingwaga di le dintsi ba ntse ba rera mo sephiring, baboledi ba ntse ba tlwaela botoka tiro ya go supa phatlalatsa ka ntlo le ntlo. Maitemogelo mangwe a a tswang kwa kgaolong ya Mureş County a bontsha ka moo bangwe ba Basupi ba dirisang ka tsela e e molemo tshono nngwe le nngwe e ba e bonang go rerela ba bangwe, le e leng fa ba le mo loetong. Ofisi ya lekala e ne ya kwala jaana:

“Mmoledi mongwe o ne a fetsa ka gore a rere mo diphaposaneng tsa terena go tswa mo go e nngwe go ya kwa go e nngwe. Go ne go bonala gore batho ka kakaretso ba ne ba amogela molaetsa, mme lefa go ntse jalo, go ne ga tsoga mathata mo phaposaneng ya bofelo. Go ne go sena ope wa batsamai yo o neng a batla go amogela sekaelo sa dimakasine tsa rona. Kgabagare, monna mongwe o ne a tenega thata, a ema ka dinao mme a nkgoeletsa a re: ‘Ke tlile go latlhela dimakasine tsotlhe tsa gago kwantle ka fensetere! Ke ka ntlha yang fa o re tshwenya thata jaana ka bodumedi jwa gago?’ Mmoledi ene o ne a mo fetola ka bonolo fela gore lefa gone a ka latlhela dimakasine tseo kwantle, mongwe a ka sologelwa molemo ka ntlha ya seo a tla bong a se dirile—e leng bao ba tla bong ba setse dimakasine tseo. Monna yoo o ne a kgatlhiwa thata ke tsela eo mmoledi a neng a le bori ka yone, mme o ne a simolola go aba dimakasine tseo ene ka boene mo batsamaing ba bangwe ba ba neng ba le mo phaposaneng eo. Se se neng sa gakgamatsa ke gore, mongwe le mongwe wa bone o ne a tsaya makasine. Monna yono o ne a di aba tsotlhe fela gore ene di be di mo tlhaele. Ka jalo, mmoledi o ne a mmotsa a re: ‘Motlotlegi, a wena ga o batle sekaelo se e leng sa gago?’ Fa a rialo monna yoo o ne a tsaya makasine o mongwe mo go mongwe wa batsamai yo o neng a na le dikaelo di le pedi tsa one mme a re: ‘Jaanong le nna ke iponetse sekaelo se le sengwe!’”

Mo dinageng di le dintsi tiro ya go rera ya Basupi ba ga Jehofa ka dinako tse dingwe e ile ya gakatsa go ganediwa ga bone ke baruti ba Labokeresete. Kwa Romania, baruti ba Kereke ya Orthodox gantsi ba shakgalela Basupi. Mme lefa go ntse jalo, seno ga se kake sa thibela Jehofa mo go segofatseng batho ba gagwe ka ntlha ya lorato lo ba lo bontsheditseng leina la gagwe. Molebedi mongwe wa potologo o ne a kwala jaana:

“Nna mmogo le phuthego e e mo lefelong la ga rona, re ne ra ya go dira tiro ya go rera kwa magaeng. Go ne go na le bakaulengwe ba le lekgolo ka palo. Re ne ra hira bese e e neng ya re isa kwa lefelong leo le neng le le bokgakala jwa [dikilometara di ka nna 50], go ya kwa metseng e e kwantle kwa torotswaneng nngwe. Re ne ra laletsa batho ba le bantsi go tla go reetsa puo ya phatlalatsa e e neng e tla tshwarelwa mo Holong ya Morafe. Fela fa dipokano di tla tloga di simologa, moruti mongwe wa kereke ya Orthodox o ne a goroga, maikaelelo e le go tla go kgoreletsa dipokano tsa rona. Mapodisi a ne a leka go mo thibela gore a seka a dira jalo. Lefa go ntse jalo, o ne a gana go ritibala maikutlo. O ne a atlega mo go thibeleng kokoano ya rona ka go thuba galase ya mojako o mogolo. Mme lefa go ntse jalo, bontsi jwa baagi ba lefelo leo ga ba a ka ba dumalana gotlhelele le tsela e moruti a ileng a itshwara ka yone. Go ne ga neelwa bosupi jo bo tletseng mo bathong botlhe ba ba neng ba le teng koo, mme go ne ga anamisiwa palo e ntsi ya dibuka.”

Ka maswabi, mo dikarolong dingwe tsa naga, go na le Basupi ba sekaenyana koo. Fa mmulatsela wa ka metlha a ne a goroga la ntlha mo kgaolong ya kwa Olt, one a fitlhela bakaulengwe ba le robonngwe fela mo kgaolong yotlhe le tshimo e kgolo e a neng a tshwanetse go rera mo go yone. Morago ga ngwaga palo ya Basupi e ne ya gola go nna 27, ba batlhano mo go bone e ne e le baboledi ba ba tsosolositsweng. Mmulatsela yoo o ne a bona lefelo le a tla nnang mo go lone mo motsesetoropong wa Corabia, koo go neng go sena Basupi gotlhelele. Basupi ba ne ba na le malatsi a le 45 fela, fa moruti wa kereke ya lefelo leo a ne a bua kgatlhanong le tiro ya bone mo radiong ya Craiova. O ne a re ba “tlhasetse” motsesetoropo wa Corabia ka dithuto tsa bone, ba leka go dira batho gore ba fetole bodumedi jwa bone. Go tlhaselwa go ne ga tswelela, ka maikaelelo a go thibela tiro ya Basupi le go ba senya leina mo lefelong leo. Seno se ile sa gakala thata ka nako ya fa bakaulengwe ba lefelo leo ba ne ba le kwa Bucharest kwa kopanong ya kgaolo. Morago ga fa a sena go fetsa tirelo ya gagwe ya kereke, moruti wa kereke ya Orthodox wa kwa Corabia o ne a itsise ka go gatelela a re: “Re tshwanetse rotlhe ra dira ditshupo tsa mo mebileng gore re tle re tlhotlheletse mapodisi gore a tseye dikgato kgatlhanong le Basupi, bao ba tshwaeditseng lefelo lotlhe ka dikgatiso tsa bone ebile gape ba tsentse batho moya o o maswe.” Mme lefa go ntse jalo, mo go jone bosigo joo pele ga kokoano e tshwarwa, go ne ga diragala sengwe se se sa tlwaelegang. Setlhopha sengwe sa dirukhutlhi se ne sa senya kereke e kgolo le Holo ya Morafe ya Motse. Ka jalo, kokoano ya go ganetsa Basupi e ne ya seka ya tlhola e nna teng!

Dinaga tsa Kwa go Se Pele E Neng E Le Yugoslavia

Ngwaga wa tirelo wa 1992 e ile ya nna ngwaga o o bokete go gaisa mo bakaulengweng mo kgaolong ya Yugoslavia. Lefa go ntse jalo, go ntse go ntse jalo, ba ile ba nna le maitemogelo mangwe a a itumedisang. Re leboga Jehofa, gonne ga a lebale tiro ya bone le lorato lo ba lo bontshitseng leina la gagwe.

Ntwa e ne ya simologa pele kwa Slovenia, ga latela Croatia, mme moragonyana e ne ya nna kwa Bosnia le Herzegovina. Mo sebakeng sa ngwaga, go tswa mo repaboliking e le nngwe fela, Dinaga di le tlhano tse di neng di sa tswa go tlhongwa di ne tsa dira maiteko a go itirela melelwane ya tsone, melao, le go itirela madi. Makgolokgolo a Basupi a ne a tshwanelwa ke go tshaba mo magaeng a bone mme ba ne ba fiwa marobalo ke bakaulengwe ba bone kwa mafelong a mangwe. Ka mo go tshwanang le mafatshe a a kwa Yuropa Botlhaba go ne ga tlhongwa dikomiti tsa ka potlako mo metseng e megolo, tseo di neng di tlhokomela bakaulengwe ba rona ba ba tlhokang ka tsa marobalo, dijo, le diaparo. Mo ngwageng wa tirelo, ditone tse di ka nnang 55 tsa dijo di ne tsa abelwa bakaulengwe mo diphuthegong tse di mo mafelong a a mo tlalelong. Go ne ga amogelwa makwalo a le mantsi a a neng a bontsha kanaanelo.

Bakaulengwe kwa Dubrovnik ba ne ba tlhalosa ka mokgwa o ba neng ba lebogela ka teng thuso eo ba neng ba e amogetse. Kgaitsadi mongwe o ne a ya gae a tshotse sephuthelwana sa dijo, mme moagisani wa gagwe o ne a mmotsa gore o rekile kae mae ao. Kgaitsadi yoo o ne a mmolelela gore o a romeletswe ke bakaulengwe ba gagwe ba semoya ba ba nnang kwa karolong e nngwe. Moagisani o ne a gakgamala tota. Mo lebakeng le lengwe monna mongwe yo go sa itsiweng leina la gagwe wa kwa Slovenia o ne a tlhaeletsa mogolwane mongwe mme a mo raya a re: “Ke utlwile go twe Basupi ba ga Jehofa ba aba dijo tse di tswang kwa bakaulengweng ba bone ka tsela e e tshwanetseng. Ke romeletse batho ba le mmalwa diphuthelwana; mme lefa go ntse jalo, ga ba a ka ba di amogela. A nka romela dithoto tse di namolang tsa go nna jalo kwa go lona, gore lo tle lo nthuse go di aba?” Gape, makwalodikgang mmogo le diradio di ile tsa ntsha dipego tse di molemo mabapi le tiro ya rona ya go namola.

Mokaulengwe mongwe yo o neng a kolobediwa kwa kopanong ya boditšhabatšhaba kwa Zagreb ka 1991 o ne a lemogile mathata a a neng a tlile go oketsega mme o ne a reka dijo di le dintsi thata mo lebenkeleng la dijo. O ne a isa dijo kwa ntlong ya gagwe e e neng e le gaufi le kwa lefelong le ntwa e neng e le kwa go lone. Go ne ga supega fa dijo tseno e le masego a mmatota go bakaulengwe, fa go tlhaela ga dijo go ntse go ya masweng.

Go ne ga kgonega gore go bonwe tetla ya lori e kgolo gore e tle e ise dijo tsa botlhokwa kwa bakaulengweng ba ba neng ba tlhasetswe kwa Sarajevo. Re itumelela go le bolelela gore dilwana tseo di ile tsa goroga kwantle ga mathata.

Ntwa e ne ya sia baagi ba koo ka matlhotlhapelo. Ka kutlobotlhoko, kwa bofelong jwa ngwaga wa tirelo, bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba barataro le batho ba babedi ba ba neng ba kgatlhega ba ne ba latlhegetswe ke matshelo a bone, mme ba bangwe ba ne ba gobetse.

Lefa go ntse jalo, maitemogelo a mantsi a supa gore gantsi o a sireletsega fa o le Mosupi wa ga Jehofa. Mo lebakeng le lengwe bakaulengwe ba ne ba tshotse loeto go ya kwa kopanong ya kgaolo kwa Belgrade fa bese e ba neng ba le mo go yone e ne e emisiwa ke masole, ba ba botsa gore a go ne go na le maloko a tumelo e e rileng mo gare ga bone. Bakaulengwe ba ne ba araba ka gore go ne go sena ope wa tumelo ya go nna jalo mo go bone. Ba ne ba tshwanela ke go supa dikarata tsa bone tsa itshupo, mme tsa ba bangwe di ne di na le maina a a neng a supa gore e ne e ka nna maloko a tumelo eo. Masole a ne a ba latofatsa gore ba ba akeditse, mme lefa go ntse jalo, bakaulengwe ba ne ba tshotse makwalo a a supang gore e ne e sa tlhole e le maloko a tumelo eo, ba ne ba tlhalosa gore lefa gone ba ne ba tsaletswe mo tumelong eo, ba ne jaanong e le Basupi ba ga Jehofa, ba ya kwa kopanong ya bone. Ka go rialo masole a ne a ba golola gore ba tswelele ka loeto lwa bone.

Babulatsela ba tsweletse ka tirelo ya bone ka tlhoafalo e kgolo thata, mme seno se ile sa itshupa e le sengwe se se tlhotlheletsang tiro tota. Tora ya Tebelo, ka ditsebe tsa yone tse di kafa ntle tse di itumedisang tse di nang le mmala o o bonalang sentle, e ntse e ranolwa ka nako e le nngwe ka dipuo tsotlhe tse di dikgolo tsa kgaolo eno. E fepa ka metlha batho ba ba ratang boammaaruri le tshiamo ka dijo tsa yone tsa semoya “mo lobakeñ lo e leñ lōna.” (Luke 12:42) Ka ngwaga wa tirelo wa 1992, bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha ba le 674 ba ne ba kolobediwa.

Eleruri, Modimo ga o a lebala tiro ya bakaulengwe ba kwa Yuropa Botlhaba le lorato lo ba lo bontshitseng ka ntlha ya leina la gagwe. Mo godimo ga moo, o batla gore baobamedi botlhe ba gagwe, go sa kgathalesege gore ba nna kae, ba latele tlhagiso e e molemo e e latelang e Paulo a e ntshitseng, mo go Bahebera 6:11, e e tlhalosang jaana: “Re eletsa gore moñwe le moñwe oa lona a kè a bōnwe a le tlhōahalō euō, go ea go hitlha mo botlaloñ yoa cholohèlō le go hitlha kwa bokhutloñ.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela