LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 2/15 ts. 8-11
  • Ke Eng Se Se Phoso ka go Rata Madi?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng Se Se Phoso ka go Rata Madi?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Nna le Pono E E Lekalekaneng ka Madi
  • Go Ithuta go Tswa mo Nakong E E Fetileng
  • Menate E E Ka Sekang ya Rekwa ka Madi
  • ‘E Itirela Diphuka . . . Mme E Fofele Koo’
  • Motswedi wa Boitumelo Jo Bo Tla Nnelang Ruri
  • O Leba Madi Jang?
    Tsogang!—2015
  • A madi ke modi wa dilo tsotlhe tse di bosula?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tsela e e Molemo ya go Leba Madi ke Efe?
    Tsogang!—2007
  • Madi
    Tsogang!—2014
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 2/15 ts. 8-11

Ke Eng Se Se Phoso ka go Rata Madi?

PAUL le Mary ba ne ba na le lebenkele mo motsaneng mongwe o o humanegileng mo Afrika.a Ba ne ba bona madi a mantsi tota, ka go bo ba ne ba bereka ka natla bosigo le motshegare. Kgabagare Mary o ne a setse a ipelahatsa ka ntlo e ntšha e ba neng ba na le yone e e tletseng fenitšhara e e manobonobo. Paul ene, o ne a bile a kgona go kgweetsa koloi ya marata go lejwa.

Ka letsatsi lengwe setlhopha sengwe sa batho se se neng se le kgatlhanong le puso se ne sa tla kwa go Paul. Ba ne ba laela jaana: “Re batla o nna o ntsha madi a a kana ka R250 ka kgwedi a a tswang mo kgwebong ya gago gore a tshegetse tiro ya rona.” Paul le Mary ba ne ba gana ba menne diphatla, ereka ba ne ba sa batle go nna le seabe mo dikgarurung tsa sepolotiki. Ka ntlha ya boitlhaodi jwa bone, batho ba ne ba belaela gore puso e tshwanetse ya bo e ba thusa ka madi. Ka mafelobeke mangwe, fa Paul le Mary ba ne ba santse ba dule mo toropong, lebenkele la bone le ne la thubiwa ga bo ga utswiwa mo go lone, mme koloi ya bone le legae la bone le lentle di ne tsa jewa ka molelo.

Abo e le kgang e e botlhoko thata jang ne, mme lefa go ntse jalo a re ka ithuta sengwe mo go yone? Batho ba le bantsi ba ba neng ba bereka ka natla gore ba hume ba ka tswa ba ile ba se ka ba tlhagelwa ke matlhotlhapelo a go thukuthiwa dikhumo tsa bone, lefa go le jalo isagwe e ba tsholetse eng? Ke ka ntlha yang fa Bibela e bolela gore “ba ba eletsañ go huma ba tla ba wèle mo thaeloñ, le mo seruñ, le mo dithatoñ di le dintsi tsa bosilo le tse di senyañ, tse di nwetsañ batho mo tshenyegoñ le mo tatlhegoñ”?—1 Timotheo 6:9.

Go Nna le Pono E E Lekalekaneng ka Madi

Go ya ka Bibela, Mokeresete wa boammaaruri o tshwanetse go tlamela maloko a lelapa la gagwe ao a ikaegileng ka ena ka dilo tse ba di tlhokang. Maemo a a tshwanang le a go tlhoka ditiro kana mathata a botsogo, ka dinako tse dingwe a ka dira gore seno se nne thata. Mo letlhakoreng le lengwe, Mokeresete yo o itlhokomolosang go tlamela ba lelapa la gagwe ka boomo “o latotse tumèlō, me o boshula go gaisa eo o sa dumeleñ.”—1 Timotheo 5:8.

Mo metseng mengwe ya selegae, batho ba itshedisa ka go itemela dijo le go nna le diruiwa. Ba bangwe ga ba tlhoke madi a mantsi, dilo tse ba di tlhokang tsa botshelo ba di bona ka go ananya dithoto le ka go direla batho dilo dingwe. Lefa go ntse jalo, tsela e e tlwaelegileng thata e e dirisiwang ke batho ba go lebilweng mo go bone gore ba tlamele ba malapa a bone ke ya go thapiwa mo tirong e e rileng gore ba tle ba bone tuelo. Madi a ba amogetseng ba a dirisa go reka dijo le dilwana tse dingwe tse di tla thusang ba malapa a bone gore ba tswelele pele mo botshelong. Mo godimo ga moo, fa ba boloka madi ka tsela e e botlhale ba ka kgona go sireletsa lelapa ka selekanyo se se rileng ka dinako tsa fa le wetswe ke mathata kana matlhotlhapelo. Ka sekai, a ka nna a dirisiwa go duela ditshenyegelo tsa kalafi kana go tsosolosa legae kafa go tlhokegang ka gone. Ke gone ka moo Bibela e bolelang ka tshwanelo gore ‘madi ke phemelo’ le gore a “henya dilō cotlhe.”—Moreri 7:12; 10:19.

Ereka madi a fitlhelela dilo di le dintsi jaana, go na le serai sa gore motho a nne le pono e e sa tshwanelang ka nonofo ya one. Mokeresete o tshwanetse gore a itse dilo tse madi a sa kgoneng go di dira fa a bapisiwa le dilo tse dingwe tse di botlhokwa thata. Ka sekai, Bibela e bapisa botlhokwa jwa madi le botlhale jwa Modimo, fa e re: “Botlhale ke phemèlō, hèla yaka madi e le phemèlō: me molemō o o gaisañ oa kicō, ke go re, botlhale bo boloka botshelō yoa eo o nañ nayō.” (Moreri 7:12) Botlhale jwa Modimo bo gaisa madi ka tsela efe?

Go Ithuta go Tswa mo Nakong E E Fetileng

Ditiragalo tse di neng tsa diragala kwa Jerusalema ka ngwaga wa 66 C.E. di bontsha kafa botlhale jwa Modimo bo leng molemo ka gone go gaisa madi. Go lebega Bajuda kwa Jerusalema ba ne ba dumela gore go nna le kgwebo jaanong go ne go ka atlega, morago ga gore ba leleke masole a Roma a a neng a ba tlhasela. Eleruri, ba ne ba simolola go itirela madi go keteka kgololesego e ba neng ba sa tswa go e bona. Madi a bone a tshipi a a neng a kwadilwe ka Sehebera a ne a na le dipolelwana tse di jaaka “Mabapi le kgololesego ya Sione” le “Jerusalema e e Galalelang.” Ngwaga le ngwaga ba ne ba dira madi a tshipi a masha a ba neng ba a kwala gore ke a “ngwaga wa bobedi,” “ngwaga wa boraro,” le “ngwaga wa bone.” Baithutamarope ba ile ba epolola tota le madi a tshipi a a neng a bonwa ka sewelo a a neng a kwadilwe “ngwaga wa botlhano,” a a neng a dumalana sentle le ngwaga wa 70 C.E. A Bakeresete ba Bajuda ba ne ba leba madi a masha a Sejuda jaaka letshwao la mmatota la kgololesego e e tla nnelang ruri?

Nnyaa. Ka gonne ba ne ba ntse ba gopotse mafoko a Morena wa bone a botlhale. Jesu o ne a boleletse pele ka go tlhaselwa ga Roma mo go neng ga diragala ka 66 C.E. O ne a gakolotse balatedi ba gagwe gore fa seno se diragala, ba tshwanetse ‘ba tswa mo gare ga Jerusalema.’ (Luke 21:20-22) Hisitori e ntsha bosupi jwa gore Bakeresete ba Bajuda ba ile ba dira fela jalo. Kwantle ga pelaelo ba ile ba bona go le botoka go latlhegelwa ke dithoto, maruo, le ditshono tsa go nna le kgwebo ka ntlha ya go tswa mo Jerusalema. Dingwaga tse nne moragonyana, masole a Roma a ne a boa gape mme a ne a dikanyetsa motse oo.

“Go ne go na le gauta e ntsintsi mo Motseng oo,” go ya ka raditiragalo ebong Josephus, yo o boneng tiragalo eo ka matlho. Mme lefa go ntse jalo go nna le letlotlo la madi go ne go ka se ka ga sireletsa Jerusalema mo leubeng, leo le neng le ntse le “nnela maswe kwa pele” ebile le “tlhasetse batho botlhe ba ba nnang mmogo le malapa a feletse.” Baagi ba bangwe ba ne ba metsa madi a gauta mme ba leka go tswa mo motseng. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba bolawa ke baba ba bone, bao ba neng ba ba phatlola dimpa ka bogare gore ba ntshe madi ao. “Fa e le ka ba ba humileng,” go tlhalosa jalo Josephus, “go tswa mo Motseng go ne go le diphatsa fela jaaka go sala mo go one; banna ba le bantsi ba ba neng ba itira ekete ba a ngwega ba ne ba bolaelwa madi a bone.”

Jerusalema o ne a senngwa go ise go fete dikgwedi di le thataro fa e sale a simolola go dikanyediwa, mme baagi ba one ba ba fetang milione a le mongwe fela ba ne ba bolawa ke leuba, leroborobo la bolwetsi, le tšhaka. Go rata madi go ile ga dira gore batho ba le bantsi ba se ka ba nna le temogo, ga ba isa tshenyegong le tshwahatsong, mme kafa letlhakoreng le lengwe Bakeresete ba Bajuda ba ne ba kgona go falola ka go bo ba ne ba dirisa mafoko a botlhale.

Seo ga se sone fela se se neng sa diragala mo hisitoring mo madi a neng a sa kgone go thusa batho mo nakong ya mathata. Abo go rata madi e ka nna morena yo o setlhogo jang ne! (Mathaio 6:24) Mo godimo ga moo, gape go ka nna ga go tlhokisa boitumelo gompieno.

Menate E E Ka Sekang ya Rekwa ka Madi

Go eletsa go huma thata go ka nna ga dira gore motho a se ka a lemoga gore go na le menate e mentsi e e sa tlhokeng madi a mantsi. Ka sekai, akanya ka botsalano jwa malapa a a itumetseng, ditsala tsa boammaaruri, dilo tse di gakgamatsang tsa tlholego, go phirima ga letsatsi go go gogelang, pula e e kgatlhang ya dikgadima, mawapi a a tletseng ka dinaledi, ditsela tse diphologolo di jang mokaragana ka yone tse di bolaisang ditshego, kana dithunya le ditlhare mo sekgweng se se sa senngwang.

Ke boammaaruri gore, bahumi ba bangwe ba na le nako e e oketsegileng ya go itumelela go ijesa menate e e umakilweng fa godimo, mme lefa go ntse jalo bontsi jwa bone ba tshwaregile thatathata ka go leka go boloka khumo ya bone kana go e oketsa. Lefa go ka lebega go gakgamatsa, mme gone le bao tota ba nang le boiketlo gantsi ba tlhoka boitumelo. Seno se gakgamatsa babatlisisi ba motlha wa segompieno. “Re ka tlhalosa jang lebaka la gore sengwe se se elediwang ke batho ba le bantsi thata jaana, ebile ba dumela gore ke sone makgonatsotlhe, fa se bonwa se bo se nna le diphelelo tse di swabisang go ya go tse di ngamolang tlhogo jaana?” go botsa jalo Thomas Wiseman mo bukeng ya gagwe ya The Money Motive—A Study of an Obsession.

Selo se sengwe se se ka dirang gore mohumi a se ka a itumela ke bothata jwa go sa itse gore ditsala tsa gagwe tsa mmatota ke dife. Kgosi Solomone yo o neng a humile o ile a itemogela gore “ha dilō di ata, ba ba di yañ le bōnè ba ntsihale.” (Moreri 5:11) Gape bahumi ba le bantsi ba tlhobaediwa ke go leka go boloka selekanyo se se rileng sa khumo ya bone kana go e oketsa. Gantsi seno se ba tlhokisa boroko jo bo monate. Bibela e tlhalosa jaana: “Borōkō yoa motho eo o dihañ bo monate, leha a ya bonnye kgotsa bogolo: me go kgora ga mohumi ga go mo leseletse go rōbala.”—Moreri 5:12.

Go rata madi go ka nna ga senya dikamano tse di leng teng gareng ga lelapa le ditsala ka gonne go ka nna ga gogela motho mo ditirong tsa go sa ikanyege le tsa thubakanyo. Gantsi batho ba ba ratang madi ba tsenelela mo go betšheng. Ka maswabi, go eletsa fela go betšha mo go oketsegileng go gogela batho ba le bantsi mo dikolotong. “Ka nako ya fa ba tla kwa go nna,” go ne ga bolela jalo ngaka nngwe ya tlhaloganyo ya mo Afrika Borwa, “[batho ba ba betšhang ka tsela e e sa laolegeng] gantsi go a bo go sa tlhole go na le kafa o ka ba thusang ka gone gore ba fetoge, ba latlhegetswe ke ditiro, dikgwebo, magae, gantsi ebile ba tlogetswe ke ba malapa a bone.” Abo tlhagiso ya Bibela e le boammaaruri jang ne fa e re: “Monna eo o boikañō o tla na le letlōtlō ya matshegō: me eo o potlakèlañ go huma ga a ketla a tlhōka go bediwa.”—Diane 28:20.

‘E Itirela Diphuka . . . Mme E Fofele Koo’

Lebaka le lengwe la go bo go rata madi go le diphatsa jaana ke gore dipuso tsa batho di itshupile di sa kgone go dirisana mmogo ka botlalo kana di sa tlhomamise gore di boloka madi a na le boleng jo bo sa fetogeng lefatshe ka bophara; le gone ga di a ka tsa kgona go thibela kwelo tlase ya itsholelo e potlana, kwelo tlase ya itsholelo e kgolo, le go wa ga mafelo a a rekisang dishere. Tsietso, bogodu, le go tlhatloga ga ditlhwatlhwa le tsone di gatelela boammaaruri jwa mafoko a a tlhotlheleditsweng a a reng: “U se ka ua itapisetsa go humisiwa: khutlèla botlhale yoa gago. A ua bo u tla tlhōma matlhō mo go shōna se se seoñ? gonne ruri dikhumō di tle di itihèlè diphuka, yaka ncwi eo motona eo o hohèlañ kwa legodimoñ.”—Diane 23:4, 5.

Go tlhatloga ga ditlhwatlhwa. Eleruri ga se gore bothata joo bo mo dinageng tse di humanegileng fela. E ne ya re pelenyana mo lekgolong leno la dingwaga, go tlhatloga ga ditlhwatlhwa go go ntseng go gola ka lobelo lo logolo go ne ga wela merafe e e tlhabologileng ya kwa Yuropa bogare. Ka sekai, pele ga Ntwa ya Lefatshe I, ledi la Jeremane la mark le ne le batlile le lekana le sheleng wa Boritane, franc ya Fora, kana lira ya Italy. Dingwaga di le lesome moragonyana, sheleng, franc, le lira di ne di batlile di lekana le di-mark di le 1 000 000 000 000. Go tlhatloga ga ditlhwatlhwa go go ntseng go golela pele go ama jang batho ba merafe e e humileng? “Fa e le gore seo se ileng sa diragalela Mebuso ya Bogare e e neng ya fenngwa mo tshimologong ya dingwaga tsa bo 1920 ke sengwe se motho a ka atlholang ka sone,” go bolela jalo Adam Fergusson mo bukeng ya gagwe ya When Money Dies, “he [go wa ga boleng jwa madi] go dira gore go nne le bogagapa, bothubaki, go tlhoka boitumelo, le letlhoo, tse segolobogolo di bakiwang ke poifo, e le tse go senang mokgatlho ope wa batho o o ka di ralalang mme wa tswa fela o sa senyega le gone o sa fetoga.”

Ka 1923, Jeremane e ile ya oketsa tlhwatlhwa ya madi a yone ka gore e ntshe bonnoto ba le 12 mo e leng gore kgabagare di-mark di le 1 000 000- 000 000 tsa nako e e fetileng di ile tsa lekana le mark e le nngwe e ntšha. Kgato eno e e tserweng e ne ya dira gore go se ka ga nna le tlhatlogo ya ditlhwatlhwa mme lefa go ntse jalo go ile ga nna le diphelelo tse dingwe tsa matlhotlha pelo. Fergusson o tlhalosa jaana: “Go simololwa sesha gore madi a se ka a fetofetoga, go go ileng ga jela batho ba le diketekete madi, ga senyetsa batho ba le dimilione tsela ya bone ya go tshela, ga bo ga dira gore batho ba bangwe ba le dimilione ba se ka ba nna le tsholofelo le e seng, go ile ga dira e se ka tlhamalalo gore lefatshe lotlhe le nne le ditlamorago tse di botlhoko go gaisa.” Go bonala gore, “ditlamorago tse di botlhoko” tse mokwadi yono a neng a akantse ka tsone e ne e le go tlhagoga ga Bonazi le Ntwa ya Lefatshe II.

Lebaka la go bo diakhaonto tse dikgolo tsa dibanka di ile tsa swabisa batho ba le bantsi mo nakong e e fetileng e tshwanetse ya nna tlhagiso e e botlhokwa mo metlheng eno ya itsholelo ya lefatshe lotlhe e e sa tlhomamang. Morwa wa Modimo ka namana o ile a tlhagisa gore madi a ne a tla palelwa, e le seo se ileng sa itshupa se le boammaaruri tota mo makgetlong a le mantsi. (Luke 16:9) Mme lefa go ntse jalo go palelwa ga madi go gogolo ebile go gongwe le gongwe go tla nna gone ka nako ya fa Jehofa Modimo a atlhola lefatshe leno le le boikepo. “Dikhumō ga di thuse sepè mo tsatsiñ ya bogale: me tshiamō e golola mo loshuñ.”—Diane 11:4.

Ka gone, abo go le botlhokwa jang ne gore mongwe le mongwe wa rona a leke go nna a na le boemo jo bo siameng le Ditsala tsa rona tsa boammaaruri, Jehofa Modimo le Jesu Keresete!

Motswedi wa Boitumelo Jo Bo Tla Nnelang Ruri

Paul le Mary, bao ba neng ba umakiwa kwa tshimologong, e ne e le Basupi ba ga Jehofa. Ba ne ba le mo tirong ya boefaengele jwa nako e e tletseng dingwaga di le dintsi. Lefa go ntse jalo, go eletsa ga bone go huma go ne ga dira gore ba se tlhole ba ya dipokanong tsa phuthego ya Bokeresete, mme ba se tlhole ba abalana tumelo ya bone mo bodiheding jwa phatlalatsa. Mme lefa go ntse jalo ba ne ba tsoga gape semoyeng. “Jaanong ke bona kafa go neng go le boeleele ka teng go senya nako ya me yotlhe le maatla mo selong seo se nyelelang ka metsotso e se kae fela,” go ne ga bolela jalo Mary morago ga gore a thukuthiwe le gore legae la gagwe le thubiwe. Se se itumedisang ke gore, banyalani bano ba ile ba lemoga bodiphatsa jwa seno pele ba ka thanya lo le tsebeng. Ee, kotsi e kgolo thatathata e e ka bakiwang ke madi ke ya gore motho a latlhegelwe ke kamano ya gagwe le Jehofa Modimo le Jesu Keresete. Kwantle ga Ditsala tseno, re ka nna le tsholofelo efe ya go falola bokhutlo jwa lefatshe leno le le boikepo gore re tle re tsene mo lefatsheng le lesha le le solofeditsweng la tshiamo?—Mathaio 6:19-21, 31-34; 2 Petere 3:13.

Ka jalo go sa kgathalesege gore o itsaya jaaka motho yo o humileng kana yo o humanegileng, itise gore o se ka wa simolola go rata madi. Berekela mo goreng o fitlhelele khumo e e di fetang tsotlhe o bo o e boloka—ya go nna le boemo jo bo amogelwang ke Jehofa Modimo. O ka dira seno ka go tlhwaela taletso eno e e potlakileng tsebe ka dinako tsotlhe: “Mōea le monyadwi ba re, Tla. Le eo o utlwañ, a a kè a re, Tla. Le eo o nyorilweñ a a tlè: eo o ratañ, a a tseè metse a botshelō, a a tseè hèla a sena thèkō.”—Tshenolō 22:17.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Ga go a dirisiwa maina a bone a mmatota.

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Matlhakore oomabedi a ledi le le neng le dirilwe ka tshipi a ne a kwadilwe “ngwaga wa bobedi” ka nako ya go tsuologa ga Bajuda

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela