LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 2/15 ts. 12-17
  • “A Nyalō E Tlotlwè mo go Botlhe”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “A Nyalō E Tlotlwè mo go Botlhe”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nako ya Diphetogo
  • Phuthego ya Bokeresete E A Amega
  • Go Raelwa le go Faposiwa
  • Selo sa Konokono Se Se Tla Thusang go Tila Seno
  • Dithaelo Tse Di Tlhagelang Botlhe
  • Lenyalo le ka Atlega mo Lefatsheng la Gompieno
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Letla Jehofa Gore a Nonotshe le go Sireletsa Lenyalo la Gago
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • “A Lenyalo le Tlotlege”
    “Ipolokeng mo Loratong Lwa Modimo”
  • Fa Lenyalo le Setse le Tla Thubega
    Sephiri sa Boitumelo mo Lelapeng
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 2/15 ts. 12-17

“A Nyalō E Tlotlwè mo go Botlhe”

“A nyalō e tlotlwè mo go botlhe me a bolaō bo se leshwèhadiwe.”—BAHEBERA 13:4.

1. Batho ba le bantsi ba ithutile eng kaga lenyalo le le atlegileng?

LE ELENG mo motlheng ono o mo go one go tlhala e leng selo se se dirwang motlhofo fela, batho ba le dimilione ba itumelela manyalo a a nnelang ruri. Ba bone tsela eo ba ka atlegang ka yone go sa kgathalesege botho jo bo farologaneng jo ba nang le jone le tsela e ba godileng ka yone e e sa tshwaneng. Manyalo a a ntseng jalo a bonwa mo gare ga Basupi ba ga Jehofa. Gantsi banyalani bano ba a dumela gore ba nnile le dinako tse di monate le tse di seng monate, ba bile ba nna le mabaka a go ngongorega ka yo mongwe. Lefa go ntse jalo, ba ile ba ithuta go feta mo ditsuatsueng tse di seng maatla mo go kalo mme ba boloka sekepe sa bone sa lenyalo se ntse se tsamaya sentle. Mangwe a mabaka ao a ileng a ba thusa go nna ba tswelela pele ke afe?—Bakolosa 3:13.

2. (a) Ke dilo dife tse di siameng tseo di bolokang lenyalo? (b) Ke dilo dife tse di ka nnang tsa senya lenyalo? (Bona lebokoso le le mo go tsebe 14.)

2 Dikakgelo tse di dirilweng ke bangwe bao manyalo a bone a Bokeresete e nnileng a a itumedisang le ao a ileng a atlega di tlhalosa go le gontsi. Monna mongwe yo o nang le dingwaga di le 16 a nyetse o bolela jaana: “Nako nngwe le nngwe fa go tsoga mathata, re ne re dira matsapa tota gore re reetse tsela eo mongwe le mongwe a ikutlwang ka yone.” Seno se tlhomolola nngwe ya dilo tsa konokono e e nonotshang manyalo a le mantsi—go bula mafatlha le go bua pua phaa. Mosadi mongwe yo o nang le dingwaga di le 31 a nyetswe o ne a bolela jaana: “Go tshwarana ka diatla le go dira dilo tse di jesang monate gore re boloke lorato lo lo tukang fa gare ga rona e nnile selo se se tlang pele.” Mme eo ke tsela e nngwe ya go buisana. Banyalani ba bangwe ba ba nang le dingwaga tse di ka nnang 40 ba nyalane, ba gatelela botlhokwa jwa go kgona go lemoga dilo tse di seng masisi, go kgona go itshega le go tshegana. Gape ba ile ba bolela gore go a thusa go kgona go bona bomolemo jwa yo mongwe le go palelwa ga gagwe mme lefa go ntse jalo o mmontsha lorato ka boikanyegi. Monna o ile a umaka go iketleetsa go dumela diphoso mme morago ga moo a kope tshwarelo. Koo go nang le moya wa go ineela, lenyalo le tla fetofetoga go dumalana le maemo go na le gore le thubege.—Bafilipi 2:1-4; 4:5, Kingdom Interlinear.

Nako ya Diphetogo

3, 4. Ke diphetogo dife tseo di leng teng malebana le ka moo batho ba ikutlwang ka teng malebana le go nna o ntse o ikanyega mo lenyalong? A o ka kgona go neela dikai?

3 Mo dingwageng tse di masome a sekae tse di fetileng, tsela eo go ikanyega mo lenyalong go lebiwang ka yone e fetogile mo lefatsheng lotlhe. Batho ba bangwe ba ba nyetseng ba dumela gore ga go na phoso epe fa motho a ratana, eo e leng puo ya segompieno e e dirisediwang boaka, segolobogolo fa e le gore molekane yo mongwe o itse ka gone mme a dumalana le gone.

4 Molebedi mongwe wa Mokeresete o ne a akgela jaana kaga boemo jono: “Mo e ka nang lefatshe lotlhe le tlogetse go dira boiteko jo bo masisi jwa go ka tshegetsa molao wa boitsholo jo bo siameng. Boitshwaro jo bo phepa bo setse bo lebiwa jaaka jo bo fetilweng ke nako.” Batho ba ba nang le maemo a a kwa godimo mo dipolotiking, mo metshamekong, le mo dilong tsa boitlosobodutu ba ile ba roba melao ya Bibela ya boitsholo kwantle ga go iphitlha, mme batho ba ba ntseng jalo ba ntse ba tlotlomadiwa thata. Tota ga go na sepe se se bontshang gore mofuta ope fela wa boitsholo jo bo sa siamang kana tsela e e sa siamang ya go tlhakanela dikobo e phoso. Bophepa le bothokgami bo ne bo tseelwa kwa godimo ke batho bao go ka tweng ke ba maemo a a kwa godimo. Mme gone, ka ntlha ya seane se se reng ‘phala e ruta diphalana matlolo,’ batho ba le bantsi ba latela sekao sa bone mme ba itlhokomolosa seo Modimo a se nyatsang. Go ntse fela jaaka fa Paulo a ne a bolela jaana: “Ba e reñ ka ba helecwe ke maikutlō, boo ba ineèla mo bopepeñ, go diha mashwè aotlhe ka bopelotshètlha.”—Baefesia 4:19; Diane 17:15; Baroma 1:24-28; 1 Bakorintha 5:11.

5. (a) Modimo o leba boaka jang? (b) Lefoko le le dirisiwang mo Bibeleng la “kgokafalo” le akaretsa eng?

5 Melao ya Modimo ga e a fetoga. O leba go nna mmogo kwantle ga go nyalana jaaka kgokafalo. Go sa ikanyege mo lenyalong e santse e le boaka.a Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana ka phepafalo: “Kgotsa a ga lo itse ha ba ba sa siamañ ba se ketla ba rua bogosi yoa Modimo? Lo se ka loa tsietsèga: go le baakahadi, go le baōbamedi ba medimo ea disètwa, go le ba bonyatsi, go le baithati, go le basodoma, . . . ga ba ketla ba rua bogosi yoa Modimo. Me bañwe ba lona ba kile ba ne ba nntse yalo: me loa tlhapisiwa, loa itshepisiwa, loa siamisiwa mo ineñ ya Morèna Yesu Keresete, le mo Moeeñ oa Modimo oa rona.”—1 Bakorintha 6:9-11.

6. Re ka bona kgothatso efe mo mafokong a ga Paulo a a mo go 1 Bakorintha 6:9-11?

6 Ntlha e e kgothatsang mo temaneng eo ke seo Paulo a neng a se bolela fa a ne a re, “Me bañwe ba lona ba kile ba ne ba ntse jalo: me loa tlhapisiwa.” Ee, ba le bantsi ba bao mo nakong e fetileng ba neng ba tsamaya mo “tlhapeloñ euō e e heteletseñ” ya boitsholo jo bo repileng jwa lefatshe ba lemogile phoso ya bone, mme ba dumela mo go Keresete le setlhabelo sa gagwe, ebile ba a tlhapisiwa. Ba tlhophile go kgatlha Modimo ka go tshela botshelo jwa boitsholo jo bo siameng mme ba itumetse ka ntlha ya seo.—1 Petere 4:3, 4.

7. Ke pharologano efe e e leng teng malebana le go tlhaloganya “boitsholo jo bo sa siamang,” mme Bibela yone e go leba jang?

7 Kafa letlhakoreng le lengwe, tsela ya segompieno eo lefatshe le tlhalosang boitsholo jo bo sa siamang ka yone e bokoa mo e leng gore ga e dumalane le pono ya Modimo. Buka nngwe e e tlhalosang mantswe e tlhalosa “boitsholo jo bo sa siamang” jaaka “se se farologaneng le boitsholo jo bo tlhomilweng.” “Boitsholo jo bo tlhomilweng” jwa segompieno jo bo mpampetsang tlhakanelodikobo pele ga lenyalo le go tlhakanela dikobo le motho yo mongwe o ntse o le mo lenyalong mmogo le bosodoma, ke tsone tseo Bibela e di kgalang jaaka boitsholo jo bo sa siamang. Ee, go ya ka Bibela, boitsholo jo bo sa siamang ke tsela e e maswemaswe ya go tlola molao wa Modimo wa boitsholo.—Ekesodo 20:14, 17; 1 Bakorintha 6:18.

Phuthego ya Bokeresete E A Amega

8. Boitsholo jo bo sa siamang bo ka ama jang bao ba leng mo phuthegong ya Bokeresete?

8 Gompieno boitsholo jo bo sa siamang bo aname mo e leng gore bo ka kgona go gatelela le eleng bao ba leng mo phuthegong ya Bokeresete. Ba ka tlhotlhelediwa ke jone ka dithulaganyo tsa thelebishene tsa boitsholo jo bo maswe, dibidio, le dibuka kana dibaesekopo tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Le mororo e le karolo e nnye fela ya Bakeresete bao ba amiwang ke seno, go tshwanetse ga tlhokomelwa gore mo makgetlong a le mantsi ao mo go one bangwe ba kgaolwang mo ditlhopheng tsa Basupi ba ga Jehofa ka ntlha ya go gana go sokologa mo boitshwarong jo bo sa tshwaneleng Bakeresete a amana ka tsela nngwe le boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo. Kafa letlhakoreng le lengwe, ba le bantsi ba bao ba kgaotsweng kgabagare ba lemoga diphoso tsa bone, mme ba boele mo tseleng e e phepa ya botshelo, mme fa nako e ntse e ya ba busediwe gape mo phuthegong.—Bapisa Luke 15:11-32.

9. Satane o tsietsa jang ba ba sa itisang?

9 Ga go na pelaelo epe ya gore Satane o ntse a potologa jaaka tau e e dumang, a ipaakanyeditse go kometsa ba ba sa itisang. Maano a gagwe a boferefere kana “ditiro tsa boferefere” a tsietsa Bakeresete ba ba sa itisang ngwaga le ngwaga. Moya wa lefatshe la gagwe o o nnang o ntse o le teng ke wa bopelotshetlha, wa go ijesa monate, le go nna le keletso e e sa siamang ya tlhakanelodikobo. O tlhotlheletsa go kgotsofatsa dikeletso tsa nama. Ke moya wa go gana go ikgapa.—Baefesia 2:1, 2; 6:11, 12, ntlhanyana e e kwa tlase go NW; 1 Petere 5:8.

10. Ke bomang ba ba raelesegang bonolo, mme ka ntlha yang?

10 Ke bomang mo phuthegong bao ba ka welang mo thaelong ya boitsholo jo bo sa siamang? Bakeresete ba bantsi, ekane e le bagolwane mo phuthegong, balebedi ba potologo, maloko a lelapa la Bethele, babulatsela bao ba senyang diura di le dintsi ba rera kgwedi nngwe le nngwe, batsadi bao ba tshwaregileng ba ba godisang lelapa, kana basha bao ba lebaneng le go gatelelwa ke balekane ba bone. Dithaelo tsa senama di diragalela botlhe. Kgogelo ya go tlhakanela dikobo e ka tlhotlhelediwa ka nako eo go sa lebelelwang. Ke ka ntlha ya moo Paulo a neng a ka kwala jaana: “Eo o gopolañ, go re, o eme, a a itisè gore a se ka a wa. Ga loa wèlwa ke thaèlō epè e e sa kakeñ ea ichōkelwa ke [banna le basadi].” Ka maswabi, bangwe ba Bakeresete ba ba nang le maikarabelo ba ile ba ineela mo keletsong eno ya boitsholo jo bo sa siamang.—1 Bakorintha 10:12, 13.

Go Raelwa le go Faposiwa

11-13. Ke maemo afe ao a ileng a felela ka boitsholo jo bo sa siamang?

11 Ke maemo afe le dithaelo dife tseo di ileng tsa dira gore bangwe ba latele tsela ya boeleele ya go dira boaka le ya go gokafala? A raraane ebile a a farologana go ya ka dinaga kana setso. Lefa go ntse jalo, go na le maemo a a rileng a konokono a a bakang seno mo dinageng di le dintsi. Ka sekai, go ile ga begiwa gore go na le diphati tse di rulaganngwang tseo mo go tsone dino tsa tagi di bonwang motlhofo fela. Ba bangwe ba ile ba kgatlhiwa ke mmino wa lefatshe o o sa siamang le ditantse tse di tsosang keletso ya tlhakanelodikobo. Mo mafelong mangwe mo Afrika, go na le banna ba ba itsholetseng—ba ba sa dumeleng—bao ba nang le dinyatsi; basadi bangwe ba ile ba raelesega go batla go bona madi kafa tlase ga maemo a a ntseng jalo lefa seno se ka nna sa akaretsa boitsholo jo bo sa siamang. Mo mafelong a mangwe banna ba Bakeresete ba ba nyetseng ba ile ba tlogela malapa a bone go ya go dira kwa meepong kana gongwe go sele. Mme ka ntlha ya seo boikanyegi jwa bone le bothokgami jwa bone bo lekwa ka selekanyo kana ka tsela eo e ba neng ba se kitla ba lekwa ka yone fa ba ne ba le kwa gae.

12 Kwa dinageng dingwe tse di tlhabologileng bangwe ba ile ba wela mo serung sa ga Satane ka go tlhola ba na le motho wa bong bo sele mme go sena motho ope wa boraro—jaaka go nna mmogo ka metlha mo koloing fa o ithuta go kgweetsa.b Bagolwane bao ba dirang tiro ya bodisa ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba nna ba le bosi le kgaitsadi fa ba mo gakolola. Motlotlo o ka nna wa nna o o amang maikutlo mme go felele ka gore bobedi jwa bone ba nne mo boemong jo bo ba tlhabisang ditlhong.—Bapisa Mareko 6:7; Ditihō 15:40.

13 Maemo a a umakilweng fa godimo fano a ile a dira gore Bakeresete bangwe ba palelwe ke go nna kelotlhoko mme ga felela ka gore ba kopanele mo boitsholong jo bo sa siamang. Jaaka mo lekgolong la ntlha la dingwaga, le bone ba ile ba itesa go ‘raelwa ba faposiwa ke e e leng thato ya bone’ seo se ileng sa felela ka boleo.—Yakobe 1:14, 15; 1 Bakorintha 5:1; Bagalatia 5:19-21.

14. Ke eng fa bopelotshetlha e le selo sa konokono mo dikgannyeng tsa boaka?

14 Fa go dirwa tshekatsheko e e kelotlhoko malebana le ba ba kgaotsweng go bonala fa boitsholo jo bo sa siamang bo na le mabaka mangwe a konokono a a tshwanang. Mo mabakeng a a ntseng jalo go fitlhelwa go na le mofuta mongwe wa bopelotshetlha. Ke ka ntlha yang fa re bolela jalo? Ke ka go bo fa go dirilwe boaka, go na le motho kana batho bao ba tlileng go utlwa botlhoko. E ka nna molekane yo a nyalaneng nae kafa molaong. Bana bone ba tla utlwa botlhoko fa e le gore ba teng, ka gore fa e le gore boaka bo dira gore go tlhalanwe, bana bao ba eletsang go nna ba bolokesegile mo lelapeng le le utlwanang e ka nna ya nna bone ba bogang thata. Motho yo o dirang boaka o akanya fela ka monate le molemo o a ka o bonang. Selo seo ke go nna pelotshetlha.—Bafilipi 2:1-4.

15. Mabaka a mangwe ao a ka neng a ile a gogela mo goreng go dirwe boaka ke afe?

15 Gantsi go dira boaka ga se selo seo se tshoganang se direga ka ntlha ya bokoa. Lenyalo ka bolone le tshwanetse la bo le ile la nna la senyega ka iketlo go sa lemogiwe. Gongwe puisano e ile ya nna seomodiro kana e le e e lapisang. Gongwe go sena ope yo o kgothatsang yo mongwe. Ka bobedi ba tshwanetse ba bo ba ile ba palelwa ke go bontsha fa yo mongwe a anaanela yo mongwe. Balekane ba lenyalo ba tshwanetse ba bo ba na le lobakanyana ba sa kgotsofatsane mo go tsa tlhakanelodikobo. Fa motho a dira boaka tota le kamano ya gagwe le Modimo le yone e tshwanetse ya bo e ile ya senyega. Jehofa ga a tlhole a lebiwa sentle jaaka Modimo yo o tshelang yo o bonang mogopolo le dilo tsotlhe tseo re di dirang. Gongwe “Modimo” mo mogopolong wa motho yo o akafalang e setse e nna lefoko fela, selo se se sa tsheleng e se karolo ya botshelo jwa letsatsi le letsatsi. Ka tsela e e ntseng jalo go nna motlhofo go leofela Modimo.—Pesalema 51:3, 4; 1 Bakorintha 7:3-5; Bahebera 4:13; 11:27.

Selo sa Konokono Se Se Tla Thusang go Tila Seno

16. Mokeresete a ka emelana jang le thaelo ya go sa ikanyege?

16 Fa Mokeresete ope fela a bona gore o a raelesega gore a se ka a ikanyega, ke dilo dife tseo a tshwanetseng go di gakologelwa? Sa ntlha, o tshwanetse gore a akanye gore lorato lwa Bokeresete lo lo thailweng mo melaometheong ya Bibela lo raya eng. Le ka motlha re se ka ra letla lorato lwa tlhakanelodikobo go laola maikutlo a rona mme ra tloga ra nna pelotshetlha, mme ra dira gore ba bangwe ba boge. Go na le moo, re tshwanetse go leba dilo ka tsela eo Jehofa a di lebang ka yone. Bo tshwanetse jwa lebiwa ka tsela eo phuthego e bo lebang ka yone le ka moo boitsholo jo bo maswe joo bo tla tlisang kgobo ka teng mo phuthegong le mo leineng la ga Jehofa. (Pesalema 101:3) Go ka tilwa masetlapelo ka go nna le mogopolo wa ga Keresete malebana le kgang eo le go dira se se tshwanetseng. Gakologelwa, lorato lo lo tshwanang le lwa ga Keresete lo lo senang bogagapa ga lo ko lo tlhaela.—Diane 6:32, 33; Mathaio 22:37-40; 1 Bakorintha 13:5, 8.

17. Ke dikao dife tse di agang tse re nang le tsone?

17 Se se ka re thusang go tila seno ke go nonotsha tumelo le pono ya rona ka tsholofelo e e tlang. Seno se raya gore ka metlha re nne re gakologetswe dikao tse di tlhomologileng tsa bothokgami tsa banna le basadi ba ba ikanyegang le sa ga Jesu tseo ba di re tlogeletseng. Paulo o ne a kwala jaana: “Me ke gōna, ereka re dikanyedicwe ke boidiidi yo bo kalo kalo yoa bashupi, a le rona re latlheñ bokete boñwe le boñwe, le boleo yo bo bohehō go re rareètsa, me a re sianeñ ka bopelotelele tshianō e re e beilweñ pele, Re nntse re lebile kwa go Yesu, mosimolodi le mowetsi oa tumèlō ea rona, eo e rileñ ka boitumèlō yo o bo beecweñ pele a ichokèla mokgōrō, a nyatsa ditlhoñ, me a dula kaha ntlheñ ea lecōgō ye legolo ya setulō sa Modimo sa bogosi. A lo ko lo akanyeñ èna eo o ichoketseñ kganèlō e e kalo kalo ea baleohi ba ba ikganetsañ, gore lo tlè lo se ka loa lapa, loa ñodiega mo meoeñ ea lona.” (Bahebera 12:1-3) Go na le gore a thube sekepe sa lenyalo, motho yo o botlhale o tla akanya ka ditsela tsa go baakanya tshenyo epe e e leng teng go busetsa lenyalo gape mo maemong a a siameng, ka tsela e e ntseng jalo o tila go wela mo kotsing ya go nna bolotsana le go sa ikanyege.—Yobe 24:15.

18. (a) Ke eng fa bolotsana e se lefoko le legolo thata go ka tlhalosa boaka? (b) Modimo o leba jang go dira kafa o ikanneng ka teng?

18 A bolotsana, jo e leng bonokwane, ke lefoko le legolo thata go ka dirisediwa boitsholo jo bo sa siamang? Bonokwane ke go tsietsa kana go sa ikanyege. Tota maikano a lenyalo a akaretsa boikanyegi le tsholofelo ya go re lo tla ratana le go anaanelana lefa go ka nna thata jang, go le monate le go se monate. A akaretsa sengwe seo bangwe ba se lebang jaaka selo se se fetilweng ke nako mo metlheng e re tshelang mo go yone—tsholofelo eo motho a e dirang mo maikanong a lenyalo. Go palelwa ke go ikanyega ka tsela eo ke go direla molekane wa gago bonokwane. Tsela e Modimo a lebang maikano ka yone e boletswe ka phepafalo jaana mo Bibeleng: “Ha u ikanèla Modimo ka ikanō, u se ka ua dièga go e leha; gonne ga o na kgatlhègō mo dieleeleñ: u lehè se u ikanneñ kaga shōna.”—Moreri 5:4.

19. Re ka bapisa boitumelo jwa ga Satane fa Mosupi a palelwa le eng?

19 A go se nne le pelaelo epe ka seno. Fela jaaka fa go nna le boitumelo jo bogolo kwa legodimong fa moleofi a le mongwe a bolokiwa, go nna le boitumelo jo bo ntseng jalo fa gare ga Satane le masomosomo a gagwe a a bonalang le a a sa bonaleng fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a palelwa ke go boloka bothokgami.—Luke 15:7; Tshenolō 12:12.

Dithaelo Tse Di Tlhagelang Botlhe

20. Re ka emelana jang le thaelo? (2 Petere 2:9, 10)

20 A go ka se kgonege go tila boitsholo jo bo sa siamang ka dinako tse dingwe? A nama ya rona mmogo le Satane di maatla thata mo e leng gore Bakeresete ga ba kgone go di tila le go boloka bothokgami? Paulo o kgothatsa jaana ka mafoko ano: “Modimo o boikañō o o se ketlañ o lo lesa loa raèlwa ka mo go hetañ nonohō ea lona; me o tla re mo thaeloñ o lo baakannyetse kgōrō ea phalolō le eōna, gore lo tlè lo bōnè go e ichokèla.” Mo lefatsheng le re tshelang mo go lone gompieno re ka nna ra bo re sa kgone go tila thaelo gotlhelele, mme, tota re ka kgona go itshoka le go fenya thaelo epe fela ka go rapela Modimo.—1 Bakorintha 10:13.

21. Ke dipotso dife tseo di tla arabiwang mo setlhogong sa rona se se latelang?

21 Modimo o re naya eng seo se re thusang go itshokela dithaelo le go di fenya? Rona re tlhoka eng motho ka mongwe gore re tle re kgone go ka sireletsa manyalo a rona, malapa a rona, mmogo le boemo jwa leina la ga Jehofa le jwa phuthego? Setlhogo sa rona se se latelang se tla araba dipotso tseo.

[Dintlha tse di kwa tlase]

a “‘Kgokafalo’ fa e tlhalosiwa ka botlalo, le jaaka fa e bolelwa mo go Mathaio 5:32 le 19:9, kwantle ga pelaelo e kaya ditsela tse dintsi tse di sa tshwanelang kana dikamano tse di sa siamang tsa tlhakanelodikobo tse di dirwang kwantle ga lenyalo. Porneia [lefoko la Segerika le le dirisitsweng mo ditemaneng tseo] e akaretsa mokgwa o o maswe wa ga dirisa (di)rwe tsa tsalo gongwe tsa motho a le mongwe fela (ekane e le ka tsela ya tlholego kana ka tsela e e sa siamang); gape, go tshwanetse ga bo go ne go na le motho yo mongwe mo boitsholong joo jo bo sa siamang—motho wa bong lefa e ka nna bofe, kana phologolo.” (Tora ya Tebelo, ya September 1, 1983, tsebe 29) Boaka: “Ke go tlhakanela dikobo ka go rata ga motho yo a leng mo lenyalong le molekane yo e seng monna kana mosadi wa gagwe.”—The American Heritage Dictionary of the English Language.

b Kwantle ga pelaelo, go ka nna ga nna le maemo ao mo go one mokaulengwe a ka pegang kgaitsadi mo sepalangweng, mme boemo jo bo ntseng jalo ga bo a tshwanela go tlhaloganngwa ka tsela e e sa tshwanelang.

A O A Gakologelwa?

◻ Ke dilo dife tseo di thusang gore lenyalo le nonofe?

◻ Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go ganana le kafa lefatshe le lebang boitsholo jo bo siameng ka teng?

◻ Ke dithaelo dife le maemo afe ao a ka gogelang mo boitsholong jo bo sa siamang?

◻ Selo sa konokono seo se ka thusang go tila boleo ke eng?

◻ Modimo o re thusa jang ka dinako tsa fa re raelwa?

[Lebokoso mo go tsebe 14]

DILO TSE DI TLWAELEGILENG MO MANYALONG A A NNELANG RURI

◻ Go ngaparela melaometheo ya Bibela

◻ Balekane boobabedi ba na le kamano e e nonofileng le Jehofa

◻ Monna o tlotla mosadi wa gagwe, maikutlo a gagwe le tsela e a lebang dilo ka yone

◻ Go nna le puisano e e molemo letsatsi le letsatsi

◻ Go senka ditsela tsa go ka itumedisana

◻ Go kgona go lemoga dilo tse di seng masisi; go kgona go itshega

◻ Go dumela diphoso ka kgololesego; go itshwarela ka bonako

◻ Go nna lo bontshana ka metlha gore lo a ratana

◻ Go utlwana mo go godiseng bana le go ba otlhaya

◻ Go rapela Jehofa mmogo ka metlha

DILO TSE DI SA SIAMANG TSEO DI SENYANG LENYALO

◻ Bopelotshetlha le botlhogoethata

◻ Go palelwa ke go dira dilo mmogo

◻ Go nna le puisano e e bokoa

◻ Go palelwa ga balekane go rerisana ka tsela e e tshwanetseng

◻ Go se dirise madi sentle

◻ Go nna le pono e e farologaneng malebana le ka moo bana kana bana ba eseng ba molekane yo mongwe ba tshwarwang ka teng

◻ Monna yo o dirang go fitlha bosigo kana yo a tlhokomologang lelapa la gagwe ka ntlha ya ditiro tse dingwe

◻ Go palelwa ke go tlamela lelapa ka dilo tse le di tlhokang semoyeng

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Go boloka lenyalo le tlotlega go lere boitumelo jo bo nnelang ruri

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela