Go Tlhagolela Botho jo Bosha mo Lenyalong
“Lo ntšhafadiwe ke maatla a a laolang mogopolo wa lona, Mme lo apare motho yo mosha.”—BAEFESIA 4:23, 24, NW.
1. Ke eng fa lenyalo le sa tshwanela go tsewa motlhofo?
LENYALO ke nngwe ya dikgato tse di masisi thata e motho a e tsayang mo botshelong, ka jalo ga le a tshwanela go tsewa motlhofo. Ke ka ntlha yang fa go ntse jalo? Ke ka gonne go tlhokega gore motho a dire kgolagano ya botshelo jotlhe le motho yo mongwe. Go raya gore o tshele botshelo jwa gago jotlhe le motho yoo. Go tlhokega gore go dirwe tshwetso e e siameng gore kgolagano eo e nne e e nonofileng. Gape go tlhokega gore go nne le tlhotlheletso e e siameng ‘e e laolang mogopolo le go bopa botho jo bosha.’—Baefesia 4:23, 24; bapisa Genesise 24:10-58; Mathaio 19:5, 6.
2, 3. (a) Go tlhokega eng gore motho a kgone go tlhopha molekane wa lenyalo ka tsela e e botlhale? (b) Ke eng se se akarediwang mo lenyalong?
2 Go na le lebaka le le utlwalang la gore o se ka wa itlhaganelela go tsena mo lenyalong ka ntlha ya go tlhotlhelediwa le go fenngwa ke keletso tsa nama. Go tlhokega nako gore botho jwa motho bo gole ebile go tsaya nako gore mekgwa e e rileng e gole mo mothong. Fa nako e ntse e tsamaya motho o kgona go nna le boitemogelo le kitso tseo di ka nnang motheo wa gore a kgone go dira tshwetso e e siameng. Ka jalo he, o ka kgona go atlega thata go tlhopha molekane yo o tla tshelang nae. Seane sengwe sa Sepanishe se bontsha seo jaana ka phepafalo: “Go botoka go nna o sa nyala go na le gore o nne mo lenyalong le le sa itumediseng.”—Diane 21:9; Moreri 5:2.
3 Kwantle ga pelaelo selo sa konokono seo se tla dirang gore lenyalo le atlege ke go tlhopha molekane yo o siameng. Ka jalo Mokeresete o tshwanetse gore a dirise le go latela kaelo ya Bibela a sa gogiwe fela ke popego ya mmele kana ke maikutlo a a sa tshwanelang le ke go gatelelwa ke lorato. Lenyalo ga se fela go kopanngwa ga mebele e mebedi. Ke go kopanngwa ga botho jwa batho ba babedi, ditsela tse pedi tsa botshelo jwa lelapa jo o godileng ka jone le thutego, gongwe ditso tse pedi le dipuo tse pedi. Tota go kopana ga batho ba babedi mo lenyalong go batla gore loleme lo dirisiwe sentle; ka maatla a puo re ka kgona go senya le go agelela. Go ya ka seno sotlhe, re bile re bona ka moo kgakololo ya ga Paulo e leng botlhale ka teng ya gore ‘o nyale mo Moreneng’ go kaya gore o nyale modumedi ka wena.—1 Bakorintha 7:39; Genesise 24:1-4; Diane 12:18; 16:24.
Go Lebana le Dikgatelelo tsa Lenyalo
4. Ke ka ntlha yang fa go nna le kgotlhang le go ngomoga maikutlo ka dinako tse dingwe mo lenyalong?
4 Lefa motheo o siame, go ntse go tla nna le dikgotlhang, kgatelelo, le go ngomoga maikutlo. Dilo tseno di tlhagela motho mongwe le mongwe ekane a le mo lenyalong kana a se mo go lone. Mathata a tsa madi le a botsogo a ka dira gore go nne le kgatelelo ya maikutlo mo kamanong epe fela. Go fetofetoga ga maikutlo go ka dira gore go nne le go thulana ga botho le mo lenyalong le le gaisang thata. Ntlha e nngwe ke gore ga go na ope yo o ka kgonang go laola leleme ka botlalo, fela jaaka fa Jakobe a ne a bolela jaana: “Re tle re kgocwe rotlhe mo diloñ di le dintsi. Ha moñwe a sa kgocwe mo puoñ, eouō e be e le motho eo o itekanetseñ, eo o nonohileñ go kganèla le ōna mmele otlhe. . . . Loleme le lōna ke tokololō e pōtlana, me lo bolèle dilō tse dikgolo ka go ipelahatsa. Bōnañ, sekgwa se segolo yañ se se chuywañ ka molelō o le monnyennye!”—Yakobe 3:2, 5.
5, 6. (a) Ke eng se se tlhokegang fa yo mongwe a sa tlhaloganye yo mongwe? (b) Ke eng seo se ka nnang sa tlhoka go dirwa go baakanya boemo?
5 Re ka laola maemo jang fa go nna le dikgatelelo mo lenyalong? Re ka thibela jang gore go sa tlhaloganye sengwe ka tsela e e tshwanang go se ka ga nna komang mme komang e se ka ya felela ka gore botsalano bo senyege? Ke gone fa maatla a a laolang mogopolo a dirang teng. Moya o o tlhotlheletsang ono o ka nna wa nna o o siameng kana wa nna o o sa siamang, e le o o agelelang le wa semoya kana e le o o senyang, o o laolwang ke dikeletso tsa nama. Fa e le o o agelelang, motho o tla dira se se tshwanetseng go baakanya maemo a a senyegileng gore a boloke lenyalo la gagwe le ntse le le mo tseleng e e siameng. Go gogagogana mo puong le dikomang ga di a tshwanela go fedisa lenyalo. Dikgoreletsi di ka tlosiwa mme go tlotlana le go tlhaloganyana go ka boa ga nna teng fa go dirisiwa kgakololo ya Bibela.—Baroma 14:19; Baefesia 4:23, 26, 27.
6 Mo maemong a a ntseng jalo mafoko ano a ga Paulo ke a a tshwanelang: “Me ke gōna, yaka ba ba itshenkecweñ ke Modimo, yaka ba ba ratègañ, lo aparè pelotlhomogi, le pelonomi, le boikokobeco, le bonōlō, le bopelotelele; Lo iphapaanyanè moñwe le eo moñwe, lo ichwarèlanè, ha motho moñwe a na le ñōñōrègō kaga eo moñwe; hèla yaka Morèna a lo ichwaretse, le lona lo dihè hèla yalo: Me mo godimo ga dilō cotlhe tse lo aparè loratō, lo e leñ lōna sebōhō sa boitekanèlō.”—Bakolosa 3:12-14.
7. Bangwe ba ka nna ba bo ba na le bothata bofe mo lenyalong la bone?
7 Go motlhofo go bala temana eo, mme kafa tlase ga kgatelelo ya botshelo jwa segompieno, ga se ka metlha go nnang motlhofo go e dirisa. Bothata tota e ka tswa e le eng? Ka dinako tse dingwe Mokeresete a ka nna a bo a tshela matshelo a mabedi a sa lemoge. Kwa Holong ya Bogosi, o mo gare ga bakaulengwe, o bonolo mme o akanyetsa ba bangwe. Lefa go ntse jalo, fa a le kwa gae, mo tikologong ya lelapa, a ka nna a bo a lebala kamano ya gagwe ya semoya. Koo ke monna le mosadi fela. Mme fa a le kafa tlase ga kgatelelo ya maikutlo monna (kana mosadi) a ka nna a felela a buile dilo tse di sa siamang tseo le ka motlha di neng di se kitla di buiwa kwa Holong ya Bogosi. Go diragetse eng? Ka bonakonyana fela, botho jwa gagwe jwa Bokeresete bo nyeletse. Motlhanka wa Modimo o lebetse gore monna (kana mosadi) yono e santse e le mokaulengwe (kana kgaitsadi) wa gagwe wa Mokeresete kwa gae. Maatla a a laolang mogopolo e nnile a a sa siamang go na le gore e nne a a siameng.—Yakobe 1:22-25.
8. Ke eng seo se ka nnang sa diragala fa maatla a a laolang mogopolo e le a a sa siamang?
8 Seno se felela ka eng? Monna a ka nna a lesa go ‘aga le mosadi wa gagwe kafa kitsong, ka go mo naya tlotlo, jaaka e le sejana se se seng thata.’ Mosadi a ka nna a lesa go tlotla monna wa gagwe; a latlhegetswe ke “mōea oa boikokobeco le tidimalō.” Maatla a a laolang mogopolo e ile ya nna a senama go na le gore e nne a semoya. Go setse go na le ‘pelo ya senama.’ Ka jalo ke eng seo se ka dirwang gore maatla a a tlhotlheletsang e nne e ntse e le a semoya le a a siameng? Re tshwanetse gore re nonotshe bomoya jwa rona.—1 Petere 3:1-4, 7; Bakolosa 2:18.
Nonotsha Maatla Ao
9. Ke dilo dife tseo re tshwanetseng go di tlhopha mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi?
9 Moya o o tlhotlheletsang ke tsela eo re akanyang ka yone fa re dira ditshwetso le fa re tlhopha. Botshelo bo nna bo ntse bo na le mefuta e e farologaneng ya dilo tse re ka di tlhophang—tse di molemo kana tse di bosula, tsa bopelotshetlha kana tse eseng tsa bopelotshetlha, tsa boitsholo jo bo siameng kana tsa boitsholo jo bo sa siamang. Ke eng seo se tla re thusang gore re dire ditshwetso tse di siameng? Ke maatla a a laolang mogopolo fa e le gore a thailwe mo go direng thato ya ga Jehofa. Mopesalema o ne a rapela jaana: “Nthuta tsela ea ditaō tsa gago Yehofa; me ke tla e tseèla rure go ea bokhutloñ.”—Pesalema 119:33; Esekiele 18:31; Baroma 12:2.
10. Re ka nonotsha jang maatla a a laolang mogopolo ka tsela e e siameng?
10 Go nna le kamano e e nonofileng le Jehofa go ka re thusa gore re mo kgatlhe le gore re tile se se bosula, go akaretsa le go sa ikanyege mo lenyalong. Baiseraele ba ne ba kgothalediwa gore ‘ba dire se se molemo mo matlhong a ga Jehofa Modimo wa [bone].’ Mme Modimo o bile wa gakolola jaana: “Lona ba lo ratañ Yehofa, a lo ko lo ileñ se se boshula.” Go ya ka molao wa bosupa mo Melaong E E Lesome o o reng: “U se ka ua diha boaka” Baiseraele ba ne ba tshwanetse go tlhoa boaka. Molao oo o bontsha ka moo Modimo o lebang go ikanyega mo lenyalong ka tsela e e masisi ka gone.—Duteronome 12:28; Pesalema 97:10; Ekesodo 20:14; Lefitiko 20:10.
11. Ke jang gape re ka nonotshang maatla a a laolang mogopolo?
11 Ke jang gape re ka nonotshang maatla a a laolang mogopolo? Ka go anaanela ditiro tsa semoya le dilo tse di botlhokwa tsa semoya. Seo se raya gore re tshwanetse go dira gotlhe mo re ka go kgonang go ithuta Lefoko la Modimo ka metlha mme re tshwanetse go ithuta go itumelela go tlotla ka megopolo le kgakololo ya ga Jehofa. Re tshwanetse go bolela go tswa pelong jaaka mopesalema jaana: “Ke gu batlile ka pelo ea me eotlhe hèla: a u ko u se ka ua ntesa ka timèlwa ke ditaolō tsa gago. Ke beile lehoko ya gago mo peduñ ea me, gore ke se ka ka gu leohèla. Nthuta tsela ea ditaō tsa gago Yehofa; me ke tla e tseèla rure go ea bokhutloñ. Nnaea tlhaloganyō, me ke tla boloka molaō oa gago; E, ke tla o tlhōkōmèla ka pelo ea me eotlhe hèla.”—Pesalema 119:10, 11, 33, 34.
12. Ke dilo dife tseo di ka re thusang go bontsha mogopolo wa ga Keresete?
12 Go anaanela melaometheo ya ga Jehofa e e tshiamo ka tsela eno ga re kake ra go dira fela ka go ithuta Bibela mme gape le ka go nna le seabe ka metlha mo dipokanong tsa Bokeresete mmogo le go dira mmogo mo tirelong ya Bokeresete. Dilo tseno tse pedi tse di tlhotlheletsang thata di ka kgona go nonotsha maatla a a laolang mogopolo wa rona gore tsela e e seng ya bogagapa e re tshelang ka yone e supe ka metlha gore re na le mogopolo wa ga Keresete.—Baroma 15:5; 1 Bakorintha 2:16.
13. (a) Ke ka ntlha yang fa thapelo e le selo se se botlhokwa seo se ka nonotshang maatla a a laolang mogopolo? (b) Jesu o ne a tlhoma sekao sefe malebana le seno?
13 Selo se sengwe ke seo Paulo a se otlelelang mo lekwalong leno la gagwe le a le kwaletseng Baefesia: “Lo nntse lo rapèla ka metlha eotlhe mo Moeeñ, ka thapèlo eotlhe le kokotlèlō.” (Baefesia 6:18) Banna ba ba nyetseng le basadi ba bone ba tshwanetse go rapela mmogo. Dithapelo tse di ntseng jalo gantsi di dira gore go bulwe mafatlha ebile di ka dira gore go buiwe puo phaa eo e baakanyang boemo bope fela. Ka dinako tsa fa re lekwa le fa re raelwa, re tshwanetse gore re rapele Modimo, re mo kope gore a re thuse gore re nonofe semoyeng gore re tle re kgone go dira tumalanong le mogopolo wa ga Keresete. Le eleng Jesu yo o itekanetseng o ne a rapela Rraagwe ka makgetlo a mantsi a kopa gore a mo neye nonofo. Dithapelo tsa gagwe e ne e le tse di tswang pelong ebile di nonofile. Ka tsela e e tshwanang le gompieno, ka nako ya fa re raelwa re ka bona nonofo ya go dira ditshwetso tse di siameng ka go kopa Jehofa gore a re thuse go lwa le keletso ya go ineela mo dilong tsa nama le ya go roba maikano a lenyalo.—Pesalema 119:101, 102.
Dikao Tse Di Farologaneng tsa Boitshwaro
14, 15. (a) Josefa o ne a itshwara jang fa a ne a raelwa? (b) Ke eng seo se neng sa thusa Josefa go gana fa a raelwa?
14 Re ka lwa jang kgatlhanong le thaelo? Malebana le seno re na le pharologano e e phepafetseng gare ga seo se dirilweng ke Josefa le seo se ileng sa dirwa ke Dafide. Ka nako ya fa mosadi wa ga Potifaro a ne a nnela go leka go faposa Josefa yo montle, yo go bonalang a ne a sa nyala ka nako eo, la bofelo o na a mo araba ka go bolela jaana: “Mo tluñ e, ga go na opè eo o mogolo mo go nna, le gōna ga a baea sepè kwa ntlè ga me, ha e se wèna, ka go bo u le mosadi oa gagwè; kana hoñ boshula yo bogolo yo, ke ka bo diha yañ, ke leohèla Modimo?”—Genesise 39:6-9.
15 Ke eng seo se ileng sa thusa Josefa go dira se se siameng ereka go ne go le motlhofo jaana gore a ineele? Mogopolo wa gagwe o ne o laolwa ke maatla a a nonofileng. O ne a tshwenyegile ka kamano ya gagwe le Jehofa. O ne a itse gore go gokafala ga gagwe le mosadi yono yo o neng a na le lorato lwa boeleele e ne e tla nna go leofela eseng fela monna wa gagwe mme se se botlhokwa le go feta, e ne e tla bo e le go leofela Modimo.—Genesise 39:12.
16. Dafide ene o ne a itshwara jang fa a ne a raelwa?
16 Go farologana le seo, go diragetseng ka Dafide? E ne e le monna yo o nyetseng, a na le basadi ba sekae bao Molao o neng o mo letla gore a nne nabo. Bosigo bongwe a ntse a le mo ntlong ya gagwe ya segosi o ne a bona mosadi mongwe a tlhapa. E ne e le Bathesheba yo montle, mosadi wa ga Uria. Kwantle ga pelaelo Dafide o ne a ka kgona go tlhopha seo a tla se dirang—go leba fa keletso e ntse e gola mo pelong ya gagwe kana a retologe a gane go raelesega. O ne a tlhopha go dira eng? O ne a laela gore a tlisiwe mo ntlong ya gagwe ya segosi, mme a dira boaka le ene. Se se bosula le go feta, o ne a dira gore monna wa gagwe a bolawe.—2 Samuele 11:2-4, 12-27.
17. Re ka swetsa eng ka boemo jwa ga Dafide jwa semoya?
17 Bothata jwa ga Dafide e ne e le eng? Re ka kgona go bona mabaka mangwe mo go seo a neng a se bolela mo go Pesalema 51, fa moragonyana a ne a ikwatlhaela boleo jo a neng a bo dirile. O ne a bolela jaana: “Modimo, bopa pelo e e itshekileñ mo go nna; u bo u shahatsè mōea o o siameñ mo teñ ga me.” Go bonala sentle gore ka nako ya fa a raelesega, o ne a sena moya o o itshekileng le o o siameng. Gongwe o ne a sa tlhole a bala Molao wa ga Jehofa, mme ka ntlha ya seo bomoya jwa gagwe bo ne jwa koafala. Kana gongwe o ne a letla maemo a gagwe le thata ya gagwe jaaka kgosi go senya mogopolo wa gagwe mme a ineela mo keletsong ya boitsholo jo bo sa siamang. Eleruri, maatla a a laolang mogopolo wa gagwe e ne e le a boleo le a bopelotshetlha ka nako eo. Ka gone, o ne a lemoga fa a tlhoka ‘moya o o ntšhafaditsweng le o o siameng.’—Pesalema 51:10; Duteronome 17:18-20.
18. Jesu o ne a neela kgakololo efe malebana le boaka?
18 Manyalo a mangwe a e leng a Bakeresete a ile a senyega ka gonne mongwe wa balekane kana bobedi jwa bone ba ne ba itesa gore ba koafale semoyeng jaaka Kgosi Dafide. Sekao sa gagwe se tshwanetse go re thusa gore re se ka ra nnela go leba mosadi yo mongwe kana monna ka go mo eletsa, ka gore kgabagare re ka nna ra dira boaka. Jesu o ne a bontsha fa a tlhaloganya maikutlo a batho malebana le seno, ka gore o ne a bolela jaana: “Lo utlwile ha go tulwe, U se ka ua diha boaka: Me nna ke lo raea, ke re, Moñwe le moñwe eo o lebañ mosadi hèla ka go mo eletsa, o setse a dihile boaka naè mo peduñ.” Mo boemong jo bo ntseng jalo, maatla a a laolang mogopolo ke a bopelotshetlha ebile ke a senama, eseng a semoya. Gone mme, ke eng seo Bakeresete ba ka se dirang go tila boaka le go boloka manyalo a bone e le a a itumedisang le a a kgotsofatsang?—Mathaio 5:27, 28.
Nonotsha Kgolagano ya Lenyalo
19. Lenyalo le ka nonotshiwa jang?
19 Kgosi Solomone o ne a kwala jaana: “Ha motho a henya eo o esi, ba le babedi ba tla mo lotlhanèla; me mogala o o dikala ditharo ga o ko o kgaoga ka bonakō.” Gone ke boammaaruri, ba le babedi mo lenyalong le le nang le kutlwano ba ka kgona go thusana botoka ka nako ya mathata go na le fa e le motho a le mongwe. Mme kgolagano ya bone e tshwana le mogala o o dikala di tharo ka go tsenya Modimo mo go lone, lenyalo le tla nonofa. Mme Modimo a ka tsenngwa jang mo lenyalong? Ke fa banyalani ba dirisa melaometheo le kgakololo ya gagwe ka lenyalo.—Moreri 4:12.
20. Ke kgakololo efe ya Bibela eo e ka thusang monna yo o nyetseng?
20 Totatota, fa monna a dirisa kgakololo ya temana e e latelang, lenyalo la gagwe le tla nna le motheo o o botoka wa gore le atlege:
“Hèla yalo le lona banna ba lo nyetseñ lo agè le basadi ba lona kaha kicoñ, ka go naea mosadi tlotlō, yaka e le seyana se se señ thata, ka lo bile lo le barui mmōgō nabō ba tshegōhaco ea botshelō; gore merapèlō ea lona e tle e se ka ea kgoreletsèga.”—1 Petere 3:7.
“Banna, ratañ basadi ba lona, hèla yaka Keresete le èna a ratile phuthègō, me a intshetsa eōna. Banna le bōne ba chwanetse go rata basadi ba bōnè hèla yalo, yaka e ka bo e le mebele ea bōnè. Eo o ratañ mosadi oa gagwè oa ithata.”—Baefesia 5:25, 28.
‘Monna wa gagwe [wa nanoga] le ene a mmake. Bana ba bantsi ba basetsana ba dirile sentle mme wena o ba gaisitse botlhe fela.’—Diane 31:28, 29.
“A moñwe o ka tsamaea mo godimo ga magala a a molelō, me dinaō tsa gagwè di sa she? Eo o tsenañ kwa mosadiñ oa monna oa ga gabō o nntse yalo; leha e le mañ eo o mo amañ ga a ketla a lesiwa hèla a sa bediwe. Eo e dihañ boaka . . . o rata go senya mōea oa gagwè tōta.”—Diane 6:28, 29, 32.
21. Ke kgakololo efe ya Bibela eo e ka thusang mosadi yo o nyetsweng?
21 Fa mosadi a ela tlhoko melaometheo e e latelang ya Bibela ka tsela e e tshwanetseng, e tla thusa gore lenyalo la gagwe e nne le le nnelang ruri:
“Lona basadi ba lo nyecweñ, lo nnè kutlō mo banneñ ba lona; e tle e re, leha bañwe ba sa utlwe lehoko, ba tlè ba kgōnwè kwa ntlè ga lehoko ke mokgwa o montlè oa basadi ba bōnè; Ba bōna mokgwa o montlè oa lona lo le bori go pataganye le poihō [le] moea [wa lona] oa boikokobeco le tidimalō.”—1 Petere 3:1-4.
“A monna a neèle mosadi chwanèlō ea gagwè [ya tlhakanelodikobo] mosadi le èna a a dihèlè monna yalo. . . . Lo se ka loa ikgogonèlana, ha e se ka go dumalana ka sebaka.”—1 Bakorintha 7:3-5.
22. (a) Ke dilo dife tse dingwe tseo di ka solegelang lenyalo molemo? (b) Jehofa o leba tlhalo jang?
22 Bibela gape e bontsha gore lorato, bopelonomi, kutlwelobotlhoko, bopelotelele, go tlhaloganyana, kgothatso, le pako ke dingwe tsa dilo tse di botlhokwa mo lenyalong. Lenyalo leo di seong mo go lone le ntse jaaka semela se se sa boneng marang a letsatsi le metsi—se thunya ka sewelo. Ka jalo a re direng gore maatla a a laolang mogopolo a re tlhotlheletse gore re kgothatsane le go lapolosana mo lenyalong la rona. Gakologelwa gore Jehofa ‘o ila tlhalo.’ Fa e le gore lorato lwa Bokeresete lo a supiwa, ga go kake ga dirwa boaka le lenyalo ga le ka ke la thubega. Ka ntlha yang? “Ka gonne lorato ga lo ko lo tlhaela.”—Malaki 2:16; 1 Bakorintha 13:4-8; Baefesia 5:3-5.
A O Ka Tlhalosa?
◻ Selo sa konokono mo lenyalong le le itumetseng ke eng?
◻ Maatla a a laolang mogopolo a ka ama lenyalo jang?
◻ Ke eng seo re ka se dirang go nonotsha maatla a a laolang megopolo ya rona?
◻ Josefa le Dafide ba ne ba itshwara ka ditsela dife tse di farologaneng fa ba ne ba raelesega?
◻ Ke kgakololo efe ya Bibela e e tla thusang banna ba ba nyetseng le basadi ba ba nyetsweng go nonotsha kgolagano ya bone ya lenyalo?
[Ditshwantsho mo go tsebe 18]
A re na le mefuta e mebedi ya ditsela tseo re tshelang ka tsone—re le bonolo kwa phuthegong mme re le setlhogo kwa gae?