Tiego E Ne ya Tsala Tatlhego!
MALAPA a le mararo, e le bagolo ba le supa le bana ba le barataro, a ne a ipolaisitse lobelo e le gore a ke a boloke matshelo a one. Go bonala ba ile ba kgobokanela kafa tlase ga boitshireletso jwa legae la motho mongwe ka tsholofelo ya go falola sefako se se garolang pelo sa matlapa. Lefa go le jalo e ne ya re fa tlhatlharuane ya matlapa a a neng a wa e kokobela, go ne ga tlhaga matshosetsi a mangwe gape—leru le lentsho la molora o o neng o hupetsa. Jaanong go ne go sena sepe seo ba neng ba ka se dira fa e se go tlhanola direthe.
Ba ne ba eteletswe pele ke motho wa monna yo go bonalang e ka tswa e ne e le motlhanka wa bone, yo o neng a taboga jalo a sikere kgetsana ya mofago mo legetleng la gagwe. O ne a setswe morago ke basimane ba babedi, mongwe a le dingwaga di le nnè, yo mongwe ene di le tlhano ba taboga jalo ba tshwarane ka matsogo. Ba bangwe ba ne ba ba setse morago—ba tsenwe ke tsebetsebe, ba kgaratlhela go falola, ba tla ba kgopakgopediwa, ba taboga jalo ba sena tsholofelo ba leka go iphalotsa. Ba ne ba leka go hema, lefa go ntse jalo mo boemong jwa go hema moya, ba ne ba hema molora o o bongola. Botlhe ba le 13 jalo ba ne ba wa ka bongwe ka bongwe mme ba sala ba lalaane ba sa tshikinyege ebile kwa bofelong ba ne ba khurumediwa ke molora o o neng o ba wela godimo. Masalela a bone ao a neng a tlhomola pelo a ne a tla subega jalo go fitlhelela baithutamarope ba a ribolola mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 moragonyana le go tlhaloganya dilo tse di sa itumediseng tseo di neng tsa ba wela ka nako eo ya bone ya bofelo.
Batswasetlhabelo bano ba ba 13 e ne e le bontlhanngwenyana fela jwa palo e e fopholediwang go nna 16 000 ya batho bao ba ileng ba nyelela kwa motseng wa bogologolo wa Pompeii, Italy, ka August 24, 79 C.E. Ba le bantsi ba ne ba kgona go falola ka go tshaba mo motseng ka nako ya fa Thaba ya Vesuvius e ne e simolola go thunya la ntlhantlha fela. Go ntse go le jalo, bao ba ileng ba diega—bontsi e le batho ba ba humileng bao ba neng ba sa batle go tlogela magae a bone le dilo tsa bone—ba ile ba gaelelwa kafa tlase ga matlapa le molora tsa boteng jwa dimitara di le thataro.
Seo se diragetseng kwa Pompeii mo e ka nnang dingwaga di le 2 000 tse di fetileng e ka nna ya tswa e le ditiragalo fela tsa bogologolo. Lefa go le jalo se tshwana ka ditsela di le dintsi le seemo seo gompieno se lebaganeng le setho sotlhe. Sesupo sa lefatshe lotlhe, se se fetang kgakala tlhatlharuane ya kwa Thabeng ya Vesuvius, ke tlhagiso ya gore tsamaiso ya gone jaanong ya lefatshe e lebagane le tshenyego mo bogautshwaneng. E le gore re tle re kgone go falola, re tshwanetse go tsaya dikgato ka bonako. Tiego e tsala tatlhego. Gore sesupo seno tota ke eng le gore ke jang re ka se tsibogelang ka tsela e e botlhale ke seo re tla se sekasekang mo setlhogong se se latelang.
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]
Cover photo by National Park Service
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]
Soprintendenza Archeologica di Pompei