LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 3/1 ts. 24-25
  • Ipeleng! Didibeletso Di Penologa ka Lookwane

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ipeleng! Didibeletso Di Penologa ka Lookwane
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Seedi se se Mosola sa Mmala wa Gouta sa Kwa Mediterranean
    Tsogang!—2008
  • Setlhare sa Motlhware se se Tala mo Ntlong ya Modimo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2000
  • A Setlhare se se Kgaotsweng se ka Tlhoga Gape?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • A o Ne o Itse?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 3/1 ts. 24-25

Ditshwantsho go Tswa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng

Ipeleng! Didibeletso Di Penologa ka Lookwane

MOPEROFETI Joele o ne a kgothaletsa ‘bana ba Siona gore ba ipele le go itumela mo go Jehofa.’ O ne a dirisa lookwane lwa motlhware fa a ne a tlhalosa boitumelo le katlego ya bone jaana: “Dibopi di tla tlala mabèlè, le didibeleco di tla penologa boyalwa yoa mofine le loukwane.”—Yoele 2:23, 24.

Fa o ne o ka bo o ile wa tshela kwa Iseraele ka metlha ya Bibela, o ne o ka bo o ile wa itumelela go nna le setlhare sa motlhware se se tshwanang le se se tshwantshitsweng fa godimo fano gaufi le ntlo ya gago kana mo masimong a gago.a Se ne se tla dira gore botshelo jwa gago bo nne motlhofo, bo itumedise le go feta. Ke eng se se dirang gore setlhare sa motlhware se nne botlhokwa jaana?—Bapisa Baatlhodi 9:8, 9.

Sa ntlha, tlhatlhoba setlhare sa gago sentle. Ditlhare tsa motlhware di ka nna tsa tshela makgolokgolo a dingwaga, tse dingwe di tshela dingwaga tse di fetang sekete, ka jalo fa o se tlhatlhoba o ka nna wa bona kutu e e nang le mahutohuto, ya mmala o mmududu. Setlhare sa gago se ka nna sa bo se le boleele jwa dimetara di le thataro mme tota ga se golele kwa godimo jaaka setlhare sa mosedara kana ka tsela e e gakgamatsang jaaka mopalema. Matlhare a sone a a nnang a le matala, a a nang le phatsimo ya selefera, a dira gore go nne le moriti ngwaga otlhe. Lefa go ntse jalo, o ne o se kitla o anaanela setlhare sa gago fela ka ntlha ya tebego ya sone kana moriti wa sone. Le eseng.

Loungo lwa sone ke sone selo se se botlhokwa le go feta, diketekete tseo tsa maungo a motlhware a a nang le mmala o motala kana o montsho! Seo ke sone seo se neng se dira gore setlhare sa motlhware e nne selo se se botlhokwa mo botshelong jwa letsatsi le letsatsi le mo dilong tse dingwe kwa Iseraele. Ka May setlhare se nna le dithunya tse di nang le mmala o mosetlha go baakanyetsa meretlwa ya motlhware. (Yobe 15:33) Fa di ntse di butswa di ka nna tsa fetoga tsa nna le mmala o bosetlha jo botala go nna borokwa jo bo tseneletseng kana bontsho.

Go roba metlhware go tloga ka October go ya go November e ne e le tiro e e bokete. O ne o betsa setlhare ka dithupa gore maungo a a buduleng a wele mo godimo ga letsela le le adilweng fa fatshe. (Duteronome 24:20) Metlhware e ne e tlhatswiwa pele e rulaganyediwa go dirisiwa ka go inelwa mo metsing a letswai go tlosa moutlwalo o gantsi o nnang teng o o galakang. Ke eng se se latelang morago ga moo?

Seo se ne se ikaegile ka gore o rata go itumelela kana go bona madi mo thobong e ntsi e o e boneng ka tsela efe. O ka nna wa ja metlhware e sa butswa, kana wa e tsenya mo teng ga moro wa letswai kana wa aseine gore lelapa la gago le di itumelele ka dikgwedi di le dintsi. Metlhware e ka nna sejosegolo, gongwe metlhware e e nang le tatso e e monate e ka jewa le dikuku tse di dirilweng ka barele.

Lefa go ntse jalo, kwantle ga pelaelo o ne o tla tsaya dikgato tse di farologaneng tseo di tlhokegang go dira gore motlhware e nne sedirisiwa se se mosola seo se bileng se le tlhwatlhwakgolo—lookwane lwa motlhware. O ka kgona go bona lookwane lwa boleng jo bo farologaneng loo o tla lo dirisang ka ditsela tse di farologaneng. Sa ntlha, o ka kgoba kana wa gatisa maungo a a buduleng a motlhware mo teng ga kika o dira jalo ka bonolo kana o ka nna wa ba wa a gataka ka dinao. (Mika 6:15) Seo se ne se kgona go ntsha lookwane lwa boleng jo bo kwa godimo, lo jaanong lo bidiwang extra virgin, eo e neng e siametse go ka dirisiwa mo dilampeng tseo di neng di bonesa sebeso. (Ekesodo 25:37; 27:20, 21) A o ko o akanye gore o ne a tla itumela jang go nna le lookwane lo lo tlhwatlhwakgolo lo o neng o ka lo dirisetsa go apaya ka dinako tse di kgethegileng!

Le eleng maungo a motlhware a boleng jo bo kwa tlase, a ka tsenngwa mo teng ga segatisetso gore go tamolwe lookwane lo lo oketsegileng go tswa mo setšhotlong, lefa lookwane e le lwa boleng jo bo kwa tlase. Diperesente tse 50 tsa setšhotho seno ke lookwane. Go ka nna ga dirisiwa mefuta e e farologaneng ya digatisetso, mme go tshwantshitswe se sengwe fano. Maungo a a sa kgobiwang a motlhware kana a a kgobilweng go sekae a ka tsenngwa mo segatisetsong se se leng kgolokwe kwa tlase. Go ka dirisiwa lolwala lo logolo loo lo dikolosiwang ke esela kana ke motho mme o papetliwa go dira gore lookwane lo tswe mo go one, lo elela mme lo bo lo gelelwa ka dijeke.—Mathaio 18:6.

Lookwane lwa motlhware lo ka nna lwa tshwantshiwa le gauta fa e santse e le seedi—lo ne lo tsewa jaaka selo se se botlhokwa thata mme e bile lo dirisiwa ka ditsela tse dintsi. Setlhare se le sengwe se ne se ka ntsha lookwane lo lo neng lo ka dirisiwa ngwaga otlhe ke lelapa la maloko a le matlhano kana a le marataro. Lo ne lo tla nna karolo e e botlhokwa ya dijo tsa bone, mmele o kgona go o sila bonolo ebile lo naya nonofo. (Bapisa Yeremia 41:8; Esekiele 16:13.) O ka nna wa nkgisa lookwane lo longwe monate mme wa lo dirisa jaaka setlolo kana wa lo tshasa mo tlhogong ya moeng go bontsha moya wa go amogela baeng. (2 Samuele 12:20; Pesalema 45:7; Luke 7:46) O ne o ka dirisa jaaka setlhare se se alafang dintho.—Isaia 1:6; Mareko 6:13; Luke 10:34.

Tseno e ka se nne tsone fela ditsela tseo o neng o ka dirisa lookwane lwa motlhware ka tsone. O ne o ka lo dirisetsa gape go bonesa legae la gago, o ka lo ntsha le setlhabelo seo o se isetsang Modimo, kana wa lo rekisa go bona madi a mantsi. Ee, mo metlheng ya Bibela setlhare sa motlhware e ne e le setlhare se se tlhotlhwakgolo thata, ka jalo Joele o ne a kgona go se dirisa sentle go tlhalosa katlego le boitumelo.—Duteronome 6:11; Pesalema 52:8; Yeremia 11:16; Mathaio 25:3-8.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Go bona setshwantsho seno se le segolwane, bona 1993 Calendar of Jehovah’s Witnesses.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 24]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela