Dihele A Ke Pogiso ya Bosakhutleng Kana Ke Lebitla Le Le Tlwaelegileng?
A O KILE wa bolelelwa gore Borara ba bogologolo ba Kereke, baithutabomodimo ba metlha ya bogare, le Balweladiphetogo ba ne ba bolela gore go bogisiwa kwa diheleng ke ga bosakhutleng? Fa e le gore go ntse jalo, o ka nna wa gakgamadiwa ke go itse gore bakanoki ba Bibela ba maemo a a kwa godimo ba gwetlha kgopolo eo. Kwa Borithane, mongwe wa bone ebong John R. W. Stott o kwala ka gore “Dikwalo di bua ka go bolaela ruri, le gore ‘go bogisiwa ga motho a ntse a ikutlwa’ ke ngwao e e tshwanetseng ya ineela mo taolong e e kwa godimo ya Dikwalo.”—Essentials—A Liberal-Evangelical Dialogue.
Ke eng seo se neng sa dira gore a swetse ka gore go bogisiwa ka bosakhutleng ga go a thaiwa mo Bibeleng?
Se Se Ithutiwang mo Puong
Kgang ya gagwe ya ntlha e amana le puo. O tlhalosa gore fa Bibela e bua ka seemo sa bofelo sa go atlholwa (“Gehena”; bona lebokoso mo go tsebe 8), gantsi e dirisa mafoko a a kayang “tshenyego” eleng “lediri apollumi (go senya) le leina apòleia (tshenyego)” ao e leng a Segerika. A mafoko ano a bua ka go bogisiwa? Stott o bontsha gore fa lediri le bolela ka tiro e e dirwang gone jaanong ebile e dirwa mo sengweng, he, “apollumi” e raya “go bolaya.” (Mathaio 2:13; 12:14; 21:41) Ka jalo, mo go Mathaio 10:28, koo King James Version e buang ka gore Modimo o bolaya “moyasebele mmogo le mmele mo diheleng,” kgangkgolo ke go senngwa ka go bolawa, eseng go bogisediwa ruri. Mo go Mathaio 7:13, 14, Jesu o ne a bapisa “tsela e e . . . isañ botsheloñ e tshesane” le “tsela e . . . kgolo e e isañ tshenyegoñ.” Stott o akgela jaana: “Ka jalo, e tla bonala e le selo se se gakgamatsang fa batho ba go tweng ba a senngwa ba sa bolawe totatota.” O konela jaana a tlhatswegile pelo: “Fa e le gore go bolaya ke go tseela mmele botshelo, go bonala gore dihele di tsaya botshelo jwa nama mmogo le jwa semoya, eleng motho ka boene.”—Essentials, ditsebe 315-16.
Go Tlhalosa Kafa go Tweng Molelo wa Dihele O Ntse ka Teng
Lefa go ntse jalo, batho ba bantsi ba bodumedi ba tla dumalana le poresidente ya Mokgatlho wa Southern Baptist ebong Morris H. Chapman, yo o neng a bolela jaana: “Ke rera kaga dihele tsa sebele.” O ne a oketsa jaana: “Bibela e di bitsa ‘bodiba jwa molelo,’ mme ga ke dumele gore tlhaloso eo e ka tokafadiwa.”
Gone ke boammaaruri gore tsela ya tshwantshetso e Bibela e dirisang molelo ka yone e ka nna ya dira gore motho a akanye ka go bogisiwa. Lefa go ntse jalo, buka ya Essentials e akgela jaana: “Ga go na pelaelo epe ya gore rotlhe re kile ra utlwa botlhoko jwa go sha, mo eleng gore molelo mo megopolong ya rona o amanngwa le ‘go utlwisiwa botlhoko o ntse o ikutlwa.’ Lefa go ntse jalo, tiro e kgolo ya molelo ga se go utlwisa botlhoko, mme ke go tlhomamisa tshenyego, fela jaaka fa go ntse ka mafelo a a mo lefatsheng a go latlhelwang matlakala kwa go one a bo a fisiwa.” (Tsebe 316) Fa o ka nna o gakologetswe pharologano e kgolo eno go tla go thusa gore o tile go tlhalosa Dikwalo ka tsela nngwe e e seng yone. Dikai dingwe ke tseno:
Malebana le bao ba tla latlhelwang mo Gehena, Jesu o ne a bolela gore “kwa seboko sa bōne se sa shweñ gōna, le kwa molelō o sa tiñweñ gōna.” (Mareko 9:47, 48) Ka ntlha ya go tlhotlhelediwa ke mafoko a a tswang mo bukeng ya Judith eo eseng karolo ya dikwalo tse di tlhotlheleditsweng a a reng (“O tla tsenya molelo le diboko mo nameng ya bone mme ba tla lela ka ntlha ya botlhoko ka bosakhutleng.”—Judith 16:17, The Jerusalem Bible), batho bangwe bao ba tlhalosang Bibela ba bontsha gore mafoko a ga Jesu a raya go bogisiwa ka bosakhutleng. Lefa go ntse jalo, ereka buka ya Judith e sa tlhotlhelediwa ke Modimo, e ka se ka le ka motlha ya nna selo seo se ka dirisiwang go dira tshwetso ya gore se se kwadilweng ke Mareko se raya eng. Isaia 66:24, e go bonalang e le lokwalo lo Jesu a neng a lebisitse mo go lone e bolela gore molelo le diboko di senya ditopo (Isaia a re “ditoto”) tsa baba ba Modimo. Ga go na sepe se se supang gore mafoko a ga Isaia kana a ga Jesu a bua sengwe kaga go bogisediwa ruri motho a ntse a ikutlwa. Tsela ya tshwantshetso e molelo o dirisiwang ka one e tshwantshetsa tshenyo e e feletseng.
Tshenolō 14:9-11 e bua ka bangwe bao ba ‘tlhokofadiwang ka molelo le sulefera . . . Mme mosi wa tlhokofatso ya bone o tlhatloga ka bosakhutleng le ka bosaengkae.’a A seno se neela bosupi jwa gore go bogisediwa ruri mo molelong wa dihele o ntse o tshela go teng? Totatota, seo temana eno e se bolelang ke gore ba ba bosula ba tla bolawa, eseng gore ba tla bogisiwa ka bosakhutleng. Temana eno e bontsha gore mosi—ke one o supang gore molelo o dirile tiro ya one ya go senya—e e tla nnelang ruri, eseng go fisiwa mo molelong.
Tshenolō 20:10-15 e bolela gore mo “bodibeñ yoa molelō le sulefura . . . ba tla tlhokohadiwa motshegare le bosigo ka bosakhutleñ le ka bosaeeñkae.” Fa o e bala la ntlha, e utlwala ekete e tlhomamisa gore go na le pogiso ya bosakhutleng ka molelo motho a ikutlwa, mme totatota ga go a nna jalo. Ka ntlha yang? Lebaka le lengwe ke gore “sebatana le moperofeti eo e señ èna” le ‘loso le Bobipo’ di tla feletsa di latlhetswe mo go seo se bidiwang fano go twe ke “bodiba yoa molelō.” Jaaka fa o ka kgona go bona, sebatana, moperofeti yo eseng ene, loso le bobipo ga se batho ba mmatota; ka jalo, di ka se ka tsa utlwisiwa botlhoko. Go na le moo, mo go A Commentary on the Revelation of St. John the Divine, G. B. Caird o kwala ka gore “bodiba jwa molelo” bo kaya “go fedisa le go fisetsa ruri ka molelo.” Boammaaruri jono bo tshwanetse go dumelwa motlhofo fela ka gore Bibela ka boyone fa e bua ka bodiba jwa molelo e bolela jaana: “Lo ke lōna losho loa bobedi, eboñ bodiba yoa molelō.”—Tshenolō 20:14.
Go Kgaoganya Mawelana a Thutobomodimo
Go sa kgathalesege mabaka a a filweng, badumedi ba le bantsi ba gatelela gore “tshenyego” ga e bolele seo lefoko le se bolelang go na le moo le raya go bogisiwa ka bosakhutleng. Ka ntlha yang? Ba akanya ka tsela eo ka go bo ba tlhotlheleditswe ke thuto e nngwe ya bodumedi e leng lewelana la thuto ya molelo wa dihele—thuto ya gore moyasebele ga o swe. Mme gongwe ka gore kereke ya bone e ne e ntse e ruta thuto eo ka makgolokgolo a dingwaga, ba ka nna ba nna le boikutlo jwa gore ditemana tse di bolelang ka tshenyego totatota di bua ka pogiso ya bosakhutleng. Gone mme, moyasebele o o sa sweng o ka se ka wa nyelela—kana ke ka tsela e batho ba le bantsi ba akanyang ka gone.
Mme ela tlhoko ntlha e e ileng ya bolelwa ke moruti mongwe wa Anglican ebong Philip E. Hughes fa a ne a bolela jaana: “Go bolela gore moyasebele o sa le o ntse o sa swe ke go dumela selo se se sa tshegediweng ka gope ke thuto ya Dikwalo, ka gore Bibela e tlhalosa gore motho ka metlha o lejwa e le selo se le sengwe go kopantswe moya le mmele ka mo go feletseng. . . . Tlhagiso ya Modimo kwa tshimologong malebana le setlhare se se ileditsweng e e neng e re, ‘Ka tsatsi je lo jang ga sone ruri lo tla swa,’ e ne e lebisitswe mo mothong e le sebopiwa sa moya le mmele di kopane—fa a ne a ka se ja o ne a tla swa a ntse e le sebopiwa se se ntseng jalo. Ga go na sepe se se bontshang gore karolo nngwe ya gagwe ga e swe mme ka tsela e e ntseng jalo go swa bontlhanngwe jwa gagwe fela.”—The True Image—The Origin and Destiny of Man in Christ.
Moithutabomodimo ebong Clark Pinnock le ene o akgela jaana ka mo go tshwanang: “Kgopolo eno [ya gore moyasebele ga o swe] e ile ya tlhotlheletsa thutabomodimo ka nako e telele thata mme ga e yo mo Bibeleng. Bibela ga e rute gore moyasebele ga o swe.” Esekiele 18:4, 20 le Mathaio 10:28 di tlhomamisa seno. Mo godimo ga moo, Jesu ka boene o ne a bua ka tsala ya gagwe e e suleng Lasaro jaaka motho yo o neng a ile go “ikhutsa,” kana a robetse. Jesu o ne a bolela gore o ne a tshwanetse go ya go mo ‘tsosa mo borokong.’ (Yohane 11:11-14) Ka jalo motho, kana moyasebele, eleng Lasaro ka boene o ne a sule, mme lefa go ntse jalo, morago ga nakonyana o ne a kgona go tsosiwa, a boa gape a tshela. Mabaka a tlhomamisa seno. Jesu o ne a tsosa Lasaro mo losong.—Yohane 11:17-44.
Dintlha tseno di ama jang thuto ya go bogisiwa ka bosakhutleng? Mokwadi mongwe wa ditlhamo William Temple, o ne a akgela jaana bogologolo ka lekgolo la bo 17 la dingwaga: “Go na le [dikwalo] tseo di bolelang kaga go latlhelwa mo molelong o o sa timeng. Mme fa re sa di bale re akantse gore se se latlhelwang mo molelong ga se kgone go senngwa, re tla kgona go tlhaloganya gore se se latlhelwang mo molelong ga se šhe ka bosakhutleng go na le moo gore se tla senngwa.” Tlhaloso e e siameng e e boammaaruri ka gone ke se tota Bibela e se rutang.
Kwantle ga pelaelo, o na le mabaka a a utlwalang a go batla go botsa ka kgopolo eno ya go bogisiwa ka bosakhutleng mo diheleng. Kana gongwe o batla go dira se se fetang fela go botsa mme o batla gape go latela kgakololo ya porofesara wa thutabomodimo ebong Pinnock yo o neng a bolela jaana: “Ditumelo tsotlhe tse di dikologileng thuto ya dihele mmogo le pogiso e e sa khutleng, . . . di tshwanetse go ntshiwa mo dithutong gonne ga di utlwale.” Ee, go dira dilo ka tsela e e tshwanetseng, ka tshiamo—mme se se botlhokwa le go feta—Lefoko la Modimo ebong Bibela, tsotlhe di go bolelela gore o dire fela jalo.
Fa o dira jalo, o tla bona gore seo dihele totatota e leng sone se a utlwala. O ka kgona go bona tshedimosetso e e ka go thusang e e malebana le setlhogo seno mo bukeng ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise.b Tsweetswee kopa buka eno fa o kopana le Basupi ba ga Jehofa. Bala dikgaolo tse di buang ka gore “Go Diragalang Fa Motho A Swa?” “Dihele Ke Lefelo Le Le Ntseng Jang?” le “Go Tla Tsosiwa Baswi Bafe mme Ba Tsogela Kae?” O tla kgona go bona gore seo dihele tota e leng sone ga se fela selo se se utlwalang mme gape ke selo se se neelang tsholofelo.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a Mo temaneng eno ya Bibela, go “tlhokohadiwa ka molelō” go lebisitswe segolobogolo mo go utlwisiweng botlhoko semoyeng mme eseng ka bosakhutleng. Go bona tshedimosetso e e oketsegileng, bona Tshenolō—Konelo Ya Yone E E Molemolemo E Atametse! e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
b E gatisitswe ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.
[Lebokoso mo go tsebe 8]
GO TLHALOSA MAFOKO
Mo setlhogong seno mafoko “dihele” le “molelo wa dihele” jaaka fa a dirisitswe ke baithutabomodimo ba Labokeresete a raya lefoko la Segerika geʹen·na, leo le tlhagelelang makgetlo a le 12 mo “Tesetamenteng E Ntšha.” (Mathaio 5:22, 29, 30; 10:28; 18:9; 23:15, 33; Mareko 9:43, 45, 47; Luke 12:5; Yakobe 3:6) Le mororo dithanolo tse di farologaneng tsa Bibela di ranola lefoko leno la Segerika jaaka “dihele,” dithanolo tse dingwe di adima lefoko “Gehenna.” Le dumalana le “losho loa bobedi, eboñ bodiba yoa molelō,” leo le tshwantshetsang tshenyego ya bosakhutleng eo go buiwang ka yone mo bukeng ya bofelo ya Bibela.—Tshenolō 20:14.
Malebana le mafoko a mangwe a mabedi ao le one a tleng a ranolwe jaaka “dihele,” A Dictionary of the Bible (1914) e e gatisitsweng ke William Smith e bolela jaana: “Dihele . . . ke lefoko leo ka maswabi ebile gantsi baranodi ba rona ba le ranolang go kaya lefoko la Sehebera Sheol. Gongwe go tla nna botoka go tlogela lefoko la Sehebera Sheol jaaka le ntse kana go le ranola ka metlha jaaka ‘lebitla’ kana ‘khuti.’ . . . Mo T[esetamenteng] E N[tšha], lefoko Hades le le tshwanang le Sheol ka dinako dingwe le raya fela ‘lebitla’ . . . Ke ka tsela eno ditumelo di bolelang gore Morena wa rona ‘o ne a ya diheleng’ go go rayang fela boemo jo bo tlwaelegileng jwa loso.”
Go farologana le Gehena e e rayang go bolaelwa ruri, Hades le Sheol di kaya go swa o le mo lebitleng le le tlwaelegileng, leo mo go lone o ka lebelelang go ka tsosiwa go boa o tshela gape.—Tshenolō 20:13.
[Setshwantsho mo go tsebe 9]
Jesu o ne a tsosa Lasaro mo borokong jwa loso