Go Dirisiwa ga Ditshwantsho tsa Bodumedi le go Dirisiwa ga Tsone ka Tsela E E Sa Tshwanelang
SENO se diragala kwa St. Petersburg, kwa Russia. Letlha ke August 2, 1914. Batho ba ba itumetseng ba ba akgang mekgabisa ya ditshwantsho, ba ne ba phuthegetse mo ntlong ya segosi ya mmusi wa bone. Go ne go agilwe sebeso fa gare ga holo e kgolo. Mo godimo ga sebeso go ne go eme setshwantsho sa mosadi a tshotse ngwana ka diatla. Mokgabisa ono wa setshwantsho o bidiwa “Mma Modimo Vladimir.” Boidiidi joo jwa batho bo o leba e le letlotlo le le boitshepotshepo mo Russia.
Totatota, go dumelwa gore mokgabisa ono wa setshwantsho o ka kgona go dira dikgakgamatso. Ka 1812, ka nako ya fa masole a Russia a ne a gwanta go ya go tlhabana le Napoléon, Mojenerale Kutuzov o ne a rapela fa pele ga one. Jaanong mo letsatsing leno Czar Nicholas II o ema fa pele ga one morago ga gore a tsenye naga ya gagwe mo ntweng. O dira maikano ano a tsholeditse seatla sa gagwe sa moja: “Eleruri ke ikana gore ga nkitla le ka motlha ke dira kgolagano ya kagiso, fa fela go santse go na le mmaba le fa e ka tswa e le a le mongwe fela mo nageng ya Russia.”
Dibeke di le pedi morago ga moo mmusi yono o ne a tsaya loeto lwa sedumedi go ya kwa Moscow go ya go kopa gore Modimo a segofatse batlhabani ba gagwe. O fitlha a khubama ka mangole le go rapela kwa Cathedral ya Assumption a le fa pele ga lesire le legolo le le kgaoganyang kereke— lesire le le nang le ditshwantsho tse di takilweng tsa ga Jesu, Maria, baengele, le “baitshepi.”
Ditiro tseno tsa sedumedi ga di a ka tsa kgona go kganela masetlapelo. Mo lobakeng lwa dingwaga tse di kafa tlase ga tse nne, go ne ga swa masole a Russia a feta dimilione tse thataro ebile karolo e kgolo ya naga ya bone e ne ya thopiwa. Mo godimo ga moo, mmusi wa bone, mohumagadi wa gagwe, le bana ba bone ba batlhano ba ne ba bolawa setlhogo. Mo boemong jwa go busiwa ke dikgosi tsa bone tse di tsaletsweng bogosi tse di neng di sa bolo go ba busa ka makgolokgolo a dingwaga, naga eo jaanong e ne ya simolola go busiwa ke puso ya balweladiphetogo ba ba neng ba sa batle badumedi gotlhelele. Go ikanya ditshwantsho tsa baitshepi ga ga Czar Nicholas go ne ga se ka ga thusa sepe.
Lefa go ntse jalo, le go fitlha gompieno kwa Russia le kwa dinageng tse dingwe, dimillione tsa batho di santse di obamela mekgabisa ya ditshwantsho. Seno se tsosa dipotso tsa botlhokwa. Modimo o leba jang ditiro tsa kobamelo tseo di dirwang fa pele ga ditshwantsho tse di ntseng jalo? Mme go tweng ka tlwaelo e e leng gone ya go di pega mo mabotaneng a matlo?
Bibela Ya Reng?
Ka nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a ikobela Molao wa Modimo o a neng a o ntshitse ka Moshe. O akaretsa le ono wa bobedi mo go eo e bidiwang Melao E E Lesome, o o reng: “U se ka ua itihèla sechwanchō sepè se se setilweñ, leha e le sechwanō sa sebopègō sepè se se kwa legodimoñ kwa godimo, leha e le sa se se mo lehatshiñ kwa tlhatse, leha e le sa se se mo metsiñ a a tlhatse ga lehatshe: U se ka ua di ikōbèla, leha e le go di dihèla: ka gonne Nna, Yehofa, Modimo oa gago, ke Modimo o o lehuha.”—Ekesodo 20:4, 5.
Tumalanong le seno, Jesu ga a ka a obamela Modimo a dirisa ditshwantsho kana difikantswe tse di dirilweng ke batho. Go na le moo, o ne a obamela tumalanong le mafoko ano a ga Rraagwe: “Ke Nna Yehofa; ke yeōna leina ya me: me kgalalèlō ea me ga nketla ke e naea o sele, leha e le pakō ea me dichwanchō tse di setilweñ.”—Isaia 42:8.
Mo godimo ga moo, Jesu o ne a tlhalosa gore ke ka ntlha yang fa Modimo a tshwanelwa ke go obamelwa kwantle ga go dirisa dilo tse di itiretsweng. O ne a re “Lobaka loè tla, le gompiyeno le hitlhile, lo baōbamedi ba amarure ba tla ōbamèlañ Rara ka lōna, ka Mōea le ka boamarure: gonne Rara o batla ba ba nntseñ yalo go nna baōbamedi ba gagwè. Modimo ke Mōea; me ba ba o ōbamèlañ ba na le go o ōbamèla ka mōea le ka boamarure.”—Yohane 4:23, 24.
Fela jaaka Jesu, barutwa ba gagwe ba boammaaruri ba ne ba ruta batho tsela e e siameng ya go obamela. Ka sekai, nako nngwe moaposetoloi Paulo o kile a buisana le setlhopha sa borramatlhale ba Bagerika bao ba neng ba obamela medimo ya bone e e sa bonaleng ba dirisa medimo ya disetwa. O ne a ba bolelela ka Mmopi wa motho mme a re: “Ga rea chwanèla go gopola ha o e leñ Modimo tōta o ka chwana le gouda, leha e le selefera, leha e le lencwè ye le setilweñ ka bocwiriri le maanō a motho.” Moragonyana ga moo, ene moaposetoloi yono o ne a tlhalosa gore Bakeresete ba “sepela ka tumèlō, e señ ka pōnō” le gore Bakeresete ba tshwanetse go “[tshaba] kōbamèlō ea medimo ea disètwa.”—Ditihō 17:16-31; 2 Bakorintha 5:7; 1 Bakorintha 10:14.
Sengwe se se neng sa diragalela moaposetoloi Petere mo botshelong se supa gore o ne a le bofefo thata go baakanya ditsela dipe fela tseo di neng di ka gogela kwa kobamelong ya medimo ya disetwa. E ne ya re fa moofisiri wa masole a Roma e leng Korenelio a ne a wela fa pele ga gagwe, Petere o ne a gana. O ne a emisa Korenelio, a bo a re: “Èma; le nna ka nosi ke motho.”—Ditihō 10:26.
Moaposetoloi Johane o ne a boifisiwa ke diponatshegelo tsa bomodimo mo a neng a ba a wela fa pele ga moengele. Moengele o ne a mo kgalemela jaana: “U se ka ua ba ua go diha mouō: ke motlhanka ka wèna, le ka baperofeti ba ga eno, le ka ba ba bolokileñ mahoko a lokwalō lo: ōbamèla Modimo.” (Tshenolō 22:8, 9) Moaposetoloi o ne a anaanela kgakololo eno. O ile a bega tiragalo eno ka lorato gore e re sologele molemo.
Lefa go le jalo ditiragalo tseno tse di umakilweng fa godimo di amana jang le go dirisiwa ga ditshwantsho tsa bodumedi? Ee gone, fa e le gore go ne go le phoso go bo Korenelio a ile a obamela mongwe wa baaposetoloi ba ga Keresete, go tweng he ka go tlotla ditshwantsho tse di sa tsheleng tsa “baitshepi”? Ebile gape fa e le gore go ne go le phoso gore moaposetoloi wa ga Keresete a itigele fa pele ga moengele yo o tshelang, go tweng he ka go tlotla dintshwantsho tse di sa tsheleng tsa baengele? Eleruri, ditiro tse di ntseng jalo di thulana le tlhagiso eno ya ga Johane: “Banyana ba me, ikiheñ mo medimoñ ea disètwa.”—1 Yohane 5:21.
Jaaka Dikgabisi Tse Di Dirisiwang go Ruta Ka Tsone
Seno ga se kae gore go nna fela le setshwantsho sengwe seo se amanang le ditiragalo tsa Bibela ka bogone ke go obamela medimo ya disetwa. Makasine ono o dirisa ditshwantsho tseo di amanang le ditiragalo tsa Bibela thata go ruta ka tsone. Ebile gape, ditshwantsho tsa ditiragalo tsa Bibela di ka dirisiwa go kgabisa dipota tsa matlo le dikago ka tsone. Lefa go ntse jalo, Mokeresete ga a ne a batla go kgabisa ka setshwanthso seo go itsegeng e le se se tlotliwang ke batho ba bangwe, kana le e leng go pega setshwantsho se se supang dilo tse Bibela e sa dumalaneng le tsone.—Baroma 14:13.
Ditshwantsho di le dintsi tsa Labokeresete di supa mosakonyana wa lesedi go dikologa tlhogo ya ga Jesu, Maria, baengele, le “baitshepi.” Seno se bidiwa halo. Halo eno e simologile kae? “Ga se selo se se simologileng mo Bokereseteng,” go dumalana jalo The Catholic Encyclopedia (kgatiso ya 1987), “ka gonne e ne e dirisiwa ke bataki ba le bantsi ba baheitane le baseti ba ditshwantsho go supa seriti le maatla a magolo a medingwana e e farologaneng e nang le one.” Mo godimo ga moo, buka ya The Christians, e e kwadilweng ke Bamber Gascoigne, e na le setshwantsho seo se ileng sa bonwa go tswa kwa Capitoline Museum kwa Roma sa modimo wa letsatsi o na le halo. Modimo ono o ne o obamelwa ke Baroma ba baheitane. Moragonyana, Gascoigne o tlhalosa gore, “halo ya letsatsi” e ne ya “adimiwa ke Bakeresete.” Ee, halo e amanngwa le kobamelo ya seheitane ya go obamela letsatsi.
A ditshwantsho tsa ditiragalo tsa Bibela tse di nang le matshwao a kobamelo ya medimo ya disetwa ya baheitane di ka pegwa mo dipoteng tsa legae la Mokeresete? Nnyaa. Bibela e gakolola jaana: “Tempela ea Modimo e na le tumalanō ehe le medimo ea disètwa? . . . Me ke gōna, Cwañ mo gare ga bōnè, lo lomologanè, go bua Yehofa, me lo se ka loa ama sepè se se itshekologileñ; me ke tla lo amogèla.”—2 Bakorintha 6:16, 17.
E ne ya re fa nako e ntse e tsamaya, batho bao ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete ba ne ba simolola go itlhokomolosa kgakololo eno. Jaaka fa Jesu le baaposetoloi ba gagwe ba ile ba bolelela pele, botenegi bo ne jwa simologa. (Mathaio 24:24; Ditihō 20:29, 30; 2 Petere 2:1) Mo masimologong a lekgolo la bone la dingwaga C. E., mmusimogolo wa Roma ebong Constantine o ne a dira Labokeresete wa motenegi go nna bodumedi jwa Puso. Jaanong bontsi jwa baheitane bo ne jwa simolola go ipitsa “Bakeresete.” Ba ne ba tlwaetse go obamela ditshwantsho tse di tlhomilweng tsa mmusimogolo. Ba ne gape ba tle ba kgwagetse ditshwantsho tsa bagolwagolwane ba bone le tsa batho ba ba itsegeng thata. John Taylor o ne a tlhalosa jaana mo bukeng ya gagwe ya Icon Painting: “Tumalanong le tlwaelo ya go tlotla mmusi wa bone, batho ba ne ba obamela setshwantsho sa gagwe se se takilweng mo letseleng le mo legonnyeng, mme go tswa foo go ne ga nna motlhofo gore ba tlotle mekgabisa ya ditshwantsho.” Ka gone, kobamelo ya seheitane ya ditshwantsho e ne ya tseelwa sebaka ke ya go tlotla ditshwantsho tsa ga Jesu, Maria, baengele, le tsa “baitshepi.”
Baeteledipele ba Dikereke Ba Ile Ba Dirisa Seipato Sefe go Buelela Kobamelo Eno?
Go ya ka The Encyclopedia of Religion, baeteledipele ba dikereke ba ile ba dirisa tsone diipato tseo di ileng tsa dirisiwa ke boramatlhale ba baheitane. Banna ba ba jaaka Plutarch, Dio Chrysostom, Maxim wa Tyre, Celsus, Porphyry, le Julian ba ne ba dumela gore medimo ya disetwa ga e tshele. Lefa go le jalo baheitane bano ba ne ba ntsha seipato sa gore go dirisa ditshwantsho e ne e le selo se se ba thusang go obamela medimo ya bone e e sa bonweng ka matlho. Modiri wa mekgabisa ya ditshwantsho wa Mo-Russia ebong Leonid Ouspensky o dumela jaana mo bukeng ya The Meaning of Icons: “Borara ba Kereke ba ne ba dirisa botlhajana jwa Bagerika, ba dira gore thutabodumedi ya Sekeresete e tshwane le jone ka tsela ya jone ya go akanya le ya go bua.”—Bapisa Bakolosa 2:8.
Batho ba le bantsi ba go fitlhela go le thata go tlhaloganya diipato tse bodumedi bo di ntshitseng malebana le go tlotla ditshwantsho. John Taylor mo bukeng ya Icon Painting o ile a bolela jaana: “Ke fela batho ba ba rutegileng thata ba ba ka kgonang go supa pharologano e e leng gone . . . gareng ga go obamela mokgabisa wa setshwantsho ka bosone le go obamela se se ka tswang se o emela.”
Kafa letlhakoreng le lengwe, seo Bibela e se bolelang malebana le ditshwantsho tsa bodumedi se bonolo thata go tlhaloganngwa. Akanya ka Emilia, yo o nnang kwa Gauteng, mo Afrika Borwa. E ne e le Mokatoliki yo o tlhoafetseng ebile a tle a khubame ka mangole go rapela fa pele ga ditshwantsho. Moragonyana mongwe wa Basupi ba ga Jehofa o ne a kokota mo mojakong wa gagwe. O ne a itumedisiwa ke go bona go tswa mo Bibeleng ya gagwe ya Sepotokisi gore Modimo o na le leina eleng Jehofa. (Pesalema 83:18, Almeida) Ka nako ya fa ba ntse ba ithuta Bibela o ne a botsa jaana: “Ke eng seo ke tshwanetseng go se dira gore ke se ka ka kgopisa Jehofa?” Mosupi o ne a supa setshwantsho se a neng a se kgwageditse mo leboteng a bo a mo kopa gore a bale Pesalema 115:4-8. E ne ya re fa monna wa gagwe a goroga mo gae maitsiboa ao, Emilia o ne a mmolelela gore o ne a batla go tlosa ditshwantsho tseo mo lelapeng. O ne a dumela. Mo letsatsing le le latelang, o ne a bitsa bomorwawe ba babedi ebong Tony le Manuel go tla go mo thusa go di thubaka le go di fisa. Jaanong, dingwaga di le 25 morago ga tiragalo eo, a Emilia o ikotlhaela seo? Nnyaa. Totatota ene le lelapa la gagwe, ba thusitse baagisani ba le bantsi ba bone gore e nne baobamedi ba ba itumetseng ba ga Jehofa.
Ditiragalo tse di tshwanang le tseno di ile tsa nna tsa diragala gangwe le gape. Ka ntlha ya tiro ya lefatshe ka bophara ya go dira barutwa ya Basupi ba ga Jehofa, dimilionemilione tsa batho di ithuta go obamela Modimo “ka mōea le ka boamarure.” Le wena o ka iponela masego ka go obamela ka tsela eo e e di gaisang tsotlhe ya go obamela, gonne, jaaka fa Jesu a umakile, “Rara o batla ba ba nntseñ yalo go nna baobamedi ba gagwè.”—Yohane 4:23, 24.
[Setshwantsho mo go tsebe 26]
Ka nako ya fa Czar Nicholas II a ne a segofatsa masole a gagwe ka mokgabisa wa setshwantsho
[Motswedi wa Setshwantsho]
Photo by C.N.