Ditiro tse Dintsi tse di Dirwang ka Nako ya Go Nna Gone Ga Ga Keresete
“Hoñ Kgosi e tla raea ba ba kaha cogoñ ya eōna ye legolo, e re, Tlaañ, lona basegōhadiwa ba ga Rrè, ruañ bogosi yo lo bo baakanyedicweñ e sa le ka tlhōlègō ea lehatshe.”—MATHAIO 25:34.
1. Pa·rou·siʹa ya ga Keresete e tshwana jang le “metlha ea ga Noa”?
GO NNA gone ga ga Keresete—tiragalo e e saleng e letetswe bogologolo! Nako e e tshwanang le “metlha ea ga Noa” eo Jesu a neng a bua ka yone fa a ne a bua ka “bokhutlō yoa lehatshe,” e ne ya simolola ka ngwaga wa 1914. (Mathaio 24:3, 37) Mme go nna gone ga ga Keresete kana pa·rou·si’a, go ne go tla raya eng mo masaleleng a a tloditsweng a “motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale”? (Mathaio 24:45) Ebu, go ne go tla raya gore ba ne ba tla tshwanelwa ke go tlhagafala le go feta jaaka batshodi ba lesedi! Go ne go na le dilo tse di gakgamatsang tseo di neng di tla diragala! Go ne go tla tloga go simololwa tiro ya go phutha e e sa tshwaneng le epe e e kileng ya nna teng.
2. Ke go itshekisiwa gofe go go ileng ga diragadiwa tumalanong le Malaki 3:1-5?
2 Lefa go ntse jalo, Bakeresete bano ba ba tloditsweng ba ne ba tlhoka go itshekisiwa pele. Jaaka fa go ne go boleletswe pele mo go Malaki 3:1-5, Jehofa Modimo le “moroñwa oa [gagwe] oa kgōlaganō” ebong Jesu Keresete ba ne ba tla go tlhatlhoba tempele ya semoya ka letlhabula la 1918. Katlholo e ne e tshwanetse go simolola mo “tluñ ea Modimo.” (1 Petere 4:17) Malaki 3:3 e ne ya bolelela pele jaana: “Me [Jehofa] o tla dula yaka moitshekisi le montlahatsi oa selefera, o tla ntlahatsa bomorwa Lefi, o tla ba ntlahatsa yaka gouda le selefera.” E ne e le nako ya go itshekisiwa le ya go ntlafadiwa.
3. Ke eng fa go ne go tlhokega gore go nne le go itshekisiwa ga semoya?
3 Morago ga fa masalela a setlhopha sa motlhanka a sena go falola katlholo eno, eo e ileng ya fitlha kwa setlhoeng sa yone ka 1918, a ne a itshekisiwa go tswa mo lesweng la bodumedi le jwa lefatshe. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a ba itshekisa? E ne e le ka ntlha ya gore tempele ya gagwe ya semoya e ne e akarediwa mo go seno. Eno ke thulaganyo ya sekatempele ya go obamela Jehofa mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu Keresete. Jehofa o ne a batla gore tempele ya gagwe e nne mo boemong jo bo phepa gore fa boidiidi jwa baobamedi bao ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng ba tlisiwa mo go yone ba e fitlhele e le lefelo leo mo go lone bolaodi jwa gagwe jwa lobopo lotlhe bo tlotliwang mo go lone, koo leina la gagwe le itshepisiwang teng, le koo melao ya gagwe ya tshiamo e ikobelwang gone. Ka ntlha ya seo ba ne ba tla anaanela Jehofa le go dira mmogo mo go itsiseng kaga maikaelelo a gagwe a a seng kana ka sepe.
Ditshiamelo Tse Di Oketsegileng
4, 5. (a) Potso e e boditsweng ke Jesu Keresete e gwetlha mongwe le mongwe wa setlhopha sa motlhanka jang gompieno? (b) Dipolelwana “motlhanka eo o boikaño le eo o botlhale” le “ba ntlo ea gagwè” di tshwanetse go tlhaloganngwa ka ditsela dife? (c) Jesu o ne a abela motlhanka yono tiro efe?
4 Ka 1919 setlhopha sa motlhanka se se itshekisitsweng se ne se ka lebelela pele go bona go dirwa ditiro tse di oketsegileng. Moragonyana ka 1914, Mong wa bone ebong Jesu Keresete o ne a amogela Bogosi jwa selegodimo. Fa a ne a boela mo tlung ya gagwe go tla go tlhatlhoba botlhe bao e leng “ba ntlo ea gagwè” o ne a neelwa tlotlo ya segosi eo a neng a sena nayo ka nako ya fa a ne a le mo lefatsheng. O ne a fitlhela eng? A ba setlhopha sa motlhanka ba ne ba ntse ba tlhokometse dilo tsa Mong wa bone? Jaaka fa go kwadilwe mo go Mathaio 24:45-47, Jesu o ne a botsa potso e e neng e batla gore mongwe le mongwe wa barutwa ba gagwe ba itlhatlhobe gore ba ineetse go le kana kang go Mesia wa ga Jehofa a re: “Ana, motlhanka eo o boikañō le eo o botlhale ea bo e le mañ, eo morena wa gagwè o mo tlhomileñ go laola ba ntlo ea gagwè, go ba abèla diyō ka dipaka tse e leñ cōna? Go segō motlhanka eo e tla reñ morèna oa gagwè a tla, a mo hitlhèle a nntse a diha yalo. Amarure kea lo raea, o tla mo tlhōma molaodi oa dilō cotlhe tse o nañ nacō.”
5 Kwantle ga pelaelo, tlhaloso ya ga Jesu ya motlhanka yo o boikango ga e tshwanele motho ope a le mongwe. Nnyaa, go na le moo, e tlhalosa phuthego ya ga Keresete ya batho botlhe ba ba ikanyegang ba ba tloditsweng e le setlhopha. Ba ntlo ya gagwe ke balatedi ba ga Keresete ba ba tloditsweng motho ka bongwe. Jesu o ne a ntse a itse gore o tla rekolola batlodiwa bano ka madi a gagwe, ka jalo go ne go tshwanela gore a bue ka bone ba le botlhe jaaka motlhanka wa gagwe. Go bolelwa jaana ka bone mo go 1 Bakorintha 7:23: “Lo rekilwe ka tlhwatlhwa; lo se ka loa cwa batlhanka ba batho.” Jesu o ne a laela setlhopha sa gagwe sa motlhanka gore ba phatsimise lesedi la bone gore ba gogele le go dira barutwa ba bangwe le go abela ba ntlo ya gagwe dijo tsa bone tsa semoya ka nako e e tshwanetseng.
6. Motlhanka yono o ne a duelwa jang morago ga fa Jesu a sena go ba tlhatlhoba?
6 Go tloga ka nako eo go nna gone ga ga Keresete go simologileng ka yone go fitlhela ka 1918, ba setlhopha sa motlhanka ba ne ba ntse ba batla ditsela tsa go abela ba ntlo ya gagwe dijo ka nako e e tshwanetseng go sa kgathalesege lebaka la go bo ba ne ba sa ratege, ba bogisiwa ebile go na le tlhakatlhakano. Seno ke sone seo Mong wa bone a neng a se fitlhela fa tlhatlhobo ya gagwe e ne e simologa. Morena Jesu o ne a itumetse, mme ka 1919 o na a bolela fa setlhopha seo se se ikanyegang sa motlhanka se se amogetsweng se le sego. Ke tuelo efe e e itumedisang eo motlhanka yono a ileng a e bona ka ntlha ya go dira seo Mong wa gagwe a neng a mo laetse go se dira? Go tlhatlosiwa maemo! Ee, o ne a neelwa maikarabelo a a oketsegileng a go tsweletsa dikgatlhego tsa Mong wa gagwe pele. Ereka jaanong Mong wa bone a ne a setse a le Kgosi ya selegodimo, dilo tse a nang natso tsa selefatshe di ile tsa nna tlhwatlhwa kgolo le go feta.
7, 8. (a) ‘Dilo tsotlhe tse a nang natso’ tsa Mong wa bone ke eng? (b) Ke eng se se tlhokegang mo motlhankeng fa a ntse a lebeletse dilo tseno?
7 Ka jalo he, “dilo cotlhe tse a nañ naco” ke eng? Ke dilo tsotlhe tse di tlhwatlhwakgolo tsa semoya tse di mo lefatsheng tse di ileng tsa nna tsa ga Keresete yo a nang le taolo mo go tsone jaaka Kgosi ya selegodimo. Seno kwantle ga pelaelo se ne se akaretsa taolo ya go dira barutwa ba ga Keresete, mmogo le tshiamelo e e molemolemo ya go direla jaaka baemedi ba Bogosi jwa Modimo mo merafeng yotlhe ya lefatshe.
8 Go newa maemo a a ntseng jalo a go lebelela dilo tsotlhe tse Mong wa bone a nang natso go ne go tlhoka gore ba setlhopha sa motlhanka ba dirise nako e e oketsegileng le go neela tlhokomelo e e oketsegileng go dira gore tiro ya Bogosi e dirwe, ee, ba age mafelo a magolwane ao mo go one tiro e tla dirwang mo go one. Ba ne jaanong ba na le tshimo e kgolwane le go feta eo ba neng ba tshwanetse go e dira—lefatshe lotlhe.
Go Phuthiwa Ga Dinku
9. Go nnile le matswela afe ka ntlha ya go oketsega ga ditiro tsa motlhanka?
9 Ka gone he, ka go nna kutlo, setlhopha sa ga Keresete sa motlhanka yo o boikango le yo o botlhale se ne sa oketsa ditiro tsa sone. Seno se ne sa felela ka eng? Ba bofelo ba batlodiwa ba ba 144 000 ba ne ba phuthiwa. Morago ga moo ponatshegelo ya ga Johane e e begilweng mo go Tshenolō 7:9-17 e ne ya diragadiwa ka tsela e e kgatlhang, e e itumedisang. Ba setlhopha sa motlhanka ba ne ba itumelela go bona go diragadiwa ga ponatshegelo eno ka bonya ka bonya segolobogolo fa e sale ka 1935. “Boidiidi yo bogolo” jwa dimilione tsa batho ba ba tswang mo tikologong yotlhe ya lefatshe bo ntse bo ologela mo tempeleng ya semoya ya ga Jehofa jaaka baobamedi ba gagwe. Moengele wa ga Jehofa o ne a bolelela Johane gore ga go na motho ope yo o neng a ka kgona go bala boidiidi jo bogolo jono. Seno se bolela gore ga go na tekanyetso epe e e beilweng ya batho ba setlhopha sa motlhanka se tshwanetseng go ba lere mo tempeleng ya semoya ya ga Jehofa. Fa fela tsela e santse e butswe, tiro ya go ba phutha e tla nna e ntse e tswelela.
10. Motlhanka o dira tiro efe ya go bontsha lorato gompieno?
10 Setlhopha sa motlhanka yo o boikango se na le boikarabelo jo bo boima jwa go tlhokomela palo e e ntseng e oketsega ya “dinku di sele,” ba dira jalo ba ntse ba itse gore Mong wa bone ebong Jesu o rata thata bao eleng ba sekadinku ba ba tswang mo merafeng yotlhe. Totatota ke letsomane la gagwe. (Yohane 10:16; Ditihō 20:28; 1 Petere 5:2-4) Ka jalo ka ntlha ya go rata Mong wa bone le dinku, setlhopha sa motlhanka se tlamela boidiidi jo bogolo ka dilo tseo ba di tlhokang semoyeng ka boitumelo.
11-13. Poresidente wa nako eo wa Mokgatlho wa Watch Tower o ne a akgela jang ka tsela e e tshwanetseng malebana le tiro e e dirwang ke motlhanka?
11 Ee, karolo e kgolwane ya tiro ya go phatsimisa lesedi ga setlhopha sa motlhanka e akaretsa go phuthiwa ga bone bano bao e tla nnang babusiwa ba Bogosi jwa Modimo. Fa a ne a bua ka tiro e e ntseng e oketsega ya motlhanka yo o boikango, F. W. Franz, yo e neng e le poresidente ya Mokgatlho wa Watch Tower ka nako eo, o ne a bolela jaana pele fela ga loso lwa gagwe ka December 1992:
12 “Go ya ka dingwaga tse 99 tse ke di tshetseng ke bone ka moo Jesu Keresete a ntseng a dirisa phuthego ka tsela e e gakgamatsang le go feta ka dinako tsotlhe. Ga se motho fela yo o kaelang phuthego, go na le moo e tshwanetse ya bo e le Morena Jesu Keresete. Ka gonne e ntse e dira ka tsela e e molemo le e e gakgamatsang thata go na le ka tsela eo re neng re akanya ka yone. Gompieno re na le phuthego eo e anameng lefatshe ka bophara. E dira kwa Hemisefereng ya kwa Bokone le kwa Hemisefereng ya Borwa, kwa Botlhaba le kwa Bophirima. Go na le motho a le mongwe fela yo o ka dirang gore go nne le koketsego eno e e bonwang ke mongwe le mongwe—Morwa Modimo, yo o laolang setlhopha sa motlhanka yo o boikango le yo o botlhale. O ntse a diragatsa maikarabelo a gagwe, mme ke ka lebaka leo go ileng ga nna le koketsego e kgolo e re ileng ra e bona.
13 “Tiro eno ga e dirwe ke motho a le mongwe fela. Re na le phuthego ya puso ya bomodimo, e e dirang ka mokgwa wa puso ya bomodimo ka tsela e e kaelwang ke Modimo. Ga go na motho ope, le fa e le ene motho yo o simolotseng Watch Tower Bible and Tract Society, yo o ka iphakang kana go ka bolelwang gore o ikarabelela seo se dirilweng lefatshe ka bophara. Go a gakgamatsa eleruri.” A botlhe bao e leng ba boidiidi jo bogolo ga ba dumalane kwantle ga go belaela le mafoko ao a ga Mokaulengwe Franz yo o tlhokafetseng? Ee tota, ba leboga setlhopha sa motlhanka ka ntlha ya go dira ditiro tse di oketsegileng.
Babusiwa Ba Bogosi
14, 15. (a) Jesu o ne a tshwantshetsa eng mo setshwantshong sa ditalenta (Mathaio 25:14-30)? (b) Ka mo go tshwanetseng ke eng se se latelang mo go Mathaio kgaolo 25?
14 Mo go Mathaio kgaolo 25, setshwantsho sa ga Jesu sa dinku le dipodi se tshwantshetsa tiro e kgolo eno ya go phutha babusiwa ba selefatshe ba Bogosi jwa Modimo. Mo setshwantshong sa gagwe se se tlang pele ga seno, sa ditalenta, Jesu o bontsha gore barutwa ba gagwe ba ba tloditsweng bao ba solofetseng go busa le ene mo Bogosing jwa selegodimo, ba tshwanetse go oketsa dilo tse a nang natso mo lefatsheng. Morago ga moo, mo setshwantshong se se latelang, Jesu o bontsha ka tsela e e tshwanelang sentle gore ke eng se se tlhokegang mo go bao ba batlang go nna babusiwa ba Bogosi jwa gagwe jwa selegodimo.
15 Tlhokomela tsela e a akgelang ka yone mo go Mathaio 25:31-33 fa a bolela jaana: “Me e tla re Morwa Motho a tla ka kgalalèlō ea gagwè, a na le baengele botlhe, hoñ o tla dula mo setuloñ sa gagwè sa bogosi sa kgalalèlō; Me merahe eotlhe e tla phuthèlwa ha pele ga gagwè. Me o tla ba kgaoganya bañwe mo go ba bañwe, yaka modisa a tla a kgaoganye dinku le dipodi; Me dinku o tla di baea kaha lecogoñ ye legolo, me dipodi kaha go ya molèma.”
16. Merafe e phuthiwa jang mme batho ba kgaoganngwa jang?
16 Jesu o ne a tla a le mo kgalalelong ya gagwe ka 1914. Ene le baengele ba gagwe botlhe ba ile ba bolola mme ba tlhasela le go ntsha baba ba bone ba badimona kwa legodimong. Se se latelang mo setshwantshong sa gagwe se re thusa go tlhaloganya gore go dula ga ga Jesu mo setulong sa gagwe sa bogosi sa kgalalelo go supa fa a tla atlhola ka nako ya go nna gone ga gagwe. Go phuthelwa ga merafe yotlhe fa pele ga gagwe go bontsha fa Jesu a tsaya merafe jaaka bao ba tla nnang letsomane la gagwe, ka tshwantshetso. Ke letsomane la dinku le dipodi. Lefa gone go ka tsaya karolo ya letsatsi go kgaoganya dinku le dipodi tsa letsomane la sebele, go kgaoganngwa ga batho bao ba nang le kgololesego ya go ka tlhopha gare ga se se molemo le se se bosula lefatshe ka bophara, go tsaya nako e telele le go feta. Seno ke ka go bo go kgaoganya gono go thailwe mo go reng motho mongwe le mongwe o dira eng.
17. Ke eng fa boemo e le jo bo masisi mo bathong botlhe gompieno?
17 Mo setshwantshong seno Kgosi ya Modisa e baya ba sekadinku kafa letsogong la yone la moja mme ba sekadipodi kafa letsogong la molema. Letlhakore la moja ke la katlholo e e itumedisang—botshelo jo bo sa khutleng. Letlhakore la molema le supa katlholo e e sa itumediseng—go nyelelediwa ruri. Tshwetso ya katlholo e Kgosi e e dirang mo kgannyeng eno e nna le ditlamorago tse di masisi.
18. Ke eng fa go sa bonale ga Kgosi go sa fe ope seipato?
18 Go sa bonale ga Morwa motho yo o busang ka nako ya go nna gone ga gagwe, kana pa·rou·siʹa, ga go dire gore ope a nne le seipato. Gompieno ba bangwe ba ba oketsegileng ba sekadinku ba dira mmogo le setlhopha sa motlhanka mo go rereng mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng lotlhe, ba phatsimisa lesedi la bone. Eleruri, go supa ga bone go fitlhile kwa dikarolong tsotlhe tsa lefatshe.—Mathaio 24:14.
19. Ke dinonofo dife tsa setlhopha sa dinku tseo di tshwantshediwang mo setshwantshong sa dinku le dipodi?
19 Ke eng fa Kgosi ya Modisa e duela ba setlhopha sa dinku ka go ba naya isagwe e e segofaditsweng? Ke ka go bo ba ne ba tshegetsa bomonnawe ka pelo yotlhe mo tirong ya go rera ka Bogosi le go ba bontsha bopelonomi, eleng seo Jesu a se lebang jaaka seo se diretsweng ene. Ka jalo, Morwa motho wa kgosi o ba raya a re: “Tlaañ, lona basegōhadiwa ba ga Rrè, ruañ bogosi yo lo bo baakanyedicweñ e sa le ka tlhōlègō ea lehatshe.”—Mathaio 25:34; 28:19, 20.
Go Thusa Kgosi
20, 21. Dinku di supa jang gore di eme kafa letlhakoreng la Bogosi?
20 Ela tlhoko gore fa Kgosi e laletsa dinku tseno gore ba tle go rua Bogosi jwa Modimo mo lefatsheng, ba a gakgamala. Ba mmotsa jaana: ‘Morena re go diretse leng dilo tseno tsotlhe?’ O araba jaana: “Amarure kea lo raea, Ereka lo go dihetse moñwe oa bōnè ba, bonnake, ba ba botlana ba, lo go dihetse nna.” (Mathaio 25:40) Ka nako ya fa Jesu a iponatsa mo go Maria Magadalene ka letsatsi le a tsogileng ka lone, o ne a bua kaga bomonnawe ba semoya fa a ne a mo raya jaana: ‘Ya kwa go bana ba ga Rre.’ (Yohane 20:17) Ka nako ya go nna gone ga gagwe a sa bonale, Jesu o santse a na le setlhopha se sennye fela sa masalela a gagwe a ba ba 144 000 ba bomonnawe bao ba santseng ba tshela mo lefatsheng.
21 Ereka Jesu a le kwa legodimong a sa bonale, batho ba sekadinku ba mo direla dilo tseno tsotlhe tsa go bontsha lorato e se ka tlhamalalo. Ba kgona go mmona a le mo setulong sa gagwe sa bogosi ka matlho a bone a tumelo fela. Jesu o anaanela maiteko otlhe a ba a dirang go thusa bomonnawe ba semoya ba ba tla nnang baruaboswa mmogo le ene ba selegodimo. Seo se direlwang bomonnawe o se leba jaaka se se direlwang ene ka namana. Ba sekadinku ba direla bomonnawe Keresete molemo ka go rata ka gonne ba ba tsaya jalo. Ba lemoga gore bomonnawe Jesu ba semoya ke baemedi ba Bogosi jwa ga Jehofa, mme ba batla go bontsha ka tsela e e kgethegileng gore ba eme le bone kafa letlhakoreng la Bogosi joo.
22. Ba setlhopha sa dinku ba duelwa jang? (Bapisa Tshenolō 7:14-17.)
22 Jehofa o ne a bonetse pele gore setlhopha seno sa dinku se ne se tla nna teng ka nako ya go nna gone ga Morwawe, mme go na le tuelo e e itumedisang eo a ba e beetseng! Ba boidiidi jo bogolo ba tla amogela masego a go nna le kagiso mo lefatsheng ka nako ya Puso ya Dingwaga Tse Di Sekete ya Kgosi ya ga Jehofa ebong Jesu Keresete.
23. Dinku di thusa bomonnawe Kgosi jang ka go rata?
23 Fa re tlhatlhoba boperofiti jwa Bibela jo bo buang ka nako ya go nna gone ga ga Keresete mmogo le setshwantsho sa ga Jesu sa dinku le dipodi, ke eng seo re se lemogang? Re lemoga seno: Gore motho a nne nku e e nang le boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo le Kgosi ya gagwe ga se kgang ya go direla bomonnawe Kgosi molemo fela o sa lemoge kana e le selo se se itiragalelang fela. Bao eleng ba setlhopha sa dinku ba itse gore ba dira eng, lefa gone ba sa kgone go bona Kgosi e e busang ka matlho a bone a nama. Ba leka go thusa bomonnawe Kgosi eseng fela ka dilo tse di bonalang mme gape le ka tsela ya semoya. Jang? Ka go ba thusa go rera mafoko a a molemo a Bogosi jwa Modimo le go tshwara dithuto tsa Bibela gore ba tle ba direle Keresete barutwa. Ka ntlha ya seo, gompieno go na le batshodi ba lesedi bao eleng baboledi ba Bogosi jwa Modimo ba ba fetang dimilione di le nne.
Ditiro Tse Di Oketsegileng
24. Ke ditiro dife tsa go bontsha lorato tseo di dirileng gore setlhopha sa motlhanka e nne batho ba ba itumetseng go gaisa botlhe mo lefatsheng gompieno?
24 A re ke re bale dingwe tsa ditiro tse di molemo tseo di dirwang ke setlhopha sa motlhanka yo o boikango. Sa ntlha, setlhopha sa motlhanka se abetswe go tlhokomela dilo tsotlhe tse Mong wa gagwe a nang natso—dilo tsa gagwe tse di amanang le Bogosi mo lefatsheng—mme dilo tseno di nna di ntse di oketsega. Sa bobedi, setlhopha seno se fepa eseng fela ba ntlo ya gagwe ba ba tloditsweng mme gape le boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele jo bo ntseng bo gola ka dijo tsa semoya. Sa boraro, setlhopha sa motlhanka se eteletse pele mo go anamiseng lesedi la Bogosi. Sa bone, tiro e kgolo le go feta mo ditirong tse di ntseng di oketsega tseo setlhopha seno se ntseng se di dira ke go phutha boidiidi jo bogolo jwa dinku di sele go di lere mo tempeleng ya ga Jehofa ya semoya. Sa botlhano, ka ntlha ya go tshegediwa ka pelo yotlhe ke ba sekadinku, setlhopha seno sa motlhanka se ntse se agela makala a mekgatlho go dikologa lefatshe dikago tse di kgolwane mmogo le kwa ntlokgolong kwa United States. Ditiro tse di ntseng jalo tsa go bontsha lorato di dirile gore ba setlhopha sa motlhanka e nne batho ba ba itumetseng thata mo lefatsheng gompieno, ebile di dirile gore dimilione tsa batho ba bangwe le bone ba itumele. Bano botlhe ba leboga Jehofa Modimo mmogo le Jesu Keresete bao eleng bone ba ntseng ba kaela ditiro tse dintsi tsa motlhanka yo o botlhale!
25. Dinku di ka tswelela jang di tshegetsa setlhopha sa motlhanka, mme di lebeletse go bona eng?
25 Mo nakong eno setlhopha sa motlhanka se ntse se dira ditiro tseo se di abetsweng ke Modimo ka natla le go feta lefa e le leng pele. Nako e e setseng pele ga “sepitla se segolo” se runya ga e tlhole e le kae! (Mathaio 24:21) Abo go le botlhokwa jang gore bao eleng dinku tsa Modimo ba nne ba ntse ba le kafa letlhakoreng le le siameng leo mo go lone ba tla amogelwang ke Kgosi ya Modisa! Ka jalo he, a rotlhe re tsweleleng pele re tshegetsa motlhanka yo o boikango le yo o botlhale ka tlhagafalo. Ke fela ka go dira seno e tla reng ka letsatsi lengwe mo bogautshwaneng ba sekadinku ba itumelele go utlwa mafoko a a itumedisang a a bolelang jaana: “Tlaañ lona basegohadiwa ba ga Rrè, ruañ bogosi yo lo bo baakanyedicweñ e sa le ka tlhōlègō ea lehatshe.”
A O Ka Araba?
◻ Ke katlholo efe eo e neng ya simologa fa Kgosi e sena go dula mo setulong sa bogosi?
◻ Mathaio 24:45-47 e diragaditswe jang mo motlheng wa segompieno?
◻ Malebana le go oketsega ga tiro ke ditiro dife tseo setlhopha sa motlhanka le boidiidi jo bogolo ba di itumelelang thata?
◻ Mathaio 25:34-40 e ile ya diragadiwa jang ka nako ya pa·rou·siʹa?
[Setshwantsho mo go tsebe 16]
Morena o abela motlhanka yo o botlhale gore a tlhokomele dilo tsotlhe tse a nang natso
[Setshwantsho mo go tsebe 18]
Jesu o dutse mo setulong sa bogosi go atlhola batho