LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 5/15 ts. 4-7
  • Dipolelelopele tsa Bibela Di Ka Ikanngwa Go Le Kana Kang?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipolelelopele tsa Bibela Di Ka Ikanngwa Go Le Kana Kang?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Nako Ya Fa Iseraele le Asiria Di Di Goga Kwa Pele mo Ditiragalong Tsa Lefatshe
  • Polelelopele ya Go Senngwa Ga Babelona
  • Dipolelelopele Tse Di Bolelang ka Isagwe E E Itumedisang
  • Dipolelelopele Tse Di Neng Tsa Diragala
    Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho?
  • A o ka Ikanya Ditsholofetso Tsa Modimo?
    Tsogang!—1995
  • Karolo 3—Babelona yo o Maatla—Mmuso o Mogolo wa Lefatshe wa Boraro
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1988
  • Jehofa o Kokobetsa Motse o o Ikgodisang
    Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe I
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 5/15 ts. 4-7

Dipolelelopele tsa Bibela Di Ka Ikanngwa Go Le Kana Kang?

GOMPIENO go na le dibuka tsa hisitori di se kana ka sepe. Dipego tseno tse di malebana le se se diragetseng mo nakong e e fetileng eleruri di ile tsa itshupa gangwe le gape e le tse di itumedisang. Jaaka fa re ntse re di bala, re ka nna ra ipona re le kwa mafelong ao a bogologolo. Re ka eta ka mogopolo fa re ntse re bala, go ntse jaaka e kete ditsebe tse di itidimaletseng fela tsa dibuka tseno di tlhagisa batho, mafelo, le ditiragalo.

Bibela ke buka e e ntseng jalo—buka e e tletseng ka dipego tsa hisitori tse di kgatlhisang. Mo ditsebeng tsotlhe tsa yone, re ka tlwaelana le banna le basadi ba ba jaaka Aberehama, mosadi wa gagwe Sara, Kgosi Dafide, Mohumagadi Esethere, le Morutisi yo Mogolo, e leng Jesu Keresete. Eleruri re ka kgona gore re sepele le bone, re utlwe se ba kileng ba se bua, le go bona se ba neng ba se bona. Lefa go le jalo ba le bantsi ba bona Bibela e se buka ya ditiragalo fela. Ba dumela gore e tshotse se se ileng sa bidiwa hisitori e e kwadilweng e ise e diragale. Ke ka ntlha yang fa go le jalo? Ke ka gonne Bibela e tletse ka dipolelelopele, kana boperofeti.

Go ntse go le jalo, dipolelelopele tsa Bibela di ka ikanngwa go le kana kang? Fa e le gore dipolelelopele tsa Bibela di ile tsa diragala mo ditiragalong tsa nako e e fetileng, a ga re a tshwanela go lebelela gore dipolelelopele tse di ntseng jalo tse di malebana le ditiragalo tsa mo isagweng le tsone di tla diragala? A jaanong re sekasekeng dikai dingwe go bona gore a dipolelelopele tsa Bibela di ka ikanngwa.

Nako Ya Fa Iseraele le Asiria Di Di Goga Kwa Pele mo Ditiragalong Tsa Lefatshe

Moperofeti wa Modimo ebong Isaia, yo o ileng a nna moperofeti mo e ka nnang ka 778 B.C.E., o ne a bolelela pele jaana: “Serwalō sa tlhōgō sa boikgodishō sa botagwa ba Eferaima [Iseraele] se tla gatakwa ka dinaō: Le sethunya se se shwabañ sa bontlè yoa gagwè yo bo galalèlañ, se se ha tlhogoñ ea mokgacha o o nonneñ, se tla nna yaka feige o o buduleñ pele, letlhabula le e se le tle, o ea reñ motho a o leba a o bōna, me o sa nntse o le mo seatleñ sa gagwè a o kometse hèla.” (Isaia 28:3, 4) Fela jaaka go ne go boleletswe pele, e ne ya re mo bogareng jwa lekgolo la borobedi la dingwaga B.C.E., motsemogolo wa Iseraele e leng Samaria, o ne wa nna fela jaaka setlhare sa feige e e siametseng go ka kgetlwa mme wa metswa ke matsholo a masole a Asiria. Go ne ga diragala fela jalo ka nako ya fa Samaria e ne e gapiwa ke Baasiria ka 740 B.C.E.—2 Dikgosi 17:6, 13, 18.

E ne ya re fa nako e ntse e ya, ya nna sebaka sa gore Asiria le yone e fetele mo hisitoring. Motsemogolo wa yone e ne e le Ninefe, o o neng o itsege thata ka tsela e e setlhogo eo batho ba one ba neng ba tshwara batshwarwa ba one ka yone mo o bileng wa bidiwa gore ke “motse o o madi madi.” (Nahume 3:1) Jehofa Modimo ke ene yo o neng a ntshitse taelo ya gore Ninefe e sengwe. Ka sekai, Modimo ka moperofeti Nahume o ne a re: “Bōna, ke tlhabana nau . . . me ke tla go diha makgamatha, ke go baea selebō hèla sa batho. Me go tla dihala, go re, botlhe ba ba gu lebañ ba tla tshaba ba cwa ha go wèna, ba re, Ninefe o kgakgabadicwe.” (Nahume 3:5-7) Sefania le ene o ne a bolelela pele go senngwa ga Asiria le go ripitlwa ga Ninefe. (Sefania 2:13-15) Boperofeti jono bo ne jwa diragadiwa ka 632 B.C.E. fa, ka kgakgamatso, matsholo a a ikopantseng a ga kgosi Nabopolassar wa Babelona le Cyaxares wa Momedia a ne a tlhasela le go ripitla Ninefe—ba o ripitla go ya bokgakaleng jwa gore go seke ga ba ga itsege lefelo leo motse ono o neng o le fa go lone go feta dingwaga tse 2 000. Mmusomogolo wa Babelona e ne ya nna one o tsenang mo pusong ya go busa lefatshe.

Polelelopele ya Go Senngwa Ga Babelona

Bibela e ne ya bolelela pele go menolwa ga Mmusomogolo wa Babelona le gore motsemogolo wa Babelona o ne o tla digwa jang. Mo e ka nnang go feta makgolo a dingwaga a le mabedi pele ga go diragala, moperofeti Isaia o ne a tlhagisitse gore Noka ya Euferatese e ne e tla kgala. E ne e elela go kgabaganya Babelona, mme dikgoro tse di neng di ipapathile le noka di ne di na le seabe se segolo mo go siriletseng motse. Boperofeti bo ne jwa umaka fa Kurose e tla nna ene mofenyi, jwa ba jwa bolela fa “meyakō” ya Babelona e tla bo e sa tswalwa fa batlhasedi ba tlhasela. (Isaia 44:27–45:7) Tumelanong le seno Modimo o ile wa tlhomamisa gore dikgoro tsa Babelona tse di neng di ipapathile le noka ya Euferatese di nne di sa tswalwa ka nako ya moletlo mo bosigong jwa fa matsholo a ga Kurose yo Mogolo a ne a tlhasela. Ka ntlha ya seno, ba ne ba tsena mo motseng oo wa Babelona ba bo ba o gapa kwa ntle ga bothata bope ka go gobua metsi a noka eo.

Rraditiragalo mongwe e bong Herodotus o ne a kwala jaana: “Kurose . . . o ne a baya karolo nngwe ya masole a gagwe mo lefelong le noka eno ya Euferatese e elelang e tsena mo [Babelona] ka lone, mme setlhopha se sengwe a se baya kwa ntlheng e nngwe ya noka kwa e elelang e tswa ka motse gone, a ba laela botlhe gore ka bonako fela fa metsi a sa tlhole a le boteng thata ba pateletse gore ba tsene mo motseng ka go ipapatha le noka. . . . O ne a faposa metsi a noka gore a elele mo letšheng (le ka nako eo e neng e setse e le mogobe) ka go epa mosele mme ka go dira jalo metsi a fokotsega go ya bokgakaleng jwa gore ba bo ba kgone go gobua metsi, masole a Peresia, a a neng a tlogetswe ka bomo fa thoko ga noka kwa Babelona a ne a gobua noka e jaanong metsi a yone a neng a batla a ba fitlha mo diropeng, ba ipapatha jalo ka yone, ba bo ba tsena mo motseng. . . . Go ne go na le mokete mo motseng oo, mme le ka nako ya fa motse o ne o tlhasetswe, batho ba one ba ne ba tswelela ba ntse ba bina le go itlhapedisa, go fitlha ba thanya le setse le le tsebeng.”—Herodotus—The Histories, e e ranotsweng ke Aubrey de Selincourt.

Mo go jone bosigo joo, moperofeti wa Modimo e bong Daniele o ne a tlhagisitse mmusi wa Babelona ka masetlapelo a a neng a tla. (Daniele, kgaolo 5) Babelona e jaanong e neng e feletswe ke maatla e ne ya tswelela e ntse e le gone makgolo a se kae a dingwaga morago ga moo. Re lemoga seno, ka gonne moaposetoloi Petere o ne a kwala lekwalo la gagwe la ntlha le le tlhotlheleditsweng a le kwa go one motse oo mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. (1 Petere 5:13) Lefa go le jalo boperofeti jwa ga Isaia bo ne bo rile: “Babelona . . . o tla nna yaka ha Modimo o lo oa ribegetsa Sodoma le Gomora. Ga o ketla o nnwa ke batho gopè.” Mme gape Modimo o ne o rile: “Ke [tla] kgaola ke tlosetsa Babelona leina le lesalèla, le ñwana oa mosimane, le ñwana oa ñwana oa mosimane.” (Isaia 13:19-22; 14:22) E ne yare kgabagare fela jaaka go ne go boleletswe pele Babelona ya fetoga marope fela. Maiteko ape fela a go tlhabolola motse oo a ka oka bajanala mme lefa go le jalo o tla sala o ntse o se na “ñwana oa mosimane, le ñwana oa ñwana oa mosimane.”

Daniele—moperofeti wa ga Jehofa yo o neng a le gone kwa Babelona ka nako ya fa e thopiwa—o ne a bona ponatshegelo e e neng e le malebana le go tlhaselwa ga Bameda le Baperesia. O ne a bona phelehu e e nang le dinaka tse pedi le phoko e e neng e na le lonaka lo logolo fa gare ga matlho a yone. Phoko eno e ne ya tlhasela phelehu mme ya e digela fa fatshe, e roba dinaka tsa yone tse pedi. Lonaka lo logolo lwa phoko lo ne lwa robega mme mo boemong jwa lone ga tlhoga dinaka tse dingwe tse nne. (Daniele 8:1-8) Jaaka fa Bibela e ile ya bolelela dilo pele le jaaka fa hisitori e supa, phelehu e e nang le dinaka tse pedi e ne e emela Bameda le Baperesia. Phoko e ne e emela Bagerika. Mme go tweng ka “lonaka lo logolo” lwa yone? Lo ne lwa itshupa e le Alexander yo Mogolo. Ka nako ya fa lonaka lo logolo loo lwa tshwantshetso lo ne lo robega, lo ne lwa emelwa ke dinaka (kana, dipuso) tse nne. Fela jaaka boperofeti bo ile jwa bolela, fa Alexander a sena go swa, balaodi ba gagwe ba mephato ba le bane ba ne ba kgogana bogosi—Ptolemy Lagus a busa kwa Egepeto le Palesetina; Seleucus Nicator kwa Mosopotamia le Siria; Cassander kwa Makedonia le Gerika; mme Lysimachus kwa Thrace le Asia Minor.—Daniele 8:20-22.

Dipolelelopele Tse Di Bolelang ka Isagwe E E Itumedisang

Dipolelelopele tseo tsa Bibela malebana le go swafadiwa go Babelona le go menolwa ga mmuso wa Bameda le Baperesia ke dikai di le mmalwa fela tsa boperofeti jwa Dikwalo jo bo ileng jwa diragala mo nakong e e fetileng. Bibela gape e na le dipolelelopele tse di malebana le isagwe e e itumedisang tse di tla diragadiwang ke Mesia, Motlodiwa wa Modimo.

Dingwe tsa dipolelelopele tse di neng di le malebana le Mesia, tse di fitlhelwang mo Dikwalong tsa Sehebera di ne tsa lebisiwa kwa go Jesu Keresete ke bakwadi ba Dikwalo tsa Bokeresete tsa Segerika. Ka sekai, bakwadi ba Diefangele ba ile ba supa gore Jesu o ne a tsholelwa kwa Bethelehema, fela jaaka moperofeti Mika a ne a boleletse pele. (Mika 5:2; Luke 2:4-11; Yohane 7:42) Go diragatsa boperofeti jwa ga Jeremia, bana ba ne ba bolawa ka nako ya fa Jesu a ne a se na go tsalwa. (Yeremia 31:15; Mathaio 2:16-18) Mafoko a ga Sakaria (9:9) a ne a diragadiwa ka nako ya fa Keresete a ne a tsena kwa Jerusalema a pagame esela. (Yohane 12:12-15) Mme ka nako ya fa masole a ne a kgoganya diaparo tsa ga Jesu fa a sena go bolawa, seno se ne se diragatsa mafoko a ga mopesalema a a reng: “Ba kgaogana diaparō tsa me, me kobo ea me ba e laola ka bola.”—Dipesalema 22:18.

Dipolelelopele tse dingwe tsa Bomesia di bolelela pele ka nako ya fa lelapa la setho le tla bo le itumetse. Mo ponatshegelong, Daniele o ne a bona “moñwe eo o chwanañ le moñwe morwa motho” a amogela “pusho, le kgalalèlō” go tswa kwa go “eo mogologolo” e leng Jehofa. (Daniele 7:13, 14) Malebana le puso ya Bomesia ya Kgosi eno ya selegodimo e leng Jesu Keresete, Isaia o ne a bolela jaana: “Leina ya gagwè le tla bidiwa Kgakgamaco, Mogakolodi, Modimo Mothata, Rara oa Bosakhutleñ, Kgōsana ea Kagishō. Ga go tota ga pushō ea gagwè, le ga kagishō ga go ketla go nna le bokhutlō, a le mo setuloñ sa bogosi sa ga Dafide, le mo bogosiñ yoa gagwè go bo tlhōmamisa, le go bo tshegetsa ka katlholō le ka tshiamō, go tloga gompiyeno go ea bosakhutleñ. Tlhōahalō ea ga Yehofa oa mashomōshomō e tla dihatsa selō se.”—Isaia 9:6, 7.

Pele ga gore puso ya tshiamo ya Bomesia e tseye marapo, go na le sengwe sa botlhokwa se se tshwanetseng go diragala. Seno le sone se ne sa bolelelwa pele mo Bibeleng. Malebana le Kgosi ya Bomesia, mopesalema o ne a opela jaana: “Gatlha chaka ea gago kaha nokeñ ea gago, wèna senatla . . . Mo boreneñ yoa gago u pagamèlè pele ka go rañwa ke dilō, ka ntlha ea boamarure, le bopelonōlō, le tshiamō.” (Pesalema 45:3, 4) Fa di lebisitse mo motlheng wa rona, Dikwalo gape di ile tsa bolelela pele jaana: “Mo metlheñ ea dikgosi tseuō, Modimo oa legodimo o tla tlhōma bogosi yo bo se ketlañ bo señwa gopè, me le mmuso oa yōna ga o ketla o tlogèlèlwa chaba e sele, me bo tla thubaganya bo nyèletsa magosi auō aotlhe, me bo tla èma ka bosakhutleñ.”—Daniele 2:44.

Pesalema 72 e re naya lesedi malebana le gore maemo a tla bo a ntse jang mo pusong ya Bomesia. Ka sekai, “mo metlheñ ea gagwè basiami ba tla thama; me go tla nna letlōtlō ya kagishō, go tlo go tsamaee kgwedi e tlhōkahalèle rure.” (Temana 7) Ka nako eo go tla bo go sa tlhole go na le kgatelelo kana tirisodikgoka. (Temana 14) Ga go na ope yo o tla tshwarwang ke tlala, gonne “go tla nna letlōtlō ya mabèlè mo lehatshiñ, mo ditlhoeñ tsa dithaba: louño loa aōna lo tla ebelèga.” (Temana 16) Mme a o ko o akanye fela! O ka kgona go ipelela masego ano le a mangwe mo lefatsheng la paradaise fa tsamaiso ya gone jaanong jaana ya dilo e tla bo e tseetswe sebaka ke lefatshe le lesha le Modimo a le solofeditseng.—Luke 23:43; 2 Petere 3:11-13; Tshenolō 21:1-5.

Jalo he, go a tshwanela gore o sekaseke dipolelelopele tsa Bibela. Ka gone, ke ka ntlha yang fa o sa ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa gore ba tle ba go thuse ka tshedimosetso e e oketsegileng? Fa o ka sekaseka boperofeti jwa Bibela go tla go thusa gore o bone gore re tsamaya fa kae mo nakong. Go ka nna ga dira gape gore o rate Jehofa Modimo thata le thulaganyo ya gagwe e e itumedisang ya go segofatsa ka bosakhutleng botlhe ba ba mo ratang le ba ba mo obamelang.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

A o itse gore ponatshegelo ya ga Daniele ya phoko le phelehu e bolelang?

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

A o tla nna gone gareng ga bao ba tla ipelelang go diragadiwa ga dipolelelopele tsa Bibela tse di malebana le botshelo jo bo itumedisang mo lefatsheng la paradaise?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela