LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 6/1 ts. 19-22
  • Ke Eng Se Se Tlhokegang Gore O Itumele?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ke Eng Se Se Tlhokegang Gore O Itumele?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Barati ba Selefera Ba Ba Sa Kgotsofaleng
  • O Ka Bona Boitumelo mme Jang?
  • Go Lemoga Dilo Tse Di Tlhokegang tsa Semoya
  • Go Ikanya Jehofa
  • Go Amogela Kgalemelo ya Modimo
  • Go Nna Phepa le go Rata Kagiso
  • Go Bontsha Boitshoko
  • Go Batla Boitumelo Gone Jaanong le Jo Bo Tla Nnelang Ruri
  • Boitumelo jwa Boammaaruri Jo Bo Bonwang ka go Direla Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1992
  • Kafa re ka Bonang Boitumelo ka Gone
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
  • Go Itumela ba ba Direlang “Modimo yo o Itumetseng”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2018
  • A Dikhumo Di ka Go Itumedisa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1998
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 6/1 ts. 19-22

Ke Eng Se Se Tlhokegang Gore O Itumele?

BORAPOLOTIKI ba ba itlhophetsweng ke batho ba dira bojotlhe jwa bone go leka go itumedisa batho bao. Kana gone, gore ba tswelele pele ba bereka ke fela gore ba dire jalo. Mme lefa go ntse jalo makasine mongwe wa dikgang o bolela ka “batlhophi ba ba kgobegileng marapo le ba ba kgaphetsweng kwa thoko” kwa Poland. Mmegadikgang mongwe o tlhalosa gore United States ke mokgatlho wa batho “o o tletseng ka go sa ikanyeng dipolotiki tse di tlwaelegileng.” Mokwadi yo mongwe o re bolelela ka “letlhoo le le ntseng le gola la bopolotiki kwa Fora.” Letlhoo le le ntseng jalo le le tletsetletseng le go sa kgotsofale—tse ruri di sa bonaleng mo mafatsheng ano a mararo fela—di bontsha gore borapolotiki ba a palelwa mo maitekong a bone a go itumedisa batho.

Baeteledipele ba bodumedi le bone ba solofetsa batho boitumelo, ba re fa ba sa itumele mo botshelong jwa jaanong, bobotlana ba tla itumela mo isagweng. Ba theile seno mo kgopolong ya gore batho ba na le moyasebele o o sa sweng kana o o fetelang mo mothong yo mongwe morago ga loso, e leng kgopolo e batho ba le bantsi ba e ganang ka ntlha ya mabaka a a farologaneng, ebile e le eo go papametseng gore Bibela ga e e tshegetse. Dikereke tse di senang batho le manaane a maloko a a ntseng a fokotsega di bontsha gore dimilione tsa batho ga di tlhole di akanya gore bodumedi ke jone jo bo tlhokegang go tlisetsa batho boitumelo.—Bapisa Genesise 2:7, 17; Esekiele 18:4, 20.

Barati ba Selefera Ba Ba Sa Kgotsofaleng

Re ka bona kae boitumelo, fa re sa bo bone mo dipolotiking kana mo bodumeding? A gongwe re ka bo bona mo go tsa kgwebo? Le yone ka mo go tshwanang e bolela fa e kgona go tlisetsa batho boitumelo. E ipapatsa ka motswedi wa papatso, e bolela jaana ka phepafalo: O ka bona boitumelo fa o na le dithoto tse di bonalang tse di rekwang le ditirelo tse di duelelwang.

Go bonala palo ya batho ba ba batlang boitumelo ka tsela eno e ntse e oketsega. Mo dingwageng di le mmalwa tse di fetileng go ile ga begiwa gore halofo ya malapa otlhe kwa Jeremane a mo dikolotong tse dikgolo. Ga go gakgamatse, he, go bo pampiri ya dikgang ya Jeremane e e itsegeng thata e leng Die Zeit e ne ya bolelela pele gore “bontsi [jwa bano] ga ba kitla ba tswa mo dikolotong.” E ne ya tlhalosa jaana: “Ke selo se se motlhofo thata go kolota madi go fitlha kwa selekanyong se banka e go fang sone—mme go thata le go gaisa go tswa mo seraing sa dikoloto.”

Seemo seno se tshwana fela le sa mo merafeng e mengwe e e tlhabologileng fela thata. Mo dingwageng di sekae tse di fetileng, David Caplovitz yo eleng raloago kwa City University ya New York, o ne a fopholetsa gore kwa United States, malapa a a ka nnang gareng ga dimilione di le 20 le dimilione di le 25 a mo dikolotong tse di boitshegang. “Batho ba imelwa ke dikoloto,” o ne a bolela jalo, “mme ebile di senya matshelo a bone.”

Seo ga se utlwale e le boitumelo le eseng! Mme lefa go ntse jalo a re tshwanetse go lebelela gore kgwebo e kgone go fitlhelela seo tse dingwe tse pedi (dipolotiki le bodumedi) go bonalang ka phepafalo gore ga di kgone go se fitlhelela? Kgosi Solomone yo o neng a humile o kile a bolela jaana: “Eo o ratañ selefera ga a ketla a kgora selefera; le eo o ratañ letlōtlō ga a ketla a kgora loatō: se le shōna ke boithamakō.”—Moreri 5:10.

Go batla boitumelo mo dilong tse di bonalang go tshwana lefa o lora sengwe se se ka sekeng sa direga. E ka nna ya tswa e le gore go a kgatlha go dira seo, mme o tla nna le mathata fa se sa direge.

O Ka Bona Boitumelo mme Jang?

Moaposetoloi Paulo o bitsa Jehofa a re ke ‘Modimo yo o itumetseng.’ (1 Timotheo 1:11) Ka go bopa batho mo setshwanong sa gagwe, Modimo o o itumetseng o ne a ba naya kgono ya gore le bone ba itumele. (Genesise 1:26) Mme lefa go ntse jalo gore ba itumele go ne go tla ikaega ka gore ba direle Modimo wa bone, jaaka mopesalema a ne a bontsha: “Go segō chaba e Modimo oa eōna e leñ Yehofa.” (Pesalema 144:15b) Fa re ka sekaseka makgetlho a sekaenyana mo go a a 110 a mo go one New World Translation e dirisang mafoko a a jaaka “go itumela” le “boitumelo,” re tla tlhaloganya botoka gore go direla Modimo ga rona go akaretsa eng le gore go ka re isa jang kwa boitumelong jwa boammaaruri.

Go Lemoga Dilo Tse Di Tlhokegang tsa Semoya

Jesu Keresete ebong Morwa Modimo, o ne a bolela jaana mo Therong ya gagwe e e tumileng ya kwa Thabeng: “Go itumela bao ba amegileng ka seo ba se tlhokang semoyeng.” (Mathaio 5:3, NW) Kgwebo e leka go re tsietsa ka go dira gore re akanye gore go reka dilo tsa manobonobo ke gone go tla dirang gore re itumele. E re bolelela gore o ka itumela fa o na le khomputara mo gae, khamera ya bidio, founo, koloi, dilwana tsa metshameko tsa bosheng jaana, diaparo tsa setaele. Se e sa se re boleleleng ke gore dimilionemilione tsa batho mo lefatsheng leno ga ba na dilo tseno mme ga go reye gore ga ba itumela. Dilo tseno ga se tsone tse di tlhokegang gore motho a itumele, lefa gone di ka kgona go dira gore botshelo bo nne jo bo iketlileng le jo bo motlhofo.

Jaaka Paulo a ne a dira, bao ba amegileng ka seo ba se tlhokang semoyeng ba tshwanetse go bolela jaana: “E re ha re na le diyō le diaparō, re tla ritibatsa pelo mo go cōna.” (1 Timotheo 6:8) Ka ntlha yang? Ka gonne fa re fitlhelela dilo tse re di tlhokang semoyeng ke gone go tla re isang kwa botshelong jo bo sa khutleng.—Yohane 17:3.

A go phoso go ipelela dilo tse di molemo fa re na le madi a go di reka? Nnyaa. Lefa go ntse jalo, re nonofa semoyeng fa re ithuta go sa ikgotsofatse ka mokgabo mongwe le mongwe kana go reka sengwe e le fela ka go bo re na le madi a go se reka. Ka gone re ithuta go kgotsofalela dilo ebile re nna re itumetse, fela jaaka Jesu a ne a dira, le mororo seemo sa gagwe sa itsholelo se ne se le kwa tlase fa se lejwa ka tsela e lefatshe le neng le leba dilo ka yone. (Mathaio 8:20) Mme Paulo o ne a sa bontshe go sa itumela fa a ne a kwala jaana: “Ke ithutile gore, leha ke ka nna mo popegoñ e e nntseng yañ, ke bè ke itumèlè hèla mo go eōna. Go kokobediwa kea go itse, le go huma kea go itse; mo go señwe le señwe, le mo diloñ cotlhe ke ithutile bokwateñ yoa go kgora le go tlhōka.”—Bafilipi 4:11, 12.

Go Ikanya Jehofa

Fa motho a amegile ka dilo tse a di tlhokang semoyeng go bontsha gore o rata go ikanya Modimo. Seno se dira gore motho a itumele, jaaka Kgosi Solomone a ne a tlhalosa: “Go itumela yo o ikanyang Jehofa.”—Diane 16:20, NW.

Lefa go le jalo, a ga se boammaaruri gore batho ba le bantsi ba ikanya madi le dithoto thata go feta jaaka ba ikanya Modimo? Go ya ka kgopolo eno, go ne go tla bo go rona tota go kwala maikano a gore “Re Ikanya Modimo” mo mading, le mororo polelwana eno e fitlhelwa mo mading a U.S.

Kgosi Solomone, yo o neng a sa tlhoke sepe sa dilo tse di molemo tse madi a neng a ka di reka, o ne a lemoga gore go ikanya dilo tse di bonalang ga go tlise boitumelo jo bo tla nnelang ruri. (Moreri 5:12-15) Madi a a mo bankeng a ka latlhega ka go wa ga banka kana ka go tlhatloga ga ditlhwatlhwa. Legae le ka senngwa ke matsubutsubu a diphefo. Dithulaganyo tsa inshorense ga di ka ke tsa kgona go fodisa pelo e e botlhoko, lefa gone di ka baakanya karolwana ya dithoto tse di senyegileng. Disetoko le dibonto di ka nna lefela ka motsotso fela fa di felelwa ke boleng jwa tsone. Tota le eleng tiro e e duelang sentle e ka nna ya nakwana fela—ka ntlha ya mabaka a le mantsi.

Ka ntlha ya mabaka ano yo o ikanyang Jehofa o bona kafa go leng botlhale ka gone go reetsa tlhagiso eno ya ga Jesu: “Se iphutheleñ dikhumō mo lehatshiñ, kwa motoutwana o senyañ gōna le morodu, le kwa magodu a phunyetsañ go ucwa gōna. Me iphutheleñ dikhumō kwa legodimoñ, kwa motoutwana o sa senyeñ gōna leha e le morodu, le kwa magodu a sa phunyeñ leha e le go ucwa gōna.”—Mathaio 6:19, 20.

Tota ke eng se se nayang motho boikutlo jo bogolo jwa polokesego le jwa go itumela go feta tseo a ka di bonang ka go itse fela gore o ikanya Modimo Mothatayotlhe, yo o abang ka metlha yotlhe?—Pesalema 94:14; Bahebera 13:5, 6.

Go Amogela Kgalemelo ya Modimo

Kgakololo, tota le eleng kgalemelo, fa e dirwa ke tsala ya boammaaruri ka moya o o lorato e ya amogelesega. Mongwe yo o neng a ipolela e le tsala ya motlhanka wa Modimo Jobe o kile a mmolelela jaana ka tsela ya go ipaya yo o siameng: ‘Go itumela motho yo Modimo o mo kgalemelang.’ Le mororo mafoko ano a le boammaaruri, se Elifase a neng a se kaya ka mafoko ano—gore Jobe o ne a dirile phoso e e masisi—se ne se se boammaaruri. A bo e ne e le ‘mogomotsi yo o lapisang’ jang ne! Lefa go le jalo, moragonyana fa Jehofa a ne a kgalemela Jobe ka tsela e e lorato, Jobe o ne a amogela kgalemelo eno ka boikokobetso mme a bona boitumelo jo bogolo.—Yobe 5:17; 16:2; 42:6, 10-17.

Gompieno, Modimo ga o bue le batlhanka ba gagwe ka tlhamalalo jaaka a ne a bua le Jobe. Go na le moo, o ba kgalemela ka Lefoko la gagwe le phuthego ya gagwe e e kaelwang ke moya. Lefa go ntse jalo, gantsi Bakeresete ba ba kgatlhegelang dilo tse di bonalang ga ba na nako, nonofo, lefa e le tshekamelo ya go ithuta Bibela ka metlha le go nna gone kwa dipokanong tsotlhe tse phuthego ya ga Jehofa e di re neelang.

Motho yo Modimo o mo kgalemelang, go ya ka Diane 3:11-18, o lemoga botlhale jwa go amogela kgalemelo e e ntseng jalo: “Go tlhōgōnōlō motho eo o bōnañ botlhale, le motho eo o bapalañ tlhaloganyō. Gonne tlhōtlhwa ea yōna e gaisa tlhōtlhwa ea selefera, le papadi ea yōna e gaisa papadi ea gouda e e itshekileñ. O tlhōkèga bogolo go diperela: me mo diloñ cotlhe tse u ka di eletsañ ga go na sepè se se ka chwantshiwañ naè. Bolele yoa malatsi bo mo seatleñ sa gagwè se se siameñ; mo seatleñ sa gagwè sa molèma go dikhumō le tlotlō. Ditsela tsa gagwè ke ditsela tsa monate, le ditselana tsa gagwè cotlhe ke kagishō. O setlhare sa botshelō mo go ba ba mo chwarañ: me go tlhōgōnōlō moñwe le moñwe eo o mo itshadisetsañ.”

Go Nna Phepa le go Rata Kagiso

Jesu o ne a tlhalosa batho ba ba itumetseng jaaka ba ba “pelo di itshekileñ” le “ba ba letlanyañ.” (Mathaio 5:8, 9) Mme mo lefatsheng le le kgothaletsang mofuta wa botshelo wa go rata dilo tse di bonalang, a bo go tla nna motlhofo jang ne gore re nne le dikeletso tse di bogagapa, tota gongwe le tse di seng phepa tse di tla nwelelelang mo dipelong tsa rona! Fa re sa kaelwe ke botlhale jwa Modimo, a bo go tla nna motlhofo jang ne gore re raelesege gore re batle khumo ya madi ka ditsela tse di belaetsang tse di tla re senyetsang kamano e e molemo le ba bangwe! Ka lebaka leno, Bibela e re tlhagisa jaana: “Go rata madi ke mocwe oa mashula mañwe le mañwe aotlhe: ke mo e rileñ bañwe ba go gwalalèla ba timèlwa ke tumèlō, me ba iphololeditse ka mahutsana a le mantsi.”—1 Timotheo 6:10.

Go rata madi go dira gore motho a ipone a le botlhokwa mme go felele ka gore a se ka a kgotsofala, a se ka a itumela, a bo a nne bohula. Go thibela moya o o ntseng jalo o o phoso gore o se ka wa gola, Bakeresete ba bangwe pele ba ka dira ditshwetso tse dikgolo tse di amanang le madi ba ipotsa dipotso tse di tshwanang le tse: A eleruri ke a se tlhoka? A dilo tseno tse di turang kana tiro eno e e duelang sentle, e e tla ntlhokang nako e ntsi, ke di tlhoka thata go gaisa dimilione tsa batho ba bangwe bao ba tshwanelwang ke go tshela kwantle ga tsone? A gongwe go ka nna botoka ke ka senya madi a me kana nako ya me ke oketsa karolo ya me mo kobamelong ya boammaaruri, ka go tshegetsa tiro ya go rera ya lefatshe ka bophara, kana ke thusa batho ba ba seng sego jaaka nna?

Go Bontsha Boitshoko

Nngwe ya diteko tse Jobe a neng a tshwanelwa ke go di itshokela e ne e le ya go wela tlase ga itsholelo. (Yobe 1:14-17) Jaaka sekao se a se re beetseng se bontsha, boitshoko bo a tlhokega mo karolong nngwe le nngwe ya botshelo. Bakeresete bangwe ba tshwanetse ba itshokela pogiso; ba bangwe, thaelo; le ba bangwe fela jalo, ba tshwanelwa ke go itshokela maemo a a seng molemo a itsholelo. Mme Jehofa o tla duela ba ba itshokelang dilo tsotlhe, fela jaaka morutwa wa Mokeresete ebong Jakobe a ne a kwala jaana ka Jobe: “Rea tle re re, go segō ba ba kileñ ba nna ba ichōka.”—Yakobe 5:11.

Go tlhokomologa dilo tsa semoya e le gore re baakanye maemo a rona a itsholelo go ka nna ga re tlisetsa kgotsofalo ya nakwana ya itsholelo, a mme go tla re thusa go nna re lebeletse ka tlhoafalo go bona kgotsofalo e e tla nnelang ruri ya itsholelo tlase ga Bogosi jwa Modimo? A go botlhokwa mo re ka itsenyang mo kotsing ka ntlha ya gone?—2 Bakorintha 4:18.

Go Batla Boitumelo Gone Jaanong le Jo Bo Tla Nnelang Ruri

Go bonala gore batho ba bangwe ba gana mogopolo wa ga Jehofa wa gore ke eng se se tlhokegang gore batho ba itumele. Ka go itlhokomolosa melemo e e nnelang ruri e e botlhokwatlhokwa, ga ba bone mosola wa gone jaanong mo mothong ka namana wa go dira seo Modimo o gakololang gore se dirwe. Ga ba lemoge gore go ikanya dilo tse di bonalang ke boithamako fela ebile go tlisa tlhobaelo. Mokwadi yono wa Bibela o botsa jaana ka tshwanelo: “Ha dilō di ata, ba ba di yañ le bōnè ba ntsihale: me ke molemō oañ mo go muñ oa cōna, ha e se go di bōna ka matlhō hèla?” (Moreri 5:11; bona gape le Moreri 2:4-11; 7:12.) A bo kgatlhego ya rona e fela ka bonako jang ne mme le dilo tse re neng re akanya gore re tshwanetse ra nna natso, re felela re di beetse kwa thoko re bo re di lebale!

Mokeresete wa boammaaruri a ka se ipeye mo kgatelelong ya go batla go ‘lekana le boorrasemangmang’ ka dilo tse di bonalang. O itse gore boleng jwa motho jwa boammaaruri bo lekanngwa, eseng ka se a nang le sone, mme ka se a leng sone. Ga a na pelaelo epe mo mogopolong wa gagwe kaga gore ke eng se se dirang gore motho a itumele—a itumele eleruri: go ipelela kamano e e molemo le Jehofa le go tshwarega mo tirelong ya Gagwe.

[Setshwantsho mo go tsebe 20]

Dilo tse di bonalang di le tsosi di ka se tlise boitumelo jo bo tla nnelang ruri

[Setshwantsho mo go tsebe 22]

Bibela e bolela jaana: “Go itumela bao ba amegileng ka seo ba se tlhokang semoyeng”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela