Popo E Supa Fa “Ba Sena Seipatō”
“Gonne dilō tse di sa bonaleñ tsa ōna, eboñ nonohō ea ōna e e sa khutleñ, le bomodimo yoa ōna, di sa le di bōnala sentlè galè mo tlholegoñ ea lehatshe ka di lemogwa ka dilō tse di dihilweñ; me yalo batho bauō ba bo ba sena seipatō.”—BAROMA 1:20.
1, 2. (a) Jobe o ne a ngongorela eng mo go Jehofa ka tsela e e botlhoko? (b) Moragonyana Jobe o ne a ikwatlhaela mafoko a gagwe jang?
JOBE, eleng monna mongwe wa mo metlheng ya bogologolo yo o neng a thokgame tota mo go Jehofa Modimo, o ne a lekilwe ke Satane ka tsela e e setlhogo. Diabolo o ne a dirile gore Jobe a latlhegelwe ke dilo tsa gagwe tse di bonalang, gore barwa le barwadi ba gagwe ba swe, ebile a mo tlhasetse ka bolwetsi jo bo maswe. Jobe o ne a akanya gore Modimo e ne e le ene a mo leretseng matlhotlhapelo ano mme a ngongoregela Jehofa ka tsela e e botlhoko jaana: “A go molemō mo go wèna ha u ka patika, . . . ha e bo ne ne u botsa kaga boikèpō yoa me, u hukutsa kaga boleo yoa me. Leha u nntse u itse ha ke se boikèpō.”—Yobe 1:12-19; 2:5-8; 10:3, 6, 7.
2 Nakonyana morago ga seno, mafoko ano a Jobe a neng a a bua le Modimo a ne a bontsha fa a fetogile gotlhelele, ka go bo o ne a re: “Ke gōna ka mouō ke buileñ se ke se kañ ka se tlhaloganya, dilō tse e leñ kgakgamacō e kgolo mo go nna, tse ke ne ke sa di itse. Ke utlwile kaga gago ka kutlō ea tsèbè: me yanoñ matlhō a me aa gu bōna. Ke gōna ka mouō ke ipherogèlañ sebete, kea ikwatlhaea ke le mo loroleñ le molōra.” (Yobe 42:3, 5, 6) Go ne go diragetse eng seo se ileng sa fetola boikutlo jwa ga Jobe?
3. Ke eng se sesha se Jobe a ileng a se ithuta kaga popo?
3 Pele a bua gape, Jehofa o ne a gwetlha Jobe a le mo sefefong. (Yobe 38:1) O ne a nna a botsa Jobe dipotso. ‘O ne o le kae fa ke thaya metheo ya lefatshe? Ke mang yo o tswaletseng lewatle ka ditswalo mme a kganela dintelo tsa lone? A o ka dira gore maru a nese pula mo lefatsheng? A o ka dira gore bojang bo tlhoge? A o ka bofa masomosomo a dinaledi wa di kaela ka fa di tshwanetseng go tsamaya ka teng?’ Mo kgaolong yotlhe ya 38 go fitlha ka ya 41 ya buka ya Yobe, Jehofa o ne a botsa Jobe dipotso tseno mmogo le tse dingwe kaga popo ya Gagwe. O ne a dira gore Jobe a bone pharologano e kgolo e e leng teng fa gare ga Modimo le motho, a gakolola Jobe ka tsela e e nonofileng ka botlhale le maatla a a bonalang mo popong ya Modimo, dilo tseo Jobe a senang maatla a go di dira le eleng go di tlhaloganya. Jobe yo o neng a gapilwe maikutlo ke maatla a magolo le botlhale jo bo seng kana ka sepe jwa Modimo mothatayotlhe jaaka fa di bonala mo popong ya Gagwe, o ne a tshoga fa a ne a akanya gore o ne a ile a nna pelokgale go ganetsana le Jehofa. Ka ntlha ya seo o ne a bolela jaana: “Ke ne ke utlwile ka ga gago ka kutlō ea tsèbè: me yanoñ matlhō a me aa gu bōna.”—Yobe 42:5.
4. Ke eng se re tshwanetseng go se lemoga ka dibopiwa tsa ga Jehofa, mme boemo jwa ba ba palelwang ke go bona seno ke bofe?
4 Makgolokgolo a dingwaga moragonyana mokwadi mongwe wa Bibela yo o tlhotlheleditsweng o ne a tlhomamisa gore dinonofo tsa ga Jehofa di ka bonwa mo popong ya gagwe. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana mo go Baroma 1:19, 20: “Se Modimo o nañ le go itsiwe ka shōna sea bōnala mo go bōnè; gonne Modimo o se ba bontshitse. Gonne dilō tse di sa bonaleñ tsa ōna, eboñ nonohō ea ōna e e sa khutleñ, le bomodimo yoa ōna, di sa le di bōnala sentlè galè mo tlholegoñ ea lehatshe, ka di lemogwa ka dilō tse di dihilweñ; me yalo batho bauō ba bo ba se na seipatō.”
5. (a) Ke eng se batho ba se eletsang ka tlhago, mme ba bangwe ba kgotsofatsa jang keletso eno ka tsela e e sa tshwanelang? (b) Paulo o ne a kgothatsa Bagerika jang kwa Athena?
5 Motho o ne a bopiwa a na le keletso ya tlholego ya go batla go obamela maatla a a mo fetang. Dr. C. G. Jung, mo bukeng ya gagwe ya The Undiscovered Self, o ne a bua ka keletso eno a re ke “boikutlo jwa tlholego jo motho a nang le jone, mme boammaaruri jwa gone bo ka bonwa mo botshelong jotlhe jwa motho.” Moaposoteloi Paulo o ne a bua ka keletso ya tlholego e motho a nang le yone ya go batla go obamela, e le selo se se tlhalosang lebaka la go bo Bagerika ba kwa Athena ba ne ba direla medimo ditshwantsho di le dintsi le dibeso e le e e itsiweng le e e sa itsiweng. Paulo o ne a ba tlhalosetsa gore Modimo wa boammaaruri ke mang mme a ba bontsha gore ba ka kgotsofatsa keletso eno ya tlholego ka tsela e e tshwanetseng ka go batla Jehofa Modimo wa boammaaruri “e tle e re kgotsa ba o apaapè, ba o bōnè, leha o se kgakala le moñwe le moñwe oa rona.” (Ditihō 17:22-30) Tsela eo re leng gaufi ka yone le popo ya gagwe, re gaufi fela jalo le go ka lemoga dinonofo le mekgwa ya gagwe.
Modikologo O O Gakgamatsang wa Metsi
6. Ke dinonofo dife tsa ga Jehofa tse re di bonang mo modikologong wa metsi?
6 Ka sekai re bona dinonofo dife tsa ga Jehofa mo maatleng a maru a a lotsatsa mme a kgona go tshegetsa ditone tsa metsi? Re bona lorato lwa gagwe le botlhale jwa gagwe ka gonne ka tsela e e ntseng jalo o segofatsa lefatshe ka go nesa pula. O dira seno ka go dirisa tsela e e gakgamatsang ya modikologo wa metsi o go buiwang ka one mo go Moreri 1:7 e e bolelang jaana: “Dinoka cotlhe di thèlègèla mo lewatleñ leha go nntse yalo lewatlè ga lea tlala: heloñ kwa dinoka di eañ gōna, di be di ee gōna gapè.” Buka ya Bibela ya Yobe e tlhalosa ka botlalo gore seno se diragala jang.
7. Metsi a a mo lewatleng a fitlha jang kwa marung, mme maru a a lotsatsa a ka kgona jang go boloka ditone tsa metsi?
7 Fa merwalela ya metsi a mariga a elelela kwa lewatleng ga a nnele ruri moo. Jehofa “Gonne o gōgèla dithothi tsa metse godimoñ, tse di hetogañ pula e e cwañ mo mouaneñ oa ōna.” Ereka metsi e le moyametsi mme kgabagare e nne mouwane o o sa kitlanang, ‘maru a akgega sentle kwa godimo, ke tiro e e gakgamatsang ya kitso ya gagwe e e itekanetseng.’ (Yobe 36:27; 37:16) Maru a nna a kokobetse fa fela a santse a le mouwane: “O bōhèlèla metse mo maruñ a a kwenneñ; me leru ga le phanyege tlhase ga aōna.” Kana jaaka thanolo e nngwe e bolela jaana: “O boloka metse mo marung a a kwenneng, mme maru ga a phanyege ka ntlha ya boima jwa one.”—Yobe 26:8, NE.
8. “Dinkgwana tsa metsi a legodimo” di theolwa ka dikgato dife tse di farologaneng go wetsa modikologo wa metsi?
8 ‘Ke mang yo o ka tshololang dinkgwana tseno tsa legodimo’ a dira gore pula e ne mo lefatsheng? (Yobe 38:37) Ke Ene yo o di beileng foo ka ‘kitso e e itekanetseng’ yo o ‘fetolang pula e e tswang mo mouwaneng wa gagwe.’ Mme ke eng se se tlhokegang go dira gore marothodi a pula a rothe go tswa mo mouwaneng? Go tshwanetse ga bo go na le dikarolwana tse di thata tsa lerole kana tsa letswai tse di ka kgonang go bonwa fela ka maekorosekopo—diketekete tsa makgolokgolo a tsone mo sentimetareng nngwe le nngwe ya khubiki ya moya—di nne motheo o marothodinyana a tla kgonang go ipopa go di dikologa. Go fopholediwa gore go tlhokega marothodinyana ano a maru a le milione go ka bopa lerothodi le le lekanetseng sentle la pula. Fa seno se sena go direga maru a tla kgona go ka tshololela merwalela ya one mo lefatsheng le go dira melapo e e tla busetsang metsi kwa lewatleng. Ka tsela eno modikologo wa metsi o a wediwa. A mme seno se itiragaletse fela? Eleruri ‘ga go na seipato’ sepe!
Motswedi O Le Mongwe wa Botlhale jwa ga Solomone
9. Ke eng se Solomone a ileng a bona se gakgamatsa ka mofuta mongwe wa tshoswane?
9 Bogologolo kwa, botlhale jwa ga Solomone bo ne bo ka se ke bo lekanngwe le sepe. Bontsi jwa botlhale joo bo ne bo amana le popo ya ga Jehofa: “[Solomone] a bolèla kaga ditlhare, go simolola ka mosedara o o mo Lebanona go ea mosiama o o melañ mo lorakoñ: le gōna a bolèla kaga diphōlōhōlō, le dinōnyane, le dilō tse di gagabañ, le ditlhapi.” (1 Dikgosi 4:33) Kgosi Solomone ke ene gape yo o neng a bolela jaana: “Ea kwa choshwaneñ wèna mmoduhadi; u akanyè mekgwa ea eōna, me u tlhalehè: E e reñ e sena kgosi, leha e le molebedi, kgotsa molaodi, E be e etleetse diyō tsa eōna go le selemō, e kokotletse diyō tsa eōna mo lobakeñ lao thōbō.”—Diane 6:6-8.
10. Setshwantsho sa ga Solomone kaga ditshoswane tse di robang se ne sa supelwa jang?
10 Ke mang yo o rutileng ditshoswane go boloka dijo ka selemo gore di kgone go nna le se di se jang mo serameng sa mariga? Ka makgolokgolo a dingwaga go ne go belaelwa gore a pego eno ya ga Solomone kaga ditshoswane tseno tse di neng di ikokoanyetsa dipeo di bo di di boloka go di dirisa ka mariga e ne e le boammaaruri. Go ne go sena ope yo o kileng a bona bosupi jwa gore di teng. Lefa go ntse jalo, ka 1871, moithutatshelo wa tlholego wa kwa Borithane o ne a bona mabolokelo a tsone a a leng kafa tlase ga mmu, mme go ile ga tlhomamisiwa gore pego ya Bibela kaga tsone e boammaaruri. Mme gone ditshoswane tseno di tsere kae ponelopele ya go itse go santse go le selemo gore serame sa mariga se a tla, le botlhale jwa go itse gore di tshwanetse go dira eng fa go ntse jalo? Bibela ka boyone e bontsha gore dibopiwa di le dintsi tsa ga Jehofa di na le botlhale jo bo tsentsweng mo go tsone gore di kgone go ka itshedisa. Ditshoswane tseno tsa barobi ke dibopiwa tse di boneng masego ano go tswa kwa Mmoping wa tsone. Diane 30:24 e bolela jaana ka tsone: “di botlhale yo bo heteletseñ.” Go bolela gore botlhale jo bo ntseng jalo bo nnile teng ka go itlela fela ga go utlwale; go palelwa ke go lemoga gore go na le Mmopi yo o botlhale yo o di dirileng ga go na seipato.
11. (a) Ke eng fa setlhare se segolo sa sequoia se gakgamatsa jaana? (b) Ke eng se se kgatlhang thata ka phetogo ya ntlha ya photosynthesis?
11 Monna yo o emeng fa tlase ga setlhare sa sequoia, yo a gakgamadiwang ke bogolo jo bo seng kana ka sepe jwa sone, o tshwanetse a bo a ikutlwa jaaka tshoswane e nnye. Bogolo jwa setlhare seo bo a boitshega: se boleele jwa dimetara di le 90, kutu ya sone e bophara jwa dimetara di le 11, bokima jwa lekwati la sone ke dimetara di le 0,6, medi ya sone e nama sekgala sa diheketara di le 1,2 go ya go di le 1,6. Lefa go ntse jalo, se se gakgamatsang le go feta ke khemisiteri le saense ya tlholego e e diragalang ka nako ya fa se gola. Matlhare a sone a tsaya metsi go tswa mo meding, khabonedaeokesaite go tswa mo moyeng, le maatla go tswa mo letsatsing go dira sukiri le go ntsha okosejene—tiragalo eno yotlhe e bidiwa photosynthesis eo mo go yone go nang le diphetogo di le 70 tsa dikhemikale tse di diragalang tse di sa tlhaloganngweng tsotlhe. Selo se se gakgamatsang ke gore, phetogo ya ntlha e e diregang e ikaegile ka lesedi le le tswang mo letsatsing le le nang le mmala o o tshwanelang sentle, marang a a nang le boleele jo bo lekaneng; fa go ne go sa nna jalo dimolekhule tsa tlorofile di ne di ka se ke di le tseye gore photosynthesis e simologe.
12. (a) Ke eng se se gakgamatsang ka tsela eo setlhare sa sequoia se dirisang metsi ka teng? (b) Ke eng fa go tlhokega naeterojene gore semela se gole, mme modikologo wa sone o wediwa jang?
12 Selo se sengwe se se gakgamatsang ke gore setlhare seno se ka kgona go gopa metsi a mantsintsi go tswa mo meding go a isa kwa godimo ga setlhare se se tonatona seno se se bogodimo jwa dimetara di le 90. Go gopiwa metsi a mantsi go na le ao photosynthesis e a tlhokang. Metsi a mangwe a ntshiwa ka matlhare ka go fufulela mo moyeng. Seno se dira gore setlhare se tsidifadiwe, fela jaaka go fufula go dira gore le rona re tsidifalelwe. Gore go nne le diporoteine tse di godisang, go tlhokega gore go tsenngwe naeterojene mo sukiring kana mo dikhabohaedereiteng. Matlhare ga a kgone go dirisa naeterojene ya gase e e mo moyeng, lefa go ntse jalo, ditshedinyana tse di kafa tlase ga mmu di ka kgona go fetola naeterojene ya gase e e mo mmung go nna dinaetereite le dinitereite tse di kgonang go tlhakana le metsi mme di tsamaya ka medi go ya kwa matlhareng. Fa dimela le diphologolo tse di dirisitseng naeterojene eno mo diporoteineng tsa tsone di swa mme di bola, naeterojene e a tswa, mme seno se wetsa modikologo wa naeterojene. Dilo tsotlhe tse di diragalang mo go seno di a gakgamatsa, ga se selo se le ka motlha se ka itiragalelang fela.
Di Bua Fela, Kwantle ga Puo Kana Mafoko Kana Lentswe!
13. Dinaledi tse dintsintsi tsa magodimo di boleletse Dafide eng, mme di santse di re bolelela eng?
13 Abo loapi lo lo tletseng ka dinaledi lo lo bontshang bogolo jwa Mmopi lo dira gore batho ba ba di lebeletseng bosigo ba nne le tlotlo jang ne! Mo go Pesalema 8:3, 4, Dafide o ne a tlhalosa poifo e a nang le yone jaana: “Ea re ke akanya magodimo a gago, tihō ea menwana ea gago, kgwedi le dinaledi tse u di baakantseñ; Kana motho e be e le eñ, ha e bo ne ne u mo gopola? le morwa motho ha e bo ne ne u mo lekola?” Magodimo ano ka dinaledi tsa one tse dintsi a bua le botlhe ba ba nang le matlho a a bonang, ditsebe tse di utlwang le pelo e e nang le maikutlo fela jaaka a ne a bua le Dafide jaana: “Magodimo a bolèla kgalalèlō ea Modimo.”—Pesalema 19:1-4.
14. Ke eng fa mogote o mogolo wa nngwe ya dinaledi o le botlhokwa thata jaana mo go rona?
14 Fa re oketsa kitso ya rona ka dinaledi, di tla buela kwa godimo le go gaisa le rona. Mo go Isaia 40:26, re lalediwa go ela tlhoko maatla a magolo a di nang le one jaana: “Kalèlañ matlho a lona godimo me lo bōnè, eo o tlhodileñ dilō tse, eo o bolotsañ leshomōshomō ya cōna ka palō; o di bitsa cotlhe ka maina; ke ka bogolo yoa nonohō ea gagwè, le ka go bo a nonohile mo thateñ, ha go se sepè se se tlhokahalañ.” Maatla a kgogedi le mogote tse di seng kana ka sepe tsa nngwe ya dinaledi tseno eleng letsatsi di boloka lefatshe mo mannong mo modikologong wa lone, di dira gore dimela di gole, di a re thuthafatsa, gape di dira gore go nne le botshelo mo lefatsheng. Moaposetoloi Paulo yo o tlhotlheleditsweng o ne a bolela jaana: “Naledi e ñwe e harologanye mo go e ñwe ka kgalalèlō.” (1 Bakorintha 15:41) Saense e itse ka dinaledi tse di tshetlha tse di tshwanang le letsatsi, le dinaledi tse di nang le mmala o motala, le tse go tweng red giant, le di-white dwarf le dinaledi tsa neutron, mmogo le dinaledi tse dikgolo tsa nova tse di thunyang di bo di ntsha maatla a a seng kana ka sepe.
15. Ke eng se batlhami ba le bantsi ba se ithutileng le go leka go se etsa go tswa mo popong?
15 Batlhami ba bantsi ba ile ba ithuta go tswa mo popong ebile ba lekile go etsa dinonofo tsa dibopiwa tse di tshelang. (Yobe 12:7-10) Ela tlhoko dikarolo di se kae fela tse di tlhomologileng tsa popo. Go na le dinonyane tsa lewatle tse di nang le dikgeleswa tse di kgonang go ntsha letswai mo metsing a lewatle; ditlhapi le ditlhapi tse di tshwanang le noga tse di kgonang go fetlha motlakase; ditlhapi, diboko, le ditshenekegi tse dingwe tse di kgonang go ntsha lesedi; bommamamthwane le ditolofine tse di dirisang sonar; meruthwane e e dirang pampiri; ditshoswane tse di agang marogo; diphologotswana tse go tweng dibifa tse di agang matamo; dinoga tse di nang le ditemometara mo teng ga tsone; ditshenekegi tse di nnang mo mogojaneng tse di dirisang disenokele le di diving bell; ditshedi tsa mo lewatleng tse di dirisang jet propulsion; digokgo tse di dirang mefuta e supa ya bobi mme di dira mabati a a nang le diphatlhana, matloa, le diru mme ebile di nna le bana ba ba kgonang go fofa, ba tsamaya dikilometara di le diketekete ebile ba le kwa godimo thata; ditlhapi le dikeretaišhea tse di dirisang ditanka tse di thusang gore di kgone go kokobala jaaka disapamarine; le dinonyane, ditshenekegi, le dikhudu tsa lewatle, ditlhapi, le diamusi tse di fudugang ka tsela e e gakgamatsang—ke bokgoni jo saense e sa kgoneng go bo tlhalosa.
16. Ke boammaaruri bofe jwa saense jo Bibela e ileng ya bo bega diketekete tsa dingwaga pele ga saense e itse ka jone?
16 Bibela e ile ya bega ka boammaaruri jwa saense makgolokgolo a dingwaga pele ga saense e ka itse ka tsone. Molao wa ga Moshe (lekgolo la bo16 la dingwaga B.C.E.) o ne wa bontsha kitso kaga ditwatsi tsa malwetsi diketekete tsa dingwaga pele ga Pasteur. (Lefitiko, kgaolo 13, 14) Mo lekgolong la bo 17 la dingwaga B.C.E., Jobe o ne a bolela jaana: ‘O lepeletsa lefatshe kwa go seng sepe.’ (Yobe 26:7) Dingwaga tse di sekete pele ga ga Keresete, Solomone o ne a kwala kaga go dikologa ga madi; saense ya tsa kalafi e ne ya tshwanela ke go leta go fitlha ka lekgolo la bo 17 la dingwaga pele ga e ka ithuta kaga seno. (Moreri 12:6) Pele ga foo, Pesalema 139:16 e ne ya supa kitso kaga molao wa dijini ka go bolela jaana: “Matlhō a gago a na a bōna go nna ga me ke e se bopege, me mo lokwaloñ loa gago go no go kwadilwe ditokololo cotlhe tsa me, tse di ne di nntse di bopiwa ka letsatsi, le morōrō go no go e se go nne epè ea cōna.” Mo lekgolong la bo 7 la dingwaga B.C.E., pele ga baithutabotshelo ba tlholego ba tlhaloganya khudugo, Jeremia o ne a kwala jaana jaaka go begilwe mo go Yeremia 8:7: “Mogolodi mo loapiñ o itse metlha ea ōna e e laocweñ; le lephoi, le peolane, le kokolohutwe, di tle di tlhokomele metlha ea go tla ga cōna.”
“Mmopi” Yo Ba Ba Ithutang Thutotlhagelelo Ba Mo Tlhophang
17. (a) Baroma 1:21-23 ya reng kaga bangwe ba bao ba ganang go dumela gore ke Mmopi yo o botlhale yo o bopileng dibopiwa tse di gakgamatsang? (b) Ka tsela nngwe, ke eng seo borrathutotlhagelelo ba se tlhophang jaaka “mmopi” wa bone?
17 Lokwalo longwe lo bolela jaana kaga bangwe ba bao ba ganang go dumela gore go na le Mmopi yo o botlhale yo o bopileng dilo tse di gakgamatsang tseno: “Ba ithamaka mo go akanyeñ ga bōnè, me pelo ea bōnè e e kotlometseñ ea hihala. Ea re ka ba ikaea botlhale, ba bo ba cwa dieleele hèla, me kgalalèlō ea Modimo o o sa boleñ, ba e hetola sechwanchō se se mo chwanoñ ea motho eo o bōlañ, le ea dinōnyane, le ea tse di maoto manè, le ea tse di gagabañ.” Ba “anantse boamarure yoa Modimo ka maaka, me ba ōbamèla se se bopilweñ, ba se dihèla bogolo go Mmopi.” (Baroma 1:21-23, 25) Go tshwana fela le borasaense ba thutotlhagelelo bao totatota ba galaletsang mogolagang o ba o ikakanyetsang o o nnang o ntse o tlhatloga wa di-protozoa-diboko-ditlhapi-ditshedi tse di tshelang mo metsing le mo lefatsheng-digagabi-diamusi-“motho sekatshwene” jaaka “mmopi” wa bone. Lefa go ntse jalo, ba itse gore ga go na setshedi sepe se totatota se nang le sele e le nngwe fela se se tla kgonang go simolola mogolagang oo. Setshedi se sennye thata se se itsegeng se na le diatomo di le dimilione di le dikete di le lekgolo, mme mo teng ga yone go direga diphetogo tse dintsintsi ka nako e le nngwe fela.
18, 19. (a) Ke mang yo O nang le tshwanelo ya go bona tlotlo ka go bo a simolotse botshelo? (b) Re kgona go bona selekanyo se se kana kang sa popo ya ga Jehofa?
18 Jehofa Modimo ke Motlhodi wa botshelo. (Pesalema 36:9) Ke ena Mosimolodi wa ntlha wa dilo. Leina la gagwe Jehofa le raya “O dira gore go diragale.” Dilo tse a di bopileng ga re kake ra kgona go di bala. Kwantle ga pelaelo go na le di le dimilione tse di oketsegileng tse batho ba sa di itseng. Pesalema 104:24, 25 e akgela jaana ka seno: “Yehofa, ana ditihō tsa gago di methalethale yañ! u di dihile ka botlhale cotlhe hèla.” Yobe 26:14 e tlhalosa seno ka phepafalo jaana: “Bōnañ, mo ke kwa dintlhaneñ hèla ga ditsela tsa ōna: me re utlwa ka phohonyeco e nnye yañ kaga ōna! me go duma ga nonohō ea ōna emañ eo o ka go tlhaloganyañ?” Re bona dintlhanyana di sekae, re utlwa go le gonnye, mme ga re kgone go tlhaloganya go duma ga nonofo ya gagwe ka botlalo.
19 Lefa go ntse jalo, re na le selo se se botoka se re ka mmonang ka sone go na le popo ya gagwe e e bonalang. Motswedi o o botoka oo ke Lefoko la gagwe eleng Bibela. Re tla tlhatlhoba motswedi oo mo setlhogong se se latelang.
A O A Gakologelwa?
◻ Jobe o ne a ithuta eng fa Jehofa a bua le ene a le mo sefefong?
◻ Ke eng fa Paulo a ne a bolela gore bangwe ga ba na seipato?
◻ Modikologo wa metsi o dira jang?
◻ Lesedi la letsatsi le re direla dilo dife tse di botlhokwa?
◻ Ke boammaaruri bofe kaga saense jo Bibela e ileng ya bo senola pele ga saense e itse kaga jone?