LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 6/15 ts. 13-18
  • Itse Jehofa ka Lefoko la Gagwe

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itse Jehofa ka Lefoko la Gagwe
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Modimo O O Nang Le Maikutlo
  • “Sechwanō Sebele sa Bomodimo yoa Ōna”
  • A o Na le “Kgololesego ya go Bua”?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
  • Jesu Keresete ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Dipontsho tsa Lorato tse Dikgolo tse Pedi tse di Kileng tsa Dirwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1987
  • “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
    “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha”
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 6/15 ts. 13-18

Itse Jehofa ka Lefoko la Gagwe

“Me botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete.”—YOHANE 17:3.

1, 2. (a) “Itse” le “kitso” di kaya eng go ya ka tsela eo di dirisitsweng ka yone mo Dikwalong? (b) Ke dikai dife tse di phepafatsang bokao jono?

GO ITSE motho fela jaaka yo o mo tlwaetseng kana go nna le kitso e sekaenyana fela ka sengwe ga go tlhalose bokao jwa mafoko “itse” le “kitso” jaaka fa a dirisiwa mo Dikwalong. Mo Bibeleng seno se akaretsa “go itse sengwe ka go nna le maitemogelo,” kitso e e supang “kamano e e leng teng gare ga batho ka ntlha ya go tshepana.” (The New International Dictionary of New Testament Theology) Seo se akaretsa go itse Jehofa ka go ela tlhoko ditiro dingwe tse di kgethegileng tse a di dirileng, tse di tshwanang le tse di mo bukeng ya Esekiele tseo mo go tsone Modimo a ileng a atlhola badirabosula mo go tsone, koo a ileng a bolela jaana: ‘Mme lo tla itse fa ke le Jehofa.’—Esekiele 38:23.

2 Ditsela tse di farologaneng tseo “itse” le “kitso” di dirisiwang ka tsone di ka tlhalosiwa ka dikai di le mmalwa. Jesu o ne a bolelela bontsi jwa ba ba neng ba ipolela gore ba dira dilo mo leineng la gagwe a re, “Ga ke e se nke ke lo itse gopè”; o ne a bolela gore ga a ise a ko a nne le kamano epe le bone. (Mathaio 7:23) Bakorintha wa bobedi 5:21 e bolela gore Keresete “o ne a sa itse boleo.” Seo se ne se sa bolele gore o ne a sa itse gore boleo ke eng, go na le moo go raya gore o ne a sa dire boleo ka boene. Ka tsela e e tshwanang, fa Jesu a ne a re: “Botshelō yo bo sa khutleñ ke yo, gore ba gu itse, wèna, Modimo o o osi, o o boamarure, le èna eo u mo romileñ, eboñ Yesu Keresete,” seo se ne se bolela go le gontsi go na le fela go itse sengwe ka Modimo le Keresete.—Bapisa Mathaio 7:21.

3. Ke eng se se supang gore Jehofa o na le letshwao la Modimo wa boammaaruri?

3 Dinonofo di le dintsi tsa ga Jehofa di ka itsiwe ka Lefoko la gagwe Bibela. Nngwe ya tsone ke go kgona go bolelela pele dilo tsa boammaaruri. Nonofo eno ke letshwao le le supang Modimo wa boammaaruri: “A ba ntshè, a ba re kakanyetsè se se tla dihahalañ; kakanyañ dilō tse di kileñ tsa nna tsa pele, go re, ke dihe, re tlè re di akanyè, re bè re itse bohèlèlō yoa cōna; kgotsa lo re shupetse dilō tse di tlañ. Kakanyañ dilō tse di tla namañ di tla, gore re tlè re itse ha lo le medimo.” (Isaia 41:22, 23) Mo Lefokong la gagwe, Jehofa o bolela dilo tsa ntlha kaga go bopiwa ga lefatshe le dilo tse di tshelang mo godimo ga lone. O ne a bolelela pele go sa le gale kaga dilo tse di neng di tla diragala moragonyana tse di bileng tsa diragala. Mme le eleng gone jaanong o “re shupetse dilō tse di tlañ,” segolobogolo dilo tse di tla diragalang mo ‘metlheng eno ya bofelo.’—2 Timotheo 3:1-5, 13; Genesise 1:1-30; Isaia 53:1-12; Daniele 8:3-12, 20-25; Mathaio 24:3-21; Tshenolō 6:1-8; 11:18.

4. Jehofa o dirisitse jang nonofo ya gagwe eleng maatla, mme o santse a tla e dirisa jang?

4 Nonofo e nngwe ya ga Jehofa ke maatla. Bosupi jwa seno ke magodimo ao mo go one go nang le bontsintsi jwa dinaledi tse di leng seoposengwe tse di ntseng jaaka mafelo a magolo a mogote tseo mo go tsone go tswang lesedi le mogote. Fa batho kana baengele ba ba tsuololang ba gwetlha bolaodi jwa ga Jehofa, o dirisa maatla a gagwe jaaka “monna oa ntwa,” go sireletsa leina la gagwe le lentle le ditekanyetso tsa gagwe tse di siameng. Mo maemong a a ntseng jalo ga a etsaetsege go senya ka maatla a gagwe, jaaka fa a dirile ka motlha wa Morwalela wa ga Noa, go senngwa ga Sodoma le Gomora le go gololwa ga Iseraele go kgabaganya Lewatle le le Hibidu. (Ekesodo 15:3-7; Genesise 7:11, 12, 24; 19:24, 25) Go ise go ye kae, Modimo o tla dirisa maatla a gagwe go “tapetela Satane ha tlhase ga dinao. tsa lona.”—Baroma 16:20.

5. Mo godimo ga maatla, ke nonofo efe gape e Jehofa a nang le yone?

5 Lefa go ntse jalo, mo godimo ga maatla ano a a seng kana ka sepe go na le boikokobetso. Pesalema 18:35, 36 e bolela jaana: ‘Boikokobetso jwa gago bo ntirile mogolo. Dikgato tsa me o di atlhamoloseditse kafa tlase ga me.’ Boikokobetso jwa Modimo bo dira gore a kgone go nna yo o “ikokobetsañ gore a bōnè dilō tse di kwa legodimoñ le mo lehatsheñ. O kakatlolola mohumanegi mo loroleñ, a choletse motlhoki a mo tlose mo thotoboduñ.”—Pesalema 113:6, 7.

6. Ke nonofo efe ya ga Jehofa e e bolokang botshelo?

6 Go nna kutlwelobotlhoko ga ga Jehofa fa a dirisana le batho go boloka botshelo. Abo Manase a ne a bontshiwa kutlwelobotlhoko jang ne fa a ne a itshwarelwa le mororo a ile a dira dilo tse di bosula thata! Jehofa o bolela jaana: “Ea re ha ke raea moikepi, ke re, Rure u tla shwa; ha a shokologa mo boleuñ yoa gagwè, me a diha se se laocweñ le se se siameñ; ga go ketla go gakologèlwa maleo apè a gagwè a o a dihileñ go mo sekisa: o dihile se se laocweñ le se se siameñ; rure o tla tshela.” (Esekiele 33:14, 16; 2 Ditihalō 33:1-6, 10-13) Jesu o ne a supa dinonofo tsa ga Jehofa fa a ne a kgothaletsa go itshwarela ka makgetlo a le 77, lefa e ka nna ga makgetlo a le 7 ka letsatsi le le lengwe!—Pesalema 103:8-14; Mathaio 18:21, 22; Luke 17:4.

Modimo O O Nang Le Maikutlo

7. Jehofa o farologane jang le medimo ya Segerika, mme rona re na le tshiamelo efe e e botlhokwa?

7 Boramatlhajana ba Bagerika ba ba tshwanang le Baepikuria, ba ne ba dumela mo medimong mme ba ne ba e leba e le kgakala thata le lefatshe go ka nna le kgatlhego epe ka batho kana go amega ka maikutlo a bone. Abo kamano ya ga Jehofa le Basupi ba gagwe ba ba ikanyegang e farologane jang ne! “Jehofa o na le kgatlhègō mo bathuñ ba gagwè.” (Pesalema 149:4) Batho ba ba bosula ba ba neng ba le teng pele ga Morwalela ba ne ba dira gore a ikutlwe a ikwatlhaya ebile ba “mo tlhokohatsa pelo.” Iseraele e ne ya rumola le go hutsafatsa Jehofa ka ntlha ya go sa ikanyege ga bone. Fa Bakeresete ba se kutlo ba ka utlwisa moya wa ga Jehofa botlhoko; mme, ka go ikanyega ga bone ba ka mo itumedisa. Abo go gakgamatsa jang ne go akanya fela gore batho ba e seng ba sepe mo lefatsheng ba ka hutsafatsa kana ba itumedisa Mmopi wa lobopo! Fa re akanya fela ka dilo tsotlhe tse a re direlang tsone, abo go itumedisa jang go bo re na le tshiamelo e e seng kana ka sepe ya go mo go itumedisa!—Genesise 6:6; Pesalema 78:40, 41; Diane 27:11; Isaia 63:10; Baefesia 4:30.

8. Aberahame o ne a dirisa jang kgololesego ya go bua e a neng a na le yone mo go Jehofa?

8 Lefoko la Modimo le bontsha gore lorato lwa ga Jehofa lo dira gore re nne le “botlhōka poihō” jo bo seng kana ka sepe. (1 Yohane 4:17) Ela kgang ya ga Aberahame tlhoko ka nako ya fa Jehofa a ne a tlile go senya Sodoma. Aberahame o ne a raya Jehofa a re: “A u tla nyeletsa basiami le baikepi? E ne e tla re ha goñwe go ka nna le basiami ba le mashomè matlhano mo motsiñ, a u tla nyeletsa u sa rekegele helō hoñ ka ntlha ea basiami ba mashomè matlhano ba ba gōna? . . . A go nnè kgakala nau: a Moatlhodi oa lehatshe yeotlhe a ga a ketla a diha tshiamō?” Abo e le selo se segolo jang go bua mafoko ano le Modimo! Lefa go ntse jalo Jehofa o ne a dumela go boloka Sodoma fa go na le batho ba le 50 ba ba siameng moo. Aberahame o ne a tswelela mme a fokotsa palo eo go tswa mo go 50 go ya go 20. O ne a boifa gore gongwe o gatelela thata. O ne a bolela jaana: “A Morena oa me a se ka a nna bogale, me ke tla hèla ke bua gañwe hèla gapè: e tla re goñwe go hitlhèlwe ba le shomè gōna.” Jehofa o boa gape a ineela a re: “Ga nketla ke o senya ka ntlha ea ba ba shomè.”—Genesise 18:23-33.

9. Ke eng fa Jehofa a ne a letlelela Aberahame go bua ka tsela e a neng a bua ka yone, mme rona re ka ithuta eng mo go seno?

9 Ke eng fa Jehofa a ile a letla Aberahame gore a gololesege gore a kgone go bua ka tsela eno? Selo sa ntlha Jehofa o ne a itse gore Aberahame o hutsafetse. O ne a itse gore setlogolo sa ga Aberahame ebong Lote o ne a nna kwa Sodoma, mme Aberahame o ne a tshwenyegile ka tshireletsego ya gagwe. Gape Aberahame e ne e le tsala ya Modimo. (Yakobe 2:23) Fa mongwe a bua le rona ka tsela e e makgwakgwa, a re leka go tlhaloganya gore o ikutlwa jang fa a bua mme re dirisana le boemo, segolobogolo fa e le tsala e e tshwenyegileng ka tsela nngwe? A ga go re gomotse go bona gore Jehofa o tla re akanyetsa fa re dirisa kgololesego ya rona ya go bua jaaka a ne a dira ka Aberahame?

10. Go nna le kgololesego ya go bua go re thusa jang mo thapelong?

10 Re tlhoka go nna le kgololesego ya go bua segolobogolo fa re mmatla jaaka ‘moutlwi wa thapelo’ gore re mo bulele mafatlha a rona fa re hutsafetse thata kana fa re ikutlwa re tshwenyegile mo maikutlong. (Pesalema 51:17; 65:2, 3) Le e leng ka dinako tsa fa re sa itse se re ka se buang, “Mōea ka osi o re rapèlèla ka diphègèlō tse di sa kakeñ tsa buiwa,” mme Jehofa o a reetsa. O ka kgona go itse megopolo ya rona: “U tlhaloganyetsa mogopolō oa me kwa kgakala. Gonne ga go na lehoko lepè mo lolemiñ loa me, ha e se go re, Yehofa o le itse yotlhe hèla.” Lefa go ntse jalo, re tshwanetse go nna re ntse re kopa, re batla, le go nna re ntse re kokota.—Baroma 8:26; Pesalema 139:2, 4; Mathaio 7:7, 8.

11. Go bontshitswe jang gore tota Jehofa o amega ka rona?

11 Jehofa o a amega. O tlhokomela botshelo jo a bo bopileng. “Matlhō a dilō cotlhe a lebeletse wèna: me u tlu u di he diyō tsa cōna mo metlheñ e e lebanyeñ. U huporolola seatla sa gago, me u kgorise keleco ea ditshedi cotlhe hèla.” (Pesalema 145:15, 16) Re lalediwa go tla go bona ka moo a fepang dinonyane mo sekgweng ka teng. Bona gore o apesa dithunya tsa naga bontle jang. Jesu o ne a oketsa ka go re Modimo o tla re direla fela jalo ebile a dira mo go oketsegileng go feta jaaka a di direla. Ka gone ke ka ntlha yang re tshwanetse go tshwenyega? (Duteronome 32:10; Mathaio 6:26-32; 10:29-31) Petere wa ntlha 5:7 e lo laletsa gore lo ‘latlhele tlhobaelo yotlhe ya lona mo go ena ka wa lo babalela.’

“Sechwanō Sebele sa Bomodimo yoa Ōna”

12, 13. Mo godimo ga go bona Jehofa ka popo ya gagwe le ka ditiro tsa gagwe tse di begilweng mo Bibeleng, ke jang gape re ka kgonang go mmona le go mo utlwa?

12 Re ka kgona go bona Jehofa Modimo ka popo ya gagwe; re ka kgona go mmona ka go bala ka ditiro tsa gagwe mo Bibeleng; re ka kgona gape go mmona ka mafoko le ditiro tse di kwadilweng kaga Jesu Keresete. Jesu ka boene o bolela jalo mo go Yohane 12:45: “Me eo o mpōnañ, o bōna eo o nthomileñ.” O bolela gape jaana mo go Yohane 14:9: “Eo o mponyeñ, o bonye Rara.” Bakolosa 1:15 e bolela jaana: “[Jesu] eo e leñ sechwanō sa Modimo o o sa bonweñ.” Bahebera 1:3 ya re: ‘Jesu ke marang a kgalalelo ya Modimo le setshwano sebele sa bomodimo jwa one.’

13 Jehofa ga a a ka a romela Morwawe, gore a tle go ntsha thekololo fela mme gape e ne e le gore a tle go tlhoma sekao se se ka latelwang a dira jalo ka mafoko le ka ditiro. Jesu o ne a bua mafoko a Modimo. O ne a bolela jaana mo go Yohane 12:50: “Dilō tse ke di buañ, ke di bua hèla yaka Rara a di mpoleletse.” O ne a sa dire se a se ratang, mme o ne a dira dilo tse Modimo a mo laetseng gore a di dire. O ne a bolela jaana mo go Yohane 5:30: “Ga ke na go diha sepè ke le nosi.”—Yohane 6:38.

14. (a) Jesu o ne a bona eng se se neng se dira gore a tlhomoge pelo? (b) Ke eng fa tsela e Jesu a neng a bua ka yone e ne ya dira gore batho ba tle ka bontsi go tla go mo reetsa?

14 Jesu o ne a bona batho ba ba tshwerweng ke lepero, ba ba golafetseng, ba ba bosusu, ba ba foufetseng le ba ba tsenweng ke badimona le ba ba hutsafaletseng baswi ba bone. Kutlwelobotlhoko e ne ya mo tlhotlheletsa go fodisa balwetsi le go tsosa baswi. O ne a bona boidiidi jwa batho ba gasagame ebile ba gateletswe semoyeng, mme a simolola go ba ruta dilo tse dintsi. O ne a sa rute a dirisa mafoko a a boammaaruri fela mme gape e ne e le a a itumedisang a a tswang mo pelong a a neng a fitlha sentle mo dipelong tsa ba bangwe, a ba gogela mo go ene, a dira gore ba tle tempeleng go sale gale go tla go mo reetsa, a dira gore ba nne ba mo sa le morago ebile ba mo reetse ka boitumelo. Ba ne ba tla ka bontsi go tla go mo reetsa, ba bolela gore ‘ga ba ise ba ko ba utlwe motho ope a bua jaaka ene.’ Ba ne ba gakgamadiwa ke tsela e a neng a ruta ka yone. (Yohane 7:46; Mathaio 7:28, 29; Mareko 11:18; 12:37; Luke 4:22; 19:48; 21:38) Mme erile fa baba ba gagwe ba batla go mo tshwara ka dipotso, e ne ya nna ene a ba tshwarang ka tsone mme a ba didimatsa.—Mathaio 22:41-46; Mareko 12:34; Luke 20:40.

15. Setlhogo se segolo sa thero ya ga Jesu e ne le eng, mme o ne dira gore ba bangwe ba nne le seabe mo go se anamiseng go le kana kang?

15 O ne a bolela gore “bogosi yoa legodimo [bo ne] bo atametse” mme a kgothaletsa bareetsi ba gagwe gore ba tswelele pele ba “batla pele bogosi.” O ne a romela ba bangwe gore ba ye go rera ka gore “bogosi yoa legodimo bo atametse,” le ‘go dira merafe yotlhe barutwa’ le go nna basupi ba ga Keresete “go ea hèla kwa sekhutloñ sa lehatshe.” Gompieno mo e ka nnang Basupi ba ga Jehofa ba le dimilione di le nne le sephatlo ba tsamaya mo dikgatong tsa gagwe ba dira dilo tsone tseo.—Mathaio 4:17; 6:33; 10:7; 28:19; Ditihō 1:8.

16. Nonofo ya ga Jehofa ya lorato e ne ya lekiwa jang mo go botlhoko, mme seo se ne sa direla batho eng?

16 Mo go 1 Yohane 4:8 re bolelelwa gore “Modimo o loratō.” Nonofo eno ya gagwe e e tlhomologileng e ne ya lekiwa ka tsela e e utlwisang botlhoko thata fa a ne a romela Morwawe yo o tsetsweng a le esi go tla go swa mo lefatsheng. Botlhoko jo Morwa yo o rategang yono a ileng a bo utlwa le boikuelo jo a ileng a bo dira mo go Rraagwe wa selegodimo di tshwanetse tsa bo di ile tsa utlwisa Jehofa botlhoko thata, lefa gone ka nako eo Jesu a ne a supa fa kgwetlho ya ga Satane e ne e se boammaaruri ya gore Jehofa o ne a sena batho bape mo lefatsheng ba ba neng ba ka boloka bothokgami mo go Ene fa ba lekiwa mo go botlhoko. Mme gape re tshwanetse go bontsha kanaanelo mo setlhabelong sa ga Jesu se se seng kana ka sepe, ka gore Modimo o ne a mo romela mono gore a tle go re swela. (Yohane 3:16) Seno e ne e se loso lo lo motlhofo lo lo ileng lwa direga ka bonako. Gore re kgone go ka tlhaloganya gore seno se ne se raya eng mo Modimong mmogo le mo go Jesu le gore re tle re lemoge gore setlhabelo sa bone se bogolo jo bo kana kang mo go rona, a re ke re tlhatlhobeng pego ya Bibela ka se se diragetseng.

17-19. Jesu o ne a tlhalosa jang teko e e neng e mo lebane?

17 Jesu o ne a tlhalosetsa baaposetoloi ba gagwe mo e ka nnang ka makgetlo a le mane gore go ne go tla diragalang. Malatsi a sekae fela pele ga seo se diragala o ne a re: “Bōnañ, re ea kwa Yerusalema: me Morwa Motho o tla neèlwa ditlhōgō tsa baperisiti le bakwadi; me ba tla mo sekisa gore a shwè, ba tla mo neèla Badichaba: ba tla mo shotla, ba tla mo kgwèla mathè, ba mo seola, ba mmolaea.”—Mareko 10:33, 34.

18 Ereka Jesu a ne a tlhaloganya botlhoko jwa katlholo ya Baroma, o ne a setse a utlwa kgatelelo ya se se neng se mo emetse kwa pele. Seme sa kgole se se neng se dirisetswa go kgwathisa se ne se gokeletswe ditshipiyana le marapo a dinku; ka jalo fa seme se beditseng teng mo mokwatleng le mo maotong go ne go ipala ebile go tshologa madi. Dikgwedi di sekae pele ga moo Jesu o ne a bolela ka moo selo se se tla mo diragalelang se mo tshwenyang mo maikutlong ka teng jaaka re bala jaana mo go Luke 12:50: “Me ke na le kolobeco e ke nañ le go kolobediwa ka eōna; me ke pitlaganye yañ go tsamaee go dihale!”

19 Kgatelelo eno e ne ya nna ya oketsega fa nako e ntse e atamela. O ne a bua jaana ka gone le Rraagwe wa selegodimo: “Yanōñ mōea oa me o huduegile; me ke tla reñ? A ke tla re, Rara, nkgolola mo lobakeñ lo? me ke tsile go hitlha mo lobakeñ lo ka ntlha ea gōna mo.” (Yohane 12:27) Abo Jehofa a tshwanetse a bo a ile a amiwa jang ne ke boikuelo jono jwa Morwa wa gagwe yo o tsetsweng a le esi! Diura di sekae fela pele ga loso lwa gagwe kwa Gethesemane Jesu o ne a raya Petere, Jakobe le Yohane a re: “Mōea oa me o hutsahetse thata, e le mo go isañ loshuñ hèla.” Metsotso e sekae morago ga moo o ne a rapela Jehofa jaana malebana le kgang eno: “Rra, Ha e le go rata ga gago, tlosa senwèlō se mo go nna: leha go nntse yalo, eseñ go rata ga me, me a go rata ga gago go dihale. Me ka a le mo tlalelaloñ e e mahèhè, a rapèla ka tlhōahalō e kgolo: me mohuhucō oa gagwè oa nna yaka marothodi a magolo a madi, a rothèla ha hatshe.” (Mathaio 26:38; Luke 22:42, 44) Seno e ka nna ya bo e ne e le seo go ya ka tsa kalafi se bidiwang haematidrosis. Ke selo se se sa tlwaelegang mme se ka nna sa diragala mo maemong a mo go one motho a tshwenyegileng thata.

20. Ke eng se se ileng sa thusa Jesu gore a fenye teko ya gagwe?

20 Malebana le nako eo kwa Gethesemane Bahebera 5:7 e bolela jaana: “[Keresete] eo e rileñ mo metlheñ ea gagwè a le mo nameñ, a sena go isa merapèlō le mekokotlèlō e e nañ le selelō se se tona le dikeledi kwa go èna eo o nonohileñ go mo golola mo loshuñ, [a] utlwiwa ka ntlha ea go boiha Modimo ga gagwè.” Ereka a ile a se ka a gololwa mo losong ke “èna eo o nonohileñ go mo golola mo loshuñ,” thapelo ya gagwe e ile ya utlwiwa ka tsela efe? Luke 22:43 e araba jaana: “Ga bonala moengele kwa go èna, a cwa legodimoñ, a mo thatahatsa.” Thapelo e ne ya arabiwa ka gore moengele yo Modimo a neng a mo romile o ne a thatafatsa Jesu gore a kgone go itshokela teko eo.

21. (a) Ke eng se se bontshang gore Jesu o ne a fenya teko ya gagwe? (b) Fa diteko tsa rona di nna thata, re tla rata gore re kgone go bua jang?

21 Seno se ne se bonala ka ditlamorago tse di neng tsa nna teng. Erile fa ntwa ya gagwe ya moya e fela, Jesu o ne a ema a boela kwa go Petere, Jakobe, le Johane mme a bolela jaana: “Nanogañ, re tsamaeeñ.” (Mareko 14:42) Totatota o ne a bolela gore, ‘Mma ke ye go okiwa ka katlo, ke tshwarwe ke segopa, ke sekisiwe ka tsela e e seng kafa molaong, ke atlholwe ka tsela e e sa tshwanelang. Mma ke ye go sotliwa, ke kgwelwe mathe, ke bediwe, le go kokotelwa mo thupeng ya tlhokofatso.’ O ne a akgega foo diura di le thataro, a le mo botlhokong jo bogolo, a itshoka go ya bokhutlong. Fa a ne a swa o ne a goa jaana a supa fa a fentse: “Go wedicwe.” (Yohane 19:30) O ne a nnile a tlhomame ebile a supile bothokgami jwa gagwe ka go tshegetsa bolaodi jwa ga Jehofa. Sengwe le sengwe se Jehofa a neng a mo romile go tla go se dira mo lefatsheng o ne a se weditse. A fa re swa kana fa Hara-Magedona e tla re tla kgona go bolela jaana malebana le thomo e Jehofa a e re neileng re re: “Go wedicwe”?

22. Ke eng se se bontshang gore kitso ya go itse Jehofa e tla anamela go ya bokgakaleng bofe?

22 Lefa go ntse jalo, re ka tlhomamisa gore mo nakong e e beilweng ke Jehofa e e ntseng e atamela ka bonako, ‘lefatshe lotlhe le tla bo le tletse kitso ya go itse Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.’—Isaia 11:9.

A O A Gakologelwa?

◻ Go itse le go nna le kitso go raya eng?

◻ Re bontshitswe jang boutlwelobotlhoko jwa ga Jehofa le boitshwarelo jwa gagwe mo Lefokong la gagwe?

◻ Aberahame o ne a dirisa jang kgololesego ya go bua mo go Jehofa?

◻ Ke eng fa re ka kgona go bona dinonofo tsa ga Jehofa fa re leba Jesu?

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela