Nnang Lo Ntse Lo Oketsa Kitso ya Lona
“Mo tumeloñ ea lona lo tsenye . . . kico.”—2 PETERE 1:5.
1, 2. (a) Ke eng se o ka se ithutang fa o leba kwa magodimong? (Baroma 1:20) (b) Motho o kgona go oketsa kitso ya gagwe ka selekanyo se se kana kang?
KE ENG se o ka se ithutang fa o ka tswela kwa ntle bosigo go sena maru, go le lefifi mme o lebile ngwedi o o phatsimang le dinaledi tse di senang palo? O ka ithuta sengwe ka Ene yo a tlhodileng dilo tseno tsotlhe.—Pesalema 19:1-6; 69:34.
2 Fa o ne o batla go oketsa kitso eo ya gago, a o ne o tla pagama kwa godimo ga ntlo ya gago o bo o leba o le koo? Tota o ka se dire jalo. Albert Einstein o kile a dirisa setshwantsho se se ntseng jalo go supa gore se borasaense ba se itseng ka lobopo ga se a oketsega go le kalo le gore ba itse go le gonnye fela ka Ene yo a le tlhodileng.a Dr. Lewis Thomas o ne a kwala jaana: “Selo se le sengwe fela seo saense e kgonneng go se lemoga mo lekgolong leno la dingwaga leo go nang le dilo tse dintsi tse saense e di dirileng ke gore ruri ga re ise re itse sepe; re itse go le gonnye ka tlholego ebile re e tlhaloganya go le gonnye fela.”
3. Go oketsa kitso go oketsa botlhoko ka tsela efe?
3 Le eleng lefa o ne o ka dirisa dingwaga tsotlhe tsa botshelo jo re bo tshelang o batla kitso, se o ka nnang wa se lemoga fela ke gore botshelo bo bokhutshwane ebile o tla bona ka phepafalo gore motho ga a kgone go dirisa kitso ya gagwe ka botlalo ka ntlha ya go sa itekanelang le ka ntlha ya ‘go sa ikanyege’ ga lefatshe leno. Solomone o ne a bolela seo, fa a ne a kwala jaana: “Mo bogoloñ yoa botlhale go na le bogolo yoa mahumapelo: le gōna eo o kokotletsañ kicō o kokotletsa bohutsana.” (Moreri 1:15, 18) Ee, fa o bapala kitso le botlhale mme o tlhokomologa boikaelelo jwa Modimo gantsi go felela ka botlhoko le mahumapelo.—Moreri 1:13, 14; 12:12; 1 Timotheo 6:20.
4. Ke kitso efe e re tshwanetseng go eletsa go nna le yone?
4 A Bibela e akantsha gore re se ka ra kgatlhegela go oketsa kitso ya rona? Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Me golañ mo tshegohacoñ le mo kitsoñ ea Morèna oa rona le Mmoloki Yesu Keresete. A kgalalèlō e nne go èna, yanong le ka bosakhutleñ.” (2 Petere 3:18, NW) Re ka kgona go amogela kgothatso eo e e re rotloetsang gore re oketse kitso ya rona, ebile re tshwanetse go e amogela. Mme e bua ka kitso ya mofuta ofe? Re ka e oketsa jang? Mme ebile a ruri re dira jalo?
5, 6. Petere o ne a gatelela jang gore re tlhoka go oketsa kitso ya rona?
5 Go nna re oketsa kitso e e tlhomameng e re nang le yone ka Mmopi wa lobopo le ka Jesu e ne e le yone ntlha ya konokono e Petere a neng a bua ka yone mo lokwalong lwa gagwe lwa bobedi. O ne a simolola fela ka go kwala jaana: “A bopelonomi jo bo sa re tshwanelang, le kagiso di oketsege mo go lona ka kitso ya Modimo le ya ga Jesu Morena wa rona; Ka go bo thata ya gagwe ya semodimo e re neile dilo tsotlhe tse e leng tsa botshelo le tsa poifomodimo, ka go nna le kitso e e tlhomameng ka ene yo, o re biditseng ka kgalalelo ya gagwe le go nna moyamontle ga gagwe.” (2 Petere 1:2, 3, NW) Ka jalo o golaganya bopelonomi jo bo sa re tshwanelang le kagiso le go itse Modimo le Morwawe. Seo se a utlwala, gonne Mmopi wa rona, Jehofa, e le ene fela motswedi wa kitso ya mmatota. Motho yo o boifang Modimo o kgona go bona dilo sentle ebile o dira ditshwetso tse di siameng.—Diane 1:7.
6 Morago ga foo, Petere o ne a kgothatsa jaana: “Mo tumeloñ ea lona lo tsenyè go [nna moyamontle] mo go [nneng moyamontle] ga lona lo tsenyè kicō; Le mo kicoñ ea lona lo tsenyè boikgapō, le mo boikgapoñ yoa lona lo tsenyè pelotelele; le mo peloteleleñ yoa lona lo tsenyè poihōmodimo; Le mo poihoñmodimo ea lona lo tsenyè go rata bakauleñwe: le mo go rateñ bakauleñwe lo tsenyè loratō. Gonne ha dilō tse e le tsa lona, me ha di bile di totile, dia bo di lo diha gore lo se nne bobodu, leha e le botlhōka louñō, mo kicoñ ea Morèna oa rona Yesu Keresete.” (2 Petere 1:5-8)b Mo kgaolong e e latelang, re bala gore go bapala kitso go thusa batho gore ba tile go leswefadiwa ke lefatshe leno. (2 Petere 2:20) Ka jalo, Petere o ne a phepafatsa gore ba ba nnang Bakeresete ba tlhoka go nna le kitso, fela jaaka ba ba setseng ba direla Jehofa. A o wela mo go sengwe sa ditlhopha tseno?
Ithute, Boeletsa, O Bo O Dire
7. Ba bantsi ba ile ba bona kitso e e tlhomameng ya boammaaruri jwa motheo jwa Bibela jang?
7 O ka nna wa tswa o ithuta Bibela le Basupi ba ga Jehofa gonne o lemoga gore molaetsa wa bone o boammaaruri. Gangwe ka beke, ka lobaka lwa ura kana go feta, lo ithuta setlhogo sengwe sa Bibela lo dirisa buka e e tshwanang le O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise. Seo se molemo tota! Batho ba bantsi ba ba ileng ba ithuta ka tsela eo le Basupi ba ga Jehofa ba ile ba nna le kitso e e tlhomameng. Gone mme, ke eng se o ka se dirang go oketsa selekanyo sa dilo tse o di ithutang? Dikakantsho dingwe ke tseno.c
8. Moithuti a ka dira eng gore a kgone go ithuta go le gontsi fa a ipaakanyetsa thuto?
8 Fa o baakanyetsa thuto ya gago, tlhatlhoba pele tshedimosetso e e tlileng go ithutiwa. Seo se raya go leba setlhogo sa kgaolo, ditlhogwana, le ditshwantsho tse di dirisitsweng go tshwantsha tshedimosetso eo. Morago ga foo, batla dikgopolo tsa konokono le dikwalo tse di di tshegetsang, o di thalele kana o di supe ka tsela nngwe fa o ntse o bala serapa kana karolo ya kgatiso. Go bona gore a o ithutile boammaaruri jo bo rutiwang foo, leka go araba dipotso tsa dirapa tse di farologaneng. Fa o dira seno, leka go araba ka mafoko a gago. Kwa bokhutlong boeletsa thuto, o leka go gakologelwa dintlha tse dikgolo le mabaka mangwe a a tshegetsang seno.
9. Go dirisa dikakantsho tsa go ithuta go ka thusa motho jang gore a ithute go le gontsi?
9 O ka kgona go oketsa kitso ya gago fa o dirisa dikakantsho tseno. Ka ntlha yang? Lebaka le lengwe ke gore o tla bo o simolola thuto ya gago o na le keletso e kgolo ya go batla go itse sengwe, o baakanya mmu, jaaka go ne go ka tualo. Go itse fela gore go tlile go tlotliwa ka eng le go batla dintlha tse dikgolo le go bona gore mabaka a beilwe jang, go tla dira gore o kgone go bona gore dintlha di nyalana jang le setlhogo kana le konelo. Fa o boeletsa kwa bofelong o tla kgona go gakologelwa se o se ithutileng. Go tweng ka moragonyana mo thutong ya gago ya Bibela?
10. (a) Ke ka ntlha yang fa go boeletsa dintlha kana tshedimosetso e ntšha go sa thuse go le kalo? (b) Ke eng se se akarediwang mo “go boaboeletseng dilo fa gare ga dipaka tse dileele”? (c) Barwa ba Baiseraele ba ka tswa ba ile ba solegelwa molemo jang ke go boaboelediwa ga dilo?
10 Baitseanape mo dikgannyeng tsa thuto ba itse mosola wa go boeletsa dilo ka nako e e tshwanetseng le ka go dira jalo ka boikaelelo. Seno ga se go opela mafoko ao fela, seo o ka tswang o ne wa se dira kwa sekolong fa o ne o ithuta leina lengwe, ntlha nngwe, kana kgopolo nngwe ka go e boaboeletsa. A o ne wa fitlhela gore lefa o ne o dira jalo o ne o lebala se o neng o ntse o se boaboeletsa, ebile o se lebala fela ka bonako? Ka ntlha yang? Go opela lefoko le lesha kana ntlha e ntšha go ka lapisa pelo, ebile ga o kgone go di tshwara lobaka lo loleele. Seo se ka fetolwa jang? O ka thusiwa fela ke fa o batla go ithuta tota. Selo se sengwe se se thusang ke fa o boaboeletsa dilo ka boikaelelo. Metsotso e sekae fela fa o fetsa go ithuta ntlha nngwe, dira gore pele o e lebala, o ikgakolole se o se ithutileng. Seno se bidiwa “go tswelela o ikgakolola dilo fa gare ga dipaka tse dileele.” Go nna o ntse o ikgakolola selo pele o se lebala, go dira gore o oketse lobaka lo o tla se gakologelwang ka lone. Kwa Iseraele, borre ba ne ba tshwanetse go ruta barwa ba bone melao ya Modimo ka tlhoafalo. (Duteronome 6:6, 7) ‘Go ruta ka tlhoafalo’ go kaya go ruta ka go boaboeletsa. Go lebega bontsi jwa borre bao ba ne ba simolola ka go bolelela barwa ba bone melao; moragonyana ba bo ba boeletsa tshedimosetso eo; e bo e re morago ga foo ba bo ba botsa barwa ba bone dipotso kaga se ba se ithutileng.
11. Ke eng se se ka dirwang fa go ithutiwa Bibela gore motho a kgone go ithuta go le gontsi?
11 Fa e le gore Mosupi o ithuta Bibela le wena, a ka nna a go thusa go ithuta ka go nna a sobokanya dintlha ka dipaka dingwe fa lo ntse lo ithuta. Seno ga se selo sa bongwana. Ke mokgwa o o tokafatsang thuto, ka jalo itumelele go nna le seabe fa lo ntse lo boeletsa dilo ka dipaka dingwe. Kwa bokhutlong jwa thuto, nna le seabe fa go boelediwa dilo o araba fela ka tlhogo. O ka nna wa tlhalosa dintlha ka mafoko a gago fela jaaka fa o ne o tla dira fa o ruta motho yo mongwe. (1 Petere 3:15) Seno se tla dira gore o gakologelwe se o se ithutileng ka lobaka lo loleele.—Bapisa Pesalema 119:1, 2, 125; 2 Petere 3:1.
12. Ke eng se moithuti a ka se dirang ka boene gore a kgone go gakologelwa dilo?
12 Kgato nngwe e e thusang thata ke gore wena ka bowena, morago ga letsatsi kana a mabedi, o bolelele mongwe se o se ithutileng, e ka tswa e le mongwe yo o tsenang sekolo nae, yo o dirang le ene, kana moagisani. O ka nna wa bolela setlhogo sa kgang o bo o bolela fela gore o ne o batla go bona gore a o kgona go gakologelwa tsela e mabaka a neng a bewa ka yone le ditemana tse di tswang mo Bibeleng tse di buelelang seo. Seo se ka nna sa dira gore motho yo mongwe a kgatlhege. Lefa seo se sa diragale, go boeletsa ga gago fela tshedimosetso e o e ithutileng morago ga lobaka lwa letsatsi kana a mabedi go tla dira gore e nne mo mogopolong wa gago. Jaanong o tla bo o e ithutile tota, o dira se 2 Petere 3:18 e go kgothaletsang go se dira.
Go Ithuta ka Botlhaga
13, 14. Ke ka ntlha yang fa re batla go dira se se fetang fela go itse le go gakologelwa tshedimosetso nngwe?
13 Go ithuta ga se go itse dintlha fela kana go kgona fela go gakologelwa tshedimosetso nngwe. Badumedi ba motlha wa ga Jesu ba ne ba dira jalo ka dithapelo tsa bone tse ba neng ba di boaboeletsa. (Mathaio 6:5-7) Mme tshedimosetso eo e ne ya ba ama jang? A ba ne ba ungwa maungo a a siameng? Nnyaa. (Mathaio 7:15-17; Luke 3:7, 8) Bothata bongwe e ne e le gore kitso eo e ne e sa tsene mo dipelong tsa bone, e sa ba dire gore ba dire se se molemo.
14 Go ya ka Petere, Bakeresete ba nako eo le ba gone jaanong ga ba a tshwanela go nna jalo. O re kgothatsa gore mo tumelong ya rona re tsenye kitso e e tla re thusang gore re tile botshwakga kana go sa ungwe. (2 Petere 1:5, 8) Gore go tle go nne jaana ka rona, re tshwanetse go oketsa kitso ya rona re bo re dire gore e re ame tota, e ame botennye jwa rona. Seo ga se kake sa diragala ka metlha.
15. Bakeresete ba bangwe ba Bahebera ba ne ba nna le bothata bofe?
15 Bakeresete ba Bahebera ba mo motlheng wa ga Paulo ba ne ba na le bothata kaga seno. Ereka e ne e le Bajuda, ba ne ba itse sengwe ka Dikwalo. Ba ne ba itse Jehofa le dilo dingwe tse a di batlang mo bathong. Moragonyana ba ne ba oketsa kitso ya bone ka go itse ka Mesia, ba dumela mo go ene, ba bo ba kolobediwa jaaka Bakeresete. (Ditihō 2:22, 37-41; 8:26-36) Fa dikgwedi le dingwaga di ntse di feta, ba tshwanetse ba bo ba ne ba ya kwa dipokanong tsa Bokeresete, koo ba neng ba ka bala dikwalo le go nna ba akgela. Lefa go ntse jalo, kitso ya ba bangwe e ne e sa oketsege. Paulo o ne a kwala jaana: “Gonne, ha e le kaga lobaka, lo bo lo chwanetse loa bo ne ne hano lo le baruti, me lo bile lo sa nntse lo tlhōka gore bañwe ba lo rutè ditlhaka tsa tshimologō tsa mahoko a Modimo; lo bile gapè lo ba ba chwanecweñ ke mashi, e señ ke diyō tse di loileñ.” (Bahebera 5:12) Seo se ne se ka diragala jalo jang? A go ka re diragalela le rona?
16. Mmu o o gatsetseng o o letlapa ke eng, mme o ama dijalo jang?
16 Akanyetsa setshwantsho seno, mmu o o gatsetseng o o letlapa o o nnang fela o le lekote o o kwa Arctic le kwa mafelong a mangwe a ditempereitšhara tsa teng di nnang ka metlha di le kwa tlase ga boswakgapetla. Mmu, matlapa, le metsi a a kafa tlase ga lefatshe di a gatsela di nna leje fela, ka dinako tse dingwe dimetara di le 900 go ya kwa tlase. Fa go le selemo, mmu o o fa godimo (o o bidiwang llaga e e amiwang ke sengwe le sengwe) ke one fela o o nyerologang. Lefa go ntse jalo, llaga e tshesane eno e e nyerologang ya mmu gantsi e nna seretse gonne bongola jwa yone ga bo kgone go nwela mo mmung o o gatsetseng o o letlapa o o kwa tlase. Dijalo tse di tlhogang mo llageng eno e e seng boteng e e fa godimo di dinnye kana e nna dikgokgotšhwane fela; medi ya tsone ga e kgone go tsenelela mo mmung o o gatsetseng o o letlapa o o kwa tlase. O ka nna wa ipotsa, ‘mmu o o gatsetseng o o letlapa o amana jang le go oketsega ga kitso ya me kaga boammaaruri jwa Bibela?’
17, 18. Mmu o o gatsetseng o o letlapa le llaga ya one e fa godimo di ka dirisiwa jang go tshwantsha se se neng sa diragala ka Bakeresete bangwe ba Bahebera?
17 Mmu o o gatsetseng o o letlapa o tshwantsha sentle boemo jwa motho yoo kakanyo ya gagwe e sa monyeng, kana e sa gakologelweng, le go dirisa kitso e e tlhomameng. (Bapisa Mathaio 13:5, 20, 21.) Go lebega motho yoo a kgona go ithuta dilo tse di farologaneng, go akaretsa le boammaaruri jwa Bibela. O ile a ithuta “ditlhaka tsa tshimologō tsa mahoko a Modimo” ebile a ka tswa a ne a tshwanela gore a ka kolobediwa, fela jaaka Bakeresete bao ba Bahebera. Lefa go ntse jalo, a ka tswa ‘a sa gagamalele kwa boitekanelong,’ kwa dilong tse di fetang “ditshimologō tsa ntlha ntlha tsa ga Keresete.”—Bahebera 5:12; 6:1.
18 A o ko o leke go bona Bakeresete bao ba bogologolo kwa dipokanong ka leitlho la mogopolo. Ba ne ba le teng ebile ba thantse, mme a go na le sengwe se se neng se tsena mo megopolong ya bone? A ba ne ba le tlhaga ebile ba tlhoafaletse go oketsa kitso ya bone? Gongwe go ka tswa go ne go sa nna jalo. Mo go bao ba neng ba sa gola sentle, go nna le seabe mo dipokanong go ne go diragala mo llageng e tshesane e e amiwang ke sengwe le sengwe, jaaka go ne go ka tualo, fa kwa tlase go ne go gatsetse e le letlapa. Medi ya boammaaruri jo bo nonofileng jo bo raraaneng e ne e sa tsene mo lefelong leno le e neng e le boboko jo bo gatsetseng jo bo letlapa.—Bapisa Isaia 40:24.
19. Mokeresete yo o nang le lobaka a le teng a ka tshwana le Bakeresete ba Bahebera ka tsela efe?
19 Go ka diragala se se tshwanang ka Mokeresete gompieno. A ka nna teng kwa dipokanong mme a sa dirise dipaka tseo go oketsa kitso ya gagwe. Go tweng ka go nna le seabe mo go tsone o le tlhaga? Motho yo mosha kana yo mmotlana o a bo a dirile maiteko tota fa a ithaopela go bala temana kana go akgela ka mafoko a a mo serapeng, mme seo ke selo se se molemo le se a tshwanetseng go se akgolelwa fa go akanngwa ka maemo a gagwe. Mme Paulo o ne a bontsha gore mo go ba bangwe segolo thata fa go akanngwa ka nako e ba setseng ba na nayo e le Bakeresete, ba tshwanetse go gatela pele ba tswe mo boemong jwa kwa tshimologong fa ba batla go oketsa kitso ya bone.—Bahebera 5:14.
20. Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go itlhatlhoba ka tsela efe?
20 Fa e le gore Mokeresete yo o nang le lobaka a le teng ga a ise le ka motlha a bo a gatele pele gore a fete boemo jwa go bala temana ya Bibela fela kana go araba a bala mo serapeng, go lebega go nna ga gagwe le seabe go diragala mo “llageng e e amiwang ke sengwe le sengwe” e e fa godimo ya kakanyo ya gagwe. Dipokano di ka tla tsa feta mme boteng jwa kakanyo ya gagwe bo ntse bo sala e le letlapa, fa re tswelela ka setshwantsho sa rona sa mmu o o gatsetseng o o letlapa. Re tshwanetse go ipotsa jaana: ‘A le nna ke ntse jalo? A ke ile ka itetla go nna mmu o o gatsetseng o o letlapa? A tlhaloganyo ya me e thantse ebile a ke kgatlhegela go ithuta?’ Le eleng lefa dikarabo tsa rona tse di supang kafa re ntseng ka teng tota di sa re itumedise, re ka simolola gone jaanong go tsaya dikgato tsa go oketsa kitso ya rona.
21. Ke dikgato dife tse go tlotlilweng ka tsone tse o ka di dirisang fa o baakanyetsa dipokano le fa o le kwa dipokanong?
21 Mongwe le mongwe wa rona a ka dirisa dikakantsho tse di mo go serapa 8. Lefa re ka tswa re na le lobaka lo lo kana kang re ntse re kopanela le phuthego, re ka ititaya sehuba gore re tla gatela pele mme re gole le go oketsa kitso ya rona. Mo go ba bangwe seo se tla raya go baakanyetsa dipokano re tlhoafetse, gongwe ebile re tsosolosa mekgwa e re kileng ra bo re e dirisa dingwaga tse di fetileng e re ileng ra nna ra e tlogela ka bonya. Fa o ntse o baakanyetsa leka go bona gore dintlha tsa botlhokwa ke dife mme o tlhaloganye dikwalo tse o sa di tlwaelang tse di dirisiwang fa go ntshiwa mabaka. Leba dilo ka leitlho le lesha kana go ya ka ntlha e ntšha e e leng mo tshedimosetsong e o e ithutang. Ka tsela e e tshwanang, fa o le kwa dipokanong, leka go bona kafa o ka dirisang dikakantsho tse di umakilweng mo dirapeng tsa 10 le 11 ka teng. Leka gore kakanyo ya gago e nne e thantse, jaaka ekete o batla go boloka tempereitšara ya boboko jwa gago e gotetse. Seo se tla thibela mekgwa epe fela e e ka dirang gore o nne “mmu o o gatsetseng o o letlapa”; maiteko ano a a dirwang ka tlhoafalo a tla nyerolosa boemo bope fela jwa “go nna letlapa” joo bo ka tswang bo ile jwa nna teng.—Diane 8:12, 32-34.
Kitso, E Re Thusa go Ungwa
22. Re tlile go solegelwa molemo jang fa re tsaya matsapa go oketsa kitso ya rona?
22 Mongwe le mongwe wa rona o tlile go solegelwa molemo jang fa a ka tokafatsa mo kgannyeng eno ya go oketsa bopelonomi jo bo sa re tshwanelang le kitso ya Morena le Mogolodi wa rona Jesu Keresete? Fa re leka thata go tshola maatla a rona a go akanya a ntse a dira, a emetse ka metlha go anya kitso, medi ya dipeo tsa boammaaruri jo bosha le jo bo raraaneng jwa Bibela e tla tsenelela kwa teng, mme re tla tlhaloganya dilo tse dintsi ebile di tla nnela ruri. Go tla tshwana fela le se Jesu a neng a se bolela mo setshwantshong sengwe kaga dipelo tsa rona. (Luke 8:5-12) Dipeo tse di welang mo mmung o o siameng di ka nna le medi e e nonofileng e e tla tshegetsang dijalo tse di ungwang le tse di nnang le maungo.—Mathaio 13:8, 23.
23. Ke matswela afe a re ka a bonang fa re dirisa 2 Petere 3:18? (Bakolosa 1:9-12)
23 Setshwantsho sa ga Jesu se ne se farologane ka tsela nngwe, mme matswela a sone a a molemo a tshwana le seno se Petere a neng a se solofetsa: “Ka ntlha ea gōna mouō, le lona lo ko lo oketsè ka tlhōahalō, ke go re, mo tumeloñ ea lona lo tsenyè go [nna moyamontle], le mo go [nneng moyamontle] ga lona lo tsenyè kitso . . . Gonne ha dilō tse e le tsa lona, me ha di bile di totile, dia bo di lo diha gore lo se nne bobodu, leha e le botlhōka louñō, mo kicoñ ea Morèna oa rona Yesu Keresete.” (2 Petere 1:5-8) Ee, fa kitso ya rona e oketsega seo se tla re thusa gore re ungwe. Re tla fitlhela gore go oketsa kitso ya rona e tla nna selo se se itumedisang. (Diane 2:2-5) O tla kgona go gakologelwa se o se ithutang bonolo fela ebile se tla go thusa thata fa o ntse o ruta ba bangwe gore e nne barutwa. Ka jalo, ka tsela eno le gone o tla bo o ungwa ebile o tla galaletsa Modimo le Morwawe. Petere o ne a konela lokwalo lwa gagwe lwa bobedi jaana: “Me golañ mo tshegōhacoñ le mo kicoñ ea Morèna oa rona le Mmoloki Yesu Keresete. A kgalalèlō e nnè go èna, yanoñ le ka bosakhutleñ.”—2 Petere 3:18.
[Dintlha tse di kwa tlase]
a “[Go] tshwana fela le boemo jwa monna yoo a batlang go ithuta go le gontsi ka ngwedi, mme a go dira ka go pagama mo godimo ga ntlo ya gagwe gore a bone lesedi leo a le gaufinyana.”
b Go ne ga tlotliwa ka tumelo le go nna moyamontle, dinonofo tse pedi tsa ntlha tsa temana eno, mo tokololong ya rona ya July 15, 1993.
c Dikakantsho tseno di ka thusa le bao ba sa bolong go nna Bakeresete fa ba ithuta ka namana le fa ba ipaakanyetsa dipokano.
A O A Gakologelwa?
◻ Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go kgatlhegela go oketsa kitso ya gago?
◻ Moithuti yo mosha wa Bibela a ka solegelwa molemo thata ke thuto ya gagwe jang?
◻ Ke kotsi efe e o tshwanetseng go e tila, jaaka go bontshitswe ka mmu o o
gatsetseng o o letlapa?
◻ Ke ka ntlha yang fa o tshwanetse go
iketleetsa go tokafatsa tsela e o nonofileng go oketsa kitso ya gago ka yone?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
A ke na le bothata jwa go nna le mogopolo o o jaaka mmu o o gatsetseng o o letlapa?