LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 9/1 ts. 8-9
  • Gileade—Kgaolo ya Batho Ba Ba Pelokgale

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Gileade—Kgaolo ya Batho Ba Ba Pelokgale
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jefetha o Diragatsa Maikano a Gagwe mo go Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
  • Baamone—Batho ba ba Neng ba Bosulosetsa Bopelonomi ka Letlhoo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1995
  • Go Amogela Kaelo ya ga Jehofa ka Boitumelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1999
  • Go Ikanyega go Dira Gore Modimo a re Amogele
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2016
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 9/1 ts. 8-9

Ditshwantsho go Tswa Lefatsheng Le Le Solofeditsweng

Gileade—Kgaolo ya Batho Ba Ba Pelokgale

LOBAKANYANA fela pele ga Baiseraele ba kgabaganya Noka ya Joredane go tsena mo Lefatsheng le le Solofeditsweng, Moshe o ne a ba rotloetsa jaana: “Lo nnè thata le pelokgale, lo se boihè. . . . Yehofa Modimo oa gago ke èna eo o tsamaeañ nau.”—Duteronome 31:6.

Ditso tsa ga Rubene le Gade le bontlhanngwe jwa lotso lwa ga Manase di ne di akarediwa mo kgothatsong e e neng e neelwa ke Moshe. Ba ne ba bone ‘gore lefatshe la Gileade e ne e le lefelo la matlhape,’ ka jalo ba ne ba kopa gore ba abelwe kgaolo ya Gileade.—Dipalō 32:1-40.

Gileade e ne e le mo letlhakoreng le lengwe, kafa botlhaba jwa Joredane. E ne e akaretsa mo e ka nnang letlhakore lotlhe la botlhaba, go tswa kwa bokone jwa Lewatle le le Suleng go fitlha kwa Lewatleng la Galilea. Kgaolo eno e ne e simologa kwa Mokgatšheng wa Joredane go ya kwa nageng e e tsholetsegileng e e nang le metsi a mantsi le dithaba tse di kgolokwe. Ka jalo, Gileade e ne e le kgaolo e e siametseng go ka jala mabele le go fudusetsa matlhape. Setshwantsho se se fa godimo se go naya lesedi la gore karolo ya Gileade e ne e ntse jang. Mme lefa go ntse jalo, ke eng fa re amanya bopelokgale le lefelo le le monate thata jaana?

Go bonala sentle gore ditso tse di neng tsa itlhophela go nna kwa Gileade, di ne di sa dire jalo ka ntlha ya gore di ne di boifa. O gakologelwe gore ba ne ba dumela go kgabaganya Joredane go ya go lwantsha baba ba bone kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng. Mme ka nako ya fa ba boela kwa Gileade, ba ne ba tlhoka go nna pelokgale le go gaisa. Ka ntlha yang? Kana gone, ba ne ba le mo molelwaneng, ka jalo ba le mo kotsing ya go ka tlhaselwa ke Baamona ba ba neng ba le kwa borwabotlhaba le Basiria ba ba neng ba le kwa bokone. Mme ba ne ba tlhaselwa.—Yoshua 22:9; Baatlhodi 10:7, 8; 1 Samuele 11:1; 2 Dikgosi 8:28; 9:14; 10:32, 33.

Ditlhaselo tseo e ne e le dingwe tsa ditiragalo tse go neng go tlhokega bopelokgale tota mo go tsone. Ka sekai, morago ga fa Jehofa a sena go letlelela gore Baamona ba gatelele Gileade, batho ba Modimo ba ne ba sokologa mme ba ya kwa monneng wa “seganka se se pelokgale,” yo rraagwe le ene a neng a bidiwa Gileade gore a ba etelele pele. Monna yono yo o pelokgale kana yo o sebete, e ne e le Jefetha. O itsege thata ka maikano a gagwe a a neng a bontsha gore, lefa gone a ne a le pelokgale, o ne a kopa kaelo ya Modimo le tshegetso ya gagwe. Jefetha o ne a ikana gore fa Modimo o ka dira gore a fenye Baamona ba ba neng ba ba gatelela, o ne a re lefa e le mang wa ntlha go mo kgatlhantsha a tswa mo lelapeng la gagwe, o tla mo ‘ntshetsa Modimo tshupelo e e fisiwang,’ kana a mo ntsha setlhabelo.a Jefetha o ne a kgatlhantshiwa ke ngwana wa gagwe yo o esi, morwadie, yo kwa morago a neng a ya go direla kwa tempeleng ya Modimo. Ee, Jefetha o ne a bontsha bopelokgale, mme morwadie le ene a bo bontsha ka tsela nngwe.—Baatlhodi 11:1, 4-40.

Sesupo sa bopelokgale se gongwe se sa itsegeng thata jalo, se ne sa diragala ka nako ya ga Saulo. Gore o tle o kgone go tshwantsha seno mo mogopolong, gopola gore ka nako ya fa Saulo e nna kgosi, Baamona ba ne ba tshosetsa gore ba tla gonya matlho a moja a banna ba kwa Jabesha-gileada, eleng motse o o ka tswang o ne o le mo mokgatšheng o o neng o iphaphathile ka dithaba go ya go tsena kwa nokeng ya Joredane. Saulo ka bonako o ne a rulaganya masole gore a ye go ema nokeng Jabesha. (1 Samuele 11:1-11) Re ntse re sa tlose kgang eo mo mogopolong, a re yeng kwa bofelong jwa puso ya ga Saulo mme re bone ka moo bopelokgale bo neng jwa bontshiwa ka gone.

O tla gakologelwa gore Saulo le bomorwawe ba bararo ba ne ba swa ka nako ya fa go ne go lowa le Bafilisitia. Baba bao ba ne ba supa fa ba fentse ka go kgaola tlhogo ya ga Saulo mme ba pega ditopo tsa ga Saulo le bomorwawe mo lorakong lwa Bethe-shana. (1 Samuele 31:1-10; kafa mojeng, o bona thaba e e epilweng ya Bethe-shana.) Kgang eno e ne ya utlwiwa kwa Jabesha, mo dithabeng tsa Gileade go kgabaganya Joredane. Ke eng seo Bagileade ba neng ba tla se dira fa ba lebana le mmaba yo o nonofileng thata jaana yo o bileng a fenya kgosi ya Iseraele?

Lebelela mo mmapeng mme o lebe tsela e ba neng ba tsamaya ka yone. “Banna ba ba pelokgale botlhe ba nanoga, ba lala ba tsamaea bosigo yotlhe, ba ea ba tlosa mmele oa ga Saule le mebele ea bomorwawè mo lorakoñ loa Bethe-shana; me ba tla mo Yabesha, ba e hisa gōna.” (1 Samuele 31:12) Ee, ba ne ba bolola bosigo jotlhe go ya kwa lefelong le le sireleditsweng la mmaba. O tla tlhaloganya gore ke eng fa Bibela e re ba pelokgale kana ba sebete.

Fa nako e ntse e tsamaya, ditso di le some di ne tsa itomolola tsa bopa bogosi jwa bokone jwa Iseraele, mme tseno di ne di akaretsa le Gileade. Merafe e e neng e ba dikologile, sa ntlha Basiria mme kwa morago Baasiria, ba ne ba simolola go tsaya dikarolo tsa naga eo e e kwa botlhaba jwa Joredane. Ka jalo go sa kgathalesege ditiragalo tse di fetileng tsa bopelokgale, batho ba Gileade ba ne ba utlwa ditlamorago tsa go nna mo lefelong le le neng le le mo molelwaneng.—1 Dikgosi 22:1-3; 2 Dikgosi 15:29.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Dipatlisiso tse di tseneletseng tsa rekoto di supa fa kgang ya gore Jefetha o ne a ntsha setlhabelo sa motho ka ngwana wa gagwe e se boammaaruri. Bona Insight on the Scriptures, Bolumo 2, ditsebe 27-8, e e gatisitsweng ke Watchtower Bible and Tract Society of New York, Inc.

[Mmapa mo go tsebe 8]

(For fully formatted text, see publication)

LEWATLE LA GALILEA

LEWATLE LE LE SULENG

Noka ya Joredane

Bethe-shana

Ramotha-gileada

Jabesha

GILEADA

[Motswedi wa Setshwantsho]

Based on a map copyrighted by Pictorial Archive (Near Eastern History) Est. and Survey of Israel.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 8]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 9]

Pictorial Archive (Near Eastern History) Est.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela