LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w93 9/15 ts. 20-23
  • Ba Disa Dikwanyana ka Lorato

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Ba Disa Dikwanyana ka Lorato
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ditlhogwana
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Disa Letsomane la Modimo
  • Badisa Ba Ba Amegang Eleruri
  • Go Disa ka Tsela E E Agang
  • Badisa—Dirang Boikarabelo jwa Lona ka Botlalo
  • Go Disa Dinku Tse Di Botlhokwa Thata tsa ga Jehofa ka Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Badisa, Etsang Badisa ba Bagolo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Thusa ba ba Tlogetseng Letsomane
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Ikobele Badisa ba ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
w93 9/15 ts. 20-23

Ba Disa Dikwanyana ka Lorato

MO DIPHOLOGOLONG tsotlhe tse motho a di ruang ga go na tse di tshwanang le dinku tsa mo gae. Diphologolo tse dintsi di na le maatla e bile di kgona go ya go ipatlela dijo le go tila dibatana tse di di jang, mme dinku ga di a nna jalo. Dibatana di di tshwara motlhofo fela, ka go bo ga di itwele ka gope. Fa nku e sena modisa e a boifa e bile ga e kgone go itshireletsa. Fa e ka kgaogana le letsomane e a timela. Ka gone dinku di na le mabaka a mantsi thata a go batla go nna gaufi le modisa gonne di le bonolo. Ga di kake tsa bo tsa tshela kwantle ga gagwe. Ke gone ka moo Bibela e dirisang dinku go tshwantsha batho ba ba moyamontle, ba ba bogisiwang, kana ba ba sa kgoneng go iphemela.

Eleruri, modisa fa a duelwa wa bo a dirile tiro ya gagwe. Botshelo jwa gagwe ga bo motlhofo. O nna mo mogoteng le mo serameng, e bile ka dinako dingwe ga a robale. O tshwanetse go sireletsa letsomane mo dibataneng, seo le ene se mmayang mo kotsing. E re ka modisa a tshwanetse go boloka dinku di le mmogo, nako e ntsi ya gagwe o e fetsa a batla tse di kgaoganeng le tse dingwe kana tse di timetseng. O tshwanela go tlamela tse di lwalang le tse di gobetseng. Dikwanyana tse di bokoa kana tse di lapileng di tshwanetse go kukiwa. O tshwenyega ka metlha gore a go na le dijo le metsi a a lekaneng. Gantsi modisa o robala mo nageng bosigo go tlhomamisa gore letsomane le babalesegile. Ka gone, go disa ke botshelo jo bo makgwakgwa jo bo batlang monna yo o pelokgale, yo o senatla, le yo o akanyang sentle. Mo godimo ga moo, o tshwanetse a bo a kgona go supa fa a amega thata ka letsomane le a le neilweng gore a le tlhokomele.

Go Disa Letsomane la Modimo

Bibela e tlhalosa batho ba Modimo jaaka dinku tse di bonolo le ba ba ba okametseng jaaka badisa. Jehofa ka boene ke ‘Modisa le Mookami wa [meyasebele, NW] ya rona.’ (1 Petere 2:25) “Modisa eo o molemō,” Jesu Keresete, o ne a bolela gore o eletsa gore dinku di tlhokomelwe ka lorato fa a ne a bolelela moaposetoloi Petere jaana: ‘Fudisa dikwanyana tsa me, disa dinku tsa me, fudisa dinku tsa me.’ (Yohane 10:11; 21:15-17) Balebedi ba Bakeresete ba laetswe sentle gore ba ‘dise phuthego ya Modimo.’ (Ditihō 20:28) E bile tiro ya bone jaaka badisa ba semoya e batla gore ba nne le dinonofo tse di molemo tsa modisa wa mmatota—bopelokgale, bonatla, go akanya sentle, mme se segolo mo go tsone, go amega thata ka letsomane.

Mo metlheng ya moperofeti mongwe wa Modimo ebong Esekiele, bontsi jwa badisa ba ba neng ba tlhomilwe gore ba tlamele batho ba ga Jehofa ba Iseraele ka dilo tse ba di tlhokang bo ne bo palelwa ke go dira tiro ya bone. Letsomane la Modimo le ne le sotlega tota, mo ba bantsi ba neng ba tlogela kobamelo ya boammaaruri. (Esekiele 34:1-10) Gompieno, baruti ba Labokeresete ba dira gore ba bonale e kete ke badisa ba se ba se bitsang phuthego ya Bokeresete, mme tsela e e leng bokoa ka yone semoyeng e supa gore baruti ba tshwana le baikepi ba batsietsi ba ba neng ba latlhile batho e bile ba ba sotla ba nako ya fa Jesu a ne a le mo lefatsheng. Baeteledipele ba bodumedi ba Labokeresete ba tshwana le motho “eo o thapilweñ ka tuèlō” yoo “dinku e señ tsa gagwè.” (Yohane 10:12, 13) Ga ba iketleetsa, ga ba kgone, kana gone go tshwanela go disa letsomane la Modimo.

Badisa Ba Ba Amegang Eleruri

Jesu o ne a tlhomela botlhe ba ba neng ba tlile go disa letsomane la ga Jehofa sekao se se siameng tota. O ne a le lorato, a le pelonomi, a le kutlwelobotlhoko, e bile a thusa barutwa ba gagwe ka ditsela tsotlhe. O ne a tswa a ya go batla ba ba tlhokang thuso. Le mororo Jesu a ne a dira thata e bile gantsi a lapa, o ne a ipha nako ka metlha go reetsa mathata a bone le go ba kgothatsa. Go iketleetsa ga gagwe go ba ntshetsa moya wa gagwe e ne e le tsela e e di gaisang tsotlhe ya go supa lorato.—Yohane 15:13.

Gompieno, bagolwane botlhe mmogo le batlhanka botlhe ba bodihedi ba ba tlhophilweng ba phuthego, ba diragatsa boikarabelo jono mo letsomaneng mmogo. Ka gone, le dikhumo tse ba neng ba ka kgona go nna natso fa ba ne ba ka ya kwa dinageng tse dingwe ga di tlhotlheletse banna ba bantsi ba ba rweleng boikarabelo bano go fuduga mme ka gone ba tlogela diphuthego di tlhoka go thusiwa le go etelelwa pele. Letsomane le tlhoka go kgothadiwa le go kaelwa gonne le tshela mo ‘metlheng ya bofelo e e nang le dipaka tse di tlhokofatsang.’ (2 Timotheo 3:1-5) Go nna ka metlha go na le kotsi ya gore bangwe ba tla gapiwa ke Satane yoo ‘a tshwanang le tau e e dumang e e batlang yo e ka mo kometsang.’ (1 Petere 5:8) Gompieno go botlhokwa go gaisa pele gore badisa ba Bakeresete ‘ba tlhagise ba ba fuduang, ba nametse ba ba lapang pelo, ba pepetletse ba ba bokoa.’ (1 Bathesalonia 5:14) Ba tshwanetse go nna ba ntshitse matlho dinameng gore ba kgone go thibela ba ba bokoa gore ba se ka ba tswa mo letsomaneng.—1 Timotheo 4:1.

Modisa a ka bona jang gore nku e tlhoka go thusiwa? Mangwe a matshwao a a bonalang ka bonako ke go sa tle dipokanong tsa Bokeresete, go sa nne teng ka metlha mo bodiheding jwa tshimo, le go ikgogona mo go ba bangwe. Bokoa bo ka bonwa gape ka maikutlo a nku le dilo tse e ratang go tlotla ka tsone thata. Ba ka nna ba rata go tshwaya ba bangwe diphoso thata, gongwe ba supa gore ba kgopisegile. Ba ka bua thata ka go batla dilo tse di bonalang go na le ka mekgele ya semoya. Go sa nne matlhagatlhaga, go latlhegelwa ke tsholofelo ka isagwe, le go sa itumelang go ka kaya gore tumelo ya bone e koafetse. Tebego e e sa itumediseng ya sefatlhego e ka tswa e supa gore balosika kana ditsala tsa selefatshe tse di ganetsang di ba gateletse. Modisa a ka dira gore a batlisise gore go tlhokega thuso ya mofuta ofe fa a bona matshwao ano.

Badisa ba Bakeresete ba tshwanetse go nna ba gakologetswe maikaelelo a bone a magolo fa ba ile go thusa modumedi yo mongwe. Ga se loeto fela lwa botsalano le go tlotliwang ka dilo fela tse di sa reng sepe. Boikaelelo jwa ga moaposetoloi Paulo fa a ne a etela bakaulengwe ba gagwe e ne e le gore a ba ‘abele neo nngwe ya semoya gore ba tle ba nitamisiwe; Ke gore ene le bone ba gomotsege mmogo.’ (Baroma 1:11, 12) Ba ne ba tlhoka go ipaakanyetsa pele gore ba tle ba kgone go go dira.

Sa ntlha, sekaseka boemo jwa motho, mme o leke go bona gore bomoya jwa gagwe bo ntse jang. Fa o sena go bona seo, akanya gore a ka thusiwa thata ke kaelo, kgothatso, kana kgakololo ya mofuta ofe. Tshedimosetso yotlhe e tshwanetse go tsewa mo Lefokong la Modimo, Bibela, gonne le “tlhaga.” (Bahebera 4:12) Dimakasine tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! di ka sekasekiwa go bona fa di na le ditlhogo tse di buang ka dilo tse di tlhokwang ke nku e e nang le mathata mangwe a a rileng. Maitemogelo a a kgatlhang le a a tlhotlheletsang thata a ka fitlhelwa mo go Yearbook of Jehovah’s Witnesses. Mokgele ke go ba naya sengwe sa semoya se se ‘molemo go ba agelela.’—Baroma 15:2.

Go Disa ka Tsela E E Agang

Modisa wa dinku tsa mmatota o itse gore di mo lebile gore a di sireletse le go di tlhokomela. Dikotsi tse di tlwaelegileng ke go kgaogana le ba bangwe, bolwetsi, go lapa, go gobala, le dibatana. Ka tsela e e tshwanang modisa wa semoya o tshwanetse a lemoga mme a lwe le dikotsi tse di ka nnang tsa gobatsa letsomane. Se se latelang ke mathata a a tlwaelegileng le dikakantsho kaga se se ka nnang sa buiwa gore motho a newe tshedimosetso e e agang semoyeng.

(1) Jaaka dinku tse di sa lemogeng, Bakeresete ba bangwe ba tswa mo letsomaneng la Modimo gonne ba kgatlhiwa ke dilo dingwe tse di sa itshupeng fa di le kotsi e bile e le tse di jesang monate. Ba ka nna ba faphega ditsebe mme ba katogela koo ka ntlha ya go latelela mekgele e e akaretsang dikhumo, go itshidila mmele, kana boitlosobodutu. (Bahebera 2:1) Batho ba ba ntseng jalo ba ka gakololwa gore nako ga e tlhole e le teng, le gore ba tlhoka go nna ba atamalane le phuthego ya ga Jehofa, le gore go botlhokwa gore ba beye dilo tse di direlwang Bogosi kwa pele mo matshelong a bone. (Mathaio 6:25-33; Luke 21:34-36; 1 Timotheo 6:8-10) Go na le kgakololo e e thusang thata mo setlhogong sa The Watchtower ya May 15, 1984, ditsebe 8-11 se se reng “Keep Your Balance—How?” (O Ka Boloka Tekatekano Jang?).

(2) Modisa o tshwanetse a alafa dinku tse di tsenwang ke bolwetsi. Ka tsela e e tshwanang, badisa ba semoya ba tshwanetse go thusa Bakeresete ba ba lwalang semoyeng ka ntlha ya dilo tse di seng monate tse di diragalang mo matshelong a bone. (Yakobe 5:14, 15) Ba ka tswa ba sa dire, ba na le malwetsi a a botlhoko, kana ba na le mathata mo botshelong jwa bone jwa lelapa. Batho ba ba ntseng jalo ba ka nna ba se ka ba eletsa dijo tsa semoya kana go kopana le batho ba Modimo. Seno le sone se dira gore ba ikgogone le go kgobega marapo. Ba tlhoka go tlhomamisediwa gore Jehofa o amega ka bone le gore o tla ba ema nokeng fa ba le mo mathateng. (Pesalema 55:22; Mathaio 18:12-14; 2 Bakorintha 4:16-18; 1 Petere 1:6, 7; 5:6, 7) Go ka nna molemo gape fa go ka boelediwa setlhogo se se mo go The Watchtower ya June 1, 1980, ditsebe 12-15 se se reng “Look Straight Ahead as a Christian” (Leba Fela kwa Pele Jaaka Mokeresete).

(3) Modisa o tshwanetse go batla dinku tse di lapileng. Bangwe ba ile ba itshoka ba ntse ba direla Jehofa ba ikanyega ka dingwaga tse dintsi. Ba ile ba lwa le diteko tse dintsi. Jaanong go lebega ba lapa mo go direng se se siameng e bile ba ka nna ba bolela fa ba belaela gore a ruri go a tlhokega gore go rerwe ka selekanyo se segolo. Go botlhokwa gore ba tsosolosiwe, ba thusiwe gape go anaanela boitumelo le masego a a bonwang fa motho a direla Modimo ka pelo yotlhe a etsa Jesu Keresete. (Bagalatia 6:9, 10; Bahebera 12:1-3) Gongwe ba ka thusiwa go lemoga gore Jehofa o itumela thata fa ba mo direla ka boikanyego e bile a ka ba nonotsha gore ba tswelele ba mo direla gore a tle a bakwe. (Isaia 40:29, 30; Bahebera 6:10-12) Go ka nna molemo go umaka dintlha tse di tswang mo setlhogong se se reng “O Se Lape go Dira Molemo,” se se mo go Tora ya Tebelo ya July 15, 1988, ditsebe 9-14.

(4) Fela jaaka dinku tse di gobetseng, Bakeresete bangwe ba ile ba utlwisiwa botlhoko ke se ba akanyang gore ke boitshwaro jo bo kgopisang. Lefa go ntse jalo, fa re itshwarela ba bangwe, Rraarona wa selegodimo o tla re itshwarela le rona. (Bakolosa 3:12-14; 1 Petere 4:8) Bakaulengwe bangwe kana bokgaitsadi ba ka tswa ba ile ba gakololwa kana ba kgalemelwa ka tsela e bone ba neng ba akanya gore e phoso. Lefa go ntse jalo, rotlhe re ka kgona go solegelwa molemo fa re gakololwa lefa re kgalengwa, e bile go gomotsa tota go itse gore Jehofa o kgalema ba a ba ratang. (Bahebera 12:4-11) Bangwe ba ile ba letla gore go galefa go ba tlogedise phuthego gonne ba ne ba sa newe ditshiamelo dingwe tsa tirelo tse ba neng ba ikutlwa gore di a ba tshwanela. Mme fa re ne re ka katogela kgakala le phuthego ya ga Jehofa, ga go na kwa re neng re ka ya teng gore re bolokege re bo re bone boitumelo jwa boammaaruri. (Bapisa Yohane 6:66-69.) Tshedimosetso e e thusang mo go seno e ka bonwa mo setlhogong se se reng “Go Boloka Bongwefela jwa Rona jwa Bokeresete,” se se leng mo go Tora ya Tebelo ya August 15, 1988, ditsebe 28-30.

(5) Dinku di tshwanetse go sirelediwa mo dibataneng. Ka tsela e e tshwanang, ba bangwe ba ka nna ba ganediwa kana ba tshosediwa ke balosika ba ba sa dumeleng kana ba ba dirang le bone. Bothokgami jwa bone bo ka nna jwa lekwa fa ba gatelelwa gore ba fokotse selekanyo se ba direlang Modimo ka sone kana ba tlogele bodihedi jwa Bokeresete. Lefa go ntse jalo, ba a nonofa fa ba thusiwa go lemoga gore ba tshwanetse go lebelela gore ba tla ganediwa e bile ke sengwe se se supang gore re barutwa ba boammaaruri ba ga Jesu Keresete. (Mathaio 5:11, 12; 10:32-39; 24:9; 2 Timotheo 3:12) Go ka nna ga thusa thata fa o ka supa gore Jehofa ga a kitla a ba latlha mme o tla ba duelela go itshoka ga bone fela fa ba ikanyega. (2 Bakorintha 4:7-9; Yakobe 1:2-4, 12; 1 Petere 5:8-10) Setlhogo se se reng “Go Itshoka ka Boitumelo go sa Kgathalesege Pogiso” se se mo go Tora ya Tebelo ya April 15, 1982, ditsebe 21-7, se re kgothatsa ka mo go oketsegileng.

Badisa—Dirang Boikarabelo jwa Lona ka Botlalo

Letsomane la Modimo le tlhoka dilo tse dintsi, e bile go gwetlha tota go le tlhokomela ka tshwanelo. Ka gone, badisa ba Bakeresete ba tshwanetse go nna kutlwelobotlhoko, ba amege tota, ba bo ba kgatlhegele go thusa. Bopelotelele le temogo di botlhokwa. Lefa batho ba bangwe ba tlhoka go gakololwa le go rotloediwa, ba bangwe ba solegelwa molemo thata ke fa ba kgothadiwa. Ka dinako dingwe go tlhokega gore ba etelwe ka makgetlo a le mmalwa, fa ba bangwe go tlhokega gore go ithutiwe le bone Bibela ka metlha. Boikaelelo jo bogolo mo maemong mangwe le mangwe ke go kaela ka tsela e e agang semoyeng le go gakolola ka lorato gore motho a tlhotlheletsege go simolola go ithuta ka tsela e e tla mo solegelang molemo, a ye kwa dipokanong kana a tswelele a nna teng ka metlha kwa go tsone, a itumelele go nna le seabe ka botlhaga mo bodiheding jwa Bokeresete. Tseno ke ditsela tse dikgolo tse badumedi ba bangwe ba ka thusiwang ka tsone le tse ba ka kgonang ka tsone go bulela moya o o boitshepo wa ga Jehofa phatlha ya gore o elele fela o sa kgorelediwe ke sepe.

Badisa ba ba dirang ka tsela eno ba direla letsomane la Modimo tiro e e botlhokwa thata. (Bona Tora ya Tebelo ya November 15, 1985, ditsebe 23-7.) Letsomane le anaanela thata se badisa ba semoya ba se dirang. Tlhogo nngwe ya lelapa e ne ya bolela jaana fa e sena go thusiwa ka tsela e e ntseng jalo: ‘Re ne ra gogelwa gape mo lefatsheng ke go rata dikhumo re setse re na le lobaka lwa dingwaga di le 22 re le mo boammaaruring. Re ne re ya dipokanong sewelo, e bile go ne go na le dilo tse di re kgoreletsang go ya. Re ne re sa ikutlwe re gololesegile go nna mo tsamaisong ya ga Satane, ka jalo re ne re sa kgone go inyalanya le yone, re ntse fela foo. Seno se ne sa re dira gore re tlalelwe re bo re tshwenyege thata mo maikutlong. Re ne re tlhoka go kgothadiwa. Fa mogolwane mongwe a sena go re etela, re ne ra itumelela go tshwarelwa thuto ya Bibela mo legaeng la rona. Jaanong re boetse rotlhe mo phuthegong e e sireletsegileng ya ga Jehofa. Ga ke kgone go tlhalosa kafa ke itumetseng ka teng!’

Re tshwanetse go itumela fa bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba ba neng ba timela ba tsosolosiwa semoyeng le go dirwa tlhaga gape. (Luke 15:4-7) Boikaelelo jwa ga Jehofa ka batho ba gagwe bo a diragala fa ba kopanngwa gape “yaka lecomane mo gare ga bohulō.” (Mika 2:12) Mo lefelong leno le le sireletsegileng, ba ‘bonela meya ya bone tapologo’ ba thusiwa ke Modisa yo o Molemo, Jesu Keresete. (Mathaio 11:28-30) Letsomane le le utlwanang le le mo lefatsheng lotlhe le amogela kaelo, kgomotso, le a sirelediwa mmogo le go bona dijo tse dintsi tsa semoya.

Gompieno Jehofa o dirisa tiro eno ya bodisa go dira tiro e e lorato e e dumelanang le tsholofetso eno ya gagwe ya bogologolo: “Ke tla senka dinku tsa me, ke tla di latèla. . . . ke tla di golola mo maheloñ aotlhe kwa di halaletseñ gōna . . . Ke tla di hudisa bohulō yo bo monate . . . Ke tla batla tse di timetseñ, . . . ke tla hapa tse di robegileñ, ke thatahatsa tse di botlhoko.” (Esekiele 34:11-16) Abo go gomotsa jang ne go itse gore Jehofa ke Modisa wa rona!—Pesalema 23:1-4.

Ereka Modimo o baakantse dilo dingwe tsa bomodimo tse di thusang go disa letsomane la Modimo, rona batlhanka ba ga Jehofa re ka ikutlwa jaaka Dafide yoo a neng a re: “Ke tla rapama, ke ba ke rōbala mo kagishoñ: gonne, Yehofa, ke wèna wesi eo u nkagisañ mo polokegoñ.” (Pesalema 4:8) Ee, batho ba ga Jehofa ba ikutlwa ba sireletsegile ka gore o ba tlhokomela ka lorato e bile ba lebogela go bo bagolwane ba Bakeresete ba disa letsomane le lennye leno la dinku ka go le utlwela botlhoko.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 20, 21]

Potter’s Complete Bible Encyclopedia

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2025 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela